Go Itshoka ka Boitumelo go sa Kgathalesege Pogiso
“A re itumeleñ le mo dipitlaganoñ tsa rona: ka re itse ha pitlaganō e tle e cose pelotelele: Me pelotelele e cose boitekō; me boitekō bo cose cholohèlō; Me cholohèlō ga e tlhabise ditlhoñ.”—Baroma 5:3-5.
1. Ke eng se se phepafalang ka ntlha ya pogiso ya Bakeresete mo ‘metlheng eno ya bofelo’?
MAITEMOGELO a batho ba ga Jehofa mo ‘metlheng eno ya bofelo’ ruri a supile mafoko ano a ga Jesu e le boammaaruri: “Lo segō, mogañ batho ba lo ilañ, ba ikgaoganya le lona, ba lo kgōba, ba latlha leina ya lona yaka se se boshula, ka ntlha ea Morwa Motho. Lo itumèlè mo motlheñ ouō, lo bo lo ipelè; gonne, bōnañ, tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ; gonne borrabō ba dihetse baperofeti yalo.” (Luke 6:22, 23; 2 Timotheo 3:1) Ee, batlhanka ba Modimo ka boikanyegi ba ka itshokela mefuta yotlhe ya pogiso, mme ba dira jalo ka boitumelo.
2. (a) A bao ba itemogelang pogiso e e oketsegileng ba bona tuelo e kgolwane? (b) Ke diphelelo dife tse dingwe tse di molemo tsa go itshokela pogiso ka katlego?
2 Ga se gore re itumelela go bogisiwa, ka go bo pogiso ga e monate ebile ka gale e botlhoko. Ga se pogiso ka boyone, mme ke phelelo ya yona e e re neelang lebaka la go itumela. (Yakobe 1:2, 3) Bakeresete ga ba batle go bogisiwa. Ga ba leke go nna baswela-tumelo, ba akanya gore fa ba itshokela pogiso e e oketsegileng ba tla bona molemo o mogolwane mo matlhong a Rraabo wa selegodimo. Bao ba itemogelang pogiso e kgolwane ga ba bone tuelo e kgolwane, lefa e le gore ba ikanyega bogolo go bao ba boneng pogiso e nnye. Mme elatlhoko tseo di diragalang fa Mokeresete ka katlego a itshokela pitlagano: “Pitlaganō e tle e cose pelotelele: Me pelotelele e cose boitekō; Me boitekō bo cose cholohèlō; me cholohèlō ga e tlhabise ditlhoñ.”—Baroma 5:3-5.
3. (a) Jaaka go bontshitswe go Baroma 5:3, pitlagano e tsosa pelotelele jang? (b) Seno se felela ka go nonofisa tumelo ya rona jang? (Bahebera 10:38, 39)
3 Fa re bala ka pogiso ya Bakeresete-ka-rona mo mafelong a mangwe, re ka ipotsa, “A ke ka kgona go e itshokela?” Mme he, fa kganetso kana diteko di re tlela ka tshoganetso, mme go na le go ineela kana go boela morago mo go direleng Modimo, re ya go ene go re thusa, re fitlhela gore o araba dithapelo tsa rona, mme re itemogela ka moo pitlagano e tlisang pelotelele ka gona. Go tswa foo ga re tlhole re ipotsa gore a re tla e itshokela; re itse gore re ka kgona, ka nonofo ya ga Jehofa. Teko ya ntlha e ka nna ya bo e ne e se botlhoko thata, mme le fa go ntse jalo tumelo ya rona e tla bo e lekilwe, ebile e nonofile go e gaisa. Teko e e latelang e ka nna ya bo e le boimanyana, mme tumelo ya rona e nonofile go e feta ka go bo re seka ra ikgogonela ya ntlha. Jalo ka nonofo ya ga Jehofa tota re ka kgona go emela teko nngwe le nngwe ya tumelo ya rona, re itse gore gaa kitla a re leka go feta nonofo ya rona; lefa e le gore o tla re tlogela go “thubanyediwa ha hatshe.”—1 Bakorintha 10:13; 2 Bakorintha 4:8-10.
4. Morago ga go itshokela thaelo kana pogiso ka katlego, re nna le mabaka afe a sebele a go itumela?
4 Go itshokela pitlagano ruri ke lebaka la go itumela. Re ka itumelela gore ga rea ka ra ineela mo tekong mme re itshwareletse mo go se se molemo. Re itse gore seno ke seo Modimo o se amogelang, jalo katlego ya rona ya go itshoka e re tlisitse gaufi le ene, moo e leng lebaka le lengwe la go itumela, jaaka le tlhalositswe ka mo go phepafetseng go Yakobe 1:12.
Pogiso ka Dibopego tse Dintsi
5. Boemo ke bofe mo mafatsheng a mantsi gompieno kaga pogiso le go tlhaselakwa ga bakaulengwe ba rona? Ke ka ntlhayang fa seno se le jalo? (Amose 7:10-17)
5 Gompieno tiro ya Basupi ba ga Jehofa e kganetswe mo mafatsheng a a fetang 40, mme batho ba Modimo mo mafelong ano ka bontsi ba ne ba itshokela diteko le dipogiso tse di botlhoko fela ka go bo ba ikaeletse go direla Jehofa Modimo wa bone ka boikanyegi. Mo mabakeng a le mantsi dithibelo di tlhotlheleditswe ke baruti ba bodumedi, bao ba re sentseng leina ka go se kopanele ga rona mo dipolotiking gore ba tle ba emise tiro ya rona ya go rera. Balaodi ba ba re itseng sentle ba itse gore Basupi ba ga Jehofa ga ba ka ke ba menole kana go nna kotsi mo Setšhabeng ka mokgwa mongwe. Babusi bao ba re tlhaloganyang ba itse Basupi ba ga Jehofa e le baagi ba ba laolwang ke segakolodi, ba ba utlwang molao ba ba dirang ka bojotlhe jwa bone go tshegetsa le go utlwa molao wa lefatshe. Lefa go ntse jalo, mo Basuping ba ga Jehofa, boikanyegi jwa bone mo Modimong bo tla pele. Ka gone, ga ba tseye karolo mo dipolotiking tsa lefatshe lepe. Jalo fa go na le thulano nngwe le melao ya Modimo, bone jaaka baaposetoloi ba “utlwa Modimo bogolo go batho.”—Dit. 5:29.
6. (a) Ke dikai dife tse dingwe tsa pogiso tseo Basupi ba ga Jehofa ba di itshoketseng? (b) A o ka bolela ka maemo a a tshwanang mo nakong ya jaanong?
6 Makoko a batlhasedi, ka dinako dingwe a eteletswe-pele ke baruti ba bodumedi kana batshegetsa bopolotiki, ba sutlile Basupi ba ga Jehofa mo mafelong a mantsi. Bontsi jwa bakaulenge ba rona ba semoya ba pateleditswe go tlogela magae a bone le dithoto tsa bone mme ba tshaba go ipoloka, jaaka go diragetse mo dingwageng tsa bosheng mo Malawi le Ethiopia. Bangwe ba kobilwe kwa ditirong kana kwa mafelong a bone a tiro, fa dikgwebo tsa bangwe di tswaletswe gotlhelele ka go bo e le Basupi ba ga Jehofa. (Tshenolō 13:16, 17) Dipokano tsa bone tsa Bokeresete tsa thuto ya Bibela tsa kgorelediwa le go phatlaladiwa; magae a phuruphutshiwa mme Dibibela le dibuka tsa Bibela tsa gapiwa. Matshosetsi le dipopo tsa dirisiwa go leka go ba tshosa, mme ba bantsi ba ne ba tshwarwa le go isiwa kgolegong, ba bangwe ba bo ba bolawa. Pogiso e ne e le botlhoko segolo bogolo ka dintwa tsa lefatshe, mme e ntse e tswelapele le jaanong mo mafatsheng a mantsi.
7. Tota le mo mafatsheng ao go senang pogiso e e tlhoafetseng ya balaodi, ke maemo afe ao batho ba bantsi ba Modimo ba nnang le go a itshokela?
7 Mo lefatsheng lotlhe, diketekete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le bone ba eta ba lebagana le kganetso le pogiso tsatsi lengwe le lengwe go tswa mo malapeng a bone le mo go ba losika ka go bo ba rata go direla Jehofa jaaka barutwa ba ga Jesu Keresete. Ke fela jaaka Jesu a boleletse pele a re: “Baba ba motho e tla nna bōnè ba ntlo ea gagwè.”—Mathaio 10:35, 36.
Boikaelelo jwa Pogiso
8. A Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa ka go bo e le badira-bosula kana baroba-molao?
8 Babogisi ba batho ba Modimo ba solofela go fitlhelela eng? A ba bogisa Basupi ba gagwe ka go bo e le badira bosula kana baroba-molao? Nnya. Basupi ba ga Jehofa ba itsege mo lefatsheng lotlhe jaaka batho ba ba ikobelang molao ba boemo jo bo kwa godimo mo boitsholong jo bontle. Ke badiri ba ba molemo, ba ba itumedisang, ba ba botsalano, ba ba pelonomi le ba ba utlwisisang ebile ba sa itshole jaaka batshegetsa bodumedi. Tota, ke batho ba ba molemo go nna le bone jaaka baagelani. (Tito 2:6-10; Bagalatia 6:9, 10) Molaetsa wa bone ke wa kagiso, o o gomotsang ba ba utlwileng botlhoko le ba ba lelang. Ba rera “Mahoko a a Molemō” gore bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tlosa bapatiki mme bo lere tsamaiso e ntšha ya tshiamo.—Mathaio 6:10; Pesalema 37:10, 11.
9. Ke tiro efe ya rona eo baganetsi ba batlang go e emisa, mme ka ntlhayang?
9 Lefa go ntse jalo, go rerwa ga ‘mafoko ano a a molemo’ go senola baeteledipele ba La-Bodumedi jaaka ba ba senang molaetsa ope wa tsholofelo mo bathong. Jalo ba leka go didimatsa bao ba o rerang! Baeteledipele bangwe ba mmuso le bone, lefa ba rata go letla batho ba ga Jehofa go dumela seo ba se eletsang, ba ba ganetsa go rerela ba bangwe. Jaaka baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda bao ba neng ba ganetsana le tiro e e tlhoafetseng ya Bakeresete ba pele, ba feleletsa ka go re: “A re ba bōpeleñ gore ba se tlhole ba bua le motho opè mo ineñ [la ga Jesu].” (Ditihō 4:17, 18) Ee, ba batla go emisa go rera ga rona.—Bona gape Ditihō 5:28, 40.
10. (a) Kwantle ga go leka go emisa tiro ya rona ya go rera, Satane o batla go fitlhelela eng gape? (b) Seno se bontshiwa jang ke mofuta wa thibelo oo gantsi o dirwang mo tirelong ya rona?
10 Gakologelwa gape gore, motlhotlheletsi wa sebele wa pogiso ke Satane Diabolo. (1 Petere 5:8) Gaa batle fela go emisa go rera ga rona, mme gape o batla go koafatsa tumelo ya rona gore re robe bothokgami jwa rona go Modimo, mme re latlhegelwe ke botshelo jo bo sa khutleng. Jalo boikaelelo jo bongwe jwa pogiso ke go re kgaoganya le dijo tsa semoya le mo go kopaneleng le bakaulengwe ba rona kwa dipokanong. Ka gone, fa tiro ya rona e thibetswe, ka gale ke go rera ga rona le dipokano tsa rona tse di ilediwang. Gantsi re bolelelwa gore, “Lo ka nna Basupi ba ga Jehofa, mme lo seka lwa rera kana go tshwara dipokano dipe.” Mme fa re ne re sa rere kana re sa nne le dipokano, re ne re tla bo re se Basupi ba ga Jehofa Modimo kana Jesu Keresete, ereka mosupi yo o sa bueng sepe ruri ea bo e se mosupi ka gope. (Isaia 43:10, 12; Ditihō 1:8) Mme go ne go tla diragala eng ka tumelo ya rona fa re ne re ka se utlwe molao wa Modimo wa go phuthega mmogo?—Bahebera 10:24, 25.
Go Itshokela Pogiso
11. Boitshwaro jwa Bakeresete ba ba ikanyegang e nnile bofe ka pogiso e e neng ya koegiwa godimo ga bone?
11 Batlhanka ba Modimo mo metlheng ya segompieno ba ile ba itshwara jang mo pogisong e e neng ya koegiwa go bona? Jaaka Bakeresete ba pele, ga ba nna boi mme ba gatetse-pele ka pelokgale mo tirong ya go rera go sa kgathalesege dithibelo le dipopo. Jaaka Paulo, ba na le lebaka la go ‘itumela.’ Go ema ga bone ba nitame mo letlhakoreng la ga Jehofa mo kganetsanong eno go supa Diabolo e le moaki. Abo e le tshiamelo jang ne go nna le seabe mo go tlotlomatseng leina la ga Jehofa!—Bafilipi 2:17, 18; 2 Bathesalonia 1:4.
12. A re na le lebaka la go boifa go tshosediwa ke baganetsi ba rona?
12 Ruri ga go na lebaka la go boifa ba ba re bogisang. Paulo o kwaletse Bafilipi jaana: “Me hèla, a mokgwa oa lona oa botshelō e nnè o o chwanetseñ Mahoko a a Molemo . . . lo sa boihisiwe mo go sepè ke baganetsi: mo e leñ seshupō [sa gore ga lo ba tshabe] se se bōnalañ sa tatlhègō mo go bōnè, me mo go lona sa polokō, e e bileñ e le e e cwañ mo Modimoñ.”—Bafilipi 1:27, 28.
13, 14. (a) Balaodi ba ba ganetsang ba dirile eng bosheng jaana mo lefatsheng lengwe ka maiteko a go dira gore Basupi ba ga Jehofa ba tshoge? (b) Tota maitemogelo ano a supa eng?
13 Bosheng jaana, mo go lengwe la mafatshe a Yuropa moo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e sa amogelweng kafa molaong, mokaulengwe mongwe o ne a tshwarelwa go neela puo e khutshwane e e gomotsang ya Bibela kwa phitlhong nngwe. Mokaulengwe yo o neng a rapela le ene o ne a tshwarwa. Balaodi ba lefelo leo ba ne ba bolela gore ke batho fela ba ba laotsweng ke Mmuso ba ba ka buang kwa diphitlhong, le gore thapelo ya ilediwa “ka go bo thapelo e ka dirisiwa go ruta.” Mokaulengwe mongwe mo lefelong lone leo o ne a tshwarwa ka go bo a ne a balela lelapa la gagwe Bibela. Bakaulengwe bano ga baa ka ba bonwa molato. Ba ne ba tshwarwa ka lobakanyana mme ba gololwa. Boikaelelo jaaka gale e le go ba tshosa gore ba emise.
14 Mme tota ke bomang ba ba boi? Fa balaodi ba lefelo lengwe ba tshosiwa ke monna yo o balelang lelapa la gagwe Bibela kana mokaulengwe yo o neelang puo kana yo o rapelang kwa phitlhong, ruri ba tshwanetse ba bo ba boifa molaetsa wa Bibela thata le bao ba o rerang! Jalo ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go ba tshaba? Jaaka fa Paulo a bontshitse, kutlwano le bopelokgale tsa rona ke “tatlhègō mo go bōne, me mo go lona [ke] polokō.”—Bafilipi 1:28.
15. Tota boitshwaro jwa rona mo dipopong bo ka nna le phelelo efe mo go tsweleleng ga pogiso?
15 Mo mafelong a mangwe baboledi ba “Mahoko a a Molemō” ba bilediwa kwa mapodising morago ga dibeke dingwe le dingwe di se kae go rutiwa, mme gantsi ba tshosediwa ka kotlhao e e botlhoko fa ba sa emise go bua ka bogosi jwa Modimo. Mme ka gale fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhokomologa dipopo mme ka bosena-poifo ba tswelapele ka tiro ya bone, balaodi ba itlhoboga ba bo ba ba tlogela. Lefa go ntse jalo, fa ba bona bosupi bongwe jwa go nyema mooko mo baboleding ba bogosi, ba tla tsweletsa maiteko a bone a go ba boifisa.
Go Tswelapele mo Thibelong
16, 17. (a) Ke maiteko afe a a dirilweng go fitlhisa dijo tsa semoya go bakaulengwe mo mafelong ao tiro e thibetsweng mo go one, le go bao ba leng mo dikgolegelong? (b) Ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa?
16 Basupi bao ba leng mo dinageng tseo tiro e thibetsweng mo go tsona le go tsamaisiwa ga dibuka tsa bone go ilediwang ba anaanela botlhokwa jwa go bona dijo tsa semoya ka metlha. Ereka Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa mo dinageng dingwe di sa dumelelwe go gatisiwa go ya ka molao le go ka romelwa ka poso, dithulaganyo dingwe di a dirwa go bona gore dijo tsa semoya di fitlha go mongwe le mongwe. Mo Jeremane, mo nakong ya pogiso ya ga Hitler, ba ne ba gatisa ditlhogo tsa thuto ka go di tlanya ka setensele, ba di thaepa, mme mo mabakeng a mangwe, ba di kwalwa ka letsogo. Seno gape se santse se dirwa mo mafelong a mantsi gompieno. Fa go sa kgonege gore go dirwe dikaelo tse di lekaneng gore mongwe le mongwe a nne le sa gagwe, di a amoganwa gore mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go bala. Selo sa botlhokwa ke go ja dijo tsa semoya ka metlha.—Mathaio 4:4.
17 Boitemogelo bo bontshitse gore Jehofa o nnile a kaela dilo gore dijo tsa semoya di fete, tota le mo maemong ao go leng thata. Go ile ga dirisiwa ditsela tse di farologaneng go di sutlhisetsa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa kgolegelo. Abo di itshupile di tiisa ba ba tlhatlhetsweng koo jang ne!
18. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go kopanela dijo tsa semoya gammogo le ba bangwe mo motheong wa ka metlha, mme seno se ka dirwa jang le e leng mo maemong a a thata?
18 Ka ditsela tsotlhe tse di ka kgonegang, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ja dijo tsa semoya mmogo ka metlha—tota le fa dipokano di thibetswe, le fa ba le mo dikgolegelong. Go akanyetsa temana ya Bibela tsatsi lengwe le lengwe, gammogo le ba bangwe fa seno se ka dirwa, go thusa go tsepamisa tlhaloganyo mo dilong tsa semoya. Tota le puisano e khutshwane tsatsi lengwe le lengwe e neela nonofo e kgolo ya semoya.—Pesalema 1:2; Ditihō 17:11.
Botlhokwa jwa Dipokano
19. (a) Ke boitemogelo bofe jo bo neng bo sa lebelelwa joo bakaulengwe ba rona ba bantsi mo Liberia ba nnileng le jone? (b) Go ya ka pego ya Yearbook ya 1977, ke eng se se thusitseng ba ba ikanyegileng go itshoka?
19 Ka March 1963, kwa Gbarnga, mo Liberia, batho ba ba ka nnang 400 ba ba neng ba le mo kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dikanyediwa mme ba tshwarwa malatsi a le mane mo dikampeng tsa sesole kwantle ga dijo. Ka boiteko jwa go ba pateletsa go itatola ditumelo tsa bone tsa bodumedi mme ba dumedise folaga ya Liberia, Basupi ba ile ba sotliwa le dithoto tsa bone tsa gapiwa. Lefa mo kgannyeng eno bontsi bo ineela le go itatola, lefa go ntse jalo setlhopha se se lekanyeng sentle sa boloka bothokgami jwa sone. Tlhokomela seo Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya 1977, e se akgetseng mo tsebeng ya 176: “Ba ne ba tswa mo mefuteng yotlhe, ba ba sa rutegang le ba ba rutegileng. Bao ba neng ba le mo setlhopheng sa baikanyegi e ne e le ba ba sekeng ba tlhoka go tla dipokanong.”
20. Ba bantsi ba dira maiteko a a gagametseng jang e le gore ba seka ba ‘bakela go phuthega ga bone mmogo,’ mme go sa kgathalesege dikotsi dife?
20 Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le re gakolola gore re se ke ra bakela go phuthega ga rona. (Bahebera 10:24, 25) Botlhokwa jwa seno ga bo ngotliwe ke dinako tsa pogiso. Dipokano di ka tshwarwa ka ditlhotshwana fela mo malapeng; mafelo le dinako di ka fapaanngwa mme di ka nna tsa se siame sentle, fa gongwe dipokano dingwe di tshwarwa le bosigo thata. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege dikotsi, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang ba dira maiteko otlhe go nna teng mo pokanong nngwe le nngwe. Mme le bakaulengwe ba rata gore malapa a bone a dirisediwe dipokano tseno, tota lefa ba ne ba ka latlhegelwa ke kgololesego fa ba ka lemogiwa.
21. (a) Go na le dipaka dife tsa go bona molemo o o tletseng wa dijo tsa semoya tlase ga mabaka a a ntseng jalo? (b) Ke dikwalo dife tse di bontshang botlhokwa jwa go nna teng le go kopanela ka metlha mo dipokanong tseo?
21 Dipokano mo ditlhopheng tse di nnye di ka nna gongwe tsa se ka tsa dira gore botlhe ba bone melemo go bao ba itseng go ruta mo phuthegong, mme go na le sebaka se segolwane sa gore mongwe le mongwe a kopanele mme ka gone a bone molemo o mogolo mo dipokanong. Ka dinako dingwe, ditlhopha tse di kgolwane di ka kopanela mmogo dipikiniki, di etela golo mmogo, kana ka nako nngwe ka taletso ya botho. Go nna teng ka metlha mo dipokanong tsotlhe ke lebaka le le botlhokwa mo go ‘tshegetseng tshimologo ya boikanyo jwa bona go ya ka tlhomamo kwa bokhutlong,’ gore ba tshegetse bothokgami jwa bone mme ba bone tiragalo ya ditsholofetso ‘fa ba sa ngodiege.’—Bahebera 3:14; 10:36; Bagalatia 6:9.
Go Rera mo Thibelong
22. (a) Ke ka ntlhayang fa batho ba Modimo gompieno ba ka se emise go bua ka dilo tseo ba di boneng le tse ba di utlwileng? (b) Seno se tsweledisiwa jang mo mafelong a mangwe?
22 Jaaka baaposetoloi, batho ba ga Jehofa gompieno ‘ba ka se emise go bua ka dilo tse ba di boneng le tse ba di utlwileng.’ (Ditihō 4:20) Jesu o boletse gore “Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele,” mme ga go motho ope kana moemedi ope wa bodimona yo o ka thibelang seno. (Mareko 13:10) Mo mafelong mangwe, le e leng fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetswe, go a kgonega go ya ka ntlo le ntlo jaaka motho fela, go dirisiwa Bibela fela.
23, 24. (a) Mo mafelong ao tiro ya ntlo le ntlo e ka se siameleng boemo teng, tiro ya go rera e dirwa jang? (b) A o ka bolela maitemogelo mangwe a a bontshang gore diphelelo tse di molemo di ne tsa bonwa ka tsela eno?
23 Koo go ka se siameleng go ya ka ntlo le ntlo, “Mahoko a a Molemō” a ka rerwa ka ditsela dingwe. Fa go kgonega go ka tlhopiwa matlo mo mafelong a a farologaneng a tshimo, e le gore go se akarediwe matlo ape ka mokgwa wa tatelano. Mme ga re tlhoke go leta go fitlhela batho ba tsena mo matlong. Bakaulengwe ba rona mo mafatsheng a mantsi ba nna le katlego e ntle mo go bueng le batho gongwe le gongwe moo ba ka bonwang teng—mo mebileng, kwa mabitleng le kwa diparakeng, kana fa ba le mo loetong. Bangwe ba ne ba ya le e leng kwa mafelong ao go senang Basupi teng jaaka baeti, mme koo ba simolola go buisana le batho gongwe le gongwe koo go kgonegang teng. Ruri ga go na tsela eo mmaba a ka kgoreletsang go bua ga rona mo ditseleng tseno tse di farologaneng, fa fela re santse re tshela ebile go na le batho bao re ka buang le bone.
24 Ka go ikatisa, batho ba ga Jehofa ba nnile ditswerere mo go simololeng dipuisano tsa botsalano ka ditlhogo tse dintsi tse di farologaneng, tseo ka tshwanelo di gogelang mo motlotlong wa Bibela. Mosupi mongwe mo lefatsheng lengwe o ne a atamela banyalani mo parakeng jaaka fa ba ne baa nwa metsi mo molatswaneng. Mosupi o ne a botsa fa ba ne ba ka se rate go itse koo go nang le metsi a a botoka gone. Ka seo, a simolola go ba bolelela ka metsi a botshelo mo Paradaiseng e e tlang, mme ba nna le puisano e e tsereng dioura di le tharo. Seno sa isa thutong ya Bibela, mme morago ga dikgwedi di le tharo banyalani ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Ngwaga moragonyana, ba kolobediwa ka bobedi jwa bone, moragonyana monna a direla jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong.—Bapisa Yohane 4:7-15.
25. Re tshwanetse go leka go tila eng, segolo bogolo koo go rera ga rona go thibetsweng teng?
25 Mo tirelong yotlhe eno go botlhale go tila kganetsano le baganetsi. Gape, re tlhoka go nna botlhale kaga go neela baba boikitsiso mo go arabeleng maiteko a bone a go re fenya ka puo ya botsalano le e e boferefere. Re tshwanetse ra gakologelwa kgakololo ya ga Jesu e e reng: “Bōnañ, ke lo roma yaka dinku mo gare ga diphiri: ke gōna lo nneñ botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi.” (Mathaio 10:16) Paulo gape o gakolotse jaana: “Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona.”—Baroma 12:18.
Diphelelo tse di Molemo tsa go Boloka Bothokgami
26. Ke diphelelo dife tse dingwe tse di molemo tsa go boloka bothokgami go sa kgathalesege pogiso e e mahehe?
26 Abo e le bosupi jo bo molemo jang ne jo bo neetsweng ka dingwaga-ngwaga ke botlhe bao ba bolokileng bothokgami jwa bone go sa kgathalesege pogiso e e mahehe! Maiteko otlhe a ga Diabolo le a baemedi ba gagwe go emisa go neelwa ga bosupi go feletse fela ka bosupi jo bogolwane mo go tlotleng leina la ga Jehofa. Mme abo botlhe ba ba dikete, ee, ba ba dimilione bao ba bolokileng (ebile ba tsweletse go boloka) bothokgami jwa bone mo pogisong, ba nnileng le seabe se sentle jang ne, mme ka jalo ba supa Diabolo go nna moaki ebile ba supa tumelo ya bone e e sa robegeng go Jehofa Modimo le lorato lwa bone mo go ene!
27. Ke melemo efe ya botho eo re e itemogelang mo go itshokeleng diteko le pogiso ka boikanyegi?
27 Fa re itshoka ka boikanyegi, re nna le segakolodi se se molemo, re itse gore re dirile se se siameng le gore rea amogelesega go Jehofa. Seno se thatafatsa tsholofelo ya rona, eo e oketsang boitumelo jwa rona. Tumelo ya rona e ne ya lekiwa, mme ereka re sa boela morago kana ra tshabela pogiso, Jehofa o re thusitse go itshoka. Kwa bofelong, tumelo ya rona jaanong e nonofile go feta pele. ‘Teko eno ya tumelo ya rona’ e re dira gore re kgone go emela diteko tsa nako e e tlang botoka.—1 Petere 1:6, 7.
28. (a) Ke mabaka afe a boitumelo ao kgaitsadi yo o umakilweng pele wa Mofinishi a nang le one jaanong? (b) A ka tswelela go solofela eng?
28 Kgaitsadi yo o umakilweng mo tshimologong ya setlhogo se se fetileng o bone seno e le boammaaruri. O boetse gape o nna mo motseng wa gagabo, moo e setseng e le lobakanyana jaanong a direlang jaaka mmulatsela wa ka metlha (mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng) Lefa a amogilwe tlhokomelo ya bana ba gagwe ba bannye ba bararo, o dumeletswe go ba bona gararo ka kgwedi, mme o kgonne go abalana “Mahoko a a Molemō” le bone ba bo ba arabela ka mo go kgothatsang. Mme ke mang yo o itseng gore diphelelo e tla nna dife? Go nnile le mabaka a mantsi-ntsi moo baganetsi le babogisi ba ba setlhogo ba gapilweng ke kemo e e ikanyegang ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba e tsereng moo ba ileng ba tlhotlheletsega go iponela mo Bibeleng ka bobone, mme bangwe kwa bofelong ba nna baobamedi ba ga Jehofa.
29. Ke kgothatso efe e nngwe eo botlhe re nang le yone ya go nna re ikanyegile ebile re itumela go sa kgathalesege pogiso?
29 Jakobe o kwadile jaana: “Ba ga echo, lo ipeèlè sekaō sa boichōkō le bopelotelele ka baperofeti ba ba kileñ ba bua mo ineñ ya Morèna. Bōnañ, rea tle re re, go segō ba ba kileñ ba nna ba ichōka.” (Yakobe 5:10, 11) Mme, ka dikai tse dingwe tse di molemo tsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bao ba metlha ya segompieno, rotlhe re kgothalediwa segolo go itumela go sa kgathalesege pogiso.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Jesu o rile: “Baba ba motho e tla nna bōnè ba ntlo ea gagwè”
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Le e leng mo thibelong Basupi ba ga Jehofa ga ba emise go rera