‘Ba Ba Ikemisitseng ka Thulaganyo ya Ntwa’
“Banna ba, e le banna ba ntwa, ba nonohileñ go aba ntwa, ba tla ka pelo e e itekanetseñ kwa Heberona, go diha Dafide kgosi ea ba Iseraela botlhe.”—1 DITIHALŌ 12:38.
1. Ke boemo bofe jo bo potlakileng gompieno jo bo biletsang go nna podi-matseba?
GOELELETSANG mokgosi wa ntwa kwa godimo! A basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba diganka ba ikwadisetse tlhabano! Ntwa kgatlhanong le mmaba e atamela boemo jo bo masisi thata. Metlha e potlakile thata. Re ka se kgone go nna kwa goo-mothakga mo maikutlong a rona kana go repisa re ithaya re re ntwa e kokobetse. Seo ke se mmaba o tla batlang gore re se akanye, ka go bo a itse gore nako ya gagwe e khutshwane. Ka gone, re ka nna ra solofela mmaba go dira tlhaselo ya tshoganetso ka tsholofelo ya go tshwara batlhabani ba boammaaruri ba itebetse.—1 Bathesalonia 5:1-6.
2. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa tlhoke go boifa baba ba bone? (Pesalema 24:8)
2 Jehofa o bona basupi ba gagwe ba ba ikanyegang gompieno jaaka batlhabani ba ba tshwaregileng mo ntweng ya semoya eo ka bofefo e ntseng e atamela tlhora ya yone. Fa a go bilediwa, Jehofa o nna “monna oa ntwa” yo letsogo la gagwe la moja le ka thubakanyang le go phatlakanyetsa baba ba gagwe fa fatshe. (Ekesodo 15:3, 6, 7) Tsholofetso ya gagwe go Iseraele wa bogologolo yo o neng a tshwanetse go etelelwa ke moengele wa gagwe e sa ntse e ntse e eme jaana: “Me e tla re ha rure u reetsa lencwe ya gagwè, u ba u diha cotlhe tse ke di buañ: hoñ ke tla nna mmaba oa baba ba gago, le moganetsi oa baganetsi ba gago.”—Ekesodo 23:20-22.
3. (a) Tlhalosa boemo jwa ga Jesu fa e sale 1914 C.E. (b) Ke mo tlhabanong efe eo a ileng a tshwarega mo go yone? (c) Ke ka ntlha yang fa balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu gompieno ba le tlase ga tlhaselo?
3 Boperofeti jwa boammaaruri bo senola mo matlhong a rona a tumelo gore, fa e sale ka letlhabula la ngwaga wa 1914 C.E., Keresete Jesu yo o galaleditsweng o ile a tlhomiwa ke Jehofa jaaka Ra-Masole yo Mogolo wa masomosomo a selegodimo a baengele ba batlhabani. (Pesalema 110:1, 2; Mathaio 25:31) Ka bofefo fela o ne a etelela pele masomosomo ano kgatlhanong le Diabolo le baengele ba gagwe, a phepafatsa magodimo kgotlelo ya go nna gone ga bone le go ba tswalelela mo sebakeng sa polanete ya Lefatshe. Mme jaanong, fa a sa ntse a emetse sesupo sa bofelo go tswa go Jehofa sa go senya mmaba, Keresete Jesu o tsamaisa tiro e e bonalang ya lefatshe ka bophara eo e kopanyeletsang gape tlhabano. (Tshenolō 12:7-9) Satane le badimona ba gagwe ba ba mo emeng nokeng, ba lemoga gore nako ya bone e khutshwane, ka bogale ba tlhabantsha ba ba setseng ba balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu. Ka ntlha yang? Ka go bo ka kutlo ba bolela Bogosi jwa Modimo wa bone le jwa ga Keresete wa gagwe.—Tshenolō 12:17.
‘Batlhabani ba ga Keresete Jesu’
4. Tlhalosa gore ke eng seo se bopang “motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu.”
4 Go a utlwala he gore botlhe bao ba kopanelang le go tshegetsa masalela a batho ba Modimo ba ba tloditsweng ka mo go tshwanang e tla nna bone ba lebaganngwang le tlhaselo eno e e maswe ya ntwa. Ka jalo, go mongwe le mongwe yo o direlang jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gompieno go tla kgothatso e e gwetlhang maikutlo ya ga Paulo e e reng: “U tlhakanèlè bothata le nna, yaka motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu. Ga go motlhabani opè eo o reñ a le mo ntweñ a be a itlhakatlhakantse le dilō tsa botshelō yono; e be e le gore a kgatlhè èna eo o mo kwadileñ motlhabani.” (2 Timotheo 2:3, 4) Tiro nngwe le nngwe e sele mo botshelong e tshwanetse ya tla morago mo tirelong ya rona ya Ra-Masole yo Mogolo wa ga Jehofa.
5. (a) Paulo o tlhalosa jang ntwa ya semoya ya Bakeresete? (b) Boikemisetso jwa batlhabani ba Bakeresete ke eng, mme ke eng seo se tla ba kgothaletsang go tlhabana?
5 Bommatota le mofuta wa tlhabano eno ya semoya di tla mo megopolong ya rona jaaka re akanyetsa dikgakololo tseno tsa ga moaposetoloi Paulo: “Gonne leha re sepela mo nameñ, ga re tlhabane kaha nameñ; Gonne dibolaō tsa ntwa ea rona ga se tsa nama, me di nonohile ha pele ga Modimo go diga dikagō tsa phemèlō tse di thata; Re diga ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsan go thiba kicō ea Modimo, . . . Re bile re iketleeleditse go busholosa botlhōka kutlō yotlhe, kutlō ea lona e sena go dihala.” (2 Bakorintha 10:3-6; bona gape le Baefesia 6:12.) Jaaka batlhabani ba ga Keresete Jesu, re batla go bontsha botlhe gore re kutlo mo ditaolong tsa gagwe tsa ntwa ebile re ipaakanyeditse ka metlha yotlhe go arola le go dira go ya kafa maemong a ntwa ao a a tlhophang. Go re kgothatsa he, mo lebaleng la ntwa ya semoya a re boeleng morago mo ditsebeng tsa Lefoko la Modimo mo tiragalong ya ditso mo Iseraeleng wa bogologolo. Fano re ka bona polelo pele e e nang le bokao ya mefuta ya ditiragalo tse ga jaanong di diragalang.—Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11.
Tlhopho ya Bogosi—Maloba le Gompieno
6. Tlhalosa ditiragalo tse di gogetseng mo go amogelweng ga ga Dafide jaaka kgosi mme ke jang seno se neng sa ama batho-ka-bongwe.
6 Akanyetsa boemo jwa nako ya ga Kgosi Dafide, yo Modimo a neng a mo tlhophetse go nna kgosi ya Iseraele yotlhe. Morago ga loso lwa ga Saulo banna ba Juda e ne ya nna bone ba ntlha go lemoga tlhopho ya Modimo ya ga Dafide jaaka kgosi ya bone. Ditso tse dingwe di ne tsa itlhophela morwa Saulo Ishi-boshethe jaaka kgosi, mme se sa felela ka kgaruru e e sa feleng. (2 Samuele 2:1-11; 3:1) Ka polao ya ga Ishi-boshethe dingwaga tse pedi moragonyana, tsela e ne ya bulega mo merafeng e mengwe go kopana le Juda. Ka nako e e leng yone Dafide o ne a tlodiwa ka tshwanelo jaaka kgosi mo Iseraeleng yotlhe. (2 Samuele 4:5-12; 5:1-3) Mme mo nakonyaneng eo bontsi jwa batho ba ne ba tshwanelwa ke gore ba fetse mogopolo gore ba ne ba tla direla mang. Ba ne ba tshwanetse gore ba akanyetse ditshwanelego tsa lekawana leno Dafide. A eleruri o ne a tloditswe ke Modimo? A e ne e le ene yo o neng a tla nna le lesego la ga Jehofa phapaanong le go sa amogelweng ke Modimo ga ga Saulo? A Dafide ka katlego o ne a ka kgona go etelela masole a Iseraele kgatlhanong le baba ba ba neng ba ba dikologile?
7. Ke eng seo se neng se kopanyelediwa mo go amogeleng bogosi jwa ga Dafide?
7 Ka mo go phepafetseng ba bangwe ba Baiseraele ba ne ba feleletsa ka go ema nokeng ntlo e e atlhotsweng ya ga Saulo. Ba bangwe ba ne ba fetsa mogopolo mo motheong wa ke tla dumela ke bone. Mme ga nna le ba bangwe bao ba neng ba nna ba sa dira diphetso dipe. Mme go ne ga tshwanela gore ka bofefo fela tlhopho e dirwe, mme abo bao ba neng ka pelo yotlhe ba neng ba tlhopha go ema bogosi jwa ga Dafide nokeng ba neng ba itumetse jang ne! Bano ba ne ba se bogagapa kana ba tsaya tsela ya boitsemeletso fela. Ba ne ba se pelo-pedi. Go na le moo, go tshegetsa ga bone kgosi ya ga Jehofa go ne ga ba gogela mo go nneng le boikarabelo jo bo tlhaga jaaka babusiwa ba ga Dafide le batlhabani. Jaaka 1 Ditihalō 12:22 e bolela: “Gonne ga nna ga tla batho kwa go Dafide ka malatsi aotlhe go tla go mo thusa, ga tsamaea ea nna ntwa e e leshomōshomō ye le golo, yaka leshomōshomō ya Modimo.”
8. Ke jang 1 Ditihalō 12:32, 38 e tlhalosang bao ba amogetseng bogosi jwa ga Dafide?
8 Go tswa dintlheng tsa pego re elatlhoko gore gareng ga matshwititshwiti ano e ne e le bao ba neng ba na le “tlhaloganyō ea metlha, go itse se ba Iseraela ba chwanetseñ go se diha.” (1 Ditihalō 12:32) Bano ba ne ba se mololo fela mo go emeng ga bone kgosi nokeng. Ba ne ba tlhomeletse sentle e le gore ba tle ba itlhagise jaaka ba ba ipaakanyeditseng go amogela ketelelopele ya ga Dafide mo ntweng. Ba ne ba sa lebelela botshelo jo bo iketlileng. Ba ne ba ‘tlhaloganya metlha’ ebile ba itse gore bogosi bo ne bo dikaganyeditswe ke baba bao ba neng ba ipaakanyeditse go kometsa Iseraele le go nyeletsa kobamelo ya ga Jehofa. Bao ba neng ba tswa botlhaba jwa Noka ya Joredane e ne e le “banna ba ntwa, ba ba nonohileñ go aba ntwa” ebile ba ipaakanyeditse go direla kafa tlase ga ga Dafide ka “pelo ñwe hèla.”—1 Ditihalō 12:38.
9. (a) A re bone setshwani sa segompieno sa seemo sa motlha wa ga Dafide? (b) Ke kganetsano efe e e lebaneng le batho botlhe gompieno?
9 Abo go kgatlhisa jang ne ga jaanong mo pele ga matlho a rona go ela tlhoko tiragatso ya motlha wa segompieno e e tshwanang le boemo joo! Dafide yo Mogolwane Keresete Jesu, o tlhophilwe ke Jehofa mme jaanong o busa jaaka Kgosi ya selegodimo. Merafe ya lefatshe e kgatlhanong le bogosi jwa gagwe. Ba dira matshosetsi a go tlosa babusiwa ba Kgosi mo lefatsheng. (Pesalema 2:1-3) Ka gone, batho-ka-bongwe lefatshe ka bophara ba bilediwa go tsaya boemo jwa bone mo letlhakoreng le lengwe la kganetsano kana mo go le lengwe. Kganetsano eo ke: A ke ba Bogosi jwa Morwa Jehofa kana ba kgatlhanong le jone? Matshwititshwiti ga a ise a ikakanye. Ba bangwe ba supa boemo jwa bone fela ka re tla dumela re bone, ka bogagapa ba akanyetsa fela pabalesego ya bone ya botho le poelo e e rileng.—Sefania 2:2, 3; Yoele 3:14.
10. (a) Ke ka ntlha yang fa bantsi ba sa dira diphetso kaga go amogela bogosi jwa ga Keresete? (b) Ke boikarabelo bofe jo jaanong bo leng mo magetleng a Basupi ba ga Jehofa?
10 Jaaka botumo jwa baemedi ba bogosi jwa Modimo mo lefatsheng bo tswela pele go anama kgakala le kwa tengnyana-teng, bontsi jwa batho ka mo go oketsegileng ba kgonisitswe go dira tlhopho e e botlhale. (Mika 4:1-3; Sekaria 8:23) Ba bantsi ga ba ise ba fetse mogopolo fela ka go bo ba tlhaela kitso ya ditiragalo, ba tlhaela tlhaloganyo gore metlha ya rona e raya eng le tlhokafalo e e potlakileng ya bone go ema ba tiile kafa Bogosing jwa Modimo. Matshwititshwiti ka gone a sa ntse a le kafa tlase ga tlhotlheletso ya dipuo tsa maaka tsa ga Satane ba bile ba le kotsing ya go ka gogelwa kwa tshenyegong ga mmogo le Satane le ba ba mo emeng nokeng. Ka jalo, pitso e e potlakileng ke gore Basupi ba ga Jehofa botlhe ba phuthegele kafa letlhakoreng la ga Dafide yo Mogolwane, Keresete Jesu, ba tlhomeletswe ka dibetsa ba bile ba siamiseditswe go tlhabana le mmaba.—Bapisa Mathaio 12:30.
Ke Bomang ba ba Tshwanelegelang Tlhabano?
11. Tlhalosa kafa Jesu o bontshitseng ka teng tsela eo kutlo ya rona go Keresete e ka ‘dihadiwang ka botlalo.’
11 Mo tlhabanong ya bone ya semoya batlhabani botlhe ba ga Keresete ba tshwanetse go fitlhelela dipatlafalo dingwe tse di botlhokwatlhokwa. Ka sekai, Paulo o ne a bontsha kafa kutlo ya bone go Keresete e tshwanetseng ‘go dihala ka botlalo.’ (2 Bakorintha 10:5, 6) Re ka tlhomamisega jang gore a seno se a bonala mo tseleng ya rona le mo maikutlong a rona? Dipotso tse di latelang di tshwanetse go re thusa mo tlhomamisegong ya rona ya motho-ka-bongwe:
A ka boammaaruri re beile tirelo ya rona go Modimo le Keresete go feta kgakala kamano epe le batho? (Mathaio 10:37)
A re ile ra ikapola boikgodiso bope fela jwa go batla go huma dilo tse di bonalang kana go buiwa sentle mo lefatsheng le le re dikologileng? (Luke 6:20-26)
A re tlhobaeletse go itumedisa Moetapele le Molaodi wa rona mo boemong jwa go tlhobaela ka dilo tseo Jehofa a solofeditseng gore o tla di baakanyetsa—dijo, diaparo le borobalo? (Mathaio 6:25-32)
A re khutlisitse go atlhola le go nyatsa batlhabani-ka-rona ba ga Keresete e le gore re tle re seka ra tlisa dikgaogano le ditlhokakutlwano mo ditlhopheng tse di boitshepo? (Luke 6:37; Pesalema 133:1-3)
A ka boammaaruri re rata bakaulengwe ba rona le go batlela molemo botlhe bao ba ikwadisitseng mo tlhabanong eno ya semoya kgatlhanong le baba ba Modimo? (Yohane 13:35; 1 Petere 4:8)
Dipotso tseno ke tse di gwetlhang tse botlhe bao eleng balatedi ba ga Keresete ba tshwanetseng go di araba ka bobone.
12. Ke ka tsela efe ditsala le baba ba Bogosi jwa Modimo ba ka lemogiwang ka yone? (Mathaio 25:31-46)
12 Ntlha e nngwe e e botlhokwa go e akanyetsa mo tlhabanong ya rona ya Bokeresete ke go nna le pono e e phepafetseng ka phatlha e e farologanyang phuthego ya Modimo e e phepa mo diphuthegong tsa lefatshe leno tse di itaolang, le tsa boitsholo Jo bo sa siamang. (Genesise 3:15; Pesalema 97:10) Masole a a tlhabantshanang mo ntweng a tshwanetse a kgona go ka farologanya ka phepafalo magareng a tsala le mmaba. Seno se kgonagala ka go farologanyesega ga diaparo tsa bona le dibetsa tsa bone tsa ntwa. Re ile ra laelwa mabapi le maungo a moya wa Modimo. Re ile ra itsisiwe ka ga ditiro tsa nama, tseo di supegang gape fela jaaka maungo. (Bagalatia 5:19-24) Ka jalo ga gona ketsaetsego epe ruri magareng a phuthego ya Modimo le phuthego ya ga Satane.
13. Dipokano tsa ka metlha di direla boikaelelo bofe mo tlhabanong ya rona ya semoya?
13 Gape, a re bontsha ka tsela e re e tsayang gore ka metlha re ‘humanegile mo moyeng’? (Mathaio 5:3; Bahebera 10:25) Mo ntweng ya dibetsa tsa senama go botlhokwa gore bagolwane ba ntwa le ba bangwe ba ba laolang mo ntweng ba nne le dithulaganyo tsa go loma ba bangwe tsebe gore ba nne ba itse gore ntwa e tsamaya jang mo botlhabanelong le maretshwa a morago jaana a mmaba. Ka mo go tshwanang, dipokano tsa rona kwa Holong ya Bogosi kana kae fela di botlhokwa-tlhokwa thata e le gore re tle re nonotshiwe ka metlha ke Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo, ga mmogo le go nna re le pudi-matseba ka metsamao epe fela ya mmaba.—1 Petere 5:8.
14. Mafoko a ga Sakaria mo go Luke 1:74, 75 a ka tlhalosa maikutlo a rona sentle jang?
14 Abo rotlhe re tshwanetse go leboga Jehofa le Morwawe jang ne go bo ba re tlhomeletse sentle mo go kalo mo tlhabanong ya semoya! Jaaka rraagwe Johane Mokolobetsi, Sakaria, re ikutlwa re patelesega go baka Jehofa go bo a re buletse sebaka, “gore, e tle e re re golocwe mo diatleñ tsa baba ba rona, re o dihèlè re sena poihō, Mo boitshepoñ le mo tshiamoñ ha pele ga ōna, ka malatsi aotlhe a botshelō yoa rona.” (Luke 1:74, 75) Re faloditswe mo go Babelona o Mogolo. Mme jaanong, morago ga go fitlhelela dipatlafalo tsa Moetapele le Molaodi wa rona, re tshwanetse go ikemisetsa ka thulaganyo ya ntwa go tlhabantsha baba ba Modimo le Keresete.
15, 16. (a) Satane o jadile “ditlhatlhanyō” dife le ‘dilo tse di nonofileng’ mo megopolong ya batho? (b) Ke jang fela tseno di ka ‘digwang,’ mme ke go ya bokgakaleng bofe seno se diragalang?
15 Dibetsa tsotlhe le masole a lefatshe leno di tshwana fela le ditshamekisiwa tsa bana fa di tshwantshanngwa le matlhale a a maaka le dingwao tsa batho tse di tlhotlheleditsweng ke Satane le masomosomo a badimona ba gagwe. Ka go itshema jaaka Modimo mo boreneng le mo maatleng, Satane o ile a atisa dithuto tsa gagwe tsa maaka go ya kgakala le kwa tengnyana-teng. O kgatlhanong le Modimo wa boammaaruri mme ka boferefere o iphaka gore ke motswedi wa kitso. O ruta gore motho ga a tlhoke Jehofa, gore ka boene fela motho a ka gatela pele go ya ntlheng ya go ka tshwana le Modimo. Diabolo o latofatsa ditshwanelo tsa Modimo tsa gore ke mmopi, o gatiseletsa mo megopolong ya batho gore motho o itlhagetse fela. O ile a kgona matshwititshwiti go dumela gore tota ga go na loso, gore seo se bonalang ekete ke loso ke phetogo fela ya popego nngwe ya botshelo. O ile a godisa dipopego tsa dipuso tse di farologaneng, tsotlhe di ikepetse le go totomela mo bogagapeng. Tseno le tse dingwe tse dintsi ke “ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsañ go thiba kicō ea Modimo.”—2 Bakorintha 10:5.
16 ‘Megopolo e e nonofileng thata’ eo e tshwanetswe ya digwa, ya senolwa, gore ba ba tsieditsweng ba gololwe mo tlhaloganyong le mo semoeng. (2 Bakorintha 10:4) Re na le dibetsa tse di tlhokafalang le moitshomelo—tumelo jaaka thebe, boammaaruri jaaka moitlamo o o nonotshang, tshiamo jaaka sesireletsi sa pelo, tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro, Lefoko ja Modimo jaaka tšhaka le mafoko a a molemo a kagiso, go thusa bao ba batlang go ineela mo Kgosing e e tlhophilweng ke Jehofa. (Baefesia 6:14-17) Ka tiriso e e ntseng jalo ya dibetsa tsa semoya Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba golola diketekete tsa ditshwarwa!
Re Tlhomamisediwa Phenyo
17. Pesalema 45:3, 4 e supela go matswela afe fa Keresete a tlhabantsha mmaba mo ntweng ya bofelo?
17 Nako e ntse e atamela fela thata fa Jehofa a tla ntshetsa Kgosi ya gagwe e e tlhophilweng sesupo go tlhabantsha mmaba mo ntweng ya bofelo. A lebisitse mafoko a gagwe go Moetapele yoo wa masomosomo a selegodimo, Jehofa o tla goeletsa ka mafoko a Pesalema 45:3, 4: “Gatlha chaka ea gago kaha nokeñ ea gago, wèna senatla, kgalalèlō ea gago le borèna yoa gago. Me mo boreneñ yoa gago u pagamèlè pele ka go rañwa ke dilō, ka ntlha ya boamarure, le bopelonōlō, le tshiamō: me seatla sa gago se segolo se tla gu ruta dilō tse di boitshègañ.” Matswela a kgato eo a tlhomamisega sentle. Phuthego yotlhe ya ga Satane, e e bonalang le e e sa bonaleng, e tla tlosiwa, go phimola puso yotlhe e e boikepo le e e gatelelang mo lefatsheng. Abo e tla nna letsatsi le le itumedisang jang ne go bafalodi, fa bagateledi botlhe, baaki, diaka le basenyi ba lefatshe ba etse ruri!—Tshenolō 11:16-18; 19:11-21.
18. Fa e sale 1914 C.E. ke jang go ileng ga nna le ‘go ikemisetsa ka thulaganyo ya ntwa’?
18 Abo go kgatlhisa jang ne go bona tiragatso ya maemo a a hakgamatsang a a begilweng mo Dikwalong a diragala ga jaanong! Mo motlheng wa rona, bonnake ba semoya ba ba tloditsweng ba ga Keresete Jesu e ne ya nna bone ba ntlha go mo amogela jaaka Kgosi ya bone, morago ga go tlhongwa ga gagwe mo setulong sa bogosi ka 1914 C.E. Botlhe ba ne ‘ba ikemisetsa ka thulaganyo ya ntwa.’ He, fa e sale ka 1935 segolo bogolo, fa lesedi le ne le phatsima mo go Tshenolō 7:9-17, “boidiidi yo bogolo” bo ne jwa lemoga motswedi wa boammaaruri wa katlego le lesego mme ba ne ba ‘ikemisetsa mmogo.’ Ba ne ba ikopanya le Baiseraele ba semoya ba segompieno, botlhe ba bonala mo popegong ya ntwa, ba ipaakanyeditse go tlhakanela mo dipogong le mo mathateng a ntwa ya semoya e e tlhabanang le phuthego yotlhe ya ga Satane—go tlotla le go galaletsa Jehofa.—Sekaria 2:11.
19. Ke eng he, se se tshwanetseng go nna boikemisetso jwa mosupi mongwe le mongwe yo o seganka wa ga Jehofa?
19 Go phepafetse he, gore metlha ya rona e potlakile. Eno ga se nako ya go akanya gore tlhabano ya semoya e fedile. Ekete le ka motlha mmaba o ka se re tshware re itebetse mo boemong jo bo masisi jo bo atamelang jwa tirelo ya rona e e boitshepo. Ekane re ba masalela a Baiseraele ba semoya kana ba “boidiidi yo bogolo” jwa balekane ba bone, a rotlhe re ‘ikemisetseng ka thulaganyo ya ntwa, ka pelo e le nngwe.’ Ekete re ka tswelela pele ka bopelokgale re tlhaba mokgosi wa ntwa ka go bo Jehofa a re tlhomamisetsa phenyo!—2 Ditihalō 20:15.
Mo tshobokanyong:
◻ Ke ka ntlha yang go potlakile go, ‘ikemisetsa ka thulaganyo ya ntwa’?
◻ Ke mo tlhabanong ya mofuta ofe e Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregileng mo go yone?
◻ Batho botlhe gompieno ba lebane le kganetsano efe e e botlhokwa-tlhokwa?
◻ Ke mang yo o tshwanelegelang jaaka “motlhabani. . . . oa ga Keresete Yesu”?
◻ Ke phenyo efe e jaanong re e tlhomamisediwang?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go kopana ka metlha kwa Holong ya Bogosi (1) go re thatafaletsa tlhabano ya semoya, (2) go re thusa go “tlhalogany[a] metlha” le (3) go re bontsha kafa re ka direlang ka “pelo ñwe hèla” ka teng