LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 6/15 ts. 28-31
  • Go sa Nyala mo Metlheng Eno e e Thata ya Ikonomi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go sa Nyala mo Metlheng Eno e e Thata ya Ikonomi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa Boemo Jwa Gago ka Tsela e e Molemo
  • Akanya ka Melemo
  • A o ka Oketsa Bodiredi Jwa Gago?
  • Polokesego ya Isagwe
  • Kgakololo e e Molemo ka Lenyalo Le go Se Nne mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Dira ka Botlalo mo Tirelong ya Modimo le Kwantle ga Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go sa Tsene mo Lenyalong—Sebaka sa go Dira o sa Akgaakgege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ba Direla Jehofa Ba se Mo Lenyalong Mme ba Kgotsofetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 6/15 ts. 28-31

Go sa Nyala mo Metlheng Eno e e Thata ya Ikonomi

“KE NE ke batla go nyala fa ke ne ke na le dingwaga di le 25,” go ne ga bolela jalo Chuks yo o nnang kwa Afrika Bophirima. “Ke ne ke na le lekgarebe, mme le lone le ne le nkgatlhegela. Mathata e ne e le madi. Rre le morwarre yo mogolo ba ne ba latlhegetswe ke ditiro, mme bomorwarre le bokgaitsadiake ba babotlana ba ne ba tsena sekolo. Go ne go lebilwe mo go nna gore ke tlamele lelapa. Mme se se maswe le go feta, batsadi ba me ba ne ba lwala mme seno se ne se raya gore ke senke madi a a oketsegileng go duelela kalafi ya bone.”

Chuks, yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a sa batle go nyala mosadi yo o neng a tla palelwa ke go mo tlamela. O ne a etse tlhoko mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Timotheo 5:8: “Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.”

Chuks o ne a tswelela a re: “Ke ne ke dira ka natla mme madi a ne a sa lekane. Go ne ga felela ka gore re nnele go busetsa lenyalo la rona kwa morago nako le nako. Kgabagare ke ne ka amogela lokwalo go tswa kwa lekgarebeng leno le bolela gore go na le motho mongwe yo a kopileng rraagwe gore a mo nyale. Rraagwe o ne a dumetse. Malatsi a sekae moragonyana o ne a nkwalela go nkitsise gore lelapa le setse le nnile le mokete wa go beeletsana.”

Fela jaaka Chuks, dithulaganyo tsa lenyalo tsa banna ba bantsi ba Bakeresete di ile tsa senyega kana tsa busediwa kwa morago ka ntlha ya maemo a a maswe a ikonomi. Mo dinageng di le dintsi, ditlhwatlhwa di tlhatlogela kwa godimo fela thata. Ka sekai, kwa nageng nngwe kwa bogareng jwa Afrika, ditlhwatlhwa di ne tsa tlhatloga ka diperesente di le 8 319 mo ngwageng o le mongwe fela! Go thata go bona ditiro mo dinageng tse dingwe. E bile gantsi, batho ba amogela madi a mannye fela thata mo ba palelwang ke go itlamela, go sa buiwe sepe ka mosadi le bana. Lekawana lengwe kwa Nigeria le ne la bua ka kutlobotlhoko gore tiro e e tsayang letsatsi lotlhe e a neng a e bona mo feketiring nngwe e ne e mo duela fela R61 ka kgwedi—madi a a neng a sa lekane go duelela base ya go ya kwa tirong le go boa!

Basadi ba bantsi ba Bakeresete ba ba sa nyalwang ba fitlhela gore mathata a ikonomi a kgoreletsa dithulaganyo tsa bone tsa lenyalo. Gantsi ba tshwanelwa ke go bereka gore ba tlamele ba malapa a bone. Banna bangwe ba ba iseng ba nyale ba a sia fa ba bona seemo seno, ba lemoga gore monna yo o ka nyalang motho yo o mo maemong ao o tla tlhoka gore a bo a amogela madi a mantsi go tlamela mosadi wa gagwe le ba lelapa la gaabo mosadi yoo. Ayo, yo e leng moalogi wa yunibesithi, o kgaratlhela go itlamela, go tlamela mmaagwe le bokgaitsadie le bomorwadiammaagwe ba babotlana. “Ke batla go nyalwa,” o bolela jalo ka kutlobotlhoko, “mme fa bangwe ba tla mme ba bona morwalo o ke o rweleng [maikarabelo a me a go tlamela ba bangwe ka madi], ba a sia.”

Kwantle ga mathata a madi, Bakeresete ba bantsi ba ba sa nyalang ba iphitlhela ba gatelelwa ke ba losika le ba bangwe ba bantsi gore ba nyale mme ba nne le bana. Gantsi ba ba gatelela ka tsela ya go ba sotla. Ka sekai, mo dikarolong dingwe tsa Afrika, go tlwaelegile gore fa o dumedisa mogolo o mmotse gore molekane wa gagwe le bana ba tsogile jang. Ka dinako tse dingwe, ditumediso tseno di dirisiwa go sotla batho ba ba sa nyalang. John, yo o tlogang a digela dingwaga tse 40 o bolela jaana: “Fa batho ba ntshotla ba re, ‘Mosadi wa gago o tsogile jang?,’ Ke ba araba ke re, ‘O etla.’ Boammaaruri ke gore nka nyala mosadi jang ke ka se ka ka kgona go mo tlamela?”

Fa e le kaga John le ba bangwe ba bantsi, boemo jwa bone bo ka sobokanngwa ka seane seno sa Seyoruba: “Go nyala ka bonako ga se se motho a ka ikgantshang ka sone; tlhwatlhwa ya dijo ke yone mathata.”

Dirisa Boemo Jwa Gago ka Tsela e e Molemo

A bo go le motlhofo jang ne go tshwenyega fa selo se o se eletsang se sa diragale. Diane 13:12 ya re: “Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo.” Gongwe e bile o ikutlwa fela jaana fa o eletsa go nyala me o sena madi. Seno se ka tswa se le boammaaruri segolobogolo fa o le mongwe wa batho ba moaposetoloi Paulo a ba tlhalosang jaaka ba ba ‘babalelwang.’—1 Bakorinthe 7:9.

Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go itshokela seno, mme go na le dilo tse o ka di dirang gore o kgone go itshoka le gone go itumelela boemo jwa gago. Jesu Keresete, yo o neng a sa nyala, o ne a bolela molaomotheo o o dirang tota mo Baebeleng o o ka go thusang gore o fenye go swaba go go tlisiwang ke fa o sa bone se o se lebeletseng. O ne a re: “Go aba go lesego bogolo go go amogela.”—Ditiro 20:35.

O ka dirisa seno ka go direla lelapa la gago le ba bangwe ba ba mo phuthegong dilo tse di molemo. Gongwe e bile o ka oketsa le tiro ya gago ya bodiredi jwa Bokeresete. Fa o tshwarega thata mo go abeng ka go tlhoka bopelotshetlha, o ka nna wa iphitlhela ‘o tlhomame mo pelong, mme o laola go rata ga gago.’—1 Bakorinthe 7:37.

Moaposetoloi Paulo, yo le ene a neng a sa nyala, o ne a gakolola jaana ka tsela e e thusang: “Lo lebe thata ka fa lo sepelang ka teng, e seng jaaka ba ba seng botlhale, mme jaaka ba ba botlhale, ka go swela lobaka molemo, ka metlha e, e bosula.” (Baefeso 5:15, 16) Bakeresete ba bantsi ba ba sa nyalang ba ile ba ‘bonela mewa ya bone tapologo’ ka go dirisa nako ya bone go atamalana le Jehofa ka thapelo, go ithuta Lefoko la Modimo, le go nna le seabe mo dipokanong tsa Bokeresete. (Mathaio 11:28-30) Fa o dira seno, o tla kgona go itshokela seemo se se bokete sa ikonomi ka katlego. Gape go tla go thusa gore o nonofe semoyeng, go go dira rre kana mmè yo o botoka fa kgabagare o nyala.

Le ka motlha o se ka wa bo wa lebala gore Jehofa o amega ka batho botlhe ba ba mo direlang. O itse mathata le dipitlagano tsa gago. Rraarona yo o lorato wa selegodimo gape o itse dilo tse di go siametseng thata, mo semoyeng le mo maikutlong. Fa o dirisa melaometheo ya Lefoko la gagwe o le pelotelele letsatsi le letsatsi mo botshelong jwa gago, o ka tlhomamisega gore o tla go golola ka nako e e tshwanetseng mme a kgotsofatse dilo tse o di tlhokang le tse o di eletsang ka tsela e e tla go solegelang molemo ka bosakhutleng. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Ga go na sepe se se molemo se o tlaa ganang ka sone mo go ba ba tsamayang ka thokgamo.”—Pesalema 84:11.

Akanya ka Melemo

Gape nna o ntse o gakologetswe gore go sa nyala go na le melemo tota. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Yo o neelang [go nna lekgela ga gagwe, NW] nyalo, o dira sentle; mme yo o sa [bo] neeleng nyalo, o tlaa bo a dira sentle bogolo.”—1 Bakorinthe 7:38.

Ke eng fa go sa nyala go ntse “sentle” bogolo go lenyalo? Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Yo o sa nyalang o tlhokometse dilo tsa Morena, ka fa o ka kgatlhang Morena ka teng. Mme yo o nyetseng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang mosadi wa gagwe ka teng. Go bile go na le tshwanologo mo mosading yo o nyetsweng le kgarebane. Yo o sa nyalwang o tlhokometse dilo tsa Morena, gore a nne boitshepo mo mmeleng le mo moweng; mme yo o nyetsweng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang monna wa gagwe ka teng.”—1 Bakorinthe 7:32-34.

Ka mafoko a mangwe, Bakeresete ba ba nyetseng ba amega ka tshwanelo ka dilo tse balekane ba bone ba di tlhokang, tse ba di ratang le tse ba sa di rateng. Mme Bakeresete ba ba sa nyalang bone ba ka kgona go tlhoma mogopolo fela mo go direleng Jehofa. Fa ba bapisiwa le ba ba nyetseng, Bakeresete ba ba sa nyalang ba mo boemong jo bontle jwa go ‘direla Morena ka go sa akgaakgege.’—1 Bakorinthe 7:35.

Paulo ga a bolele gore Mokeresete yo o sa nyalang ga a ke a itewa ke sepe tsebe. Fa e le gore o na le mathata a ikonomi, o ka nna wa ikutlwa o na le dilo tse dintsi tse di ka go itayang tsebe mo bodireding jwa gago. Lefa go ntse jalo, monna yo o sa nyalang kana mosadi yo o sa nyalwang o na le kgololesego e kgolwane ya go direla Modimo go na le ba ba nyetseng.

Lefa gone moaposetoloi Paulo a ne a akantsha batho gore go sa nyale go na le mosola, ga a ka a re go nyala go phoso. O ne a kwala jaana: “Le fa o ka nyala, o tlaa bo o sa leofa.” Lefa go ntse jalo o ne a tlhagisa jaana: “Ba ba [nyalang], ba tlaa bona pitlagano mo nameng.”—1 Bakorinthe 7:28.

O ne a kaya eng ka seno? Lenyalo le lere matshwenyego mangwe. Fa maemo a ikonomi a le thata, matshwenyego ao a ka akaretsa go tlhobaela ga ga rre ka go tlamela mosadi wa gagwe le bana. Bolwetsi le bone bo ka dira gore lelapa le imelwe thata mo go tsa madi le mo maikutlong.

Ka jalo, le mororo o ka tswa o le mo boemong jo o sa bo rateng, o ka tswa o le botoka thata go na le fa o ka bo o nyetse e bile o na le boikarabelo jwa go tlamela bana. Mathata a o lebaneng le one jaanong ke a nakwana fela; a tlile go tlosiwa mo tsamaisong e ntšha ya Modimo e e tlang—gongwe e bile mangwe a one a tla tloga a tsamaya.—Bapisa Pesalema 145:16.

A o ka Oketsa Bodiredi Jwa Gago?

Le mororo e se botlhe ba ba ka kgonang go dira jalo, bangwe ba ile ba kgona go tsena mo tirelong ya nako e e tletseng ba ntse ba na le mathata a madi. Chuks, yo o umakilweng kwa pelenyana, o ne a reka le go rekisa dibuka le dipene gore a tlamele lelapa la ga gabo. Mo e ka nnang ka nako ya fa dithulaganyo tsa gagwe tsa lenyalo di ne di senyega, o ne a amogela lekwalo le le neng le mo laletsa go tla go thusa ka nakwana mo tirong ya go aga kwa ofising ya lekala ya lefelo la ga gabo ya Mokgatlho wa Watch Tower. Morwarraagwe yo mogolwane o ne a mo thibela gore a se ka a ya ka go bo a ne a tshwenyegile ka madi. Lefa go ntse jalo, Chuks o ne a bolela gore Jehofa ke ene a neng a mo thusitse gore a tlhome kgwebo eno ya gagwe ya go rekisa dibuka le dipene, ka jalo o ne a tshwanetse go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mme a ikanye gore Modimo o tla kgona go mo tlamela. (Mathaio 6:25-34) Kwa ntle ga moo, o ne a akanya gore go ne go tlile go tsaya dikgwedi di le tharo fela.

Chuks o ne a dumela taletso mme a tlogela kgwebo le morwarraagwe. Go fetile dingwaga tse thataro, mme Chuks o santse a le mo tirelong ya nako e e tletseng, ke mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete mme o na le madi a a lekaneng a gore o ka nyala. A o a ikwatlhaya kafa dilo di neng tsa diragala ka teng mo botshelong jwa gagwe? Chuks a re: “Ke ne ka swaba tota fa ke ne ke sa kgone go nyala ka nako e ke neng ke batla ka yone, mme dilo di ile tsa tsamaya sentle thata. Ke ile ka ipelela dilo tse dintsi le ditshiamelo tsa tirelo tse ke ka tswang ke ka bo ke sa di bona fa ke ne ke nyetse ka nako eo mme ka nna le bana.”

Polokesego ya Isagwe

Fa go le thata, ba bantsi ba batla go nyala gore ba tle ba tile mathata a mo isagweng a madi. Dinaga dingwe tse di nang le dikoloto tse di kwa godimo, di thusa batsofe go le gonnye fela kana ga di ba thuse gotlhelele. Ka jalo, gantsi batsadi ba ikaega ka malapa a bone, segolobogolo ka bana ba bone gore ba ba tlamele fa ba tsofetse. Seno se felela ka gore banna le basadi ba ba iseng ba nyale ba nyale ba bo ba nne le bana lefa maemo a bone a madi a tlhobaetsa.

Mme gone lenyalo le go tshola bana ga di tlhomamise gore motho o tla bona polokesego eo. Bana bangwe ba selefatshe ga ba batle go tlamela batsadi ba bone ba ba godileng, bangwe ga ba kgone, fa ba bangwe ba tlhokafala pele ga batsadi ba bone. Bakeresete bone ba senka polokesego felo gongwe, ba akanya thata ka tsholofetso eno ya Modimo: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.”—Bahebere 13:5.

Jehofa ga a ka a latlha batho bao ba ileng ba se ka ba nyala ka bonako gore ba kgone go mo direla ka nako e e tletseng. Christiana o na le dingwaga di le 32 e bile ga a nyalwa. O na le dingwaga di le robong e le mmulatsela wa ka metlha kwa Nigeria. O bolela jaana: “Ke ikanya Jehofa, yoo a re tlhomamisetsang gore ga a kitla a latlha batlhanka ba gagwe. Ke tshepa tsholofetso ya gagwe. Jehofa o ntlamela semoyeng le ka dilo tsa nama. O ile a itshupa e le Rre yo o pelotshweu tota. Ka sekai, ke ne ka ya go bula tsela kwa lefelong le Basupi ba neng ba tlhokega thata kwa go lone. Ke ile ka ithuta go tshela koo le mororo go sena dilo tse dintsi go ithusa ka tsone. Fa ke ne ke robetse kwa kokelong ke tshwerwe ke letshoroma la mala, bakaulengwe ba phuthego e ke neng ke le kwa go yone pele ba ne ba nketela mme ba nthusa.

“Ke itumelela tirelo ya nako e e tletseng tota. Ke e leba jaaka tshiamelo e kgolo ya go dira le Mmopi wa lobopo lotlhe le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi mo lefatsheng lotlhe. Ke bona basha ba bantsi ba ba tlaletsweng e bile ba itlhobogile ka ntlha ya dilo tse ba bonang di diragala. Nna, ke na le se ke se tshelelang; ke lebile isagwe ke na le tsholofelo tota. Ke itse gore mathata a re lebaneng le one gompieno a rarabololwa fela ke go atamalana le Jehofa.”

Fa o eletsa go nyala, mme o sa kgone ka ntlha ya mathata a ikonomi, se kgobege marapo! Ga o nosi. Go na le ba le bantsi ba Jehofa a ntseng a ba thusa go itshokela seo. Dirisa boemo jono jwa gago sentle ka go direla ba bangwe dilo tse di molemo le ka go tokafatsa bomoya jwa gago. Atamalana le Modimo; mme o tla go thusa ka go bo ruri o amega ka wena.—1 Petere 5:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela