BOLWETSI A Bo Tla Tsamaya Bo Fela?
FA E LE gore o ne o tsogetswe ke kankere ya marapo mo dingwageng tse 10 tse di fetileng, ditebelelo tsa gago ka isagwe di ka bo di ile tsa ntshofala eleruri. Go ya ka ba National Cancer Institute, dingwaga tse di 10 tse di fetileng diperesente tse 80 tsa bagolo ba banana ba ba neng ba nna le kankere ya marapo ba ne ba swa mo dingwageng tse tharo. Lefa go ntse jalo, gompieno, re lebogela dikgatelo pele tsa boitseanape, go bolelwa fa diperesente tse 90 tsa balwetsi bano morago ga kalafo ya dingwaga tse tharo ba a bo ba fodile.
Kgatelo pele e e tshwanang e dirilwe mo kalafing ya malwetsi a mangwe. Ka sekai, ka 1979 komiti ya lefatshe ya tlhotlhomiso e e neng ya tlhongwa ke ba World Health Organization e ne ya bolela gore sekgwaripana se fedisitswe lefatshe ka bophara. Fa e le kaga bolwetsi jwa kgotlholo e tona, lemororo batho ba ka nna dimilione tse 3 ba sa ntse ba bolawa ke yone ngwaga le ngwaga, makasine wa World Health o iphaka ka gore: “Re setse jaanong re na le ditlhabani tse di siametseng go tlosa bolwetsi jwa kgotlholo e tona. Sotlhe se re se tlhokang go fenya bolwetsi, jaanong le ka bo sa khutleng, ke meamuso ya tsa madi le ikemisetso ya sepolotiki.”
Ga go na tatofatso ya gore boitseanape bo dirile tswelelo pele e kgolo mo go tlhabantsheng bolwetsi. Lefa go le jalo ntlha eno e a sala: Boitseanape bo kgakala le go fenya pobolo le bolwetsi. Ka sekai, bolwetsi jwa pelo bo sala e ntse e le jone tshoso-e-rweleng mo losong lwa pele ga nako mo mafatsheng a a tlhabologileng. Gape, akanyetsa lebokoso le le patileng setlhogo se la “A Boitseanape Bo Fedisa Bolwetsi?” Le tlhokomedisa ka malwetsi a mangwe a a tswelelang go jesa boitseanape kgakge.
Se se hutsafatsang ke gore, lenaneo la malwetsi a a bolayang le bonala le atologa, a magologolo a ganelela foo ebile go oketsega a masha. Ka phepafalo, lefa boitseanape bo dirile kgatelo pele e kgolo ebile bo re file se se ntsi se re tshwanetseng go se lebogela, ga bo kgone go fedisa pobolo le bolwetsi. A ga go na tsholofelo epe mo isagweng?
Motheo wa Tsholofelo
Go na le lebaka le le tiileng la tlhomamisego ya boamaruri la gore pobolo le bolwetsi di tla fedisiwa. Mme, nnyaa, eseng ka tiro ya boineelo ya baitseanape. Go na le moo, se se tla tswa motsweding o mogolo thata.
Go fenya bolwetsi ka bo sa khutleng, mabaka a mabedi a a botlhokwa a a tlhokafala: (1) Kgono le (2) ikemisetso. Ga go na se se ka dirang kwantle ga se sengwe. Gakologelwa gore makasine wa World Health o ne wa iphaka gore motho o ka kgona go fedisa bolwetsi jwa kgotlholo e tona gotlhe gotlhe, mme o tlhaela “meamuso ya madi le ikemisetso ya sepolotiki.”
Go na le motho a le mongwe fela mo lobopong lotlhe yo o nang le kgono le boikemisetso jwa go tlosetsa ruri-ruri malwetsi otlhe—Modimo ka sebele! Eleruri, fa Jesu Keresete, yo ka boitekanelo a neng a supa dinonofo tsa ga Rraagwe, a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha ka go gakgamatsang kafa maatla a a tswang go Modimo a ka fenyang bolwetsi le bokoa ka teng.—Yohane 14:9.
Ga go na pelaelo epe ya gore Jesu Keresete, ka “tlotlomalō . . . ea Modimo,” o ne a kgona go fenya bolwetsi. (Luke 9:43) Ka tlhaloganyo e e tlhamaletseng Jesu o ne a busetsa botsogo jwa balwetsi ba le bantsi, ba ba bobolang, ba ba koafetseng le go golafala—ba ba tlhotsang, ba ba gobetseng le difofu (Mathaio 15:30, 31), ba ba karalalang, le ba ba teteselang (Mathaio 4:24), ba lepero (Luke 17:12-14), mosadi yo o neng a tshologa madi (Mareko 5:25-29), mongwe yo o neng a omeletse letsogo (Mareko 3:3-5), monna yo o neng a bobola pudologo ya metse (Luke 14:2-4) mme le batho ba ba neng ba bobola “malwetse mañwe le mañwe.” (Luke 4:40) Aitse, go na le makgetlo a le mararo a a tlhomamisitsweng a fa Jesu a ne a tsosa baswi! (Luke 7:11-15; 8:49-56; Yohane 11:38-44) Mo makgetlong a mantsi, go fodisa go ne go diragala ka ponyo ya leitlho, go sena nako e e batlegang ya go sidilega kana go rapamologa.
Gone, gore Jesu Keresete o ne a ikemiseditse go fenya bolwetsi go bonala sentle mo diphodisong tse dintsi tseo a neng a di dira. Lefa go ntse jalo, ka tsela e e amang pelo Bibela e senola keletso ya ga Jesu ya tlhomogo-pelo go busetsa botsogo go ba bangwe.
Morago ga go utlwalela ka loso lwa ga Johane Mokolobetsi, Jesu o ne a ya ka mokoro kwa lefelong le le kwa bothokong gore a tle a innele a le nosi. Mme go bonala fa matshwititshwiti a batho a ne a bona mokoro o emelela mme ba bona kwa o neng o ya gone. Jesu o ne a fitlhela ba mo emetse fa a goroga. Jesu o ne a itshwara jang? A o ne a kgopega? A tenega? Mme kana gone, a o ne a sa tshwanela go ikhutsa le go itapolosa? Lefa go ntse jalo, kgakala go na le gore a ba bone ba tena, pego e tlhalosa jaana:
“Me a cwa, me a bōna bontsintsi yo bogolo yoa batho, me a ba tlhomogèla pelo, a hodisa balwetsi ba bōnè.” (Mathaio 14:13, 14) Moithuta Bibela mongwe o bolela gore lefoko la Segerika le le ranoletsweng “tlhomogèla pelo” a re: “Ke lefoko le le tiileng thata thata la go tlhomola pelo mo puong ya Segerika. Le bopilwe go tswa lefokong splagchna, leo le rayang boteng, e tlhalosa go utlwa botlhoko le go tlhomola pelo mo go tlhotlheletsang motho kwa botengteng jwa sebele sa gagwe.” Ee, Jesu o ne a ka se itshokele pogo ya ba bangwe kwantle go go ba imolola botlhoko.—Luke 5:12-14.
Ga go na pelaelo ka ga gone. Ereka a ne a a tlhotlheleditswe ke Modimo, Jesu Keresete o ne a kgona le go ikemisetsa go fenya bolwetsi. Mme o sa ntse a ntse a le jalo! (Bahebera 13:8) Diphodiso tse a neng a di dira fa ne a le mo lefatsheng di ne di tshwantshetsa masego a phodiso ao a tla atolosediwang setho lefatshe ka bophara tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo. ‘Mme seno se tla a tla leng?’ o ka nna wa botsa.
Bokhutlo jwa Bolwetsi Bo Gaufi!
Jaaka go bontshitswe makgetlo a le mantsi ke Tora ya Tebelo, “seshupō” se se tlhakantseng, seo ‘kgogodi ya bolwetsi,’ kana bolwetsi, e leng karolo ya sone, kwantle go ketsaetsego epe se sa le se bonetse fa e sale ka 1914. Fa o tlhatlhoba bosupi, ga go na pelaelo epe ya gore mafoko a ga Jesu a nnile boammaaruri. Ka jalo, bontsi jwa pobolo le bolwetsi tseo re di bonang gompieno tota di tiragatsong ya polelelo pele ya ga Jesu mo go Mathaio 24:3-7 le Luke 21:10, 11. Seo se raya gore re tshela mo “bokhutlo[ng] yoa lehatshe”!
Gautshwane Bogosi jwa Modimo bo tla tlosa tsamaiso eno e e boikepo mme bo e emisetse ka Thulaganyo e Ntšha ya tshiamo. (2 Petere 3:13) He, tlase ga puso ya Bogosi, ga go ketla go tlhola go le kgogodi ya bolwetsi, kana bolwetsi, gore amoga botsogo le botshelo. Abo re ka itumela jang ne go bo Rraarona yo o lorato wa selegodimo a na le kgono le ikemisetso go tlosa gotlhelele pobolo le bolwetsi, ka bo sa khutleng!—Tshenolō 21:3, 4.
A o ka rata go bona mo go oketsegileng ka masego ano a a solofeditsweng a Modimo le gore o tshwanetse wa dira eng go tla a go sologelwa molemo? Basupi ba ga Jehofa ba tla go thusa ka boitumelo. Goreng o sa ikopanye le bone mo lefelong la gaeno kana wa kwalela bagatisi ba makasine o?
[Lebokoso mo go tsebe 7]
A Boitseanape Bo Fedisa Bolwetsi?
Kankere: Go hopholediwa gore mo ngwageng eno fela go tla nna le malwetsi a masha a a ka nnang kana ka 835 000 a kankere mo United States. Ka nako e e tshwanang, batho ba ba ka nnang 430 000 ba tla bolawa ke yone. Mme ba World Health Organization ba bolela gore mo malwetsing a a hopholediwang go dimilione tse 37 a kankere lefatshe ka bophara go feta sephatlo sa one a mo mafatsheng a a tlhabologang.
Bolwetsi jwa Mafatlha: Jo ke bolwetsi jo bo tsalwang ke megare e e moteng ga motho jo bo tlhasetseng batho ba ka nna dimilione tse 10 mo Borwa le Bogare jwa Amerika. Mo tshimologong ya jone ditshidinyana tse di sa bonaleng di tlhasela ditshika tsa mmele, bogolo jang pelo. Bolwetsi jo bo a ipoapoeletsa mme bo ka nna kotsi, gantsi loso lo tsalwa ke go sa iteye sentle ga pelo. Ga go itsiwe kalafi ya Bolwetsi jwa Mafatlha.
Fulu: Kwantle le pelaelo “Spanish influenza” e ne ya nna mohikela o o maswe thata o o neng wa tlhasela botsi jwa batho go feta ope o o kileng ya nna teng, jwa gapa matshelo a batho ba ka nna dimilione tse 20 ka 1918 le 1919. Go sa kgathalege go nna gone ga mekento, go ile ga tlhagoga megare e mesha e e ganeletseng ruri ya mohikela fa e sale nako eo. Megare ya mohikela o na le kgono ya matsietsa ya go fetola diela-popego ya gantsi-ntsi, o tsala malwetsi a masha a leroborobo. Ka gone, mohikela wa Asia o ne wa bolaya batho ba ka nna 57 000 lefatshe ka bophara ka 1957. Mohikela wa Hong Kong o ne wa bolaya ba le 33 000 ka 1968 le 1969. Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, Ma-Amerika a ka nna 500 000 ba ne ba bolawa ke fulu.
Bofofu jwa Noka: Bofofu jwa noka, jo bo didiwang gape go twe bolwetsi jwa dibokwana, ke bolwetsi jwa sennela-ruri jo bo anamisiwang ke go longwa ke ntsi e ntsho. Go tlhaselwa mo go tsenelelang mo ditshikeng mo mmeleng wa motho go felela ka go bopega ga letha mo letlalong le mo matlhong. Lefa bo ka tlisa bofofu, ga se gantsi bo nna kotsi thata. Mo kakaretsong, batho ba ka nna dimilione tse 30 mo Afrika, Mexico, Guatemala, Venezuela, Colombia le Brazil ba na le bolwetsi jwa dibokwana. Babatlisisi ba sa ntse ba batla dikalafi tse di siameng tsa bofofu jwa noka.
Bolwetsi jwa Pudologo ya Ditshika: S.L.E. (systemic lupus erythematosus), kana ka bokhutshwane pudologo ya ditshika, ka dinako tse dingwe ke bolwetsi jo bo kotsi thata jwa thulaganyo ya go tlhabantsha malwetsi a mmele, jo bo amileng Ma-Amerika a le dimilione tse 500 000. Mo pudologong ya ditshika tse di tshwaraganyang mmele, tseo di tshwaraganang mmogo le go tshegetsa disele, di tlhaselwa ke tsamaiso ya mmele ka boone ya go tlhabantsha malwetsi. Tokafalo ya balwetsi ba le bantsi e ne ya nna botoka mo dingwageng tsa bosheng jaana, ka diperesente tsa balwetsi tse 80 go ya go 95 ba tshela dingwaga tse dingwe tse 10 morago ga kalafo. Lefa go ntse jalo, go tla go fitlha jaana, ga go ise go bonwe kalafi ya pudologo ya ditshika.
Mogotelo wa Kgopana: Lefa bo setse bo tlhasetse batho ba ba lekanyediwang go dimilione tse 200 mo dinageng di le 71, mogotelo wa kgopana (tatlhegelo ya madi le tshenyego ya ditshika) bo anama ka bofefo thata. Bo tsena batho fa ba tlhapa kana ba thuma mo metsing ao go nang le dikgopana mo go one tse di tshotseng mogare o o tsenang mo mading le mo ditshikeng. Fa o setse o le mo mothong, maenyana a mogare a ka dira tshenyo e kgolo thata mo setlheng le mo sebeteng, gantsi bo itshupa bo le kotsi thata. Go laola mogotelo wa kgopana go sala go ntse go le bokete (bogolo jang mo dinageng tse di humanegileng), ka go bo se gantsi se ikaega ka go kgophiwa sentle ga leswe.
Letshoroma: Bo tsalwa ke go longwa ke mentsana e namagadi ya Anopheles, letshoroma ke bolwetsi jwa bogologolo. Lefa e ne ya re nako nngwe jwa fedisiwa mo mafatsheng a a jaaka India le Sri Lanka, mo dingwageng tsa bosheng jaana letshoroma le ne la boa ka mabetwa-e-pelo thata! Ngwaga le ngwaga, mo Afrika, bo bolaya bana ba le sedikadike ba ba dingwaga tse di kafa tlase ga botlhano. Mo godimo ga moo, batho ba ba fetang dimilione tse 150 lefatshe ka bophara ba tlhasetswe ke teteselo le dikai tse dingwe tsa letshoroma. Babatlisisi ba sa ntse ba batla mokento o o ka bo tlhabantshang.
Malwetsi a Dikobo: Go nna gone ga “penicillin” go ile ga neela mokgatlho wa batho ba ba boitaolo tsholofelo ya maaka. Jaanong mofuta wa rasephephe o o tlhabantshang “penicillin” o ntse o anama.
Jo bongwe jo bosha ke thurugo ya mapele, jo go belelwang bo tlhasetse batho ba ka nna dimilione tse 20 mo United States fela. Bo tsalwa ke mogare mme gantsi bo tshelanwa ka go tlhakanela dikobo. Ka mo go tshwanang, bolwetsi jo bongwe jo bosha jo bo anamang ka bofefo jo bogolo ke jwa AIDS magareng ga basodoma (go robalana ga banna) le ba bangwe. Batlhalefedi ba bo bolela e le bongwe jwa malwetsi a a kotsi fela thata a a anamang. Ga go na kalafi e e itsiweng ya thurugo ya mapele le AIDS.
Go Swa Ditokololo: Bolwetsi jwa go swa ditshika tsa tlhaloganyo—boboko le monyetsane—bolwetsi jwa go swa ditokololo bo tlhasetse batho ba ka nna 500 000 mo United States fela. Gantsi-ntsi bo tlhasela ba ba mo dingwageng tsa bone tsa bo-20 le bo-30. Lenaneo le le telele la dikai le akareletsa bogatsu, go latlhegelwa ke go tsiboga, go sa boneng sentle, go goloketsa puo le go sa laole setlha kana mala. Lefa go na le patlisiso e e tsweletseng, ga go ise go bonwe kalafi ya jone.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Jesu o ne a kgona ebile a ikemiseditse go fenya bolwetsi