LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/1 ts. 5-7
  • Kafa Lenyalo Le Falolang Tlhaselo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Lenyalo Le Falolang Tlhaselo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikaelo tse di Nang le Boitemogelo
  • Buka Ya Kaelo E E Tlhokafalang
  • Mafoko A A Botlhale
  • Kaelo E E Dirang
  • Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Kafa o ka Dirang ka Gone Gore Lenyalo le Atlege
    Tsogang!—2011
  • Go Bona Boipelo mo Mphong ya Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Nna O na Le “Mogala o o Menaganeng Seraro” mo Lenyalong la Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/1 ts. 5-7

Kafa Lenyalo Le Falolang Tlhaselo

MOSADI mongwe yo o nyetsweng ka nako nngwe o ne a re: “Ga go na dilo tse dintsi mo botshelong tse di ka lekanang le boipelo jwa lenyalo le le atlegileng. Mme ga go na dilo tse dintsi tse di maswe thata go feta lenyalo le le sa itumediseng.” Se se dira gore lenyalo le utlwale ekete ke go ipiletsa megogoduma. Banyalani ba ka nna ba gapa boitumelo jwa go ya go ile kana ba itemogela bohutsana jo bogolo.

Lefa go ntse jalo, lenyalo ga le a tshwanela go nna go ipiletsa megogoduma. Ka ditsela tse dingwe le tshwana le go tsamaya mo lefelong le o iseng o ke o le etele pele. Fa o emelela ka mogopolo o o sa tlhomamang wa gore ke jang o tla fitlhang kwa o yang teng, ele ruri o ithala ka thipa mo mpeng. Mme o ka fokotsa megogoduma eno fela thata fa o ka bonana le mongwe yo o neng a atlega mo loetong lo pele ga gago. Mme go na le manyalo a le mantsi a a atlegang gompieno mo tikologong. Re ka ithuta eng mo go one?

Dikaelo tse di Nang le Boitemogelo

Go ne ga dirwa kanoko mo Canada ya palo ya banyalani ba ba saleng ba nyalane dingwaga tse di lesome le botlhano kana go feta. Professor Schlesinger wa Unibesithi ya Toronto o ne a botsa dingwe tsa dilo tse di tlatseleditseng katlegong ya manyalo a bone. Patlisiso ya gagwe e ne ya gatelela botlhokwa jwa dinonofo di le nne: lorato, tlotlo, ikanyo le puisano.

Banyalani ba ba saleng ba nyalane dingwaga di le masome a supa ba ne ba botsolotswa ke koranta. Sephiri sa katlego ya bone e ne e le eng? Ba ne ba umaka ikanyo, go leka go tila go ngangisana, go bontshana lorato, le go nna le mokgele o o tshwanang wa go thusa batho ba bangwe.

Megopolo eno e ka utlwala e le ya bogologolo, mme e ile ya dira. Fa o itse batho ba ba saleng ba nyalane ka katlego ka dingwaga tse dintsi, goreng o sa ba botse gore sephiri sa bone ke eng? Ka mo go utlwalang ba tla bua dilo tse di tshwanang.

Lefa go ntse jalo, o ka nna wa ikutlwa gore se se dirang mo mothong yo mongwe ga se ka ke sa dira mo go wena. Maemo a gago a botshelo, botho jwa gago kana mathata a gago ka tsela nngwe a farologane. Mo loetong go ralala lefelo le o sa le itseng, selo se se molemo e tla nna go nna le buka ya kaelo kgatlhanong le dikotsi tsotlhe tse di ka nnang gore o tle o kgone go rulaganya loeto Iwa gago ka tsela e o ka tilang mathata ao bogolo a tla nnang bokete mo go wena. A go na le buka ya kaelo e e ntseng jalo ya lenyalo? Ee, e gone. Go se nne ope yo tla tsenang mo loetong Iwa lenyalo a sa leba buka eo.

Buka Ya Kaelo E E Tlhokafalang

E seng bogologolo thata lekawana lengwe le le neng le bidiwa Alex le ne la bona buka eo ya kaelo. Alex maemo a gagwe a botshelo e ne e le a boganana, botagwa le kgobololo ya diokobatsi. Mo godimo ga moo, e ne e le motlhabani yo o heletsweng ke maikutlo wa ntwa ele ya Vietnam. O ne a na le mosadi yo monana le leseanyana, mme lenyalo la gagwe e ne e le nko-di-a-aboga. E ne ya re mo mosong mongwe, a sena go direla balekane ba gagwe ba e kileng ya nna masole mmogo maitiso a dino bosigo jotlhe kwa legaeng la gagwe, mosadi wa gagwe a re: “O a ntlhokomologa. O lebala le gore ke teng gone fa!”

Ka mo go itumedisang, Alex le mosadi wa gagwe ba ne ba tsaya buka eno ya kaelo. Moragonyana, o ne a bolela: “Re latlhegetswe ke bontsi jwa ditsala tsa rona tsa bogologolo, mme re a itumela . . . bogolo jang jaaka monna le mosadi. Ga ke ka ke ka tlhalosa bontle jwa gone—ke boikutlo jo bo senang mafoko go bo tlhalosa. . . . Botho jwa rona bo fetogile mme lelapa la rona le re leba ka kgatlhego.”

Buka ya kaelo e e neng ya supegetsa Alex le mosadi wa gagwe go tswa lenyalong le le sa itumediseng go tla mo go le le itumedisang ke efe? E ne e le Bibela. Buka e, le fa e le ya bogologolo, e neela botlhale jo bo oketsegileng, le kgakololo e e tswelelang ka lenyalo le le itumetseng go feta motswedi le fa e le ofe o o teng gompieno. A ke o akanyetse dingwe tsa dipolelo tsa yone.

Mafoko A A Botlhale

Ga go ope yo o itekanetseng. Banyalani ba tshwanetse go ithuta go tshela le makoa a mongwe le mongwe wa bone. Ka jalo, Bibela, e re: “Lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe; lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:12-14.

A lenyalo lengwe le lengwe le ne le se kitla le atlega fa monna le mosadi ba latela kgakololo e? Ele ruri ba ne ba tla feta godimo mathata a mantsi a letsatsi le letsatsi a botshelo. Ebu, le eleng banyalani ba basha ba ba sa itsaneng ba ka kgona go latela tsela e e yang lenyalong le le itumetseng fa ba tlhagoletse dinonofo tseno.

Dipego di bolela ka banna ba ba sa akanyetseng, ba ba bogagapa kana le eleng ba ba setlhogo. Le fa go le jalo Bibela e a gakolola: “Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, . . . Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè.” (Baefesia 5:25, 28) Monna yo o amegileng ka molemo wa mosadi wa gagwe le go mo intshetsa ditlhabelo o ka nna a bona lenyalo la gagwe le atlega.

Banna ba bangwe ba ngongorega ka go tatalala ga nako le nako le manganga. Lefa go le jalo Bibela e re: “Le mosadi a ipōnè, gore a boihè monna oa gagwè.” (Baefesia 5:33) Mosadi yo o latelang kgakololo eno o tlatseletsa boitumelong jwa gagwe.

Bathubi ba babedi bao ba manyalo, botagwa le boitsholo jo bo maswe, ba kgalwa ko ntle ga go pota-pota mo Bibeleng: “Go le baakahadi, . . . go le ba bonyatsi, . . . go le matagwa, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.”—Bahebera 13:4.

Go tweng fa lelapa le batla go itshunya nko mo teng? Bibela e supa gore banyalani ba ba botlana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone. Lefa go ntse jalo, tlamego ya ntlha ya monna e mo mosading wa gagwe. Jesu o rile: “Ke gōna ka mouō, motho o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, a ñaparèla mosadi oa gagwè; me bobedi yo bo tla nna nama e le ñwe hèla . . . Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.” (Mathaio 19:5, 6) Banyalani ba ba botlana ba tshwanetse gore ka boitumelo ba amogele kgakololo ya batsadi ba bone. Mme ba se ka ba ba leseletsa go laola matshelo a bone.

Kaelo E E Dirang

Bangwe ba ka leba kgakololo eno e fetilwe ke nako mo lefatsheng la gompieno. Mme rekoto ya lefatshe e ntse jang mo ntlheng ya lenyalo? E maswe thata. Lefa go ntse jalo, a o kile wa bala ka kelotlhoko ka ba ba dirileng gore manyalo a bone a atlege? Ba kaile fa boitumelo jwa bone bo dule mo dinonofong tseo—ekane ba go itsile kana nnya—di hakilweng mo Dikwalong. A o ka ganetsana le katlego?

Fa re tlhagolela boikutlo jwa go fa jo Bibela e bo hakang, a re tla latlhegelwa ka tsela nngwe? Nnya. Go fa ele ruri ke karolo ya motheo ya lenyalo. Botlhe ba ba nyalanang ba ntsha sengwe setlhabelo, mme, fa lenyalo la bone le atlegile, ba bona ga lekgolo mo boitumelong kwa morago. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore, “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditiho 20:35.

O ka nna wa re, ‘Seo se siame mo kakanyetsong. Mme ele ruri ga gona lenyalo lepe le le dirang jalo mo papamalong. Karabo ke gore go na le manyalo a le mantsintsi a a itumetseng gompieno ka go bo banyalani ba lekela go latela kgakololo ya Bibela. Le eleng kwa go nang le mathata a a masisi—jaaka mo kgannyeng ya ga Alex le mosadi wa gagwe—Dikwalo di bontsha gore go tshwanetswe ga ikaelelwa eng. Fa banyalani ba dira mmogo go bona mokgele oo, matswela a a itumedisang a latela ka bofefo.

Go tweng, fa e le gore ke molekane wa lenyalo a le mongwe yo o lekang go dirisa melao-metheo eno a le nosi? Gone, bothata bo nna boketenyana, mme e seng go re ga gona tsholofelo gotlhelele. Go ka nna botoka fa mo kgwebong e e kopanetsweng 50 lekgolong e ka dira se se molemo go na le gore botlhe mo kgwebong e e kopanetsweng ba ka dira phoso. Mme, ka boitshoko, matswela a a molemo a ka nna teng.

Monna mongwe kwa Korea o ne a tle a betse mosadi wa gagwe fa a tla a nole bojalwa. Mosadi wa gagwe ga a ka a batla go fedisa lenyalo la bone, le fa botshelo bo ne bo le bokete. Mo go ene, mokgele wa go bona lenyalo le le itumetseng e ne e le jone boikaelelo jwa gagwe. Ka jalo, ka boene fela, o ne a latela kgakololo ya Bibela, bogolo jang kgakololo ya yone go bommè gore ba tlhagolele “mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo.”—1 Petere 3:4.

O ne a itshoka ka dingwaga di le lesome le motso. A go ne go na le mosola mongwe? Ee, ka ntlha ya gore e rile kwa pheletsong monna wa gagwe a tlhotlhelediwa go leba mo bukeng ya kaelo ka boene. Ka ntlha yang? Fa o ne o ka mmotsa, o ne a araba ka gore moya wa mosadi wa gagwe wa “boikokobeco le tidimalō” o ne wa mo tlhotlheletsa go batlisisa sephiri sa boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo. O ne a bona botlhale jwa kgakololo ya Bibela mme a fetola ditsela tsa gagwe.

Ele ruri lenyalo le ka nna “nngwe ya ditsela tse di kgotsofatsang bogolo le go itumedisa tsa go tshela botshelo.” Gongwe seno ga se a tshwanela go re hakgamatsa, gonne yo o re fileng botshelo, Jehofa Modimo, e ntse ke Ene yo o re neileng lenyalo. (Pesalema 36:9; Genesise 2:18-24) Mme ke Ene yo o re baakanyeditseng buka ya kaelo, Bibela, go re thusa go nna le katlego mo lenyalong la rona.

Gompieno thulaganyo ya lenyalo e ka fa tlase ga tlhaselo ka ntlha ya dikgatelelo tsa lefatshe le re tshelang mo go lone. Mme, ereka lenyalo le tswa kwa Modimong, le falola tlhaselo. Mme fa o latela kgakololo ya Modimo e e begilweng mo Bibeleng, lenyalo la gago le tla falola, mme wena, gape, o tla le bona e le tsela e e kgotsofatsang bogolo ya go tshela botshelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela