Go Dirisa Thuso ya Batlhoki le Go E Ja Sesolo
AKANYA ka naga eo banna, basadi le bana ba bantsi-ntsi ba swang ka ntlha ya tlhaelo ya dikotla; koo matshwititshwiti a kgarakgatshegang kwa le kwa a tlhoka bonno kana tiro; koo makgolo a a dikete-kete a nnang mo ditakaneng tsa metibela fatshe, ba nna mo “magaeng” a a dirilweng ka dibokoso kana dikgoropa tse di rusitseng tsa dikoloi; koo bakopi ba itshedisang ka go utswa kana go hatakutsa masalela mo dithining tsa matlakala.
Nnyaa, leno ga se lefatshe le le tlhasetsweng ke leuba la Asia kana la Afrika. Ke United States of America, dingwaga tse 50 tse di fetileng ka nako ya Leuba le Legolo. Ka nako eo dimilione mo Yuropa le mo United States e ne e le bahumanegi ba nta ya tlhogo, ba tlhaela tsholofelo ya gore a ba tla tokafatsa boemo jwa bone. E ne e le go thibela lehuma le le ntseng jalo go bo mebuso e mentsi e ne ya simolodisa thuso ya batlhoki.
Gompieno, batho ba ba berekang mo mafatsheng a le mantsi a a tlhabologileng ba itemogela pabalesego e e seng kae ya madi ka ntlha ya dithulaganyo tsa puso tsa go thusa ka madi. Mo mafelong a mangwe ba amogela dikabelo, tse di ntseng jaaka go thuswa ka madi a ngwana mongwe le mongwe. Ba ka duela makgetho ao a ba neelang tshwanelo ya go bona melemo e e ka ba thusang ka dinako tsa fa ba tlhokile mebereko, go duela dikoloto tsa kalafi, kana go ba fa dipenshene fa ba tlogela tiro. Mo mafatsheng ano, fa baagi ba tlhasetswe ke mathata, thuso ya botlhe gantsi e nna gone go ba thusa go falola.
Dithulaganyo tsotlhe tse di ntseng jalo eleruri ke tsa bopelotlhomogi. Lefa go ntse jalo, di ile tsa gogela mo mathateng. Batho bangwe ba jele magala ka go bo ba belaela gore makgetho a bone a dirisediwa go tshegetsa batho bao ba ka iperekelang go itshedisa fa e ne e le gore ba batla go dira jalo. Ba bangwe ba ikutlwa gore ke matlhabisa ditlhong go amogela dikabelo. Mokeresete o tshwanetse go leba thuso ya batlhoki jang? A go siame go e amogela? A go na le dikotsi dipe?
Kaelo e e Tswang mo Bibeleng
Dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng batlholagadi ba babedi ebong Naomi le Ruthe ba ne ba hudugela mo toropong ya Betheleheme ya Juda. E ne e le bahumanegi, mme ba ne ba seka baa swa ke tlala. Ka ntlha yang? Ka go bo molao wa lefatshe leo o ne o dirile paakanyetso e e kgethegileng ya go tshegetsa ba ba humanegileng, bogolo jang batlholagadi le masiela.—Duteronome 26:12, 13.
Mo metlheng ya baaposetoloi ba Bakeresete, bahumanegi gantsi ba ne ba thusiwa ka phuthego ya Bokeresete. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela mogolwane Timotheo lokwalo lo lo neng lwa akareletsa ditaelo tsa go neela basadi bagolo ba batlholagadi ba ba neng ba sena malapa a a ba tlamelang thuso ya ka metlha.—1 Timotheo 5:3-16.
Gompieno, Molao oo wa bogologolo wa Iseraele le lokwalo lo moaposetoloi Paulo a lo kwaletseng Timotheo tsoo-pedi ke karolo ya Bibela e e Boitshepo. Ka jalo, Bibela e kgothaletsa molao-motheo wa go fa ba ba tlhokang thuso. Tota, Bakeresete ba ba mo boemong jwa go dira jalo ba tlamega go thusa bakaulengwe ba bone ba ba humanegileng.—1 Yohane 3:17.
Lefa go le jalo, go tweng fa puso e na le dithulaganyo tsa go thusa baagi ba yone ka madi? Mokeresete o ka bontsha tshwaragano mo go seno. Bakeresete botlhe ba tlamega go neela “lekgèthō . . . ba ba chwanetseñ lekgèthō; le sehuba ba ba chwanetseñ sehuba.” (Baroma 13:7) Seno se tla akareletsa makgetho otlhe ao a tshwaetsweng go dirisetswa melemo ya puso.
Ka mokgwa o o tshwanang, go tshwanetse go amogela melemo eno eo re nang le tshwanelo ya yone kafa molaong ka ntlha ya maemo a a gone gompieno. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore mebuso ke “modihedi oa Modimo mo go wèna, gore u tlo u bōnè molemō.” (Baroma 13:4) Ka jalo dikabelo dipe, thuso epe ka tsela ya dithulaganyo tsa penshene kana inšorense ya bongaka le e leng thuso ya botlhe ka ntlha ya lehuma, tsotlhe di ka amogelwa sentle ke Mokeresete yo ka boikanyegi a tshwanelegelang. Lefa go ntse jalo, mathata a ka tlhaga.
Phetso ya Segakolodi
Akanyetsa boemo jwa lekawana le le itlhophetseng tiro jaaka moreri wa nako e e tletseng. Ereka jaana eno e le tiro e e sa duelelweng le ya boithaopo, o ya a senka tiro ya nakwana go ithusa. Go ka nna ga diragala gore ka go bo tiro e e gone fela ya nakwana e mo fa madinyana a a kwa tlase ga palo e e rileng, o tshwanelegela melemo ya puso. A o tshwanetse go e ikopela?
Legale, ga se gore o tila go bereka. O dira boiteko jwa go ithusa ka tsela e e tlotlegang. Fa fela bagolwane ba puso ka botlalo ba tlhaloganya boemo jwa gagwe le go dumela gore o a tshwanelegela, go ka nna ga se nne le lebaka lepe la go gana go amogela melemo mengwe e e thusang e e gone. Ga go tlhabise ditlhong go amogela thuso e e ntseng jalo. Mo United States, le e leng bangwe ba ba berekang mo bosoleng ba a e amogela.
Lefa go ntse jalo, mo mafelong mangwe batho ba a tlhabega mo kgannyeng ya thuso ya puso. Mo mafelong a a ntseng jalo boemo jo bo tshwanang le jo bo ka kgopisa batho ba motse oo. Ka jalo, Mokeresete o tla batla go akanyetsa boemo joo ka kelotlhoko.
Gakologelwa moaposetoloi Paulo. Fa a ne a le kwa Korintha le Thesalonika, o ne a gana thuso ya madi mo diphuthegong, ntswa a ne a na le tshwanelo ya go e kopa. Ka ntlha yang? Go tila go tsosa mathata mo Bakereseteng-ka-ene koo. (2 Bakorintha 11:9; 2 Bathesalonia 3:8, 9) Lefa go ntse jalo, mo mafelong a mangwe go bonala a e amogetse.—1 Bakorintha 9:6, 9.
Maemo a mangwe ao a ileng a kgopisa ba bangwe a kopanyeletsa basadi bao ba senang banna go ba thusa go godisa bana ba bone. A ba tshwanetse go ya go bereka kana ba tshwanetse ba batla melemo ya puso?
Eleruri, seno se ikaegile ka mosadi mongwe le mongwe go dira phetso. Gone kana ke bana ba gagwe ba ba kopanyelediwang. Mo kgannyeng e nngwe, mmè mongwe o ka ikutlwa ka botlalo a siametswe ke sebaka sa go ikamogelela thuso ya tsa madi ya puso e e mo kgonisang go nna le bana ba gagwe ba ba botlana ka nako tsotlhe. Yo mongwe, ka bana ba ba santseng ba le dingwageng tsa sekolo o ka ikutlwa gore ga go botlhale go bo a se kwa gae fa ba boa go tswa sekolong letsatsi le letsatsi.
Mo letlhakoreng le lengwe, mmè yo mongwe o ka ikutlwa a siametswe ke go bereka le go tlogela bana ba gagwe le mongwe yo o ba tlhokomelang mo motshegareng. Boemo bongwe le bongwe bo farologane, ebile go se nne ope yo o tshwanetseng go nyatsa yo mongwe ka tsela eo a fetsang go e tsaya. Go tsamaisa lelapa le go godisa bana ke maikarabelo a a bokete le a a jang nako, bogolo mo mosading yo o nosi. Malapa a a ntseng jalo a batsadi-bangwefela a ne a lejwa jaaka a a neng a tlhoka thuso e e kgethegileng mo metlheng ya Baiseraele. Gompieno, mosadi mongwe le mongwe o tshwanetse go lekalekanya boemo jwa gagwe jwa madi le maemo a mangwe mme a fetse ka gore o tla dirisana le boemo jang.—Duteronome 24:19-21; Yakobe 1:27.
Mme ka dinako tse dingwe batho ba dira diphetso tse ka phepafalo di leng phoso.
Dithaelo tsa Thuso ya Puso
Ka sekai, mo mafatsheng a mangwe, fa monna a latlhegelwa ke mmereko wa gagwe, tshuiso ya gagwe ya go tlhoka mmereko e nna kwa godimo ka diperesente tse 80 tsa se a neng a se amogela kwa tirong. Monna yo o ikamogelelang melemo e e ntseng jalo o ka nna a ipotsa ka gore, Mosola wa go batla tiro e nngwe ke eng? Mokeresete o ka nna a bona le eleng go tshwanela go sa batle tiro. Ga a batle go reetsa puo e e leswe ebile o ka tila go kopanela le batho ba ba bosula bao gantsi ba katlang tlhogo mo tirong ya boitshediso.
A go akanya mo go ntseng jalo go siame? Eleruri nnyaa. Sa ntlha, go tlodisa matlho lebaka la gore thuso ya go tlhoka mmereko gantsi e duelwa ka kutlwisiso ya gore motho o tla batla tiro. Fa e le gore ga a dire, tsietso he e ka nna ya bo e kopanyelediwa. Mme gape, madi a melemo e e ntseng jalo a tswa mo makgethong a batho ba bangwe. Ka mantswe a mangwe, batho ba bangwe ba berekela go otla lelapa la gagwe. A jo ke boemo jo Mokeresete yo o itekanetseng a ka bo itumelelang?—Mathaio 7:12.
Fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya Thesalonika, o ne a bua ka bangwe bao ba neng ba sa batle go bereka mme o ne a re: “Ha moñwe a gana go diha, le gōna a se ka a ya.” (2 Bathesalonia 3:10) Seno e ne e le kgakololo e e botlhale. Motho o kgotsofadiwa ke tiro. (Moreri 2:24) Go palelwa ke go nna a tshwaregile mo tirong e e mosola go ka nna le matswela a a bosula mo go ene. Go ka tsala tlalelo kana le eleng bokebekwa. “Le èna eo o bolèalèa mo tihoñ, ke ñwana oa ga rragwè mosenyi.”—Diane 18:9.
Go boammaaruri gore, ka dinako tse dingwe fa tiro e se teng motho o ka nna a patelesega go ikaega ka melemo ya puso. Mme fa tiro e le teng yo o ntseng jalo o ka amogela ka mo go utlwalang kgakololo ya ga Paulo e e emang e le boammaaruri: “Lo lekè go nna mo tidimaloñ, le go diha e e leñ tihō ea lona, le go diha ka diatla tsa lona, hèla yaka re lo laotse; Gore lo tsamaeè ka go tlhōka maicokeco mo go ba ba kwa ntlè.”—1 Bathesalonia 4:11, 12.
A mme Mokeresete yo o amogelang thuso ya puso mo boemong jwa go bereka tiro ya nako e e tletseng a ka se tsenelele mo tirong ya Bokeresete e e oketsegileng? Gongwe go ntse jalo. Mme se se ka nna le phelelo efe mo go ba bangwe? Paulo o nyalanya “go diha ka diatla tsa lona” le “go tlhōka maicokeco mo go ba ba kwa ntlè.” Bao ba tilang go bereka ga ba tlotlege. Boemo jwa bone jo bo bosula go bonala bo tla tlhabantsha molemo ope o ba o fitlhelelang ka ditsela tse dingwe.—1 Timotheo 3:7.
Phepiso ya thuso ya tsa madi ya puso e e gone e ka gogela mo mathateng a mangwe. Eseng kgakala thata jaana monna mongwe o ne a fudugela kwa nageng e e neng e na le melemo e e ntseng jalo mme a ikopela thuso ya go tlhoka mmereko. Mo kopong ya gagwe o ne a fitlha lebaka la gore o ne a na le thoto nngwe kwa nageng ya gagabo—lebaka le le neng le ka dira gore a se tshwanelegele go bona melemo epe. Ka jalo, o ne a bona madi mo pusong ka go fitlha boammaaruri.
Tsietso e ka nna ya dirwa ka ditsela tse dintsi. Gore a tle a bone thuso ya tsa madi mosadi o ka nna a bolelela bagolwane ba puso gore monna wa gagwe o mo tlogetse. Mme monna ene a santse a na le ene mo gae. Banyalani ba ka nna ba tlhalana—mme ba tswelela ba ntse ba nna mmogo—e le fela gore ba tle ba bone melemo e e oketsegileng. Basadi ba ba sa nyalwang go ile ga lemogiwa fa ba nna le bana ba dikgora e le fela gore ba tle ba bone thuso e e oketsegileng. Kana e ka nna ya nna gore motho o a tshwanelega go amogela melemo e e rileng, mme boemo bo ka fetoga. Ka sekai, o ka nna a bona tiro. Mme ka go palelwa ke go bolela ka phetogo, o tswelela pele go bona thuso ya tsa madi mo pusong.
Tseno ke dikai tsa go ja sesolo tsamaiso ya go thusa batlhoki. Ka go fitlha mabaka, go bolela maaka a matala kana ka tsela nngwe go tlola melao-metheo ya Bokeresete, ka dinako tse dingwe go a kgonagala go tsietsa bagolwane ba puso le go bona madi a a oketsegileng. Mme Bibela e tlhagisa ka gore: “Eo o logwadi ke mohedisa pelo mo go Yehofa: me leōma ya gagwè le na le eo o thōkgameñ.” Mme gape e re: “Go bapala dikhumō ka loleme lo lo akañ, ke mouwane o o kgwelediwañ kwa le kwa: ba ba di batlañ ba batla losho.” (Diane 3:32; 21:6) Ga go Mokeresete ope yo o ka batlang go nna sehedisa pelo mo matlhong a ga Jehofa, e le fela go bapala madi.
Mme mo kgannyeng eno go tshwanetswe ga itisiwa mo kotsing e nngwe.
Go Sekamela mo Thusong ya Batlhoki
Batho bao ba itseng gore go na le melemo mengwe ya puso e e gone ba ka nna botshwakga. Ba ka simolola go ikaega ka puso go sikara maikarabelo ao Bibela e reng a tshwanetse a tshegediwa ke batho-ka-bongwe. Mo mabakeng a mangwe ba goletse kafa tlase ga maemo ao go akanya mo go ntseng jalo go neng go rena. Gongwe masika a mantsi a ile a godisiwa ka thuso ya baitlhoki, mme jaanong go le bokete gore ba ka akanya ka tsela e nngwe e sele ya botshelo.
Lefa go ntse jalo, dithulaganyo tsa puso go neela thuso ya tsa madi ga di golole Mokeresete mo maikarabelong ao a a filweng ke Modimo. Paulo o ne a re: “Ha moñwe a sa tlamele . . . ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.” (1 Timotheo 5:8) Fa, mo mafatsheng a mangwe, puso e thusa tlhogo ya lelapa ka bonnyennyane go tlhokomela lelapa la gagwe—ka tsela ya dipenshene tsa bagodi, go fiwa ga lelapa madi a a rileng le dipaakanyetso tse di tshwanang—o ka lebogela paakanyetso eo. Mme go tlhokomela lelapa la gagwe e sa ntse e ntse e le boikarabelo jwa gagwe.
Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Johane o ne a bolela gore ke boikarabelo jwa Mokeresete go thusa bakaulengwe ba gagwe ba ba humanegileng. (1 Yohane 3:17) Go boammaaruri gore, mo mafatsheng a mangwe puso e ka nna ya dira paakanyetso nngwe ya dilo tse di bonalang go bahumanegi. Mme tlamego ya Mokeresete ya go thusa e sa ntse e ntse e le teng. Mokeresete o tshwanetse go tswelela a nna podi-matseba go neela thuso ya dilo tse di bonalang le ya semoya go bao eleruri ba leng mo letlhokong.
Ee, dithulaganyo tse di ntseng jalo tsa puso tsa go baakanyetsa ka melemo ya madi ke paakanyetso ya bopelotlhomogi ya ga “Kaesara.” Fa di ne di seyo, diphuthego tsa Bokeresete gongwe di ne di tla go bona go le bokete mo ntlheng eno go na le jaaka di dira gompieno. Lefa go ntse jalo, Mokeresete o tshwanetse go sa je sesolo dipaakanyetso tseno. Ga a tshwanela go aka, go fitlha boammaaruri kana ka tsela epe fela a belesolola maemo a Bokeresete. Mme o tshwanetse go sa ikaege mo pusong go tlhokomela maikarabelo a gagwe a aa filweng ke Modimo.
Mo lokwalong lwa gagwe go Bahebera, moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lo ikgololè mo go rateñ khumō ea madi: lo nnè boitumèlō ka dilō tse lo nañ nacō: gonne go buile èna [Jehofa] ka esi, a re, Ga nketla ke gu tlhōkahalèla gopè, le gōna ga nketla ke gu latlha gopè.” (Bahebera 13:5) O ne a kgothaletsa gape Bakorintha go dira dilo tsotlhe ‘kgalaletsong ya Modimo.’—1 Bakorintha 10:31.
Abo go gatelelwa melao-metheo e e molemo koo jang ne! Tila lorato lwa madi. Ikaege ka Jehofa mo dilong tsotlhe, lefa o amogela mo pusong melemo eo e ka neng e re tshwanela kafa molaong. Mo sengweng le sengweng seo re se dirang, a re akanyetseng phelelo mo leineng la Modimo. Fa re boloka melao-metheo eno e meraro mo megopolong, re tla thusiwa go nna le pono e e siameng ka thuso ya batlhoki.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go thibela go boelela ga dipono tse di jaaka eno, tshimolodiso ya thuso ya batlhoki e ne ya nna teng
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Lebaka la go bo naga e dira gore thuso ya madi e nne gone ga go amoge monna boikarabelo jwa gagwe go tlhokomela lelapa la gagwe