Jesu Jaaka Mo-enjenere wa Modumo
Buka ya ga Auguste Rae “Isolation Sonore et Acoustique Architecturale” (Thibelo ya Modumo le Kitso ya Modumo wa mo Dikagong) e na le kgaolo e e tlotlang kaga go bua mo lefelong le le atlhameng. Go kgatlha thata go tlhokomela dintlha tse di latelang tlase ga setlhogo “Thero ya Mafoko a a Molemo”:
“Ditemana tsa Mafoko a a Molemo di re: ‘Me a tsèna mo go moñwe oa mekōrō, . . . me a lopa [Simone] gore a ke a katogè lehatshe go le gonnye . . . a ruta batho a le mo mokoroñ.’—Luke 5:3.
“Ga go bosupi bope jo bo bontshang gore dintshi tsa letsha la Genesareta tse di thulameng di fetogile fa esale ka nako ya fa dilo tseo di diragala. A jaanong re dirisetseng ditemana tseno mo dipopegong tse di tlwaelegileng thata tsa dintshi tsa lone tsa motlha wa gompieno. . . .
“Dilo tsotlhe tse di dirang gore modumo o utlwale sentle di gone. Santlha, bareetsi botlhe ba kgona go bona sebui mme ba amogela modumo ka tlhamalalo. Ereka dintshi di thulame, fa batho ba le kgakajana le sebui, baa bo ba tsholetsegile. Sa bobedi, boalo jo bo sisibetseng jwa metsi a letsha bo kgona go phaila modumo sentle go gaisa. Modumo o o phaitsweng jalo o latela tsela ya modumo wa ntlha . . . mafoko a utlwala sentle, mme o oketsega ka di-desibele di le thataro (o menagane ga 60). Sephaidi seno se kafa lentswe le tsamaelang kafa teng, eleng, fa pele ga sebui.
“Sa bofelo, fano re bona sekai se se tlhomamisang molawana o o dirang wa botlhokwa: sebui ga se a tshwanela go atamela bareetsi ba sone thata.”
Fa Sekolo sa Bibele sa Gilead sa Watchtower se ne se agilwe kwa bokone jwa New York, motsamaisi wa thuto ya go bua phatlalatsa o ne a tle a bontshe melao-metheo eno ka go bua le diithuti tsa gagwe tse di ntseng mo bobogelong a le ka kwa moseja ga lekadiba lengwe.