LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 4/1 ts. 3-4
  • Nako—Ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako—Ke Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mabaka Kaga Nako
  • Ditshupanako Tsa Bogologolo
    Tsogang!—2011
  • Ke Eng fa Nako e le Khutshwane Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Bona O bo O Utlwe “Kgosi ya Ditshupanako”
    Tsogang!—2010
  • Ke Nako Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 4/1 ts. 3-4

Nako—Ke Eng?

KE NAKO mang? Ke ga kae o boditseng potso eo? Gongwe jaaka o bala tsebe eno o ikutlwa gore o lebe sesupa-nako sa gago kana go leba sesupa-nako se segolo sa ntlo. Ka ntlha yang? Ka go bo motho o tshwenyegile thata ka nako e e fetang, jaaka ekete ga a ka ke a kgona go tshela kwa ntle go mogopolo mongwe wa yone.—Pesalema 90:12; Moreri 3:11.

Letsatsi le letsatsi bontsi jwa rona re laolwa ke nako. Re a robala, re a tsoga, re a ja, go bereka le go itlosa bodutu, mme e seng ka metlha yotlhe fa re ikutlwa ekete re ka go dira, mme e le fa re tsunyediwa ke dinaka tsa sesupa-nako. Mme, ka mo go gakgamatsang, fa re leba sesupa-nako re ka ne re sa kgatlhegele thata gore nako ke mang mme thatathata re kgatlhegela fela gore re saletswe ke nako e e kae pele ga seno kana sele se dirwa.

Dilo tsotlhe tse di tshelang di lebega di na le nako ya mo teng. Ka motlhala, ditlhatshana di le dintsi le diphologolo go ka twe mo teng ga tsone di na le sebopego se se tlhomameng sa nako ya go thunya le go fuduga. Kwa ntle ga go go lemoga ga rona, dikhemikhale mo teng ga rona di a gololwa mme ditsamaiso tsa mebele di laolwa ke go itaya ga nako ya mmele. A seno ga se gopotse ka seane se se reng, “Señwe le señwe se na le motlha [nako] oa shōna”?—Moreri 3:1.

O ka tlhalosa jang gore nako ke eng? Bangwe ba ka re nako ke tsela ya go leba dilo kana gore ke sekgala fa gare ga ditiragalo. Ka gone, fa go ne go ka se ke go diragale sepe go ne go se ketla go nna le nako. Lefa go le jalo go tlhalosa se nako e leng sone tota go ka nna marara fela jaaka go leka go tlhalosa se lefaufau lwa lobopo lotlhe e leng sone. Mme mabaka mangwe ka nako aa itsiwe.

Mabaka Kaga Nako

Re itse gore nako e tsamaya jang—e tsamaela kwa pele. E tsamaela ntlha e le nngwe. Motlha o o fetileng o ile, ga o ketla o boelelwa. Diphoso tsa rona di nnile tsa itlogela motlhala fa nako e ntse e ya, fela jaaka le ka ditiro tsa rona tse di molemo. Ka metlha go tshela ga rona ke ga jaanong mme re gatela pele kwa isagweng, mme ga re ka ke le ka motlha ra boela kwa morago go baakanya diphoso tsa rona. Ka jalo, go mosola go dira diphetso tse di molemo mo jaanong e le gore re tle re ipelele isagwe e e botoka go na le e e swabisang.—Diane 3:1, 2.

Re itse gore nako e lekanngwa jang. Mo dinakong tse di fetileng motho o ne a ritibetse fela ka go dirisa letsatsi, ngwedi le dinaledi go tshwaya nako fa e ntse e feta. Go ba bantsi, fa letsatsi le ne le tlhaba mo mosong e ne e le nako ya go bereka, mme e re fa letsatsi le ne le phirima mo phirimaneng e bo e le nako ya go ya go robala.

Fa setho se ntse se kopa-kopana ka mo go oketsegileng le go ya kwa le kwa, motho o ne a tshwarega ka mo go oketsegileng mo go lepeng nako. Ka botlhale jwa motho diphitlhelelo tsa go dira seno di ne tsa tlhaga—sesupa-nako sa letsatsi, go tshuba khantlele, “hourglass,” tshupa-nako ya tshipi, mme gompieno, tshupa-nako ya atomo. Tseno tsotlhe di dira jaaka dirulara tsa go lekanya molatswana o o sa bonaleng o o bidiwang nako. Ka ntlha ya go gwalalela ga motho go leka go boloka nako ka tlhomamo, batho ba bantsi ba dirile phatlha magareng a mokgatlho wa batho ba ba sekametseng tirong go ya go o o sekametseng mo nakong fela.

Mme ke ka ntlha yang fa go lebega ekete nako e itlhaganela mo pakeng e nngwe mme e diega mo go e nngwe? Ke ka go bo nako e lepiwa ka ditiragalo. Fa go sena tiro go lebega e le telele thata go na le fa tiro e le teng, mme fa re na le kgatlhego e kgolo mo go seo re se dirang go lebega nako e fofa fela. Fa re lapisiwa pelo ke tiro e re e dirang, nako go lebega e nna bonya go feta. A o kile wa tshwanelwa ke go nna o letetse mongwe? Oura e e senngwang jalo ka mo go senang mosola go lebega e sa fele—tiragalo e le nngwe. Mme a re re gongwe mo oureng eo o ne o tshwanelwa ke go dira ditiro tse dintsi tse di farologaneng ka go tlhomagana, jaaka go baakanyetsa baeng ba ba neng ba sa lebelelwa dijo (go obola ditapole, go tsenya nama mo obeneng, o apaya merogo, go taka tafole, ka bofefo o tlhotlhora lorole mo ntlong mme o ipaakanya gore o tle o lebege sentle mo bathong)? Mme he go tla lebega oura eo e fofa ka lobelo lo logolo fela thata, ereka go ne gona le ditiro tse dintsi go e tlatsa ka tsone.

Temogo ya rona ka nako e e fetileng, ya jaanong le ka isagwe e re farologanya mo diphologolong. Diphologolo ga di na kamoso kana maabane, mme ka batho, fa ba ntse ba tshela ga jaanong, ba ka akanyetsa maitemogelo a nako e e fetileng mme ba akanyetsa ditlhokafalo tsa isagwe. Mme jaaka dingwaga di ntse di feta re ntse re koegela maitemogelo a a oketsegileng a botshelo, go lebega nako e feta ka bofefo jo bogolo mo go rona. Ka gone, jaaka re gola mme ka kutlo-botlhoko re lemoga gore re tsamaela go swa, a ga re a tshwanela go nna kakanyetso ka botshelo le gore re bo tshela jang?—Pesalema 90:10.

Mafoko a ga Henry Austin Dobson wa mmoki a boammaaruri ka ga nako:

“A oa re nako ea tsamaya? Ao, nnya!

Ijowe, Nako ga e tsamaye, go tsamaya rona.”

Lefa go le jalo a seno ka metlha se tshwanetse sa nna jalo? Nnya eseng fa re itse gore “nako” ke eng. Motho a ka bala nako, a e akanyetsa, ka tlhomamo a e lepa, a mme o itse gore nako ke mang go tswa ponong ya Modimo? Re fa kae tumalamong le thulaganyo ya Gagwe ya ditiragalo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela