Leuba Le Kaya Eng?
LEMORORO go le boammaaruri gore temo-thuo e dirile tswelelo pele e kgolo mo dingwageng tsa morago jaana, go ntse go le boammaaruri gape gore fa e sale 1914 setho se ile sa itemogela ditlhaelo tsa dijo tse dintsi-ntsi. A re ke re tlhatlhobeng dingwe tsa tseno go bona gore a di ka ne di diragatsa polelo pele ya ga Jesu le ponatshegelo ya ga moaposetoloi Johane mo kgannyeng e. Fa di ka bonala di dumalana natso, he re tla tlhatlhobela go ya pele le go bona gore a go na le sengwe kaga ditlhaelo tsa dijo tsa lekgolo la dingwaga la bo-20 tseo di di tshwayang jaaka tse di farologaneng le tse di neng tsa itemogelwa ke lefatshe mo ditiragalong tsa pele.
Leuba go sa Kgathalege Letlotlo
Bangwe ba ka ikutlwa gore ereka go na le lohumo lo lo ntsi gompieno, ga go utlwale fa go ka bolelwa gore motlha o ke one o pitse e ntsho ya leuba e tseneletseng kwa teng mo lefatsheng. Mme Bibela ga e re mongwe le mongwe o tla bo a swa ke tlala ka nako eo. Tota, lentswe le le mo ponatshegelong le le neng la itsise ka tlhotlhwa e e kwa godimo ya dijo tse di jewanga le ne gape la re: “Me u se ka u senya loukwane le boyalwa.” (Tshenolō 6:6) Lookwane le bojalwa e ne e le letlepu. Ka jalo, Tshenolo e supa gore bangwe ba ne ba tla bo ba ipelela letlepu fa ba bangwe ba ne ba tla bo ba tlhasetswe ke leuba.
Jesu le ene gape, fa a ne a bolelela pele kaga ditlhaelo tsa dijo, o ne a tlhagisa ka gore: “Lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru.” (Luke 21:34, 35) Fa ba bangwe ba ne ba boga ka ntlha ya ditlhaelo tsa dijo, bangwe ba ne ba tla nna mo kotsing ya go ja bobe. A boemo bo ntse jalo gompieno?
Ee. Tota, dipego di re bolelela gore go tlhabololelwa matshelo ga ba bangwe go dira gore ba bangwe ba bolawe ke tlala. “Go tokafadiwa ga maemo a botshelo le tlhokego e kgolo ya dijo go dikologa lefatshe go beile kgatelelo mo ditlhotlhweng tsa dijo [go dira gore dijo di nne turu thata-thata] go bo go nna bokete ka dinaga tse di humanegileng go ithekela dijo tse di di tlhokang.” (The New York Times, Phatwe 16, 1981) Ka mantswe a mangwe, “go kgora bobe” ga bangwe go dira “ditlhaelo tsa dijo” tsa bangwe go nna maswe.
“Mo Maheloñ Mañwe le Mañwe”
Jesu o ne a tlhagisa ka gore go ne go tla nna le “[ditlhaelo tsa dijo] . . . mo maheloñ mañwe le mañwe.” (Mathaio 24:7) A seo se diragetse fa e sale 1914? Ee. Go umaka di sekae fela: Ka 1921, leuba lo ne lwa bolaya batho ba le dimilione di le tlhano kwa U.S.S.R. Ka 1929, leuba le ne la bolaya batho ba ba akanyediwang fa go dimilione tse 3 mo China. Ka bo-1930 dimilione tse 5 di ne tsa bolawa ke tlala mo U.S.S.R. Dingwaganyana di sekae tse di fetileng leuba le le gogileng lobaka mo dinageng tse di tshwaraganetseng molelwane le Sahara Desert le ne la felela ka batshabi ba ba senang palo le dintsho tse di fetang 100 000 kgakala.
Lefa go ntse jalo, gakologelwa, gore mo ponatshegelong ya ga moaposetoloi Johane pitse e ntsho ya leuba e ne e latela pitse e khunou ya ntwa. Se se dumalanang, ke gore bontsi jwa ditlhaelo tsa dijo tsa motlha wa rona di nnile thata-thata ka ntlha ya ntwa. (Tshenolō 6:3, 4) Ka sekai, ntwa ya selegae ya Spain e ne ya tlisetsa lefatshe leo leuba ka bo-1930. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya tlisa mmopamo mo Greece, Poland, Russia, Holland le mafelo a mangwe. Ba ba fetang 1 500 000 ba ne ba swa mo Bengal, mo India, ka dingwaga tsa 1943-44 ka ntlha ya leuba le le tsetsweng ka ntlha e nngwe ke ntwa e e tshwanang eo.
Moragong jaana, ka bo-1960, batho ba ne ba bolawa ke tlala mo Congo (yo jaanong e leng Zaire) le Nigeria ka ntlha ya ntwa ya selegae. Bana ba ba bolawang ke tlala ba Kampucheo ba ne ba re lebile ka matlho fela jaana mo dikoranteng tsa rona tsa dikgang ka nako ya tlhabano ya lefatshe leo. Gautshwanyane jaana, re ile ra bala ka batshabi ba ba fetang milione ba ba bopelwang ke leuba mo Somalia, koo ba tshabileng leuba le ntwa e e mo Ethiopia. Metswedi ya dikgang e bolela gore batshabi ba ba fetang dimilione tse 9 ba gaufi le go swa ke tlala mo Thailand, Sudan, Zaire, Nicaragua, Honduras le Pakistan. Ka jalo go ntse go befela pele.
Go ya ka ditiragalo, mauba a ile a tsalwa ke dintwa, komelelo, lesogodi kana kudumedi nngwe fela. A re bone ditlhaelo tsa dijo tse di ntseng jalo go feta dikokomana tse di pele ga rona? Re ka se tlhomamise ka go bo dipalo ga di a felela. Mme legale lekgolo leno la dingwaga le nnile le seabe mo go tlhaselweng ke masetlapelo a tlholego ebile le bogile go feta losika lope mo ditiragalong ka ntlha ya ntwa.b Ka jalo, go ka nna ga nna gore mo tshobokanyong go nnile le ditlhaelo tsa dijo go feta pele. Eleruri, re bone leuba go sa kgathalege letlotlo, leuba le le tsalwang ke ntwa le ditlhaelo tsa dijo “mo maheloñ mañwe le mañwe,” fela jaaka go boleletswe pele.
Go na le eleng mofuta o mosha jaanong wa tlhaelo ya dijo o o tshwayang motlha wa rona jaaka o o farologaneng.
“Ke Jwa Mofuta wa Jone Fela mo Ditiragalong”
Mo ketapeleng ya gagwe mo bukeng ya The Dimensions of World Food Problems, morulaganyi, E. R. Duncan, o tlhalosa gore go fitlha bosheng jaana gore gantsi dijo di ile tsa golela magongwe le koketsego ya batho. Go boammaaruri gore, dikudumedi di ne tsa felela ka mauba a a phatlaletseng. Mme kgolo ya batho e ne ya tokafala. Lefa go ntse jalo, go simolola ka bo-1940, tiragalo e ntšha e ne ya ntsha tlhogo: kgolo ya batho ba lefatshe e e oketsegang ka bofefo jo bogolo e e ngotlafatsang kgono ya lefatshe go ka ikotla ka lobaka lo loleele. O bolela gore, “boemo jo, ke jwa mofuta wa jone fela mo ditiragalong.”
India e tlhoma sekao. India e itemogetse mauba a a botlhoko thata go kgabaganya ditiragao tsa gagwe, mme gompieno ga go tshwane. “E ne ya nna fela mo lekgolong la dingwaga le le fetileng le, ebile e le ka tshupego e kgolwane thata go ne ga bonala thata mo lekgolong leno la dingwaga la masome mabedi, gore maemo a ne a ka se itshokelwe [mo India]. Lebaka leno ga le kgonwe go otlelelwa ka mo go lekaneng go ganetsa gotlhelele puo ya maithamako ya gore tlala le ditso tsa motho ke dijammogo.” Go bolela jalo Georg Borgstrom, mogolwane yo o itsegeng thata mo lefatsheng kaga kotlo ya lefatshe.
O tswelela pele go tlhalosa ka gore: “Fa Ennyelane e ne e fitlha lwa ntlha mo nageng e kgolo eno e e humileng, mo e batlileng e nna dingwaga tse di makgolo mabedi tse di fetileng, go ne go na le batho ba ba batlileng ba nna dimilione tse di masome marataro moteng ga se e leng India gompieno. Ba ba ka nnang dimilione tse di lesome ba palo eno yotlhe, ba ne ba bolawa ke tlala. Fa e sale go tswa foo, kgolo ya batho e ne ya oketsega ga supa mme jaanong boemo bo fetogile, ka palo ya ba ba jang sentle e batla e nna dimilione tse di lesome.”—The Hungry Planet, ka Georg Borgstrom.
Boemo jo bo tshwanang bo a gola mo mafatsheng a mangwe. Go boammaaruri gore, lefatshe lotlhe ka bophara go sa ntse go na le dijo tse di lekaneng tse di ntshiwang go ka jesa mongwe le mongwe, ka kgopolelo. Mme fa e le gore kgolo ya batho e tla tswelela go atologa, seo ga se ketla se tswelela se ntse jalo. Le eleng jaanong, dinaga tse dintsi tse di humanegileng tseo di kileng tsa ntsha dijo tse di lekanetseng ditlhokafalo tsa tsone ga di sa tlhole di dira jalo, mme ka ntlha ya go bo di humanegile di ka se kgone go reka dijo tse di lekaneng go jesa batho ba tsone. Ka dinako tse dingwe, le eleng moteng ga naga e e nang le dijo tse di lekaneng ka kakaretso, palo e kgolo ya batho e humanegile mo eleng gore batho ba ka se kgone go ithekela dijo. Ka jalo ba tlhaelelwa ke dijo.
Los Angeles Times e ne ya bega ngogola gore: “Tlhaelo ya dijo mo Afrika e ne ya senyegela pele mo dikgweding tse thataro tsa bofelo ebile dinaga tse 28 di tlhasetswe ke leuba.”
Vancouver Sun e ne ya tlhalosa ka gore: “Gompieno, kwa bofelong jwa ngwaga o o ‘iketlileng,’ Food and Agriculture Organization (FAO) e phoraetsa gore go na le batho ba le dimilione di le 450 ba ba bolawang ke tlala go ya ntlheng ya go swa, go feta bilione ga ba na dijo tse di lekaneng go di ja.”
Pego e e tswang go ba United Nations Children’s Fund e phoraetsa gore bana ba lefatshe lotlhe ba le dimilione tse 17 ba ne ba bolawa ke tlala le bolwetse ka 1981. Diphoraetso tseo di feta kgakala dintsho tsa nako ya leuba le le setlhogo la China ka dingwaga tsa 1878-79.
A go na le tharabololo epe? The New York Times e bega jaana: “Ditekanyetso tsa Banka ya Mafatshe-fatshe di supa gore madi a $600 bilione a a bolokiwang mo mafatsheng a a tlhabologang . . . a tla tlhokiwa mo dingwageng tse di fetang 10 fela tse di tlang e le fela go tsweledisa gore dijo di nne teng mo seemong seno sa tlala. Ga go ope yo o tlhomamisang gore madi-madi ao a tla tswa kae.” Ka jalo, ga go na tharabololo epe e e tlhomameng e e ka bonwang.
Mafoko a a Molemo
Boemo jo bo phepafetseng jwa selekanyo sa bothata jwa tlala gompieno le lebaka la gore ekete bo tla nnela maswe pele bo go dira gore bo se lekanngwe le sepe se se kileng sa nna teng. Go na le sengwe gape se se sa tlwaelegang ka jone. Bo patilwe ke matshwenyego a mangwe a mantsi ao go bonalang a ka se rarabololwe.
Mo ponatshegelong ya ga moaposetoloi Johane, pitse e ntsho ya leuba e ne e patilwe ke pitse e khunou ya ntwa le pitse e tshetlha ya bolwetse. Mme Jesu, fa a ne a bolelela pele ka ditlhaelo tsa dijo “mo maheloñ mañwe le mañwe,” o ne a bolela gore di ne di tla patiwa ke dithoromo tse di kgolo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetse, dintwa le ditlhokofatso tse dingwe tse dintsi. (Mathaio 24:7-14; Luke 21:10-28) Lebaka la go bo dilo tseno tsotlhe di diragala gompieno le tshwaya nako eno jaaka e e tlhomologileng eo Jesu le moaposetoloi Johane ba neng ba bolelela pele ka yone.
Go palama ga banna ba dipitse tsa ga Tshenolō ba bane go ne go tla nna tshupo ya gore Jesu yo o sa tswang go rweswa serwalo o ne a tswelela pele go “henya, a ba a cwèlèla pele go henya.” (Tshenolō 6:1-8) Tlhaloso e e atlabetseng ya ditiragalo tsa lefatshe eo Jesu a neng a e neela e ne e le karabelong ya potso ya balatedi ba gagwe ga ba ne ba mmotsa ka go re: “Dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?”—Mathaio 24:3.
Re tshela mo metlheng e e botlhokwa. Jesu jaanong o busa a sa bonale jaaka Kgosi. O tla re gautshwane “a cwèlèl[e] pele go henya” ka go tlosa batho ba ba boikepo le go tseela motswedi o mogolo wa boikepo nonofo, Satane Diabolo. (Pesalema 37:9-11; Tshelolō 20:1-3) Ke ka gone Jesu a neng a tswelela pele ka gore: “Hèla yalo le lona, ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.”—Luke 21:31.
Ao ke mafoko a a molemo a a kafa morago ga masetlapelo ao re balang ka ga one mo dikoranteng tsa rona tsa dikgang. Gautshwane go palangwa ga pitse e ntsho ya leuba go tla kutla mme Bogosi jwa Modimo bo tla tlisetsa lefatshe goromente yo o siameng. (Pesalema 72:1, 16) Eno e tla bo e le phetogo e kgolo ya molemo wa go ya go ile mo ditiragalong tsotlhe tsa setho. Ke ka ntlha yang o sa go ithute ka bowena mo Bibeleng ya gago? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go neela thuso epe e o ka tswang o e tlhoka. Ka gone o ka lemoga se eleng bokao jwa tsela e e maswe-maswe ya pitse e ntsho ya leuba.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Seèlwanyana sa mabèlè ke tushiliñ, le dièlwanyana di le tharo tsa barele ke tushileñ.” (Tshenolō 6:6) Tusheleng e ne e le tuelo ya letsatsi mo motlheng wa ga Johane.—Mathaio 20:2.
b Bona setlhogo se se reng “Ntwa ya Lefatshe I le Tshimologo ya Mahutsana,” mo tokololong ya Tora ya Tebelo, September 15, 1983.