Boikanyegi go “Bogosi yoa Morèna oa Rona le yoa ga Keresete oa Gagwè”
“Kea gu rata, Yehofa, thata ea me. Eo o kutlwèlō botlhoko u tla mo ichupetsa ha u le kutlwèlō botlhoko.”—Pesalema 18:1, 25.
1. (a) Dafide o ne a arabela boikanyegi jwa Modimo jang? (b) Ke temogo efe eo Dafide a e dirileng, go fitlha mo botsofeng jwa gagwe?
JEHOFA ka boikanyegi ke Ene yo a beileng Dafide mo setulong sa bogosi gore a buse Iseraele yotlhe. E ne e le ka ngwaga wa 1070 B.C.E. Erile Dafide yo o beilweng mo setulong sa bogosi a anaanela bopelonomi jo bo lorato jo jwa bomodimo, ka metlha o ne a dumela fa Modimo e le Kgosi ya gagwe, ka gone e le Kgosi e Kgolo ya Iseraele. E le gore Modimo o lebisitse mo setlogolwaneng sa moragorago sa ga Dafide e bong Mesia, o ne wa re: “Leha go nntse yalo ke tlhomile kgosi ea me mo thabaneñ ea me e e boitshèpō ea Siona.” (Pesalema 2:6) Fa Dafide a ikobela Mmusi wa boammaaruri wa selegodimo, o ne a re: “Reetsa lencwe ya go goa ga me, Kgosi ea me, le Modimo oa me: gonne ke rapèla wèna. Yehofa, u tla utlwa lencwe ya me go sa le ka moshō.” (Pesalema 5:1-3) Erile Dafide a neela morwaawe Solomone setulo sa bogosi a setse a tsofetse, o ile a rapela Modimo fa pele ga phuthego yotlhe ya Iseraele mme a re: “Bogosi ke yoa gago, Yehofa, me u goledicwe u le tlhōgō mo godimo ga cotlhe. Khumō le eōna tlotlō di cwa mo go wèna, me u busa gotlhe hèla.”—1 Ditihalō 29:11, 12
2. (a) Re tshwanetse go dumela kgang efe ya bogologolo gompieno? (b) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go araba potso efe ya botlhokwa jaanong?
2 Ntlha yotlhe e e botlhokwa-tlhokwa eo Kgosi Dafide a e boletseng phatlalatsa bogologolo ke eo rona dibopiwa tsa batho, bao re seng dikgosi, re tshwanetseng go e bolela kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong. Gore Jehofa Modimo a laole lobopo lotlhe ke kganetsano ya bogologolo-tala e e rutiwang mo Bibeleng e e Boitshepo. Ke kgetsi ya bomodimo ya molao e jaanong e leng fa pele ga batho botlhe le merafe yotlhe gore e sekisiwe labofelo. Kganetsano eno e tshwanetse ya wediwa ka botlalo fa pele ga legodimo lotlhe le lefatshe mo metlheng yone e. Jehofa o tla fenya a ba a tlhatswega molato, go bontsha kwantle ga pelaelo gore ke Kgosi kana Molaodi wa lobopo lotlhe. Potso e e botlhokwa-tlhokwa go rona rotlhe ke gore, Ke mang yo jaanong a tla nnang a ikanyega mo bogosing jwa ga Jehofa? Ruri ka mo re emang ka gone jaanong mo kgannyeng eno go ama go amogela ga rona botshelo jo bo sa khutleng kana go bona tshenyego e e sa khutleng jang!
3. Ke masetlapelo afe a a diragetseng ka 607 B.C.E., mme ke ka ntlhayang fa seno se sa bontsha gore Modimo o no o sa ikanyege?
3 Lefa go ntse jalo, a Jehofa Modimo o ile a latlha bogosi jwa gagwe bogologolo ka ngwaga wa 607 B.C.E.? Ke ka ntlhayang fa go bodiwa jalo? Ka go bo mo ngwageng oo o ne a letlelela Mmuso wa Ba-Babilona tlase ga Nebukadenesara gore o senye motse wa Jerusalema gammogo le tempele ya ona le go menola bogosi jwa Bajuda go fitlha le gompieno. Ke boammaaruri, mme ka tsela eo Modimo ga wa ka wa latlha bogosi kana bolaodi jwa ona. Tota, ke Ena yo o laotseng go senngwa ga motse wa segosi wa Jerusalema. Mme seno e ne e se kgato ya go sa ikanyege mo bogosinyaneng jwa gagwe jo bo tshwantshetsang jo bo laolang batho ba gagwe ba ba tlhophilweng. O ne a dira fela go ya ka ditumalano tsa kgolagano e a neng a e dirile le Iseraele le e e neng e okeditswe mo kgolaganong ya bogologolo ya ga Aberahame. Ka ngwaga oo wa masetlapelo wa 607 B.C.E., Juda le masalela a Iseraele e ne e setse e le baroba-molao ba ba pepenene. Jalo Modimo wa dirisana le bone go ya ka ditumalano tsa kgolagano ya gagwe ya Molao e e tseregantsweng ke Moshe kwa Thabeng ya Sinai.
Kgosi e e nang le “Tshiamèlō”
4. Mafoko a a tlhotlheleditsweng a Esekiele 21:25-27 a bontsha boikanyegi jwa ga Jehofa jang?
4 Malebana le kgosi ya bofelo ya Judea kwa Jerusalema, Modimo o ne wa tlhotlheletsa moperofeti wa gagwe Esekiele (yo o neng a setse a fuduseditswe kwa Babilona) go re: “Le wèna moikepi eo u tlhabilweñ loa go shwa, kgōsana ea Iseraela, eo lobaka loa gago lo tsileñ, mo motlheñ oa boikèpō yoa bokhutlō; Morèna Modimo o bua yana: a re, Tlosañ tlhoro, lo rolè serwalō: ga go ketla go tlhōla go nna yalo: goletsañ se se kwa tlhatse, kokobetsañ se se godileñ. Ke tla ribegetsa, ke ribegetsa, ke go ribegetsa: le gōna go mo ga go ketla go tlhōla go nna, go tsamaea go tla èna eo tshiamèlō ea gōna e leñ ea gagwè: me ke tla go mo naea.”—Esekiele 21:25-27.
5. (a) Ke ka ntlhayang fa go senngwa ga bogosi go ne go tla nna fela ga nakwana? (b) Seno se ne sa tlhomamisiwa jang mo dingwageng tse di fetang 600 moragonyana?
5 Go ya ka mafoko ao Morena Jehofa Modimo o ne a sa ntse a laola merero ya Bogosi joo ka botlalo. Go senyega ga bogosinyana jwa gagwe mo lefatsheng e ne e tla nna ga nakwana fela. Ka nako ya gagwe e e tshwanetseng go ne go tla tla mongwe yo o neng a na le tshiamelo go nna kgosi ya Bomesia, mme Morena Jehofa Modimo o ne a tla bo mo naya. Go fitlha ka nako eo go dirisiwa ga tshiamelo ya go nna kgosi go ne go tshwanetse ga nama go eme. Ereka tshiamelo ya kgolagano e ne e le mo lelapeng la segosi la ga Dafide, yo o neng a tla tla a bo a newa bogosi e ne e tshwanetse go nna setlogolwana sa Kgosi Dafide yo o ikanyegang. Kgolagano eno ya bogosi jo bo sa khutleng mo moleng wa lelapa la ga Dafide e ne e dirilwe le ene ka ntlha ya boikanyegi jwa ga Dafide mo bogosing jo bo sa khutleng jwa ga Jehofa. (2 Samuele 7:8-16) Go feta makgolo a dingwaga a le marataro moragonyana, kana ka ngwaga wa 2 B.C.E., moengele yo o tswang go Modimo o ne a bonalela setlogolwana sa mosadi sa ga Kgosi Dafide mme a mmolelela gore o ne a tshwanetse go nna mmaagwe morua-boswa yo o solofeditsweng wa ga Dafide. Moengele o ne a tswelela ka go re: “Morèna Modimo o tla mo naea setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè: Me o tla busa ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ; me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.” Leina la gagwe e ne e tshwanetse go nna Jesu.—Luke 1:32, 33; Mathaio 1:18-23.
6. (a) Jesu o nnile morua-boswa wa bogosi jwa ga Dafide yo o siameng jang? (b) Ke ka ntlhayang fa bogosi jo e nnile jo bo fetang jwa lefatshe fela?
6 Fa Jesu Morwa Modimo yo o tswang legodimong a ne a tsalelwa mo motseng o Dafide a tsaletsweng mo go one, e leng Bethelehema, o ne a nna morua-boswa wa tlholego wa tsholofetso ya kgolagano ya Bogosi eo Modimo o neng o e dirile le rraagwe-mogolo Dafide. Tshiamelo ya Bogosi e nnile ya gagwe ka semolao le ka tlholego. Mme erile Jesu a kolobediwa a bo a tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo, Rraagwe wa selegodimo, bogosi joo bo nnile jo bo fetang mmuso wa selefatshe godimo ga ntlo ya ga Jakobe kana Iseraele. Ka tiragalo eo o ile a tsalwa ka moya wa ga Rraagwe wa selegodimo mme jalo a nna Morwa wa semoya wa Modimo a beetswe botshelo jwa selegodimo. Ereka e le ene, o ne a tlodiwa ka moya wa Modimo mme jalo a nna Mesia, sereto se se rayang Motlodiwa.—Ditihō. 4:27; 10:38; Isaia 61:1-3.
7. (a) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a sa amogele bogosi jwa Bomesia ka bonako? (b) Ga jaanong, ke bogosi bofe joo balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba neng ba tla bo dumela?
7 Ereka jaanong bogosi e ne e le jwa selegodimo, Modimo ga wa ka wa bo mo naya fa a santse a le mo lefatsheng, ebile e seng ka bonako fela fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong. Lemororo a ne a itsisitswe jaaka Kgosi ya phuthego ya gagwe ya semoya ya barutwa ba ba tloditsweng mo lefatsheng, go newa ga gagwe bogosi jwa Bomesia go ne go tshwanetse ga leta go fitlha bokhutlo jwa seo Jesu ka boene a neng a se bitsa “metlha ea badichaba” kana ‘metlha e e laoletsweng merafe.’—Bakolosa 1:13; Luke 21:24.
8. (a) Ke lobaka lofe lo lo lekanyang ‘metlha e e laoletsweng merafe,’ mme ke ditiragalo dife tse di utlwalang tse di tshwayang bofelo jwa yone? (b) “Seshupō” seo se ne sa nna se se tlhotlheletsang jang, mme karolo e e tlhomologileng e nnile efe?
8 ‘Metlha e e laotsweng’ eo e ne e setse e simologile ka 607 B.C.E. ka go senngwa ga ntlha ga Jerusalema ke Ba-Babilona, e latelwa ke tshenyo e e feletseng ya lefatshe la Judea. Go ya ka buka ya boperofeti ya ga Daniele, kgaolo ya 4, “metlha” eo e ne e tshwanetse go nna supa ka palo, e lekana le dingwaga di le 2 520. Jalo, ereka di simologile ka tshenyego e e feletseng ya Jerusalema le lefatshe la Juda le la Benjamene go sa le gale ka dikgakologo tsa 607 B.C.E., e ne e tshwanetse go khutla ka dikgakologo tsa 1914 C.E. Jalo, Ntwa ya Lefatshe I e ne e kaya sengwe fa e ne e simolola mo karolong ya bofelo ya 1914. Ka tsela eo boperofeti joo Jesu a bo neetseng kaga “seshupō” se se tshwayang “bokhutlo yoa lehatshe” se ne sa simolola go diragala. (Mathaio dikgaolo 24, 25; Mareko kgaolo 13; Luke kgaolo 21) Fa e sale go tloga foo “seshupō” se se boleletsweng-pele se nnile sa phepafalela-pele ebile se bonala go feta. Erile Jesu a supa se e neng e tla nna karolo e e tlhomolosegileng ya “seshupō” seo, o ne a re: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
9, 10. (a) Mabapi le kgang ya boikanyegi, go ne go gorogile nako efe jaanong? (b) Ba ba sa ikanyegeng ba legodimo ba ne ba lelekiwa jang, mme ka phelelo efe go lefatshe la rona?
9 Ah ee, jalo nako e ne e bile ya goroga ya gore Morwa yo o galaleditsweng wa Modimo a neelwe bogosi jwa ga Dafide kwa legodimong, ka go bo e ne e le ena fela yo o neng a na le “tshiamèlō” ya jone go ya ka molao o mogolo wa Modimo. Se se ne sa baka gore go lowe kwa legodimong. Ka ntlhayang?
10 Ka go bo Kgosi ya Bomesia ka nako eo e ile ya simolola go busa, nako e ne e tlile ya gore a leleke baganetsi botlhe ba mmuso o mosha mo legodimong, e leng Satane Diabolo le masole a gagwe a bademona. Ba ne ba piriganyediwa kwa tlase mo lefatsheng, moo tsamaiso e e laolwang ke bademona e neng e santse e le teng. Masole ao a a bosula a baengele a thibetswe ka bosakhutleng kwa magodimong a Modimo koo go nnang baengele ba gagwe ba ba ikanyegang. Baengele bao ba ba latlhilweng ba ba tsuolodi ba tla tswelela ba thibeletswe mo lefatsheng go fitlhela ba tswalelwa mo moleteng wa go thibelwa ka mo go feletseng ka dingwaga di le sekete. “Ntwa mo legodimoñ” le diphelelo tsa yone di tlhalositswe ka boperofeti mo kgaolong ya 12 ya Tshenolō. Morago ga ba sena go lelekwa kwa legodimong, pina ya phenyo ya baengele e ne ya utlwala jaana: “Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna [Mesia]: gonne mopateletsi oa bakauleñwe ba rona, eo o nntseñ a ba pateletsa ha pele ga Modimo oa rona motshegare le bosigo, o piriganyedicwe kwa tlhatse.” (Tshenolō 12:10) Se se ne sa kayang mo baaging ba kgolokwe eno ya lefatshe? Tatlhego e e feteletseng go batho botlhe mo lefatsheng!
Nako ya Katlholo ya Baikanyegi
11, 12. (a) Ke teko efe ya boikanyegi eo jaanong e diragalang? (b) Go rera ka bogosi go kopanyelediwa jang? (c) Eno ke nako ya thobo jang, mme baengele ba ka tswa ba dirisiwa jang?
11 Mo nakong eno ya “go latlhèga [ga] lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane,” e nnile nako ya go lekwa ga boikanyegi—boikanyegi mo tsamaisong ya dilo ya ga Diabolo e e atlhotsweng kana boikanyegi mo bogosing jwa Modimo jo jaanong bo tlhomilweng mo magodimong mo diatleng tsa ga Jesu Keresete. (Tshenolo 12:12) Ke nako ya fa botlhe ba ba ipolelang e le barutwa ba ga Keresete ba tshwanetseng go bewa mo katlholong go tlhomamisa bogolo jwa boikanyegi jwa bone mo bogosing jo bo tlhomilweng joo. A ba tla nna bareri ba ba tlhoafetseng ba mafoko a a molemo a bogosi joo “mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe”? Lobaka lono lwa phetogo gape lo tshwantshiwa le motlha wa thobo wa go aroganya Bakeresete ba boammaaruri mo go ba maaka. Fela jaaka Jesu a ne a perofeta mo setshwantshong sa gagwe sa mabele le mofero kana (mofoka): “Thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe; barobi ke baengele.” (Mathaio 13:39) Baengele bano e ka nna ya bo e le bone ba ba dirisiwang ke Molaodi Morena Jehofa go diragatsa taolo e e kwadilweng go Pesaleme 50:5 e re: “Phuthèlañ baitshepi [baikanyegi] ba me kwa go nna; ba ba dihileñ kgōlaganō le nna ka setlhabèlō [Sehebera: ba ba segang kgolagano ya me].”
12 Go ba ba ipolelang e le Bakeresete mme ba retelelwa ke go falola teko ya boikanyegi mo Bogosing, Modimo o re: “U dihañ ka go bolèla melaō ea me, ha e bo ne ne hano u tsere kgōlaganō ea me mo molomoñ oa gago?”—Pesaleme 50:16.
13, 14. (a) O ne o tla lemoga “kgōlaganō” e e mo go Pesalema 50:5, 16 jang? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse ba ikanyega go dikgolagano dife tse pedi?
13 “Kgōlaganō” e go buiwang ka yone mo ditemaneng tse di fa godimo tseno (5, 16) ga se ya botho e e diriwang ke ba ba ikanyegang ka setlhabelo sa botho ka mongwe ka mongwe. Go na le moo, ke kgolagano ya bomorafe. Kgolagano ya Molao wa ga Moshe e e dirilweng le morafe wa Iseraele kwa Thabeng ya Sinai mo Arabia e ne e dirisiwa ka boperofeti gore e emele kgolagano e ntšha e e dirilweng le “morahe o o boitshèpō” wa Baiseraele ba semoya ka Moshe yo Mogolwane, Jesu Keresete, jaaka motsereganyi. (Yeremia 31:31-34) Mo bosigong jwa Tlolaganyo ya 33 C.E. Jesu o ne a simolola Selalelo sa Morena kana Sejo sa Maitseboa, mme a re: “Senwèlō se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.” (Luke 22:20) Jalo kgolagano e ntšha e ne ya tlhomamisiwa ka madi a setlhabelo jaaka a tsholotswe fa Jesu Keresete a ne aa swa. ‘Baikanyegi’ bao Jesu a ba tlisang mo kgolaganong e ntšha o ba tlisa mo ‘kgolaganong ya bogosi.’ (Luke 22:28-30 NW; Mathaio 26:29; Mareko 14:25; Pesalema 116:15) Go tweng he?
14 Bakeresete ba ba tlisitsweng mo kgolaganong e ntšha, e e leng “kgōlaganō . . . ka setlhabelo,” ga baa tshwanela go ikanyega go yone fela mme gape ba tshwanetse go ikanyega mo ‘kgolaganong ya bogosi.’ Bano ke Baiseraele ba semoya, “Iseraele oa Modimo.”—Bagalatia 6:16.
15. Baiseraele ba semoya ba tshwanetse go itshupa ka ditsela dife e le baikanyegi?
15 Mo ‘bokhutlong jono jwa lefatshe’ go na le masalela a Baiseraele bano ba semoya ba ba santseng ba le mo lefatsheng. Ke bone ba ba patelesegileng segolo gore ba tseisane le boperofeti jwa ga Jesu jo bo reng: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Mathaio 24:14) Ga baa tshwanela go fapoga patelesego eno, fa ba batla go ikanyega go “bogosi yoa Morèna oa rona [Jehofa], le yoa ga Keresete oa gagwè.” (Tshenolō 11:15) Ga baa tshwanela go nna karolo ya tsamaiso eno ya dilo e e atlhotsweng le dipolotiki tsa yone, kgwebo ya yone ya bopelotshetlha le bodumedi jwa yone jwa maaka. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba tlhoafalela go rapela thapelo e Morena wa bone a e ba rutileng: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Go na le gore ba itsenye mo dipolotiking tsa tsamaiso eno ya dilo e e kgaoganeng, ga baa tshwanela go fapoga mo go direng seo Mong wa bone e leng “Kgosi ea dikgosi, le Morèna oa barèna,” a se buileng a re: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō eotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Tshenolō 19:16; Mathaio 6:33) Ba ka itshupa fela ka tsela eno gore ke ‘baikanyegi’ ba e leng ba Iseraele wa semoya o o ‘dirileng kgolagano le Jehofa Modimo ka setlhabelo,’ e leng setlhabelo sa ga Jesu, yo o tseregantseng kgolagano e ntšha eno.
“Dinku di sele” tse di Ikanyegang
16. Ditema tsa Dikwalo tse di tsopotsweng fano di supa setlhopha se sengwe sa baikanyegi ba bantsi ka palo jang?
16 Setlhopha sa batho ba ba ineetseng ba bo ba kolobediwa ba ba neng ba tshwantshiwa ke “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” ba ba tswileng mo Egepeta mmogo le Baiseraele ebile ba ne ba le teng fa go dirwa kgolagano ya Molao kwa Thabeng ya Sinai, ga baa tshwanela go supa boikanyegi jo bo botlana gompieno. (Ekesodo 12:38; Dipalo 11:4) Bano ba ne ba emelwa ke “boidiidi yo bogolo” jo moaposetoloi Johane a bo tlhalosang mo go Tshenolo 7:9-17. Mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku le dipodi ba tshwantshiwa gape le “dinku” tse di direlang bomonnaa Kgosi Jesu Keresete ba semoya molemo, fa e sale a simolola go busa ka 1914.—Mathaio 24:3; 25:31-46.
17. (a) “Boidiidi yo bogolo” ke bontlhanngwe jwa eng, mme ba nna ba “saka le le leñwe” le bomang? (b) Ba ka “segōhala” jang? (Genesise 22:15-18)
17 Baikanyegi bano ke ba “dinku di sele” tseo Jesu a rileng e ne e se tsa “saka ye [la ga Aberahame]” leo mo go lone “lecomanyane” la ba ba 144 000 le iphitlhelang mo go lone. Lefa go ntse jalo, “boidiidi yo bogolo” jono jwa baikanyegi e nna “lecomane le le leñwe hèla” le ba ba mo ‘sakeng’ leo ka go tsalanngwa thata-thata le barua-boswa bao ba bogosi jwa Rraabone wa selegodimo. (Yohane 10:16; Luke 12:32) Gore ba tle ba nne mo ‘letsomaneng leo le le lengwe fela’ mmogo le ‘baikanyegi’ bao ba ba leng mo kgolaganong e ntšha le Jehofa Modimo ka setlhabelo sa ga Keresete, le bone gape ba tshwanetse go bontsha boikanyegi jwa bone mo bogosing jwa Morena Jehofa Modimo wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe.
18. (a) Ba ba itshupileng ba ikanyega ba tla duelwa ka eng jaanong? (b) Re ka bontsha kanaanelo ya boikanyegi jwa ga Jehofa go rona jang?
18 Tuelo ya jaanong ya ba ba itshupang ba ikanyega e kgolo tota. Erile Kgosi Dafide wa bogologolo a tlhotlhelediwa ke kanaanelo ya gagwe ka Jehofa Modimo Kgosi ya selegodimo, a mo raya a re: “Eo o kutlwèlō botlhoko [yo o ikanyegang] u tla mo ichupetsa ha u le kutlwèlō botlhoko [fa o ikanyega].” (Pesalema 18:25; 2 Samuele 22:26) Gape Dafide o ne a re: “Jehofa o rata katlholō; ga a latlhe baitshepi [baikanyegi] ba gagwè.” (Pesaloma 37:28) Diane 2:8 e re tlhomamisetsa ka go re: “[O dibela] tsela ea baitshepi [baikanyegi] ba gagwè.” Ee, Jehofa ke ene yo o kwa godimo-dimo mo boikanyeging, mme Keresete wa gagwe o mo etsa ka botlalo mo nonofong eno. Ka go tlhotlhelediwa ke go anaanela boikanyegi jwa Modimo go rona ka Keresete, a rona, mo motlheng o wa katlholo, re supeng boikanyegi jwa rona jo bo sa reketleng go Jehofa le go bogosi jwa gagwe jo bo tlhomilweng ka Jesu Keresete, Morwa wa gagwe yo o ikanyegang thata!
FA GO SOBOKANNGWA, BOIKANYEGI BO BONTSHIWA JANG FA—
◻ Dafide a bolela gore Jehofa ke Kgosi?
◻ Jehofa a ne a atlhola Jerusalema yo o sa ikanyegeng?
◻ Jehofa a neela Morwaawe bogosi jwa ga Dafide ka 1914?
◻ Kgosi ya Bomesia e lwa ntwa ya kwa legodimong?
◻ Masala a a tloditsweng a theogetse gompieno?
◻ “Boidiidi yo bogolo” bo ema masala nokeng?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Baengele botlhe bao ba neng ba sa ikanyege go bogosi jwa Modimo ba ne ba kubiwa kwa legodimong fa Morwa Modimo yo o ikanyegang a simolola go busa