Tsela eo Bogosi bo ‘Tlang’ ka Yone
1. Ke ka ntlhayang fa go sa gakgamatse gore ‘metlha ya bofelo’ ya lefatshe e tsweletse go fitlha ka 1982?
GORE go setse lobaka lo lo kae go fitlhela “sepitla se segolo” se itaya, ga re itse. ‘Metlha ya bokhutlo’ ya tsamaiso ya Sejuda ya dilo e ne ya akaretsa dingwaga 29 go ya go 70 C.E., kakaretso ya dingwaga di le 41. Mme jaanong tsamaiso e kgolwane e lebanwe ke katlholo ya Modimo. Ke tsamaiso ya ga Diabolo ya lefatshe lotlhe, eo mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, mme segolo bogolo bodumedi jwa tsietso jwa La-Bodumedi ke karolo e e nyatsegang thata. Jalo ga go gakgamatse gore ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya lefatshe jaanong e setse e na le dingwaga di le 68, go tloga ka 1914 go fitlha ka 1982. Seno sotlhe e nnile ka boikaelelo. Mme ke bofe?
2. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e nnile sekao sa rona jang gompieno?
2 Ke eng seo Bakeresete ba lekgolo la ntlha ba se dirileng mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso ya Sejuda? Ba ne ba rera! Ba tlhagisa! Jalo, mo masomeng a se makae fela a dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a kgona go kwala jaana: “Mo choloheloñ ea Mahoko a a Molemō a lo a utlwileñ, a a rerecweñ lobopō lotlhe tlhatse ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.
3, 4. Moya wa ga Jehofa o nonotshitse bomang go neela bosupi jwa segompieno, mme ka matswela afe?
3 Jaanong gompieno, tshimo e aname bogolo. Ke lefatshe, lefatshe lotlhe! Mme gape, ka maatla a a nonotshang a moya wa Modimo, basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba raletse go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe. Ba rerile boammaaruri mo dipuong tse di fetang 160 tse di farologaneng. Ba kgobokantse ba seka-dinku mo merafeng yotlhe, go fitlha go ba ba 5 980 000 ba ba nnileng teng mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu ka 1981. Jaaka setlhopha sa molebedi, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o eteletse pele mo go boleleng letsatsi la go ipusolosetsa la ga Jehofa a ntse a gomotsa botlhe ba ba lelang. (Isaia 21:11, 12; 61:1, 2) Malebana le tiro ya bone ya go rera, mo lekgolong le le fetileng la dingwaga Basupi ba ga Jehofa ba abile Dibibela le dibuka tse dikgolo di le 460 000 000, le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! di le 4 767 000 000. A seno ga se a nna bosupi jo bo gakgamatsang mo leineng la ga Jehofa le bogosi?
4 Jaanong go rera mono ga mafoko a a molemo a Bogosi go setse go fitlha setlhoeng sa gona! Barongwa, babulatsela le baboledi mo phuthegong ba ba ikanyegang, ka bongwefela lefatshe lotlhe, ba diragaditse tiro e e gakgamatsang—“ga se ka thata, leha e le ka nonohō, ha e se ka mōea oa me,” go bua Jehofa wa masomosomo. (Sakaria 4:6) Go feletse ka gore, dimilione tsa batho di tle go kopanela le ‘motlhanka yo o boikanyo,’ ka go re: “re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.”—Sakaria 8:23.
5. Daniele kgaolo 2 e tshwantsha go ‘tla’ ga bogosi jang?
5 Jaanong go sala fela gore bogosi jwa Modimo bo “tlè”! Go tla ka tsela efe? Ebu ka tsela eo e tlhalositsweng ke moperofeti Daniele mo kgaolong ya bobedi ya boperofeti jwa gagwe! Fano bogosi jwa Bomesia bo tshwantshiwa le “tshilō” ya “lehika ye legolo” la tshwantshetso la bolaodi jwa ga Jehofa jo bo sa leng bo nna ka dingwaga. Jaaka kanono, “tshilō” eno e a diga, ee, e ‘tla’ go itaya mebuso e e dirilweng ke batho, e e sila gore e bo e nne lorole. Jaanong he “tshilō” ya Bogosi ka boyone e nna “lehika ye legolo,” le le tlalang lefatshe lotlhe, pakong le kgalaletsong yotlhe ya ga Jehofa.—Daniele 2:34, 35, 44, 45.
Go Senngwa ga “Seaka”
6. (a) Ke ka ntlhayang fa go sa tshwanela go bonala go gakgamatsa gore Jehofa o tla dirisa baemedi ba motheo ba batho mo go atlholeng? (b) Jerusalema e na le setshwani sefe sa segompieno, mme le sone ke karolo ya mmuso ofe?
6 Lefa go ntse jalo, go na le dingwe tse di tlang pele ga go thubaganngwa ga bofelo ga puso ya motho mo lefatsheng. Buka ya boperofeti ya Tshenolo e bontsha gore sa ntlha Jehofa o tla dirisa merafe e e maatla e e tshegeditseng lekgotla la Merafe e e Kopaneng jaaka noto ya go senya. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa, ka go bo mo metlheng ya bogologolo Jehofa o dirisitse maatla a lefatshe la Babilona jaaka “nōtō ea lehatshe yeotlhe” mo go atlholeng ga gagwe merafe, mme bogolo segolo Jerusalema wa botenegi. (Jeremia 50:23) Jerusalema wa bogologolo o na le setshwani sa segompieno sa bodumedi jo bo rulagantsweng jwa La-Bodumedi. Le iphaka go obamela Modimo wa Bibela, mme go na le moo, le itirile karolo ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Boperofeti bo tshwantsha mmuso oo le “Babelona o mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.”—Tshenolo 17:5.
7. (a) Bodumedi jwa maaka bo dirile kgetho efe? (b) Babueledi ba jone ba supa tsholofelo ya jone jang? (c) Mme Dikwalo di supa gore tsholofelo ya setho ke efe?
7 Mmuso oo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o itiretse tlhopho ya ona. O ganne bogosi jo bo tlang jwa Modimo ka Mesia go amogela mekgatlho e e dirilweng ke batho. Gompieno, baruti ba ditumelo tsa lefatshe ba neela Merafe e e Kopaneng tshegetso ya bone ka peloyotlhe. Mo mafokong a moruti wa Mojuda, Merafe e e Kopaneng ke “tsholofelo e le yosi fela ya kagiso e e sa feleng mo lefatsheng leo go tshela ga lone go ikaegileng go yone.” Mme Mopapa John Paul II o e tlhalositse e le “lekgotla le legolo la kagiso le tshiamiso.” Mme a Merafe e e Kopaneng e tlisitse kagiso le tshiamiso mo lefatsheng la rona? A ruri Merafe e e Kopaneng ke “tsholofelo e le yosi fela” ya setho? Kana a tsholofelo eo ke bogosi jwa Modimo? Ruri, tsholofelo eo e tlhomilwe mo go ‘tleng’ ga bogosi jwa Modimo ka Mesia!—Mathaio 12:18, 21.
8. Ke polelo efe ya maitlamo a Merafe e e Kopaneng e e re gopotsang ka 1 Bathesalonia 5:3, mme ke ka ntlhayang fa seno se tshwanetse go nna se se kgatlhisang mo go rona?
8 Mo lokwalong lwa yone lwa maitlamo Merafe e e Kopaneng e bolela fa boikaelelo jwa yone jwa ntlha e le “go boloka kagiso le polokesego tsa meraferafe.” Jaaka Basupi ba ga Jehofa a ga re fitlhele modumo o o tlwaelegileng mo mafokong ao? Ee! Ka go bo moaposetoloi Paulo o rile: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganyeco e ba wèlè, yaka pèlèga e tle e tlèle mosadi eo o moimana; me ga ba ketla ba halola gopè.” (1 Bathesalonia 5:3) Jalo, jaaka re tswelela pele go ya kwa bokhutlong jwa ‘metlha eno ya bofelo,’ re ka lebelela mokgosi o o tlhabiwang kaga “Kagishō le thagamō.” Fa modumo ono o tswa mo merafeng, ke eng se se latelang? Boperofeti bo araba jaana: ‘Tshenyego ya tshoganetso e e senang phalolo’!
9. (a) Ke bokhutlo bofe jwa masetlapelo jo bo emetseng bodumedi jwa maaka? (b) Baeteledipele ba dipolotiki le bagwebi ba ba golo ba tla lebelela seno jang, mme ka ntlhayang?
9 Bodumedi jwa lefatshe ka “bonyatsi” jo bo sa tshwanelang jwa bone le Merafe e e Kopaneng bo tla khutla ka masetlapelo! Di tla fela ka “nakō e le ñwe hèla”! “Dinaka di shōmè” tsa “sebatana” sa Merafe e e Kopaneng se tla tlhanogela Babilona o Mogolo. Maloko a motheo a sesole go tswa mo setlhopheng seo sa lefatshe a tla mo gagola ka bogare, a mo swahatse, a mo apole dikobo tsa gagwe tse dintle-ntle mme a mo fise. Bora-dipolotiki ba ba dirisitseng bodumedi jwa maaka go tshegetsa maemo a bone le borakgwebo bao ba ipoteditseng ka ene mo go bapatseng dibetsa le mo dipapading tse dingwe ba tla mo lelela ba le kgakala. Ba tla lela ba re: “Iya! Iya wè! a motse o mogolo! Babelona motse o o thata! gonne tshekishō ea gago e hitlhile ka nakō e le ñwe hèla. . . . Gonne mahumō a a kalo kalo a shwahadicwe ka nakō e le ñwe hèla.”—Tshenolo 18:10, 17.
Hara-Magedona—Le Morago ga Yone
10. Ke ka ntlhayang fa Hara-Magedona e tla latela ka bonako, mme ka phelelo efe?
10 Ditiragalo di tla tsamaela ka pele go ya bokhutlong. “Dinaka” tsone tseo tsa sepolotiki tseo di senyang “seaka” se segolo di tla retologela go basupi ba ga Jehofa ba ba bonalang ba sa sireletsega. Mme jaanong ba tla iphitlhela ba sa lwe le ope fa e se “Morèna oa barèna, le Kgosi ea dikgosi” ya ga Jehofa. Ba tla bo ba le mo Hara-Magedona. Koo ke mo bogosi jwa ga Jehofa ka Mesia bo ‘tlang’ go diragatsa tiro ya jone e kgolo-kgolo mo go tlhatsweng bolaodi jwa ga Jehofa le jwa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ntwa e tla nna bogale ebile e tlhaola. Sesole sa ga Satane, puso ya lefatshe ya sepolotiki e tla tlosiwa, mme Satane ka boena o tla bofiwa mme a latlhelwe mo moleteng o o senang bolekeletso ka dingwaga di le sekete, “gore a se ke a tlhola a tsietsa merahe.”—Tshenolo 16:14; 17:14; 19:11-21; 20:2, 3.
11. (a) Go ‘tla’ ga Bogosi he go tla segofatsa setho sotlhe jang? (b) Ke go fuduga gofe mo go tla latelang fa dingwaga tse 1 000 di sena go fela, mme ke tebelelo efe e e itumedisang?
11 Go latele eng? Bogosi jwa dingwaga di le sekete bo tla bo bo le mono! Abo bafalodi ba Hara-Magedona ba tla itumela jang ne! Abo go tla nna le lorato, boitumelo, le kagiso tse di gakgamatsang jang ne tseo di tla bong di aname mo lefatsheng lotlhe! Abo go tla nna le tsogo e e gakgamatsang jang ne eo e tla kopanyang baratiwa lefatshe lotlhe! Abo e tla nna thulaganyo e e tlhotlheletsang jang ne, jaaka Jesu le dikgosi-ka-ene le baperisiti ba dirisa melemo e e thobang ya setlhabelo sa thekololo sa gagwe, ba tlisa dibilione tsa batho mo boitekanelong! Mme go botlhe ba ba fudusiwang go tswa mo bogosing jwa ga Keresete jwa dingwaga di le sekete go ya go bolaodi jwa ga Jehofa jo bo sa feleng, le bao ba ganetsang teko ya bofelo go tswa go Satane, abo go tla nna le boitumelo jang ne jaaka ba nna le seabe mo go phuthololweng ga dikgakgamatso tsa bosakhutleng!—Tshenolo 20:7-9; 21:3, 4.
12. Ke eng se se dirang gore dilo tseno tse di gakgamatsang di direge, jalo re tshwanetse go tlhotlhelediwa go dira eng jaanong?
12 Ke go ‘tla’ ga bogosi jwa Modimo ka Mesia go go kgonagatsang gore dilo tsotlhe tse di gakgamatsang tseno di direge. A seno ga se re tlhotlheletse mo metlheng eno ya bofelo jwa tsamaiso ya ga Satane, go bua le ba bangwe kaga “ditihō tse dikgolo tsa Modimo,” kgalalelo ya bogosi jwa gagwe le bogosi jo bo sa kakeng jwa reketlisiwa jwa Mesia? (Pesalema 145:11; Ditihō 2:11; Bahebera 12:28) A ga re tlhotlheletsege go rapela ka tlhoafalo Rraetsho yo o kwa legodimong re re, “Bogosi yoa gago a bo tlè”?—Mathaio 6:9, 10.
13. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go rapela ka peloyotlhe gore bogosi bo “TLÈ”?
13 Ee, bogosi jwa Modimo a bo “TLÈ,” go senya ditiro le lekoko tsa ga Satane mo lefatsheng! Ee, bo “TLÈ,” go neela setho sotlhe mofuta o o siameng wa mmuso! Ee, bo “TLÈ,” go tlisa puso e e galaleditsweng ya ga Keresete ya dingwaga di le sekete, go tsosolosa Paradaise, go tsosa baswi le go fitlhisiwa ga dibilione tsa batho mo boitekanelong! Ee, a bo “TLÈ,” bogosi jwa Bomesia go itshepisa ka bosakhutleng jotlhe leina le le ka se lekanngweng la Morena Molaodi wa Lobopo JEHOFA!
BOGOSI MO BOIKAELELONG JWA MODIMO
◻ Baperofeti ba ga Jehofa ba bo boleletse pele
◻ Bo tshwantsheditswe ke bogosi jwa ga Dafide
◻ Barutwa ba ga Jesu ba bo rerile
◻ Bo tlhomilwe mo magodimong ka 1914
◻ Bo rerilwe go nna tshupo mo merafeng yotlhe, fa e sale ka 1919
◻ “Boidiidi yo bogolo” ga jaanong bo phuthelwa polokong
◻ Bokhutlo bo tla ka—
Mokgosi o o reng “Kagiso le polokesego”
‘Babilona o mogolo’ a senngwa
Bogosi bo senya babusi ba bopolotiki, mephato ya masole, batshegetsi
◻ Bogosi bo tlatsa lefatshe ka boitumelo, kagiso, pako go Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Bogosi joo e leng “tshilō” ka bojone bo nna “lehika ye legolo” le le tlatsang lefatshe