Lefoko la Modimo Le Tshedile
Ke Bomang ba ba Jang?
KA MARCH 29, fa letsatsi le sena go phirima, go tla bo go na le dipokano tse di diketekete go dikologa lefatshe tse di tshwanang le e o e bonang fa godimo. Ke keteko ya segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete. Tlhokomela senkgwe le beine tse di tshwanetseng go fetisiwa. Ke bomang ba ba tshwanetseng go ja ditshwantshetso tseno?
Seo Jesu Keresete a se boleletseng baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba le 11 fa a ne a thaya sejo seno sa segopotso se re thusa go araba potso eo. Erile a fetisetsa baaposetoloi ba gagwe senwelo sa beine, ke fa a re: “Senwèlō se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.” (Luke 22:20) Ka jalo fa Jesu Keresete a ne aa swa loso lwa setlhabelo, go ne ga simololwa “kgōlaganō e ncha.” Mme e ne e emela kgolagano efe e “kgologolo” kana “ea pele”?—Bahebera 8:13.
E ne e le kgolagano ya Molao. E ne e dirilwe le morafe wa Iseraele ka bonako fela fa ba sena go falola botshwaro mo Egepeto. Moshe e ne e le motsereganyi wa kgolagano eo e e dirilweng magareng a Jehofa le Baiseraele (fela jaaka Jesu e le “motsereganyi oa kgōlaganō e ncha”). Kgolagano ya Molao yone e simolotswe ka ditlhabelo tsa diphologolo kwa Thabeng ya Sinai. (Bahebera 9:15-20) Mme go a tlhokomelesega gore go ne go na le bontsi jo bo tlhakaneng jwa ba e seng Baiseraele ba ba falotseng kwa Egepeto mmogo le Baiseraele. Mme lemororo ba ne ba sologelwa molemo ke kgolagano eno, ba ne ba sa akarediwe mo go yone.—Ekesodo 12:38, 43-45, 48, 49.
Le ka kgolagano e ntšha go ntse fela jalo. Bakeresete ba ba bidiwang “Iseraele oa Modimo” ke bone fela ba ba tseelwang mo kgolaganong eno le Jehofa Modimo. (Bagalatia 6:16) Jesu o kaile palo e e lekanyeditsweng eno ya Bakeresete e le “lecomanyane.” (Luke 12:32) Lefa go ntse jalo, go na le “boidiidi yo bogolo” jwa Bakeresete ba bangwe bao Jesu a ba bitsang “dinku di sele” tsa gagwe. (Tshenolō 7:9, 10, 14; Yohane 10:16) Lefa e le gore kgolagano e ntšha eno e ba sologela molemo, ga ba akarediwe mo go yone.
Moaposetoloi Johane o bontshitse pharologano magareng a ditlhopha tse pedi tseno tseo di sologelwang molemo ke setlhabelo sa ga Jesu fa a ne a tlhalosa kaga Keresete a re: “Ke èna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe [dibe tsa “lecomanyane”]; me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.”—1 Yohane 2:2.
Ka jalo he, kwa ketekong ya segopotso sa loso lwa ga Keresete, bao e leng ba “Iseraele oa Modimo” ke bone fela ba ba jang ditshwantshetso tsa senkgwe le beine. Palo ya setlhopha seno sa Baiseraele ba semoya e tla nna 144 000, bao ba tla busang le Keresete kwa Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Tshenolō 14:1) Mo letlhakoreng le lengwe, boidiidi jwa merafe-rafe jwa “dinku di sele” tseo di sa jeng, bo tla ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise, ba amogela melemo ya puso ya Bogosi.
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
“DINKU DI SELE” LE “LECOMANYANE”