Go Buelela Lefoko la Modimo ka Boikanyegi
“U tlhōahalèlè go ichupa u le molebosègi mo Modimoñ, u le modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ, u bua lehoko ya boamarure ka tshiamō.”—2 Timotheo 2:15.
1, 2. Ke tsela efe e le nngwe eo Basupi ba ga Jehofa ba buelelang Lefoko la Modimo ka boikanyegi ka yone?
“BALA LEFOKO LA MODIMO BIBELA E E BOITSHEPO KA MALATSI OTLHE.” Mafoko ao a bonala mo letlhakoreng la kago e kgolo mo Brooklyn, New York, gaufi le fa botsenong jwa Leborogo la Brooklyn le le itsegeng thata. Mafoko ano a bonala mo kagong ya bomang, mme ka ntlhayang?
2 A mo go e nngwe ya difeketeri tsa kgatisetso tse di dirisiwang ke Watchtower Bible and Tract Society, e leng mokgatlho wa bodumedi o o amanang le Basupi ba ga Jehofa. Sesupo seo tota ke seo motho a ka solofelang gore Basupi ba ga Jehofa ba ka se kwala mo letlhakoreng la nngwe ya dikago tsa bone. Ka ntlhayang? Ka go bo ka nitamo ba dumela gore mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a bua boammaaruri fa a ne a kwala jaana bogologolo: “Lehoko ya gago ke lobōne loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me.” (Pesalema 119:105) Sesupo seno ke se sengwe fela sa ditsela tse dintsi tseo rona Basupi re bontshang gore re buelela lefoko la Modimo ka boikanyegi ka tsone.
3. Bagologolo ba rona ba ba ikanyegang ba ne ba buelela Lefoko la Modimo jang?
3 Mo go nneng babueledi ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang ba Lefoko re na le metlhala e mentsi e e ikanyegang, fela jaaka Bibela ka boyone e bontsha. Mo dingwageng di ka nna 3 500 tse di fetileng go ne go na le Moshe. Ga go na pelaelo kaga go buelela ga gagwe Lefoko la Modimo ka boikanyegi. Lantlha o ne a fetisetsa bontlhanngwe jwa lona go batho ba Modimo ka molomo mme morago ka go le kwala. Dipolelo tseno tsa bomodimo di fitlhelwa mo Dikwalong tse tlhano tsa ntlha tsa Bibela. Fa Jehofa a sena go dirisa moperofeti yono yo o ineetseng, a dirisa ba bantsi gape bao ba diretseng jaaka babueledi le bakwaledi ba Gagwe, ba ba bileng ba buelela Lefoko la Modimo ka boikanyegi fela jaaka Moshe. (2 Petere 1:21) Mo go bone go ne go le Samuele, Isaia, Jeremia, Esekiele le Daniele, fa go umakiwa fela ba se kae.
Jesu Keresete le Baaposetoloi ba Gagwe
4. Thwadi ya babueledi botlhe ba Lefoko e ne e le mang, mme o bontshitse seno jang?
4 Mme kwantle ga pelaelo, thwadi ya botlhe bao ka boikanyegi ba bueletseng Lefoko la Modimo e ne e se ope fa e se Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa, yo o nnileng ‘monna Jesu Keresete.’ (Baroma 5:15; NW) Gangwe le gape o ne a buelela Lefoko la ga Rraagwe ka boikanyegi fa a ne a re, “Go kwadilwe,” jaaka fa a ne a araba dithaelo tsa ga Satane le fa a ne a araba baganetsi ba gagwe ba bodumedi. (Mathaio 4:4, 7, 10; 21:13; Yohane 6:45; 8:17) Go feta moo, ka go direla ka boikanngo jaaka moperofeti yo o fetang Moshe, gape o ne a buelela Lefoko la Modimo ka boikanyegi. (2 Bakorintha 1:20) Ee, o ne a rera le go tshela ka molao-motheo wa gore “Lehoko ya gago [Modimo] ke boamarure.”—Yohane 17:17.
5, 6. (a) Petere le Paulo ba bontshitse boikanyegi jwa bone mo go bueleleng Lefoko la Modimo jang? (b) Mo kgannyeng eno, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o tlhometswe boikaelelo bofe? (c) Ke ka ntlhayang fa “motlhanka” a ne a fifala ka nakwana?
5 Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba latela sekao sa gagwe. Ka maatla, ka letsatsi la Pentekosete moaposetoloi Petere o ne a buelela Lefoko la Modimo ka boikanyegi ka go bontsha kafa Jesu a neng a diragatsa mafoko a ga Dafide ka gone! (Dit. 2:22-36) Ebile makwalo a ga moaposetoloi Paulo a tletse ka ditsopolo tsa Dikwalo tsa Sehebera, a bontsha kafa a neng a amega ka teng kaga go buelela Lefoko la Modimo ka boikanyegi. O ne a tsaya boemo jono: “A Modimo o hitlhèlwè o le boamarure, me motho moñwe le moñwe a le moaki.” (Baroma 3:3, 4) Tota-tota, Petere, Paulo le balatedi ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete ba diretse jaaka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” “molebalebi eo o ikanyègañ,” ba laotswe ke mong wa bone, Jesu Keresete, go tlamela phuthego ya Modimo ka dijo tsa semoya.—Mathaio 24:45-47; Luke 12:42-44.
6 Morago ga loso lwa baaposetoloi, setlhopha seo sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” se batlile se nyelela gotlhelele mo lefatsheng, se fifadiwa fa nako e ntse e ya jaaka tshimo ya mabele ya Bokeresete ka e ne ya nna segolo tshimo ya mofoka.—Mathaio 13:37-43.
Mo Metlheng ya Segompieno
7, 8. (a) “Motlhanka” o bonetse gape leng mme jang? (b) Go buelela ga gagwe Lefoko go supilwe jang fa e sale ka bo-1870?
7 Lefa go ntse jalo, dingwaga di ka nna lekgolo tse di fetileng setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” se ne sa simolola gape go tlhagelela jaaka mmueledi wa Lefoko la Modimo yo o ikanyegang. Fa dingwaga di ntse di ya lefatshe le nnile la se bona le go se tlhokomela bogolo. Dintlha di bontsha gore gompieno “motlhanka” yono o lemogiwa mo Mokgatlhong wa Watch Tower.
8 “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yono ke Bakeresete ba ba ikanyegang, ba ba ineetseng ka mo go feletseng go Jehofa ka Keresete mme ba tsetswe ka moya wa Modimo. Ke baithuti ba ba tlhoafetseng ba Bibela, bao ka nonofo ba tsweletseng go femela Bibela jaaka Lefoko la Modimo ka dibuka, dibukana, dimakasine le dipampitshana, ditlhogo tsa dikoranta le dipuo tsa phatlalatsa fa e sale go tloga bogareng jwa dingwaga tsa bo 1870. Ka 1886, ba gatisitse Volume 1 ya Studies in the Scriptures. Mo kgaolong 3, ka setlhogo se se reng “Bibela jaaka Tshenolo ya Bomodimo fa e Sekasekiwa go Dirisiwa Mabaka,” buka eno e ile ya buelela Bibela ka botswerere tota. Go buelela Lefoko la Modimo gape mo go tlhokomelesegang e ne e le kgaolo 1 ya Volume VI (e e gatisitsweng ka 1904). Setlhogo sa kgaolo eno e ne e le “Mo Tshimologong,” mme e dirile bojotlhe mo go ganetseng thutotlhagelelo.
9-11. (a) Kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo-18 le kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo-19, boikanyegi jwa “motlhanka” mo Lefokong bo bontshitswe jang? (b) Fa e sale ka 1950, Mokgatlho wa Watch Tower o nnile le diabe dife tse di kgolo mo go anamiseng Lefoko la Modimo?
9 Mo bofelong jwa bo-1800 le mo tshimologong ya bo-1900, Baithuti bano ba ba ikanyegang ba Bibela, jaaka ba ne ba ipitsa, ba ne ba tlhoafetse mo go bueleleng Bibela jaaka Lefoko la Modimo ka boikanyegi. Ba gatisitse dibuka tse dintsi gore ba supe fa e tlhotlheleditswe, le tse dintsi gape ba tlhalosa tiragatso ya dipolelelo-pele tsa yone le gore motho a ka dirisa jang melao-metheo ya Bibela mo botshelong jwa gagwe. Ka 1914, gape ba dirile Motshameko wa Ditshwantsho kaga Popo wa dioura di le boferabobedi, o o neng o baakanyeditswe sentle “gore o buelele Bibela jaaka Lefoko la Modimo.”
10 E le gore ba buelela Lefoko la Modimo ka boikanyegi ebile ba supa gore ba tlhagafaletse go le anamisa ka dikgatiso, leina la mokgatlho wa bone le ne la fetolwa ka 1896 go nna Watch Tower Bible and Tract Society. Ka 1902 Mokgatlho o ne wa rebolelwa ditshiamelo tsa Bibela ya The Emphatic Diaglott ya ga Wilson mme wa laola go abiwa ga yone. Ka 1907 Mokgatlho wa gatisa Bibela ya King James Version, eo ba neng ba e bitsa Bibela ya Baberea, e releetswe Bakeresete ba pele ba Baberea bao ba ‘lotoloditseng Dikwalo ka malatsi otlhe go bona fa dilo tse moaposetoloi Paulo a neng a ba bolelela tsone di ntse jalo.’ (Ditihō 17:11) E ne e na le tlaleletso ya ditsebe tse di fetang 700 e le dikakgelo kaga lokwalo longwe le longwe, manaane a dikwalo tse di tshegetsang ditlhogo di le 40 tse di kwa godimo tsa Bibela le tshupa-mafoko ya ditsebe di le 100. Ka 1926 Mokgatlho o ne wa simolola go gatisa The Emphatic Diaglott ka metšhine ya yone mo Brooklyn. Ka 1942 Mokgatlho o ne wa gatisa Bibela ya King James Version le dithuso tsa go ithuta tse di mosola di le dintsi, mme ka 1944 wa gatisa American Standard Version, ka dithuso tsa thuto tse di tshwanang, ebile Bibela eno ke yone eo ka boikanyegi e ileng ya boloka leina Jehofa go ya ka Bibela ya Sehebera ya ntlha-ntlha.
11 Ka 1950 go buelela ga Mokgatlho Lefoko la Modimo ka boikanyegi go o tlhotlheleditse go gatisa New World Translation of the Christian Greek Scriptures. Thanolo ya dikarolo tsa Dikwalo tsa Sehebera di latetse ka dibolumo tse tlhano tse di latelanang, le Bibela e e feletseng mo bolumong e le nngwe ka 1961. Mo gare ga 1926 le 1980 Basupi ba ga Jehofa ba ntshitse Dibibela di le 43 860 000.
Mabaka a go bo go Tlhokega Thanolo e Ntšha
12, 13. Ke lebaka lefe la ntlha la go bo “motlhanka eo boikañō le eo o botlhale” a ne a kgatlhegela thanolo e ntšha ya Bibela?
12 Ke ka ntlhayang fa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” a ne a kgatlhegela thanolo e ntšha, e leng, New World Translation of the Holy Scriptures?
13 Sa ntlha-ntlha, ka ntlha ya ditiro tsa bafatolodi le baithuti ba Bibela, go ile ga bonwa mekwalo ya Bibela e megologolo thata ebile e ikanyega bogolo, e le gore bontsi jwa yone bo kwadilwe ka dipuo tsa ntlha. Ka jalo gompieno go na le mekwalo e e molemo thata ya Bibela e e kwalolotsweng mo lekgolong la bone le la botlhano la dingwaga tsa Motlha wa rona o o Tlwaelegileng le maketlonyana a dipampiri tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Sekeresete tse di kwadilweng bogologolo mo bogareng jwa lekgolo la bobedi. Gape, Memeno ya Lewatle la Letswai ya dibuka tsa Dikwalo tsa Sehebera, e e kwadilweng pele ga Metlha ya rona e e Tlwaelegileng, e dirile gore dikarolo tsa Bibela di tlhaloganyege bogolo. Fa mekwalo ya Bibela e le e megologolo thata, e nna gaufi thata le mekwalo ya seatla ya ntlha ya bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng, eo go senang epe ya yone gompieno.
14. Lebaka la bobedi ke lefe? Bontsha.
14 Lebaka la bobedi la go bo thanolo e ntšha e ne e tlhokega ebile e ne e tla nna tokafatso ya tse dikgologolo, ke gore puo ya Segerika ya lekgolo la ntlha la dingwaga jaanong e tlhaloganngwa botoka. Fa nako e ntse e feta bafatolodi ba ribolotse maketlonyana a mantsi a dipampiri tsa bogologolo tseo di nnileng gone go tloga ka nako ya fa go ne go kwalwa Dikwalo tsa Segerike tsa Bokeresete. Maketlonyana ano a dipampiri tsa bogologolo, a a buang ka dikgang tsa letsatsi le letsatsi tsa lefatshe, a dira gore mofuta wa Segerika se se neng se dirisiwa ke bakwadi ba Lokwalo lwa Segerika lwa Bokeresete se utlwale. Sekai se se tlhamaletseng ke lefoko “Raca” mo go Mathaio 5:22 mo diphetolelong dingwe tse dikgologolo. Ereka baranodi ba ne ba sa itse tlhaloso ya lone, ba ile ba le kwala fela jaaka le ntse ka Seesemane se se senang tlhaloso. Mme jaanong tlhaloso ya lone e a itsiwe mme jalo New World Translation e le tlhalosa jaaka: “lefoko le le maswe la lonyatso.” Jaaka fa o ka bona, kitso e e oketsegileng ya dipuo tseo Bibela e neng e kwadilwe ka tsone kwa tshimologong di dira gore go nne le thanolo e e tlhaloganyesegang.
15. Bontsha lebaka la boraro.
15 Lebaka la boraro la go bo go tlhokega thanolo e ntšha ke ntlha ya gore tsone dipuo tse Bibela e ranoletsweng mo go tsone di a fetoga fa dingwaga di ntse di feta. Seesemane se se neng se dirisiwa ke moranodi wa Bibela wa lekgolo la bo-14 Wycliffe se farologane thata le puo e e dirisitsweng ke baranodi ba King James Version mo tshimologong ya lekgolo la bo-17 la dingwaga. Ebile puo ya Seesemane e fetogile gantsi-ntsi thata fa e sale go tswa foo. Mafoko a mangwe tota a bile a nna le ditlhaloso tse di fapaaneng. Ka gone lefoko “let” mo motlheng wa King James le ne le raya “go thibela,” mme gompieno le raya “go letlelela.”
16. Jaaka go akantshitswe ke Ditihō 20:30 le 2 Timotheo 4:3, 4, lebaka le lengwe e ka nna lefe la go bo “motlhanka” a tsene mo tirong ya go ranolwa ga Bibela?
16 Labofelo, go na le ntlha ya go tlhaloganya Bibela ka nepo, le e leng le lengwe la mabaka a magolo a go bo New World Translation e dirilwe. Ga go na pote-pote, ditumelo tsa bodumedi tsa mongwe di tla tlhotlheletsa maiteko a gagwe a boranodi. Tota-tota, go tshwanetse ga nna jalo fa lefoko kana tema e ka neelwa ka ditsela di le mmalwa. Ereka baranodi ka dinako dingwe, ka boomo kana ba sa lemoge, ba senya puo ya ntlha mo ditemeng tse di bonalang di ganetsana le ditumelo tsa bone, go ne go patelesega gore thanolo nngwe e diriwe ke banna ba tota ba kgomarelang lefoko la Modimo ka boikanyegi.
Go Retelelwa ke go Ngaparela Lefoko la Modimo ka Boikanyegi
17. Dikai tse dingwe ke dife tsa ditemana tse e seng tsone tse di tsentsweng mo Bibeleng?
17 Ereka bakwadi bangwe ba ile ba retelelwa ke go ngaparela Lefoko la Modimo ka boikanyegi, dikarolo tsotlhe tsa ditemana tse di sa tlhotlhelediwang di tsentswe mo “Mokwalong o o Amogelwang,” oo King James Version e thailweng mo go one. Ditemana tseno di ne tsa tsenngwa mo Dikwalong tsa ntlha tse di tlhotlheleditsweng. Mo go tsone re na le Johane 8:1-11 le Mareko 16:9-20. Sekai se sengwe sa tema e e itsenyeditsweng se fitlhelwa go 1 Yohane 5:7, 8. Fano mafoko “mo legodimong, Rara, lefoko, le Moya o o Boitshepo: me ka boraro di supa selo se le sengwe” a bonala a tshegetsa tharo-nngwe. Mme tshekatsheko e senotse gore mafoko ano a ile a tsenngwa ke mokwadi yo o sa ikanyegeng mo go fetang dingwaga di le 1 000 morago ga fa go kwadiwa ga Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng go sena go fediwa.
18, 19. (a) Baranodi bangwe ba tshwenyana le Lefoko la Modimo ebile ba sa le tlhalose sentle jang? (b) Seno se diragetse jang malebana le Dikwalo kaga boemo jwa baswi?
18 Baranodi ba Dibibela tsa segompieno tse di kwalwang ka tsela e e sa tshwaneng le ya ntlha ke bone ba segolo ba ipagololelang mogodu, ka dinako dingwe mo temeng ka dinako dingwe mo mekwalong e e kwa tlase. Ka sekai, mo go Moreri 9:5, 10, The Living Bible ya ga Taylor e balega jaana: “Gonne bobotlana batshedi ba itse gore ba tla swa! Mme baswi ga ba itse sepe.” Gape le ‘Sengwe le sengwe se o se dirang, se dire sentle, gonne mo losong, kwa o yang gone, ga go na tiro kana maano, kana kitso, kana tlhaloganyo.’ Ereka moranodi yo a sa dumalane le mafoko a a tlhotlheleditsweng ano, o ne a oketsa ka mokwalo o o kwa tlase o o reng: “Dipolelo tseno ke megopolo ya ga Solomone fa a ne a kgobegile marapo, mme ga di supe kitso ya boammaaruri jwa Modimo mo dintlheng tseno!”
19 Thanolo eno gape ga e emele Lefoko la Modimo sentle mo go Pesalema 115:17. Moo King James Version e balega jaana: “Baswi ga ba bake MORENA, lefa e le ope yo o fologelang kwa tidimalong.” Mme moranodi wa The Living Bible go bonala a dumela gore baswi ba ntse ba tshela golo gongwe, mme o lemosa seno ka go ranola temana eno jaana: “Baswi ga ba opelele Jehofa dipako mo lefatsheng mono.”
20. Malebana le Yohane 1:1, tumelo ya tharonngwe e nnile ya bonala jang mo dithanolong dingwe, mme ke dithanolo dife tse dingwe tse di siameng tse di amogelwang?
20 Mme a go elwe tlhoko gore tota le ka maikaelelo a a molemo-lemo, kwantle ga kutlwisiso e e siameng ya Lefoko la Modimo, moranodi wa Bibela o tlamega go dira phoso ka dinako dingwe. Ka sekai, mo e ka nnang baranodi botlhe ba dumela mo go Tharo-nngwe mme jalo ba ranola Johane 1:1 jaana: “Mme Lefoko ya bo e le Modimo.” Mme gape le ka ranolwa sentle ka tsela nngwe, go tlhokomelwa gore lefoko le le tlhalosang leina la Segerika Theos ga le teng. Jalo, An American Translation e ranolela polelwana eno e le, “Mme Lefoko la bo le na le bomodimo.” New World Translation e ranolela polelwana eno e le, “Mme Lefoko ya bo e le modimo.” Ebile ga e nosi mo go direng jalo. Tota eno ke tsela eo thanolo ya Mobishopo yo Mogolo Newcome e e tokafaditsweng e ileng ya ranolwa ka teng ka 1807.
Go Buelela Lefoko la Modimo ka Boikanyegi
21. Dithanolo tse dintsi tsa segompieno tsa Bibela di rumola Modimo ka boone jang?
21 Lefa go ntse jalo, tsela e e masisi thata e dithanolo tsa segompieno di retelelwang ke go ngaparela Lefoko la Modimo ka boikanyegi ka yone e mo go retelelweng ga bone ke go siamisa leina la Modimo le le mo tlhaolang ebong Jehofa. Ka Sehebera le emelwa ke lefoko la ditlhaka tse nne. Jehofa o supile gore o tsaya leina la gagwe ka masisi ka go tlhotlheletsa bakwadi ba gagwe ba Bahebera go le dirisa ka makgetlo a le 6 961 mo Dikwalong tsa Sehebera. (Se se kopanyeletsa makgetlo a le 134 a bakwadi ba Bahebera ba a tlogetseng ka boomo.)
22, 23. (a) Ke eng se se supang gore go phoso go ranola leina la Modimo ka leina-gotlhe? (b) Ke kakgelo efe e e ikanyegang eo The Jerusalem Bible e e dirang kaga seno? (c) Go ya ka baithuti bangwe, ke ka ntlhayang fa bangwe ba rata go dirisa leina “Jehofa” bogolo go “Yahweh”?
22 Ntlha ke gore mo Dikwalong tsa Sehebera Mmopi gantsi o bidiwa ka leina la gagwe le le mo tlhaolang ebong Jehofa go feta direto tse dingwe di kopantswe mmogo. Go feta moo, tota ga go utlwale fa go ranolwa leina-ina, jaaka Jehofa, ka leina-gotlhe jaaka Morena. Le gona ga go ne go utlwala go ranola “Rolls Royce” (leina la sejanaga se se turang thata mo lefatsheng) fela ka lefoko “sejanaga” fa go na le dijanaga tse dingwe tse dintsi. The Jerusalem Bible, lemororo e dirisa “Yahweh” go na le “Jehofa,” e ntsha ntlha e e nonofileng ya go le dirisa mo boemong jwa “Morena.” Keta-pele ya thanolo eo e re: “Go re, ‘Morena ke Modimo,’ ruri ke poeletso e e sa tlhokegeng, fela jaaka gore ‘Yahweh ke Modimo’ e se poeletso.”
23 Jaanong a go tshwanetse ga dirisiwa “Yahweh” mo boemong jwa “Jehofa”? Ga go tlhokafale jalo. Ka go ya ka Canon D. D. Williams wa Cambridge, “bosupi bo bontsha gore, kana bo batlile bo tlhotlhomisa gore, Yahweh ga se pitso ya boammaaruri ya Ditumammogo tse nne.” Biblia Hebraica, e e gatisitsweng mo Stuttgart ka 1951, e lokolola ditumammogo di le nne tseno gore di balege e le “Yeh·wahʹ.” Kgatiso eno e ne e dirisiwa ke Komiti ya Thanolo ya New World. Perofesa ya kwa Tübingen ebong Gustav Oehler a re: “Go tloga fano go ya pele ke dirisa lefoko Jehofa, ka go bo, tota-tota, leina leno le setse le tlwaelegile thata mo mafokong a rona, mme ga le ka ke la tumulwa.” Moranodi wa Bibela ebong Rotherham, go Emphasized Bible ya gagwe, o ne a le mo go ba ntlha go dirisa popego ya “Yahweh.” Lefa go ntse jalo, mo go Studies in the Psalms, ya gagwe e e gatisitsweng la ntlha morago ga loso lwa gagwe, o ne a boela mo popegong ya “Jehofa,” a bolela gore o ne a dira jalo ka ntlha ya “keletso ya go tsamaisana le se batho ba se balang le se ba se utlwang.”
“Jehofa” mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete
24. (a) New World Translation e dirisa leina la ga Jehofa mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete ga kae? (b) Ke dikai dife tse dingwe tsa dithanolo tsa pele tse di dirang jalo?
24 Mme go tweng ka tiriso ya “Jehofa” mo go se se bidiwang “Testamente e Ntšha,” e leng Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete? Mo New World Translation le bonala ga-237. Lefa seno se bonala se sa tlwaelega thata, thanolo eno ga se yone ya ntlha le e seng mo go diriseng leina leno mo karolong eno ya Bibela. Le kile la dirisiwa bogologolo bobotlana ka 1796, fa moranodi wa Mojeremane ebong Brentano a ne a dirisa “Jehofa” go Mareko 12:29. Gape le Emphatic Diaglott, e leng thanolo ya lefoko ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, e e gatisitsweng la ntlha ka 1864. Gangwe le gape e dirisa “Jehofa” mo ditsopolong tsa Dikwalo tsa Sehebera moo leina leno le tlhagang teng, ka makgetlo a le 18. Ka sekai, bona Mathaio 22:37, 44; Mareko 12:29, 30; Luke 20:42.
25. (a) Ke bosupi bofe jwa bosheng jo bo supang gore leina la Modimo le ne le le teng mo temeng ya ntlha ya Dikwalo tsa Segerika? (b) Ke phetogo efe e e maphata-mabedi eo eketeng e diragetse mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E.?
25 Lebaka la go bo go lebega go sa tlwaelega thata gore leina “Jehofa” le tlhage mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete ke gore, ka makgolo a dingwaga, go ne go akanngwa gore leina leno le ne le sa tlhage mo Septuagint Version ya Dikwalo tsa Sehebera tse di neng di dirisiwa ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe. Mme dithibololo tsa bosheng di supa ka tlhamalalo gore ditumammogo tse nne di ne di le teng go Septuagint mo metlheng eo. Ka gone Perofesa Howard wa Yunibesithi ya Georgia a re: “Re itse sentle gore Bajuda ba ba buang Segerika ba ne ba tswelela go kwala [ditumammogo tse nne] mo Dikwalong tsa bone tsa Segerika. Go feta moo, ga go lebege ekete Bajuda ba Bakeresete ba pele ba ba buang Segerika ba ne ba farologane mo tlwaelong e. . . . Go ka bo go ne go sa tlwaelega thata gore ba ntshe ditumammogo di le nne mo Bibeleng ka boyone.” Jalo o konela ka go re: “Ereka Ditumammogo di le nne di ne di santse di kwalwa mo dikaelong tsa Bibela ya Segerika e e neng e le Dikwalo tsa Kereke ya pele, go a utlwala go dumela gore bakwadi ba Testamente e Ntšha, fa ba tsopola mo Dikwalong, ba ne ba boloka Ditumammogo tse nne mo Dibibeleng tsa bone. Fa go bapisiwa tlwaelo ya Bajuda ba pele ga Keresete re ka akanya gore Bibela ya Testamente e Ntšha e ne e tsenya Ditumammogo tse nne mo ditsopolong tsa yone tsa Testamente e Kgologolo.” Perofesa Horward gape o lemoga gore erile Ditumammogo tse nne di ntshiwa mo Septuagint, gape di ile tsa ntshiwa mo ditsopolong tsa Dikwalo tsa Sehebera tse di tlhagang mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete. Phetogo eno e bonala e diragetse kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Ga go na pelaelo ya gore leina Jehofa le tshwanetse la bonala mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete, jaaka re le fitlhela go New World Translation.
26. New World Translation e setse dithanolo dife tsa pele morago mo go diriseng ga yone leina ka mo go oketsegileng?
26 New World Translation gape e dirisa leina “Jehofa” mo godimo ga fa leina leno le tlhaga mo ditsopolong tsa Dikwalo tsa Sehebera. Ka ntlhayang? E le gore go thusiwe mmadi gore a itse fa e le gore go lebisitswe go Jehofa Modimo kana Jesu Keresete fa lefoko “Morena” (Kyrios) le tlhaga mo temaneng ya Segerika. A go na le bangwe ba ba itsegeng ba ba kileng ba dira jalo? Ee, ka go bo mo dithanolong di ka nna 20 tsa Sehebera tsa Dikwalo tsa Segerika re fitlhela gore go dirwa jalo. Gape, go na le dithanolo tse dintsi tsa borongwa tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete tse di dirang jalo. Ka sekai, nngwe ya dithanolo tsa pele-pele tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete mo Sejapaneng e dirisa leina “Ehoba” (Jehofa) ka kgololesego.
27. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba tshwanetse go dirisa New World Translation ka botlalo go sa kgathalesege eng ebile ka ntlhayang?
27 Go sa kgathalesege gore a baithuti ba Sehebera kana ba Segerika ba La-Bodumedi ba baka kana ba nyatsa New World Translation of the Holy Scriptures, ntlha e e salang ke gore e tlhagisitswe ke banna ba ba ngaparetseng Lefoko la Modimo ka boikanyegi. Ruri ke thuso e kgolo mo go re ‘tlhalefisetseng poloko le mo go re thuseng gore re nne boitekanelo, re iketleeleditse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ (2 Timotheo 3:15-17) Ekete rotlhe bao re nang le thanolo e e molemo eno ka puo ya rona re ka segofadiwa ka go e dirisa ka botlalo.
MALEBANA LE GO BUELELA LEFOKO LA MODIMO KA BOIKANYEGI, BA BA LATELANG BANO BA DIRILE GO LE KANA-KANG, MME KA NTLHAYANG?
◻ Dikago tsa ntlo-kgolo ya Basupi ba ga Jehofa
◻ Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe
◻ “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” wa metlha ya segompieno
◻ Bakwadi ba ba kwadileng le go kwalolola Bibela
◻ Baranodi ba pele mo dipuong tsa segompieno
◻ Baranodi ba dithanolo tsa bosheng tsa Bibela
◻ Komiti ya Thanolo ya Bibela ya-“New World”