Tsholofelo ya Dingwaga tse di Sekete E A Fenya
1. Go tla ga Mesia go tsositse dipotso dife?
FA MESIA yo o neng a sa bolo go letelwa a ne a tlela Bajuda, a o ile a tlhomamisa tumelo ya bone ya ntlha-ntlha kaga botshelo jwa isagwe ka tsogo, kana o ile a tla a dumalana le mogopolo wa bone wa boheitane oo o neng o bonwe bosha wa go sa swe ga moya mo go ruilweng? Fa Jesu Keresete a ne a sedimosa tsholofelo ya selegodimo, a o kaile gore botlhe bao ba neng ba tla bolokwa ba ne ba tla ya kwa legodimong? Kana a ka bobedi Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bokeresete di tsholetse didikadike tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng?
BOTSHELO JWA ISAGWE KA TSOGO
2. Jesu o rutileng kaga tsholofelo ya botshelo jwa isagwe?
2 Jesu o ne a le kgakala le go ka ruta ka mogopolo wa boheitane wa go sa swe ga moya wa motho mo go ruilweng, fa a ne a bontsha gore tsholofelo epe fela ya isagwe ya botshelo e ikaegile ka tsogo. O tlhalositse jaana: “Yaka Rara a na le botshelō mo go èna ka esi, O neetse Morwa le èna yalo, gore a nnè le botshelo mo go èna ka esi: Me o mo neetse thata ea go diha katlholō, ka e le Morwa Motho. Se gakgamaleleñ mo; gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.”—Yoh. 5:26-29.
3. Baruta-thuto-bodumedi bangwe ba La-Bodumedi jaanong ba dumelang maloka le moya?
3 Ka mo go kgatlhisang, baruta-thuto-bodumedi bangwe ba motlha ono ba La-Bodumedi jaanong ba simolola go dumalana le mogopolo wa gore go sa swe ga moya mo go ruilweng ga go tshegediwe ekane ke Dikwalo tsa Sehebera kana tsa Segerika tsa Bokeresete. Ka sekai, The New International Dictionary of New Testament Theology (Vol. 3, 1978) e gatelela “kafa go sa tlwaelegang ka teng go TK [Testamente e Kgologolo) ka mogopolo wa moya o kgaogane lè mmele, kana moya o o kgaoganang le mmele mo losong.” Mme gape: “Math. 10:28 ga e rute go sa swe ga moya mme fela e ruta go sa busediwe morago ga katlholo ya bomodimo mo go ba ba sa ikwatlhaeng. . . . TN [Testamente e Ntšha] e bona motho jaaka selo se se kopaneng le go solofetsa phetogo ya motho jaaka a ntse, eseng fela phalolo ya karolo epe. . . . ga go kake ga nna le bosasweng kwantle ga tsogo pele.”
TSHOLOFELO YA SELEGODIMO LE YA SELEFATSHE
4. Basupi ba ga Jehofa ba amogelang, mme ba ganang, mme ke ka ntlhayang?
4 Basupi ba ga Jehofa ga ba ganetse gore Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di ruta gore Bakeresete bangwe ba amogela “picō ea selegodimo.” (Baheb. 3:1) Mme seo ruri ba se ganetsang ke gore “picō ea selegodimo” e e ntseng jalo e phimola boikaelelo jwa ntlha-ntlha jwa Modimo jwa go nna le lefatshe le le baakanyeditsweng go nna paradaise le go tladiwa ka lotso lo lo siameng lwa banna le basadi. Ga ba kake ba amogela mogopolo wa gore dipolelelo-pele tsotlhe mo Dikwalong tsa Sehebera tse di bolelelang-pele ka go busediwa ga paradaise mo lefatsheng jaanong di fetogile tse di senang bokao. Ba tlhatswegile pelo ka mo go oketsegileng ka seno ka gobo tsholofetso ya “lehatshe ye lesha” leo “go tla agañ tshiamō mo go” lona e tlhomamisiwa mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete.—2 Pet. 3:13; Tshen. 21:1-4.
5, 6. Bibela e phepafatsa jang tsholofelo ya Dikwalo eo e menaganeng sebedi: (a) ya selegodimo? (b) ya selefatshe?
5 Go ithuta Bibela ka tlhonamo go gogetse Basupi ba ga Jehofa mo go dumeleng gore tsholofelo ya Dikwalo ya Bokeresete e menagane sebedi: Mpho ya bosasweng kwa legodimong ke ya ba ba lekanyeditsweng, mme botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ke ya palo e kgolo. Tsholofelo ya selegodimo ya go “busa” le Keresete e neetswe jaaka “tshegōhaco” e e tlhomologileng kana jaaka ‘bopelonomi jo bo sa tshwanelang’ go “ba ba itshenkecweñ” ba le 144 000 go simolola ka baaposetoloi le barutwa ba pele ba ga Keresete. (Luke 12:32; Bar. 5:17; 8:33; Tshen. 5:9, 10; 7:1-4; 14:1-4) Mo go bano, ke ba sekae fela “ba ba setseñ” ba bao ba ‘falotseng go fitlha mo go tleng ga Morena’ ba sa tshela mo lefatsheng.—1 Bathes. 4:14-17; Tshen. 12:17.
6 Tsholofelo ya selefatshe ke tsholofelo ya ntlha-ntlha eo Adame le Efa ba ka bong ba nnile nayo, fa ba ka bo ba ile ba nna kafa tlase ga bolaodi jwa ga Jehofa Modimo mme ba sa batla boipuso jwa boitsholo. (Bona dikgaolo tse tharo tsa ntlha tsa Genesise.) Motho “ke oa mbu, oa selehatshe.” (1 Bakor. 15:47) Mekgele le ditlhologelelo tsa gagwe tsa tlholego ke tsa selefatshe. “Magodimo ke magodimo a ga Yehofa; me lehatshe o le neile bana ba batho.” (Pes. 115:16) Mme Bibela e tlhalosa ka bophepa gore Jehofa ‘gaa tlholela lefatshe lefela, o le bopetse go agiwa.’ (Isa. 45:18) Ka gone tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo maemong a separadaise ka bobedi ke a tlholego le a Dikwalo. Ga se sengwe seo se ka tlhabelwang ditlhong.
TSHOLOFELO YA DINGWAGA TSE DI SEKETE KE YA DITLHOPHA DI LE PEDI
7. Tsholofetso ya ga Aberahame le boperofeti jwa ga Daniele di tsholetse ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe tsholofelo efe?
7 Ereka Baiseraele ba semoya ba le 144 000 e le “losika loa ga Aberahame” le “baruaboshwa kaha poleloñ ea choloheco” (Bagal. 3:26-29), he go molemo go gakologelwa gore tsholofelo eo e neetsweng Aberahame gape e rile: “Merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago.” (Gen. 22:16-18) Moperofeti Daniele le ene o buile ka “batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō” bao “morwa motho,” Jesu Keresete, a tla dirisang ‘bogosi le puso’ godimo ga bone go tswa ‘legodimong.’ Se o se dira gammogo le “ba ba itshenkecweñ,” bao go builweng ka bone e le “baitshepi ba Mogodimodimo.”—Dan. 7:13, 14, 27; 2 Tim. 2:10.
8. Ke eng se se bontshang gore Paulo le Johane ba ile ba lemoga gore poloko ga e a lekanyediwa go “ba ba itshenkecweñ”?
8 Ga se gore Bakeresete ba pele ba ne ba sa tlwaelana le dipolelelo-pele tseno tse di buang ka ditlhopha di le pedi: “losika” le “dichaba, “baitshepi” le “merahe.” Go tlhomamisa seno, morago ga fa moaposetoloi Paulo a sena go bua ka bao e tla nnang “baruaboshwa mmōgō” le bao ba tla ‘galalediwang nae’ kwa legodimong, o bua ka “lobopō” lwa batho loo “tlhologèlèlō” ya lona eleng go “gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla,” kana mo sebeng, le “go senolwa ga bana ba Modimo.” (Bar. 8:15-21) Fa moaposetoloi Paulo a kwalela Bakeresete bao, jaaka ene, ba neng ba na le tsholofelo ya selegodimo, o buile ka Keresete e le “seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona [bao “ba ba itshenkecweñ”]: me e be e se sa tsa rona rosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.”—Yoh. 2:2; 3:1-3.
9. (a) Johane gongwe o bone diponatshegelo dife fa a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha? (b) Ba tlhomamisitse jang bogone jwa ditlhopha di le pedi tsa ba ba bolokilweng?
9 Fa Johane a ne a kwala mafoko ao, o tshwanetse a bo a ne a setse a amogetse Tshenolo eo mo go yona, morago ga go bona Baiseraele ba semoya ba le 144 000 ba ba ‘kannweng,’ a ileng a bona “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō.” Bano ba falola ‘pitlagano e kgolo’ mme “Kwana,” Keresete Jesu, o ba gogela “kwa mecwediñ ea metse a botshelō.” (Tshen. 7:4-17) Mme, legale, e ne e le mo go yone Tshenolo eo moo Johane a boneng ponatshegelo ya puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete, eo gape e umakang ditlhopha di le pedi: bao ba nnang “le kabèlō mo cogoñ ea ntlha,” eleng ba ba tla ‘busang,’ gammogo le ‘batho,’ eleng bao ba tla segofadiwang ke Modimo le bao e tla nnang “batho ba ōna.”—Tshen. 20:1-21:8.
10. Gompieno, ke ditlhopha dife di le pedi tse di amogelang tsholofelo ya dingwaga tse di sekete, mme dipalo tsa tsone di farologana jang?
10 Gompieno, tsholofelo ya dingwaga tse di sekete e a fenya mo dipelong tsa bao ba “lecomanyane” ba ba bilediwang go “dula mo dituloñ tsa bogosi” mmogo le Keresete kwa legodimong go busa ka dingwaga tse di sekete. (Luke 12:32; 22:28-30) Tsholofelo eo ya dingwaga tse di sekete e ile ya amogelwa gape ke bao eleng ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” bao ba kopanetseng le Bakeresete ba batlodiwa ba ba setseng mo go boleleng “Mahoko a, a a Molemō a bogosi, . . . go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Math. 24:14) Ditlhopha tseno di le pedi di ne di emelwa kwa moletlong wa Sejo sa Morena sa Maitsiboa se se neng se tshwerwe ka Mopitlwe a le 31, 1980. Bao ba jeleng ditshwantshetso tsa senkgwe le bojalwa jwa mofine ba ne ba le 9 564 fela lefatshe ka bophara, ruri ke ba sekae fela “ba ba setseñ” mo go ba le 144 000 bao ba tla busang le Jesu mo pusong ya gagwe ya dingwaga di le sekete. Mme gammogo le bano, ba bangwe ba le 5 717 092 ba nnile gone jaaka babogedi, ka gone ba bontsha kanaanelo ya thulaganyo e kgolo ya ga Jehofa eo a diretseng gore e nne gone ka setlhabelo sa Morwa wa gagwe. Bano ba ipelela tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng ya lefatshe.
TSHOLOFELO YA DINGWAGA TSE DI SEKETE E SANTSE E TSHELA!
11. Tsholofelo ya dingwaga tse di sekete e tla fetoga ya sebele leng ebile jang?
11 Ee, tsholofelo ya dingwaga tse di sekete e nna e ntse e tshela fela thata gompieno. E tla fetoga ya sebele morago ga “sepitla se segolo,” fa Keresete le “ba ba itshenkecweñ” ba le 144 000 ba tla bo ba simolola puso ya bone ya dingwaga di le 1 000 kwa legodimong, mme “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba seka-dinku, gammogo le dibilione tsa ba ba tsositsweng mo lefatsheng, ba tla bo ba tsena mo masegong ao a se kakeng a tlhalosiwa mo sebakeng sa selefatshe sa bogosi joo jwa Bomesia.—Math. 25:34; Tshen. 20:12, 13.
12. Dingwaga tse di sekete di tlhalositswe jang mo bukeng nngwe ya encyclopedia?
12 Setho se tlhoka tsholofelo e e ntseng jalo thata-thata gompieno. Ga se gore banna ba botlhale jwa selefatshe ga baa tlwaelana le tsholofelo e. Ka gone, Macropædia Britannica ya 1977 e tlhalosa dingwaga tse di sekete ka mo go latelang: “Lobaka lo lwa dingwaga di le 1 000, lo lo itsiweng jaaka puso ya dingwaga tse di sekete, lo lebiwa jaaka nako eo mo go yone ditlhologelelo tsa motho tsa kagiso, kgololesego mo boikepong, le puso ya tshiamo mo lefatsheng labofelo di lemogiwang ka nonofo ya Modimo. . . . tumelo ya dingwaga di le sekete e amega ka ditebelelo tsa selefatshe tsa batho. . . . tumelo ya dingwaga di le sekete e leka go arabela dipotso tse di etsang tse di latelang gore di tlhaloganngwe sentle-ntle: Bokhutlo jwa bofelo jwa lefatshe le e tla nna bofe? A setho se tla dika se dirafaditse toro ya bogologolo ya go nna mo paradaiseng ya selefatshe kana batho botlhe ba tla nyelediwa mo kudumeding ya molelo eo e leriwang ke boeleele jwa bone kana katlholo ya Modimo?”—Tshekamiso-ditlhaka ke ya rona.
13. (a) A o dumela gore lefatshe le tla senngwa mo “kudumeding ya molelo”? Lebaka la karabo ya gago ke lefe? (b) Boikaelelo jwa Modimo jwa ntlha-ntlha e ne e le bofe ka lefatshe?
13 Go bakwadi bangwe ba dibuka tsa di-encyclopedia le baeteledipele ba bodumedi ba ba senang tumelo, dipotso tseo e ka nna fela tsa kgatlhego ya thuto. Mme go batho ba bantsi ba ba dipelo-di-ikanyegang mo dinageng tsotlhe ke dipotso tsa sebele tsa motlha ona tsa kgatlhegelo e kgolo. Basupi ba ga Jehofa ba bone karabo ya dipotso tseno mo Bibeleng. Go bone, tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng “mo paradaiseng ya selefatshe” ga se “toro ya bogologolo.” Tsholofelo eo e na le metheo ya sebele, e e tlhomameng e e theilweng mo tlhotlhomisong e e tseneletseng ya Bibela. Ka bobedi Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bokeresete di bontsha gore Modimo ga o kake wa letla baikepi go senya lefatshe mo “kudumeding ya molelo.” (Tshen. 11:18; Isa. 45:18) Lefa e le gore o tla senya lefatshe ka boona. (Pes. 104:5) Morago ga go bopa motho le go mmaya mo lefelong la paradaise, Modimo o ile wa mo senolela boikaelelo jwa Ona, eleng jwa gore motho o tla ‘busa’ lefatshe ka go atolosa maemo a paradaise lefatshe ka bophara, le go ‘tlatsa [eseng go penolosa] lefatshe’ ka losika lo lo siameng lwa banna le basadi ‘ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo.’—Gen. 1:26-28; 2:15.
14. Tsholofelo ya dingwaga tse di sekete e tsena jang mo ‘boikaelelong jo bo sa khutleng’ jwa Modimo?
14 Moo e santse e le “go rata ga” Modimo, moo, ka bogosi jwa ona jwa Bomesia, go tla dirwang “mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Math. 6:10) Moutlwalo otlhe wa Bibela o bontsha kwantle ga pelaelo gore Modimo ga o ise o latlhe boikaelelo joo jwa ntlha. (Isa. 46:9, 10) Puso ya ga Keresete ya dingwaga di le 1 000 e tsena sentle mo ‘boikaelelong jo bo sa khutleng’ jwa Modimo, joo bontlhanngwe jwa jone eleng go “shōpaganyetsa dilō tse di kwa magodimoñ, le dilō tse di mo lehatshiñ.” (Baef. 3:11; 1:8-10) Ka mafoko a mangwe, puso ya dingwaga di le sekete ga se boitlhomo ka boyone; ke tsela ya go fitlhelela boitlhomo, eleng go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo jwa ntlha-ntlha ka lefatshe.
GA SE “TORO YA DILO TSE DI BONALANG”
15, 16. Moperisiti yo mongwe wa Mokatoliki o tlhalositse tsholofelo ya dingwaga tse di sekete jang. mme o bonala a lebetseng?
15 Baba ba bodumedi ba sotlela Basupi ba ga Jehofa go rera ka tsholofelo ya dingwaga tse di sekete. Mme basotli bano ba itumeletse go romela basiami botlhe kwa legodimong le baikepi botlhe kwa tlhokofatsong e e sa khutleng mo diheleng, ka gone ba tlogela lefatshe le seyo gotlhelele mo ‘boikaelelong jo bo sa khutleng’ jwa Modimo. Ka sekai, moperisiti wa Dominican wa Mofora H. C. Chéry, yoo o ntshitseng ga tshwene mo go nyatseng Basupi ba ga Jehofa, o bitsa tsholofelo ya paradaise e e buseditsweng mo lefatsheng “toro ya dilo tse di bonalang.”
16 Santlha, moperisiti yo wa Mokatoliki o tshwanetse go gakololwa gore tsholofelo ya dingwaga tse di sekete pele ga e ise e ke e nyadiwe ke Kereke ya Katoliki kana e tlhalosiwe jaaka e e duleng mo tseleng. Se ga se gakgamatse, ereka e theilwe mo Bibeleng mme e ne ya akanyediwa jaaka “e nngwe ya dithuto tsa botlhokwa tsa tumelo ya Bokeresete” ke “Bo-Rara ba Kereke” ba pele-pele ba ba neng ba tlotlega thata. A bo-Polycarp, Papias, Irenaeus, Justin Martyr le TertuIIian le bone e ne e le ‘balori ba dilo tse di bonalang’?
17. Ke ka ntlhayang fa go sena ope yoo ka tshwanelo a ka latofatsang Basupi ba ga Jehofa jaaka ‘balori ba dilo tse di bonalang’?
17 Ke boammaaruri, bangwe ba bano, le ba bangwe mo metlheng ya moragonyana, ba ile ba nyenyefatsa tsholofelo ya dingwaga tse di sekete, ka go neela masego a dingwaga tse di sekete a a boleletsweng pele tiriso ya senama kana le eleng go a sokamisetsa loago-sepolotiki. Mme ga go na ope yo o nang le tumelo e e molemo yoo o ka latofatsang Basupi ba ga Jehofa jaaka ba ba dirang se gompieno. Le eleng jaanong, mo lefatsheng le le ratang boitlhapediso, Bakeresete bano ba tlhabantsha go rata dilo tse di bonalang gammogo le go senka boitlhapediso mo matshelong a bone le mo diphuthegong tsa bone. Ba gatelela melemo ya semoya. Ba lemoga ka botlalo gore fa bape ba ka welwa ke leru la go rata dilo tse di bonalang ‘mo motlheng ono wa bokhutlo,’ ba ka nna ba se tlhole ba bona puso ya dingwaga tse di sekete. (Luke 21:34-36; Dan. 12:4) Gape, ga ba na ditsholofelo dipe tsa go lere dingwaga tse di sekete ka dithulaganyo tsa batho tsa ntšhafatso ya loago. Ba ikaegile gotlhelele mo tsenelelong ya Modimo ka kgosi ya Bomesia. Kwa tlhogong ya batlhabani ba selegodimo, “Kgosi [eno] ea dikgosi” e tla tlhabanela go khutlisa boikepo jotlhe mo lefatsheng.—Tshen. 19:11–20:3.
PARADAISE—YA SEMOYA LE YA NAMA
18. Re ka lebelela paradaise ya semoya go golela pele mo dingwageng tse di sekete jang?
18 Basupi ba ga Jehofa ba setse ba tshela mo paradaiseng ya semoya. Go feta moo, ba lebile pele ka ikanyo mo go fetogeng ga bone ba semoya ka mo go oketsegileng fa puso ya ga Keresete ya dingwaga di le 1 000 e ntse e ya bokhutlong, fa “dikwalō” tsa tshwantshetso tse di senolang dipatlafalo tsa Modimo di tla bo di “menololwa.”—Tshen. 20:12.
19. Ke ka ntlhayang fa dingwaga tse di sekete di tla biletsa go intsha setlhabelo thata le go dira ka thata?
19 Go tswa mmalong o o kelotlhoko thata wa dikwalo tse di buang ka puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete (ka sekai, Tshenolo 20:11–21:8), Basupi ba ga Jehofa gape ba itse gore dingwaga tse di sekete di tla biletsa go intsha setlhabelo thata mo letlhakoreng ja bao ba tla arolang mo tsholofelong ya selefatshe. Go tla nna le tiro e ntsi thata mo go baakanyeng le mo go ntlafatseng lefatshe, mme ga ba kake ka bogagapa ba ipaakanyetsa maemo a paradaise le malapa a bone fela. Puso ya Keresete ya dingwaga tse 1 000 tota ke “letsatsi” la katlholoa ya bao ba falolang ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ le le atamelang ka bonako (Dit. 17:30, 31; Tshen. 16:14, 16); gape ke letsatsi la katlholo ya didikadike tsa baswi bao ba tla tsosiwang le go atlholwa go ya ka ditiro tseo ba tla di dirang mo paradaiseng mo lefatsheng. (Yoh. 5:28, 29; Luke 23:42, 43) Bano ba ba senang palo ba ba tsositsweng ba tla tshwanelwa ke go rutwa ditiro tsa tshiamo kwantle ga bogagapa ke bao ba setseng ba tshela kafa tlase ga puso ya ga Mesia ya dingwaga tse di sekete. (Bapisa Isaia 11:1-9.) Nnya, eo ga se “toro ya dilo tse di bonalang”! Gape e tla kaya go dira ka natla mo selekanyong sa semoya.
20. Go tla diragalang kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, ka tebelelo efe go ba ba ikanyegang?
20 Go feta moo, dingwaga tse di sekete e tla nna tshimologo fela. Morago ga teko ya bofelo, fa dingwaga di le 1 000 di khutlile, banna le basadi bao ba ileng ba ikanyega mo bolaoding jwa lobopo jwa Modimo ba tla tsenngwa mo botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.b—1 Bakor. 15:24-28; Tshen. 20:7-10.
TSHOLOFELO E E KA NNANG YA GAGO
21, 22. (a) Basupi ba ga Jehofa ka metlha yotlhe ba itumelela go dirang? (b) Tsholofelo ya bone ya isagwe e e fa gaufi ke eng?
21 Eo ke tsholofelo eo jaanong basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba ba fetang 2 000 000 ba nang nayo mo dinageng tse di fetang 200. E tshela fela thata mo megopolong le mo dipelong tsa bone, moo eleng gore ka metlha yotlhe ba itumelela go neela ba bangwe ‘lebaka la tsholofelo e e mo go bone.’—1 Pet. 3:15.
22 Esale go tswa ka 1914, ditiragalo tsa lefatshe tse di dirafatsang boperofeti jwa Bibela di bontsha gore jaanong re tshela mo “motlheñ oa bokhutlō,” le gore “motlha oa khuduègō” o o senang selekanyo o atametse. (Dan. 12:1-4; Math. 14:3-21) Masalela a “ba ba itshenkecweñ” le “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba bankane ba ona ba solofeditswe go falola ‘sepitla seo se segolo.’ (Math. 24:22; Tshen. 7:9, 10, 14) Morago ga foo, ditsholofelo tsa dingwaga tse di sekete tsa ditlhopha tse pedi tseno di tla dirafadiwa. A o dumela selo seo? “A Modimo oa cholohèlō o lo tlatsè boitumèlō le kagishō mo go dumeleñ gore lo totahalèlè mo choloheloñ, ka thata ea Mōea o o Boitshèpō.”—Bar. 15:13.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona kgaolo 7, “Go ka Lebelelwang go Baatlhodi ba Dingwaga tse di Sekete,” mo bukeng God’s Kingdom of a Thousand Years Has Approached, e e phasaladitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society.
b Go bona dintlha tse di oketsegileng, tswee tswee bala dikgaolo 12 go ya go 16 tsa buka Life Does Have a Purpose, e e phasaladitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Kafa tlase ga puso ya ga Mesia ya dingwaga tse di sekete, bao ba tsositsweng ba tla rutwa ditsela tsa tshiamo