LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 1/1 ts. 3-5
  • Lenyalo Le Tlhasetswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lenyalo Le Tlhasetswe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga Go Ope Yo O Itekanetseng
  • A Lenyalo le ka Kgona go Emelana le Difefo?
    Tsogang!—2006
  • Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 1/1 ts. 3-5

Lenyalo Le Tlhasetswe

GO NA le dikgang tse di molemo le tse di bosula ka ga lenyalo mo lefatsheng la gompieno. Dikgang tse di molemo di tswa kwa ngakeng ya balwalatlhaloganyo Dr. Alan Lyall wa Toronto. O boleletse mmegadikgang wa Toronto Star gore, le fa e rile mo dingwageng tsa bosheng la boga ka ntlha ya ditlhaselo, lenyalo le simolola go tokafala. Ke ka ntlha yang go le jalo? O a araba: “Ele ruri le ka nna nngwe ya ditsela tse di kgotsofatsang bogolo le go itumedisa tsa go tshela botshelo.”

Lefa go ntse jalo, dikgang tse di bosula, ke gore manyalo a mantsi ga a itumele gotlhelele. Mosadi yo monana wa mokwala dikgang, fa a bua kgatlhanong le mogopolo wa lenyalo, o rile: “Fa ke leba manyalo, seo gantsi ke se bonang ke kutlo-botlhoko fela. Mme selo se se tlisang kutlo-botlhoko se ka itumedisa fa o se khutlisa.” A o ikutlwa gore lenyalo ke tsela e e kgotsofatsang ya go tshela botshelo kana ke motswedi fela wa kutlo-botlhoko?

Kutlo-botlhoko le tshotlego mo manyalong a mangwe ga e ka ke ya latolwa. Di bonwa mo tlhalanong e e kwa godimo thata mo mafatsheng a tlhalo e letlelelwang. Kwa United States tlhalo e ne ya menagana ga raro mo dingwageng tse di masome mabedi tse di fetileng. Kwa Soviet Union lenyalo le le lengwe mo go a le mararo le felela ka tlhalo. Kwa Australia go gola ga tlhalo go ne ga menagana gane mo ngwageng o le mongwe fela fa molao wa tlhalo o ne o ntshiwa. Go ya ka Financial Times ya Lontone, tlhatlogo ya tlhalo kwa Ennyelane e lopa madi a a kana ka dibilione di le pedi tsa didolara mo ngwageng (diponto di le bilione e le nngwe) go duelelwa go thusa ba ba tlhadilweng le bana.

Ke ka ntlha yang go na le pheretlhego e e kana kana mo lenyalong?

Ga Go Ope Yo O Itekanetseng

Bothata jo bongwe ke gore ga go ope yo o itekanetseng. Rotlhe re na le makoa a botho a a rileng a a ka gakatsang ba bangwe. Fa re bona batho bangwe ka sewelo fela, makoa ano a botho ga a botlhokwa. Mme fa re tshela le motho ka mongwe mo lenyalong, ano a ka bonala fela thata ele ruri. A ka felela ka go tatalala mo go golo mo go senyang. Kana kamano e ka felela ka thubakanyo. Ka sekai, kwa Canada, mosadi a le mongwe mo go ba ba lesome go begwa fa a betswa ke monna wa gagwe.

Diphapaang mo bothong, kana mo mekgeleng, di ka tsala mathata a magolo. Go diragalang fa motho yo o buang bobe a nyala motho yo o ratang go nna a didimetse? Kana fa molekane wa lenyalo e le yo o ratang dilo tse di bonalang go feta yo mongwe? Gongwe mosadi o ka ikutlwa gore o latlhegetswe ke seriti fa monna wa gagwe a sa mmoloke mo letlotlong le le tshwanang le le a neng a le ipelela kwa ntlong ya ga rraagwe. Kana monna o ka senya dioura tse dintsi kwa tirong a tlogela mosadi wa gagwe a le nosi, a dira gore a ikutlwe a bolawa ke bodutu.

Botagwa ke bothata jo bongwe jo bogolo jo bo kgaoganyang manyalo. Boitsholo jo bo sa siamang le jone. Bangwe, mo kokomaneng e ya boitaodi, ba ikutlwa gore boitsholo jo bo sa siamang jwa sewelo bo ka nna le mosola. Mme baela-dilotlhoko ba re: “Boitsholo jo bo sa siamang ga bo dire. Batho ba bantsi ba akanya gore ditirisano tsa bonyatsi di tle di natetshe lenyalo, mme go ratana moo go nnile ka metlha sesupo sa mathata a mmannete. Ga go ise go ko go tsamae go sa tlisa kutlobotlhoko.” Go supela seno, pego go tswa kwa Ennyelane e ne ya bontsha gore kgokahalo ke yone lebaka je legolo la koo. Ele ruri, mogokahadi o rata “go senya mōea oa gagwè tōta.”—Diane 6:32.

A o kile wa akanyetsa, gape, tsela eo go senyegela pele ga itsholelo go ka gotlhang lenyalo ka teng? Fa monna le mosadi ba ya tirong boo-babedi—fela jaaka ba bantsi ba dira gompieno—lelapa le simolola go kgaogana. Mme fa banyalani ba simolola go tsenelela mo dikolotong, tlalelo, tšhakgalo le go betabetana gantsi di nna gone.

Gape, tshekamelo ya batho gompieno ke ‘go dira boithatelo’ go reketlisa lenyalo. Banyalani ba go bona go le bokete go fetoga le seemo go dumalana le se yo mongwe o se ratang le se o sa se rateng. Gantsi ba lebelela go nna le kgololesego e ba neng ba ntse ba na le yone ba ise ba nyale. Banyalani ba ba sa tlhagoleleng boikutlo jwa go aba ba nna le bothata jo bogolo.

Gape ba-losika e ka nna bothata, bogolo jang mo mafatsheng a lenyalo le lejwang e le sebofo sa malapa a mabedi go na le sebofo sa batho ba ba bedi fela. Mo mafelong a a ntseng jalo kgatelelo go tswa mo go ba-losika e ka nonofa. Mmaagwe monna o ka gatelela thata mo e leng gore ene, mo boemong jwa monna wa mosadi, o nna tlhogo ya mosadi. Kana gongwe batsadi ba mosetsana ba ka ganelela mo go mmoleleleng gore o tshwanetse go dira eng, mo boemong jwa go tlogela banyalani ba basha bano go tshela botshelo jwa bone.

A ke mangwe a mathata a banyalani ba ka nnang ba kopana nao fa ba nyalana. Ka jalo, re ka bolela gore ruri lenyalo le sa ntse le tlhasetswe, le sa ntse le le ka fa tlase ga kgatelelo e kgolo. A le tla falola? Ee, lenyalo jaaka kamano e e tlhomameng le tla falola, ka ntlha ya gore ele ruri le ka nna “nngwe ya ditsela tse di kgotsofatsang bogolo le go itumedisa tsa go tshela botshelo.” Mme ka mo go phepafetseng manyalo ka esi a ka nna jaaka dikgobalo le dintsho mo ntweng. A o itse gore o ka tila jang phelelo e e ntseng jalo e e sa itumediseng?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

DILO TSE DI BONALANG

BOITSHOLO JO BOMASWE

BOTAGWA

DIKGATELELO TSA BA-LOSIKA

DIKOLOTO

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela