LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 12/1 ts. 15-21
  • Botsalo jwa Morafe wa Segosi mo Lefatsheng je le sa Tswang go Tsalwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botsalo jwa Morafe wa Segosi mo Lefatsheng je le sa Tswang go Tsalwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botsalo jo bo ka Sekeng bo Thibelwe, jo bo Akofisiwang
  • Seo Botsalo jwa Morafe Bo se Reileng mo Bathong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Jehofa o Segofatsa Kobamelo e e Itshekileng
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • “Leina le Lesha”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Bogosi Jwa Modimo bo Tsetswe!
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 12/1 ts. 15-21

Botsalo jwa Morafe wa Segosi mo Lefatsheng je le sa Tswang go Tsalwa

“A lehatshe le ka tsalwa ka letsatsi le le leñwe hèla? a morahe o ka bèlègèlwa goñwe hèla? ka gonne e rile Siona a sa nntse a ikutlwa a ba a bèlèga bana ba gagwè.”—Isaia 66:8.

1. Ke kgato efe e e neng ya tsewa ke Diithuti tsa Bibela tsa Merafe yotlhe kwa kopanong ya bone kwa Columbus, Ohio, ka July 26, 1931 mme ke kgato efe e e tshwanang e e neng ya latelwa mo lefatsheng lotlhe?

GO FETA sephatlo sa lekgolo la dingwaga le le fetileng—ka Sontaga tshokologo, July 26, 1931, fa re bua ka tlhomamo—batho ba ne ba intsha mo lefatsheng go simolola tiro, ba simolola go itsise leina. Mo letsatsing leo le le sa lebalesegeng diketekete tsa Diithuti tsa Bibela tsa Merafe-yotlhe, jaaka ba ne ba kopane mmogo mo kopanong kwa Columbus, Ohio, USA, ka bongwefela jwa pelo ba ne ba dumelana maitlhomo a gore go tloga foo ba bidiwe ka leina le le theilweng mo Bibeleng la “basupi ba ga Jehofa.” (Isaia 43:10-12) Ka bofefo fela diphuthego tsotlhe tsa Diithuti tsa Bibela tsa Merafe-yotlhe go dikologa kgolokwe tsa latela mme tsa simolola go bidiwa ka fa mokgweng ka leina la mofuta wa lone fela. Leina je lesha leo le kgomaretse!

2. (a) Ke eng seo batshodi ba leina leo le le theilweng mo Bibeleng ba neng ba tshwanelwa ke go lebana le sone fa e sale? (b) Ke mafoko afe a ba bonang kgothatso mo go one mo go Isaia 66:5?

2 Ka ntlha ya leina je le tlotlegang jeo basupi ba ba Mogodimodimo ba ne ba ipiletsa letlhoo la lefatshe, le e leng la La-Bodumedi, leo maloko a lone a iphakang gore ke bakaulengwe ba bodumedi ba botlhe ba ba ipolelang gore ke barutwa ba ga Jesu Keresete. Letlhoo le la bodumedi le ile le bokgakaleng jwa go itshupa ka pogiso e e botlhoko, ba bantsi ba felela ka go bolawa. Go kgothatsa batshegetsi bao ba leina bao ba tshelelang tlotlomalo ya leina leo go tla mo mogopolong mafoko ano a dingwaga tse di 2 500 tse di fetileng a a tlhomamisetsang a re a boloketsweng ke mongwe wa baporofeti ba ba tlhomologileng thata ba Bibela: “Utlwañ lehoko ya ga Yehofa, Iona ba lo roromañ ka lehoko ya gagwè: Bomorwa rra eno ba ba lo tlhoileñ, ba lo latlhetse kwa ntlè ka ntlha ea leina ya me, ba rile, A Yehofa a galalediwè, gore re tlè re bōnè boitumèlō yoa Iona; me ba tla tlhaywa ke ditlhoñ.”—Isaia 66:5.

3. Basupi ba ga Jehofa ba bontsha jang gore ba roromela Lefoko la gagwe, mme gape, kwantle ga go nna bautlwi ba lone fela, ba dirang?

3 Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ke bone ba ba “roromañ ka lehoko ya gagwè.” Ba boifa go dira ka fa go faapaneng le Lehoko la gagwe le le kwadilweng. Ke ka gone ba tswelelang ba ithuta Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Ba lemoga fa Mokwadi wa Bibela e le Modimo le Rraagwe Morena le Mmoloki wa bone Jesu Keresete. Ba amogela Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera tse di masome a mararo le boroba bongwe le Dikwalo tsotlhe tsa Bokeresete tsa Segerika tse di masome a mabedi le bosupa jaaka lefoko la ga Jehofa, le ba tshwanetseng go nna bautlwi le badiri ba lone.

4. (a) Lebaka le legolo le La-Bodumedi a tlhoileng le go latlhela barwa rra bone kwa ntle e ne e le lefe? (b) Ba ne ba fa lebaka lefe la go dira jalo?

4 Tota, ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhoilwe ke La-Bodumedi, ke batho ba ba iphakang go nna mo bokaulengweng jwa ga Jesu Keresete? Ke ka ntlhayang fa La-Bodumedi le ba latlhetse kwa ntle ga bao ba lemogiwang jaaka Bakeresete, ba bile ba sa batle go dirisana ka gope le bone ka go bo go sena sepe se ba tshwanang ka sone? Jehofa ka boene o fa lebaka la se, a re: “Ka ntlha ea leina ya me.” Mme botlhe ba ba dirang letlhoo le go latlhela kwa ntle ba fa mabaka a boikgantsho a go dira jalo ka gore: “A Yehofa a galalediwè!” Kana, fa re dirisa dithanolo tsa Bibela tse di tilang go dirisa leina la bomodimo, ba re: “A Morena a galalediwe.” Le fa go ntse jalo, Morena Modimo ga a lebe go tlhoa ga bone le go ikgaoganya ga bone le basupi ba gagwe jaaka sengwe se se ka mo galaletsang.

5. (a) Fa Jehofa a iponatsa ka tsela nngwe, ke bomang ba ba tla ipelang? (b) Go tlhabisiwa ditlhong ga bangwe go raya eng mo go bone?

5 Fa ka boene a iponatsa ka go dira tshupo nngwe go kaya kamogelo ya gagwe go bangwe le go sa amogele ba bangwe, ke bomang ba ba itumedisiwang ke go iponatsa moo? Ke bomang he ba ba tla tlhabisiwang ditlhong? Go bao ba tlhoilweng le go latlhelwa kwantle ka ntlha ya go tlotla ga bone leina la gagwe, Yehofa a re: “Gore [a] tle [a] bōnè leina boitumèlō yoa Iona; me ba tla tlhaywa ke ditlhoñ.” Se se ne se raya mathata a magolo mo go ba ba tseneletseng mo letlhoong le go ba latlhela kwa ntle. Matshwenyego a bogologolo mo go bone a ne a supela-pele matshwenyegong a magolo go a feta otlhe a a tla tlogang a tlela ba ba tlhoileng le go latlhela kwa ntle Basupi ba ga Jehofa mo “motlheñ oa bokhutlō.” (Daniele 12:4) Mo mafokong a gagwe a a tswelelang pele moporofeti Isaia o tswelela ka gore: “Go tumō ea pheretlhō e e cwañ mo motsiñ, tumō e e cwañ mo tempeleñ, tumō ea ga Yehofa eo o ntshetsañ baba ba gagwè maduō a a ba lekanyeñ.”—Isaia 66:6.

6. Motse o go neng ga utlwala “tumō ea pheretlhō,” ke ofe, mme ke ka ntlhayang fa go nnile le tumo e e ntseng jalo?

6 Motse o o sa bolelwang kwa go neng go tla tswa “tumō ea pheretlhō,” e le ruri ke Jerusalema, go nne ke gone kwa tempele ya kobamelo ya ga Jehofa e neng e le teng. Ntlha ke gore Jehofa o tla kwa tempeleng ya kobamelo ya gagwe go tla go e tlhatlhoba, mme tsela eo a fitlhelang a obamelwa ka yone ga se eo a e ratang. Kobamelo ke ya ka fa ntle fela, ya seomodiro, le ya boitimokanyi. Se se feletse ka kgobo leineng la gagwe le le boitshepo. Seo se tla supang fa Jehofa a sa amogele seno ke “pheretlhō” e e tla dirwang ke tlhaselo ya bafenyi ba lefatshe ya Bababilona, bao Jehofa a ba dirisang jaaka didirisiwa tsa gagwe go ‘ntshetsa baba ba gagwe maduo a a ba lekanyeng,’ baobamedi ba baitimokanyi ba ba tlontlolotseng tempele ya gagwe. Ba e ne e le baba ba ga Jehofa ka go bo e ne e le batlhoi ba ba maswe ba bao tota ba “roromañ ka lehoko ya gagwè” ba bile ba ba latlhetse kwa ntle, jaaka a rile, “ka ntlha ea leina ya me.”—Isaia 66:2, 5.

7. Polelelo-pele ya ga Isaia e ne ya diragadiwa leng, go ne ga diragalang ka Jeremia, mme ke bomang ba ba fitlhetseng fa lefoko la ga Jehofa le le boammaaruri?

7 Ka jalo he mo lekgolong la dingwaga le le latelang, ka nako ya baporofeti Jeremia, Esekiele le Daniele, Jehofa o ne a dirisa masole a Babilona jaaka baemedi ba gagwe ba ba “ntshetsañ baba ba gagwè maduō a a ba lekanyeñ” go barobi ba kgolagano ba Baiserale. A “pheretlhō” e kgolo e e diragetseng kwa Jerusalema ka 607 BCE motse otlhe o ne wa senngwa, fa le yone tempele ya maratwa-go-lejwa e e neng ya agiwa ke Kgosi Solomone e ne ya seka ya tlogelwa! Bajuda ba ba neng ba falola ba ne ba hudusetswa kwa Babilona. Bajuda ba sekae ba ba neng ba sala ba ne ya re kwa bofelong ba isiwa kwa Egepeto, ba goga le Jeremia go tsamaya le bone. Ka tsela e polelelopele ya gagwe e ne ya diragala ka tshenyo ya motse oo gotlhelele. Ka gone, naga eo e e kileng ya nniwa ke morafe ya khutla go tlhola e nna legae la morafe o o tshelang o Jehofa Modimo e neng e le Kgosi ya one ya selegodimo. Bajuda ba ba ikanyegang ba ba neng ba‘roromela lefoko la Modimo’ ba ne ba bona gore lefoko la gagwe le ne le le boamaaruri.

8, 9. (a) Setshwani sa Jerusalema sa se gompieno ke eng? (b) Go ya ka polelelo-pele ya ga Jesu, o tla diragalelwa ke eng, mme ka ntlha yang?

8 Ditiragalo tse di tsitsibanyang go feta tsa tsele tsa 607 BCE di beetswe batlhoi le batlhokomologi ba Basupi ba ga Jehofa, bao gompieno ba roromelang lefoko la ga Jehofa. Masetlapelo ao otlhe a a diragetseng bogologolo koo mo metlheng ya bo Jeremia, Esekiele, le Daniele “di ba dihaletse ka mokgwa oa sekaèlō; [kana, jaaka ditshwantshetso] me tsa kwalwa gore di nnè tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.” (1 Bakorintha 10:11) E le ruri go tla tswa “tumō ea pheretlhō mo motsiñ,” setshwani sa Jerusalema fa se le ka fa tlase ga katlholo ya bomodimo, eleng, La-Bodumedi. Fela jaaka Iseraele wa bogologolo, le ene, o iphaka gore o mo kgolaganong le Modimo, mo ‘kgolaganong e ntšha’ le Jesu Keresete jaaka Motshereganyi wa yone. (Bahebera 8:7-9) Le fa go ntse jalo ga a ka a tshelela go nna mo kgolaganong ya botsalano le Modimo. Ka jalo “sepitla se segolo,” jaaka se tshwantsheditswe ke sa Jerusalema wa bogologolo se letetse La-Bodumedi, go ya ka polelelopele ya ga Jesu ka sebele e e reng:

9 “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gona go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshahadiwa.”—Mathaio 24:21, 22; Mareko 13:19, 20.

10. Ke eng, kwantle ga La-Bodumedi, se se tla akarediwang mo sepitleng, mme ke bomang ba ba tla nnang “nama” e e tla bolokwang?

10 Sepitla se segolo seno se se senang bolekane se gaufi. Se tswa mo seatleng sa Modimo wa “baitshenkedwi,” Jehofa. Se tla akaretsa, e seng fela La-Bodumedi, setshwani sa Jerusalema, mme le seo sotlhe se La-Bodumedi e neng e le tsala e kgolo ya sone, tsamaiso yotlhe ya dilo. (Yakobe 4:4) Bakeresete ba ba ineetseng, le go kolobediwa ba gompieno ba ba roromelang Lefoko la ga Jehofa e tla nna “motho” yo o tla bolokwang.

Botsalo jo bo ka Sekeng bo Thibelwe, jo bo Akofisiwang

11. (a) Botsalo jwa motho bo etelelwa pele ke lobaka lofe, mme a go ne go tla nna le sengwe sa mofuta oo se se neng se tla diragala ka nako ya kago ya Jerusalema sesha? (b) E ne e le ka taolo ya ga mang Jerusalema a neng a tla agiwa mo lefelong la gagwe? (c) A Isaia o ne a bolelela pele gore lefelo la Jerusalema wa pele le ne le tla swafala le bile le sena sepe ka lobaka lo lo kae?

11 Jaanong, a re boeleng kwa morago kwa boporofeting jo bo kgatlhisang jwa ga Isaia! Jaaka kgololo mo tebelelong e e hutsafatsang e a sa tswang go e bua tlase ga tlhotlheletso, jaanong o bolelela pele ka tiragalo e e itumedisang bogolo. Batsadi ba ba nyalaneng ka fa mokgweng ba tle ba lebelele ka tlhoafalo e kgolo le ka tsholofelo e tona lotsalo lo lo ka fa molaong. Mo bathong, botsalo bo tla morago ga lobaka lo lo tlhomilweng ke Modimo lwa bogodi jo bo tletseng jwa lotsalo lo lo batlwang. Legale mo ntlheng e Mosimolodi yo Mogolo wa thulaganyo ya botsalo o ne a bolelela pele sengwe se se sa tlwaelegang go ya ka fa thulaganyong ya gagwe. Moporofeti wa gagwe Isaia o ne a boleletse pele tshenyego ya motse wa Jerusalema o o neng o leswafetse, mme ka gone motse o o neng o agilwe mo Thabeng ya Siona o ne o tla khutla go tlhola o nna teng. Mme motse o mongwe o ne o tla nna teng mo boemong jwa oo mo Thabeng e e tshwanang ya Siona ka fa taolong ya mofenyi wa Peresia, Kuruse yo Mogolo, motlhanka wa ga Jehofa yo o neng a tla thankgola Bogosi jwa Sebabilona. (Isaia 44:28; 45:1) Mme Isaia ga a ka a bolelela pele gore Jerusalema yo mogologolo o ne a tla tlhokafala goleele go le kana kang mme ka gone a nne a sena “bana,” kana banni. Isaia ga a ka a bolelela pele le eleng gore Thaba ya Siona le lefatshe lotlhe je le amanang le ene di ne di tla nna lefelo je le ganwang, je le ropehetseng fela le sena sepe goleele go le kana kang.

12. Ke ka tsela efe lefatshe je lesha le neng le tla supiwa mo mmapeng wa lefatshe la bogologolo, mme le ne le tla nna naga-gae ya eng?

12 Le fa go le jalo, mo metlheng ya ga Kuruse yo Mogolo, Jerusalema yo mongwe o ne a tla tlhaga mme a nne mma “bana” ba bantsi, go raya gore, banni le batlhanka ba bantsi, ba tshela mo tlase ga taolo ya gagwe. A seo se ne se raya gore “lehatshe” le ne le tla bonala mo mmapeng wa lefatshe la bogologolo mme le nne jaaka nagagae ya batho bao e kileng ya bo e se “morahe?” Karabo ya boporofeti jwa ga Jehofa Modimo mo potsong e e ne e le Ee!

13, 14. (a) Fa ngwaga wa Jubile e e latelang o ne o tla morago ga go thopiwa ga bone, a Bajuda ba ditshwarwa ba ne ba tla busediwa kwa lefatsheng la bone? (b) A Jerusalema o ne gape a tla nna mma “bana” ka maiteko a a sa tlwaelegang a Bajuda ba ditshwarwa, mme ke eng se Isaia 66:7, 8 e neng ya se bolelela pele ka ga seno?

13 Ka jalo potso e ne ya nna, Leng le jang? Jehofa ka moperofeti wa gagwe Jeremia o ne a bolelela pele gore lefatshe la seo e kileng ya nna “morahe” le ne le tla swafala ka dingwaga di le masome a supa, nako e e neng e tla feta dingwaga tsa lobaka lwa Jubile lwa dingwaga tse di masome matlhano ka dingwaga di le masome a mabedi. Ka jalo e ne e tla re fa ngwaga wa ka metlha wa Jubile o tla ka 573 BCE, go seke go nne le moletlo wa Jubile kwa legaeng la bone la tlholego, mme le Jerusalema a seyo, kana Siona, go tla go nna mmè yo morafe wa banni e leng “bana” ba gagwe. E ne e le fela ka ngwaga wa 537 BCE Bajuda ba ba falotseng ba ba neng ba ntshitswe kwa lefatsheng la ga bone ba neng ba tshwanelwa ke go boela kwa lefatsheng la bone la pele. Tiragalo e e ntseng jalo e ne e tla diragala ka tsela e e tlwaelegileng fela, kwa ntle ga maiteko ape a a botlhoko mo Bajudeng ba ba neng ba le ditshwarwa kwa Babilona. E ne e tla nna kgato ya Modimo fela, tumalanong le tsholofetso ya gagwe ya boporofeti. Ka mo go neng go lebega go ka seka ga kgonagala, “morahe” o jaanong o neng o sa tlhole o faletse o ne o tla nna mo lefatsheng le Jehofa Modimo a le boloketseng “morahe” o. A lebeletse pele go feta khuduego ya tšhaba e ka 607 BCE, Jehofa o ne a kopanyeletsa tiragalo ya se, ka go tlhotlheletsa Isaia go bua a re:

14 “E rile a e se a ikutlwe, [ke gore, Jerusalema yo mongwe] a khubama; e rile motlotsedi oa gagwè o e se o tle, a bèlèga ñwana oa mosimane. Mañ eo o kileñ a utlwa selō se se nntseñ yalō? mañ eo o bonyeñ tse di nntseñ yalō? a lehatshe le ka tsalwa ka letsatsi le le leñwe hèla? a morahe o ka bèlègèlwa goñwe hèla? ka gonne e rile Sione a sa nntse a ikutlwa a ba a bèlèga bana ba gagwè.”—Isaia 66:7, 8.

15. Boitemogelo joo jwa motlha wa botsalo bo ntse jang fa bo bapisiwa le jo bo tlhalosiwang mo go Tshenolo 12:1-17?

15 Botsalo jo bo ntseng jalo jo bo sa tlwaelegang ke jo bo fapaaneng thata le tlhaloso ya botsalo jwa ngwana wa mosimane e e neelwang mo bukeng ya bofelo ya Bibela e e Boitshepo. Mo go Tshenolo 12:1-17 re bala jaana: “Me ga bonala seshupō se segolo mo legodimoñ; eboñ mosadi a apere letsatsi, kgwedi eōna e le ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè, me mo tlhogoñ ea gagwè ga bo go le serwalō sa dinaledi di le shomè le bobedi; Me a bo a le moimana: me a goa ka go iteka mo pelegoñ, me a le mo botlhokuñ yoa go gololwa. Me ga bōnala seshupō se señwe mo legodimoñ; me bonañ, ga bo go le kgōgèla e kgolo e le khibidu, e na la ditlhogo di shupa, le dinaka di le shomè, me mo ditlhogoñ tsa eōna ga bo go le dirwalō tsa mekgabō di shupa. Me mogatla oa eōna, oa bo o gōga ntlha ea seraro ea dinaledi tsa legodimo, me ea di latlhela kwa lehatshiñ: me kgōgèla ea èma ha pele ga mosadi eo o tlogañ a bèlèga gore e tle e re a sena go bèlèga, e bè e ye ñwana oa gagwè. Me a bèlèga ñwana, ñwana oa mosimane, eo e leñ ena eo o tla busañ dichaba cotlhe ka tsamma ea tshipi: me nwana oa gagwè a phamolwa a isiwa kwa Modimoñ, le kwa setuloñ sa ōna sa bogosi. . . . Me kgōgèla ea nna bogale le mosadi, ea heta e ea go tlhasela ba ba setseñ ba losika loa gagwè, ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu: me ea èma ha moshaweñ oa lewatle.”

16. Re tshwanetse go tlhaloganya mosadi wa “seshupō” le “ñwana, ñwana oa mosimane,” wa gagwe jaaka eng kana mang?

16 E reka go sena mosadi mo lefatsheng yo kgwedi e leng fa tlase ga dinao tsa gagwe mme mo tlhogong a rwele serwalo sa dinaledi di le some, mosadi yo o tlhalosiwang fa godimo wa “seshupō” o tshwanetse a bo a le wa tshwantshetso. Fela jaaka ngwana wa gagwe a ne a amogelwa le go itumelelwa ke Modimo, o tshwanetse a bo a ithwadisitswe ke Ene. Go tshwana fela fa re ka re, o nyetswe ke ene. Dilo tsotlhe tse di tsewang jaaka “seshupō” sa mosadi yo o kwa legodimong di tshwanetse tsa bo di tshwantshetsa phuthego ya Modimo ya sekamosadi ya dibopiwa tsa selegodimo tsa semoya, tseo gareng ga tsone, Morwa yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete, a leng ene yo mogolo. Ka mo go tshwanang, ngwana wa mosadi, “ñwana oa mosimane,” o tshwanetse go nna wa tshwantshetso, mme o tshwantshetsa bogosi jwa Modimo, fela jaaka ngwana a ne a tseelwa kwa setulong sa bogosi sa Modimo. Go dira gore bogosi e se nne fela selo sa kgopolelo, selo sa kakanyetso fela, go tshwanetse ga nna le motho yo o tshelang go nna mmusi wa segosi. Motho yoo wa mmatota o tshwanetse ya nna ene yo Jehofa Modimo a neng a dira kgolagano ya bogosi le ene.

17. Jalo ke jang Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a nnang yo o nang le tshwanelo ya go tsaya setilo sa bogosi ka fa letlhakoreng la ga Rraagwe?

17 Ee, yoo e ne le Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete, yoo ka ntlha ya botsalo jwa gagwe jwa kgakgamatso kwa Bethelehema le go nneng wa losika lwa lelapa la ga Kgosi Dafide wa Iseraele, a nnileng moruaboswa wa tlholego wa bogosi. (Isaia 9:6, 7; Luke 22:29, 30; Mathaio 1:17-25) Ka mo go tshwanetseng, he, mabapi le “mosadi” wa selegodimo go ne ga gatelelwa gore ngwana wa gagwe e ne e le “mosimane,” fela jaaka setilo sa bogosi se ne se beetswe mojaboswa wa mosimane mo losikeng lwa segosi lwa ga Dafide.

18. Maemo a a dikologileng go tsalwa mo ga ngwana yo wa tshwantshetso wa mosimane a tsamaelana jang le a a tlhalositsweng mo go Isaia 66:7, 8, jaaka go bontshitswe mo thanolong ya American Standard Version?

18 Mabaka otlhe a a dikologileng botsalo jwa “ñwana, ñwana oa mosimane,” wa “mosadi” wa selegodimo a farologana le a a beilweng mo polelopeleng ya ga Isaia, bogolo jang ka boithwalo le metlotsedi le botlhoko jwa pelega. Ka jalo go na le mabaka a a utlwalang a go fetsa ka gore “ñwana oa mosimane” wa ga Isaia 66:7 o amana le polelelo-pele e e farologaneng le ya “ñwana, ñwana oa mosimane,” yo o tlhalosiwang mo go Tshenolo 12:5. Ka mo go utlwalang “ñwana oa mosimane” o lebisa go “morahe” o o neng wa tsalwa mo “lehatshiñ” go ya ka polelelo-pele ya ga Isaia. Gape, mo kgannyeng ya Baiseraele ba ba tsosolositsweng, bogosi, kana puso, e ne e se sone selo sa konokono mo go busediweng ga bone gape kwa Jerusalema ka 537 BCE. Kgosi ya losika lwa ga Dafide e ne ya seka ya busediwa mo setilong sa bogosi gape. E re ka Judea e ne e le kgaolo ya Peresia, ba ne ba le ka fa tlase ga puso ya ga Kgosi Kuruse yo o neng a ntsha taolo ya gore go agiwe gape tempele le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri kwa Jerusalema. Le fa gontse jalo, tsosoloso e ne ya tla ka tshoganetso, e bile e sa lebelelwa. Isaia 66:7, 8 e balega jaana: “Pele ga a utlwa ditlhabi, a khubama; pele ga motlotsedi oa gagwe o e se o tle, a bo a setse a tshotse ngwana wa mosimane. Ke mang yo o utlwileng selo sa go nna jalo? Ke mang yo o boneng dilo tse di ntseng jalo? A lehatshe le ka tsalwa ka letsatsi le le lengwe hela? A morahe o ka tsalwa ka ponyo ea leitlho? Hela jaaka Siona a ne a tsalwa, o tsetse bana ba gagwe hela jalo.” (ASV)

19. (a) Ke go bomang go neng ga lebega ekete botsalo jwa morahe wa Iseraele o o neng o sa tlhole o faletse bo itlhaganedisitswe, mme ka ntlhayang? (b) Ke jang e neng ya nna losika lo losha gotlhelele lo neng lwa aga mo lefatsheng la bagologolwane ba bone, mme ke ka tsela efe le nnileng lefatshe je le sa tswang go tsalwa?

19 Go rurifatsa polelelo-pele eno, botsalo jwa morafe o o neng o sa tlhole o faletse wa Iseraele, re ka re bo ne jwa itlhaganedisiwa. Bo ne jwa tla ka tshoganetso e e hakgamaditseng merafe ya bogologolo, ka 537 BCE. Merafe ya boheitane e ne e sa lebelela gore morafe wa Iseraele o o sa bolong go swa o ne o ka tshela gape, mo lefatsheng la one le o le filweng ke Modimo. E le ruri e ne e le Siona yo mosha yo o neng a nna gone, a tsala morafe o mosha. Re gakologelwa gore Baiseraele ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babilona ka dinako tse di farologaneng, rekote ya Bibela e supa gore ba le 10 000 ba ne ba isiwa kwa botshwarong jwa ntlha ka 617 BCE. Makgolo-kgolo a ne isiwa botshwarwa moragonyana. (2 Dikgosi 24:14; Yeremia 52:28-30) Le fa gontse jalo, ba ba neng ba gololwa go tswa lefatsheng leo la boheitane ka 537 BCE mme ba simolola go nna kwa lefatsheng la bagologolwane ba bone e ne ya nna banna ba le 42 360, kwantle ga bontsi jwa malata le baopedi ba ditswerere. Baiseraele ba ne ba akaretsa palo e e rileng ya banna bagolo ba ba neng ba bone tempele e e neng ya agiwa ke Kgosi Solomone kwa Jerusalema. (Esere 2:64, 65; 3:12) Ka gone, bogolo jwa palo e ne e lejwa losika lo losha lo lo neng lwa simolola go nna mo lefatsheng leo ka maikaelelo a go aga tempele e ntšha. Siona yo mosha o ne a tsoga mo lefatsheng le le sa tswang go tsalwa. O ne a nna mma bana ba morafe o mosha, o o neng o sa tlhole o faletse. O ne a agile mo kgaolong e ntšha ya Judea mo Peresia.

20. Ke jang se se tshwanang le seo se ileng sa diragala gompieno mo kgannyeng ya Diithuti tsa Bibela tsa Merafe yotlhe ka ngwaga wa ntlha wa morago ga ntwa wa 1919?

20 A go na le ‘pelego’ e e tshwanang le ya Baiseraele ba ba tsosolositsweng jaaka “morahe” ka 537 BCE ya segompieno? Ee, ka gore mo ngwageng o o latelang morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe ya 1914-1918 “morahe” wa semoya o ne wa tsalwa, ka fa tlase ga ga Kuruse yo Mogolwane, Kgosi e e tlhomilweng mo setilong Jesu Keresete! Ka tsela efe? Ka gore, ka nako ya ntwa diofisi-dikgolo tsa Watch Tower Bible and Tract Society, motswedi wa kgatiso ya dibuka tsa Diithuti tsa Bibela tsa Merafe yotlhe, di ne tsa rutlololwa kwa Brooklyn, New York, mme tsa fudusediwa kwa diofising tse dipotlana kwa Pittsburgh, Pennsylvania. Dibuka tsa one tsa bosheng di ne di thibetswe kwa Canada le kwa United States of America, gape mookamedi wa Mokgatlho, mokwaledi le ramatlole wa one, le maloko a mangwe a marataro a a direlang kwa diofising dikgolo ba ne ba latlhetswe mo kgolegelong ka 1918 ka dikatlholelo tse ditelele tsa kgolegelo. Boikaelelo jwa baba ba ba tlhotlheleditseng seno sotlhe e ne e le fela jaaka bo tlhalositswe mo go Pesalema 83:4: “A re ba kgaoleñ go tlhōla e le morahe; gore leina ya Iseraela le se tlhole le gopolwa gopè.” Mme gone ka dikgakologo tsa 1919, ka kgakgamatso e e neng ya kgaola La-Bodumedi pelo, kgololo ya fitlha! Mo ngwageng one oo Diithuti tsa Bibela tsa Merafe yotlhe tsa tshwara kopano ya bone ya ntlha morago ga ntwa kwa Cedar Point, Ohio. Go ba ba ba neng ba ile kopanong eo kgatiso ya makasine o mosha, mo godimo ga makasine wa Tora ya Tebelo, o ne wa itsisiwe, e leng, The Golden Age, (o jaanong o bidiwang Awake!).

21. Ka jalo, dingwaga di le tlhano morago ga bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba, go ne ga tsalwa eng, go direla mo boemong bofe, mme e le jang mo “lehatshiñ” le le sa tswang go tsalwa?

21 Ka jalo, dingwaga di le tlhano morago ga “metlha ea Badichaba” e sena go fela ka 1914, le go tlhongwa ga bogosi jwa Modimo bo le mo diatleng tsa ga Kuruse yo Mogolwane, Jesu Keresete, “morahe” o mosha o ne wa nna gone, “morahe” wa semoya. Maloko a “morahe” o mosha o a ne a tshwanetse go dira jaaka barongwa ba bogosi jwa Modimo jo bo sa tswang go tsalwa kwa magodimong le go nna basupi ba leina la gagwe. O ne a baya “morahe” mo ‘lehatshing’ le e leng la one tota, mo bonnong jwa one jwa lefatshe go dira tiro, “lehatshe” la one la tshwantshetso, jaaka fa go katakwa ga phuthego ya gagwe e e bonalang ka nako ya Metlha ya Baditšhaba go ne go fetile.—Luke 21:24.

22. Ke dipotso dife tse Jehofa a neng a di tsosa malebana le kgono ya gagwe go nna Rre wa “morahe,” mme, e rile a araba, a dira jang mo setshwaning sa bogologolo le mo go sa segompieno?

22 Jehofa Modimo Mothatayotlhe ke ene a neng a ikarabelela mo lotsalong loo lo lo hakgamatsang, e bile o ne a ikemiseditse gore go se nne le sepe se se tla le thibelang. Mo go Isaia 66:9 o ne a rile: “A ke tla kukuntsha, me ke se ka ka belegisa? go bua Yehofa: nna eo ke belegisañ, a ke tla cwala sebopèlō go bua Modimo oa gago.” Karabelo ya gagwe ya ntlha mo dipotsong tse di gwetlhang tseo e ne e le go golola batho ba gagwe mo go Babilona ka 537 BCE le go dira gore Jerusalema e agiwe le gore e nyeule ka baagi ba Bajuda jaaka bana ba gagwe. Karabelo ya Modimo ya setshwani sa segompieno mo dipotsong tsa gagwe e ne e le ya go ungwisa setshwani sa Jerusalema, phuthego ya gagwe ya selegodimo, gore e tsale “morahe” wa semoya mo lefatsheng. Se se ne se dirwa ka fa tlase ga kaelo ya ga Kuruse yo Mogolwane, Kgosi e e tlhomilweng bosha mo setilong sa bogosi kwa legodimong. Botsalo jo bo diragetse morago ga ntwa ka 1919, mme jwa tlhagisa batho, “bana” ba Siona, ba ba neng ba ineetse gotlhelele mo dikgatlhegong tsa bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ba bile ba tshwareletse mo boitlhaoding jwa bone mo dipolotiking tsa lefatshe le. Modimo Mothatayotlhe ga aa letlelela sepe go kganela boikaelelo jwa gagwe go diragala ka botlalo fa e sale go tloga ka 1914 go tla go fitlha gompieno!

Morago ga thuto e ya lokwalo Iwa ga Isaia 66:5-8, a o ka araba dipotso tse di latelang:

Isa 66Temana 5: Ke jang “bomorwa rra eno” ba tlhoileng le go latlhela kwa ntle baobamedi ba boammaaruri? Ke jang “bomorwa rra eno” bano ba tlhabisiwang ditlhong?

Isa 66Temana 6: Ke ka tsela efe go ileng ga nna le “tumō ea pheretlhō e e cwañ mo motsiñ” mo nakong ya bogologolo? Mo motlheng wa segompieno?

Isa 66Temana 7: “Ñwana oa mosimane” yo o belegweng ke “mosadi” kontle ga “motlotsedi” ke mang? A e ntse ke ene “ñwana, ñwana oa mosimane,” yo o mo go Tshenolo 12:5?

Isa 66Temana 8: Ke ka tsela efe “morahe” le “lehatshe” di neng tsa tsalwa ka tshoganetso le ka mo go sa solofelwang ka 537 BCE?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela