LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 10/1 ts. 16-21
  • O TLHOPHA PHUTHEGO EFE—YA GA JEHOFA KANA YA GA SATANE?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O TLHOPHA PHUTHEGO EFE—YA GA JEHOFA KANA YA GA SATANE?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • LEINA LA YONE KE MANG?
  • Nna o Sireletsegile o le Karolo ya Mokgatlho wa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Utlwana Le Mmopi wa Thulaganyo ya Lobopo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Lefatshe Le Jesu O Neng A Ka Se Le Rapelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 10/1 ts. 16-21

O Tlhopha Phuthego Efe​—Ya ga Jehofa Kana ya ga Satane?

“Itshenkeleñ gompiyeno eo lo tla mo dihèlañ.”​—Yosh. 24:15.

1, 2. (a) Gompieno go tshwanetse ga tlhophiwa magareng a dilo dife tse pedi, mme tlhokafalo ya go atlholela ka gone e potlakile go le kana-kang? (b) Makgolo a le lesome le boferabongwe a dingwaga a a fetileng, ke katlholo ya ga mang mo kgannyeng eno eo e neng e ama lobopo, mme motho yoo o dirile phetso efe?

GOMPIENO go tshwanetse ga tlhophiwa magareng a dinamane di le pedi tse dikgolo tsa diphuthego tse di gone. Go ya ka ditiragalo, selo se ga se sesha, mme gompieno tlhokafalo ya go dira tlhopho e e tshwanetseng e potlakile thata go gaisa pele. Dingwaga di le dikete di le pedi tse di fetileng motho wa ditiragalo, yoo phetso ya gagwe mo kgannyeng eno e neng e tla nna le matswela a magolo fela thata mo lobopong lotlhe, o ne a lebagane le go dira tlhopho e e ntseng jalo.

2 Basupi ba le babedi ba lebaka leno, eleng babatlisisi ba le babedi ba ditiragalo, Mathaio Lefi, yoo pele e neng e le mokgethisi, le Luke, ngaka, ba re tlhomamisetsa boammaaruri jwa seno. Motho yo wa ditiragalo yoo matlho a lobopo lotlhe a neng a mo tsepametse e ne e le Jesu Keresete wa Botlhaba-Gare. Mathaio Lefi o re bolelela gore Satane Diabolo “a mmontsha magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea ōna; Me a mo raea, a re, Dilō cotlhe tse ke tla di gu naea, ha u ka wèla ha hatshe ua nkōbamèla.” Jesu gaa ka a ganetsa boiphako jwa ga Satane jwa gore lefatshe le le rulagantsweng ke la gagwe, mme kwantle ga go etsa-etsega o ile a gana neo ya ga Satane. (Math. 4:8-10) Jesu o ne a gana go tlogela phuthego eo a neng a setse a le mo go yone mme a bo a itira bontlhanngwe jwa phuthego ya ga Satane.

3. Go Tshenolo eo e neetsweng moaposetoloi Johane, Satane Diabolo o ne a tshwantshitswe jang, mme phuthego ya gagwe e ne e dirwa ke bomang?

3 Monkane yo o gaufi wa ga Jesu Keresete, eleng Johane yo o kileng a bo e le motshwara-ditlhapi, morwa Sebedia, o kwadile seo jaanong se kwadilweng jaaka buka ya bofelo ya Bibela. Mo bukeng eo moganetsi, Satane Diabolo, o tshwantshiwa jaaka sebatana seo popego ya sone Johane a neng a se kitla a e tlhama mo mogopolong wa gagwe. Ka jalo Johane a le kafa tlase ga tlhotlheletso ya bomodimo o mo tshwantsha e le “kgōgèla e kgolo e le khibidu, e na le ditlhōgō di shupa, le dinaka di shomè, me mo ditlhogoñ tsa eōna ga bo go le dirwalō tsa mekgabō di shupa.” (Tshen. 1:1, 9, 10; 12:3) Sebopiwa seo sa tebego e e sa tlwaelegang se bidiwa “kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo . . . eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane.” Jaaka phelelo ya ntwa​—go akanyetse—​kwa magodimong a a sa bonaleng, kana sebaka sa semoya, kgogela ya tshwantshetso “ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.” (Tshen. 12:7-9) Baengele bao ba badimona bao ba neng ba tlhabanela letlhakore ja ga Satane ke bone phuthego ya gagwe ya semoya.

4. (a) “Sebatana” se se tlhatlogang mo lewatleng, jaaka se tlhalositswe go Tshenolo, kgaolo 13, se tshwantshetsang? (b) Boikutlo jwa lefatshe la batho tebang le “sebatana” ke bofe, mme megopolo ya bone e tla baakanngwa kae ebile jang?

4 Phuthego ya ga Satane Diabolo gape e na le bontlhanngwe jwa batho ba ba bonalang. A re ba jone kana re a bo tshegetsa? Go Tshenolo, kgaolo 13, e tshwantshiwa jaaka sebatana se se tlhatlogang mo lewatleng. Setho sotlhe se tsaya tsela efe maloka le sebopiwa seno sa tshwantshetso? Reetsa: “Kgōgèla ea se naea thata ea eōna, le setulō sa eōna sa bogosi, le taolō e kgolo. . . . me lehatshe yeotlhe ya gakgamalèla sebatana se, ya se sala moragō; Me ba ōbamèla kgōgèla, ka e neile sebatana taolō ea eōna; me ba ōbamèla sebatana, ba re, Mañ eo o chwanañ le sebatana? mañ eo o nonohileñ go tlhabana le shōna.” (Tshen. 13:2-4) Baobamedi bao ba karolo e e bonalang ya selefatshe ya phuthego ya ga Satane megopolo ya bone e tla baakanngwa, ka gobo, go ya ka Tshenolo 19:11-21, Jesu Keresete yo o galaleditsweng a na le batlhabani ba gagwe ba ba rulagantsweng o tla tlhabana le “sebatana” kwa Hara-Magedona a bo a se senya.​—Tshen. 16:14-16.

5. Go fitlha ka nako ya ntwa eo kwa Hara-Magedona, ke tsamaiso efe ya dilo eo e ntseng e le teng?

5 Go fitlha ka nako eo, seo moaposetoloi Paulo a buang ka sone go Baefesia 2:2 se ntse se le gone, eleng ‘mokgwa wa lefatshe leno, kafa taolong ya kgosana ya thata ya loapi, ya moya wa gompieno o o dirang mo baneng ba ba kgopo.’ Gape, go 2 Bakorintha 4:4, Paulo o re ‘modimo wa lefatshe leno o foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng.’ Ka boikaelelo bofe? “gore lesedi ya Mahoko a a Molemo a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo, le se ka ya ba phatsimèla.”

6. (a) Go ya ka Baefesia 6:11-18, Bakeresete ba patelesegile go tlhabana mofuta ofe wa ntwa? (b) A se se kaya gore ga go na karolo e e bonalang ya phuthego ya ga Satane eo re tshwanetseng go e lwantsha?

6 Paulo o senola phuthego ya ga Diabolo e e sa bonaleng go Baefesia 6:12, koo re balang jaana: “Gonne ga re lwe le nama le madi, me re lwa le magōsana, le bathata, le babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” Fano ga se gore Paulo o kaya gore phuthego ya ga Satane ga e na karolo e e bonalang ya selefatshe. O re gakolola fela gore rona jaaka Bakeresete ga re tlhabane le ditlhopha tsa batho ba ba bonalang tsa phuthego ya ga Satane e le gore re e dige. Jesu Keresete, fa a ne a le mo nameng mo lefatsheng leno, gaa ka a leka go diga phuthego ya ga Satane, ebile le balatedi ba gagwe ga baa tshwanela go leka go dira jalo, ka gonne ba tla senya nako ka go leka go dira jalo mme ebile ba tla palelwa. Ba tshwanetse go tsweletsa ntwa ya semoya e le gore ba se dirwe bontlhanngwe jwa phuthego ya ga Satane, mme gore ba atlege ba tshwanetse go apara diaparo tsa tlhabano le dibolao tseo Paulo a di tlhalosang go Baefesia 6:11-18.

7. (a) Lebaka la gore Satane o na le phuthego le tlhomamisa ntlha efe maloka le Modimo, mme ka ntlhayang? (b) Seno se tshwantsheditswe jang mo setshwantshong sa ga Jesu kaga tshimo eo mmaba wa mojadi a jetseng mofoka mo go yona?

7 Ga go kitla ga ganediwa ntlha ya gore Satane o na le phuthego e e nonofileng ya dikarolo tse di sa bonaleng le tse di bonalang. Satane Diabolo o etsaetsa ka boikaelelo jwa go tsietsa, mme lebaka la gore o na le phuthego tota le tlhomamisa gore moganetsi wa gagwe yo mogolo, eleng Jehofa Modimo, le ene o na le phuthego. Ka jalo Satane moetsi o tsieditse matshwititshwiti a batho go akanya gore ba amogela, ba itumalanya gammogo le go kopanela le selo se se siameng le le se se tshwanetseng. (2 Bakor. 11:13-15) Gakologelwa fela setshwantsho sa ga Jesu kaga mabele le mofoka gore re bapise seno. Fa mofoka o ne o sa le monnye, o ne o tshwana thata le mabele moo eleng gore go ne go na le kotsi ya gore ka nako eo ya kgolo go ne go tla kumulwa dimela tsa mabele bogolo go dimela tsa mofoka oo o jadilweng ke Diabolo. (Math. 13:24-30, 36-43) Jesu o tlhalositse gore mofero kana mofoka o no o emela “bana ba eo o boshula; Mmaba eo o ba yadileñ ke Diabolo.”

8. Go ya ka lekwalo la ntlha la ga Johane le lekwalo la bobedi la ga Paulo le le yang go Bathesalonia, mefoka eo ya tshwantshetso e ne e tla tshwantshetsang?

8 Mo thobong eo e diragalang jaanong mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo,’ mefoka ya tshwantshetso ke moganetsa-Keresete yo o boleletsweng-pele. Mo lekwalong la ga moaposetoloi Johane la ntlha, leo le kwadilweng gaufi le bokhutlo jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, o kwala a re: “Yaka lo kile loa utlwa ha moganetsa Keresete a tla, le gompiyeno go setse go cogile baganetsa Keresete ba le bantsi; . . . Ke èna moganetsa Keresete, eboñ èna eo o itatolañ Rara le Morwawè.” (1 Yoh. 2:18, 22) Seno se dumalana le seo moaposetoloi Paulo a se kwadileng ekane e le dingwaga di le 50 pelenyana kaga letsatsi la ga Jehofa. O rile: “Ga go ketla go dihala, ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe, eo e leñ morwa tatlhègō.” Legale, Paulo o ne a sa bue ka monna wa sebele, ka gobo o tsweletse ka go re: “Gonne bosaitsiweñ yoa boiphèhèrō mo molaoñ bo setse bo diha: . . . Eboñ èna eo go tla ga gagwè go leñ kaha go diheñ ga Satane ka thata eotlhe le ka dichupō, le ka dikgakgamaco tsa maaka, Le ka tsieco eotlhe ea tshiamololō mo go bōnè ba ba nyèlèlañ; ka ba se ka ba amogèla loratō loa go rata boamarure, gore ba bolokwè.”​—2 Bathes. 2:3, 7-10.

9. (a) “Bosaitsiweñ yoa boiphèhèrō mo molaoñ” ke jwa maemo afe jaaka tiro ya ga Satane? (b) La-Bodumedi ke la maemo a bokae jaaka karolo ya Babilona yo Mogolo?

9 Go tswa mo mafokong ao go bonala sentle fela gore moganetsa Keresete yo, monna wa boleo wa motenegi, eleng “boisaitsiweñ yoa boiphèhèrō mo molaoñ,” ke tiro ya ga Satane ya bonontlhotlho ka sebopego sa phuthego. E etsa phuthego ya Bokeresete jo bo rulagantsweng ebile e a bo ganetsa. Jaaka seemedi sa Bokeresete jo bo rulagantsweng jwa boammaaruri, e emelwa ke La-Bodumedi la motlha ono, leina leno e le le kayang sebaka sa Bokeresete. Eleruri ke leina le le tsietsang, ka gobo La-Bodumedi tota ke karolo e e maatla thata ya Babilona yo Mogolo, eleng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, oo o laolwang ke Satane Diabolo.

10. Mo leseding la mafoko a ga Johane le Paulo, tota La-Bodumedi ke eng gompieno, mme diphuthego tsa maloko a lone di iphaka go nna eng?

10 Mo tshedimosetsong ya seo baaposetoloi Paulo le Johane ba se umakileng, La-Bodumedi ke go katoga phuthego ya ga Jesu Keresete ya boammaaruri le ya ntlha, moo tota eleng go tenega mo go yone, ee, go e tsuololela. Ka go sa tshwane le phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha, La-Bodumedi gompieno le na le diphuthego tsa makoko a bodumedi a a fetang sekete, nngwe le nngwe ya tsone e iphaka go nna ya Bokeresete, eleng mmueledi wa Bokeresete jwa Bibela.

LEINA LA YONE KE MANG?

11. Ekane e le lekgolo la dingwaga le le fetileng, bagatisi ba makasine wa The Watch Tower ba ne ba itlhophela go bidiwa ka leina lefe?

11 Fa tokololo ya makasine wa The Watch Tower wa February 1884 (ekane ke lekgolo la dingwaga le le fetileng) e bua ka diphuthego tsa bodumedi tse di kgaoganeng tsa La-Bodumedi, e umakile dintlha tse di latelang tlase ga setlhogo “Leina la Rona”:

“Babadi ba basha mo dikarolong tsotlhe tsa naga eno ba ntse ba botsa: Lo ipitsa ka leina lefe? A lo ‘Ma-Baptise a Bogologolo’? A lo ‘Ma-Baptise a Barongwa’? A lo ‘Ma-Universalist’? A lo ‘Ma-Adventist?’ A lo ‘Ma-Methodist a Bogologolo’? jl., jl. Ka makgetlo a le mokawana re lekile go tlhalosa boemo jwa rona, mme jaanong re leka go dira jalo gape ka mafoko a sekae.

“Ga re ba phuthego EPE ya lefatshe; ka gone, fa lo ka umaka lenaane lotlhe la makoko, re tla araba ka go re, Nya, go nngwe le nngwe ya tsone. Re ngaparela fela go phuthego ya selegodimo​—ya “ba ba kwadilweñ kwa legodimoñ.’ (Baheb. 12:23; Luke 10:20.) Baitshepi botlhe bao ba tshelang jaanong, kana bao ba neng ba tshela mo motlheng ono, e ne e le ba THULAGANYO YA RONA YA KEREKE: ba ba ntseng jalo ke kereke E LE NNGWE, ebile GA GO EPE E NNGWE e e amogelwang ke Morena. Ka gone phuthego epe ya selefatshe eo bobotlana e tshwenyanang le bongwefela jwa batlodiwa e kgatlhano le dithuto tsa Dikwalo mme e ganetsa le thato ya Morena​—‘gore ba nnè BAÑWE HÈLA.’ (Yoh. 17:11.)”

12. Fa tokololo ya March 1883 ya Tora ya Tebelo e ne e bontsha gore maloko a phuthego ya Bokeresete a a tloditsweng le go kolobediwa ke bontlhanngwe jwa phuthego ya Modimo, e ne ya reng?

12 Fa tokololo ya The Watch Tower ya March 1883, tsebe 6, e ne e bontsha gore maloko a a tloditsweng le go kolobediwa a kereke, kana phuthego ya boammaaruri e e tloditsweng ka moya a mangwe fela le bontlhanngwe jo bo sa bonaleng jwa selegodimo jwa phuthego ya Modimo, e umakile dintlha tse di latelang:

“Mme, lemororo go retela gore motho wa tlholego a bone phuthego ya rona ka gobo gaa kgone go tlhaloganya dilo tsa Moya wa Modimo, re solofela gore o ka bona gore Kereke ya boammaaruri e rulagantswe ka bokgoni go gaisa, ebile e le ka thulaganyo e e ka kgonegang go gaisa. . . .

“Ereka re lemoga phuthego eno, eleng ya Moya, le go sa eletse bokopano bope le batho ba lefatshe, bao ba sa kgoneng go e bona kana go e tlhaloganya, re ikemiseditse thata go kgobiwa jaaka batho ba ba sa tshwaneng le ba bangwe. . . .

“Re na le tumelo e e tletseng go Molaodi wa rona; ebile phuthego eno e e itekanetseng, eo lefatshe le sa e boneng, e gatela pele go ya phenyong e e tlhomamisegileng le e e galalelang.”

13. (a) Ka 1904 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa gatisa buka efe, mme leina la yone le ne le thailwe mo dikwalong dife? (b) Setlhogo sa Thuto V ya buka eno se ne se reng, mme, maloka le se, e ne ya reng, ka bontlhanngwe?

13 Ka ngwaga wa 1904 Watch Tower Bible and Tract Society e gatisitse buka ka setlhogo “The New Creation.” Setlhogo sa kgatiso eno se ne se thailwe mo temaneng ya Bibela e e latelang: “Ke gōna, ha motho a le mo go Keresete, oa ba a le sebopiwa se sesha; dilō tsa bogologolo di hetile; bōnañ, di nntse dincha.” (2 Bakor. 5:17) “Gonne, go le bogwèra ga se sepè, go le bokgola ga se sepè, ha e se sebopiwa se sesha hèla.” (Bagal. 6:15) Thuto V ya Volume 6 ya Studies in the Scriptures, tsebe 195, e simolola ka go re: “Ereka Popo e Ntšha e se kitla e fitlhelela boitekanelo kana botlalo jwa yone pele ga Tsogo ya Ntlha, ka jalo go rulaganngwa ga yone go tla wediwa fela ka nako eo. Kago ya tempele e tshwantsha seno: jaaka maje a a tshedileng jaanong re bilediwa kana re lalelediwa kwa mafelong a a mo tempeleng eno e e galalelang, mme, jaaka Moaposetoloi a tlhalosa (1 Pet. 2:5), re tla go Jesu, yo, jaaka moemedi wa ga Rara, a re bopang, a re betlang, a re lekanyang a bo a re phatsimisetsa mafelo a a mo Tempeleng e e galalelang ya nako e e tlang​—eleng borakanelo jwa Modimo le batho.” Ka mo go tshwanetseng, setlhogo sa Thuto eo kana Kgaolo V ke “Go Rulaganngwa ga Popo e Ntšha.”

14. (a) Maitemogelo a Ntwa ya Lefatshe I a ne a ama jang bao ba neng ba dule go Babilona yo Mogolo mme ba ikopantse le Mokgatlho wa Watch Tower? (b) Ke polelwana efe eo e amanang le puisano eno eo e ileng ya tlhagelela fela thata?

14 Dintlha tse di tlotlilweng fa godimo di bontsha ka moo batho ba ba duleng go Babilona yo Mogolo ba bo ba kopanela le Watch Tower Bible and Tract Society ba boneng dikgang ka teng pele ga go simolola ga Ntwa ya Lefatshe I ka 1914. Morago ga go wa le go tsoga mo nakong ya kgaratlhano eo ya lefatshe, maloko a a ikanyegang a “popo e ntšha” ya Modimo a ne a iphitlhela a sa dumalane gotlhelele le Babilona yo Mogolo go na le pele. Temogo ya bone ya semoya kaga dipolelelo-pele tsa Bibela tse dintsi-ntsi tseo di neng di tshwanetse go diragadiwa go tloga ka 1914 e ne e looditswe. Makgolo-kgolo a bone a ne a tla kopanong ya morago ga ntwa ya kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., ya September 1-8, 1919, mme ba ne ba simolola go lemoga dibopego tsa tiro ya Modimo eo e neng e santse e letse fa pele ga bone. Polelwana “Phuthego ya Modimo” ya tlhagelela fela thata!

15. (a) Kwa kopanong ya bobedi ya kwa Cedar Point, puo ya setlhogo ya “Letsatsi” e ne e dirisana le boperofeti bofe segolo-bogolo? (b) Mo puong eo, go ne ga bapisiwa ditiro dife di le pedi tsa borulaganyi?

15 Ka September 1922 kopano ya bobedi e ne e tshwaretswe kwa Cedar Point, Ohio. Ka Labotlhano, September 8, letsatsi leo le neng le rulaganyeditswe jaaka “Letsatsi,” J. F. Rutherford, yo e neng e le mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society ka nako eo, o ne a neela puo ya gagwe ya ditiragalo eo e thailweng go Mathaio 4:17, “Bogosi yoa legodimo bo atametse.” O ne a bua thata ka boperofeti jwa ga Isaia, kgaolo 6, ka tiriso e e mo nakong. Mafoko a gagwe a a tlhabang maloka le phuthego ya mmaba tota a tshwanelwa ke go gatisiwa gape:

“Jehofa, eleng mmusi yo mogolo wa lobopo, yoo bolaodi jotlhe ka tshwanelo eleng jwa gagwe, o rulaganyeditse go rekololwa le go gololwa ga lotso lwa motho a bo a phutha morafe wa Iseraele gore o bontshetse seno pele. Ka morafe ono o rulagantse bodumedi jwa boammaaruri, a ba laola gore ba tshwanetse go mo obamela jaaka Modimo wa boammaaruri o le esi. Satane, eleng moganetsi, Modimo wa maitirelo, o ne a rulaganya bodumedi jwa maaka mo bathong ba ba dikologileng Iseraele, a bo a ba dira gore ba mo obamele gammogo le bodiabolo ba bangwe. Maatla ao Jehofa Modimo a a dirisang mo bathong ba gagwe ke moya o o boitshepo. Sebofo se se bofaganyang Satane le balatedi ba gagwe ke moya o o bosula. Iseraele o ne a tsiediwa ke Diabolo ka ntlha ya go ineela mo maanong a gagwe. Modimo wa ntsha taolo kgatlhanong le morafe ono, wa bo wa thatafatsa taolo eo ka 606 B.C.; mme koo Satane o ile a nna modimo wa lefatshe le. Gape o bidiwa kgosana ya thata ya loapi, ka gone go supiwa phuthego ya gagwe e e bonalang le e e sa bonaleng. . . .

“Dikgosana tsa matlole le babusi ba ba nonofileng ba lefatshe ba ne ba kokoana mo Paris ba kokoanela phuthego ya kagiso, mme baruti ba seo go tweng ke La-Bodumedi ba ne ba kopanela nabo; mme phelelo e nnile go tsalwa ga lekgotla la Kgolagano ya Merafe, eleng seemedi sa bofelo sa ga diabolo sa bogosi jwa Mesia. Seo go tweng ke La-Bodumedi jaanong se ne se sa kopana le kgwebo e kgolo le dipolotiki tse dikgolo fela, mme le ne la ikgantsha ka kopano eo; mme kereke ka leina fela (eo jaanong eleng bontlhanngwe jwa phuthego ya ga diabolo, e sa laolelwa go dira mo boemong jwa boperisiti ka gope) e ne ya tlhagelela go neela tshupelo. . . .

“ . . . Mme a baeteledipele ba bokereke gammogo le letsomane la bone le le tshegetsang phuthego ya ga diabolo ba tla reetsa? Moperofeti wa Morena o araba jaana: ‘Go utlwa loa utlwa, me lo bo lo sa tlhaloganye; go bōna loa bōna, me lo bo lo sa lemoge. . . .’”

16. Sebui se ne sa isa puo ya sone kaga bogosi jwa Modimo ka Keresete kwa godimo ka boikuelo bofe?

16 Mo tumalanong le temana ya gagwe ya setlhogo kaga bogosi jwa Modimo ka Keresete, J. F. Rutherford o ne a isa puo ya gagwe e e tlhotlheletsang kwa setlhoeng ka go re:

“Goeletsang molaetsa gaufi le kgakala. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Leno ke letsatsi le le gaisang malatsi otlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lona lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng. Ka gone itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.”​—The Watch Tower, ya November 1, 1922, ditsebe 331-337.

17. Ka ntlha ya “thulaganyo ya tshimo” e e molemo go tloga ka 1922, phelelo e nnile efe go sa kgathalesege go gola ga banni ba lefatshe esale ka nako eo, mme ka jalo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sikara bosupi bofe?

17 Mo tokololong ya The Watch Tower ya December 15, 1922, tlase ga setlhogwana se se reng “Thulaganyo ya Tshimo,” e umakile jaana mo pegong ya yone ya ngwaga le ngwaga: “Go atlega ga go neela bosupi go tshwanetse ga ikaega segolo thata ka maiteko a a rulaganntsweng a a dirilweng mo tshimong.” (Tsebe 389) Fa e sa le ka ngwaga wa fa ntwa e sena go khutla (1922) banni ba lefatshe ba oketsegile ka didikadike di le dikete di le pedi. Ba ba itsiseng Kgosi eno e e tlhophilweng ya ga Jehofa gammogo le bogosi jwa yone jwa Bomesia le bone ba ntsifetse. Mo leseding la bosupi jo bo atlegileng jo bano ba bo dirileng go fitlha jaanong, basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng le go kolobediwa ba ile ba sikara tshupo e e sa phimogeng ya go re ba eme kae mo kgannyeng e kgolo ya motlha o, eleng “O tlhopha phuthego efe, ya ga Jehofa kana ya ga Satane?”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jesu Keresete yo o galaleditsweng, a na le batlhabani ba gagwe ba baengele ba ba rulagantsweng, o tla nyeletsa “sebatana” kwa Hara-Magedona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela