LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 10/1 ts. 3-7
  • ‘Lo Sego Mogang Batho ba lo Bogisang’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Lo Sego Mogang Batho ba lo Bogisang’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pogiso e Tshwanetse go Lebelelwa
  • Go Bogisiwa ga Bakeresete ba Pele
  • Pogiso mo “Metlheñ ea Bohèlō”
  • Ba Itumetse Lefa Ba Bogisiwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ba a Bogisiwa Mme ba Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Go Itshoka ka Boitumelo go sa Kgathalesege Pogiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ba Bogisediwa Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 10/1 ts. 3-7

‘Lo Sego Mogang Batho ba lo Bogisang’

“Lo segō mogañ batho ba lo kgōbañ, ba lo bogisa, ba lo pateletsa boshula boñwe le boñwe, ka ntlha ea me. Itumeleñ, lo bo lo ipelè thata: gonne tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ.”—Mathaio 5:11, 12.

1-4. Ke boitemogelo bofe jo bo ka tsosang dipotso mo megopolong ya rona kaga go itumela mo pogisong?

A TOTA o ka itumela fa batho ba aka kaga gago mme ba leka go go direla dilo tsotlhe tse di maswe? Akanyetsa kgang nngwe ya mosadi mongwe yo mmotlana mo Finland yo o simolotseng go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa dingwaga di se kae tse di fetileng. Ka bonako o ne a itumelela dilo tse di molemo tseo a neng a di ithuta ka boikaelelo jwa ga Jehofa ka setho, mme a nna le kanaanelo e e boteng ka molemo le lorato tsa gagwe.

2 Mme monna wa gagwe a simolola go mo ganetsa go ithuta Bibela, mme ya re fa a gana go emisa go ithuta, a simolola go mo galefela. Labofelo o ne a kopa lekgotla-tshekelo go mo neela taolo ya go kgaogana nae. Ka bonako mosadi a iphitlhela a kobilwe mo legaeng la gagwe mme a patelediwa go tlogela bana ba gagwe ba bannye ba bararo, go akareletsa le ngwana yo o neng a feta ngwaga fela ka bogolo, ka lekgotla le ne le neetse rre bana go ba tlhokomela. Ka ntlhayang? A o ne a tlhokomologile go ba direla? Nnya, ka go bo tota thuto ya gagwe ya Bibela e ne e mo ruta go nna mosadi le mmè yo o botoka.

3 Dibeke di se kae moragonyana monna wa gagwe a mo tsaya ka thata kwa tirong ya gagwe go ya kwa bookelong e le gore go netefatswe fa e le setsenwa mme a isiwe kwa lefelong la ditsenwa. La ntlha ngaka e e neng e mo tlhatlhoba e ne ya gana go neela taolo e e ntseng jalo, mme moragonyana, a gatelelwa ke monna wa mosadi yono, a ntsha taolo e e neng e mo romela kwa lefelong la ditsenwa. Ka nako eo mosadi yo mmotlana yono, yo o neng a setse a kolobeditswe ebile e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a ya motseng mongwe, moo a neng a bona ngaka e nngwe. Morago ga go mo tlhatlhoba, ka bonako ngaka eno ya mo neela lokwalo-tshupo lo lo supang go itekanela ga tlhaloganyo ya gagwe.

4 Mme seno sa seka sa dirolola taolo ya ngaka ya ntlha. Jalo a tshwannwa ke go iphitlha dibeke di le mmalwa go fitlhela go dira ga taolo go fela. Morago ga seno, ngaka e ne ya gana go ntsha e nngwe; jalo kgaitsadi o ne a kgona go boela gae. Ka nako eo monna wa gagwe o ne a setse a bone lokwalo lwa tlhalo mo motheong wa taolo ya kgaogano, lekgotla-tshekelo la neela rre bana go ba tlhokomela.

5, 6. (a) A seno kana boitemogelo jo bo tshwanang e ka nna lebaka la go itumela? Ka ntlhayang? (Mareko 10:29, 30) (b) Jaaka go bontshitswe mo dikwalong tse di tsopotsweng, ke mabaka afe ao Jobe a neng a na le ona a go itumela morago ga pogiso ya gagwe?

5 A o ne o tla tsaya boitemogelo jo bo ntseng jalo e le lebaka la go itumela? Ruri ga go na mosadi kana mmè yo o tla itumelelang go kobiwa mo lelapeng la gagwe le go tseelwa bana ba gagwe ba bannye. Lefa e le go itumela fa baratiwa ba gagwe ba lekile go mo isa kwa lefelong la ditsenwa fela ka go bo a batlile go ithuta Bibela le go dirisa melao-metheo ya yona e e molemo. Mme elatlhoko lebaka leo Jesu a le neelang la go itumela mo maemong ao: “Itumeleñ, lo bo lo ipelè thata: gonne tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ.”—Mathaio 5:12.

6 Ee, fa ruri lebaka la go bogisiwa e le jaaka Jesu a buile mo temaneng e e kwa pele, “ka ntlha ea me,” re ka itumelela go nna le sebaka sa go bontsha bothokgami jwa rona go Jehofa le go nna le seabe mo go tlhatsweng leina la gagwe, jaaka Jesu a dirile. Ka jalo re supa Diabolo e le moaki ereka a iphaka gore o tla kgona go tlosa batho botlhe go Modimo. Kemo e e ntseng jalo mo letlhakoreng la ga Jehofa Modimo e a mo itumedisa, mme, jaaka go bontshitswe mo kgannyeng ya ga Jobe, re tla duelwa.—Yobe 1:9, 10; 42:10-16; 1 Petere 2:19, 20.

Pogiso e Tshwanetse go Lebelelwa

7. (a) Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ka lebelela go bogisiwa? (b) A seno se dira mo Bakereseteng botlhe, kana mo go bangwe fela ba bone?

7 Mme ke ka ntlhayang fa mongwe le mongwe a tshwanetse go bogisiwa ka go bo fela a batla go ithuta Lefoko la Modimo, e leng Bibela, a bo a nna Mokeresete? Jesu o ne a araba potso eno jaana: “Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le e se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ. Gakologèlwañ lehoko ye ke le buileñ le lona, ka re, Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè. Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; ha ba tshegeditse lehoko ya me, le ya lona ba tla le tshegetsa. Me dilō cotlhe tse, ba tla di lo dihèla ka ntlha ea leina ya me, ka go bo ba sa itse yo o nthomileñ.” (Yohane 15:18-21) Jaaka fa moaposetoloi Paulo a supile mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi lo lo tlhotlheleditsweng go Timotheo, pogiso ke sengwe seo Bakeresete ba tshwanetseng go se lebelela. O kwadile jaana: “Botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Yesu ba tla bōna pogishō.”—2 Timotheo 3:12.

8. Ke mang yo tota a tlhotlheletsang pogiso ya Bakeresete, mme boikaelelo jwa gagwe ke bofe?

8 A re se lebaleng gore yo o tlhotlheletsang pogiso ga se ope fa e se moganetsi yo mogolo, e leng Satane Diabolo. Go ema ga gago o nitame jaaka Mokeresete le lorato lwa gago go Jehofa Modimo di supa Diabolo e le moaki, ereka a iphaka gore ga go ope yo o ratang Modimo, le gore fa mongwe a mo direla ke ka go bo fela a bona sengwe go tswa go Ena. Satane o ne a ikgantsha ka gore fa a ne a gololesegile, o ne a tla fetola Jobe go kgaogana le Modimo, go rialo a akaretsa batho ba bangwe botlhe. (Yobe 1:8-11; 2:3-5) Lefa a reteletswe ke go roba bothokgami jwa ga Jobe, Diabolo ga ise a ke a itlhoboge.—2 Bakorintha 4:4.

Go Bogisiwa ga Bakeresete ba Pele

9. Naya dikai go tswa mo Dikwalong tse di bontshang mefuta ya pogiso eo Bakeresete ba pele ba e itshoketseng.

9 Mo tumalanong le tlhagiso ya ga Jesu, Bakeresete ba pele ba ne ba itemogela pogiso, eo ka dinako dingwe e neng e le botlhoko thata. Ba bantsi ba ne ba lelekiwa mo magaeng a bone le go patelediwa go tshabela kwa dikarolong tse dingwe, jaaka mo kgannyeng ya phuthego ya mo Jerusalema. (Dit. 8:1) Ba bangwe, jaaka moaposetoloi Johane, ba ne ba faladiwa. (Tshenolo 1:9) Moaposetoloi Paulo le bao ba neng ba dira le ene mo tirelong ya patlhalatsa ba ne ba kgobotlediwa ka matlapa le go kgwathisiwa. (Dit. 14:19; 16:22) Bontsi jwa Bakeresete ba ntlha ba ne ba kile ba tsena kgolegelo, bangwe ba gapelwa dithoto tsa bone mme bangwe ba ne ba bolawa. (Bakolosa 4:3; Filemone 9, 10; Bahebera 10:34; 13:3; Ditihō 12:1, 2) Mme ba ne ba kgona go itumela, ka go bo ba ne ba tlhaloganya sentle lebaka la go bogisiwa ga bone.

10. Ke eng se se bontshang gore balatedi ba ga Keresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba sa boifisiwe ke go bogisiwa?

10 A pogiso eo e kgonne go emisa kana le e leng go dia tiro ya go ‘bua ka Modimo le go supa kaga Jesu’? Nnya, ka go bo Bakeresete ba pele ba ganne go boifisiwa. Pego e e mo go Ditihō 5:40-42 e re bolelela gore balaodi ba lekgotla la Sejuda ba “bitsa baaposetoloi, ba ba betsa, ba ba laea gore ba se ka ba bua mo ineñ ya ga Yesu, me ba ba lesa ba tsamaea.” Bakeresete bano ba ne ba dira eng? “Me hoñ ba cwa ha pele ga lekgotla, ba itumèla ka ba kailwe chwanèlō ea go tlotlololwa ka ntlha ea Leina. Me ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.”

11. Petere le Johane ba ne ba itshwara jang ka dipopo tseo di neng di dirwa go bone?

11 Pelenyana, baaposetoloi Petere le Johane ba ne ba ema fa pele ga lekgotla ka go bo ba fodisitse monna wa segole le ka go bo ba ne ba ruta mo motheong wa leina la ga Jesu. Pego e re bolelela go re: “Me [dikgosana le bagolwane] ba ba bitsa, ba ba laea gore ba se ka ba bua gopè, leha o le go ruta mo ineñ ya ga Yesu. Me Petere le Yohane ba ba hetola, ba re, E re ha go siame mo matlhoñ a Modimo go reetsa lona bogolo go go reetsa Modimo, a go atlholè lona: Gonne rona, ga re na sepè ha e se go bua hèla dilō tse re di bonyeñ, le tse re di utlwileñ. Me bōnè ea re ba sena go ba ba ba bōpèla, ba ba lesa, ka ba sa bone sepè sa kaha ba ka ba betsañ ka gōna, ka ntlha ea batho.”—Ditihō 4:18-21.

12. Baaposetoloi le barutwa ba ne ba rapelela thuso efe go Jehofa fa ba ne ba le mo pogisong?

12 Ga ba ka ba tshosiwa ke dipopo tseo. Pego e bontsha gore baaposetoloi le barutwa ka mo go tshwanetseng ba ne ba seka ba rapela Jehofa go tlosa pogiso mme gore a ba neye nonofo ka moya wa gagwe go tswelela ba bua lefoko la gagwe ka bopelokgale jotlhe. Mme a dira jalo.—Ditihō 4:29, 31.

13. Ka go ya ka se Paulo a se kwaletseng Bafilipi, go nnile le diphelelo dife tse di molemo ka go golegiwa ga gagwe mo Roma?

13 Go golegwa ga ga Paulo mo Roma go ne ga nna le diphelelo tse di molemo, jaaka a tlhalositse jaana mo lokwalong lwa gagwe lo lo yang go Bafilipi: “Me yana ke rata loa itse, ba ga echo, ha dilō tse di ntihaletseñ di dihaletse bocwèlèlō pele yoa Mahoko a a Molemō bogolo; Ga tsamaea dikgolegō tsa me tsa bōnatshèga ka Keresete mo mophatoñ otlhe oa molaodi oa motse, le mo go botlhe ba bañwe; Me bontsi yoa bakauleñwe ba ba mo Moreneñ, ka ba ikantse dikgolegō tsa me, ba nna choshologō bogolo go bua lehoko ya Modimo ba sena poihō.” (Bafilipi 1:12-14) Ee, pogiso ya ga Paulo e dirile gore bosupi jo bogolwane bo neelwe, e seng ka go bo fela a nnile pontsheng le go nna le dipaka tsa go neela balaodi ba lekgotla bosupi, mme gape ka go bo Bakeresete ba bangwe ba ne ba kgothadiwa go oketsa tirelo ya bone.

Pogiso mo “Metlheñ ea Bohèlō”

14. Ke lebaka lefe leo Jesu a le neileng la go bogisiwa ga rona gompieno?

14 Fela jaaka baperofeti ba bogologolo ba Modimo le Jesu Keresete le baaposetoloi le barutwa ba gagwe mo lekgolong la ntlha ba bonye pogiso, jalo Bakeresete mo ‘metlheng eno ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo ba ka lebelela go itshokela pogiso. Jesu o ne a bolelela-pele seo jaaka karolo e nngwe ya “seshupō” se se kopaneng sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. O ne a re: “Ke gōna ba tla lo tsenyañ mo dipitleñ, me ba lo bolaea: me lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me.”—Mathaio 24:9.

15, 16. (a) Ke boperofeti bofe gape kaga nako ya rona jo bo bontshang gore re ka lebelela pogiso ka ntlha ya bosupi jwa rona? (b) Ke dipotso dife tse jaanong di boditsweng gore re di akanyetse?

15 Moragonyana, Jesu o ne a bontsha moaposetoloi Johane seo balatedi ba Gagwe mo lefatsheng ba neng ba tshwanetse go se lebelela morago ga go tsalwa ga bogosi jwa selegodimo. A bua ka tshwantshetso, o ne a re: “Me e rile kgōgèla [e e bontshitsweng mo temaneng ya 9 jaaka “nōga ea bogologolo, e e bidiwañ Diabolo le Satane”] e lemoga ha e latlhecwe kwa tlhatse kwa lehatshiñ, ea bogisa mosadi [phuthego ya lobopo lotlhe ya Modimo] eo o belegeñ ñwana oa mosimane [bogosi jo Keresete e leng Kgosi ya jone] . . . Me kgōgèla ea nna bogale le mosadi, ea heta e ea go tlhasèla ba ba setseñ ba losika loa gagwè, ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.”—Tshenolo 12:13, 15-17.

16 A seno e nnile boammaaruri mo ‘metlheng eno ya bofelo’? Ke ka ditsela dife Bakeresete ba boammaaruri ba nnileng le go itshokela pogiso mo motlheng wa rona, mme go sa kgathalesege pogiso ba kgonne go itumela jang? Pogiso e nnile le phelelo efe mo go bone le mo go ba bantsi ba ba e lebeletseng? Dipotso tseno di tla akanyediwa mo setlhogong se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Bao ba supang Diabolo e le moaki, jaaka Jobe a dirile, ba tla duelwa

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Petere, Johane le Bakeresete ba bangwe ba pele ba ganne go boifisiwa ke balaodi bao ba neng ba ganetsa tiro ya bone eo ba e filweng ke Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

‘Kgogela ya nna bogale mme ya feta e ya go tlhasela ba ba bolokileng tshupo ya ga Jesu.’—Tshenolo 12:15-17

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela