Filemone—Tshupo ya Tiriso ya Bokeresete
DIRISANG se lo se rerang! Abo Jesu ka tlhamalalo a papamatsa ntlha eno mo go kgaleng baetapele ba bodumedi ba motlha wa gagwe! (Mathaio, kgaolo 23) Mme go tweng ka barutisi ba phuthego ya Bokeresete ya pele? A ba ne ba dirisa se ba neng ba se rera? Gore ba ne ba dira jalo go supiwa ka papamalo ke buka ya Bibela ya ga Filemone.
Lokwalo lwa ga Filemone ke lo lo sa kwalelwang phuthego, mme e leng go motho yo o rileng, ebile le dirisana le kgang ya botho. Se se okeletsang kgannyeng ya gore ke lwa botho ke lebaka la gore Paulo o lo kwadile ka seatla sa gagwe, go na le gore a dirise mokwaledi.
Lebaka e ne e le lefe la lokwalo lono lwa botho go tswa go Paulo go ya go Filemone? E ne ele seno: Paulo o ne a busetsa Filemone lelata la gagwe eleng Onesimo. Onesimo o ne a tshabile, gongwe le eleng go utswa madi a ga Filemone go ituelela loeto lwa gagwe go ya kwa Roma. Ka tsela nngwe Onesimo o ne a bonana le Paulo mo Roma, a reetsa thero ya gagwe a ba a nna Mokeresete. Ka tsela e e ntseng jalo o ne a le molemo mo go direleng Paulo, mme moaposetoloi o ne a lomagana thata le ene. Mme Paulo o ne a sa batle go nna le Onesimo kwantle ga tetlelelo ya ga Filemone. Ka jalo, ka tumalano ya ga Onesimo, Paulo o ne a mo romela kwa go Filemone—jaanong a sa tlhole a le lelata mme jaanong a le mokaulengwe yo o rategang mo Moreneng.
Gore Onesimo o ne jaanong a le mokaulengwe yo o mosola thata le yo o ikanyegang go bontshiwa ke go romiwa gape, ga mmogo le molekane wa gagwe Tukiko, ka dikwalo tsa ga Paulo go ya diphuthegong tsa Efeso le Kolosa. (Baefesia 6:21, 22; Bakolosa 4:7-9) Mo dikwalong tseno tse pedi Paulo o neela kgakololo kaga malata go utlwa beng ba bone. (Baefesia 6:5-7; Bakoloa 3:22, 23) Ka jalo Paulo o ne a dira tumalanong le kgakololo ya gagwe ya go romela Onesimo kwa morago. O ne a tlotla dithoto tsa ba bangwe mme a tshela tumalanong le kgakololo ya gagwe ya go nna kutlo mo thulaganyong ya puso e e teng.—Baroma 13:1-7; 1 Bakorintha 7:20-24.
Paulo o ne a supa sekao sa kgakololo e e leng ya gagwe gape ka go bontsha boikokobetso, lorato le kamego ka ba bangwe. (Baefesia 4:1-3; Bafilipi 2:3, 4; Bakolosa 3:12-14) Go na le gore a patelele Filemone ka taolo e e bokete ya seaposetoloi go itshwarela Onesimo le go mo amogela jaaka mokaulengwe, Paulo ka boikokobetso o ne a ikuela mo motheong wa lorato lwa Bokeresete le mo botsalanong jwa bone jwa botho. (Filemone 8, 9, 17) Abo e le sekao se se molemo jang ne go balebedi ba Bakeresete gompieno!
Filemone o ne a kolota Paulo, ka go bo e ne e le ka Paulo go bo a ile a ithuta mafoko a a molemo mme e bile a ne a gololwa mo bokgobeng jwa boheitane. Lefa go ntse, ka semolao, o ne a ka tshwara Onesimo makgwakgwa le go mo sotla. Ebile eleruri o ne a na le lebaka la go mo gakalela. Paulo ga a ka a kgothaletsa Filemone fela go bontsha bopelonomi, boitshwarelo le boutlwelo botlhoko mme moaposetoloi o ne a ikemiseditse go dira jalo. “Ha [Onesimo] a gu senyeditse ka goñwe, kgotsa ha a le molato nau,” go kwadile jalo Paulo, “u tlo u se beè kwa go nna. . . . Ke tla se leha.”—Filemone 18, 19.
Eleruri, jaaka go bontshitswe ke buka ya ga Filemone, bakwadi le barutisi ba pele ba Bokeresete ka bobone ba ne ba tshela ka melao-metheo ya Bokeresete. Ba ne ba dirisa seo ba se rerang.