Ke Nako ya go Tshaba!
1. (a) Ka Ntwa ya Lefatshe II, ke eng seo se neng sa diragala mo lefatsheng mo motlaaganeng wa ‘helo ga boitshepo’? (b) Ka gone, ke potso efe e e tlhagang?
FELA jaaka re etse tlhoko, ‘helo ga boitshepo’ ga mmannete go mo sebakeng sa “Yerusalema oa selegodimo,” bogosi jwa Modimo jwa Bomesia. Ka Ntwa ya Lefatshe II, “baitshepi” ba ba direlang mmogo le ditsala tsa bone tsa “boidiidi yo bogolo,” motlaaganeng oo wa ‘helo ga boitshepo’ mo lefatsheng, ba ne ba gatakiwa segolo bogolo mo mafatsheng a maatla a mabedi a lefatshe ebong Anglo-American. (Daniele 7:27; 8:10-12; Tshenolo 7:9, 15) A mme he re tla digela ka gore Britani le Amerika ke tsone “makgapha a a shwahatsañ”? Nnya, ka jaana “tlolō” ka maatla a lefatshe a mabedi e akaretsa sebopego se sengwe. Ke sefe seo?
2, 3. (a) Bogosi jwa Modimo jwa maitirelo bo ile jwa tlhagisiwa jang? (b) Jono bo tlhalosiwa jang mo go Tshenolo? (c) “Se se makgapha” sa Daniele 11:31 le Mathaio 24:15 sa motlha wa segompieno he, ke eng?
2 Maatla a lefatshe a Anglo-American a diretse boikaelelo jwa ga Satane ka tsela e nngwe. A ile a lere bogosi jwa Modimo jwa maitirelo. Fela jaaka mo polelelo-peleng ya ga Daniele, mme gape le mo go bukeng ya Bibela ya Tshenolo, ‘dibatana’ le “dinaka” tsa tsone di dirisiwa go tshwantshetsa maatla a selefatshe a sepolotiki. Tshenolo kgaolo 13 e tlhalosa maatla a lefatshe a bosupa mo ditiragalong tsa Bibela, Britani le Amerika, e le sebatana se se dinaka di pedi se se fang “sechwanchō” sa mebuso ya batho ya seka-sebatana botshelo. “Sechwanchō” seno sa sebatana ke ‘sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se se ditlhogo di supa le dinaka di some’ se se kopaneng. (Tshenolo 17:3) Se ne sa bonala lantlha jaaka Kgolagano ya Merafe ka 1920, mme baetleetsi-bagolo ba lone e ntse e le Britani le Amerika, gammogo le Soviet Union, se ne sa tsosolosiwa ka 1945 jaaka Merafe e e Kopaneng. (Tshenolo 13:11, 15; 17:8) Seno gape se ne sa diragatsa Daniele 11:31, eo e balegang ka go re: “Me ba tla tlhōma makgapha a a shwahatsañ.”a
3 Ke fano gape, go teng “se se makgapha” sa motlha wa segompieno seo Jesu a neng a bua ka sone go Mathaio 24:15. Mme se ‘emisitswe ha helong ga boitshepo’ jang? Mabaka a bontshang?
4. (a) Ke ka ntlha yang fa Kgolagano ya Merafe, le ka tlhalosiwa jaaka “se se makgapha”? (b) Ke maiphako afe a a “makgapha” ao baeteledipele ba bodumedi ba a buileng ka UN?
4 E ne ya re fa Britani le Amerika di sena go goga kwa pele mogopolo wa go tlhoma Kgolagano ya Merafe ka 1918, dikereke tsa La-Bodumedi di ne tsa o ema nokeng ka dipelo tsotlhe. Lekgotla la Dikereke tse di Kopaneng tsa ga Keresete mo Amerika le ne la le akgola jaaka “boemedi jwa sepolotiki jwa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Abo seo e ne e le tlhapatso ya semodimo! Go bolela gore tlhakano ya merafe ya sepolotiki ya lefatshe la ga Satane e ka nna bogosi jwa Modimo mo lefatsheng! E le ruri, e ne e le selo se se makgapha, se se herosang sebete, mo matlhong a ga Jehofa le a bao ruri ba emeng mo “heloñ ga boitshèpō” jaaka baemedi ba ba mo lefatsheng ba “Yerusalema oa selegodimo” yo ga jaanong a busang! Mme ke eng seo se builweng ke baruti ba lefatshe ka motlhatlhami wa Kgolagano ya Merafe ebong, Merafe e e Kopaneng? Ba ile ba le tlhalosa ka go farologana jaaka ‘tsholofelo yosi ya phalolo’ ya setho, “tsholofelo ya bofelo ya tshwaragano le kagiso” le “lekgotla-legolo la kagiso le tshiamiso.” Fela jaaka le ka Kgolagano ya Merafe, ba e emisitse fa “heloñ ga boitshèpō” ka go iphaka gore le ka lere seo se ka kgonwang fela go ka dirwa ke bogosi jwa Modimo.
5. Ke ka ntlha yang fa re ka re UN ga se ya ‘helo ga boitshepo’?
5 Baruti ba La-Bodumedi ba ile ba kgetha gore ba tla emisa UN ha “heloñ ga boitshèpō” moo ka tshwanelo e leng ga “Yerusalema oa selegodimo,” bogosi jwa Modimo, le ga “baitshepi” ba ba mo emetseng mo lefatsheng. Mme ga go na sepe se se ‘boitshepo’ mo UN. Le na le ntlo ya lone ya thapelo le tloloko ya Sebuddha, go bile go kwadilwe mo loboteng lwa patlelo ya lone mafoko a Isaia 2:4 (AV): “Ba tla thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tse di segang mabele: morafe ga o ketla o tsholeletsa morafe o mongwe tšhaka, le gona ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gope.” Mme dilo tseo ga di le dire ‘boitshepo.’ Merafe e e leng maloko a lone e ntse e gogagogana ka metlha, mme palo e e tshwaegang sentle ya lone jaanong e kgatlhanong le bodumedi, e kgatlhano le Modimo. Lefa go ntse jalo, re bona ka tsela e nngwe gape, “se se makgapha . . . se eme mo heloñ ga boitshèpō.”
Setshwani se se Gakgamatsang
6. (a) Ke ditlhopha dife tse pedi tse di ganetsanang tseo di neng di le gone mo Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Badumedi ba Bajuda ba ne ba tshwanakana jang le bagologolwane ba bone?
6 Go tsamaya go fitlha ngwaga wa tshenyego ya gagwe, Jerusalema wa bogologolo o ne a ntse a lejwa jaaka motse o o boitshepo, helo ga boitshepo, ke Bajuda. Mo e ka nnang ka 56 CE le e leng moaposetoloi Paulo o ne a ya kwa tempeleng mme ya re koo, gammogo le Bakeresete ba bangwe ba bane ka go ikana, a iitshekisa. (Ditiho 21:23-26) Gone koo a feta a tlhaselwa ke Bajuda ba ba neng ba bogisa Bakeresete ba boammaaruri, ba ba baya molato wa gore ba “tladitse Yerusalema ka thutō ea [bone].” (Ditiho 5:28) Bajuda bano ba ne ba ingapareditse mo mekgweng ya bone ya botenegi le kobamelong, mme ka seno ba ne ba tshwana le bagologolwane ba bone ba motlha wa ga Jeremia, ba ba neng ba ikantse “maaka, [ba] re, Tempela ea ga Yehofa, tempela ea ga Yehofa, tempela ea ga Yehofa ke dikagō tse.” (Yeremia 7:4) Mme ikanyo eo e ne e fapogile.
7. (a) La-Bodumedi le setshwani jang le Jerusalema wa botenegi? (b) ‘Helo ga boitshepo’ mo go iphakwang ke La-Bodumedi ke eng?
7 Go na le seemo se se tshwanang gompieno, ka jaana Jerusalema wa botenegi wa bogologolo le tempele ya one di na le setshwani se se gakgamatsang mo go La-Bodumedi wa motlha-wa-segompieno. Ela tlhoko gore bodumedi jwa La-Bodumedi bo iphaka gore bo na le ‘helo ga boitshepo’—ditshwanelo tsa gagwe tse a ikayang ka tsone tsa bodumedi le lefelo la tirelo. Mo makgolong a dingwaga o ile a itirela bookamedi jo bo eletsegang joo a laolang matshwititshwiti ka jone. O iphaka fa seno e le tshwanelo ya gagwe ya bodumedi ya semoya. Bookamedi jwa gagwe bo akaretsa dikago tsa dikereke tse di jeleng madi, dialetare tse di kgabisitsweng ka majana, difenesetere tse di digalase di tsabakelang tsa madimadi, le dithoto tse di mo ditsheng tsa lone le bontsintsi jwa madi mo dibankeng. Gotlhe mo ke bontlhanngwe jwa ‘helo ga boitshepo’ mo a iphakang ka gone. Go boitshepo mo go ene, mme ope a seka a ba are o baya lonao teng! Re ka re, o akanya jalo.
8. (a) Bodumedi jwa La-Bodumedi bo amana jang le “Babelona o Mogolo”? (b) La-Bodumedi o tshwana jang le Jerusalema wa botenegi?
8 Lefa go ntse jalo, ke eng seo se neng sa diragalela Jerusalema wa bogologolo le ‘helo ga boitshepo’ ga gagwe—e le tiragatsong ya polelelo-pele ka 607 BCE le ka 70 CE gape? Mme ke eng seo Morena Jesu a se re bontshang mo Tshenolong eo a neng a e romelela moaposetoloi Johane? Gone moo, mo kgaolong ya lesome le bosupa, re bala ka katlholo ya Modimo eo e neng e tla atlhola “Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.” (Tshenolo 17:5) “Babelona o Mogolo” yono ga se ope o sele fa e se mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, yoo dikereke tsa La-Bodumedi di leng karolo-kgolo ya one. La-Bodumedi, leo le ipolelang fa le le mo kamanong ya kgolagano le Modimo, ke “Yerusalema” wa motenegi wa motlha wa segompieno.
9. “Mma diaka” o ne a itshwara jang mabapi le “sebatana” mo tiragatsong ya motlha wa segompieno?
9 Go feta makgolo a dingwaga, “mma diaka,” bodumedi jwa maaka, o ile a atlega fela thata mo go laoleng dikgang tsa merafe ya seka-sebatana le mebuso e megolo. Fela jaaka Tshenolo 17:9 e bontsha, o palame mo dithabeng tsa dipuso, mme temana 15 e mo tlhalosa jaaka yo o dutseng mo ‘metsing,’ mo go kayang “dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuō.” E ne ya re fa “sebatana señwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō” se se kopaneng se ne se bonala ka 1920 jaaka Kgolagano ya Merafe, le fa se ne sa bonala gape ka 1945 jaaka Merafe e e Kopaneng, “Babelona o Mogolo” o ne a tsamaisa dilo ka tsela ya gore a tle a pagame lekgotla leno la merafe yotlhe, go le sola molemo le go bona poelo. Ga a tlhokomele le eseng gore “se se makgapha” seno sa mofuta wa sepolotiki se eme koo se sa tshwanelang, se tlhageletse mo “heloñ ga boitshèpō” moo ka tshwanelo go leng lefelo la bookamedi jwa “Yerusalema oa selegodimo,” bogosi jwa Modimo ka Mesia.
“Dinaka” di Tsaya Kgato
10. Ke go diragadiwa ga katlholo efe mo go emetseng bodumedi jwa maaka?
10 Utlwa tlhe! Ka nako ya fa merafe eo e re: “Kagishō le thagamō,” “dinaka” tsa “sebatana” seo se se boitshegang di tla simologelwa ke boganka! Go ila “seaka” ga tsone go tswa bogologolong ga go na go tlhola go kganelwa ke sepe! Di tla pagolola seaka seo se nnileng ka bontlentle godimo ga “sebatana.” “Dinaka” tse di tlhanogileng tseo tsa bosole gammogo le “sebatana” di tla swahatsa “seaka,” ‘di se dira bosaikatega, di e ja nama ya sone le go se hisetsa ruri ka molelo.’ (Tshenolo 17:16) Bodumedi jwa maaka bo tla swahadiwa ka mo go feletseng, go akaretsa le La-Bodumedi, leo le iphakileng go nna le ‘helo ga boitshepo’ fa pele ga Modimo mo lefatsheng. Ka jalo, tshenyego ya La-Bodumedi e tla nna e e feletseng fela jaaka ele ya tempele ya Jerusalema wa selefatshe, yo Jesu a neng a re ka ene: “Ga go ketla go tlogèlwa ha lencwè lepè le tlhatlaganye le ye leñwe, ye le se ketlañ le digwa.”—1 Bathesalonia 5:3; Mareko 13:2.
11. (a) Fa e le ka ga ‘helo ga boitshepo’ ga mmannete, ke eng se se neng sa diragala ka 1914? (b) Ke borumolang bofe he jo bo neng jwa simologela ‘helo ga boitshepo’ mo go iphakwang ke La-Bodumedi?
11 A bodumedi jwa maaka jwa sekaseaka, go akaretsa le La-Bodumedi, bo tshogetse se se tlogang se bo diragalela? O tshwanetse, fa e le gore o kgona go ka lemoga sebopego sa ditiragalo tsa lefatshe gompieno. Mme e bile o tshwanetse a boifa segolo tota fa a ne a ile a tlhokomela boammaaruri jwa dipolelelo-pele mo Bibeleng. E le ruri, e nnile ka bokhutshwane fela morago ga fa “Yerusalema oa selegodimo,” jaaka monni yo o tshwanetseng wa ‘helo ga boitshepo,’ a neng a tlhagisiwa ka 1914 go bo nene La-Bodumedi a neng a simolola go itemogela dikgatelelo mo “heloñ ga boitshèpō” mo a go bolelang—helo ga tirelo ya gagwe fa a go okametseng. Ka 1917 diphetogo tsa bo Marxist tsa diragala mo Russia. Fa esale, maatla a boja-mmogo a balatola-modimo a ile a gapa dikarolo tse dikgolo tsa lefatshe. Ano a ile a gola le eleng ka boganka jo bo oketsegileng fa esale ka Ntwa ya Lefatshe II. A bua pepenene fela gore “bodumedi ke motokwane mo bathong.” La-Bodumedi ka bolone, le hutsahaletse borumolang jwa Makomanisi mo “heloñ ga boitshèpō” mo a go iphakang gammogo le go latlhegelwa ke “boidiidi yoa batho” jo bogolo thata.
‘Helo ga Boitshepo’ ga La-Bodumedi go a Bopelwa!
12, 13. Ke jang dipego tsa dikgang di ileng tsa tiisetsa go bopelwa ga ‘helo ga boitshepo’ ga La-Bodumedi?
12 Seo se diragaletseng dinaga tse di okametsweng ke Bokomanisi se kaiwa ke pego e e latelang e e neng ya gatisiwa go Star ya Hong Kong boaphelong jwa 1981: “Puso ya Bokomanisi ya Vietnam e kwadisitse baineedi ba sedumedi ba Mabuddha mo bosoleng, ya tsenya makgolokgolo a baruti ba Bakeresete mo kgolegelong e bo e tswala dikolo tsa sedumedi le dikereke, go ya ka batshabi, baemedi ba Bophirima le baruti ba seeng. Ba re, boikaelelo ke go lere ditumelo tsotlhe taolong e e feletseng ya puso. Batshabi ba bolela gore Kereke ya Roma Katoliki mo borwa jwa Vietnam e nnile tlase ga kgatelelo segolo-bogolo, babusi ba bile ba kaya fa mekubukubu ya Poland wa Katoliki e le bosupi jwa ‘moya wa boganetsa-diphetogo.’”
13 Journal and Constitution ya Atlanta ya January 2, 1982, e ne ya nna le setlhogo se se reng: “Bontsi jwa Dipolelo tse Dikgolo tsa Dikgang tsa [1981] e ne e le tsa Bodumedi.” E ne ya tswelela ka go rulaganya ka maikaelelo a go batla go bolaya Mopapa John Paul II, go bolawa ga ga Tautona Sadat ke bo-seitaileng ba Mamoselema, dipolao le go gailwa ga meraferafe kwa Iran, le go konopana ka marumo magareng a dirukhutlhi tsa Maarabia le Iseraele, le go konopana ka dibomo, dipolao le dintsho tsa go ipolaisa tlala mo Ireland. Ee, ruri, bodumedi bo golagane thata le mathata ka bontsi mo lefatsheng. Mme dintlha tseno tsa dikgang di tla felela di se botlhokwa jwa sepe fa ‘dinaka tse some tsa sebatana’ di tsaya kgato, ka bogautshwane, go swahatsa bodumedi jwa maaka gotlhelele, go akaretsa le La-Bodumedi le ‘helo ga boitshepo’ ha le go iphakang.
14. Ba ba mo “heloñ ga boitshèpō” ga mmannete le bone ba tla bopelwa jang?
14 Lefa go ntse jalo, go tweng ka bao ba obamelang mo “heloñ ga boitshèpō” ga mmannete—bao ba dirang ‘tirelo e e boitshepo’ mono lefatsheng ka go tshegetsa “Yerusalema oa selegodimo”? Bano, le bone, ba tla tlhaselwa ke “dinaka” tsa bosole, tseo le ga jaanong di bopang bontlhanngwe jwa maloko a UN. Go ya ka Tshenolo 17:14, bokopano joo jwa sepolotiki bo tla bontsha gore ga bo na tshwanelo ya go ema ha “heloñ ga boitshèpō,” ka jaana ba tla “tlhabana le Kwana.”
15. (a) Ke mang yo o tla nnang kwa tlhogong mo go tlhaseleng “baitshepi”? (b) O tla ‘hitlha mo bokhutlong jwa gagwe’ jang?
15 Daniele 11:40-45 e bontsha gore “kgosi ea botsheka” ya Bokomanisi e tla nna kwa tlhogong mo tlhaselong eno kgatlhanong le “baitshepi,” mme “e tla hitlha mo bokhutloñ yoa eōna, me go se opè eo o tla e thusañ.”b Ka gone, “dinaka” tsotlhe tsa merafe le “sebatana . . . se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō” ka bosone se tla bolawa ke Keresete Jesu le mephato ya gagwe ya baengele. ‘Gonne ke Kgosi ya Dikgosi le Morena wa Barena, Kwana o tla di henya.’ Gone koo, ka Hara-Magedona, kgosi e e busang ya “Yerusalema oa selegodimo” e tla bona phenyo ya makgaolakgang mo merafeng yotlhe e e neetseng “sebatana thata ea cōna le taolō.”—Tshenolo 17:12-14; 16:16.
‘Go Tshabela kwa Dithabeng’
16. Batho ba Modimo ba ka bona tshireletso jang mme ebile kae?
16 Ke jang he, batho ba Modimo ba bonang tshireletso? Ke ka go ‘tshabela kwa dithabeng.’ (Mathaio 24:16) Gompieno, ‘dithaba’ tseno ke felo ga botshabelo mo go baakanyeditsweng ke Jehofa, paakanyetso ya ga Jehofa ya go sireletsa “baitshepi” mo lefatsheng ba ba santseng ba setse, mme gape le “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele,” go ralala “sepitla se segolo.” Seno se tumalanong le polelelopele ya ga Jesu ya gore “motho opè” o tla bolokwa. (Mathaio 24:22) E re ka dithaba e le dilo tsa go nnela ruri mme e bile le mo Dikwalong di kgethololwa le ditiro tsa puso, jalo lefelo la Modimo la botshabelo gompieno le fitlhelwa mo phuthegong ya gagwe ya bolegodimo. Leno le emelwa mo lefatsheng ke “phuthègō ea Modimo, o o tshedileñ, lekotwana le setshegeco sa boamarure,” eo e bonwang ka mokgatlho wa lefatshe lotlhe wa Basupi ba ga Jehofa.—1 Timotheo 3:15.
17. Ke kgato efe e e tlhamaletseng eo e tlhokwang go bao ba nang le go tshabela kwa polokesegong?
17 Botlhe ba ba tshabelang mo phuthegong ya ga Jehofa ba tshwanetse ba khutlela go tlhola ba ema nokeng karolo lefa e ka nna efe ya tsamaiso ya ga Satane mo lefatsheng. Ga ba tshwanela go nna ‘ba lehatshe jeno,’ mme ebile ba tshwanetse go tswa mo go lone. Ba tshwanetse go bihela bodumedi jwa lone, dipolotiki tsa lone, ditlhabano tsa lone tsa thubakanyo, borata-dithoto tse di bonalang ga lone, boitsholo jo bo sa siamang jwa lone. (Yohane 18:36) Ba tshwanetse ba ineela mo go Jehofa Modimo, ba tshele go ya ka melao-metheo ya gagwe ya tshiamo le go itsise ba bangwe ka maikaelelo a gagwe a a galalelang a bogosi. Ba seka le ka motlha ba otsela kana ba boela morago kwa menateng ya senama ya lefatshe. Kwantle ga go ema, ba tshwanetse go ‘ganelela’ go bona kamogelo ya Modimo le go tsena mo thulaganyong e ntšha ya gagwe.—Luke 13:24; 9:23; 2 Timotheo 2:15.
18. Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore batho ba ba dipelo di siameng ba “tshabèlè kwa dithabeñ” gone jaanong?
18 Mo ngwageng ono wa 1983, go bopela ‘helo ga boitshepo’ mo La-Bodumedi a go iphakang go nnile ga mmannete. Ruri, go ingaparela ga bodumedi jwa lefatshe mo mokwatleng wa “sebatana” sa UN tota go beilwe kobo fela. Ka go ‘tlhaloganya’ seno, Basupi ba ga Jehofa ba nna podi-matseba ka mokgosi o o reng: ‘Tshabang bodumedi jwa maaka, ee, tsamaisong yotlhe ya lefatshe la ga Satane—tshabelang phuthegong ya Modimo go bona botshabelo!’ Fela jaaka Jerusalema wa lekgolo lantlha la dingwaga, La-Bodumedi ga jaanong le lebane le “dichwahaco . . . go ea hèla kwa boheleloñ.” Mme go ntse jalo le ka mmuso wa lefatshe jotlhe wa bodumedi jwa maaka, Babelona o Mogolo!—Daniele 9:26b, 27b; Tshenolo 18:2, 4.
19. (a) Ke eng seo Pesalema 72 e se bolelang ka “dithaba”? (b) Re ka tshwanelega jang go ipelela “letlōtlō ya kagishō”?
19 Ka boitumelo, “dithaba” tsa botshabelo di tla nna gape “dithaba” tsa lesego, ka jaana Pesalema 72:1-8 e re raya e re: “Dithaba di tla leretse batho kagishō, le dithabana, mo tshiamoñ . . . [Mo metlheng ya ga Kgosi, Mesia,] basiami ba tla thama; me go tla nna letlōtlō ya kagishō, go tlo go tsamaee kgwedi e tlhōkahalèle rure.” A o batla go balelwa gareng ga bao ba tla ipelelang “letlōtlō ya kagishō”? He, o ‘tlhomame, o nitame, o ntse o totahetse mo tirong ya Morena ka metlha yotlhe.’ Go potlakile thata, jaaka fa go santse go na le nako, gore o ikemisetse go thusa batho ba ba dipelo di siameng gore ba “tshabèlè kwa dithabeñ.” Jalo he, “u nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.”—1 Bakorintha 15:58; 1 Timotheo 4:16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e oketsegileng bona ditsebe 336-349 tsa buka “Then Is Finished the Mystery of God,” e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society.
b Bona ditsebe 297-307 tsa buka “Your Will Be Done on Earth,” e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society.
A o Ka Araba Dipotso Tseno:
◻ ‘Helo ga Boitshepo’ ga mmannete ke gofe?
◻ “Se se makgapha a a shwahatsañ” ke eng?
◻ “Se se makgapha” se eme ha “heloñ ga boitshèpō” ka tsela efe?
◻ ‘Helo ga boitshepo’ mo go iphakwang ke La-Bodumedi ke gofe?
◻ ‘Helo ga boitshepo’ mo go iphakwang ke La-Bodumedi go bopelwa jang gompieno?
◻ Bakeresete gompieno ba utlwa taolo ya go ‘tshabela kwa dithabeng’ ka tsela efe?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 14]
October 1965: E ne ya re fa Mopapa Paul VI a tlhalosa fa Merafe e e Kopaneng e le “lekgotla le legolo mo go otlhe a merafe yotlhe,” a bolela gape a re: “Batho ba lefatshe ba retologela go Merafe e e Kopaneng jaaka tsholofelo ya bofelo ya tshwaragano le kagiso.”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 15]
October 1979: Mopapa John Paul II o ne a buisa “General Assembly” ya UN. Lefa a ne a seka a umaka Jesu Keresete kana Bogosi, mopapa o ne a re: “Ke na le tshepo ya gore Merafe e e Kopaneng le tla fela e le lekgotla-legolo la kagiso le tshiamiso, bonno jo bo tshwanetseng jwa kgololesego.”
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
“Dinaka” tse di tlhabanang di bopela ‘helo ga boitshepo’ mo go iphakwang ke La-Bodumedi