LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 10/15 ts. 31
  • Lorato Lwa Bokeresete mo Tirong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lorato Lwa Bokeresete mo Tirong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gola Mmogo mo Loratong
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Nna o Tsamaye mo Tseleng ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Seo Se Bolelwang ka Morwalela mo Ditlhamaneng tsa Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 10/15 ts. 31

Lorato Lwa Bokeresete mo Tirong

NAGA ya Philippines ke e tlhaselwang kgapetsa-kgapetsa ke dikgwanyape le dipula tse dikgolo tsa matla-ka-dibe, tseo, nako le nako, di felelang ka merwalela e megolo. Ka dinako tse di ntseng jalo seo se anaanelwang fela thata ke lorato lwa Bokeresete lo lo dirang, jaaka boitemogelo jo bo latelang bo bontsha.

Mo toropong ya borwa ya Carmen, Davao del Norte, Basupi ba ga Jehofa mo Phuthegong ya Mabuhay ba ne ba sa amiwa mo go kalo-kalo ke morwalela. Lefa go ntse jalo, ba ne ba arabela ka ponyo ya leitlho ditlhokafalong tsa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete mo ofising ya nakwana e e neng e tlhomilwe ya ba ba neng ba amegile thata. Raese le merwalo-rwalo ya dijo tse dingwe e ne ya phuthelwa golo go le gongwe mme tsa tseelwa koo. Fa ditlhokafalo tsa bakaulengwe ba ba mo kgaolong e e amilweng di sena go fitlhelelwa, go ne ga nna le mo gontsi fela thata mo go saletseng mo eleng gore dithuso tse dingwe di ne tsa neelwa bagolwane ba toropo gore go abelwe batho ba bangwe ba ba tlhokang.

Kamego e e ntseng jalo e e lorato e ne ya tlhotlheletsa bagolwane ba toropo go dira maitlhomo a go akgola Basupi ba ga Jehofa, ao bontlhanngwe jwa one a balegang jaana:

“GO BO JAANA, Basupi ba ga Jehofa ba Mabuhay, . . . morago ga gore ba itse ka mathata a ba ba tlhasetsweng ke morwalela mo toropong e, . . . ka bofefo fela ba ne ba isa thuso ya dijo e le gore ba tle ba fokoletswe bothata jwa bone le matlhotlha-pelo;

“RE ITLHOMANE, . . . gore re fetise Maitlhomo a go supa malebo a magolo fela thata le tebogo go Basupi ba ga Jehofa ba Mabuhay . . . ka ntlha ya thuso ya dijo e ba neng ba e fetisetsa go ba ba neng ba tlhasetswe ke morwalela.”

Abo go omosa pelo jang ne go utlwa kafa Bakeresete ba mmatota, bao ka dinako tsa tlhokafalo, ba arabelang eseng ka “puo ya molomo fela” mme e leng ka “lorato lwa boammaaruri, loo lo itshupang ka ditiro”!—1 Yohane 3:18, Today’s English Version.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela