Nako e e Botlhoko e a Atamela!
1. (a) Ke ka ntlhayang fa ruri ditogamaano tsa batho ba ba bokoa di tla retelelwa? (b) Go tshwanetse ga tloga go diragadiwa boikaelelo bofe jwa Modimo?
GO SA kgathalesege tlhagiso e e utlwalang sentle le go retelelwa bobe ga mebuso ya batho go ralala makgolo a dingwaga, batho ba ba sa itekanelang, ba ba bokoa ba eteletsa ditogamaano tsa bona pele ka boikgogomoso. Mme ga ba kitla ba dira jalo ka lobaka lo loleele. Le ka motlha re se ka ra ba ra belaela kgono ya Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete le Modimo wa gagwe ya go diragatsa boikarabelo jo a bo boletseng ka moperofeti wa gagwe a re: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō [tse di busang mo ‘motlheñ oa bokhutlō’], Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44; 12:9.
2. (a) Jesu o bontshitse boemo joo jaanong bo lebaneng le batho jang? (b) Go neetswe tlhagiso efe, mme ka matswela afe?
2 Jesu o re neetse sesupo se sengwe gape sa go atamela ga nako eo e e botlhoko. O umakile maemo a lefatshe a motlha wa ga Noa mme a gopotsa barutwa ba gagwe gore batho ka nako eo ba ne ba tshwaregile gotlhelele ka dithulaganyo tsa bone tse dinnye le mo go tsheleng botshelo jo bo tlwaelegileng, jaaka ba ka bo ba bo kaile jalo. Jesu o rile: “Yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo. Gonne yaka go ile ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa a tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna, Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.” (Mathaio 24:37-39) Batho bao ba ne ba tlhagisitswe ke molaetsa o Noa wa mosiami a o boletseng ka masome a dingwaga ka go latelana. (2 Petere 2:5) Mme bontsi jwa batho bo tsere tlhagiso eo jang? Jesu o rile, ‘ga baa itse.’ Ba ne ba sa kgatlhegele Noa le molaetsa wa gagwe. Mme ka jalo go ne ga “sala Noa a le esi hèla, le ba o nañ nabō mo tluñ e e kokobalañ,” ebong batho ba ba herang bobedi.—Genesise 7:23.
A O Tla Reetsa Tlhagiso ya Gompieno?
3. Batho ba arabela tlhagiso eno jang gompieno?
3 A ruri re ka re ga re ise re tlhagisiwe? Fa pele ga rona dilo di ntse fela jaaka tsa mo losikeng lwa ga Noa. Tlhokomela kafa molaetsa o o bolelwang ke Basupi ba ga Jehofa o tlhokomologiwang, o sotliwang le go nyatsiwa ke bontsi ka teng gompieno. Bontsi bo hupeditswe ke botshelo jwa bone jwa tsatsi le letsatsi le dithulaganyo tsa bone tsa nako e e kwa pele-pele. Ga ba akanye le e seng ka Modimo le maikaelelo a ona mabapi le batho le lefatshe leno. Batho ba bantsi ba re ke Bakeresete ebile e le maloko a kereke nngwe ya bodumedi, mme fela e le ka ntlha ya go bo go ba tshwanela le ka ntlha ya go bona seo go tweng ke tlotlego mo bathong ba segompieno. Ke fela gore ga ba “itse” kana ga ba tlhokomele tlhagiso mme ka jalo ba tshwanetse go amogela matswela a teng. Mme go tweng ka wena? A ka botlhale o tla tsaya ditshupo tsa metlha eno tsia?
4. Paulo le Petere ba boleletse maemo a motlha ono pele jang?
4 Ga ke re o lemogile ka moo dipuso le magosi di phatlakanang ka teng, ka moo ditlhopha tsa bodumedi le tsa bopolotiki di kgaoganang ka teng go nna ditlhopha tsa molema, tsa mo gare le tsa moja, ka moo batho ba bantsi jaana ba batlang go dira boithatelo, bo siame kana bo sa siama. A seno ga se supe ‘metlha ya bofelo’ e e boleletsweng pele ke moaposetoloi Paulo? O kwadile jaana: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlholègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Ruri, fa re oketsa tiragatso ya boperofeti jono mo dilong tse dingwe tsotlhe tseo Jesu Keresete a di boleletseng pele, ditshupo tsa metlha di nna le bokao segolo-bogolo. Ke boammaaruri, re mo “metlheñ [eo] ea bohèlō,” mme go tlhoka tao go ka bonwa mo matlhakoreng otlhe—mo dikolong, mo dikgwebong, kwa ditirong, mo bathong ka kakaretso.—Bapisa 2 Petere 3:3-7.
5. (a) Jaanong re tshwanetse ra akanyetsa dipotso dife? (b) Tebelelo ya rona e farologana jang le ya batho ba lefatshe?
5 Gompieno, fa banna le baeteledipele ba merafe ba ba lwelang go busa le bone ba bontsha go tlhoka kutlwisiso le go retelelwa ke go letlanya dikgopolo tsotlhe tsa bone tse di thulanang mme ka botlhogo-e-thata ba tswelapele ka ditogamaano tsa bone tsa go tokafatsa lefatshe, o tla dirang? Tota ditshupo tsa metlha di supa eng e le tsela e e tla go bolokang? A o tla nna botlhale ebile o utlwisisa botoka go na le banna ba ba kwa godimo bao? Ga ba kaye loso lwa ga Jesu Keresete lwa setlhabelo e le lwa botlhokwa bope. Ba gana go amogela ntlha ya go re gaa swela fela gore rotlhe re tle re tshele mme gape le gore bogosi jwa gagwe jo bo galalelang bo kgonege, joo a tla senyang maatla a modimo wa lefatshe leno ka jone, e leng Satane Diabolo. (Bahebera 2:14) Mme o ka nna le tumelo mo ditsholofetsong tse di tlhomamisegileng tsa Mmopi. O ka solofela matswela a mantle ao Jehofa a a tlhomamisetsang mongwe le mongwe yo o mo ikanyang.—Pesalema 37:3, 4, 28, 29, 39, 40.
Bakgobaladi ba Bidiwa ka Potlako
6. Go opiwa mokgosi ofe o o potlakileng jaanong, mme ka ntlhayang?
6 Wena le botlhe ba ba balang ditshupo tsa metlha ka nepo, moperofeti wa ga Jehofa Modimo o lo bitsa ka mokgosi wa potlako o o reng: “Bogale yo bo hisañ bo e se bo tle mo go Iona, le letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa le e se le tle mo go Iona. Batlañ Yehofa, Iona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.” (Sefania 2:2, 3) Ka phepafalo, Jehofa o tla neela barati ba kagiso le tshiamo sebaka sa go bolokega mo tsamaisong ya dilo e e hutsitsweng.
7. Re ka solegelwa molemo ka go araba dipotso dife ka go re Ee?
7 Go na le go nna logwadi le go ikanya dikgopolo tsa gago go sa kgathalesege ditshupo tsotlhe tseno (jaaka baeteledipele ba bantsi jaana ba bopolotiki le ba bodumedi ba lefatshe), a o a ikokobetsa, o a rutega ebile o ikemiseditse go reetsa ka tlhoafalo kaga paakanyetso e Modimo o e diretseng go go boloka? A o setse o lekile go tshela go ya ka ditekanyetso tsa Bibela tsa tshiamo, ke go re, go ya ka “katlholō” ya ga Jehofa? A pelo ya gago e utlwisiwa botlhoko ke dilo tse o di bonang le tse o di utlwang di diragala mo lefatsheng, ee, tota le mo tikologong ya Iona? Go fapaana le baikgotsofatsi ba ba sa kgathaleleng gore ba bangwe ba diragalelwa ke eng fa fela ba bona se ba se batlang mo botshelong, a ga o amiwe thata-thata ke mathata, dikgatelelo le maemo a a gaufi le leuba ao dimilione tsa bagaeno bao ba tlhokang thuso ba patelesegileng go tshela mo go one? Fa e le gore o araba dipotso tseno ka Ee, jalo gongwe o ka tswa o le mo go bao Jehofa a ba solofetsang go ba boloka mo letsatsing la bogale jwa gagwe.—Isaia 26:20, 21; Esekiele 9:4-7.
8. Re ka ‘batla kgobalalo le tshiamo’ jang?
8 Fa o le moikokobetsi, ka go rata o ikemiseditse go reetsa thuto ya bomodimo, o tshwanetse wa ‘batla kgobalalo le tshiamo’ jang? Seno e ka tswa e le potso e o e ipotsang. Mokgobaladi le moikokobetsi, e leng Jesu, o go laletsa go nna morutwa wa gagwe wa boammaaruri. Go ne go tla tlhokega gore o ithute sekao sa gagwe, tiro ya gagwe ya botshelo fa a sa le mo lefatsheng, o bo o lekela go dira jaaka a dirile. Tlhokomela gore o ne a eta a dira tshiamo, a sa direle ope bosula tota le baganetsi ba gagwe. (Ditihō 10:38) Bogosi jwa Modimo gantsi e ne e le setlhogo sa thuto ya gagwe, sa dipapiso tsa gagwe, sa dithapelo tsa gagwe. (Mathaio 4:17; Luke 8:1) O ne a sa amane ka gope le magosi a bopolotiki a lefatshe leno. (Yohane 18:36) O bontshitse tumelo e e sa reketleng mo kgonong ya Modimo ya go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa Ona mabapi le batlhanka ba ona mo lefatsheng. Jesu gaa ka a amogela bao ba neng ba re ba direla Modimo ntswa ba ruta dithuto tse di sa tshegediweng ke Lefoko la Modimo le le kwadilweng. (Mareko 7:5-8) A o ikemiseditse go mo etsa mo dilong tsotlhe tseno?
9. Jesu o re tlhometse sekao sefe se se molemo?
9 Jesu gaa ise a ke a dire sepe a sa se laelwa ke Rraagwe wa selegodimo. Totatota, o rile: “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha: gonne dilō tse o di dihañ, Morwa le èna o di diha hèla yalo.” (Yohane 5:19; 7:16-18) Gape o rile: “Eo o nthomileñ ke na naè; ga aa ntlogèla nosi: gonne ke diha ka metlha eotlhe dilō tse di mo kgatlhañ.” (Yohane 8:29) Gaa bontsha tshekamelo epe ya go tshela botshelo ka tsela ya gagwe gore a kgotsofatse dikeletso tsa gagwe le ditelekiso tsa gagwe sebele. O ganne puso ya lefatshe le maemo a a kwa godimo tse Satane Diabolo a neng a batla go di mo naya gotlhelele. (Luke 4:5-8) A o tla amogela sekao sa ga Jesu o bo o se latela gore o tle o amogelwe ke Jehofa Modimo a bo a go segofatse?
Koo Thuso e ka Bonwang Gone
10. (a) Modimo o neetse thuso efe e e tlhomologileng, mme re ka e itlhagisetsa jang? (b) Mafoko a a go Yohane 17:3 a na le bokao bofe go rona?
10 O ka se kgone go latela tsela eo ka nonofo ya gago fela, mekgwa ya motsietsi yo mogolo e bonokopela ebile e tsietso tota. O tlhoka thuso yotlhe eo Modimo o e diretseng gore o kgone go atlega. Thuso e e tlhomologileng eo a e re neetseng ke Bibela e e Boitshepo. (2 Timotheo 3:16, 17) Jaaka fa o itse, motho o ka se ithute se se mo Bibeleng ka go reetsa fela thero e khutshwane beke nngwe le nngwe le go kopanela mo ditirelong tse di farologaneng. Go tlhokega gore go tsenelwe thuto ya Bibela, e seng wena o le esi mme gape le lelapa la gago. Gakologelwa, eno ke Buka e le yosi e e ka iphakang sentle gore Mokwadi wa yone ke Mmopi wa legodimo le lefatshe. Ga go buka epe kana motheo ope wa thuto o sele o o ka neelang baithuti ba yone ba ba boifang Modimo seo Jesu a se supileng, ebong: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Go na le banna le basadi ba ba nang le kitso ya Bibela bao ba ikemiseditseng go go thusa kwantle ga tefo kana go itlama. Sa gago fela ke go kopa Basupi ba ga Jehofa mme o tla bona thuso e e tlhokafalelang go simolola.
11, 12. (a) Jehofa o solofetsa bao ba balang lefoko la gagwe ka boikokobetso tsholofetso efe? (b) Re ka dira gore maina a rona a kwalwe mo ‘lokwalong lwa Modimo lwa segopodiso’ jang?
11 Abo bao ba akanyang ba bo ba buisana ka melemo e e tlisiwang ke go ithuta seo Modimo le Keresete ba se senotseng kaga bone Modimo o ba solofetsa tsholofetso e ntle jang ne! Tlhokomela gore mongwe wa baperofeti ba ga Jehofa ba bogologolo o e tlhalosa jang, fa a re: “Hoñ [fa Jehofa a ikarabedisa baba ba gagwe ba ba ikgogomosang ba ba neng ba akanya gore ba tla tswelela ka boikepo ka bo sa khutleng] ba ba boihañ Yehofa ba tloga ba buisanya mmōgō: me Yehofa a reetsa, me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.”—Malaki 3:16.
12 Seno se raya mo gontsi go na le go tshela botshelo jo bo siameng, jo bo tlotlegang go ya ka ditekanyetso tsa lefatshe leno. Go raya go bona kitso ya boammaaruri ka boikaelelo jwa Modimo mabapi le motho, re ithuta se a se lebeletseng mo go rona, re bo re neela matshelo a rona mo go mo direleng le mo go direng thato ya ona mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Tota re ka lebelela gape jang gore Jehofa a kwale maina a rona mo ‘lokwalong lwa segopodiso’? A ka re gopola jang ka bosakhutleng fa re retelelwa ke go bontsha poifo e e boteng kaga Lefoko la ona le leina la ona, ebile re retelelwa ke go di tlotla le bankarona ka paka nngwe le nngwe fa go kgonega?—Baroma 10:10.
13. (a) Re ka dirisa kgakololo efe ya ga Jesu le ya ga Paulo mo matshelong a rona? (b) Re ka itshupa re le batho “ba ba botlhale” jang?
13 Mogwebi, moithuti kwa sekolong, kana mma-lelapa yo o tshwaregileng a ka konela ka go re o tshwaregile thata go ka bona nako ya go ithuta jalo. Mme go molemo gore o gopole mafoko a ga Jesu a a pelonomi a tlhagisa kaga go sa tlhomamisege ga dithulaganyo, ditelekiso, tota le botshelo ka bojone a a reng: “Gonne motho o tla bo a ka thusèga eñ, leha a ka henya lehatshe yeotlhe, me a latlha botshelō yoa gagwè?” (Mathaio 16:26) Gape go na le mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a nang le bokao ka mo go tlhomologileng thata mo metlheng eno e e potlakileng ya fa re dikologilwe ke ditshupo tsa go atamela ga bokhutlo jwa tsamaiso e e kgopo ya dilo: “Ke gōna, lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula. Ke gōna . . . lo tlhaloganyè go rata ga Morèna, go re, ke eñ.” (Baefesia 5:15-17) Ereka Jehofa a tla tloga a tlisetsa lefatshe lotlhe le le bosula leno masetlapelo, go molemo gore re reetse kgakololo ya gagwe e e neetsweng jaana ke baperofeti ba gagwe: “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka bonwa.” “Gonne Yehofa o bua yana, a re, . . . Mpatlañ me lo tla tshela.”—Isaia 55:6; Amose 5:4.
14. (a) Ba bantsi ba dira phoso efe gompieno, mme ka ntlhayang? (b) Mo kgannyeng eno, go fitlhelwa kgakololo efe e e utlwalang go Yakobe 4:13-16?
14 Go na le bao ba ipelelang botsogo jo bo molemo le maikatlapelo a magolo, mo tlhaloganyong le mo mmeleng, mme ka lebaka leno ba ka nna ba se ikutlwe ba ikaegile ka Mmopi mo go kalo-kalo. Jalo gantsi ba itirela dithulaganyo tse dikgolo tsa isagwe ya bone mme ba sa kgathalele Modimo thata mo matshelong a bone. Ba tsepa matlho a bone mo khumong kana mo go tlotliweng ke batho kana mo nakong ya botsofe ya manobonobo le ya tlebebe. Ga ba tsenye Modimo mo dithulaganyong le mo dikakanyong tsotlhe tsa bone. Ka botlhale mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Bibela o tlhagisa jaana: “Hèlan tlheñ, Iona ba lo tloñ lo bue, lo re, Gompiyeno, kgotsa ka moshō, re tla ea kwa motsiñ o molèbè, me re tla dika ñwaga gōna, re rèka, re ipapalèla: Le morōrō lo sa itse se se tla dihalañ ka moshō. Ana botshelō yoa Iona e be e le eñ? Gonne lo mouwane hèla, o o tloñ o bōnale ka lobakanyana, me o tloge o kaologèle koñ [ka kakaretso botshelo jwa Iona bo bokhutshwane]. Ecwa lo chwanetse go bua, lo re, Ha Morèna a rata re tla tshela, re ba re diha se kgotsa sele. Me gompiyeno lo ipelahatsa ka maikganchō a Iona: go ipelahatsa go mo, ke boshula gotlhe hèla.”—Yakobe 4:13-16.
15. Ka ntlha ya ditshupo tsa metlha, re tshwanetse ra tlhokomela tlhokafalo efe e e potlakileng gompieno?
15 Jalo he, go sa kgathalesege maemo a gago a botshelo jaanong, go na le lebaka le le potlakileng la gore o kopanele le batho ba ba fetang dimilione tse pedi go ralala lefatshe, ba merafe-rafe le ba dipuo-puo, bao ba itsegeng thata jaaka diithuti tsa Bibela le baboledi ba molaetsa wa yone, mme segolo-bogolo ba lemogiwa ka go supela ga bone leina le bogosi tsa ga Jehofa.—Isaia 43:10, 12; Mathaio 24:14.
Lokwalo longwe fe longwe lo lo latelang lo re neela kgakololo efe e e botlhokwa mo motlheng ono?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 11]
Jaaka Jesu, re tshwanetse go bontsha tumelo e e sa reketleng mo kgonong ya Modimo ya go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa ona
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jaaka letsatsi la ga Jehofa la go mo tlhatswa le ntse le atamela, a leina la gago le kwadilwe mo bukeng ya gagwe ya segopodiso?