LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 2/1 ts. 15-19
  • Go direla Jehofa ka “tumalanō e le ñwe hèla”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go direla Jehofa ka “tumalanō e le ñwe hèla”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “CHWAHALŌ”
  • “A BO GO LATLHÈGA . . . MOTSE O O PATIKAÑ”
  • TSELA YA GO FALOLA
  • NAKO YA TIRO E E IPEDISANG
  • Batho ba ga Jehofa ba ba Tsosolositsweng ba Mmaka mo Lefatsheng Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Buka ya Bibela ya bo 36—Sefania
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Go sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • A Diatla Tsa Gago di se Repe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 2/1 ts. 15-19

Go direla Jehofa ka “tumalanō e le ñwe hèla”

“Ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.”—Sefa. 3:9.

1. Re na le ditlhomamisetso dife malebana le lefoko la ga Jehofa la boperofeti?

LEFOKO la ga Jehofa la boperofeti ka gale le diragala kwantle ga phoso. Ene ka boene o re bolelela jaana: “Lehoko ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me: ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.” (Isa. 55:11) Go nnile fela ka tsela eo ka ditlhaloso tse dintsi-ntsi tsa boperofeti jo bogolo jwa ga Sefania.

2. (a) Go buiwa ka ditlhopha dife tsa merafe go Sefania 2:4-8? (b) Go etela mafelo a tsone gompieno go ka tlhomamisa go toba ga boperofeti jo jang?

2 Ka sekai, Sefania o kwala mafoko a ga Jehofa a katlholo kgatlhanong le metse ya Filisitia, morafe wa Bakeretha, lefatshe la Bafilisitia, le Moaba le Amona ka go latelelana. (Sefa. 2:4-8) Dipolelelo-pele tsotlhe tseo di ne tsa nna le tiragatso e e gakgamatsang mo dingwageng le mo makgolong a dingwaga a a neng a latela. Gompieno, morafe wa Filisitia o kae, le metse ya one, gape Bakeretha ba ba ikaegang ka merafe e mengwe ba kae? Ga ba yo. Go tweng ka Moaba le Amona? Boperofeti bo re:

“Yaka ke tshedile, go bua Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraele, rure Moaba o tla nna yaka Sodoma, le bana ba Amora yaka Gomora, e nna helo ga dikhi, le mahuti a lobu, le chwahalō e e sa khutleñ.” (Sefa. 2:9)

Fa gompieno o ralala mafelo a a kwa moseja ga Joredane koo merafe e e ikgodisang ya Moaba le Amona e kileng ya bo e tlhanasela teng, o bona eng? Tshwahalo–fela jaaka Jehofa a boleletse pele! Ditiragalo di bontsha gore Ethiopia le ene, gammogo le Egepeto, o ne a boga mo diatleng tsa batlhasedi ba Babilona.—Sefa. 2:12.

“CHWAHALŌ”

3, 4. (a) Jehofa o ne a reng kaga Asiria le Ninefe? (b) Ke ka ntlhayang fa seno se ne se ka lebega se sa dumelesege? (c) Bosupi ke bofe kaga tiragatso ya boperofeti jo ka botlalo?

3 Tiragatso ya mafoko a ga Jehofa malebana le Asiria le Ninife e gakgamatsa thata. Sefania o ne a perofeta fa katlego ya motse-mogolo o o ikgodisitseng wa Asiria, e leng Ninife, e ne e ile magoletsa, bobotlana dingwaga di le 15 pele ga fa morafe oo o ne o digiwa mo boemong jwa one jaaka maatla a bobedi a lefatshe a ditiragalo tsa Bibela. Ke mang tota yo o ka bong a akantse ka selo seo? Mme ke Jehofa yo o neng a tlhabana le “motse o o madi madi” oo wa borata-morafe. (Nahu. 3:1, 5) Jehofa ka Sefania o ne a bua ka go mo duedisa melato ya gagwe, a re:

“O tla ōtlōlōlèla lehatshe ya botshèka lecōgō ya gagwè, o tla senya Asiria, o tla shwahatsa Ninefe le nna lokgèrè yaka bobidibidi yoa naga. . . . O ko ōna motse oa boitumèlō o o kileñ oa nna hèla o sa re sepè, o o no o bua mo peduñ, o re, Ke nna eono, me ga go na opè kwa ntlè ga me; o hetogile yañ a nna chwahalō, e le helō ga dilō go botha gōna! moñwe le moñwe eo o hetañ ka ōna o tla otsa, a ba a ota seatla.”—Sefa. 2:13-15.

4 ‘Ga go kake ga direga!’ batho ba motlha oo ba ka ne ba ne ba rialo. Mme lefa go ntse jalo yone kokomana eo ke yone e e boneng selo seo! Ka 632 B.C.E. Nabopolasare le Cyaxares wa Momede ba ne ba dikaganyetsa Ninefe ba bo ba o gapa. Ditiragalo tsa Babilona di re bolelela jaana: “Ba ne ba itseela thopo e kgolo ya motse le ya tempele mme ba [fetola] motse oo thothobolo ya lesope.” Tshwahalo ya Ninefe e ne e le kgolo mo e leng gore go ne go sa itsiwe fa e neng e le gone ka makgolo-kgolo a dingwaga. Ka bo-1800 o ne wa bonwa gape, mme lefelo la motlobo o o itsegeng wa dibuka wa ga Ashurbanipal II le ne la fatololwa. Mme nako kgolo ke eno, lefelo leo le santse le kgakgabetse fela ebile diruiwa di tshokane di ikhuletsa teng. Ana tiragatso ya lefoko la ga Jehofa la boperofeti e boammaaruri jang nne!

5. Boperofeti jo bo re tsholetse molaetsa ofe o o maatla mo motlheng wa rona?

5 Lefa go ntse jalo, mo go botlhokwa go feta ke gore pego eo ya boperofeti e na le molaetsa wa gompieno. E direla jaaka “tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.” (1 Bakor. 10:11, 12; Bar. 15:4; 2 Tim. 3:16, 17) E re kgothaletsa go tila mabela, go koba-kobana le maitlhapediso, kakanyo ya dilo tse di bonalang le go thubakanya moo go lerileng katlholo ya Modimo mo merafeng eo. Gape, re tshwanetse go gakologelwa gore dipolelelo-pele tseo di gatela-pele gompieno, le gore tiragatso ya tsone e e tlisang phetogo e ntse e a akofa. Jehofa, Modimo o o tshelang, gaa di bolokela fela gore e nne rekoto ya ditiragalo go fitlha mo motlheng ono. Merafe eo ya bogologolo e na le ditshwani tsa motlha wa segompieno, bogolo jang tsa babusi ba sepolotiki le sesole ba ba tshwanang le Asiria bao ba ikgantshang ka nonofo ya bone ya dibetsa. Jehofa ruri o tla ipusolosetsa mo baganetsing botlhe bao ba bogosi jwa gagwe.—Nahu. 1:2; Sefa. 1:2, 9.

“A BO GO LATLHÈGA . . . MOTSE O O PATIKAÑ”

6. Jaanong go bodiwa potso efe, mme ke ka ntlhayang fa e tlhamaletse?

6 Mebuso ya motlha wa segompieno ya bobusa-esi e tshwana fela thata le Ninefe o o setlhogo wa Mmuso o o maatla wa Asiria. Lefa go ntse jalo Jehofa o papamatsa gore go na le mofama wa tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe o o maswe thata-thata fa pele ga gagwe. Ke ofe?

7. (a) Ke “motse [ofe] o o patikañ” o o tshwanang le Jerusalema wa bogologolo, mme ka ditsela dife? (b) O ganne kotlhao jang?

7 Ke mofama wa lefatshe o o iphakang gore ke batho ba Modimo, fela jaaka Juda le Jerusalema ba ne ba iphaka jalo mo motlheng wa ga Sefania. O ipolela e le wa “Bokeresete,” ebile o itsiwe ka kakaretso jaaka “La-Bodumedi.” Mme baruti ba ona ba tenegetse dithuto tse di itshekileng tsa Lefoko la Modimo, Bibela, ebile merafe le batho ba one ba tlogetse go latela maemo a a siameng a a kwadilweng mo Lefokong leo. Ka gone, Sefania ka boene jaanong o kgala “motse” o o sa tlotleng Modimo oo, ka go re:

“A bo go latlhèga èna eo o serukhutlhi eo o itshekologileñ, eboñ motse o o patikañ! Ga oa ka oa utlwa lencwe; ga oa ka oa amogèla thutō; ga oa ka oa ikanya mo go Yehofa; ga oa ka oa atamèla Modimo oa ōna.”

Jehofa o rometse basupi ba gagwe go kgabaganya La-Bodumedi, kwa metseng le magaeng a lone, ka ntlo le ntlo. Ba boletse dikatlholo tsa gagwe ka “meshō meshō.” Dipatlafalo tsa gagwe tsa tshiamo di tlhalositswe “mo lesediñ.” Mme balatedi le baruti ba La-Bodumedi ba ntse “bohahalele” ba bile “ga ba itse ditlhoñ” mo go ganetseng ga bone barongwa bano ba ga Jehofa yo o siameng le bogosi jwa gagwe.—Sefa. 3:1-5.

8, 9. (a) Jaanong Jehofa ka boene a reng? (b) Tiriso ya yone e atlhame go le kana-kang? (c) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go lebogela pego eo?

8 Molaodi Morena Jehofa jaanong o ema moperofeti wa gagwe yo o ikanyegang nokeng ka go tsweletsa go bolela katlholo eno, a e oketsa gore a akaretse le merafe yotlhe, mme a e isa magoletsa ka mafoko a:

“Ke gōna Ntetañ, go bua Yehofa, go tsamaea letsatsi le hitlha ye ke tla nanogèlañ thopō ka yeōna: gonne boikaèlèlō yoa me ke go phutha merahe, gore ke kokwanye magosi, go tla ke gorometsa chakgalō ea me mo go aōna, eboñ bogale yoa me yotlhe yo bo hisañ; gonne lehatshe yeotlhe le tla lailwa ke molelō oa lehuha ya me.”—Sefa. 3:6-8.

9 Jalo katlholo ya ga Jehofa ga e felele ka tshwahatso ya La-Bodumedi, leo bodumedi jwa lone bo tshwanetseng go fela gammogo le mmuso otlhe wa bodumedi jwa maaka oo o tlhalosiwang mo Bibeleng e le “Babelona o Mogolo.” (Tshen. 18:2-4) Letsatsi la “bogale [jwa gagwe] yo bo hisañ” le “molelō oa lehuha” la gagwe di tla ntsha boikepo jotlhe mo lefatsheng. (Bona gape le Isaia 34:2-8; Yeremia 25:32, 33.) Abo re tshwanetse go leboga thata jang ha e bo ne ne sepitla se segolo go feta tsotlhe e tla nna sa bofelo, go ya ka bosupi jwa ga Jesu mo go Mathaio 24:21! Se tla bo se diragaditse boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go “hedisetsa rure,” fela jaaka Ninefe wa bogologolo. “Patikègō ga e ketla e coga loa bobedi.”—Nahu. 1:9; Dan. 12:1; Tshen. 19:11-21.

TSELA YA GO FALOLA

10. Ke ‘puo efe e e sa itshekang’ eo jaanong e buiwang mo lefatsheng?

10 A go na le tsela ya go falola tatlhego ya lefatshe leno? Ebu, ee! Mo mafokong one a a latelang a boperofeti jo, Jehofa Modimo ka boene o bontsha gore tsela eo ke efe. A re:

“Gonne hoñ ke tla hetolèla dichaba puo e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.” (Sefa. 3:9)

Lefa merafe ya lefatshe e ka dirisa puo efe ya dipuo tsa merafe, e bua maaka ka “puō” e e leng makgapha go Jehofa. Mo boemong jwa gore e godise bogosi jwa Modimo, e goletsa dithulaganyo tsa yone tsa bomorafe, e leka go dirisetsa U.N. go bona maikaelelo a bogagapa a sepolotiki. E gana bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete Jesu.

11. (a) Ke “puō [efe] e e itshekileñ” e e utlwiwang gompieno? (b) “Puō” eno e buiwa ka bophara jo bo kana-kang? (c) Ba ba e buang ba ‘bitsa leina la ga Jehofa’ jang, mme ka diphelelo dife?

11 Jalo go fetogela ‘puong e e itshekileng’ mo ke eng? Ke go retologela molaetseng wa boammaaruri, e leng “mahoko a a molemo” a a lapolosang, “sekaō sa mahoko a a tshedileñ,” a a bakang Jehofa le maikaelelo a gagwe a a siameng ka Keresete Jesu. (2 Tim. 1:13) “Puō e e itshekileñ” eno e a ba bopaganya. Mme e supela gore, mo ngwageng wa botlhokwa-tlhokwa wa 1914, “bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutleñ le ka boasaeeñkae.” (Tshen. 11:15) Ka go baa mafoko ano mo dipounameng tsa bone, Bakeresete ba boammaaruri lefatshe ka bophara ba ‘bitsa leina la ga Jehofa’ mo boineelong, ka seoposengwe ba mo direla ‘tirelo e e boitshepo.’ Jaaka batho ba le bosi ba ba kopaneng tota mo lefatsheng, ba ya magaeng a batho, ba bolela “mahoko a a molemō” a bogosi jwa ga Jehofa jo bo tlhomilweng. Ka gone ba direla Jehofa “ka tumalanō e le ñwe hèla.” (Math. 24:14; Bar. 12:1) A o mongwe yo o ikgaogantseng le lefatshe jalo, gore o direle Modimo ka botlhaga jaaka o Mo ineetse? O ka “gololwa” ka go dira jaana le batho ba ba rulaganeng ba ga Jehofa.—Yoele 2:32; bona gape le Hosea 14:1, 2; Bahebera 13:15.

12, 13. (a) Go ka kopanyelediwa mathata afe mo go ithuteng “puō” eno? (b) Ke ka ntlhayang fa kgobalalo e tlhokega mo go direleng “ka tumalanō e le ñwe hèla”? (c) Re ka tlhagolela nonofo ya kgobalalo jang?

12 Go ‘hetogela puong e e itshekileng’ go ne ga ketefalela ba bangwe. Ga go motlhofo go tswa mo lefatsheng, ka go repa ga lone, ditsela tsa lone tse di letlelelang sengwe le sengwe, gore o dire ditlhabelo tse di tlhokafalang gore o tle o ‘bitse leina la ga Jehofa.’ Gore re tle re dumalane le maemo a a phepa, a a molemo a batho ba Modimo go re tlhokile gore re tlose dikakanyo tse di phoso, ditlwaelo tse di bosula tsa go itlhapedisa, ditsela tse di repileng tsa botshelo. (Baef. 4:17, 18, 29; 1 Pet. 4:3) Go re tlhokile gore ka tshwanelo re tlotle phuthego e le yosi eo Jehofa a e dirisang mo lefatsheng gompieno, mme re dira seno ka go kopanela le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” Go re tlhokile kgobalalo, gore re ‘lotolotse’ Lefoko la Modimo ka thuso ya dikgatiso tsa “motlhanka,” e le gore re nonotshe tumelo ya rona.–Math. 24:45; Dit. 17:11.

13 Mo go direleng Jehofa “ka tumalanō e le ñwe hèla,” re tlhoka go tlhagolela nonofo ya kgobalalo, fela jaaka Sefania a boletse gantsi-ntsi. Fa re dira diphoso, jaaka batho botlhe ba ba sa itekanelang ba dira, a re ipaakanyetseng go di bolela, fela jaaka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” yo o dirilweng ka banna ba nama ba ba sa itekanelang, ba ne ba tshwanelwa ke go dira dipaakanyo. Lefa go ntse jalo, a le ka motlha re se kgaleng dinnete tse dintsi tseo Jehofa a di godisitseng mo bathong ba gagwe ba ba bopaganeng mo dingwageng tse di fetileng tse di kwa godimo ga 100, tseo ka go siamisiwa le go fetolwa, di bileng tsa phatsima thata-thata mo ‘tselaneng ya mosiami.’—Dia. 4:18.

14. (a) Ke boikutlo bofe jo bo fapaaneng le jwa kgobalalo, mme bo bontshiwa jang? (b) Baikgodisi bao ba dira eng, mme ke ditlhagiso dife tse re tshwanetseng go di ela tlhoko? (c) Ke kwa kae koo re tla fitlhelang ‘go se sepe se se tlhaelang’?

14 Gangwe le gape, mo gare ga batho ba ga Jehofa go tsogile ba bangwe bao, fela jaaka Satane wa pele, ba amogetseng boikutlo jwa go itaola le jwa go bona molato. Ga ba dire mmogo le bokaulengwe jwa lefatshe ka bophara “ka tumalanō e le ñwe hèla.” (Bapisa le Baefesia 2:19-22) Go na le moo, ba ‘kgothela mafoko a ga Jehofa lerudi.’ (Seka. 7:11, 12) Baikgodisi bano, ka go kgala sekaelo sa “puo e e itshekileñ” seo Jehofa ka bopelontle a se rutileng batho ba gagwe mo dingwageng tse di lekgolo tse di fetileng, ba leka go ntsha “dinku” mo ‘letsomaneng’ le Jesu a le phuthileng mo lefatsheng. (Yoh. 10:7-10, 16) Ba leka go jwala dipelaelo le go katosa ba ba sa lemogeng mo “lomatiñ [lo logolo] loa boyèlō” lwa dijo tsa semoya lo lo kwa Diholong tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa, koo ruri go ‘sa tlhaeleng sepe.’ (Pes. 23:1-6) Ba re go bala Bibela ka boyone fela go lekane, e ka ne o le nosi kana ka ditlhopha tse di potlana. Mme, mo go gakgamatsang, ka ‘go bala Bibela’ mo, ba boetse fela kwa dithutong tsa botenegi tseo baruti ba La-Bodumedi ba neng ba di ruta dingwaga tse 100 tse di fetileng, ba bangwe ba bile ba boetse kwa go ketekeng mediro ya La-Bodumedi gape, e e etsang Saturnalia wa Baroma wa December 25! Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tlhagisa kaga ba ba boikepo bano.—Math. 24:11-13; Dit. 20:28-30; 2 Pet. 2:1, 22.

15. (a) Jehofa o dira ‘baikgodisi’ eng? (b) Batho “ba ba patikegileñ, le ba ba humanegileñ” ba kgethololwa jang? (c) Jehofa o ba neela tlhomamisetso efe?

15 Jehofa ka moperofeti wa gagwe Sefania o bolelela batho ba Gagwe kafa A tla senolang bao kwantle ga ditlhong ba lekang go jwala go sa utlwane mo phuthegong ya Gagwe, ka go re:

“Ke tla tlosa mo gare ga gago babelahadi ba gago ba ba gwantañ, me ga u ketla u tlhōla o nna boikgodishō mo thabeñ ea me e e boitshèpō.”

Mo phapaanong e e itumedisang, Jehofa a re:

“Ke tla tlogèla mo gare ga gago batho bañwe ba ba patikegileñ, le ba ba humanegileñ, me ba tla ikanya leina ya ga Yehofa.” (Sefa. 3:11, 12)

Ee, bano ke bakgobaladi, ba ba dirang “ka tumalanō e le ñwe hèla” jaaka ba ntse ba dira tiro e e boitshepo ya ‘mafoko a a molemo a Modimo.’ (Bar. 15:15, 16) Ga ba mabela mo e leng gore ga ba dire tiro e e kwa tlase ya go ya ka ntlo le ntlo ba latela sekaelo seo barutwa ba ga Jesu ba se ithutileng mo go Mong wa bone. (Math. 10:5-13; Luke 9:2-4; Dit. 5:42) Ereka ba itshireletsa ka leina la ga Jehofa, ba bolela leina le le galalelang leo gammogo le boikaelelo jwa gagwe jwa go le tlhatswa ka bogosi jo bo fenyang jwa ga Keresete. (Esek. 38:23; Dan. 2:44) Ereka batho ba ga Jehofa ba dira le go tshela mo tumalanong le tshiamo ya gagwe, ba ikanya gore “ga go na opè eo o tla ba boihisañ.” (Sefa. 3:13) Ba itumelela kagiso ya sebele ya mogopolo!

NAKO YA TIRO E E IPEDISANG

16. (a) Sefania o tlhalosa boitumelo jwa gagwe jang? (b) Go arabiwa kgoeletso efe gompieno, mme e arabiwa ke bomang?

16 Sefania ka boene o itumedisiwa ke tlhomamisetso e e ntseng jalo ya ga Jehofa, mo e leng gore o goeletsa batho ba Modimo a re:

“Ōpèla, wèna morwadia Siōna; thèla loshalaba, wèna Iseraele; u ipelè u itumèle ka pelo eotlhe, wèna morwadia Yerusalema. Yehofa o tlositse ditshekishō tsa gago: o lelekile mmaba oa gago: kgosi ea Iseraela, eboñ Yehofa, o mo gare ga gago: ga u ketla u tlhōla u boiha boshula.” (Sefa. 3:14, 15)

Fa e sale ka 1919, fa basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba ne ba gololwa mo botshwarweng jwa semoya mo go Babilona yo Mogolo, ba ne ba mo direla “ka tumalanō e le ñwe hèla” mo go neeleng bosupi jwa phatlalatsa jo bo ipedisang. Jehofa o sekisitse le go amogela bana bano ba Jerusalema wa selegodimo. (Bagal. 4:26; 1 Pet. 4:17) Dikgolegelo le dikampa tsa tiro ya botlhanka di itshupile di sena maatla a go ba busetsa gape mo botshwarweng jwa semoya. Boitumelo jwa bone jaanong bo arolwa ke “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba Basupi ba bapati, ba ba tlhaotsweng go tloga ka 1935 jaaka bontlhanngwe jwa “dinku di sele” tsa Morena.—Yoh. 10:16; Tshen. 7:9, 10.

17. (a) Ke tlhomamisetso efe e e thusang batho ba ga Jehofa gore ba itshokele ‘tirelo e e boitshepo’? (b) Jehofa o ‘ritibetse’ jang, ntswa a “dudueletsa ka kōpèlō,” mme re tshwanetse ra arabela jang?

17 Jehofa ka tlhamalalo o ikuela go batlodiwa ba gagwe, bao ba emelang Sione wa selegodimo, mme bao bone ba tla ikuelang go badiri-ka-bone ba “boidiidi yo bogolo,” ka go re:

“U se ka ua boiha: wèna Siona, a diatla tsa gago di se repè.” (Sefa. 3:16)

Katamalano ya bone e e gaufi le Jehofa gammogo le go ikanya Modimo wa bone go tla ba falotsa mo bokebekweng le mo bothubaking jo bo maswe jaana gompieno, mo dikgwetlhong tsa nuklea tse di boifisang jaana, mo dipogisong tse di setlhogo tse di santseng di tla tlela Basupi ba ga Jehofa. Fa re setse re beile diatla tsa rona mo mogomeng wa ‘tirelo e e boitshepo,’ ekete re ka seka ra leba dilo tse di kwa morago mme ra lesa go lemela kwa pele, “ka tumalanō e le ñwe hèla”! (Luke 9:62; Tshen. 7:15) Ga jaanong boperofeti jo bo neela tlhomamisetso e nngwe gape ya bomodimo:

“Yehofa Modimo oa gago o mo gare ga gago, e le mothata eo o tla bolokañ: o tla gu itumèlèla ka boitumèlō, o tla ritibala mo loratoñ loa gagwè, o tla dudueletsa ka kōpèlō.” (Sefa. 3:17)

Jehofa o ‘ritibetse’ ka ntlha ya boiketlo le tapologo tse a di bonang ka go bontsha batho ba gagwe ba ba ntšhafaditsweng lorato, mme boitumelo le boipelo jwa gagwe bo bogolo tota kaga bothokgami le tlhagafalo ya bone mo tirelong ya gagwe. Mo “metlheñ [eno] ea bohèlō” re tshwanetse go ikutlwa re atamalane gaufi thata le Modimo wa rona o o tshelang, Jehofa, jaaka re tiisa mašetla ka bongwefela mo tirelong ya gagwe—2 Tim. 3:1.

18. (a) Batho ba ga Jehofa ba dirilwe jang “leina le pakō” fa e sale ka 1919? (b) Re ka direla diketekete tse dingwe jang “ka tumalanō e le ñwe hèla”?

18 Fa e sale ka 1919, e ntse e le motlha o mogolo wa go ntšhafadiwa ga batho botlhe ba Modimo. Jaaka basupi ba ba ikanyegang, ba ntse ba tsweletse ba rera ka tlhagafalo ya borongwa, mo e leng gore phuthego ya ga Jehofa e atologetse kwa dikhutlong tsa lefatshe. (Bar. 10:10, 18) Ruri e nnile nako ya go lere batho ba Modimo, ya go ba phutha. Mme ba phuthelwa eng? Jehofa ka boene o araba ka go re:

“Ke tla Io diha leina le pakō mo dichabeñ cotlhe tsa lehatshe.” (Sefa. 3:20)

Ka boitumelo, masalela a a tloditsweng a batho ba Modimo a nnile “leina le pako” ka go tsholeletsa leina le lentle-ntle la Molaodi Morena Jehofa kwa godimo, mme jaanong bontsi jwa ‘ditšhaba tseo tsa lefatshe’ bo dira nabo, “ka tumalanō e le ñwe hèla,” mo go itsiseng maikaelelo a gagwe a Bogosi. Go fetogela ga rona mo go bueng “puō e e itshekileñ,” le go tswelela ga rona re bolela “mahoko [ao] a a molemō a bogosi,” go santse go tla thusa diketekete tse dingwe gore di ‘bitse leina la ga Jehofa,’ e le gore le bone ba ka ‘fitlhiwa ke Jehofa’ mo letsatsing la bogale jwa gagwe, mme ka bopelokgale ba itlhagisetsa go mo galaletsa go ralala bosakhutleng jotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela