Basupi ba Rera mo Russia
Go utlwa taolo ya gagwe ya ‘go rera mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe,’ Keresete o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe gore bangwe ba ne ba tla ba ‘bogisa le go ba latlhela mo kgolegelong.’ Lefa go le jalo, molaetsa wa bogosi o ne o tla tswelela pele le eleng mo mafatsheng a a tshwanang jaaka Soviet Union kwa koranta ya teng ya Sovietskaya Kirghizia e neng ya ngongorega gore fa e sale go tloga ka bo-1940 Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba rera ka “bosephiri jo bogolo.”—Mathaio 24:14; Luke 21:12.
Basupi ba ba bonwang ba rera mo Russia ba a tshwarwa. Ka sekai, Sovietskaya Kirghizia e ne ya bega gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a atlholelwa go aba dipampitshana tsa bodumedi mo kgaolong ya Kirghizia ya Soviet. Go ya kafa pegong, Mosupi o ne a bonwa a kgweetsa koloi e tshotse dipoleiti tsa magatisetso le makgolo-kgolo a dibukana tsa bodumedi tse di gatisitsweng ke Basupi. Lefa go le jalo, go sa kgathalesege gore ba tshwarwa jang, ‘mafoko a a molemo a na le go rerwa.’—Mareko 13:10.