A Jesu O Tsetswe ka December 25?
GONGWE bontsi jwa batho ba dumela gore go ntse jalo. Bosupi bo bontshang? Ke ka ntlha yang o sa tlhatlhobe kgang ya “Keresemose” mo bukeng ya “encyclopedia?” Ka phepafalo e tla bontsha tshimologo ya Keresemose, le gore go tlile jang gore letsatsi la December 25 le bo le ile la tlhophiwa go nna lone botsalo jwa ga Jesu. Ngwaga le ngwaga dikgatiso di ntsha boikitsiso jono. Dikakgelo tse di latelang tseno ke tsa dimakasine tsa ngwagatlola ka December.
Frontier, kgatiso ya Frontier Airlines, e etse tlhoko ka gore: “Mo Bakereseteng ba pele. malatsi a botsalo e ne e le ngwao ya boheitane. Go ne go ka se akanngwe lefa go le kana go keteka letsatsi la botsalo la mongwe, re sa umake sepe ka letsatsi la botsalo jwa ga Jesu. E ne e le tlhapatso-modimo go akantsha le eleng gore Setshedi sa Bomodimo se ne se na le letsatsi la botsalo.
“Mo dingwageng tse 300 moragonyana ga foo boikutlo jono bo ne jwa simolola go fetoga, mme ya re ka 354 A.D., Mobishopo wa Roma a bolela gore December 25 e nne segopodiso sa ngwaga le ngwaga sa botsalo jwa ga Keresete.”
These Times, kgatiso ya Kereke ya Sabata, e ne ya re: “Pelenyana ga nako ya kgorogo ya Bokeresete, December 25 e ne e le nako ya moletlo wa boheitane . . . Mmusi-mogolo Aurelian (A.D. 270-275) ka bofefo a ipotetsa ka kobamelo ya boheitane ya letsatsi ka bonokwane mme, ya re ka ngwaga wa A.D. 274, a laola semmuso gore December 25 e nne letsatsi la botsalo jwa Letsatsi le le sa Fenngweng . . . Ka A.D. 354, dingwaga tse pedi morago ga puso ya ga Moitshepi Julius, mobishopo yo mosha wa Roma, Liberius, a laela batho botlhe ba gagwe gore ba keteke December 25 jaaka letsatsi le e leng lone tota la go tsalwa ga ga Keresete.”
Ee, December 25 le ne la gapiwa go tswa meletlong ya boheitane go nna letsatsi la botsalo jwa ga Jesu, jaaka U.S. Catholic e tlhalosa: “Modiho o o rategang thata wa Baroma e ne e le Saturnalia, o o neng o simolola ka December 17 mme o felela ka ‘botsalo jwa letsatsi le le sa fenngweng’ (Natalis solis invicti) ka December 25. Nako nngwe mo kwatareng ya lekgolo la bone la dingwaga, basimegi ba ba bonokopela ba kereke ya Roma ba ne ba fetsa ka gore December 25 e ka nna letsatsi le le siametseng thata thata go keteka botsalo jwa ‘letsatsi la tshiamo.’ Keresemose ya thaega.” Setlhogo seo se tswelela ka gore: “Ga go kgonagale go ka kgaoganya Keresemose le ditshimologo tsa yone tsa boheitane.”
E ne ya re fa bangwe ba tla go lemoga mabaka ano ka Keresemose, ba amega jang? The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana kafa tlase ga “Keresemose”: “E ne ya re ka bo-1600, ka ntlha ya maikutlo ano. Keresemose ya thibelwa mo Ennyelane le mo dikarolong dingwe tsa dikolone tsa Maesemane mo Amerika.”
Ka gone he, ga go a tshwanela go gakgamatsa, go bo Bakeresete ba ba tlhaloganyang ba sa keteke Keresemose.