LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 9/1 ts. 20-26
  • Bogosi le Tsholofelo ya Tsogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi le Tsholofelo ya Tsogo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Cogō ea Ntlha”
  • Nako ya “Cogō ea Ntlha”
  • Tsogo ya mo Lefatsheng
  • Tsogo le Katlholo
  • Tshegetsang “Mahoko a a Molemō”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Tsogo ya Baswi—Thuto E e Go Amang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tsholofelo ya Tsogo—E Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tsholofelo ya Tsogo e Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 9/1 ts. 20-26

Bogosi le Tsholofelo ya Tsogo

“Kea gu laea mo ponoñ ea Modimo, le ea ga Keresete Yesu, eo o tla atlholañ batshedi le bashwi, le ka go bōnatshèga ga gagwè, le ka bogosi yoa gagwè.”—2 Timotheo 4:1.

1. Fa re akanya ka batho ba ba kileng ba tshela, ke ka ntlhayang fa tsholofelo ya tsogo e le botlhokwa jaana, mme go tla dipotso dife mo mogopolong?

GO NA le diphopholetso tsa gore ke batho ba bakae ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng tseo di farologanang go tloga ka dibilione di le 14 go ya go dibilione di le 20. Go sa kgathalesege gore palo ya boammaaruri ke efe, dintlha tse pedi di tlhomamisegile: (1) Jehofa Modimo o itse palo ya batho ba ba kileng ba tshela ka botlalo, ebile o na le nonofo ya go rudisa mongwe le mongwe yo a mo kgethang; (2) palo ya jaanong ya baagi ba lefatshe e e kwa godimo go gaisa epe ya batho ba le dibilione di le 4,4 go bonala e le bontlhanngwe fela jwa palo ya batho botlhe ba ba kileng ba tshela. Phetso ga e tilege: Batho ba bantsi-ntsi thata ba sule ebile ba ikaegile mo tsogong gore ba solofele go tshela gape. Mme ba swetseng? Ebile ba na le tsholofelo efe ya gore ba ka tshela gape?

2. Petere o rileng mabapi le tsogo ya ga Keresete gammogo le kamano ya Gagwe le tsholofelo ya tsogo?

2 Ka ngwaga wa 36 C.E. moaposetoloi Petere o rile: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna. . . . Èna [Jesu Keresete], Modimo o mo cositse ka letsatsi ya boraro, me oa mo naea gore a bōnadiwè, E señ mo bathuñ botlhe, ha e se mo bashupiñ ba ba itshenkecweñ galè ke Modimo, eboñ mo go rona ba re yeleñ ra nwa naè a sena go coga mo bashwiñ. Me a re laea, gore re rèrèlè batho, re shupè ha eo e le èna eo o laocweñ ke Modimo gore a nnè moatlhodi oa batshedi le bashwi. Ke èna eo baperofeti botlhe ba shupañ kaga gagwè, ha moñwe le moñwe eo o dumèlañ mo go èna a tla bōna boichwarèlō yoa dibe ka leina ya gagwè.”—Ditihō 10:34-43.

3. (a) Ke ka ntlhayang fa dibilione tse dintsi jaana tsa batho di sule? (b) Tlhalosa gore loso lwa ga Keresete le tsogo ya gagwe ke motheo wa tsholofelo ya tsogo jang.

3 Ee, lebaka la go katagana ga dibilione tse dintsi-ntsi tsa batho ba ba suleng mo lebitleng ke boleo, jo bo ruilweng mo monneng wa ntlha ebong Adame. “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, . . . losho lo laotse ka eo moñwe hèla, ka ntlha ea tlolō ea eo moñwe hèla eouō.” (Baroma 5:12, 17) Mme Keresete o ile a swa a bo a “rudisiwa mo moeeñ.” (1 Petere 3:18) “Moñwe le moñwe” wa “batshedi le bashwi,” ka go dumela mo mading a gagwe a a tsholotsweng, a ka bona “boichwarèlō yoa dibe” a bo a gololwa mo pusong ya ga Kgosi Loso yo o bodipa. Gore seno se diragale, bontsi jwa batho bo tla tlhoka tsogo. Ka jalo Paulo o kwala jaana: “Gonne ereka losho lo tsile ka motho [Adame], go coga ga bashwi le gōna go tsile ka motho [Jesu].” (1 Bakorintha 15:21) Keresete o ile a tlhomamisa seno, fa a ne a raya Maratha a re: “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.” (Yohane 11:25) Loso le tsogo tsa ga Keresete ke motheo wa tsholofelo ya tsogo.

“Cogō ea Ntlha”

4, 5. (a) Johane o kwadileng kaga “cogō ea ntlha,” mme bao ba tsogang mo go yone ba newa nonofo efe le tiro efe? (b) Jesu o reile baaposetoloi ba le 11 ba ba ikanyegang a reng kaga tiro ya bone ya nako e e tlang?

4 Bibela e bontsha gore Jesu gaa ne a nna esi mo go atlholeng “batshedi le bashwi.” Fa moaposetoloi Johane a tlhalosa ponatshegelo e e tlhotlheleditsweng, o ile a kwala a re: “Me ka bōna ditulō tsa bogosi, me batho ba dula mo go cōna, me ba neèlwa katlholō; me ka bōna meōea ea ba ba kgaocweñ ditlhōgō ka ntlha ea chupō ea ga Yesu, le ka ntlha ea lehoko ya Modimo, le ba ba se kañ ba ōbamèla sebatana [phuthego ya ga Satane ya sepolotiki] leha e le sechwanchō sa shōna, le gōna ba se ka ba iteseletsa go chwaiwa lochwaō mo diphatleñ, le mo diatleñ tsa bōnè; me ba tshela, ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di le makgolo a shomè. Go segō, go bile go boitshèpō èna eo o nañ le kabèlō mo cogoñ ea ntlha: bauō, losho loa bobedi ga lo na thata mo go bōnè; me ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”—Tshenolo 20:4, 6.

5 Baapopsetoloi ba le 11 ba ba ikanyegang ba balelwa mo go ba ntlha ba dikgosi tseno le baatlhodi bano ba nako e e tlang bao ba suleng jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jesu le Rraagwe, e leng Jehofa. Go Luke 22:28-30 Jesu o umaka bano ba setse ba nna nae mo ditulong mo bogosing jwa gagwe, ba “atlhola dicō tse shomè le bobedi tsa Iseraela [tse e seng tsa boperisiti, tse di emelang batho botlhe ba bangwe].”

6. Keresete o tla thusiwa ke baatlhodi-mmogo ba le bakae fa a atlhola batshedi le baswi, mme ba fetoga jang fa ba tsosiwa?

6 Dikwalo tse dingwe di bontsha gore tshiamelo e e tlhomologileng eno ya go nna dikgosi le baatlhodi mmogo le Keresete mo bogosing jwa gagwe e lekanyeditswe fela “lecomanyane” la Bakeresete ba ba ikanyegang ba le 144 000 “ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ,” “ba cwa go rèkwa mo bathuñ.” (Luke 12:32; Tshenolo 14:1-4) Bano ba ile ba lesa tsholofelo e e tlwaelegileng le ya tlholego ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng gore ba tle ba ‘pataganngwe le Keresete mo tshwanong ya go tsoga ga gagwe.’ (Baroma 6:5) Paulo le ene o kwadile ka bao a re: “Go coga ga bashwi le gōna go nntse yalo. Go yalwa e le mo go bōlañ, go cosiwe e le mo go sa boleñ: . . . Go yalwa e le mmele oa tlhōlègō; go cosiwe e le mmele oa semōea. . . . Nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo . . . gonne mo go bōlañ mo, go na le go apara bosaboleñ.”—1 Bakorintha 15:42-53.

7. Thanodi nngwe e reng kaga bosasweng, mme Paulo le Petere ba kwadileng kaga tsholofelo ya selegodimo?

7 Mo go kgatlhisang, The New International Dictionary of New Testament Theology e bontsha gore kgopolo e e seng ya Dikwalo ya gore mongwe le mongwe o na le moya o o sa sweng e maaka, ka go re: “Batho botlhe ga ba na bosasweng jaanong mme Bakeresete ba bo bona mo nakong e e tlang. Go ya ka 1 Bakorintha 15:42, 52, ke fela morago ga phetogo ya tsogo moo badumedi ba ‘aparang’ seaparo sa bosasweng. . . . Ga go ke go nna le bosasweng pele ga tsogo.” Tota-tota, tuelo ya bosasweng ga e neelwe Bakeresete botlhe, mme e neelwa bao fela ba nang le seabe mo “go cogeñ [ga pele] ga bashwi.” Bano ba beetswe “boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ, . . . kwa legodimoñ.”—Bona Baroma 8:20-22; Bafilipi 3:10, 11; 1 Petere 1:3, 4.

Nako ya “Cogō ea Ntlha”

8. (a) Go ya ka Dikwalo, “cogō ea ntlha” e ne e tshwanetse go diragala leng? (b) Tlhalosa bokao jwa 1 Bathesalonia 4:14-17 le 1 Bakorintha 15:51, 52.

8 Dikwalo di gokaganya ‘tsogo eno ya ntlha’ le ‘go tla [Segerika, parousia]’ ga ga Keresete. (1 Bakorintha 15:23) Moaposetoloi Paulo o kwala jaana: “Morèna ka esi o tla hologa kwa legodimoñ ka loshalaba, le ka lencwe ya moengele eo mogolo, le ka go galaotèga ga lonaka loa Modimo: me bashwi ba ba shwetseñ mo go Keresete [go simolola mo lekgolong la ntlha la dingwaga go fitlha mo go tleng ga ga Keresete mo tempeleng ya semoya ka 1918] ba tla coga pele.” Paulo a ba a tswelapele a umaka gore Bakeresete ba ba tloditsweng ‘ba e tla reng mo go tleng [parousia] ga Morena ba fitlhelwa ba setse,’ bao ka jalo ba swang ka nako ya parousia, ba tla tsosiwa ka bofefo ba bo ba “cholediwa . . . mo maruñ, [ba] ea go kgatlhantsha Morèna mo loapiñ.” (1 Bathesalonia 4:14-17) Ga go tlhokege gore ba ‘robale’ mo lebitleng, ba letile tsogo. Fa baa swa ba “hetolwa . . . hèla, Ka gañwe hèla, ka ponyō ea leitlhō.”—1 Bakorintha 15:51, 52.

9. (a) Go tla ga ga Keresete mo go sa bonaleng go simologile leng? (b) Go ne go tshwanetse ga diragala eng ka nako ya go tla ga gagwe, mme ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba swang ka nako ya go tla ga ga Keresete ba ka kaiwa ba le “segō”?

9 Ditiragalo tse di dirafatsang boperofeti jwa Bibela di bontsha gore go tla ga ga Keresete, kana parousia, go simolotse ka ngwaga wa diphetogo wa 1914. (Mathaio 24:3, 7-14) “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè” ka nako eo. Morago ga tiragalo eno e e tshikinyang lefatshe go ne ga tla “lobaka loa bashwi go atlholwa.” Go atlholwa mo gammogo le go duelwa ga bao ba tshwanelang go simolotse ka bao ba tsogang mo “cogoñ ea ntlha” go tloga ka go tla ga ga Keresete mo tempeleng go ya pele. (Tshenolō 11:15-18) Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba swang ba ikanyegile morago ga go tlhomiwa ga bogosi jwa Modimo ba bidiwa ba ba “segō.” Ka ntlhayang? Ka go bo tsogo ya bone ke ya ponyo ya leitlho, e ba letlelela go simolola ditiro tsa bone tse disha le Keresete Jesu kwa legodimong ka gangwe fela.—Tshenolō 14:13.

10. Tsogo ya ba le 144 000 e bidiwa “cogō ea ntlha” ka ntlha ya mabaka afe?

10 Tsogo ya palo yotlhe ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 bao ba bileditsweng go busa le Keresete kwa legodimong, ka tshwanelo e bidiwa “cogō ea ntlha.” Mo go ntse jalo ka gonne e tla pele ga fa batho ka kakaretso ba tsosediwa go tshela mo lefatsheng, e le gore ba ba 144 000 ba nna “mabucwèla pele a Modimo le a Kwana.” (Tshenolō 14:1, 4; Yakobe 1:18) Seno se ba baya mo boemong jo bo botlhokwa, ka go bo ga go batho bape ba ba ka ‘dirwang boitekanelo kwa ntle ga’ baperisiti, dikgosi le baatlhodi bano ba le 144 000. (Bahebera 11:40b; Tshenolō 22:1, 2) Go feta moo, e tlotlometse go gaisa tsogo epe ya selefatshe, ka go bo ba le 144 000 bano ba tsosiwa “ka chwanō ea go coga ga [ga Keresete]” go ya botshelong jo bo sa boleng, jwa bosasweng jaaka bana ba Modimo ba moya.—Baroma 6:5.

Tsogo ya mo Lefatsheng

11. Go umakiwa tsogo efe gape mo go Tshenolō, kgaolo 20?

11 Fa go na le “cogō ea ntlha,” go a utlwala gore go tshwanetse ga latela e nngwe. Fa moaposetoloi Johane a tlhalosa gore go tla diragala eng mo letsatsing la katlholo la dingwaga tse di sekete le le umakilweng go sa le galenyana mo kgaolong yone eno, o kwala a re:

“Me ka bōna bashwi, bagolo le bannye, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi; me dikwalo diñwe tsa menololwa: me lokwalō lo loñwe loa menololwa, lo e leñ lokwalō loa botshelō: me bashwi ba atlholwa ka dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ, kaha ditihoñ tsa bōnè.”—Tshenolo 20:12.

12, 13. (a) Ke ka ntlhayang fa go sa utlwale gore go twe baswi ba ba setseng ga ba kitla ba tsosiwa go fitlhela dingwaga tse di sekete di fela? (b) Jalo lefoko “tshela” le le dirisitsweng go Tshenolo 20:5 le kayang? (c) Go tla lemogiwa jang gore ke maina a bomang ao labofelo a tla kwadiwang mo “lokwaloñ loa botshelō”?

12 “Bashwi” bano e ntse e le “bashwi ba ba setseñ” ba ba umakilweng mo temaneng ya botlhano ya yone kgaolo eno, bao ebile go tweng ga baa ka ba “tshela ga ba ga tla ga tsamaea dinyaga tse di makgolo a shomè tsa heta pele.” Mo ga go kitla go kaya gore ga ba tsosiwe go fitlhela letsatsi la katlholo la dingwaga tse di sekete le feta, ka go bo bao ba tsogang mo “cogoñ ea ntlha” ba neelwa “[nonofo ya] katlholo” ebile ba tla nna “baperisiti” ba bo ba “busa” le Keresete “ka dinyaga tse di makgolo a shomè.” (Tshenolo 20:4-6) Ba tla atlhola ba bo ba busa bomang jaaka dikgosi, mme ba tla emela bomang jaaka baperisiti, fa “bashwi ba ba setseñ” ba sa tsosiwe go fitlhela dingwaga tse di sekete di khutla?

13 Ka ntlha ya moo, lefoko le le reng “tshela” le tshwanetse la bo le bua ka boemo jwa kwa bokhutlong jwa letsatsi la katlholo le le boleele jwa dingwaga di le sekete. Le kaya gore batho bano baa “tshela” ka kutlwisiso ya gore labofelo ba bona boitekanelo jwa botho. Ba tla bo ba le mo boemong jo bo itekanetseng jo bo tshwanang le jwa ga Adame le Efa mo tshimong ya Edena. Jaanong Jehofa o tla lemoga jang gore ke maina a bomang ao a tshwanetseng go kwalwa mo ‘lokwalong lwa botshelo’? O tla lemoga ka teko ya bofelo ya batho. (Tshenolō 20:7-10, 12, 15) Bao ba itshupang ba ikanyega go Modimo ka teko ya bofelo Jehofa ka boene o tla ba ‘siamisa’ ba bo ba tsena mo “kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo” mo lefatsheng. (Baroma 8:21, 33) Ba tla amogela tlhomamisetso ya bomodimo ya go tshela ka bosakhutleng, e seng jaaka Adame, yo o reteletsweng fa a ne a lekiwa mme ka jalo ditšheruba tse di rometsweng ke Modimo tsa mo thibela go tla fa “setlhariñ sa botshelō.”—Genesise 2:9; 3:22-24.

14. Tsogo ya batho mo lefatsheng ka nako ya dingwaga tse di sekete e tla nna ya dipaka tse di botoka ka ditsela dife?

14 Ereka “bashwi [botlhe] ba ba setseñ” bao ba tsosiwang ka nako ya puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete ba tla bo ba na le sebaka sa go itshupa ba tshwanela gore maina a bone a kwalelwe ruri mo “lokwaloñ [lwa ga Jehofa] loa botshelō” le sa go tshela ka bosakhutleng mo bogosing jwa Modimo, baa bo ba tsogela dipaka tse di botoka go na le tsa batho ba se bakae bao ba tsositsweng mo metlheng ya Bibela mme ba swa gape. (1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:17-37; 13:20, 21; Mathaio 9:18, 23-26; Luke 7:11-15; Yohane 11:38-44; Ditihō 9:36-41; 20:7-12) Banna le basadi ba bogologolo ba nnile ba ikanyegile go Jehofa go fitlhela mo losong gore ba tle ba bone “go coga mo loshuñ mo go molemō bogolo” mo bogosing, kana mo ‘motseng,’ wa ga Mesia.—Bahebera 11:10, 13, 14, 35.

Tsogo le Katlholo

15, 16. (a) A Letsatsi la Katlholo ke sengwe se se ka boifiwang? Tlhalosa. (b) Ke mang yo o tla atlholang, mme go ya ka eng?

15 Re bone gore “bashwi ba ba setseñ” ba tsosiwa mo dingwageng tse di sekete gore ba tle ba ‘atlholwe . . . kafa ditirong tsa bone’ ka nako eo. (Tshenolō 20:12) Mogopolo o o boifisang wa letsatsi la katlholo la fa mongwe le mongwe yo o kileng a tshela a tshwanetseng go ikarabelela dibe tsa gagwe tsa nako e e fetileng ga wa thaiwa mo Bibeleng. Moko wa kgang eno o bontsha gore “dikwalō” tsa bomodimo, kana dibuka tsa molao, di tla bulwa le gore baswi ba ba tsositsweng ba tla atlholwa “ka dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ, kaha ditihoñ tsa bōnè,” ke gore, go ya ka kutlo kana botlhoka-kutlo jwa bone mo ditaelong tseo tsa bomodimo.

16 Ke mang yo o tla atlholang? Moaposetoloi Paulo o kwadile gore Jesu Keresete ke ene “eo o tla atlholañ batshedi le bashwi,” mme ka nako e e tshwanang o buile le ka “go bōnatshèga ga [ga Keresete], le ka bogosi yoa gagwè.” (2 Timotheo 4:1) Baatlhodi-mmogo ba le 144 000 ba tla nna le Keresete mo ‘ditulong tsa bogosi’ mo bogosing jwa gagwe jwa dingwaga tse di sekete. (Luke 22:28-30; Tshenolō 20:4, 6) Paulo o kwadile a re: “A ga lo itse ha baitshepi ba tla atlhola lehatshe?”—1 Bakorintha 6:2.

17, 18. (a) A Yohane 5:29 le Tshenolō 20:12 dia ganetsana? Tlhalosa. (b) Bangwe ba tla ‘tswela tsogelong ya tshekiso’ ka kutlwisiso efe?

17 Erile Jesu a bua ka seo se tla diragalang ka nako ya puso ya gagwe ya dingwaga tse di sekete, e e ntseng e le Letsatsi la Katlholo la dingwaga tse di sekete, o rile: “Rara ga a atlhole motho opè, me katlholō eotlhe o e neetse Morwa; . . . Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwe ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.”—Yohane 5:22-29.

18 A seno se ganetsana le Tshenolō 20:12, moo re balang gore baswi ba tla “atlholwa ka dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ,” e leng dikwalong tseo di se kitlang di “menololwa” go fitlhela ka nako ya dingwaga tse di sekete? Le e seng. Mafoko a ga Jesu mo go Johane kgaolo ya botlhano a tshwanetse a tlhaloganngwa mo leseding la tshenolo ya gagwe eo a e senoletseng Johane moragonyana. (Tshenolō 1:1) “Ba ba dihileñ molemō” mmogo le “ba ba dihileñ boshula” ba tla nna gare ga “bashwi” bao ba tla ‘atlholwang botlhe kafa ditirong tsa bone’ tse ba di dirileng morago ga tsogo ya bone. (Tshenolō 20:13) Fa Jesu a ne a bapisa ‘tsogelo ya botshelo’ le ‘tsogelo ya tshekiso [Segerika, a·naʹsta·sis kriʹseos],’ o ne a bua ka matswela a bofelo a ditsogo tseo. Buka ya Thayer’s Greek-English Lexicon e tlhalosa a·naʹsta·sis kriʹseos e le tsogo “e e latelwang ke katlholo.” Motho gaa tsosediwe gore a tle a atlholwe ka gangwe fela, mme tsogo ya gagwe e tla latelwa ke katlholo fa a gana go latela “dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ” mme ka gona a palelwa ke go dira gore leina la gagwe le ‘kwadiwe mo lokwalong lwa botshelo.’ Ke gona a tla swang “losho loa bobedi,” go sena tsholofelo epe ya tsogo.—Tshenolō 20:14, 15; 21:8.

19. le mokwalo-tlase. (a) Thanolo ya Bibela ya Sefora e ranola Johane 5:29 jang, mme go tla bonala leng fela gore tsogo ya mongwe ke ya “botshelō” kana ya “tshekishō”? (b) A “basiami” le “basiamolodi” ba ba umakilweng go Ditihō 24:15 ba tswa ka go refosana ba tswela mo “cogeloñ ea botshelō” le mo “cogeloñ ea tshekishō”? Tlhalosa.

19 Go a kgatlha go tlhokomela gore Ecumenical Translation ya Sefora (e e gatisitsweng ke setlhopha sa baithuti ba Ma-Katoliki mmogo le ba Boganetsa-Katoliki) e ranola Johane 5:29 jaana: “Bao ba dirileng molemo ba tla tswela tsogo e e isang botshelong; bao ba dirileng bosula, tsogo e e isang katlholong.” Tsogo ya motho e tla itsiwe gore e ne e le ya ‘tsogelo ya botshelo’ kana ‘tsogelo ya tshekiso’ fa fela matswela a bofelo a tsogo ya gagwe a phepafala.a

20. (a) Ke bomang ba ba tla tlhokang go nwa “metse a botshelō,” mme ka ntlhayang? (b) Go tla sekasekiwa potso efe mo setlhogong se se latelang?

20 Baswi ba ba tsositsweng mmogo le “boidiidi yo bogolo” joo bo falolang “sepitla se segolo” se se fela fa pele ba tla tlhoka go nwa “metse a botshelō,” ke gore, ka tebogo ba amogela setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo le dipaakanyetso tsotlhe tse dingwe tseo Jehofa a di direlang go golola batho mo sebeng le mo losong. (Tshenolō 7:9, 10, 14, 17; 22:1, 2) Dipaakanyetso tseno di tla dirisiwa ke Keresete le baatlhodi-mmogo le ene ba seperisiti ba le 144 000 ka nako ya Bogosi jwa dingwaga tse di sekete. Mme a baswi botlhe ba tla boa gore ba atlholwe, go akaretsa le ba ba suleng mo ‘sepitleng se segolo’ se se atamelang? Setlhogo se se latelang se tla tlotla seo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bao ba tsosediwang “cogeloñ ea botshelō” kana “cogeloñ ea tshekishō” ba se ka ba tsewa gore e ntse e le “basiami” le “basiamolodi” ba ba umakiwang ke Paulo go Ditihō 24:15. Paulo o bua ka boemo jwa batho ka nako ya fa ba tsosiwa, go ya ka boitsholo jwa bone pele ga loso. “Basiami” ba tla tshwanelwa ke go tsweletsa tsela ya bone ya tshiamo ka go utlwa dilo tse di kwadilweng mo “dikwaloñ.” Go seng jalo tsogo ya bone e ka felela ka gore e nne ya “tshekishō.” Mo letlhakoreng le lengwe, fa ope wa batho ba “basiamolodi” a ikwatlhaya, a amogela setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete a bo a utlwa dilo tse di kwadilweng mo “dikwaloñ,” tsogo ya gagwe e ka nna ya “botshelō.”

DIPOTSO TSA POELETSO

◻ Keresete ke “cogō le botshelō” jang?

◻ Ke bomang ba ba tsogang mo “cogoñ ea ntlha,” mme ba tla thusa Kgosi Jesu Keresete mo ditirong dife?

◻ Ke ka ntlhayang fa go le matshwanedi fa go twe ke “cogō ea ntlha”?

◻ “Bashwi ba ba setseñ” ba “tshela” jang morago ga dingwaga tse di sekete, mme tsogo ya bone e tlotlometse jang bogolo go ya batho bao ba tsoseditsweng go tshela mo lefatsheng mo metlheng ya Bibela?

◻ Baswi ba ba tsositsweng ba tla atlholwa go ya ka eng, mme ba tla tlhoka eng gore ba gololwe mo sebeng le mo losong?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 21]

“Batho botlhe ga ba na bosasweng jaanong mme Bakeresete ba bo bona mo nakong e e tlang. . . . ga go ke go nna le bosasweng pele ga tsogo.”—The New International Dictionary of New Testament Theology

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bibela e bontsha gore baswi ba bantsi ba tla tsosediwa go tshela mo lefatsheng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela