LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 9/1 ts. 4-8
  • A O Ka Ritibalela Mokgwa wa Gago wa go Tshela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Ka Ritibalela Mokgwa wa Gago wa go Tshela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEKAI SA GO RITIBALA
  • DIKAI TSE DI TLHAGISANG TSA GO SA KGOTSOFALE
  • A O RITIBETSE?
  • Kgotsofala
    Tsogang!—2025
  • A go Ka Kgonega Gore Motho a Ritibale?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A o “Ithutile go Kgotsofala”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Bona Kgotsofalo ka go Dirisa Melaometheo ya Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 9/1 ts. 4-8

A O Ka Ritibalela Mokgwa wa Gago wa go Tshela?

“FA BAENGELE ba babedi ba ne ba ka romelwa kwano go tswa legodimong, yo mongwe e nna kgosi-kgolo, mme yo mongwe a tla go feela mmila, ba ne ba ka se ke ba sekamela go ananya ditiro tsa bone.” Go buile jalo moruti wa Mo-Esemane John Newton ekane makgolo a mabedi a dingwaga a a fetileng. E ne e le letlhakore je lengwe ja go leba kgang eno ya go ritibalela mokgwa wa gago wa go tshela.

Mme go nna yo o ritibetseng go akaretsa eng? Ke boikutlo jwa kafa teng jo bo boteng le jo bo nnelang ruri jwa go kgotsofalela maemo a motho ebile bo bontshwa ke go tlhoka go nguna-nguna kana go tshwaya diphoso. Thanodi nngwe e tlhalosa lefoko “thethebalo” jaaka e le “go iketla ga mogopolo: go kgotsofala segolo-bogolo ka mokgwa wa gago wa go tshela.” Go tweng ka wena? Kafa gare, a o eletsa gobo o ka bo o na le tiro e e farologaneng, legae le le farologaneng, molekane yo o farologaneng? A o fitlhela gore dikeletso tsa gago e nna dikgorobelelo tse eketeng di tla go diga?

Go kgotsofala ga go kae gore re phuthe diatla re sa tokafatse maemo a rona. Go kgotsofala ga go a tshwanela go fedisa go tsaya kgato ya ntlha, go re tlogela metsi a lekane dipota fela ka tsatsi le letsatsi. Mme tota go kaya gore re se ka ra bo re hohomela sengwe go ya ntlheng ya gore re iphitlhele re le mo gare ga bangongoregi ba ba sa itumelang.

SEKAI SA GO RITIBALA

Akanyetsa sekai sa moaposetoloi Paulo wa Mokeresete. E ne e le moagi wa Moroma ebile go bonala ekete o ne a tswa mo lelapeng la Bahebera ba ba tlotlegang, o ithutile molao fa dinaong tsa ga Gamaliele yo o rutegileng ebile Bafarisai-ka-ene ba ne ba mo tlotla thata. Mme go ne ga diragalang? Jehofa Modimo o ne a mmitsa ka Morwa wa gagwe go nna moreri wa “Mahoko a a Molemō.” Gore Paulo a tle a ikotle a bo a tile go nna mokgweleo wa ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a dira ka diatla tsa gagwe. Seno se mo kgonisitse go ralala metse le metsana ka kgololesego, gongwe le gongwe koo tiro ya gagwe ya borongwa e neng e mo isa teng. Tiro ya gagwe jaaka moreri e mo tliseditse dipogiso, le eleng dititeo, go kgobotlediwa le go seolwa mo gontsi. Mme a o ne a ritibetse?

Fa Paulo a ne a kwalela Bafilipi, o rile: “Ee, rure, ke kaea dilō cotlhe di ntatlhegetse, ka ntlha ea molemō o mogolo oa go itse Keresete Yesu Morèna: eo ke latlhegecweñ ke dilō cotlhe ka ntlha ea gagwè, me ke di kaea malele hèla, gore ke tlè ke bōnè Keresete, gonne ke ithutile gore, leha ke ka nna mo popegoñ e e nntseñ yañ, ke bè ke itumèlè [kgotsofale] hèla mo go eōna.” (Bafil. 3:8; 4:11) Ee, moaposetoloi Paulo o bone kgotsofalo ya sebele mo go direleng ga gagwe Modimo ka boikanyegi.

DIKAI TSE DI TLHAGISANG TSA GO SA KGOTSOFALE

Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba sa kgotsofale, ka diphelelo tse di hutsafatsang. Mosadi wa ntlha, eleng Efa, o ne a na le monna yo o itekanetseng, legae je lentle mo tshimong ya paradaise, dijo tsa mefuta-futa di le ntletse-ntletse, tlhokomelo e e lorato ya Rraagwe wa selegodimo le Modimo wa gagwe, le ditebelelo tsa go tshela ka bosakhutleng. Mme erile moraedi a umaka gore Modimo o ne o mo itsa seo ka tshwanelo e neng e le sa gagwe, o ne a mo dumela mme a nna yo o sa kgotsofaleleng tsela ya gagwe ya botshelo. O ne a tlhopha tsela e e neng e kete e tla mo naya boitaolo gammogo le paka ya go itlhomela maemo a seo se leng molemo le seo se leng bosula. Tlhopho eno e mo tliseditse fela pogisego le loso. Abo go ka bo go le botoka jang fa a kabo a nnile a ntse a kgotsofetse, a ikokobeletsa monna wa gagwe, mme, go feta tsotlhe, a ikokobeletsa Modimo!

Makgolo a dingwaga moragonyana, fa Jehofa a ne a ralatsa batho ba gagwe mo nageng, go ne go na le go sa kgotsofale gangwe le gape. Ka nako nngwe, dikgosana di le 254 tsa Iseraele di ne tsa se ka tsa kgotsofalela mokgwa wa bone wa go tshela mme seno sa ba dira gore ba tsuololele Moshe le Arone ka tlhamalalo. Ba ne ba ba nyatsa ka go re: “Lo inaea mo go golo bobe, . . . ke ka ntlha eañ ha lo ikgodisa lo ipaea kwa godimo ga phuthègō ea ga Yehofa.” Moshe o ne a opa kgomo lonaka kaga gore go sa kgotsofale ga bone go bakwa ke eng fa a ne a araba. Re bala gore: “A lo hitlhèla e le selō se senyenyane ha e bo ne ne Modimo oa Iseraela o lo lomolotsè mo phuthegoñ ea Iseraele, . . . go tla lo diha tihèlō ea motlaagana oa ga Yehofa . . .? Me a lo batla le yōna boperisito?” (Dipa. 16:1-10) Phelelo e nnile efe? Bontsi jwa bone jwa lailwa ke molelo; bangwe ba komediwa ke lefatshe.

Demase, eleng modiri-mmogo le moaposetoloi Paulo, ene o dirilwe ke maemo a a farologaneng gore a se ka a kgotsofala. O ne a na le moaposetoloi Paulo ka nako ya fa a golegilwe lantlha mo Roma. Mme ka nako ya go golegwa ga ga Paulo ga bobedi Demase ‘o ne a mo latlha ka a ratile lefatshe.’ (2 Tim. 4:10) Mme o ne a latlhegelwa ke kgotsofalo ya sebele ka go dira jalo.

A O RITIBETSE?

Go tweng kaga gago? Fa o le motlamedi mo lelapeng, a o tlhaela thethebalo? Eleruri go na le dilo tse dintsi tse di ka tshwenyang Mokeresete​—go sa ikanyege ga balaodi, go bogisiwa ga badidi le batlhoki, le go tlhaola batho, go sa umakiwe sepe ka ditiro tse dintsi jaana tseo eleng mekgwagale fela. Motho a ka ritibala jang tlase ga maemo a a ntseng jalo? Go nna o gakologelwa gore ga o esi go a thusa. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo mo metlheng ya bogologolo ba ne ba lebane le mathata a a tshwanang, ebile tsela eo ba dirisaneng le one ka katlego e kwadilwe mo Bibeleng gore e re rotloetse.

Ka sekai, go ne go na le Asafe wa Mo-Lefi, eleng seopedi le motlhami yo o neng a itsege. O kwadile jaana: “E rile ke bōna letlhōgōnōlō ya baitelaganyi ka nna pelotshètlha kaga bōnè baikepi. Ga ba mo tlaleloñ yaka batho ba bañwe; le gōna ga ba chwenyege yaka batho ba bañwe.” Ka jalo, o ile a ithaea a re: “Rure ke ntlahaleditse pelo ea me lehèla, ka ba ka tlhapa diatla tsa me mo go senañ molatō.”​—Pes. 73:3, 5, 13.

Ka mantswe a mangwe, Asafe o ne a ithaya: ‘Go thusang fa o leka go dira se se siameng? Bangwe baa atlega ka bosula. Ke ka ntlhayang nna ke sa go dire?’ Mme ka nako eo o ne a lemoga gore o ne a akanya bosula. Fa a ne a le kwa tempeleng le baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa, o ne a elatlhoko gore katlego ya baikepi ke ya nakwana.​—Pes. 73:15-19.

Lemororo re ka hutsafadiwa ke boikepo jwa ba ba re dikologileng, re ka gomodiwa ke ntlha ya gore go na le letsatsi la boikarabelo. (Dit. 17:31) Mo tsamaisong eno ya dilo, go na le mo gontsi mo go ka se keng ga fetolwa. Bibela e re, “Se se shokameñ ga se kake sa siamisiwa.” (Mor. 1:15) Ka jalo, fa re ka se ka ra kgona go fetola dikgang ka ditsela tse di tshwanetseng, ka botlhale re letela Jehofa Modimo go tsaya kgato ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Ka go dira jalo re ipolokela thethebalo ya rona.

Go tweng ka legae ja gago? A le a go ritibatsa? Eleruri, maloko a a lorato a lelapa a ka oketsa thethebalo. Morago ga fa monna a ne a dira tiro e e bokete, abo o lapolegelwa jang fa a tsena mo legaeng je le nang le kagiso a bo a ipelela bokopano le mosadi le bana ba gagwe! Seane sa Bibela se tlhalosa seno sentle, ka go re: “Go ya diyō tsa merōgō hèla, ha e na le loratō, go molemō bogolo go kgomo e e otlilweñ, ha e na le kilō.”​—Dia. 15:17.

Lelapa le le sekametseng semoyeng la basupi ba ga Jehofa gape ke thuso e kgolo mo go nneng o ntse o ritibetse. Abo go molemo jang fa o kgona go kopanela le batho ba ba ikanyegang, ba ba thokgameng le ba ba lorato! A o lemogile gore go tla dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa go go dira gore o lebale mathata ao a go ngodiisang?

‘Mme go tweng kaga mokgwa wa me wa go tshela?’ mma-lelapa a ka botsa jalo. Go tla tlhoka boiteko jwa ka metlha gore o boloke kgotsofalo ya boammaaruri fa mo gontsi jaana go ntse go umakiwa ka “kgololo ya basadi.” Mme a baeteledipele ba mokgatlho ono tota ba ritibetse? Ba ka ritibala jang fa ba tlhokomologa ntlha ya gore karolo eo mosadi a e abetsweng ke Modimo ke ya go nna mothusi le motlatsi, eseng ya go nna tlhogo le mophadisanyi? (Gen. 2:18) Mosadi a ka dira mo gontsi gore a oketse boitumelo jwa lelapa lotlhe. Mo metlheng eno ya tlhatlogo-ditlhwatlhwa e e golang, a ka boloka ditshenyegelo di le tlase ka go reka ka botlhale. (Dia. 31:15) Ka lefoko le ka sekai, mosadi wa Mokeresete a ka agelela bana ba gagwe semoyeng, a ba thusa go bona gore go tshela jaaka barutwa ba ga Jesu Keresete go kaya eng.

Mosadi wa Mokeresete o bona fela boitumelo jo bo tshwanang le jwa mosadi yo o kgonang yo o tlhalositsweng mo bukeng ya Diane fa a nna mo boemong jo a bo neilweng ke Modimo, moo re balang jaana: “E mañ eo o ka bōnañ mosadi eo o mokgwa o o iphapileñ? gonne tlhōtlhwa ea gagwè e heta ea mayana a a tlhokegañ kgakala. Pelo ea monna oa gagwè e mo ikantse, . . . O mo dihèla molemō . . . ka metlha eotlhe ea botshelō yoa gagwè. . . . me a nee ba ntlo ea gagwè diyō, . . . bana ba gagwè ba nanoge, me ba mmitse mosegōhadiwa; monna oa gagwè, le èna a mmake, . . . mosadi eo o boihañ Yehofa, èna o tla bakwa.”​—Dia. 31:10-30.

Go tweng ka lona basha? A lo kgotsofalela mokgwa wa lona wa go tshela? Basha ba bantsi gompieno ba lebane le mathata a a masisi. Boitsholo jo bo maswe, go tsietsa le go dirisa diokobatsi mo go sa tshwanelang go kwa godimo thata-thata. Dilo tse di ntseng jalo ga dia tshwanela go go diga, di dira gore o latlhegelwe ke gore o lebile kae di bo di go tlhotlheletsa gore o tswe mo sekolong. Ka go khutlisa thuto ya gago pele ga nako, o ka nna wa patelesega go dira tiro e e senang madi ebile o le mo maemong a a hutsafatsang bogolo go ao o neng o lebane nao kwa sekolong. Ka gone, lwela go dira bojotlhe kwa sekolong, o tlhopha mofuta wa thapiso o o tla go thusang go ikotla sentle kwantle ga go fufulelwa. Batlhanka ba Modimo ba dira sentle fa ba itshiamisetsa tiro eo e tla ba tlogelang ba na le nako le maikatlapelo a mantsinyana go ka thusa ba bangwe semoyeng. Mo go felela ka go iponela boitumelo jo bogolo thata jo bo tlisiwang ke go aba.​—Dit. 20:35.

Fa o le moobamedi wa ga Jehofa Modimo, fa o santse o le mo sekolong lwela go gatela-pele jaaka Mokeresete. Tlhagafalela paka ya go bolela “mahoko a a molemō” kwa sekolong gammogo le fa o na le maloko a mangwe a phuthego. Ka nako ya maikhutso a sekolo, akanyetsa go oketsa karolo ya gago mo go boleleng “mahoko a a molemō” phatlalatsa. O ka bona boipelo jwa sebele fa o direla jaaka mmulatsela yo o thusang. O seka wa tlhokomologa go bala Bibela le dikgatiso tse di diretsweng go go thusa go tlhaloganya botoka. Go baakanyetsa sentle pele ga nako go tla go thusa go arola kwa dipokanong tsa phuthego.

A go na le bape mo phuthegong ya lona bao ba lwalang, bao ba golofetseng kana ba tsofetseng? A o ka ba ela lebentleleng, wa ba baakanyetsa dilwana kana wa ba phepafaletsa? A go na le mongwe yo o sa boneng sentle? A o ka dirisa nako beke nngwe le nngwe o balela motho yo? Go nna morutwa wa ga Jesu Keresete go kaya go direla ba bangwe jaaka a dirile. Fa o ithuta go direla ba bangwe o sale mosha, maipelo le ditshegofatso tsa gago di tla ntsifala.

A go na le dingwe tse disha tse di thusang go bona sekopololo sa kgotsofalo ya sebele? Nnya, ga go sepe se sesha. Mo go fetang dingwaga di le 1 900 tse di fetileng moaposetoloi Paulo o neile kgakololo e e santseng e dira fela jaaka ka nako ya gagwe. O kwadile jaana: “Me poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ ke papadi e kgolo: gonne ga rea ka ra tla le sepè mo lehatshiñ, le gōna ga re kake ra cwa le sepè; me e re ha re na le diyō le diaparō re tla ritibatsa pelo mo go cōna.”​—1 Tim. 6:6-8.

Ka jalo, iphe nako o tlhatlhanya kaga mokgwa wa gago wa go tshela. Ke boammaaruri, ka gongwe o ka ne o le botoka, mme gape o ka ne o le bosula tota. Lwela go kgotsofalela seo o nang naso, o sa itshwenye ka seo o senang naso. Bona boitumelo ka go dira moo o ka go kgonang go thusa ba bangwe semoyeng gammogo le mo go nneng motswedi wa kgothatso go bone. Dira seno, fela jaaka ba bantsi, mme o tla ritibalela mokgwa wa gago wa go tshela.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

‘Mme go tweng kaga mokgwa wa me wa go tshela?’ mma-lelapa a ka botsa jalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela