LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 9/1 ts. 3-4
  • Ke Mang yo o Ka Ritibalang Tota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang yo o Ka Ritibalang Tota?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A O Ka Ritibalela Mokgwa wa Gago wa go Tshela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Bona Kgotsofalo ka go Dirisa Melaometheo ya Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Tshabela mo Leineng la ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Dikgwa Tsa Pula—A di Ka Bolokwa?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 9/1 ts. 3-4

Ke Mang yo o Ka Ritibalang Tota?

BATHO ba dumela gore go senka go ritibala ga bone go ne go tla khutla ka boitumelo thata fa fela ba ne ba ka ya kwa setlhakeng se se kwa thoko se se sireletsegileng se se melang dijalo. Eleruri, fa ba le koo ba ne ba tla ipelela botshelo jo bo didimetseng ba ntse ba arametse letsatsi, ba na le dijo tse dintsi ebile ba sa tshwenyege ka sepe mo lefatsheng.

James A. Michener le A. Grove Day, fa ba kwala mo bukeng Rascals in Paradise, ba bolela ka “tiragalo e e dirilweng tlhamane mo ditiragalong tsa bosheng tsa lewatle la Pacific.” Tota-tota, kgang eno e umaka gore ka bo-1930 monna mongwe wa kwa Australia o ne a lemoga gore ntwa e kgolo e ne e atametse. Ereka a ne a eletsa go tila go arola mo tiragalong e e ntseng jalo e e fetolang lefatshe, o ne a batla lefelo la botshabelo ka kelotlhoko.

“Labofelo,” ga tualo, “ka go kokoanya mabaka ka kelotlhoko, o ne a konela ka go re botshabelo jwa gagwe fela jo bo sireletsegileng mo botsenweng jwa lefatshe le e ne e tla nna kwa setlhakeng sengwe se se melang dijalo. . . . o ile a ithuta lewatle la Pacific mme a nna a tlhopha ditlhake go fitlha a bona seo se nang le molemo mongwe le mongwe: bokwathoko, tshireletsego, botshelo jo bo molemo . . . kwa bokhutlong jwa paka ya selemo ya 1939, eleng beke pele ga fa Majeremane a tlhasela Poland, Mo-Australia yo o botlhale yo o ne a tshabela kwa botshabelong jo jwa gagwe jwa kwa Pacific Borwa. O ne a ya kwa setlhakeng se eketeng se ne se sa itsege sa Guadalcanal.” Mme a o bile a bolokesega le go ritibala teng koo?

Abo motshabi yoo o madi-mabe jang nne, gonne le eleng setlhake se se kwa thoko-thoko sa Guadalcanal e nnile patlelo ya ntwa e e mahehe mo dingwageng tsa 1942 le 1943! Tota-tota, fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e tswelela, e ne e se paradaise e e itumedisang, mme e le tlhakantsuke fela.

Gotlhe mo go diragetse masome-some a dingwaga a a fetileng. Mme go tweng ka motlha wa gompieno? Mmogedi yo o so-sologileng o bona eng?

Diteraeke, ditshupo-kganetso, go sia ga bana, go tlogela sekolo, go dirisa diokobatsi mo go sa tshwanelang, magae a a kgaoganeng le ditlhalano—tsotlhe tseno e setse e le ntletse-ntletse. Ka ntlhayang? Lebaka le legolo la bontsi jwa mathata ano ke lefe? Go sa kgotsofale.

Akanya gape ka go bopèlwa ga kagiso ga motlha wa gompieno. Akanyetsa fela gore kudumedi ya nuklea e ka kgonagala. Ke mang yo o ka ritibalang mo maemong a a ntseng jalo?

Gompieno, fela jaaka ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ga go sa tlhole go na le setlhake se se kwa thoko se se sireletsegileng se se melang dijalo seo go ka tshabelwang kwa go sone. Ka ntlha ya difofane, tlhaeletsano e e bofefo​—ee, le kgotlelo ya moya—ga go ope wa rona yo o ka bonang lefelo leo jaanong le bolekesegileng ebile le didimetse ka botlalo. Mme a mo go kaya gore banna botlhe, basadi le batho ba basha ba hutseditswe go tshela ba sa itumela ebile ba sa ritibala ka metlha? Nnya, le eseng. Ebile seno re tla se bona fa re ntse re akanyetsa potso eno e e gatelelang, A o ka ritibalela mokgwa wa gago wa go tshela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela