Seo Botsalo jwa Morafe Bo se Reileng mo Bathong
1, 2. (a) A Jehofa o ka araba dipotso tsa gagwe tse di mo go Isaia 66:9 ka tlhamalalo? (b) Go ya ka Isaia 66:10-14, ke taletso efe e a e ntshang?
MO BOEMONG jwa go arabela dipotso tse di mo go Isaia 66:9 ka gore fela a re Nyaa! Modimo o ne wa tlhotlheletsa Isaia go bolela mafoko ano a phenyo:
2 “Itumeleñ le Yerusalema, lo bo lo ipelè ka ntlha ea gagwè, Iona lotlhe ba lo mo ratañ; itumeleñ ka moduduecō naè, Iona lotlhe ba lo mo lelelañ; Gore lo tlè lo anyè lo kgorè mabèlè a gagwè a a nametsañ pelo; gore lo tlè lo gamè lo napolè, me lo thethebalè thata ka letlōtlō ya kgalalèlō ea gagwè. Gonne go bua yana Yehofa, a re, Bōna, ke tla anamisetsa kagishō kwa go èna yaka noka, le kgalalèlō ea merahe yaka nokana e e penologèlañ kwa ntlè, gore lo tomanè lo nwè gōna; lo tla cholwa ka nōka, lo tla akgolwa mo mañoleñ. Hèla yaka moñwe eo mmagwè o mo gomotsañ, nna ke tla lo gomotsa yalo; me lo tla gomotsèga mo Yerusalema. Me lo tla go bōna, le pelo tsa Iona di tla itumèla, marapō a Iona a tla kgaba yaka boyañ yo bo botalana; me seatla sa ga Yehofa se tla itsiwe ntlheñ ea batho ba gagwè, me o tla gakalèla baba ba gagwè.”—Isaia 66:10-14.
3. Ka gone Bajuda ba ba tsosolositsweng ba ba neng ba faletse ba ne ba tshwantshiwa le eng, ka boipelo bofe, mme ke seatla sa ga mang se ba neng ba tla se bona mo kganyeng e?
3 Ka jalo ba ba tswang botshwarweng ba ne ba tshwantshanngwa le masea a a sa tswang go tsalwa a a otliwang. Go Bajuda ba ba neng ba faletse fa dinokeng tsa Babilona mafoko a go anya letsele le go hupa thoba a ne a supa gore go tla nna le Jerusalema yo mongwe a agilwe fa go neng go le motse mogolo o o neng wa sengwa; le gore o ne o tla nna mmabana go baagi kana banni ba le bantsi le ba bangwe ba ba tla a bong ba busiwa ke ene. (Bapisa Luke 13:34.) Fela jaaka bommabana kwa Botlhaba Gare, Jerusalema yo o agilweng sesha o ne a tla nna le bana ba ba mo potileng kafa seropeng sa molema, kana sa moja, go ba tshola; mme, e re fa a sena go ba fara, a ba akgole ka lorato mo seropeng sa gagwe. Bajuda ba ba neng ba rata phuthego ya ga Jehofa e e bonalang kwa morago koo mo lekgolong la borataro la dingwaga la BCE ba ne ba tla ipelela se, mme ba ne ba tla kgaotsa go tlhola ba lelela go bo e rile ba ntse ba faletse ka dingwaga di le masome a supa mo lefatsheng la boheitane ga bo go sena Jerusalema jaaka motse mogolo wa batho ba ga Jehofa ba ba itlhophetsweng. Boipelo jwa bone bo ne bo tshwana le jo bo tlhalosiwang mo go Pesalema 126, phapaanong le bohutsana jo bo tlhalosiwang mo go Pesalema 137. Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba bona fa e le seatla sa gagwe se se ba lereditseng kgololo.
4, 5. (a) Masalela a ile a itshwara jang ka go iponatsa ga “seatla” sa Modimo mo boemong jwa bone, mme ke eng seo ba neng ba se lemoga go feta pele? (b) Nako he e ne e gorogetse kgato efe e nngwe? (c) Isaia o tlhalosa se jang?
4 Go ne ga tshwana fela le ka maloko a “morahe” wa semoya o o neng wa “tsalwa” ka 1919 CE. Morago ga kgololo ya bone e e hakgamatsang mo dithibelong tse ba neng ba di pegwa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I le matshosetsi a gore ba tla nyelediwa, ba ne ba itumela ka boipelo jo bo sa lekangweng. Bohutsana jwa bone bo ne bo fetile. Ba ne ba tla go lemoga ka tlhoafalo gore Jehofa ke Modimo wa bone le gore o na le phuthego e e bonalang, fela jaaka a na le phuthego e e sa bonaleng kwa magodimong e e tshwanang le mosadi wa gagwe. Phuthego e e sa bonaleng e, mo masaleleng, ke “mma echo,” “Yerusalema o o kwa godimo.” (Isaia 54:1-6; Bagalatia 4:26) Ka jalo, e rile ba simolola go phuthega mmogo gape morago ga go phatlaladiwa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, ba ne ba itumelela go anyisiwa, ba belegwa le go akgolwa ke “mma echo” yo wa semoya, “mosadi” wa magodimo wa Modimo Rraabone. Jaaka “batho ba gagwè” ba ba ineetseng go ene ka Mogolo-a-bone, Jesu Keresete, ba ne ba gomodiwa ke go itse gore “seatla” sa ga Jehofa se ne se dira ntlheng ya bone. Phapaanong le seno nako e ne e tsile ya gore a tle go “gakalèla baba ba gagwè.” Seno se ne se akareletsa bao ba leng kgatlhanong le ba ba bolelang ka bogosi jwa gagwe jo bo sa tswang go tsalwa, ka gore ba ba leng baba ba batho ba gagwe ba ba ineetseng e ntse ke baba ba gagwe ka sebele. A bolela ka fa o tla tlisang bogale jwa gagwe ka teng Jehofa o tswelela ka go re:
5 “Gonne bōnañ, Yehofa o tla tla ka molelō, le dikara tsa gagwè, di tla nna yaka sehehō; a tla go ntsha bogale yoa gagwè ka carologō, le kgalemō ea gagwè ka dikgabo tsa molelō. Gonne Yehofa o tla èmèla kgañ ka molelō, le ka chaka ea gagwè, o tla bua le nama eotlhe; me bagaidiwa ba ga Yehofa ba tla nna bantsi. Ba ba iitshepisañ, ba intlahaletsa go ea mo masimoñ ba bopeletse, ba ya nama ea kolobè, le se se makgapha, le pèba; bōnè ba tla khutla mmōgō, go bua Yehofa. Gonne kea di itse ditihō tsa bōnè, le megopolō ea bōnè; lobaka loè tla lo ke tla phuthañ merahe eotlhe le diteme ka lōna, me ba tla tla, ba tla bōna kgalalèlō ea me.”—Isaia 66:15-18.
6. Jalo ke jang Baiseraele ba motlha wa ga Isaia ba neng ba roba kgolagano ya bone le go itira leswe?
6 Mo metlheng ya fa Isaia a ne a kwala mafoko ao, mo e ka nnang lekgolo la dingwaga pele ga tshenyego ya Jerusalema ka 607 BCE, Baiseraele ba ne ba tlola kgolagano ya bone ya morafe le Jehofa fela thata, kgolagano ya molao e moporofeti Moshe o neng a le motshereganyi wa yone. Ba ne ba iitshepisetsa le go intlahaletsa kobamelo ya medimo ya disetwa mo masingwaneng a a kgethegileng ba bile ba roba melao ya Modimo e e neng e ba iletsa go ja dilo tse di rileng. Ba ne ba iteswefatsa le go iitshekolola fa pele ga Modimo wa kgolagano ya bone ba bile ba sa dire le fa e le sepe go mo galaletsa.
7. (a) Ke jang Jehofa a ileng a rarabolola kgang tumalanong le dintlha tsa kgolagano? (b) Ke mang yo Jehofa a nang le kgang e e tshwanang le eo le ene gompieno?
7 Jalo o ne a tlisetsa batlodi bao ba kgolagano dikatlholo tsa gagwe tse di molelo, tse di tsubutlang, e le tumalanong e e tshwanetseng le dintlha tsa kgolagano ya gagwe. O ne a tsaya “chaka” ya polao go fedisa kgang e a neng a na le yone le nama yotlhe ya Bajuda. Ga go hakgamatse go bona ba le diketenyana fela ba ne ba falola tshenyo ya Jerusalema e e senang pelotlhomogi, ba bo ba iphitlhela ba falaleditswe kwa lefatsheng la boheitane la kobamelo ya medimo ya disetwa la Babilona. Merafe yotlhe e e mo tikologong le batho ba diteme ba ne ba patelesega go bona tshupo ya kgalalelo ya ga Jehofa jaaka Modimo o o bolokang kgolagano o o sekeng o aka. Se sotlhe se re gopotsa ka mo go feletseng go re Modimo o o tshwanang o na le kgang e kgolo thata le La-Bodumedi wa segompieno, yo o ipolelang gore ke ene a tsereng maemo a Iseraele wa bogologolo go nna batho ba ga Jehofa Modimo. Gore a ikgalaletse o tla dirisa “chaka” ya gagwe ya pusoloso go mmolaya ka mo go feletseng.
“Seshupō” se se Tlhomilweng Gareng ga Merafe
8, 9. (a) Go ikgalaletsa Jehofa o ne a diragatsa boikaelelo jwa gagwe morago ga go tlhagisa dilo dife le morago ga boitemogelo bofe jwa ntwa jwa batho ba gagwe? (b) O ne a tlhoma boikaelelo jwa gagwe jang mo go Isaia 66:19, 20?
8 Gore a galalediwe mo merafeng yotlhe Modimo yo wa Mothatayotlhe o tsweledisitse boikaelelo jwa gagwe jo bo sa fetogeng jwa gore go tla diragalang morago ga gore a dire “lehatshe” go “tsalwa ka letsatsi le le leñwe hèla” le gore “morahe” o ‘belegelwe gongwe.’ Jaaka re bala mo go Isaia 66:19, 20, re ka gakologelwa se a se dirileng go ikgalaletsa fa e sale botsalo jwa “morahe” o o dirilweng ka masalela a Iseraele wa semoya ka 1919 morago ga go khutlela go tlhola a nna batho ba ba rulagantsweng ka Ntwa ya Lefatshe I, mme tsholofelo ya bone e ngotlegile kana tebelelo ya go falola seemo sa lefatshe ka nako eo. Se ke se a se buileng:
9 “Me ke tla tlhōma seshupō mo go bōnè; [ōth, ka Sehebera, signum, Latin Vulgate], me ba ba halolañ mo go bōnè ke tla ba roma kwa merahiñ, kwa Tareshishe, le kwa Pula le Luda, e le ba ba itseñ go laèla bora, kwa Tubala, le Yafana, kwa ditlhakeñ tse di kgakala, kwa ba e señ ba ke ba utlwe tumedi ea me, le gōna ba e se ba bone kgalalèlō ea me; me ba tla kakanya kgalalèlō ea me mo merahiñ. Me ba tla lere bomorwa rra eno botlhe, ba ba ntsha mo merahiñ eotlhe, go nna chupèlō kwa go Yehofa, ba tla ka dipitse le mo dikareñ, le ka dithata, le ka dimule, le ka dikamelana tse di hehogañ, ba tla mo Yerusalema, mo thabeñ ea me e e boitshèpo, go bua Yehofa, yaka bana ba Iseraela ba tle ba tlise chupèlō ka seyana se sentlè mo tluñ ea ga Yehofa.”
10. “Seshupō” se Modimo o neng a se “tlhōma” mo gare ga ditšhaba se itshupile go nna eng?
10 Ke eng se se itshupileng go nna “seshupō” se Jehofa a se “tlhomileñ” mo gare ga merafe fa e sale go tloga ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I? E ne e le “seshupō” se se tshelang. Pelenyana, mo polelopeleng ya ga Isaia, mmueledi yono wa ga Jehofa o ne a re: “Bōnañ, nna le bana ba Yehofa o ba nneileñ, re beilwe go nna dichupō le dikgakgamaco mo Iseraela, di cwa mo go Yehofa oa mashomōshomō, eo o agileñ mo thabeñ ea Siona.” (Isaia 8:18) Mo go Bahebera 2:11-13 moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o tsopola go tswa mo mafokong ao a polelelo-pele mme o a dirisa mo go Jesu Keresete le mo barutweng ba gagwe ba ba itshenketsweng ka moya, ka go re: “Gonne, go le eo o itshepisañ, le ba ba itshepisiwañ, ke ba moñwe hèla botlhe: ke gōna o sa tlhayweñ ke ditlhoñ ke go ba bitsa bakauleñwe; a re, . . . Bōna, nna le bana ba Modimo o ba nneileñ.”
11. Ke eng seo se rerilweng ke ba ba dirang “seshupō” lefatshe lotlhe fa e sale go tloga ka 1914, ke eng fa go ne go tlhokafala gore ba phuthiwe?
11 Tumalanong le seo, “seshupō” se Jehofa a neng a se tlhoma gareng ga merafe ya lefatshe, eo “metlha ea Badichaba” e neng ya e felela ka 1914, ke “morahe” wa semoya, oo maloko a one a neng a rera ka bogosi jwa Modimo jo bo tsetsweng kwa magodimong lefatshe ka bophara kwa bokhutlong jwa “metlha e e laotsweng ya ditšhaba” ka 1914. (Luke 21:24, Authorized Version; New World Translation of the Holy Scriptures; Mathaio 24:14) Go fitlha ka nako eo Jehofa o ne a phutha masalela a Iseraele wa semoya a a neng a phatlaladitswe ke dipogiso tse di botlhoko ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I.
12. (a) Ke bomang bao ba neng tshwanetse gore ba kopangwe le masalela a a falotseng Ntwa ya Lefatshe I? (b) Ke leng, segolo, go romiwa ga “ba ba halolañ” go neng ga simolola go diragala?
12 Gape, go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba tshwanelwa ke go tlisiwa go tlatsa Baiseraele ba semoya ba ba neng ba falola Ntwa ya Lefatshe I, gore palo eno ya maloko a “bonnake” ba masalela ba semoya ba ga Keresete e tlale sentle mo nakong e. (Mathaio 25:40) Bogolo jang fa ba sa le ba tshwara kopano ya bone ya kakaretso ya Diithuti tsa Bibela tsa Merafe yotlhe kwa Cedar Point, Ohio, USA, ka selemo sa 1919, Jehofa o neng a simolola go roma “ba ba halolañ mo go bōnè” ba masalela a pele kwa “merahiñ.” O go dirile jalo ka mo go gakgamatsang kwa kopanong ya 1922 ya IBSA kwa lefelong je le tshwanang kgakajana le dintshi tsa Sandusky, Ohio, fa mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society a ne a digela polelo ya gagwe e e tsitsibosang go bareetsi ba gagwe ka mafoko ano: “Itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le Bogosi jwa yone.” Morago ga foo diphuthego tsa masalela a Baiseraele ba semoya tsa itlhokoletsa go bolela ka bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo, “go nna chupō mo merahiñ eotlhe,” ka go romela maloko otlhe mo tshimong, ka go “tsamaea le matlo” le mo go botlhe. Botlhe e ne e le barongwa ba bogosi!—Ditiho 20:20.
13. Tiragatsong ya polelelo-pele ya ga Isaia, ke bomang bao ba phuthwang go tswa mo merafing, mme, jaaka go ka twe, ka eng se se bofefo go feta go tsamaya ka dinao?
13 Tiragatsong ya polelelo-pele ya ga Isaia, se sotlhe se ne sa felela ka gore go phuthwe masalela a se go ka tweng bokaulengwe jwa semoya, ka didirisiwa tsa mosepele tse di bofefo go feta go tsamaya ka mao to. Jehofa o ne a bolela gore o tla roma “ba ba halolañ” le eleng kwa mafatsheng a a kgakala, mme se o ne a se dira ka go romela bangwe “ba ba halolañ” ba sa ntse ba tshela morago ga ntwa ya lefatshe ya ntlha le ditlala, dikgogodi tsa malwetse le mo dithoromong tsa lefatshe tse di neng tsa tshwaya lobaka lwa dintsho lwa 1914-1918 CE, mme bogolo jang pogiso e e neng ya tlhasela baithuti ba ba ineetseng ba Bibela ba ba neng ba dirisana ka tlhagafalo le Watch Tower Bible and Tract Society lefatshe ka bophara. Pogiso ka boyone e ne ya dira gore bangwe ba swe mo semoyeng, mo ba neng ba seka ba kopanela mo go phuthiweng gape ga masalela a a falotseng morago ga Ntwa ya Lefatshe I, bogolo jang fa taletso ya go dira mmogo ka kutlwano e ne e sena go ntshiwa ka dibuka tse di gatisitsweng tsa Mokgatlho le ka baemedi ba one ba ba etang ba ba neng ba etela diphuthego.
14. Ke eng seo ba ba “halolañ” ba ba neng ba romilwe ba neng ba bolela kaga sone, mme ba ne ba romelwa le kwa mafelong a a mo boemong bofe jwa botlhoka-kitso?
14 Lefa go ntse jalo, ba ba ikanyegang ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ne a boleletse-pele, “me ba tla kakanya kgalalèlō ea me mo merahiñ.” (Isaia 66:19) Mo mafatsheng otlhe a a neng a ka fitlhelelwa le kwa “merahiñ” bano ba utlwang ba ba “halolañ” ba ne ba ya le eleng “kwa ditlhakeñ tse di kgakala,” ba bua ka kgalalelo ya bogosi jwa ga Jehofa jo jaanong bo neng bo tlhomilwe kwa magodimong bo le mo diatleng tsa Kgosi e e busang, Jesu Keresete. Ba le bantsi mo merafeng eo le mo ditlhakeng tse di kgakala ba ne ba ise ba ko ba utlwe le fa e le pego epe ka ga Modimo wa boammaaruri, Jehofa, ba bile ba ise ba ko ba lemoge gore, go ya ka ditshupo tse di boleletsweng pele tsa metlha, bogosi jwa gagwe jo bo galalelang bo ne bo tsetswe kwa magodimong.—Tshenolo 12:1-5, 10.
15. “Bomorwa rra eno” ba semoya bao ba tlisiwang jaaka “chupèlō kwa go Yehofa” ba tshwanetse go ipoloka mo seemong sefe sa semoya, mme ka ntlha yang?
15 Botlhe ba ba neng ba tlisiwa ke ba ba “halolañ” jaaka ‘bomorwa rra bone’ ba semoya ba ne ba ba tlisa “go nna chupèlō kwa go Yehofa,” e seng go moeteledipele mongwe wa bodumedi jo bo rileng kana mo maatleng mangwe a selefatshe a bopolotiki a a lwelang go engwa nokeng. Gore “chupèlō” eo e amogelwe ke Jehofa e ne e tshwanela go nna phepa. Ke ka moo polelelo-pele e tlhalosang go tlisiwa ga “chupèlō” e e tshelang “yaka bana ba Iseraela ba tle ba tlise chupèlō ka seyana se sentlè mo tluñ ea ga Yehofa.” (Isaia 66:20) Ke ka moo “bomorwa rra eno bao” ba semoya ba ba bopang “chupèlō” ba tshwanetseng go sa nne karolo ya lefatshe leno, ee, ba ipoloke ba sa “mathwe gopè ke lehatshe.” (Yakobe 1:27) Ba tshwanetse go itlhaola mo dipolotiking tse di leswefatsang tsa tsamaiso eno e e maswe. Ke ka moo Jehofa a reng ba tla tlisiwa “mo Yerusalema, mo thabeñ ea me e e boitshèpō.” Se ga se reye Jerusalema wa segompieno, motse mogolo wa Iseraele wa sepolotiki. Morafe o a leng motse mogolo wa one o nniwa ke Bajuda ba ba 85 mo lekgolong o bile o le leloko la lekgotla la Merafe e e Kopaneng la go tlisa kagiso ya lefatshe le thokgamo.
16. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sena sepe kwa Botlhaba Gare seo a ka se bitsang ‘thaba ea gagwe e e boitshepo’ gompieno?
16 Jerusalema wa segompieno ga a na ‘thaba e e boitshepo’ kwa Botlhaba Gare e Jehofa o ka e bitsang ya gagwe ka tlhaloganyo ya sedumedi. Ka ntlhayang? Ka go bo se ikileng ya bo e le ‘thaba e e boitshepo’ ya gagwe jaanong go agilwe helo ga kobamelo ya ga Muhammad, ga Dome of the Rock. Leno ke lefelo la baobamedi, e seng ba ga Jehofa, mme e leng ba ga Allah, modimo o o senang leina la sebele.
17. Ka jalo he, ‘thaba e e boitshepo, Jerusalema,’ ke eng, eo “bomorwa rra eno” ba tlisiwang mo go yone fa e sale botsalo jwa morafe ka 1919?
17 E re ka jaana go setse go akanyeditswe ka boikanyegi dilo tsotlhe tse di utlwalang go phepafala lebaka la botlhokwa tlhokwa: “Mo tirafatsong ya segompieno ya ga Isaia 66:20 ‘thaba ya me e e boitshepo’ e supela go phuthego ya seka-mmè ya Baiseraele ba semoya, e leng, “Yerusalema o o kwa godimo,” yo o umakiwang mo go Bagalatia 4:26. Ke Siona yo o neng “a bèlèga bana ba gagwe,” go ya ka Isaia 66:8. “Bana” bao ba dira “morahe” o o neng wa “bèlègèlwa goñwe,” morago ga ntwa ka 1919. Mo ntlheng eno, “bomorwa rra eno” bano ba semoya ba ba neng ba tlisiwa ke ba ba “halolañ” fa e sale ka nako ya botsalo jwa “morahe” ba ne ba tlisiwa “go nna chupèlō kwa go Yehofa” mme ba ne kopanngwa le phuthego ya gagwe ya segosi, “Yerusalema o o kwa godimo,” yo o neng a tshwantshediwa ke’ go agiwa sesha ga Jerusalema yo mogologolo. Bano ka go tlisiwa ga bone jaaka “bana” ba gagwe, ba ne ba tlisiwa mo karolong e e bonalang ya selefatshe ya phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa, go nna Bajerusalema ba semoya.
Go Tsosolosiwa ga Kobamelo e e Itshekileng ya ga Jehofa
18. E re ka Jehofa a ne a solofeditse gore o tla tsaya bangwe ba “morahe” o o sa tswang go tsalwa go nna “baperisiti, le Balefi,” ke selo sefe se se neng se tshwanela thata gore “morahe” o se dire mo lefelong la one la tiro?
18 A “morahe” o o sa tswang go tsalwa oo o ne wa simolola kobamelo e e tletseng ya Modimo o o osi le o o tshelang, Jehofa, mo lefelong la one la tiro ya semoya morago ga ntwa? Go dira jalo go ne go tshwanela fela thata, bogolo jang ka ba ne ba golotswe go tswa mo taolong ya Babilona yo Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. E, ba ne ba dira jalo, tumalanong le kgato e Jehofa a neng a solofetsa gore o tla e tsaya mabapi le “morahe” o o sa tswang go tsalwa, mo go Isaia 66:21: “Me ke tla tsaea ba bōnè go nna baperesiti le Balefi, go bua Yehofa.” Re tshwanetse go gakologelwa gore, mo kgannyeng ya Baiseraele fa ba santse ba falaletse kwa Babilona wa bogologolo, go tswa ka 607 go ya go 537 BCE, ba ne ba sena tirelo epe ya boperesiti jo bogolo jwa ga Arone le ya baperesiti ba ba botlana le ya batlhanka ba bone, Balefi, fela jaaka le tempele e ba neng ba direla mo go yone e ne e sentswe. Ka go opa kgomo lonaka Jehofa o ne a boleletse-pele seno, mo go Hosea 3:4, 5, ka go re:
19. Jehofa o ne a boleletse-pele jang kaga tsosoloso ya kobamelo ya gagwe mo go Hosea 3:4, 5?
19 “Gonne bana ba Iseraela ba tla nna malatsi a le mantsi . . . ba sena setlhabèlō, ba sena sechwanchō se se setilweñ se eme motloutlō, ba sena sekhutlana leha e le merèō! Moragō ga mouō bana ba Iseraela ba tla boea, ba batla Yehofa Modimo oa bōnè, le Dafide kgosi ea bōnè [Mesia]; ba tla tla ka poihō mo go Yehofa le mo molemoñ oa gagwè mo metlheñ ea moragō.”
20. Kgato eo ya ga Jehofa e ne e tla batla gore go agiwe eng, mme kae, mme seno e le ka ntlha ya ditlhokafalo dife tse di botlhokwatlhokwa?
20 Ka gone, kontle fela ga go nna Mogolodi wa bone go tswa mo go Babilona, Jehofa o ne a tla tlhokomela ditlhokafalo tsa bone tse dikgolo, ditlhokafalo tsa semoya. O ne a tla busetsa moperisiti yo mogolo wa kafa molaong gammogo le baperisiti ba babotlana ba gagwe, mme bano ba thusiwa ke setlhopha sa Balefi. Se se ne se tla tlhoka gore tempele e e kwa Jerusalema e agiwe gape, kwa bano ba neng ba ka kgona go tsweledisa ditirelo tsa bone tse di botlhokwa mo “morahiñ” o o tla belegelwang “goñwe hèla.” Se se ne se tla diragala kwa ‘lehatshing’ le le neng le tla “tsalwa ka letsatsi le le leñwe hèla,” naga-gae ya bone e e rategang. Ee, le fa seno se ne se ka lebega se ka se ke se direge.—Isaia 66:8.
21. Ke selo sefe se se neng sa diragala ka tsela ya semoya mo kgannyeng ya “morahe” o o sa tswang go tsalwa go tloga ka 1919 go ya pele?
21 Ka tsela ya semoya, se se tshwanang se ne sa diragala ka masalela a Iseraele wa semoya fa e sale Jehofa Modimo a ba golola go tswa go Babilona yo Mogolo mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka ngwaga morago ga ntwa ka 1919 CE. O ne a tlhokomela ditlhokafalo tsa bone tsa semoya pele. O ne a ba tlhalosetsa ka boemo jwa Kgosi ya Bomesia, Jesu Keresete, jaaka Moperesiti yo Mogolo wa Modimo. O ne a ba phepafatsa mo lesweng lefe fela la bodumedi le le neng le sa ntse le ba ngaparetse ka go kopanela le Babilona yo Mogolo le go nneng mo bokgobeng jwa gagwe. Jaaka maloko a “losika lo lo itshenkecweñ, [le] boperesiti yoa segosi, morahe o o boitshèpō, [le] chaba e e ruilweñ” ke Mogodimodimo, ba ne ba simolola go lemoga ka phepafalo go feta pele gore ke jang le gore ke leng go neng go tlhokafala gore ba boloke boitlhaodi jwa bone jo bo gagametseng mo dipolotiking tsa lefatshe leno la segompieno. Ba ne ba bona gore nako e ne e setse e fitlhile ya gore Modimo o o osi le o o boammaaruri o ‘itirele leina.’ Mme ba ne ba simolola go tlhagafalela tlamego ya bone ya go goletsa leina la botho la Modimo, Jehofa, go feta maina otlhe a a leng teng. Ba ile ba lemoga tlamego ya bone ya go nna basupi ba Modimo oo leina la gagwe le neng le ntse le hitlhegile makgolokgolo a dingwaga, mme ka tshwanelo ba ipitsa ka leina “basupi ba ga Jehofa” ka ngwaga o o sa lebalesegeng wa 1931.—1 Petere 2:9; Isaia 43:12; 63:12.
22. Le mororo poloko ya dibopiwa e kopanyelediwa, kgang kgolo ke efe, thuto e kgolo mo Bibeleng, mme ka ntlhayang?
22 Le fa gone go na le tshwanelo ya gore e akanyediwe mo Bibeleng e e tlhotlheleditsweng, poloko ya batho mo sebeng le mo losong le mo bokgobeng jwa ga Satane Diabolo le mo phuthegong ya gagwe ga se yone selo sa botlhokwatlhokwa, thuto e kgolo ya motheo ya Bibela e e Boitshepo. Jaaka setlhogo se se kwa pele se se neng sa tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo mo tokololong ya August 15, 1941, “Bothokgami,” se ne sa re: “Boikaelelo jwa ga Jehofa gore lefatshe le le buswe ke Puso ya gagwe ya tshiamo bo gatelelwa gangwe le gape mo Dikwalong. Puso ya gagwe ke ya Bolegodimo eo a dirileng Keresete Jesu Kgosi ya yone. . . . Kgang kgolo e e neng ya tsosiwa ke kgwetlho ya tsuulolo ya ga Satane e ne e le e bile ke BOLAODI JWA LOBOPO.” (Dirapa 1, 19) Ke gone moo, boikaelelo jo bogolo jwa Mogodimodimo e leng go tlotlomatsa bolaodi jono jwa lobopo, jo e leng ene fela a nang le thata. Se o tla se dira mo bogaufing ka kgalalelo kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa botlhabanelong jwa Hara-Magedo na. (Tshenolo 16:14-16) Ke tshwanelo, tshiamelo, tlotlo ya “morahe o o boitshèpō” wa Iseraele wa semoya go tshegetsa bothokgami jwa one tebang le bobusi jwa lobopo kana bolaodi, e le go supa Diabolo fa e le moaki.
23. Ke go fenngwa ga maiteko afe a merafe ya baba go leng tiragatso ya mafoko a ga Jehofa go Isaia 66:22?
23 Nako kgolo ke eno maiteko otlhe go tswa mo meraheng ya selefatshe ya phuthego e e bonalang ya ga Satane go leka go nyeletsa “morahe” wa ga Jehofa o o neng wa ‘tsalwa’ ka 1919 mo ‘lehatshing’ le le sa tswang go belegwa a paletswe. Seno se tiragatsong e e ikanyegang ya tlhomamisetso e e neetsweng ke Molaodi wa Lobopo mo mafokong ano mo go Isaia 66:22: “Gonne yaka magodimo a masha a ke tla a dihañ a tla sala a nntse ha pele ga me, le lehatshe ye lesha, losika loa Iona lo tla sala lo nntse yalo, le leina ya Iona yalo, go bua Yehofa.”
24. (a) Go nnela ruri ga magodimo a masha le lefatshe le lesha la Modimo ke tlhomamiso efe go masalela a Iseraele wa semoya? (b) Masalela e tla nna karolo ya eng mo nakong e e leng yone?
24 Le goka! Go sa kgathalesege sotlhe se Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba ba sa bonaleng le phuthego ya gagwe e e bonalang mono lefatsheng ba ka lekang go se dira mo isagweng e e fa gaufi kgatlhanong le bone, masalela a Iseraele wa semoya le leina la bone ga ba kitla ba tlosiwa ka gope. Losika lwa phuthego ya lefatshe ya ga Satane e e bonalang le maina a bone ga a ne a nnela ruri. Mme ka mo go fapaaneng gotlhelele le seo, losika lwa phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa, masalela a Iseraele wa semoya, a tla nnela ruri; le fa e le gore leina la bone le tla phimolwa ke baba ba bone le bo le lebalwa. Fela jaaka go tlhomamisega gore magodimo a masha le lefatshe le lesha a Molaodi wa Lobopo Jehofa a a dirang a tla nnela ruri, ka mo go tshwanang masalela a Iseraele wa semoya le leina la bone le le tlotlegang ba tla nnela ruri. Se legale ga se re ye gore masalela a Iseraele wa semoya a tla nnela ruri mo lefatsheng. Nyaa, mme e tla re ka nako e e leng yone ba tla tsewa ba ya go kopana le Moperesiti wa bone yo Mogolo, Jesu Keresete, kwa “magodimoñ a masha” mme ba tla direla jaaka baperesiti ba babotlana kwa tempeleng ya semoya.
25. (a) Ke leng Jehofa o neng a simolola go ‘dira’ “magodimo a masha” ao? (b) Ke leng segolo maloko ao a tla nnang a “lehatshe ye lesha” a neng a bonala?
25 Jehofa Modimo o ne a simolola go dira “magodimo a masha” kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba” ka 1914 CE, fa a ne a tlhoma Morwa wa gagwe yo o galaleditsweng Jesu Keresete mo setilong sa bogosi sa selegodimo, go busa jaaka Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Yo ke “Morwa Dafide,” mme, fa a ne a le motho yo o itekanetseng mo lefatsheng, Molaodi wa Lobopo Jehofa o ne a dira kgolagano le ene ya bogosi jo bosakhutleng. (Mathaio 21:15) Go tswa setilong sa gagwe sa bogosi sa magodimo Kgosi Jesu Keresete o busa kgolokwe eno ya rona ya lefatshe. Go dirwa ga “lehatshe ye lesha” ga go reye kana go tlhoka gore lefatshe leno la rona le senngwe. Nyaa, go bo naletsana e Lefatshe e “nnetse rure ka bosakhutleñ.” (Moreri 1:4) Bogosi jwa Modimo ka Keresete bo tla le fetola go nna Paradaise ya bosakhutleng. Ka go sa fapaane le lebaka leo la popota, go dirwa ga “lehatshe ye lesha” go raya go dirwa ga mokgatlho o mosha wa batho ke Jehofa ba ba tumalanong gotlhelele le ene le “magodimo a masha” a gagwe a tshiamo. (2 Petere 3:13) O setse mo lefatsheng a na le didikadike tsa maloko a a tla nnang mokgatlho wa “lehatshe ye lesha” leo. Bano ba ile ba bonala segolo ka 1935 CE.
26. (a) Go kopanela ga “Boidiidi yo bogolo” jo le masalela a Iseraele wa semoya go bontshitswe jang mo go Isaia 66:12? (b) “Boidiidi” jo bo direla kae ga jaanong?
26 Bano ba dule mo merafeng yotlhe, mo ditsong le mo bathong le dipuo ba bile ba ineetse go Jehofa Modimo ka Keresete Moperesiti yo Mogolo mme ba bontshitse boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing ba etsa Modisa wa bone yo o Molemo, Jesu Keresete. (Yohane 10:14, 16) Pelenyana, mo go Isaia 66:12, Jehofa o ne a bolela gore o tla anamisetsa masalela a Iseraele wa semoya, bao ba emelang “Yerusalema o o kwa godimo,” seo a se bitsang “kgalalèlō ea merahe,” mme se “yaka nokana e e penologèlañ kwa ntlè.” Fa e sale ka 1935 go anamisiwa mo ga “kgalalèlō ea merahe” go masalela a semoya go ntse go tsweletse ka tsela ya ba “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo, Kgosi e e busang Jesu Keresete. (Tshenolo 7:9-17) Ka ntlha ya boikanyegi jwa bone go Puso ya Bolegodimo ya ga Jehofa ka Keresete, Modisa yo o Molemo o ba dirile “lecomane le le leñwe hèla” le masalela a Baiseraele ba semoya. Ba tlisiwa kwa tempeleng ya semoya ya ga Jehofa, e e ‘bidiwang Ntlo ya borapelelo jwa ditšhaba tsotlhe.’ (Isaia 56:7; Mareko 11:17) Kwa tempeleng ya semoya ya Modimo ya thapelo eo ya merafe yotlhe “boidiidi yo bogolo” jo bo galalelang bo o “dihèla motshegare le bosigo.”—Tshenolo 7:15.
27, 28. Ke ga kae “boidiidi yo bogolo” go tswa mo ‘nameng yotlhe’ bo kopanelang le masalela, mme ke matswela a fe a a tlhagisiwang ke go tlhakanela ga bone mo tirong ya bosupi?
27 Tiragalo eno ya segompleno e e hakgamatsang e dumalana le se Jehofa a tswelelang go se bua, mo go Isaia 66:23: “Me go tla dihala, go re, go tloga mo kgwediñ e ncha ñwe go ea kwa go e ñwe, le mo sabateñ moñwe go ea kwa go o moñwe, nama eotlhe e tla tla go ōbama ha pele ga me, go bua Yehofa.”—Hagai 2:7-9.
28 Go ya ka dipego, ba “boidiidi yo bogolo” go tswa ‘nameng yotlhe’ ba tshwara dipokano tsa bone le masalela a Iseraele wa semoya ka metlha, “go tloga mo kgwediñ e ncha ñwe go ea kwa go e ñwe [kgwedi le kgwedi], le mo sabateñ moñwe go ea kwa go o moñwe [beke le beke],” jaaka go ka bolelwa. Ba tshwaraganetse ka boikanyegi le masalela tiro ya go neela bosupi jwa phatlalatsa le bosupi jwa ntlo le ntlo e le gore polelelo pele ya ga Jesu ya “bokhutlō yoa lehatshe” e diragadiwe: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:3, 14) Batho bao ba “nama eotlhe” ba ba arabelang mo therong “ba tla go ōbama” fa pele ga ga Molaodi Jehofa.
29, 30. (a) Isaia 66:24 e bontsha jang gore baobamedi bao ba “nama eotlhe” ba tla falola “sepitla se segolo” se se tla fedisang tsamaiso e ya dilo? (b) Ba tla dira motheo wa eng, mme, morago, ba tla etelela pele bomang mo kobamelong ya Modiri wa dilo tsa selegodimo le tsa selefatshe?
29 Jaaka bafalodi ba “sepitla se segolo” se se fa pele ga lefatshe, ba tla bona ka moo Jehofa o tla tlotlomatsang bolaodi jwa gagwe jwa lobopo ka teng ka go senya baba ba gagwe le baba ba bone ka “sepitla” seo sa lefatshe lotlhe. Ka gone Isaia o digela polelelo-pele ya gagwe ka mafoko a: “Me ba [bafalodi ba sepitla] tla tsamaèla kwa ntlè ba ea go bōna ditoto tsa batho ba ba dihileñ ditlolō ha pele ga me; gonne seboko sa bōnè ga se ketla se shwa, le gōna molelō oa bōnè ga o ketla o tiñwa: me ba tla nna se se tsitlisañ marapō mo bathuñ botlhe hèla.”—Isaia 66:24.
30 Fela jaaka “dipodi” tse di hutsitsweng tsa setshwantsho sa ga Jesu se se diragadiwang mo ‘bokhutlong jwa lehatshe,’ bao ba leofelang Jehofa Morena Modimo “ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ,” tshenyego ya bosakhutleng. (Mathaio 24:3; 25:31-46) Jalo, jaaka motheo wa “lehatshe ye lesha,” baruaboswa ba seka dinku bao ba lefatshe la paradaise ba tla amogela botlhe ba ba tsositsweng mo baswing go tla go itumelela botshelo mo nameng mono lefatsheng. Ba tla etelela pele nama yotlhe e e tsositsweng eo go kopanela le bone mo kobamelong ya go galaletsa Modiri wa “magodimo a masha” le wa “lehatshe ye lesha.”—Isaia 65:17; 2 Petere 3:13.
O ka araba dipotso tse di latelang jang tse di theilweng mo go Isaia 66:8-20?
Isa 66 Temana 8: Ke jang “morahe” wa semoya wa ga Jehofa o neng wa “tsalwa” mo “lehatshiñ” la one la semoya ka 1919?
Isa 66 Ditemana 9-14: Ke jang Jerusalema a neng a fa “bana” ba gagwe kotlo le tlhokomelo e e lorato? Se se dira jang mo baneng ba semoya mo motlheng wa rona?
Isa 66 Ditemana 15-18: Ke ditiro dife tse di dirileng gore Jerusalema a sengwe ka 607 BCE, mme se se ne se supelang mo nakong ya rona?
Isa 66 Ditemana 19, 20: Ke “seshupō” sefe se Jehofa a se tlhomileng “mo merahiñ eotlhe?” Boikaelelo e le eng?
O ka araba jang dipotso tse di latelang tsa ga Isaia 66:19-24?
Isa 66 Temana 19: Ke jang “ba ba haholañ” ba ileng ba romelwa kwa merahiñ?” Ka matswela afe?
Isa 66 Temana 20: Ke ka tsela efe “bana ba Iseraela” ba neng ba tlisa “chupèlō” kwa ntlong ya ga Jehofa?
Isa 66 Temana 21: Ke jang bangwe ba neng ba tsewa go dira jaaka “baperisiti”?
Isa 66 Temana 22: Fa a bontsha go tlhomamisega ga “magodimo a masha . . . le lehatshe ye lesha,” ke tiisetso efe e Jehofa a e neelang batho ba gagwe ba ba tsosolositsweng?
Isa 66 Temana 23: Ke ka tsela efe re bonang “nama eotlhe” e obama fa pele ga ga Jehofa “go tloga mo kgwediñ e ncha ñwe go ea kwa go e ñwe, le mo sabateñ moñwe go ea kwa go o moñwe?”
Isa 66 Temana 24: Bafalodi ba “sepitla se segolo” ba tla bonang jaaka phelelo ya badira ditlolo ha pele ga ga Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
E reka Basupi ba ga Jehofa ba “halotse” go tswa mo go “Babelona o Mogolo,” ba tswela pele ka molaetsa wa Bogosi