Mophato wa Boganka wa Batlhabani ba ga Jehofa ba Nako e e Tletseng
“[Nna] yaka motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu. Ga go motlhabani opè eo o reñ a le mo ntweñ a be a itlhakatlhakantse le dilō tsa botshelō yono; e be e le gore a kgatlhè èna eo o mo kwadileñ motlhabani.”—2 Timotheo 2:3, 4.
1, 2. Ke pitso efe ya bareri e e ntshitsweng dingwaga di le 100 tse di fetileng, mme ka phelelo efe?
“GO BATLEGA BARERI BA LE 1 000” Setlhogo seno se tlhageletse mo kgatisong nngwe dingwaga di ka ne di le 100 tse di fetileng, mme kitsiso eno e e sa tlwaelegang eno e ne e se karolo ya koranta ya go batla badiri. Go feta moo, karabelo e ile ya feta kgakala moo mogatisi a neng a lebeletse ka teng. Ke mang yo o neng a opa mokgosi oo, mme go arabetse bomang? Gape wena o akarelediwa jang gompieno?
2 E ne e le mo ngwageng wa bobedi wa fa makasine o jaanong o itsiweng lefatshe ka bophara jaaka Tora ya Tebelo o ntse o gatisiwa fa o ne o opela bareri mokgosi o o tlhotlheletsang jalo. Mme go ne go sa senkiwe baruti go re ba tlatse mafelo a therelo a dikereke. Bibela ga e tlhagisetse bao ba tla direlang jaaka bareri ba molaetsa wa Modimo maemo ao. Bogolo, ka 1881 bagatisi ba Tora ya Tebelo ba ne ba lebeletse batho ba ba ratang go “ya le metse kana metsana, go ya ka kgono ya lona, jaaka Barekisi ba dibuka kana Baefangele.” Go ne go bidiwa bao ba ratang ebile ba kgona go neela nako ya bone e e tletseng mo go rereng boammaaruri jwa Bibela. Bao ba neng ba arabela ba simolotse ba rotha jaaka marothodi, ba sekae fano le fale, mme kwa bofelong ba ne ba fitlha go 300 ka 1885. Lefa go ntse jalo, ba setse ba porometsegile ka dikete, dikete tse di masome, go fitlha mo palogareng ya 151 180 ka 1981.
3. Leina la bareri bano le fetogile jang?
3 Basupi ba ga Jehofa ga ba sa tlhole ba kaya bareri bao ba nako e e tletseng jaaka “barekisi ba dibuka,” e leng lefoko la Sefora le le gatelelang ntlha e le nngwe fela ya tiro ya bone, ya go aba Dibibela le dibuka tse di tsamaisanang le Bibela. Yone ke bontlhanngwe jwa tiro ya bone e kgolo. Lefoko le lengwe le neela bokao jo bo tletseng mo tirong ya mophato ono wa semoya wa baefangele ba ba rweleng “Mahoko a a Molemō.” (2 Timotheo 2:3, 4; Luke 8:1; 10:1) Lefoko leo ke “mmulatsela.”
Batlhabani ba Babulatsela mo Mophatong wa Semoya
4. Lefoko “mmulatsela” le simologile kae ebile le kayang?
4 Ke ka ntlhayang fa “mmulatsela” e le leina le le tshwanelang Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang bareri ba nako e e tletseng? Lefoko leno kwa tshimologong le ne le na le bokao jwa sesole, malebana le lesole, mme e se lesole le le tlwaelegileng la dinao. Le ne le kaya moenjenere wa sesole, e leng yo o neng a tsamaela kwa pele ga mophato otlhe a aga maborogo, ditsela le dikgatampi tsa boitshubelo tsa masole. Ka jalo, “go bulatsela” go bile ga kaya go baakanya tsela kana go e bula, mme “mmulatsela” e ne e le ene yo o etelelang-pele, a phunyeletsa kwa pele go sa kgathalesege mathata kana kgoreletso, jaaka fela bathibeledi ba Bophirima jwa Amerika Bokone ba dirile. Lefoko leo le akantsha motho wa senatla, yo o gagamalelang-pele go fitlha a bona mokgele wa gagwe. Abo tlhaloso eno e tshwanela bao ba e leng “masole” a a intshitseng setlhabelo a nako e e tletseng a ga Jesu Keresete jang ne!a
5. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ka bidiwa “masole”? (Filemone 2; Bafilipi 2:25)
5 Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba ka tshwantshwanngwa le masole ao a leng mo ntweng ya semoya. (1 Timotheo 6:12; 2 Timotheo 4:7; Yude 3) Re na le mmaba a le mongwe yo o ikaeletseng go re senya—e leng Satane. O rulagantse masole a gagwe a a sa bonaleng a bademona, gammogo le tsamaiso ya gagwe e e bosula e e bonalang ya dilo, go nna mophato o o boitshegang wa go ganetsa barutwa ba boammaaruri ba ga Keresete. Lefa go ntse jalo, lefatsheng ka bophara, Bakeresete ba ba ka nnang 2 300 000 ba arabela taolo eno e e tlhotlheleditsweng: “Lo èmelanè naè [Diabolo], lo nitame mo tumeloñ.” (1 Petere 5:9) Bano ke Basupi ba ga Jehofa bao, lefa ba le bokoa ebile e se ba sepe ka bobone, ba atlegang mo ntweng ya bone ya semoya kgatlhanong le mmaba wa bone yo o boitshegang.—Yakobo 4:7, 8, 10.
6. Lefoko “lesole” gape le tshwanela Bakeresete jang?
6 Lesole le le mo ntweng le akantse ka selo se le sengwe fela, e leng ntwa e e fagileng. Go hepisiwa ke dilo tse e seng tsa botlhokwa go kotsi mo go ene. Moaposetoloi Paulo o reile molekane wa gagwe yo mosha, e leng Timotheo, a re: “U tlhakanèlè bothata le nna, yaka motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu. Ga go motlhabani opè eo o reñ a le mo ntweñ a be a itlhakatlhakantse le dilō tsa botshelō yono; e be e le gore a kgatlhè èna eo o mo kwadileñ motlhabani.” (2 Timotheo 2:3, 4) Legale, Paulo le Timotheo e ne e se masole a morafe mongwe kana a bogosi bongwe jwa lefatshe. An Expository Dictionary of New Testament Words ya ga W. E. Vine e bolela gore lefoko “motlhabani” fano le kaya “ka tshwantshiso mongwe yo o itshokelang bothata ka ntlha ya ga Keresete.”
7. Ke karolo efe eo babulatsela ba nnileng le yone mo mophatong wa Bokeresete wa batlhabani ba semoya?
7 Mo batlhabaning bano ba Bakeresete ba ba dimilione ba ba atlegang, go na le ditlhopha tsa kwa pele, e leng badihedi ba nako e e tletseng. Ruri bontsi jwa bone bo “butse tsela” ka kutlwisiso ya go tsamaela kwa pele ga mophato otlhe, ba o bulela tsela. Gantsi babulatsela ba tsene mo ditshimong tseo mafoko a a molemo a bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo a iseng a ke a rerwe. Barongwa bangwe ba babulatsela ba ile kwa mafatsheng a sele koo ba neng ba tshwanetse go ithuta mekgwa e sele le dipuo tse di thata, ba lebagane le maemo a a sa ba siamelang, malwetsi le ditumelo tsa bodemona. Ba tlhomile maborogo go kgabaganya dithibelo tsotlhe tseno, ba bula ditselana ka marumo a semoya ba bo ba tlhoma “ditshegetsa-maborogo” tse e nnileng diphuthego tse di nonofileng. Ba butse tsela mo mafelong ao mo dingwageng di sekae moragonyana mophato otlhe wa batlhabani ba Bakeresete o rerang molaetsa wa ga Keresete wa kgololesego ya semoya.—Isaia 60:22.
8. Baithaopi ba thusa jang mo mophatong ono wa semoya? (Baatlhodi 7:3)
8 Ngogola palogare ya batlhabani bano ba nako e e tletseng mo tshimong ya lefatshe lotlhe e ne e le 151 180 kgwedi nngwe le nngwe. Botlhe ke baithaopi mme ga go na ba ba thapetsweng tuelo. (Pesalema 110:3) Seo se a tshwanela, ka go bo masole a a tsenngwang mo ntweng lefa e le efe e se ka go rata ga bone, kana ba ba direlang go bona tuelo, gantsi ba itshupa e se ba ba tlhomameng fa ntwa e fagile. Ba nyema mooko mme ba ineele kana ba tlogele. Mme, fa e le gore babulatsela ke baithaopi, ba sena tuelo e e bonalang, ke ka ntlhayang fa ba ka neela nako ya bone e e tletseng fa go na le dimilione tsa Bakeresete ba ba ineetseng ba ba sa direng jalo? A go raya gore ba bula tsela ka go bo ba solofela tuelo nngwe e kgolwane mo nakong e e tlang bogolo go bao maemo a tla ba dumelelang go senya fela dioura di le 10, 20, 30 kana dife kgwedi nngwe le nngwe mo tirelong? Nnya, babulatsela ba ba pelo-e-phepa ba dira ka natla jaana gore ba bontshe go ineela ga bone ka moya otlhe go Jehofa Modimo. Fela jaaka Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng wa boammaaruri, ba batla go dira sotlhe se ba ka se kgonang mo go direleng Modimo wa rona o o lorato. Ke mang he, yo o ka kgonang ebile a tshwanetse go bulatsela? Tswee tswee akanya ka boemo jwa gago le pono ya gago
Go Bala Madi
9. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba bangwe ba ka se kgone go bula tsela?
9 Fa motho a ntse a sekaseka gore o ka kgona kana o tshwanetse go nna modihedi wa mmulatsela, o tshwanetse go akanyetsa mabaka a le mmalwa. Kwantle ga pelaelo maemo a gagwe a botho mo botshelong a tla nna le seabe. Go na le dipatelesego tseo di tshwanetseng go tla pele ga go rera ka nako e e tletseng. (Duteronome 24:5) Moaposetoloi Paulo o kwadile gore Mokeresete yo o se kitlang a tlamela ba lelapa la gagwe “o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.” (1 Timotheo 5:8) Jalo, mo go ba bangwe, dipatelesego tsa lelapa di ka dira gore bobulatsela bo seka jwa kgonega jaanong. Maemo a mofuta o o farologaneng a mabapi le boitekanelo le bogolo. Tseno di tshwanetse go akanyediwa, lefa go na le ba bantsi ba ba bokoa, kana ba ba tsofetseng, ba ba direlang jaaka babulatsela.
10. Tumelo e akarelediwa jang mo bobulatseleng?
10 Gape, lesole la mmulatsela le tshwanetse go nna le tumelo e e nitameng, ka go bo go direla mo boemong joo ga go motlhofo. Paulo ka mo go tlhamaletseng o lomaganya tumelo eo le go bolela ga Mokeresete phatlalatsa boammaaruri, fa a kwala a re: “Tlhabana ntwa e e molemō ea tumèlō, u chwarè botshelō yo bo sa khutleñ, yo u bo biledicweñ, me ua ipolèla ka boipolèlō yo bo molemō mo ponoñ ea bashupi ba le bantsi.” (1 Timotheo 6:12) Lefa tumelo e batlega mo go botlhe ba ba mo mophatong wa Modimo, go na le pharologanyo magareng a go bontsha tumelo mo tirong ya go rera ka sewelo le go dira jalo dioura di le dintsi letsatsi lengwe le lengwe. Lefa go ntse jalo, go ka umakiwa gore go nna teng ka metlha mo go boleleleng ba bangwe boammaaruri go ka oketsa tumelo ya motho.—2 Bathesalonia 1:3.
11. (a) Bakeresete botlhe ba neela setlhabelo sa mofuta ofe? (b) Ke setlhabelo sefe se sengwe se se ka batliwang mo bobulatseleng?
11 Gape go na le kgang ya setlhabelo. Ka kutlwisiso e nngwe tirelo yotlhe e e neelwang Modimo ka pelo yotlhe le ka bopelo-e-phepa e ka tsewa e le go mo neela setlhabelo. (Bahebera 13:15) Ka gone, go bulatsela ka maitlhomo a a siameng—a go baka Modimo le go thusa batho ba bangwe go falola mo go nneng batlhanka ba tsamaiso eno ya ga Satane—ruri ke setlhabelo se se molemo. Lefa go ntse jalo, bobulatsela bo akaretsa setlhabelo ka kutlwisiso e nngwe. Nako eo Mokeresete a kileng a e dirisetsa go latelela dilo tse dintsi tsa botho, fa a nna mmulatsela e tshwanetse go dirisediwa go rera le go ruta. Nako e e neng e dirisediwa go bona dilo tse di bonalang le go di duelela jaanong e ka tshwanelwa ke go khutswafadiwa. Ee, go intsha setlhabelo go a akarelediwa mo bobulatseleng. Dikete-kete tsa babulatsela ba kgotsofaditswe ke go ngotla maemo a bone a itsholelo le a dilo tse di bonalang—ba bereka letsatsi le le lengwe, a mabedi kana a mararo mo bekeng go itlamela mme ba ntse ba beela tirelo ya bone nako e e lekaneng.—2 Timotheo 2:4.
Go Dira ka mo go Oketsegileng—Fela jaaka Banasariti ba Dirile
12. Ke ka ntlhayang fa ba bangwe ba bula tsela, mme Baiseraele ba bogologolo ba ne ba kgona go dira ka mo go oketsegileng mo kobamelong ya bone jang?
12 Ba bantsi ba ba tsereng tirelo ya bobulatsela ba tlhotlheleditswe ke keletso ya go dira mo go oketsegileng. Ga se keletso ya kgaisano kana ya boikgogomoso ya go dira go gaisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete, mme ke keletso ya go dira mo go oketsegileng mo go bontsheng lorato go Jehofa le go baagelani ba bone. (Mathaio 22:37-39) Re na le sekao se se kgatlhang sa Bibela sa Banasariti. Banna le basadi ba Baiseraele ba bogologolo ba ne ba ka ithaopela go nna Banasariti, e leng leina le le tswang mo lefokong la Sehebera na·zirʹ, le le kayang ba ba ineetseng, ba ba lomolotsweng, ba ba tlhaotsweng. Go nna Monasariti go ne go tlhokega gore motho a ikane, mme ga re a tshwanela go leka go bapisa seno le tshwetso ya Mokeresete ya go bula tsela, ka go bo seo ga se akareletse ikano e e felelang ka dipatelesego tse di masisi. Lefa go ntse jalo, re ka akanya ka ditshwani dingwe tse di rutang magareng a Banasariti le babulatsela.
13, 14. (a) Tlhalosa nngwe ya dikganelo tsa Banasariti. (b) Go na le go tshwana gofe le babulatsela?
13 Moiseraele yo o neng a ithaopela go direla jaaka Monasariti o ne a amogela dikganelo dingwe tseo di thusitseng go tlotlomatsa boemo jwa gagwe jwa go “lomololwa” kana go “tlhaolwa” mo go obameleng Jehofa. Kganelo e nngwe e ne e akareletsa dijo le dino, jaaka go tlhalosiwa go Dipalo 6:3, 4. Monasariti o ne a ka se nwe bojalwa kana dilo tse di dirilweng ka mofine. (Pesalema 104:15) Lefa go ne go na le selekanyo sa go fokoletswa dijo, dijo tsa botlhokwa di ne di sa ilediwa. Ka jalo thibelo eno e ne e sa bogise.
14 Babulatsela ba ba atlegang ga ba beye botshelo jwa bone mo dilong tse di bonalang jaaka dijo kana go nna mo manobonobong, mme ba bo baya mo tirelong ya bone ya go baka Modimo. Seno se botlhokwa mo go boneng boipelo jo bo tseneletseng le jo bo nnelang ruri joo bo tswelwang pelo ke batho ba le bantsi bao ba ka bonalang ekete ba na le botshelo jo bo “botoka,” go ya ka dilo tse di bonalang. (Bapisa Luke 12:16-21.) Go tshela botshelo jo bo motlhofo fela kana jwa dilo tse di lekaneng gape go ka tlisa melemo eo e tlodisiwang matlho ga motlhofo. Baitseanape ba tsa boitekanelo ba bega ka dikotsi tse dintsi-ntsi tsa go ja dijo tse di mafura le dino tse di botshe. Mme mmulatsela yo ka tlwaelo a jang dijo tse eketeng di motlhofo, lemororo e le tse di lekalekaneng ebile di otla mmele, a bo a tsamaya thata mo tirelong ya gagwe ya ntlo le ntlo, go bonala a tla nna le botshelo jo bo botoka. Batho ba ba nang le dintlo tse dikgolo, ba na le metšhine le ditlosa-bodutu tse di mo fesheneng, le dilo tse dingwe tse dintsi, ba itse gore dilo tseo di ba tlisetsa “tlhogo e e opetseng ruri,” kana mathata. Ditshwani tsa Dipalo 6:3, 4 le bobulatsela di tlhoka gore re di akanyetse.
15. Go na le go tshwana gofe kaga thibelo ya moriri wa Banasariti?
15 Kganelo ya bobedi ya Banasariti e ne e le gore ba se tlose moriri mo ditlhogong tsa bone. (Dipalo 6:5) Moriri wa bone o moleele e ne e le letshwao la tlotlomalo leo ba bangwe ba neng ba tla ba lemoga ka lone. Moragonyana Paulo o ne a tlhalosa gore moriri o moleele wa mosadi wa Mokeresete o ne o mo gopotsa ka boemo jwa gagwe kaga go ikoba. (1 Bakorintha 11:3-15) Fa re santse re akantse ka moriri o moleele wa Banasariti, a re ka se dumalane gore mokaulengwe kana kgaitsadi wa Mokeresete yo o ithaopelang go bulatsela o bontsha go ikobela Jehofa Modimo mo go golwane? Dikgatlhego tse dintsi tsa botho di beelwa kwa thoko kana di neelwa maemo a bobedi gore tirelo e tlhokomelwe la ntlha. Mmulatsela o ithuta go ikanya Modimo, go ikobela Modimo.
16. Re ka lemoga eng mo boemong jwa Banasariti kaga ditopo?
16 Patlafalo ya bofelo go Banasariti e ne e le gore ba seke ba tshwara setopo sepe, tota lefa e ne e le sa wa losika yo o gaufi jaaka fa motsadi a tlhokafetse. (Dipalo 6:6, 7) Jalo Monasariti o ne a tshwanetse go nna a ntse a le boitshepo le bophepa, a sa itshekologa. (Bapisa patlafalo ya moperisiti yo mogolo go Lefitiko 21:10, 11.) Gompieno ga go Mokeresete ope, go akaretsa le mmulatsela mongwe le mongwe, yo o ileditsweng go rulaganya kana go nna teng mo phitlhong ya wa losika yo o gaufi. Mme, jaaka Banasariti, babulatsela ba batla go tila tlwaelo kana tsela nngwe le nngwe e e belaetsang eo e ka ba dirang gore ba se tshwanelege. Ba batla go nna dikao. Mme fa mmulatsela, yo o ratang lelapa la gagwe, a le kwa kabelong e e kgakala mme ka jalo a sa kgone go ba etela jaaka go ne go ka kgonega ka dinako dingwe, o kgotsofadiwa ke go itse gore Jehofa o tsaya setlhabelo seno tsia.
17. Ke ka ntlhayang fa go nna Monasariti e ne e se tirelo ya bodumedi fela? Go tweng ka bobulatsela?
17 Bibela e bontsha gore Moiseraele yo o neng a nna Monasariti e ne e se gore o kopanela fela mo tirong nngwe ya bodumedi. Bogolo, o ne a tsamaya tsela ya botshelo ya botlhokwa, e e kgotsofatsang, ka go bo Jehofa o bua ka motho yoo jaaka ‘yo o tshelang e le Monasariti.’ (Dipalo 6:2, NW) Ka mo go tshwanang, tirelo ya bobulatsela gompieno ke tsela ya botshelo ebile ke e e itumedisang tota!
‘A Nka Bulatsela?’
18. Rotlhe re tshwanetse go ipotsa potso efe? Ka ntlhayang?
18 Bakeresete botlhe ba bongwefela mo go obameleng Modimo. Re mophato o le mongwe o o lwelang boammaaruri. E tshwanetse ya nna keletso ya rona ya go dira gotlhe moo re ka go kgonang mo ntweng eo. Ruri ke keletso ya rona go dira gotlhe moo re ka go kgonang. Jalo, mongwe le mongwe wa rona o ka ipotsa potso eno e e mo nakong: ‘A nka direla jaaka mmulatsela?’ Fa o ntse o akanya kaga yone, setlhogo se se latelang se tla go thusa go bona gore Jehofa o ka go tshegetsa jang fa o kgona go nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela.
[Ntlha tse di kwa tlase]
a Webster’s Third New International Dictionary e akgela jaana ka nngwe ya ditlhaloso tsa “mmulatsela”: “modiri wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa.”
A O TSETSEPEDITSE MO MOGOPOLONG WA GAGO GORE . . .
◻ Ke ka ntlhayang fa badihedi ba nako e e tletseng ka tshwanelo ba bidiwa babulatsela?
◻ Ke ka ntlhayang fa Bibela e tshwantshanya Bakeresete le masole?
◻ O tshwanetse go akanya ka mabaka afe fa o batla go nna mmulatsela?
◻ Banasirita ba neela sekao mabapi le babulatsela jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ke ka ntlhayang fa ka tshwanelo Bakeresete ba tshwantshwanngwa le masole a diganka?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Go direla jaaka mmulatsela go ka oketsa boitumelo le boitekanelo jang?