Jerusalema—‘Lebaka la go Ipela’
“Ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ. Me lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlholañ: gonne ke tlhōla Yerusalema go nna boipelō, le batho ba gagwè go nna boitumèlō. Me ke tla ipela ka Yerusalema, ke ya monate mo bathuñ ba me.”—Isaia 65:17-19.
1. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo ba tshwanetse go bona mafoko a ga Isaia 65:17-19 a kgatlhisa thata? (b) Lefa go le jalo ke dipotso dife tseo di tlhagisiwang kaga Jerusalema?
A KGATLHISA jang ne mafoko ano a Morena Modimo Jehofa jaaka a boletswe ka moperofeti wa gagwe! A bua ka letlotlo la boipelo. A ga o batle go abalana mo boipelong joo? Eleruri o a batla! Mme gongwe o ka nna wa botsa, Jerusalema yo go buiwang ka ene fa ke eng? A o nyalana ka gope le motse wa segompieno—o o tletseng mo go kalo ka thubakanyo ya bodumedi le dikgaruru tsa sepolotiki? A “Yerusalema” o tla tsamae a diragatse boikarabelo jo bo tumalanong le tlhaloso ya leina la gagwe—“Bonno [kana, Motheo] wa Kagiso e e Sebedi”? Ke ka tsela efe “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” a amanang le Jerusalema wa boperofeti jono? Re tla bona.
Jerusalema wa Bogologolo
2. Hisitori ya pele kaga lefelo la Jerusalema e ne e le efe?
2 Lefelo la Jerusalema le na le hisitori e telele ya go ratwa ke Jehofa. Kwantle le pelaelo e ne e le fano, go feta dingwaga tse di 3 900 tse di fetileng, fa kgosi-moperisiti Melekisedeke a ne a segofatsa Aberahame. Gape, o ne a segofatsa Jehofa jaaka “Modimo Mogodimodimo, Morui oa legodimo le lehatshe.” (Genesise 14:18, 19) Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya motse o o mo dithabeng oo, Salema, o ne wa nna boitsetsepelo jwa Bajebusa ba ba obamelang badimona.
3. Ke kumako efe e e dirwang ka Jerusalema ka nako ya motlha wa ga Joshue le morago ga one?
3 Dingwaga tse di fetang 400 di ne tsa feta, mme mo go Joshue kgaolo 10 re bona kumako ya ntlha ya “Yerusalema” mo Bibeleng. Fano re bala ka gore Kgosi Adoni-sedeke wa Jerusalema o ne a bitsa dikgosi tse nne tse di mo tikologong go tlhakanela le ene mo ntweng kgatlhanong le Iseraele. Mme Jehofa o ne a tlhabanela Baiseraele. Le eleng letsatsi le ngwedi di ne tsa ema fela, e le gore Bakanana ba tle ba fenngwe gotlhelele. Dikgosi tse tlhano di ne tsa bolawa. Lefa go ntse jalo, ga go bolelwe gore Joshue o ne a gapa Jerusalema. Tota, pego e re: “Me kaga Bayebusa, banni ba Yerusalema, bana ba Yuda [ba ba neng ba rua kgaolo eo] ba ne ba retelèlwa ke go ba lèlèka.”—Yoshue 10:1-27; 15:63; Baatlhodi 1:21.
Jerusalema wa bo-Kgosi Dafide le Solomone
4. Jerusalema o ne a segofadiwa jang mo metlheng ya ga Dafide le Solomone?
4 Dingwaga tse di ka nnang 400 moragonyana, Dafide o ne a nna kgosi ya Iseraele yotlhe. Ka ngwaga wa 1070 B.C.E. “Dafide a gapa kagō e e thata ea phemèlō ea Siona; ko ōna motse oa ga Dafide,” mo Jerusalema. Gone koo kwa Thabeng ya Siona o ne a tla a busa jaaka kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa. Morwawe Solomone le ene o ne “a dula mo setuloñ sa bogosi sa ga Yehofa, e le kgosi.” Ka nako ya puso ya gagwe e e kagiso, Solomone o ne a aga tempele e e matsabatsaba mo Thabeng ya Moria mo Jerusalema. Tempele eno e ne ya nna lefelo le legolo la kobamelo ya ga Jehofa le la tao mo lefokong la Gagwe le Molao.—1 Ditihalō 11:5; 29:23; 2 Ditihalō 7:12-16.
5. Buka ya Dipesalema e tlhalosa jang Jerusalema le “Kgosi e kgolo” ya gagwe?
5 Bontsi jwa dipesalema di boka bontle jwa Siona le jwa Jerusalema. Bana ba ga Kora ba ne ba opela ka one jaaka “mots[e] oa Modimo oa rona, mo thabeñ ea ōna e e boitshèpō.” Ee, “e ntlè thaba ea Siona, ka go golèla godimo, e itumèlèlwa ke lehatshe yeotlhe, kaha ntlheñ tsa botsheka, motse oa Kgosi e kgolo [Jehofa Modimo].” Dafide ka boene o ne a o tlhalosa ka mantswe a: “Dinaō tsa rona di eme mo teñ ga dikgōrō tsa gago, wèna Yerusalema; Yerusalema, u agilwe yaka motse o o kitlanyeñ; Kwa dicō di tlhatlogèlañ gōna, eboñ dicō tsa ga Yehofa, go nna chupō mo go Iseraela, go ntshetsa leina ya ga Yehofa malebogō.” “Kgosi e kgolo” eno go bolelwa e “agil[e] kwa Yerusalema” ebile e le Mosireletsi yo o lorato wa batho ba yone. “Yaka dithaba di dikanyeditse Yerusalema, Yehofa o dikanyeditse batho ba gagwè yalo go tloga hano gompiyeno, le go ea bosakhutleñ.”—Pesalema 48:1, 2; 122:2-4; 135:21; 125:1, 2.
Tshenyego le Tsosoloso
6. (a) Jerusalema o ne a tla go tshwantshetsa eng? (b) Ke katlholo efe e e neng ya ntshetswa Jerusalema, mme ka ntlha yang?
6 Ka mo go tshwanelang, Jerusalema le Thaba ya Siona di ne tsa tshwantshetsa morafe wa Iseraele le batho ba one. Mme mo lobakeng lo lo tlase ga dingwaga tse 500 fa batho bao ba ne ba nna batenegi, le dikgosi tse di boikepo di ne tsa “tlatsa Yerusalema ka madi a a senañ molato.” (2 Dikgosi 24:4) Ba ne ba gana go reetsa tlhagiso ya baperofeti ba Modimo, mo e neng ya re kwa bofelong Morena Modimo Jehofa a ntshetsa Sedekia katlholo, kgosi ya bofelo go busa mo Jerusalema, a re: “Lo rolè serwalō, . . . Ke tla ribegetsa, ke ribegetsa, ke go ribegetsa: le gōna go mo ga go ketla go tlhōla go nna, go tsamaea go tla èna eo tshiamèlō ea gōna e leñ ea gagwè: me ke tla go mo naea.” (Esekiele 21:26, 27) Nebukadenesare wa Babelona o ne a senya Jerusalema le tempele ya yone ka 607 B.C.E. mme a isa bafalodi botshwarwa kwa Babelona.
7. (a) Ke tsosoloso efe e e neng ya diragala, mme ke ka ntlhayang fa seno se ne se gakgamatsa thata? (b) Jerusalema wa nako eo o ne a farologana jang, mme tsosoloso e ne ya dira gore go kgonagale eng?
7 Lefa go ntse jalo, baperofeti ba ga Jehofa ba ne ba bolelela pele ka tsosoloso e e galalelang ya Jerusalema, mme Jeremia o ne a ba a tlhalosa gore se se ne se tla diragala kwa bokhutlong jwa dingwaga tse 70. (Isaia 44:24–45:7; Yeremia 25:11, 12; 29:10) Ka mo go gakgamatsang, ebile e le tiragatsong ya boperofeti jwa ga Jehofa ka Isaia, Babelona o ne a digwa, mme Kgosi Kurose yo o fenyang wa Peresia o ne a ntsha taolo e e neng ya kgonisa Bajuda ba ba boifang Modimo go boa le go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa mo Jerusalema ka nako e e leng yone—ka 537 B.C.E. Jaaka Isaia a ne a boleletse pele, “kgalalèlō ea ga Yehofa, le boitlotlomaco yoa Modimo oa rona” di ne tsa boa tsa phatsima gape mo Juda le Jerusalema. Ka nako eno go ne go sena kgosi epe e e neng e busa mo Jerusalema. Mme Jehofa o ne a rata gape motse oo ka go bo leina la gagwe le ne le beilwe koo le ka ntlha ya boikanyegi jwa masalela a batho ba gagwe. Gape, seno se ne se tshwantshetsa dilo tse dikgolo tse di neng di tla tla. Motse o ne wa agiwa gape, go dira gore go kgonagale ka Mesia go bonala koo.—Isaia 35:2; 62:1-7.
Ntlo ya Jerusalema e Tlogetswe
8. (a) Ke ka ntlha yang fa Jerusalema a ne a palelwa ke go amogela Mesia? (b) Ke boperofeti bofe ka Jesu jo bo neng jwa diragadiwa ka Jerusalema, mme jang?
8 Dingwaga tse di fetang 500 morago ga tsosoloso eo, Mesia eleruri o ne a iponatsa ka boene mo Bajudeng kwa Jerusalema. Seno le sone se ne sa diragala ka nako e e beilweng ya ga Jehofa, ka 33 C.E., go diragatsa boperofeti jwa ga Daniele kgaolo 9 ditemana 24-27. A mme Jerusalema e ne ya amogela Mesia? Nnyaa, ka go bo ditsholofelo tsa gagwe di ne tsa nna tsa sepolotiki. Jerusalema o ne a tenegela dithuto tsa Lefoko la ga Jehofa, mme babusi ba Bajuda ba ne ba dira bokebekwa jo bo ka se itshwarelweng jwa go bolaya Morwa Modimo sebele! Malatsi a le mararo fela pele a kokotelwa mo thupeng ya tlhokofatso ka bosetlhogo, Mesia, Jesu, o ne a raya batho bao a re: “Yerusalema wè! Yerusalema wè! eo o bolaeañ baperofeti, a kgobotletse ba ba romilweñ kwa go èna! Ke ratile gantsintsi yañ go phutha bana ba gago, hèla yaka koko e tle e phuthe mamphorwana a eōna mo diphukeñ tsa eōna, me lo ganne! Bōnañ, ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.” (Mathaio 23:37, 38) Jerusalema wa selefatshe o ne a atlholwa le go latlhiwa ke Jehofa ka ngwaga oo wa 33 C.E. Ka 70 C.E. masole a Roma a ne a phimola Jerusalema le bontsi jwa batho ba gagwe, a senya gape le tempele, gammogo le direkote tsa losika le tse dingwe tse di neng di tsamaelana le tsamaiso ya dilo ya Sejuda.
9. A Jerusalema wa selefatshe o tsheletse tlhaloso ya leina la gagwe?
9 A Jerusalema wa selefatshe, yo o agilweng gape o ne a ipelela lesego lepe go tswa go Modimo fa e sale nako eo? Hisitori ya gagwe e e tobekaneng ya dingwaga tse di 1 900 tse di fetileng e baakanyetsa ka karabo. Mme le gompieno Jerusalema o tswelela go nna motse o o kgaogantsweng ke bodumedi. Ga go na “bonno jwa kagiso e e sebedi,” ga go na kgalalelo ya ga Jehofa, tse di ka bonwang koo. Jerusalema wa selefatshe ga a sa tlhole a ipelela lefelo lepe mo boikaelelong jwa gagwe jwa bomodimo.
Botenegi bo Boleletswe Pele
10. (a) Jerusalema wa botenegi o tshwantshetsa eng sentle-ntle? (b) Mathaio 7:20 e ka dirisiwa jang go “Yerusalema” yono wa segompieno?
10 Jerusalema yo o neng a tenega gabedi, ebile Jehofa a ne a mo otlhaya ka go tlisa kgatlhonong le ene, sa ntlha, batlhasedi ba Bababelona, mme moragonyana, masole a Roma, o tshwantshetsa sentle tsamaiso e nngwe gape ya botenegi—bodumedi jo bo rulagantsweng jwa La-Bodumedi. Fela jaaka babusi ba ba boitimokanyi ba Jerusalema ba ne ba obamela Molao wa ga Jehofa ka molomo fela, ka jalo baruti ba La-Bodumedi ba iphaka go buelela Modimo wa Bibela. Mme Jesu Keresete o ne a re, “lo tla ba itse ka louñō loa bōnè.” (Mathaio 7:20) Mme ke “louñō” lwa mofuta ofe lo La-Bodumedi wa segompieno a le ntshitseng? A bano ba ile ba baakanyetsa “Motheo wa Kagiso e e Sebedi” epe? Nnyaa. Go na le moo, go nnile le loungo lwa dintwa tse pedi tsa lefatshe tse di boifisang, tseo ka bobedi di neng tsa tlhagoga mo sebakeng sa La-Bodumedi ebile di ne di lowa ka tshegofatso ya baruti ba bodumedi mo matlhakoreng oomabedi. Eleruri, mafoko a boperofeti a a builweng ke Jehofa ka Jerusalema wa motenegi a dira le eleng mo go golo ka tlhamalalo go baetapele ba bodumedi jwa La-Bodumedi: “Mo dikoyeñ tsa diaparō tsa gago go hitlhèlwa madi a bahumanegi ba ba senañ molato. . . . [Le] mo maheloñ a aotlhe hèla.”—Yeremia 2:34.
11. La-Bodumedi o diragaditse jang mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 24:11, 12 le Mareko 7:6-8?
11 Re bona mo go La-Bodumedi gompieno ntletse-ntletse ya boitsholo jo bo sa siamang, tlhalano, malapa a a kgaoganeng, kgobololo ya diokobatsi le bokebekwa jwa mofuta mongwe le mongwe. Bodumedi jwa La-Bodumedi bo itshupile bo sena maatla gotlhelele go ka emelana le kgolo ya tlolo-molao. (Mathaio 24:11, 12) Abo mafoko a ga Jesu a tshwanela jang ne baruti ba bodumedi! O ne a re: “Isaia o boletse sentlè kaga lona baitimokanyi, yaka go kwadilwe, ga twe, Ba chaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bōnè, me dipelo tsa bōnè di kgakala le nna. Ba nkōbamèlèla lehèla, ka ba ruta ka dithutō tse e leñ melaō ea batho hèla. Lo tlogèla taolō ea Modimo, lo tshegeditse mekgwa ea batho hèla.” Ka gone La-Bodumedi, “Yerusalema” wa segompieno wa motenegi, gammogo le “baganetsa Keresete” ba bangwe botlhe, ba lebane le “pitlaganō” e e tswang Modimong fa Morena Jesu Keresete a senolwa go tswa legodimong go tlisa pusoloso go ba ba sa utlweng.—Mareko 7:6-8; 1 Yohane 2:18, 19; 2 Bathesalonia 1:6-9.
Go Tsosolosa Bogosi
12. Ke lobaka lofe lwa ‘katako’ lo lo neng lwa bolelelwa pele mo go Luke 21:24?
12 Lefa go ntse jalo, a Jesu ga a ka a supa ka tsosoloso ya Jerusalema wa selefatshe fa a ne a re: “Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè”? (Luke 21:24) Go boammaaruri, Jerusalema o ne a katakelwa fatshe ke Bababelona ka 607 B.C.E., ebile go sa kgathalesege tsosoloso e e galalelang, ga go kgosi epe ya lotso lwa ga Dafide e gape e neng ya busa mo motseng oo. Ebile, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jerusalema o ne a katakwa ke Baroma, yo o neng a ferosa Bajuda ba ba dikgopolo tsa sepolotiki sebete. Nako kgolo ke eno, ga go ise go nne le tsosoloso epe ya bogosi jwa selegodimo mo Jerusalema wa selefatshe. Ebile le gona go se ketla go nna jalo gope.
13. (a) Luke 21:7-11, 24-26 e bolelela pele eng ka bokhutlo jwa “metlha ea Badichaba”? (b) Ditiragalo tse di diragetseng go tloga ka 1914 go ya pele di ne di tiisetsa eng?
13 Ebu, mme “metlha [e e laotsweng] ea Badichaba” e ne e dihetse! Boperofeti jwa mafoko a ga Jesu mo go Luke 21 bo supa gore seno se ne se tshwanetse go nna jang. A gompieno ga re bone tikologong ya rona dilo tsotlhe tseo Jesu a neng a di bolelela pele koo—‘merafe e tsogologela merafe’ mo dintweng tsa dibetsa le tsa ntwa-kgolo ke ya molomo, ‘dithoromo tsa lefatshe, leroborobo la bolwetsi, tlhaelo ya dijo, ditshupo tse di boifisang, tlalelo ya merafe, e sa itse kwa e go yang, le batho ba idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng’? Ee, go fela ga “metlha ea Badichaba” go golaganngwe le ditiragalo tseno tse di roromisang lefatshe tse di neng tsa runyetsa mo lefatsheng go tloga ka ngwaga wa 1914 go ya pele! (Luke 21:7-11, 24-26) E ne e se ka sewelo fela go bo batho ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba supela pele go 1914 go kgabaganya dingwaga tse 35 tse di neng di le mo pele ga ngwaga oo. Ba ne ba tlhaloganya gore “metlha e shupa” ya boperofeti jwa ga Daniele, kgaolo 4, e ne e tla fela ka 1914, seno se tshwaya bofelo jwa puso ya merafe ya Badichaba mo godimo ga lefatshe kwantle ga Modimo go tsenya letsogo.
14. Ke ka ntlha yang fa Luke 21:24 e ne e ka se lebise go Jerusalema wa selefatshe?
14 Ka jalo ka 1914 merafe e ne e tshwanetse go khutlisa go ‘kataka Jerusalema.’ “Yerusalema” yono ke ofe? E ka se nne Jerusalema wa selefatshe yo o neng a gapiwa ke ramasole wa Britani Allenby ka 1917 ebile a ne a sala a ntse a laolwa ke puso ya Britani go fitlha ka 1948, fa repaboliki—eseng bogosi—ya Iseraele e ne ya nna gone. Ka jalo he, ke “Yerusalema” ofe yo Jesu a neng a lebisitse go ene?
15. Ke ka ntlha yang re ka lebelela gore ‘losika lwa ga Dafide’ lo ne lwa tlhongwa mo setulong sa bogosi kwa “Yerusalema” ka 1914 C.E.?
15 Re gakologelwa gore Jehofa o ne a tlhoma bogosi jwa bolegodimo kwa Jerusalema mme Dafide e le kgosi ya jone. E ne e le Dafide yo Jehofa a neng a dira tsholofetso: “Ke ikanne gañwe hèla ka boitshèpō yoa me; ga nketla ke aketsa Dafide; ka re, Losika loa gagwè lo tla èma ka bosakhutleñ, le setulō sa gagwè sa bogosi se tla èma yaka letsatsi ha pele ga me. Se tla tlhōmamisiwa ka bosakhutleñ yaka kgwedi, le yaka moshupi eo o ikanyègañ mo loapiñ.” (Pesalema 89:35-37) Ka go fela ga “metlha [e e laotsweng] ea Badichaba” ka 1914 C.E., ‘losika lwa ga Dafide’ le le nang le tshwanelo ya semolao le ne le tla simolola go busa mo “Yerusalema,” kana Siona. Mme eseng mo Jerusalema wa selefatshe!
16. (a) Ke kae he, kwa Mesia a ntseng a busa teng fa e sale 1914? (b) Bosupi ke bofe jwa gore Keresete o simolotse go busa?
16 Go na le moo, o busa jaanong mo Jerusalema, kana Siona, yoo Jehofa a reng ka ene, mo go Pesalema 2:6: “Leha go nntse yalo ke tlhomile kgosi ea me mo thabaneñ ea me e e boitshèpō ea Siona.” O ke one motse o Dafide a lebisang go one mo go Pesalema 110:1, 2, fa a bua ka perofeso ka Morena Jesu Keresete: “Yehofa o raea morèna oa me, a re, Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō. Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Siona: a go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” Ee, Kgosi ya Bomesia, Jesu Keresete, o tlhomilwe jaanong mo setulong sa bogosi mo Thabeng ya Siona ya selegodimo, kana Jerusalema, go busa mo gare ga baba ba gagwe. O setse a pirigantse mmaba yo mogolo, Satane Diabolo, go tla mo tikologong ya lefatshe le. Ereka a itse gore nako ya gagwe e khutshwane, Satane o tsentse merafe mo ‘tšhakgalong,’ fela jaaka mokwadi wa pesalema a tlhalosa ka tlhamalalo.—Pesalema 2:1; Tshenolō 12:7-12.
17. Ke ka ntlha yang fa re ka solofela ‘tšhakgalo’ ya merafe go fela ka pele?
17 Lefa go ntse jalo, a Morena Modimo Jehofa o tla letlelela merafe eo go tsholetsa ‘tšhakgalo’ ka bosenang bokhutlo ka kganetso ya ka bomo ya Bogosi jwa gagwe ka Morwawe? Gakologelwa gore, go ne gatwe Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba “tladitse Yerusalema ka thutō ea [bone]”; mme morago ga tlhabano eo ya bone e kgolo ya go rera phatlalatsa ka ntlo le ntlo e sena go utlwatsa tlhagiso, Jerusalema wa selefatshe o ne a kopana le katlholo ya ga Jehofa. (Ditihō 5:28, 41, 42; 4:16) Ka mo go tshwanang gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bolela ka letsatsi la Gagwe la pusoloso go kgabaganya sebaka sa La-Bodumedi.
18. Ke ka ntlha yang fa ka tsholofelo re letetse phenyo ya “boikaele[lo] yoa metlha e e senañ tshimologō” ya ga Jehofa?
18 A mme Jehofa o tla palelwa ke go tlotlomatsa thero eno e kgolo thata ya lefatshe ka bophara mo ditiragalong ka ntwa ya gagwe ya makgaola-kgang ka Hara-Magedona? A Jehofa o tla palelwa ke “go senya ba ba senyañ lehatshe”? Le ka motlha seo se ka se nne jalo! Bao ditsholofelo tsa bone di itshetlegileng mo ditsholofetsong tsa Modimo ba lebeletse ka tlhomamo go phenyo ya “boikaele[lo] yoa metlha e e senañ tshimologō.” (Tshenolō 11:18; Baefesia 3:10-12) Ka Bogosi jwa ga Mesia, yo jaanong a busang mo “Yerusalema” wa selegodimo, “Kgosi e kgolo” ya rona, Jehofa, o tla dira gore Leina la Borena la gagwe le tlotlomadiwe. He, ka go tsosolosetsa setho mo botshelong jo bo sa khutleng mo boitekanelong jwa Paradaise ya lefatshe, Jehofa o tla supa gore ke “Modimo oa rona ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae,” le gore “o no o se ka oa [tlholela lefatshe] lehèla.—Pesalema 48:14; Isaia 45:18, 22-24; 46:9-11; 55:11; Yeremia 25:31.
O ka akgela jang mo go tse di latelang:
◻ Leina “Yerusalema” le raya eng?
◻ A motse oo o ne wa tshelela leina la one?
◻ Ke setshwani sefe sa Jerusalema o o sa ikanyegeng seo se bonalang gompieno?
◻ Luke 21:24-26 e bontshang mabapi le bokhutlo jwa “metlha ea Badichaha”?
◻ Ke “Yerusalema” ofe he yo jaanong a khutlang go “katakwa”?