Boikwatlhao jo bo Busetsang go Modimo
“Molemō oa Modimo o gu gōgèla kwa boikwatlhaoñ.”—Bar. 2:4.
1, 2. Re tshwanetse go lemoga eng malebana le sebe le pono ya Modimo?
MONGWE le mongwe wa rona o ka kgothadiwa ke mafoko a ga mopesalema Dafide:
“Yehofa o tletse bopelotlhomogi, me o pelochweu,
o bonya go galeha, o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko.
Ga aa re dihèla kaha maleoñ a rona, leha e le go re
duèla kaha maikepoñ a rona.
Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko,
Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo.
Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re
le lorole hèla.”—Pes. 103:8, 10, 13, 14.
2 Lefa Modimo o lemoga gore rotlhe re baleofi, o batla go re thusa ebile o batla go re itshwarela. (Pes. 32:1, 2) Lefa go ntse jalo, kakanyo ya rona kaga Modimo e tla bo e sa siama fa re ne re sa amogele pono ya gagwe yotlhe kaga sebe. Lefa Pesalema 103 e re tlhomamisetsa gore Jehofa o ‘itshwarela maikepo otlhe a rona,’ e boa gape e bontsha boikarabelo jwa rona, ka go re: “Boutlwèlō botlhoko yoa ga Yehofa bo nntse hèla go cwa bosasimologeñ go ea bosaeeñkae mo go ba ba mmoihañ, . . . mo go ba ba gakologelwañ ditaèlō tsa gagwè go di diha.”—Pes. 103:3, 17, 18.
3. Ke ka ntlhayang fa boikwatlhao bo le botlhokwa?
3 Fa motho a dira sebe se se masisi, a sa ikwatlhae le go batla boutlwelo-botlhoko jwa Modimo jwa botsadi, mme a tswelela ka go dira sebe, go tweng he? Ekesodo 34:6, 7 e re tlhalosetsa Jehofa. Morago ga go gatelela kutlwelo-botlhoko ya gagwe, bonya jwa gagwe go galefa le boiketleetso jwa gagwe go itshwarela phoso, e oketsa ka go re: “Le eo o se ketlañ o golola eo o molato gopè.” (Bapisa Dipalo 25:1-5; Esek. 33:12, 13.) Ka gone, ga rea tshwanela go tsaya fela gore o tla re utlwela-utlwela botlhoko fela. Moobamedi wa boammaaruri o tshwanetse go dirang he, fa a wela mo sebeng?
GO TSAYA DIKGATO TSA GO BOELA GO MODIMO
4. Re ka bona boitshwarelo jang? (2 Ditih. 7:13, 14)
4 Mokeresete yo o leofetseng Modimo o tlhoka boitshwarelo. Ke mang yo o ka mo itshwarelang? Tota, ke Modimo fela. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Ha re ipolèla dibe tsa rona [go Modimo], ōna o boikanō le tshiamō ea go re ichwarèla dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololoñ eotlhe.”—1 Yoh. 1:9; 2:1.
5, 6. Yakobe 5:14-16 e tlhagisetsa eng, mme ke ka ntlhayang fa modira-phoso a tshwanetse go latela kgakololo e?
5 Mo kgannyeng ya sebe se se masisi, Modimo ka botlhale o gakolola gore Mokeresete yo o ‘ipolelang dibe’ o tshwanetse go tsaya kgato e nngwe gape. Mo motlotlong o ka mo go bonalang o lebisang bolwetsing jwa semoya jo bo kopanyeletsang “dibe,” morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “A moñwe mo go Iona oa bobola? A a bitse bagolwane ba phuthègō; me a ba rapelè ha go èna, . . . Me thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ, me Morèna o tla mo kakatlolola, me ha a leohile, o tla go ichwarèlwa.”—Yak. 5:14-16.
6 Kgato eno e a utlwala, gonne Mokeresete yo o ineetseng mo sebeng o bontsha bokoa jwa semoya jo bo rileng le tlhokego ya thuso. O ka solegelwa molemo ke dithapelo tsa tumelo tsa “bagolwane ba phuthègō.” Gape ba mo boemong jwa go neela kgakololo le thuso tsa Bibela e le gore a bone gape nonofo ya semoya. Go feta moo, ditlolo tse dingwe ke dibe tse di leofelang phuthego ya Bokeresete, gonne di lere kgobo le khutsafalo mo bathong ba Modimo. Se se go dira le e leng mo go tshwanetseng go feta gore moleofi yo o ntseng jaana a senke thuso ya bagolwane.—2 Bakor. 2:10.
7. Bagolwane ba itsisiwe jang go dirwa ga phoso e le gore ba tie ba thuse? (Dia. 28:23; 29:24)
7 Mokeresete yo o molato wa sebe se se masisi o bontsha botlhale le boikokobetso fa a atamela bagolwane ka boene. “Eo o bipañ ditlolō tsa gagwè ga a ketla a tlhōgōnōlōhala: me eo o di ipolèlañ a ba a di bakèla, o tla bōna boutlwèlō botlhoko.” (Dia. 28:13) Fa gongwe, ka baka la go tlhabiwa ke ditlhong, boikutlo jwa go dira molato kana go tlhoka khutsafalo e e tswang mo pelong moleofi gaa atamele bagolwane, jaaka Jakobe a gakolola. Mokeresete ope fela yo o lemogang sebe o tshwanetse go kgothaletsa modira-phoso go tlogela phoso ya gagwe le go batla thuso ya semoya e a e tlhokang. Fa modiraphoso a ka nna a seke a ye kwa bagolwaneng, Mokeresete yo mongwe o tshwanetse go ba lemotsha e le gore ba tle ba neelane ka thuso e e tlhokegang. Bakeresete botlhe ba tshwanetse go batla go ‘sokolola moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe’ mme ka gone ba “golola mōea mo loshuñ.”—Yak. 5:19, 20.
GO KGALEMELA KA LEFOKO LA MODIMO
8. Bagolwane ba dira jang mo go tshwareng pokano ya komiti?
8 Fa komiti ya katlholelo e kopanela kgetsi ya tiro ya phoso, ka thapelo ba senka kaelo ya ga Jehofa. Ka mokgwa o o tshwanetseng badisa ba ba lorato, bagolwane ka bopelotelele ba tlotla le motho yoo kaga se se lebegang e le bothata kana phoso. (Baef. 5:1, 2; 1 Pet. 5:2, 3) Le e leng koo go nang le basupi ba ba supang gore phoso e diragetse, komiti ya katlholelo e kgothaletsa motho yoo go tlotla ka papamalo e seng fela phoso mme se se gogetseng go yone le kafa a ikutlwang ka teng kaga yone. (Dute. 19:15; Yoh. 8:17) Ke ka ntlhayang fa se se tlhokafala?
9, 10. Kwa pokanong ya komiti malebana le go dirwa ga phoso, bagolwane ba lekela go dira eng? (Pes. 51:13)
9 Lemororo bagolwane ba ba reeditseng kgetsi eo ba bona molato kana ba supegetsa motho phoso, kgatlhego ya bone e kgolo e mo go thuseng mokaulengwe wa bone wa Mokeresete yo o timetseng. Ba batla go mo tlhotlheletsa go ikwatlhaya e le gore go tle go tle “thudishō yalo, e e cwañ ha pele ga Morèna [Jehofa].” (Dit. 3:19) Fa motho a sa dumele phoso, a sa lemoge bomasisi jwa yone kana a sa bone tlhokego ya go ikwatlhaya, ba ka tshwanelwa ke go ntsha ‘bosupi jo bo bonalang jwa sebe sa gagwe le jwa tshiamo.’ (Bapisa Yohane 16:8) Mme mo go neeleng kgalemelo eo ya bomodimo ga baa tshwanela go batla go ipusolosetsa kana ba le bogale. Bibela e kgothatsa jaana: “U tlhotlhomisè, u kgalemèlè, u laeè ka bopelotelele yotlhe le ka go ruta.” (2 Tim. 4:1, 2) Ka go kgalemela ka nitamo, ka bopelonomi le ka bopelotelele, ba ka kgona go fitlhelela pelo ya moleofi, ba mo thusa go ila bosula le go boela kwa Modimong.—Yer. 3:12, 13.
10 Re ka ithuta mo sekaong sa ga Esere. Ka papamalo o ne a bontsha Bajuda molato wa bone. Se tota e ne e se go ba tlhabisa ditlhong, mme e ne e le go ba dira gore ba khutlise, go ama dipelo tsa bone, go ba tlhotlheleletsa go ila bosula le go ikwatlhaya. Ba ne ba tshwanetse go ipolela go Jehofa le go dira mo tumalanong le seo ka go dirisa seo ba neng ba ka se kgona go dirolola phoso ya bone. (Esere 10:7-14) Ka mo go tshwanang, komiti e e dirisanang le kgetsi ya sebe se se masisi e batla go thusa modira-phoso go bona bokete jwa phoso le go utlwa mo pelong ya gagwe tlhokego ya go ikwatlhaya.—Isa. 1:18.
“BA KGALEMÈLÈ MO PONOÑ EA BOTLHE”
11. Ke bomang ba ba tlhokang kgalemelo ya Dikwalo?
11 Malebana le dipokano tsa katlholelo le badira-phoso, bagolwane ba dirisa mafoko a ga moaposetoloi Paulo go Timotheo: “Ba ba leohañ u ba kgalemèlè mo ponoñ ea botlhe, gore ba bañwe le bōnè ba nnè mo poihoñ.” (1 Tim. 5:20) Badiraphoso ba ke batho ba ‘ba nnetseng ruri mo sebeng’ (Revised Standard Version) kana ‘ba ba tsweletseng ka sebe’ (New American Standard Bible) go fitlha ka nako e kgalemelo tota e neelwang ka yone.
12. Komiti ya katlholelo e dirisa jang kgakololo e e mo go 1 Timotheo 5:20?
12 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Timotheo, jaaka moemedi yo o kgethilweng wa ga moaposetoloi Paulo, o ne a ka kgona go diragatsa taolo e e kwadilweng ka boene “mo ponoñ ea botlhe” ba ba neng ba amega, modira-phoso le ene a le teng. Gompieno kgalemelo eno gantsi e neelwa ke komiti e e tlhophilweng ya bagolwane go na le motho a le mongwefela. Go ka nna ga seka ga ama phuthego yotlhe. Go ya kwa bofelong jwa pokano ya komiti ya katlholelo, morago ga go sena go bonwa molato, bagolwane ba neela kgalemelo ya Dikwalo malebana le go diriwa ga phoso eo. Ba bitsa le basupi ba ba neng ba rurifatsa malebana le sebe seo, mme batho ba ba itseng bao ba lalelediwa go utlwa kgalemelo ya Bibela. Ka gone e neelwa “mo ponoñ ea botlhe” kana ‘fa pele ga botlhe.’ Bano, e leng “ba bañwe” ba ba umakiwang mo go 1 Timotheo 5:20, ba ka thusiwa go boifa sebe sentle, go bona tlhokego ya go tila sebe le maemo a a isang go sone.
A O A IKWATLHAYA?
13. Ke kgwetlho efe e bagolwane ba lebaneng le yone mo go dirisaneng le sebe se se masisi?
13 Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tsa bagolwane ba ba dirisanang le kgetsi ya go dirwa ga phoso ke go swetsa fa e le gore a moleofi tota o bontsha boikwatlhao jwa boammaaruri kana nnya. Ga baa tshwanela go atlhola fela ka tebego ya ka kwantle. Ka gone, ereka ba sa kgone go bala dipelo, ba tshwanetse go dirisa kelotlhoko e tona, tekatekanyo le botlhale mo go sekasekeng phoso, kamano ya yone le molao wa Modimo le se moleofi a se buang le go se dira.
14, 15. Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko mo go atlholeng gore a mongwe o ikwatlhaile kana nnya?
14 Bagolwane ga baa tshwanela go potlakela go fetsa ka gore go na le boikwatlhao. Ka ntlhayang? Fa ka phoso ba ka atlhola ka gore moleofi o a ikwatlhaya, moo go ka nna le phelelo e e gobatsang go letsomane lotlhe. Mme tswee tswee tlhokomela sekai se se fapaaneng sa Bibela malebana le modira-phoso mongwe mo phuthegong ya Korintha. Morago ga a sena go ntshiwa ka nakwana, o ne a busediwa ka baka la go bo a ikwatlhaile ka boammaaruri. Bakaulengwe ba ne ba tla dirisana jang le ene? Bakorintha, ka ba ne ba ikanya katlholo ya gore o ne a ikwatlhaile, ba ne ba kgothalediwa ka bopelonomi go “mo ichwarèla [ba] mo gomotsa,” ‘ba mo tlhomamisetsa go mo rata ga bone.’ (2 Bakor. 2:6-8) Go tshwana fela le gompieno fa komiti e fetsa ka gore modiraphoso o a ikwatlhaya. Mme fa ba ne ba sa atlhola kgang sentle ba bo ba busetsa modira-phoso yo tota a neng a sa ikwatlhaya mo phuthegong, ba tla bo ba tsenya boitsholo le boitsheko jwa semoya jwa botlhe mo letsomaneng mo kotsing.—1 Bakor. 5:6.
15 Komiti e ka lebelela eng mo go tlhotlhomiseng fa e le gore modira-phoso o ikwatlhaile ka boammaaruri? Motho yo o ikwatlhaileng gaa leke go nyenyefatsa kana go tlhatswa tsela ya gagwe e e bosula. Mo mogopolong wa gagwe o lemoga bophoso jwa se a se dirileng mme a swabe thata mo pelong ya gagwe ka a leofetse Modimo. (Yer. 3:25; Dit. 3:19) Ka gone bagolwane ba ba dirisanang le kgetsi ba tshwanetse go tlhomamisa gore tshwabo kana khutsafalo e e ntseng jaana e teng.
16, 17. (a) Pharologano ke efe gareng ga “bohutsana yoa lehatshe” le ‘bohutsana jwa bomodimo’? (Baheb. 12:16, 17) (b) Dikeledi kana bosupi jwa boikutlo bo tla raya eng mo katlholong ya bagolwane?
16 Bagolwane ba ka tshwanelwa ke go farologanya gareng ga “bohutsana yoa lehatshe” le “bohutsana yo bo chwanetseñ poihōmodimo [jo bo tsosang] boikwatlhaō yo bo isañ polokoñ.” (2 Bakor. 7:10) Motho yo o nang le molato wa go dira phoso o ka ikutlwa a hutsafaditswe ke go retelelwa, go tlhabiwa ke ditlhong gore o tla senolwa kana a ikutlwa a tobekantswe ke gore o ka nna a lebana le kotlhao. Mme “bohutsana [joo] yoa lehatshe” ga bo supe gore o hutsafaletse gore o leofetse Modimo kana gore o lereditse Modimo le batho ba Ona kgobo, tse e leng ditshupo tsa ‘bohutsana jwa bomodimo.’ Lemororo Esau a ile a lelela go latlhegelwa ga gagwe ke botswalwa-pele, Jehofa o ne a itse gore Esau o ne a sa ikwatlhae ka boammaaruri mo pelong. Jalo, fa motho yo o nang le molato wa sebe se se masisi a lela, bagolwane ba tshwanetse go leka go swetsa fa e le gore a o ledisiwa ke ‘bohutsana jwa bomodimo’ kana nnya. Go ka bo go ntse jalo. Mo motlheng wa ga Esere batho “ba ne ba lela mo go botlhoko” morago ga ba sena go utlwa thapelo ya gagwe e e tiileng malebana le sebe sa bone, le Petere o ne a lela mo go botlhoko fa a sena go itatola Jesu.—Gen. 25:29-34; Esera 10:1; Luke 22:59-62.
17 Dikai tse tsa Dikwalo di gatelela gore ke ka ntlhayang fa bagolwane ba ka seka ba atlhola fela ka ponalo ya boikutlo. Batho ba farologana ka popego le ka go laola ga bone maikutlo. Jalo e ka ne go na le dikeledi kana nnya, selo sa botlhokwa ke gore modira-phoso o amegile mo pelong, a na le moya wa kutlo-botlhoko e e gamolang pelo kana go swaba mo gogolo go bo a tenne Jehofa a bile a sentse botsalano jwa gagwe le Modimo. (Pes. 51:1-4) Ka tshwanelo, bagolwane ba ka nna ba botsa gore a modira-phoso ka thapelo o ipoletse mo go Jehofa, a senka boitshwarelo jwa Modimo, jaaka Dafide a ne a dira.—Pes. 32:3-5; 41:4; Yer. 31:19.
18. Go ipolela go tla jang?
18 Fa modira-phoso a ipoletse go “bagolwane ba phuthègō” ka boene, seo e ka nna tshupo e e thusang malebana le boemo jwa gagwe jwa pelo. (Yak. 5:14, 16) Go tweng he, fa e le gore gaa itere ka bogagagwe mme kgang e ne ya tshwanelwa ke go tlhomamisiwa ka gore a bontshiwe bosupi kana ka go bolelwa ke basupi? O ka nna (gone kwa pokanong) a fitlhelelwa, a dumela sebe sa gagwe. (Tlhokomela sekai sa ga Dafide sa go ikwatlhaela sebe sa gagwe le Bathesheba, go 2 Samuele 12:1-13.) Mme, bogolo jang fa modira-phoso a ne a ile a kgalemelwa ka lobaka lo loleele pele ga a simolola go dira ditshupo dipe tsa boikwatlhao, komiti e tshwanetse go itisa thata. Ba tla tshwanelwa ke go tlhatswega pelo malebana le boemo jo bo fetogileng jwa pelo ya modira-phoso le gore o tlhagafaletse go siamisa phoso eo mme o ikemiseditse ka mo go feletseng go e tila mo isagweng.—2 Bakor. 7:10, 11; Tshen. 3:19.
19. Modira-phoso yo o ikwatlhaileng o tshwanetse go ikutlwa jang malebana le phuthego?
19 Modira-phoso o tshwanetse go hutsafalela tlontlologo e e lerilweng mo phuthegong ya Modimo. Fa Dafide a leofa ka go bala batho mme a lemoga se a se dirileng, o ne a dumela boeleele jwa tiro ya gagwe. Morago erile a bona diphelelo tse dikgolo mo morafeng otlhe, o ne a kgorometsega go re: “Bōna, ke leohile, ke dihile ka bokgōpō: me dinku tse, cōna di dihile eñ.” (2 Sam. 24:10, 17) Jalo he, a modiraphoso o bontsha kutlo-botlhoko ya mmannete ka kgobo, mathata le khutsafalo tse a ka neng a di leretse phuthego?
“DITIHŌ TSE DI CHWANETSEÑ BOIKWATLHAŌ”
20-22. (a) Ke “ditihō” kana ‘leungo’ lefe leo bagolwane ba tla le sekasekang? (b) Bontsha kafa moikwatlhai o ka ntshang ‘leungo’ leno ka teng.
20 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa batho go “ikwatlhaea le go shokologèla mo Modimoñ, ba diha ditihō tse di chwanetseñ boikwatlhaō.” (Dit. 26:20) Fa Bajuda mo metlheng ya ga Nehemia ba ne ba ikwatlhaela go nna le basadi ba batswa-kwa, ba ne ba tsaya kgato e e tlhomameng e e neng e supa boikwatlhao. (Neh. 9:1, 2; bapisa Yona 3:5-10.) Jaaka go bonala, mo go dirisaneng le kgetsi ya sebe se se masisi, bagolwane ba tla kgatlhegela gore a modira-phoso o ‘bontshitse leungo le le tshwanetseng boikwatlhao.’—Math. 3:8.
21 Fa a leofetse motho, a o boleletse motho yoo sebe sa gagwe a bo a kopa boitshwarelo? Ka sekai, fa e le boaka, a o ipoletse go molekane yo o senang molato a bile a ikopile maitshwarelo? Kana fa modira-phoso a na le molato wa tsietso, a o tsere dikgato dipe tsa go duela tatlhegelo eo? Mo mabakeng a mangwe o ka nna a se kgone go dirolola tshenyo e a e dirileng, mme a o bontsha bosupi jwa gore o tla tsaya dikgato tse di utlwalang tsa go busetsa tatlhegelo epe? (Luke 19:8) Ntlha ke gore, motho o bontshitse ‘leungo le le tshwanetseng boikwatlhao’ go le kanakang?
22 Gongwe sebe se dule mo go tlhokomologeng kgakololo ya Dikwalo. Ka sekai, o ka bo ka metlha a ne a itlosa bodutu le badiri-ka-ene ba lefatshe, mme bokopano jo bo sa siamang jo jwa gogela boitsholong jo bo maswe. Jalo a motho yo o dirileng phoso o tlogetse bokopano joo? (Dia. 13:20; 1 Pet. 4:3, 4) Gape, a o okeditse boiteko jwa go kopanela ka metlha le batho ba Modimo, mme a o bontshitse keletso e e tswang mo pelong ya go galaletsa Modimo jaaka moobamedi yo o itshekileng? Lepe la ‘maungo’ ano ke konokono ya go atlhola gore moleofi o ikwatlhaile. Bagolwane ba tla amega ka gore a o na le bokopano jo bo siameng, o nna teng dipokanong tsa Bokeresete gape o tlhaga mo tirelong ya tshimo, gonne ba amogela pono ya Modimo ya gore go tshwanetswe go nna le “ditihō tse di chwanetseñ boikwatlhao.”
23. Komiti e tshwanetse go ela eng tlhoko mo temeng ya sebe se se boaboeletswang?
23 Komiti ya katlholelo e tshwanetse go amega thata ka go boloka phuthego e le phepa, ba bile ba tshwanetse go bontsha kelotlhoko e e kgethegileng fa e le gore modira-phoso o ne a ntse a dira sebe se se masisi mo sephiring ka lobaka lo loleele. Go ne go tla nna jalo fa e le gore ba ne ba dirisana le motho yo o neng a dirile tlwaelo ya go leofa mme morago go bonetse ekete o ne a ikwatlhaile. Ka makgetlo a mantsinyana o ka ne a dirile phoso mme ka gonne a ne a lebega a ikwatlhaile a ne a kgalemelwa nako le nako mme a letlelelwa go nna mo phuthegong. Jaanong o leofile gape. Bagolwane mo mabakeng ano, ba gopotse gape ka go tshela sentle ga letsomane lotlhe, ba tshwanetse go ela tlhoko fa e le gore botshelo jwa gagwe bo bontsha bosupi jwa boammaaruri jwa gore o ntsha “ditihō tse di chwanetseñ boikwatlhaō.” A ka tsela ya gagwe ya botshelo gaa bontsha gore o belaesega thata gore ke wa phuthego ya Modimo?—Pes. 119:104; Bar. 12:9.
24. Ke eng se se atlholang fa e le gore dipokano tse di oketsegileng di ka tshwarwa le modira-phoso? (Hosea 5:4; Math. 21:30)
24 Fa gongwe moleofi o a thatafala kana a lwe, a sa bontshe boikwatlhao jwa boammaaruri go sa kgathalesege bopelotelele jwa tota jwa bagolwane. (Mor. 8:11) Ga baa patelesega go kopana le modira-phoso yoo kgapetsa-kgapetsa jaaka ekete baa mo rapela kana ba leka go mo kopa go ikwatlhaya. Mme mo mabakeng a mangwe ba ka bona go tlhokega gore ba kopane le moleofi gape, fa e le gore bosupi malebana le maikutlo a gagwe, tlhotlheletsego ya gagwe le boikwatlhao jwa gagwe di lotobo. Morago ga fa a sena go rapela a bile a tlhatlhantse ka motlotlo wa pele wa Dikwalo, kgang ya boikwatlhao jwa gagwe e ka phepafala.
25. Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba na le boikarabelo jo bo bokete malebana le go dirwa ga phoso?
25 Boikarabelo jwa bagolwane jwa go tlhotlhomisa boikwatlhao jwa boammaaruri ke jo bo bokete. Ba tshwanetse go bontsha kutlwelo-botlhoko le go thusa ba ba fositseng ba tota ba ikwatlhaileng. Mme gape ba tshwanetse go disa mo go tlhomogeleng pelo mo go sa lebanang mo go ka bakang gore “sebediso” se se kotsi se nne mo phuthegong.—Bagal. 5:9.
GO THUSA PHUTHEGO
26. Dikgang tse dingwe di ka tshwariwa jang fa ba se kae fela ba itse ka go dirwa ga phoso?
26 Mo mabakeng a mangwe sebe se se masisi ga se nke se itsiwe phatlalatsa. Gongwe batho ba se kae fela, jaaka ba-lelapa ba ba gaufi kana basupi ba se kae, ba lemoga sebe seo. (Bano, lemororo e le ‘balebeledi,’ ba tshwanetse go lemotshiwa gore ba tla bo ba sena lorato fa ba seba kaga gone.) Ka gone, fa fela komiti ya katlholelo e tlhomamisega gore modira-phoso o a ikwatlhaya, ga go tlhokege gore kgang e phatlaladiwe, gonne ‘balebeledi’ botlhe ba utlwile kgalemelo ya Dikwalo kaga kgang eno, ebile moleofi o ikwatlhaile.
27, 28. Go ka nna molemo leng gore phuthego e itsisiwe gore mongwe o kgalemetswe?
27 Mo mabakeng a mangwe sebe se ka itsiwe ke ba le bantsi mo phuthegong le/kana mo morafeng. Kana sebe seo se ka nna se go leng pepenene gore se tla itsiwe ka kakaretso mo nakong e e tlang. Kgang e e ntseng jalo e tshwanetswe go tshwariwa ka mo go farologaneng. Phuthego yotlhe e tshwanetswe go kokobediwa dibete malebana le gore a kgetsi e sekilwe sentle kana nnya. Gape, ba ka sologelwa molemo ke kgakololo ya Dikwalo e e ka ba thusang mo go nneng le poifo e e siameng ya sebe.
28 Kana go ka nna le lobaka longwe moo bagolwane ba ikutlwang gore ba tshwanetse go itisa go se go ne ne. Ka sekai, lemororo modira-phoso a ka ne a ikwatlhaile tota jaanong, o ka ne mo nakong e e fetileng a bo a bontshitse bokoa bongwe malebana le boikemisetso jwa gagwe jwa go tila tsela e e isang sebeng. Jalo ereka komiti ya bagolwane e amega ka gore phuthego e seka ya gobadiwa ke mongwe yo o mo gare ga bone a nna tlhotlheletso e e senyang, e ka bona gore puo e e nang le boikitsiso ya Dikwalo e tshwanetswe go neelwa.
29, 30. (a) Bagolwane ba tla itsise phuthego jang? (b) Molemo wa go tshwara dikgetsi dingwe ka tsela e o ka nna ofe?
29 Mo maemong a mabedi a, bagolwane ba phuthego ba ka rulaganyetsa go dirisana le kgang eo kwa pokanong ya beke le beke ya tirelo, e seng kwa dipokanong tse dingwe. Kwa pokanong ya tirelo go ka itsisiwe gore yo o neng a dirile phoso o kgalemetswe ke komiti ya katlholelo ebile o bontshitse boikwatlhao. Gape, komiti ya katlholelo e ka nna ya bona go tlhokega gore e dire dithibelo dingwe. Tsone di ka kopanyeletsa go se arole mo dikarolong tsa pokano, go sa emele phuthego mo thapelong kana, gongwe go sa bale dikwalo kana go akgela kwa dipokanong. Fa komiti e tlhomile dithibelo dingwe, ba ka nna ba bolelela bagolwane fa e le gore ba bona gore seno se ka itsisiwe phuthego kana nnya. Dithibelo tse di ka tlosiwa ka bonya mo isagweng.
30 Maitseboeng one ao, mme moragonyana mo thulaganyong ya pokano ya tirelo, mogolwane yo o kgethilweng o ka neela puo e e tiileng ya Dikwalo. Gaa tshwanela go umaka modira-phoso ka leina lefa e le go senola ditlhaloso dingwe tse di tlhamaletseng tsa boikitsiso jwa sephiri jo bo senogileng mo pokanong ya komiti ya katlholelo. Mme o ka bua ka se Lefoko la Modimo le se buang kaga mofuta wa phoso kana wa sebe se se kopanyediwang mo tiragalong e, bokotsi jwa yone le kafa e ka tilwang ka teng. Phuthego yotlhe e ka solegelwa molemo ke tlhagiso eno ya Dikwalo.—2 Tim. 4:1, 2.
31. Re tshwanetse go ikutlwa jang malebana le pono ya Modimo ka boikwatlhao?
31 Rotlhe re tshwanetse go anaanela ka mo go boteng thato ya ga Jehofa ya go amogela boikwatlhao jwa boammaaruri. Ruri ga rea tshwanela ‘go amogelela tshegofatso ya Modimo lefela.’ (2 Bakor. 6:1) Fa mongwe a ka dira jalo, a ineela mo sebeng mme a sa ikwatlhae, Modimo o kaela phuthego go tsaya dikgato tse di gagametseng. Tse go tla dirisanngwa le tsone mo tokololong ya rona e e latelang.
[Lebokoso mo go tsebe 31]
O ITHUTILE ENG KAGA BOIKWATLHAO?
Fa re dira sebe se se masisi, re tshwanetse go ipolela go Modimo mme gape re tshwanetse go dirisa kgakololo e e mo Lefokong la gagwe ya go batla thuso ya “bagolwane ba phuthègō.”
Kwa pokanong ya komiti ya katlholelo, bagolwane ba senka go bona molato ba bile ba lekela go thusa modira-phoso go ikwatlhaya.
Kwa pokanong e, ‘go kgalemela fa pele ga botlhe’ go kopanyeletsa bao ba leng teng jaaka basupi kana ba ba itseng kaga sebe.
Motho yo o ikwatlhaileng e le ruri o amegile mo pelong go bo a leofetse le go gobolola Modimo le batho ba Gagwe.
Bagolwane ba tla lebelela bosupi jwa “ditihō tse di chwanetseñ boikwatlhao.”
Lefa komiti e kgatlhegela go thusa modiraphoso, gape e amega ka go sireletsa phuthego mo go senyegeng.