Bakeresete le Tsholofelo ya Dingwaga Tse di Sekete
“Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ.”—Math. 6:10.
1. (a) La-Bodumedi le bua jang ka tsholofelo ya dingwaga tse di sekete? (b) Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa tshwenngwe ke seno?
KEREKE ya Katoliki ya Roma gammogo tota le ditumelo tsa Boganetsa-Bokatoliki (Protestant) tse dikgolo, tse di tlhomamisitsweng sentle le ka motlha ga di ke di umakela batsamaya-kereke tsholofelo ya dingwaga tse di sekete. Di nyatsa tsholofelo eo di re ke “tumelo ya dingwaga tse di sekete,” le bao ba arolang mo go yone jaaka “badumela-dingwaga tse di sekete.” Mme Basupi ba ga Jehofa ga ba tlhabiwe ke ditlhong ka tumelo e, gonne mabaka a ditiragalo a a sa ganediweng a bontsha gore tsholofelo ya dingwaga tse di sekete e ne e dumelwa ke Bakeresete ba pele.
BAKERESETE BA PELE BA NE BA BIDIWA “BA-DUMELA-DINGWAGA TSE DI SEKETE”
2. Di-encyclopedia di le pedi di umaka eng malebana le tumelo mo dingwageng tse di sekete gareng ga Bakeresete ba pele?
2 Fa Encyclopedia Americana e bua ka Bakeresete bao ba neng ba dumela mo pusong ya ga Keresete ya dingwaga di le 1 000, e tlhalosa jaana: “Bao ba nang le dipono tse di ntseng jalo ba bidiwa badumela-dingwaga tse di sekete kana bo-radingwaga tse di sekete, le thuto ya bone jaaka bodumela-dingwaga tse di sekete (Segerika chilioi, 1 000). Go dumelwa mo matlhakoreng otlhe gore dipono tseno, fa e ne e se tsa kakaretso, bobotlana di ne di tlwaelegile thata mo kerekeng ya bogologolo.” Encyclopædia Universalis ya Sefora e re itsise jaana: “Tumelo ya dingwaga tse di sekete ya La-Bodumedi la Bophirima e ne e itsege thata mo Bokereseteng jwa Sejuda mo makgolong a le mararo a dingwaga a ntlha. . . . Tumelo ya dingwaga tse di sekete e ne e nanganetse bobe mo makgolong a dingwaga a ntlha a Bokeresete.”
3, 4. (a) Ke ditshupo dife tse di teng gore Bakeresete ba ne ba sa tshwanela go letela Tshenolo pele ga ba ka nna le ditsholofelo tsa dingwaga tse di sekete? (b) Bangwe ba ka reng kaga tsholofelo ya dingwaga tse di sekete?
3 Go na le bosupi jwa gore ditsholofelo malebana le puso ya ga Keresete ya dingwaga di le 1 000 di ne di dumelwa ke Bakeresete le eleng pele moaposetoloi Johane a amogela Tshenolo kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Ka go bala ka baperofeti ba Bajuda, ba ne ba bone matlhasedi a tsholofelo e e itumedisang ya dingwaga tse di sekete eo e neetsweng ke Keresete go Tshenolo, dikgaolo 20 le 21. Ka mo go kgatlhisang, Encyclopædia Britannica (kgatiso ya 1966) e tlhomamisa se, ka go tlhalosa jaana: “Gareng ga Bakeresete ba ntlha mogopolo wa tumelo ya dingwaga tse di sekete . . . o ne o bonwe segolo mo ditebelelong tsa Sejuda malebana le leeto la bofelo la setho le lefatshe.” Mo ntlheng yone e New Encyclopædia Britannica ya dibolumo di le 30 (1977) e re: “Mo Bukeng ya Tshenolo go tsenngwa ga tebelelo ya Sejuda ya phediso ya bofelo ya boikepo le go fenya ga molemo mo Bokereseteng go weditswe. . . . Mo dingwageng di le lekgolo tsa ntlha tsa ditiragalo tsa Bokeresete (33-133 C.E.), sebopego se sa tumelo ya dingwaga tse di sekete se ne se rutiwa thata le go amogelwa mo kerekeng.”—Tshekamiso-ditlhaka ke ya rona.
4 Bangwe ba ka ganetsa ka go re: ‘Ka gongwe go ne go ntse jalo, mme tsholofelo ya dingwaga tse di sekete ya Bakeresete bano ba pele e ne e sa ame lefatshe. E ne e le tsholofelo ya selegodimo.’ Lefa go le jalo, mabaka a ditiragalo gammogo le Bibela di bontsha eng? A re boneng.
PARADAISE MO LEFATSHENG E SANTSE E SOLOFETSWE
5, 6. Go ya ka diithuti tse di farologaneng, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le dipono dife?
5 Go na le bosupi jo bontsi jwa gore Bakeresete ba pele le ka motlha ga ba ise ba akanye gore dipolelelo-pele tsotlhe le ditsholofetso mo Dikwalong tsa Sehebera malebana le go busediwa ga paradaise mo lefatsheng di ne di phimotswe ka go tla ga Mesia kana Keresete. Dictionnaire de Théologie Catholique ka boyona e a dumela: “Ditshimologo tsa tumelo ya dingwaga tse di sekete di boela morago go fetela ka kwa ga motlha wa Bokeresete. Tumelo mo pusong ya selefatshe ya Mesia e nnile le tshimologo ya yone mo ditsholofelong tsa Iseraele.”
6 Go A History of Christianity, ra-ditiragalo Kenneth Scott Latourette o bua ka Bakeresete ba pele bao ba neng ba solofela mo go tleng ga Keresete ga bobedi, a re: “Ba bantsi ba ne ba na le pono ya gore pele ga bokhutlo jwa bofelo jwa ditiragalo le phitlhelelo e e tletseng ya boikaelelo jwa Modimo mo go direng thato ya Ona ka botlalo, eleng tsholofelo eo e neng e tlwaelegile go Bakeresete botlhe, Keresete o ne a tla boa, a tlhoma bogosi jwa gagwe mo lefatsheng a bo a busa ka dingwaga tse di sekete. . . . Mogopolo wa motlha kana metlha ya lobaka lwa dingwaga tse di sekete e ne e se wa Bakeresete ba le bosi, mme gape o fitlhelwa mo Bojudeng.”
7. Ke eng se se supang gore Bakeresete ba pele ga baa tlhakatlhakanya paradaise le legodimo?
7 Ka gone, go na le thaba ya bosupi gore Bakeresete ba pele e ne e le “badumela-dingwaga tse di sekete,” go ya ka moo leina leo le diriseditsweng bao ba neng ba solofela mo pusong ya dingwaga di le 1 000 tsa ga Keresete Mesia. Jesu o senotse gore o ne a tla busa a le kwa legodimong, mme gaa ka a nyeletsa tsholofelo ya Bomesia ya ntlha ya Bajuda, eleng ya go busediwa ga paradaise mo lefatsheng mo dingwageng tseo tse di sekete. Ka mo go kgatlhisang, Supplément au Dictionnaire de la Bible ya Katoliki e dumela gore “mo dikwalong tsa Sejuda, jaaka fela mo dibukeng tsa pele tsa Bokeresete, lefoko paradaise gantsi ga le dirisiwe mo boemong jwa legodimo.”—Tshekamiso-ditlhaka ke ya rona.
KERESETE GAA KA A NYELETSA TSHOLOFELO YA DINGWAGA TSE DI SEKETE
8. (a) Go tla ga Jesu e nnile tlhomamiso ya eng? (b) Dikwalo di bontsha jang gore paradaise e tla busediwa mo lefatsheng?
8 Mo Therong ya ga Jesu e e tumileng ya mo Thabeng o rile: “Lo se ka loa itlhoma, go re, Ke tsile go senya molaō leha e le baperofeti: ga ke a tla go senya, ha e se go tlhōmamisa hèla.” (Math. 5:17) Kana, jaaka Today’s English Version e ranola tselana ya bofelo: “Ga ke a tlela go ba tlosa, mme go dira gore dithuto tsa bone di nne boammaaruri.” Ereka Jesu a ne a tletse go dira gore dithuto tsa baperofeti di nne boammaaruri, go tla ga gagwe e ne e le tlhomamiso ya gore dipolelelo-pele tsa bone malebana le go busediwa ga paradaise mo lefatsheng di ne di tla dirafadiwa. Di sekae fela tsa tsone ke tse: Dipesalema 37:11, 29; 72:1-8, 16-19; 115:16; Isaia 9:6, 7; 11:1-10; 45:18; Daniele 2:34, 35, 44, 45; 7:13, 14.
9. Thapelo ya Sekao e gokaganya Bogosi le tsholofelo ya dingwaga tse di sekete jang?
9 Gape mo Therong ya mo Thabeng, Jesu o bontshitse ka bophepa gore lefatshe le ne le tla akarediwa mo tiragatsong ya thato kana boikaelelo jwa bomodimo. O rutile balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Math. 6:9, 10) O gokagantshitse phitlhelelo ya thato ya Modimo mo lefatsheng le go tla ga bogosi jwa Modimo, jo eseng bope fela fa e se bogosi jwa Bomesia. Ka gone, Thapelo ya Morena, eo e boeleditsweng ka makgetlo a le didikadike ke Makatoliki le Baganetsa-Bokatoliki (Protestants) go ralala makgolo a dingwaga, tota, gareng ga dilo tse dingwe, ke thapelo ya tirafatso ya ditsholofetso tsa Bomesia eo e bofaganeng le tsholofelo ya dingwaga tse di sekete.
TSHOLOFELO YA DINGWAGA TSE DI SEKETE E SENOTSWE KA BOTLALO
10. (a) Jesu o ile a senola tsholofelo ya dingwaga tse di sekete ka botlalo jang ebile leng? (b) Ke dintlha dife tse di omosang pelo tseo a baakanyeditseng ka tsone?
10 Dingwaga di le 25 morago ga phediso ya Jerusalema ka Baroma ka 70 C.E. (eo e khutlisitseng ditsholofelo tsa Sejuda tsa kgololo ya bosetšhaba ka Mesia wa sepolotiki) Jesu, Mesia wa boammaaruri, o ile a senola tsholofelo ya dingwaga tse di sekete ya boammaaruri ka botlalo. Mo rekotong ya ga moaposetoloi Johane ya Tshenolo eo a e amogetseng go tswa Modimong ka Jesu Keresete, o kwadile jaana:
“Me ka bōna moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo. Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dinyaga di le makgolo a le shomè.”
“Me ka bōna ditulō tsa bogosi, me batho ba dula mo go cōna, me ba neèlwa katlholō; . . . Go segō, go bile go boitshèpō èna eo o nañ le kabèlō mo cogoñ ea ntlha: bauō, losho loa bobedi ga lo na thata mo go bōnè; me ba tla nna baperesite ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.
“Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; . . . Ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, . . . Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshen. 20:1-6, 21:1-4.
“BOTEÑ YOA BOSAITSIWEÑ” BO TLHALOSITSWE
11. Tsholofelo ya dingwaga tse di sekete eo e senotsweng ke Jesu e dumalana jang le tsholofelo ya Bajuda ya Bomesia ya ntlha-ntlha?
11 A o bona go tshwana magareng a tlhaloso eno ya dingwaga tse di sekete tsa puso ya ga Keresete le tsholofelo ya Bajuda ya Bomesia ya ntlha-ntlha, eleng “tsholofelo ya isagwe e ntle ya Bomesia . . . motlha o montle wa boiketlo jwa separadaise . . . lefatshe la kagiso le kutlwano tse di itekanetseng magareng a dibopiwa tsotlhe . . . ‘magodimo a masha, le lehatshe ye lesha,’” go tsopola gape The Jewish Encyclopedia?
12, 13. Ke eng se se bontshang gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba santse ba solofetse puso ya selefatshe ya ga Mesia?
12 Lefa go ntse jalo, kwantle ga kganetso epe, go ne go na le dintlha tsa botlhokwa malebana le bogosi jwa Bomesia tseo Bajuda ba neng ba sa di tlhaloganye le tseo le eleng baaposetoloi ba le 12 le barutwa ba pele ba ga Keresete ba neng ba ketefalelwa ke go di utlwisisa. Ka bonako fela morago ga go neela Thero ya gagwe mo Thabeng, eo mo go yone a rutileng barutwa ba gagwe go rapelela gore bogosi jwa Modimo bo tle le thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong, Jesu o reile barutwa ba gagwe a re: “Lona lo neilwe bosaitsiweñ yoa bogosi yoa Modimo: me bōnè ba ba kwa ntlè, dilō cotlhe ba di dihèlwa ka dichwanchō.”—Mar. 4:11.
13 Go ralala bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe Jesu o ile a ruta barutwa ba gagwe dilo di le dintsi malebana le bogosi jwa Bomesia. Tota, le eleng morago ga loso lwa gagwe le go fitlha fela mo nakong ya go tlhatlogela ga gagwe kwa go Rraagwe wa selegodimo o ile a tswelapele go ba bolelela “dilō tse e leñ tsa bogosi yoa Modimo.” Lefa go le jalo, go sa tlhokomelesege gotlhe mo, potso ya bofelo-felo eo ba ileng ba e mmotsa e ne e le: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?”, ka gone e senola gore ba ne ba santse ba solofetse Mesia go tsosolosa bogosi jwa senama jwa Iseraele. (Dit. 1:3, 6) Ba ne ba akanya sentle gore bogosi jwa Bomesia bo ne bo amana le puso, mmuso, mme ka phoso ba ne ba akanya gore Mesia o ne a tla busa mo lefatsheng le gore mmuso wa gagwe e ne e tla nna wa Sejuda fela.
14. (a) Barutwa ba ga Keresete ba kgonisitswe ke eng go gololesega mo tsholofelong ya bone e e phoso? (b) Ke dibopego dife tsa botlhokwa tsa “boteñ yoa bosaitsiweñ tse Bakeresete ba pele ka bonya ba ileng ba di tlhaloganya?
14 E nnile fela morago ga go tshololwa ga moya o o boitshepo ka Pentekoste barutwa ba ga Keresete ba ileng ba gololesega mo mogopolong wa bogosi jwa Bomesia jwa bosetšhaba le go utlwisisa dibopego tse disha le tsa botlhokwa tsa “bosaitsiweñ yoa bogosi yoa Modimo.” Ntlha e nngwe ya “boteñ yoa bosaitsiweñ” e ne e le gore Mesia o ne a tla nna kgosi ya selegodimo le gore o ne a tla busa a le kwa legodimong. (Yoh. 18:36; Dit. 2:32-36; 1 Tim. 3:16) Dibopego tse dingwe tsa “boteñ yoa bosaitsiweñ”—boammaaruri jo bosha le jo bo fetolang megopolo e e ikanyegang ya Bajuda eo e neng e bopilwe ke Dikwalo mme eseng ke dikgopolo tsa Bagerika—e ne e le gore palo e e lekanyeditsweng ya batho e ne e tla tlhophiwa jaaka “baitshepi” go fetoga bankane le Mesia mo bogosing jwa gagwe, le gore bano ba ne ba tla busa nae kwa legodimong, le gore ba ne ba tla tlhophiwa eseng gareng ga Bajuda ba le bosi mme gape le gareng ga Baditšhaba kana bao eseng Bajuda.—Dan. 7:13, 14, 27; Luke 12:32; 22:28-30; Yoh. 14:1-3; Baef. 3:3-6; Bakol. 1:26, 27.
TSHOLOFELO E NTŠHA YA PHETOGO
15. Ke ka ntlhayang fa mogopolo fela wa go ya legodimong o ne o tlhoka gore masalela a Bajuda a a ikanyegang a fetole kutlwisiso ya bone?
15 Gotlhe mo e ne e le sengwe se sesha thata. Tsholofelo ya Bajuda ya Bomesia ya ntlha-ntlha e ne e le tsholofelo ya selefatshe, mme go dumela ga bone mo go sa sweng ga moya, moo go tlileng moragorago mo ditiragalong tsa bone, go tlhotlheleditswe fela ke ditlwaelo le dikgopolo tsa bodumedi jwa maaka. Masalela a Bajuda a a ikanyegang ao a ileng a ngaparela mo Dikwalong tsa Sehebera tse di tlhotlheleditsweng le go amogela Jesu jaaka Mesia wa boammaaruri eleruri ga ba dumela mo go sa sweng ga moya mo go ruilweng. Ka jalo fa ba ne ba utlwa gore Mesia o ne a tla busa go tswa legodimong mme bone ka bobone ba fetoga babusimmogo nae kwa legodimong go ne go ba tlhoka gore ba fetole ditebelelo tsa bone gotlhelele.
16. Petere o kwadileng kaga tsholofelo e ntsha eno ya phetogo?
16 Mo lekwalong go ya go Bakeresete ba pele bao ba neng ba amogetse pitso eno e e kgethegileng thata ya go fetoga baperisiti le dikgosi mmogo le Mesia wa selegodimo, moaposetoloi Petere o kwadile jaana: “A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete, o o bileñ o re tsaletse go re isa choloheloñ e e tshedileñ, kaha boutlweloñ botlhoko yo bogolo yoa ōna, ka go coga ga Yesu Keresete mo bashwiñ, Go tla re bōna boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ, yo lo bo beecweñ kwa legodimoñ, . . . lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi.”—1 Pet. 1:3, 4; 2:9.
17. Paulo o bontshitse jang gore pitso ya go ya botshelong kwa legodimong e ne e le sengwe se sesha?
17 Moaposetoloi Paulo le ene o kwadile kaga pitso eno e e tlhomologileng ya go ya botshelong jwa selegodimo, a re: “O o re bolokileñ, me oa re bitsa ka picō e e boitshèpō, . . . Me yanoñ go senocwe ke go bōnala ga Mmoloki oa rona Keresete Yesu, eo o nyeleditseñ losho, me a baea botshèlō le bosaboleñ mo lesediñ.”(2 Tim. 1:9, 10) Fa botshelo kwa legodimong e ne e le tsholofelo ya masalela a a ikanyegang gareng ga Bajuda, ke ka ntlhayang fa Keresete a ile a tshwanelwa ke go ‘latlhela lesedi’ mo ‘pitsong eno e e boitshepo’ ya go ya go sa boleng? Nnya, pitso eno ya go ya botshelong jwa selegodimo ka bophepa e ne e le sengwe se sesha thata go Bakeresete bano ba pele ba ba tlhophilweng gareng ga Bajuda le Baditšhaba.
TSHOLOFELO YA SELEGODIMO YA PALO E E LEKANYEDITSWENG YA “BA BA ITSHENKECWEÑ”
18, 19. Tlhalosa gore lekwalo la bobedi la ga Paulo go Timotheo le lekwalo la ntlha la ga Petere a supa jang gore ga se botlhe bao ba solofelang go tshela ka bosakhutleng e tla nnang dikgosi le baperisiti mmogo le Keresete kwa legodimong. (Tshen. 5:9, 10)
18 Mme a botlhe bao ba amogelang Keresete ba bo ba solofela go tshela ka bosakhutleng ba amogela ‘pitso e e boitshepo’ ya go ya botshelong jo bo sa boleng kwa magodimong? Fa Paulo a supa gore pitso eno e e kgethegileng e ne e le ya palo e e lekanyeditsweng ya ‘baitshenkedwi,’ o oketsa ka go re: “Ke gōna, ke ichōkelañ dilō cotlhe ka ntlha ea ba ba itshenkecweñ, gore le bōnè ba amogèlè polokō e e mo go Keresete Yesu, le kgalalèlō e e sa khutleñ. Go boikañō polèlō e e reñ: Gonne ha re kile ra shwa naè, le gōna re tla tshela naè. Ha re ichōka naè, le gōna re tla busa naè.”—2 Tim. 2:10-12.
19 Fa botlhe bao ba bolokiwang ba bilediwa “kgalalèlō e e sa khutleñ” e le gore ba ka “busa” le Keresete Jesu, tota ba tla busa bomang? Mme fa botlhe ba fetoga “boperisito yoa segosi,” ba tla direla jaaka baperisiti ba segosi mo boemong jwa bomang?
20. Makwalo a ga Paulo go ya go Bagalatia le Baroma a bontsha jang gore palo ya Baiseraele ba semoya e lekanyeditswe?
20 Akanyetsa se se latelang: Mo lekwalong la ga Paulo go Bagalatia, Paulo a re Bakeresete ba ba itshenketsweng ba ba tswang gareng ga Bajuda le bao eseng Bajuda bao ba “kolobeledicweñ mo go Keresete” ke “losika loa ga Aberahame, lo baruaboshwa kaha poleloñ ea choloheco,” mme o ba bitsa “Iseraela oa Modimo.” (Bagal. 3:26-29; 6:16) Mme mo lekwalong la gagwe go ya go Baroma, e ntse e le ene gape o buile ka “bosaitsiweñ” jwa bao eseng Bajuda bao ba biditsweng ke Modimo ka ntlha ya go ‘tlhoka tumelo’ ga Bajuda ba le bantsi, a oketsa—mme e ke polelo ya sekopololo—“go ba go tsamaea go tlalèdiwa ga Badichaba go tsèna pele.” O tlhalositse ka go re “me yalo,” ke gore, ka Baditšhaba ba bidiwa go tlatsa palo e e tlhokegang, “ba Iseraela botlhe ba tla bolokwa.” Ka phepafalo se se supela go Iseraele wa semoya, “ba ba itshenkecweñ” gareng ga Bajuda le bao eseng Bajuda bao eleng “Baiseraela botlhe.”—Bar. 11:7, 17-26; 9:6; 2:28, 29.
21. (a) Baiseraele ba semoya ba bakae ka palo? (b) Ke lekwalo lefe le le supelang gore ga baa tlhophiwa gareng ga baengele?
21 Ereka ba eseng Bajuda ba ne ba tla amogela ‘piletso legodimong’ eno fela go fitlhela ‘palo e e tletseng’ ya bao ba dirang “Iseraela oa Modimo” e fitlhelelwa, ka mo go utlwalang he palo ya Baiseraele ba ba ntseng jalo ba semoya e lekanyeditswe. Jaanong palo eo ke bokae? Bula go Tshenolo 7:1-8. Koo ka tlhamalalo go tlhomilwe tekanyetso mo palong ya Bakeresete bao ba ‘kannweng’ go fetoga bontlhanngwe jwa Iseraele wa semoya. Ntlha ya gore palo e e lekanyeditsweng eno ga ya tlhophiwa gareng ga baengele e supetswe ke Tshenolo 14:1-4, koo palo yone eno e bolelwang gore e ‘rekilwe mo lefatsheng,’ ‘e rekilwe mo bathong gore ba nne mabutswa pele a Modimo le a Kwana.’
22. Tsholofelo e e thailweng mo Bibeleng ya ba le 144 000, ke ya mofuta ofe?
22 Tsholofelo e e thailweng mo Bibeleng ya Bakeresete bano ba le 144 000 ba ba tsetsweng le go tlodiwa ka moya, ke ya selegodimo. Morago ga go nna le karolo mo “cogoñ ea ntlha,” ba “tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”—Tshen. 20:6.
23. Mafoko “mabucwèla pele” le go “busa” a tsosa dipotso dife?
23 Mme fa bano “ba ba itshekencweñ” e le “mabucwèla pele,” ka mo go utlwalang maungo a mangwe a tshwanetse go latela. Mme fa ba tla “busa,” babusiwa ba bone e tla nna bomang mme tsholofelo ya ba ba ntseng jalo ke efe? Re tla bona jaaka re tswelela ka tlhatlhobo e.
[Lebokoso mo go tsebe 4]
Papias wa Hierapolis, Irenaeus wa Lyons le Justin wa Roma—“baitshepi” le “Bo-rara” ba lekgolo la bobedi la dingwaga ba ba tlotliwang ke Kereke ya Katoliki—botlhe e ne ele badumela-dingwaga tse di sekete.—The Catholic Encyclopedia.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Mo ntweng ya bone kgatlhanong le tsholofelo ya dingwaga tse di sekete, mogolwane wa Moroma Caius le “Moitshepi” Dionysius ba ile ba ineela mo go ganetseng bonnete jwa Tshenolo, eo e neetsweng moaposetoloi Johane.—Dictionnaire de Théologie Catholique.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Mo dingwageng tse di sekete, Jesu o tla busa lefatshe le le tsosolositsweng go tswa legodimong