Go Falola kana Go Senngwa ka Nako ya “Sepitla se Segolo”
“Me bauō ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ: me basiami ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.—Mathaio 25:46.
1, 2. Bangwe ba boletse kgopolo efe, mme ke ka ntlhayang fa seno se le diphatsa ebile se tshwanetse go tilwa?
BANGWE ga ba utlwane le mogopolo wa gore batho ba ba rileng ba tla senngwa ka bosakhutleng. Go ntse fela jalo ka bao ba dumelang gore labofelo mongwe le mongwe o tla bolokwa. Bogologolo mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., mokwadi wa bodumedi ebong Origen o kile a itshamekela ka kgopolo ya go bolokwa ga botlhe labofelo. Bangwe bao gompieno ba reng ke Bakeresete, kwa ntle ga go ya bokgakaleng jo bo kalo, ba bolela kgopolo ya gore ka gongwe batho botlhe ba tla tsosiwa, go akaretsa le botlhe bao ba tla swang mo ‘sepitleng se segolo.’—Mathaio 24:21, 22.
2 Bao ba akanyang mogopolo o, ba sa lemoge, ba ntse ba atamela mo go kotsikotsi gaufi le thuto ya La-Bodumedi ya “tsogo ya botlhe.” Dikereke tse dikgolo di ruta gore ditopo tsa baswi BOTLHE di tla tsosiwa gore di kopane le meya ya tsone kwa legodimong kana kwa “diheleng.” Lefa go ntse jalo, Bibela ga e rute ka “tsogo ya kakaretso” e e ntseng jalo jaaka e tlhaloganngwa ke La-Bodumedi, lefa e le go ruta ka gore baswi BOTLHE, tota le ba ba boikepo, ba tla tsosiwa kana ba busediwa mo botshelong.
Ga Se Baswi Botlhe ba ba Tla Tsosiwang
3. Jesu o bontshitse jang gore ga se gore botlhe ba tla tsosiwa?
3 Jesu o bontshitse gore ga se mang le mang yo o tla tsosiwang. O ne a araba potso e e bonokopela e a neng a e bodiwa ke Basudukai, bao ba neng ba dumela gore go ne go se kitla go tsosiwa ope. O ile a bua ka “ba ba kaiwañ ba chwanetse go bōna lehatshe yele, le go coga ga bashwi.” (Luke 20:35) Mafoko a gagwe a bontsha gore ga se botlhe ba ba tla bong ba itshupile ba tshwanela go tsosiwa mo tsamaisong ya Modimo e ntšha e e solofeditsweng.
4. Go ya ka Tshenolō kgaolo 20, baswi ba tla tswa kae, mme ke lefelo lefe la tshwantshetso le le sa ntsheng baswi ba lone?
4 Go Tshenolō kgaolo 20, eo e buang ka tsogo ya “bashwi ba ba setseñ” bao ba sa tsogeng mo “cogoñ ea ntlha,” Bibela e re “lewatlè” le “bobipō” di ntsha baswi ba ba mo go tsone. Ga e re baswi ba tswa mo “bodibeñ yoa molelō,” kana mo ‘losong lwa bobedi,’ joo golo gongwe bo bidiwang “molete” (Geʹi Hinnomʹ, Sehebera). (Luke 12:5) Fela jaaka lefoko “lewatlè” le emela lebitla la kakaretso la metsi la bao ba swetseng mo botennye ebile mebele ya bone e sa ka ya bonwa gore e bolokelwe mo lefatsheng, lefoko la Segerika haʹdes, kana bobipo, ga le kaye phupu epe e le nngwe, mme go na le moo, le kaya lebitla la selefatshe le le tlwaelegileng la batho. Le tsamaelana le lefoko “Sheol” le le fitlhelwang mo Dikwalong tsa Sehebera. Jesu o rile: “Ke ne ke shule, me bōnañ, ke tshedile ka bosakhutleñ; me ke chotse dikopololō tsa losho le tsa Bobipō.” (Tshenolō 1:18) Ka nako ya puso ya gagwe ya dingwaga tse di sekete o tla dirisa “dikopololō” tseno gore a golole “ba ba kaiwañ ba chwanetse go bōna lehatshe yele, le go coga ga bashwi” mo losong.
5. “Molete” o emela eng?
5 Mo letlhakoreng le lengwe, mo Dikwalong ga gona koo Keresete a reng o na le dikopololo tsa Gehenna kana molete teng. O kile a bua ka Gehenna a re: “Lo se ka loa boiha ba ba bolaeañ mmele, me ba sa nonoha go bolaea mōea: me bogolo lo boihe èna eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ [Gehenna].” (Mathaio 10:28) Fa Perofesa Oscar Cullmann a akgela ka temana eno mo bukeng ya gagwe ya Immortality of the Soul or Resurrection of the Dead? (ya Sefora), o kwala jaana: “lefoko psy·kheʹ [moya] fano ga le kaye kafa Bagerika ba tlhalosang moya ka teng mme tota le tshwanetse go ranolwa e le ‘botshelo’. . . . W. G. Kümmel . . . le ene o kwala jaana ka lebaka le le utlwalang: Math. 10:28 ‘ga e senke go tlotlomatsa bosasweng jwa moya, mme e gatelela ntlha ya gore Modimo o le osi ga o senye fela botshelo jwa selefatshe mme gape o senya le botshelo jwa selegodimo.’” Ee, molete o emela tshenyo e e tletseng eo go se kitlang go kgonega tsogo epe. The New Bible Commentary (Kgatiso ya Bobedi, tsebe 786) e tlhalosa Gehenna e le “leina la ‘loso lwa bobedi.’”—Tshenolō 21:8.
6. Bontsha go tswa mo Bibeleng gore bangwe ba ya mo Moleteng pele ga Letsatsi la Katlholo la dingwaga tse 1 000 mme ka jalo ba sena tsholofelo ya go tsosiwa.
6 Jaanong, Bibela ka tlhamalalo e bontsha gore bangwe ba tsena mo Moleteng (Gehenna) wa tshwantshetso pele ga fa Letsatsi la Katlholo la dingwaga tse di sekete le simolola. Jesu o boleletse bakwadi le Bafarisai ba ba sa ikwatlhaeng gore bona le balatedi ba bone ba Baditšhaba e ne e le ‘bana ba molete wa molelo [Gehenna].’ (Mathaio 23:15, 33-35; bona gape le Yohane 9:39-41; 15:22-24.) Fa tota le Moditšhaba yo o latelang Bafarisai e ne e nna ngwana wa Molete ‘go gaisa bone sebedi,’ abo go ntse jalo jang ne ka Judase Isekariota, yo o dirileng kutlwano e e maswe-maswe le bone ya gore a raele Morwa Modimo! Jesu o ile a akantsha seno fa a ne a bitsa Judase “ñwana oa tatlhègō.” (Yohane 17:12) Fela jalo, batenegi ba ba sa ikwatlhaeng fa baa swa, ga ba ye Bobipong, kana Sheol, mme ba ya kwa Moleteng (Gehenna). (Bahebera 6:4-8; 2 Petere 2:1) Go ntse fela jalo le ka Bakeresete ba ba ineetseng bao ba tswelang pele ka sebe sa ka boomo kana bao ba ‘ikgogonang.’ (Bahebera 10:26-31, 38, 39) Tseno ke dikai fela tsa go bontsha gore bangwe, tota le mo “lehatshiñ yeno,” ba dirile boleo jo bo senang go itshwarelwa, tota lefa e le mo lefatsheng “ye le tlañ.” (Mathaio 12:31, 32; bapisa 1 Yohane 5:16.) Ka jalo, ga ba ne ba tsosiwa.
Bokgaola-kgang jwa Dikatlholo tsa ga Jehofa
7. Go na le ditshupo dife gape tsa gore Jehofa o atlhola ba bangwe ka katlholo ya makgaola-kgang tota le mo tsamaisong eno ya dilo?
7 Tota ntlha ya gore Jesu o umakile gore “tlhapaco e e tlhapatsañ Mōea” ga e ne e itshwarelwa “leha e le mo lehatshiñ yeno, leha e le mo go ye le tlañ” e tshwanetse ya kgotsofatsa mang le mang yo o nang le dipelaelo mo kgannyeng ya gore Jehofa o atlhola bangwe ka katlholo ya bokgaola-kgang tota le mo “lehatshiñ yeno.” Motho yoo “o mola to oa boleo yo bo senañ bokhutlō.” Ga ba na “go ichwarèlwa gopè.” (Mareko 3:28, 29) Jaanong ba tla bo ba tsosetswang?
8. (a) Re tshwanetse ra bontsha jang boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa? (b) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go ikanya Jehofa le Morwa wa gagwe jaaka Baatlhodi, mme go ka umakiwa sekao sefe sa go bontsha bokgaola-kgang jwa katlholo ya bomodimo?
8 Ka tlwaelo, rona jaaka basupi ba ga Jehofa Modimo wa rona ba ba nang le seriti, ga re sasanke re ntse re tshosetsa batho ka tshenyego. Re dirisa tsela eo Jehofa a lebang dilo ka yona. Ga twe ene o “pelotelele,” ka gonne gaa “rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9) Mo letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse ra tila go kukega ka maikutlo thata mme, ka gongwe re sa lemoge, ra nyatsa tsela eo Jehofa a dirisanang le dikgang ka yone. Jehofa ke Moatlhodi yo o itekanetseng. (Duteronome 32:4) Go ntse fela jalo ka Keresete Jesu. (Yohane 5:30) Fa kgetsi e tlisiwa fa pele ga baatlhodi ba batho ba ba sa itekanelang e bo e feta mo moseleng otlhe wa boatlhodi, go tloga mo lekgotleng le le kwa tlase go ralalela kwa lekgotleng le le kwa godimo-dimo la lefatshe leo, batho ba tsaya gore go dirilwe tshiamiso, ebile ga go sa tlhole go tlhokega boikuelo bope. Ke ka ntlhayang he re tshwanetse ra belaela dikatlholo tsa ga Jehofa le bokgaola-kgang jwa tsone?—Pesalema 119:75.
9. Mathaio 10:28 e bontsha jang bokgaola-kgang jwa dikatlholo tsa ga Jehofa?
9 Lefa Jehofa a ipontshitse ka bontle gore o “pelotelele” ka go bo a rata “gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ,” o a itse gore ga se batho botlhe ba ba tla ikwatlhayang. Ke ka moo Jesu a re tlhagisitseng gore re “boihè èna eo o nonohileñ go senya mōea [botshelo] le mmele mo moletiñ [Gehenna].” Fa buka ya New International Dictionary of New Testament Theology e akgela ka temana eno, e re: “Math. 10:28 ga e rute gore moya o na le bosasweng, mme e ruta go sa fetoge ga katlholo ya bomodimo mo go ba ba sa ikwatlhaeng.”
10. Jesu o kile a reng kaga “ba bantsi” le “ba babotlana,” mme lefoko la Segerika le le ranolwang e le “tshenyègō” le kaya eng?
10 Jesu mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng o rile: “Tsènañ ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, [Segerika, apoleia], le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.” (Mathaio 7:13, 14) Dithanodi tsa Segerika di tlhalosa lefoko apoleia e le le le kayang “nyeletso,” “tshenyo ya bosakhutleng” (Arndt & Gingrich) kana “tshenyo ya makgaola-kgang, e seng fela ka kutlwisiso ya go khutla ga go nna teng ka nama.” (Theological Dictionary of the New Testament) Ka jalo, ga go na motheo wa Bibela wa go tsewa ke maikutlo o dumela gore batho ba ba tshelang gompieno, bao ba lebaneng le “sepitla” se segolo go gaisa fa e sale lefatshe le simologa, ba na le tlhopho e nngwe e sele kwa ntle ga “botshelō” kana “tshenyègō.”—Mathaio 24:21, 22.
Go Falola kana Go Senngwa
11. (a) Polelwana “letsatsi . . . ya ga Yehofa” e kaya eng? (b) Ke “letsatsi [lefe] ye legolo ya ga Yehofa” le le santseng le tla, mme go tla diragala eng ka nako eo?
11 “Letsatsi ye legolo ya ga Yehofa le gauhi.” (Sefania 1:14) Mafoko ano gaa ise a ke a boifise jaana. Ke boammaaruri, go nnile le dipaka tse dingwe tse di kgethegileng mo ditiragalong tsa fa Jehofa a ne a atlhola katlholo ya gagwe a bo a galaletsa leina la gagwe le le boitshepo, mme nngwe le nngwe ya tsone e ne e le ‘letsatsi la ga Jehofa’ le lennye. Jerusalema yo o sa ikanyegeng, Babilona le Egepeto ba kile ba latswa ‘malatsi’ ao. (Isaia 2:1, 6-17; 13:1-6; Yeremia 46:1-10) Mme “letsatsi ye legolo [thata-thata] ya ga Yehofa” le santse le tla. Ke “letsatsi” la fa katlholo ya ga Jehofa e tla bo e atlholelwa La-Bodumedi, ditumelo tse dingwe tsa mmuso wa ga Satane wa bodumedi jwa maaka gammogo le tsamaiso yotlhe ya gagwe e e boikepo. “Ke letsatsi ya yayarègō, letsatsi ya tlalèlō le pitlaganō, letsatsi ya kgakgabalō le chwahalō.” Boperofeti jo bo tswelapele ka go re: “Me ke tla lere pitlaganō mo bathuñ, . . . ka gonne ba leohetse Yehofa: . . . Go le selefera sa bōnè, le gouda ea bōnè, ga di kake tsa ba golola mo motlheñ oa bogale yoa ga Yehofa; me lehatshe yeotlhe le tla lailwa ke molelō oa lehuha ya gagwè; gonne o tla diha bokhutlō, E, bokhutlō yo bo boitshègañ, yoa botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ. . . . [Pele] bogale yo bo hisang bo e se bo tle mo go lona, le letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa le e se le tle mo go lona. Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—Sefania 1:15–2:3.
12. A boperofeti jwa ga Sefania bo ne bo dira fela mo Juda, kana bo tla diragala ka bogolwane?
12 Tota le batlhotlhomisi ba bantsi ba Bibela mo go La-Bodumedi ba lemoga gore boperofeti jo bo ne bo sa dire fela mo Juda mme bo ne bo bolelela-pele “katlholo ya lobopo e e tla tlelang lefatshe lotlhe” (Keil-Delitzsch), “bokhutlo jwa motlha wa boleo” (Ecumenical Bible ya Sefora),“‘letsatsi’ la fa katlholo ya lobopo e tla bo e tlisediwa baikepi botlhe le bogale jwa Modimo bo goromelediwa botlhe bao ba sa itseng Modimo ebile ba sa ikobele mafoko a a molemo a Morena wa rona Jesu Keresete.”—New Bible Commentary, Kgatiso ya Bobedi.
13. (a) Go ya ka Paulo, “letsatsi ya Morèna [Jehofa]” le tshwanetse la tla leng? (b) “Monna oa boleo” ke eng, mme “monna” yo wa tshwantshetso o tla atlholwa ka katlholo efe?
13 Moaposetoloi Paulo o ile a tsamaisanya “letsatsi ya Morèna [Jehofa]” le “go tla ga Morèna oa rona Yesu Keresete.” (2 Bathesalonia 2:1, 2) Morago ga fa Paulo a sena go bua ka “tenègō” eo labofelo e tsalang “monna oa boleo,”—setlhopha sa baruti ba batenegi ba dikereke tsa La-Bodumedi—Paulo o oketsa ka go re: “Me hoñ oa boiphèhèrō mo molaoñ o tla senolwa, eo Morèna Yesu o tla mmolaeañ ka mōea oa molomo oa gagwè, a mo nyeletsa ka pōnatshègō ea go tla ga gagwè.” (2 Bathesalonia 2:3, 8) Baruti ba batenegi ba tla ‘bolawa’ kana ba ‘nyelediwa’ fa “sepitla se segolo” se ragoga fela. (Tshenolō 17:1-5, 16, 17) Setlhopha seo gape se bidiwa “morwa tatlhègō [apoleia],” mo go kayang gore ba lebile kwa ‘tshenyegong ya bosakhutleng’ mo Moleteng, fela jaaka ditshwani tsa bone tsa motlha wa ga Jesu.—2 Bathesalonia 2:3; Mathaio 23:33.
14. Ke ka ntlhayang fa ba bangwe ba tla ‘nyelela,’ mme ka jalo batho botlhe ba lebanwe ke tlhopho efe?
14 Mme go tweng ka batho botlhe bao ba latetseng baruti bano le “tsiecō [ya bone] ea tshiamololō”? Moaposetoloi Paulo a re bano ke “ba ba nyèlèlañ [jaaka tuelo] ka ba se ka ba amogèla loratō loa go rata boamarure, gore ba bolokwè. Me ka ntlha ea mouō, Modimo oa roma tihō e e timetsañ kwa go bōnè, gore ba tle ba dumèlè maaka: Gore ba sekisiwè botlhe ba ba se kañ ba dumèla boamarure, me ba natehèlwa ke tshiamololō.” (2 Bathesalonia 2:10-12, bapisa le NW] Gompieno, lefatshe e setse e le thothobolo ya boikepo, boitsholo jo bo maswe le go bola. Bontsi jwa batho bo “natehèlwa ke tshiamololō” ebile ga baa ka ba “amogèla loratō loa go rata boamarure, gore ba bolokwè.” (Bapisa Esekiele 9:4-7.) Ka jalo, ba tla ‘sekisiwa’ me ba tla nyelela ‘jaaka tuelo.’ Ka nako ya “sepitla se segolo” se se tlang tlhopho e phepafetse thata-thata. Ke go falola kana go senngwa.
Go Falola ka go Tshabela kwa Bogosing
15. Setshwantsho sa “dinku” le “dipodi” se tlhalosa jang tlhopho ya merafe yotlhe ya setho?
15 Ee, “letsatsi ye legolo ya ga Yehofa le gauhi, le gauhi le akoha thata.” (Sefania 1:14) Re tshela mo motlheng wa katlholo fa “merahe eotlhe” e phuthelwa fa pele ga ga Keresete Jesu. Batho ba merafe yotlhe eo ba ntse ba kgaoganngwa ditlhopha di le pedi, e leng sa “dinku” le sa “dipodi.” Matswela a bofelo a tlhalositswe sentle: “dinku” di ya “botsheloñ yo bo sa khutleñ,” mme “dipodi” di ya “pecoñ e e sa khutleñ.”—Mathaio 25:31-33, 46.
16, 17. (a) Bathesalonia wa Bobedi 1:6-9 e bontsha jang bokgaola-kgang jwa katlholo ya ga Jehofa e e atlholwang mo ‘sepitleng se segolo’? (b) Mo godimo ga babogisi ba batho ba Modimo, go tla senngwa le bomang gape, mme ka ntlhayang?
16 Fa moaposetoloi Paulo a bontsha gape bokgaola-kgang jwa dikatlholo tsa ga Jehofa o kwala a re: “Ke . . . mo go siameñ mo Modimoñ go lehetsa pitlaganyō ea ba ba lo pitlaganyañ, Le go naea lona ba lo pitlagañwañ tapologō le rona, mo motlheñ oa tshenolō [apokalypsis] ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla, A le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ.”—2 Bathesalonia 1:6-9.
17 Tlhokomela gore “thupa, ebon tshenyègō e e sa khutleñ” ga e utlwisiwe fela bao ba “pitlaganyañ” batho ba Modimo mme gape e utlwisiwa “ba ba sa itseñ Modimo” le “ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” Mo lekwalong la ga Paulo go ya go Baroma, o tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa “ba ba sa itseñ Modimo” “ba sena seipatō” le gore ba tla sekisediwa eng. (Baroma 1:18-20; 2:5-16) “Moengele eo moñwe [yo o fofang] gare ga legodimo,” yo go buiwang ka ene go Tshenolō kgaolo 14, o bolelela “ba ba agileñ mo lehatshiñ” gore ba boife “Modimo, lo o neè kgalalèlō; gonne nakō ea katlholō ea ōna e tsile.” Ka jalo batho ba rotloelediwa gore ba “ōbamèlè ōna o o dihileñ legodimo, le lehatshe, le lewatlè.” Bao ba palelwang ke go dira jalo, mmogo le bao ba obamelang “sebatana” sa ga Satane sa sepotolotiki bogolo go go ikanya bogosi jwa Modimo jwa Bomesia, ba tla senngwa mmogo le “sebatana” seo mo ‘segatisetsong sa bojalwa sa bogale jwa tšhakgalo ya Modimo.’—Tshenolō 14:6, 7, 9, 10, 14-20; 19:11-21.
18. (a) Batho ba ba solofelang go falola ba tshwanetse go dirang jaanong? (b) Bibela e umaka bomang e le ba ba falolang “sepitla se segolo,” mme ba letswe ke tebelelo efe fa pele?
18 Mang le mang yo o solofelang go “shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa” o tshwanetse go ‘batla tshiamo, go batla kgobalalo’ le go ‘dira katlholo ya ga Jehofa,’ go na le go e nyatsa. (Sefania 2:2, 3) Botlhe bao ba solofelang go kaiwa ke Moatlhodi yo o tlhophilweng wa ga Jehofa e le “dinku” tse di tla bolokiwang ka nako ya “sepitla se segolo” ba tshwanetse go itshupa e le “basiami,” bao ka botlhaga ba thusang le go ema-nokeng “bonnake” ba ga Keresete bao ba tloditsweng, e leng setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 25:33, 40, 46; 24:45-47) Bao fela Bibela e ba solofetsang gore ba tla falola “sepitla se segolo” ke “bonnake” ba ga Keresete, kana “baitshenkedwi,” le “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku” tseo di ‘direlang Modimo tirelo e e boitshepo’ kwa ntle ga go kgaotsa ba ntse ba goa gore botlhe ba utlwe ba re: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” Ereka “boidiidi yo bogolo” jo e le barutwa ba ba kolobeditsweng ba ba tswang mo ‘merafeng yotlhe,’ bo disiwa ke Kwana, Keresete Jesu, yo o ba gogelang kwa “mecwediñ ea metse a botshelō” a a se kitlang a kgala. “Me Modimo o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.”—Mathaio 24:21, 22; 25:34; 28:19, 20; Tshenolō 7:9-17.
DIPOTSO TSA GO BOELETSA
◻ Dikereke tsa La-Bodumedi di kaya eng ka “tsogo ya kakaretso” ya baswi, mme a thuto eno ke ya Bibela?
◻ Ke Dikwalo dife tse di supang gore ga se baswi botlhe ba ba tla tsosiwang?
◻ “Molete” ke eng?
◻ Ke eng se se bontshang gore Jehofa o atlhola ba bangwe katlholo ya bokgaola-kgang tota le mo tsamaisong eno ya dilo?
◻ Go tla diragala eng ka “letsatsi ya ga Yehofa,” mme a bao ba tla bolaiwang ba tla tsosiwa?
◻ Motho o tshwanetse a dira eng gore a falole, jalo ke tiro efe e e potlakileng thata go feta lefa e le leng pele?
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Judase, e leng “ñwana oa tatlhegō,” o tla nna mongwe wa bao ba se kitlang ba tsosiwa