Go Tswa Bobabeng go ya Loratong Lwa Bokereste
JESU KERESETE o rile maloka le balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yoh. 13:35) Le eleng bangwe bao e nnileng Bakeresete ba sebele ba kile ba bo ba ilana. Ke Jehofa Modimo fela yo o ka bong a ba thusitse go fetola boikutlo jwa bone. Bosupi jwa seno bo bonala mo boitemogelong jo bo latelang jo bo tswang kwa setlhakeng sa Caribbean:
“Ke ne ke le moeteledipele wa setlhopha sengwe sa bopolotiki seo se neng se kgatlhegela go bona phetogo mo mmusong. Re dirisitse ditsela tse dintsi go fitlhelela boikaelelo joo, mme ka jalo ka utlwa gore leteketifi lengwe le ne le abetswe go ntshala morago le go ntshwara. Ereka jaanong ke ne ke itse kaga se se diragalang, ke ne ke tlhomeletse ebile ke thantse thata gore ke mmone fa a tlhagelela. Fa nkabo ke rakane nae, ga ke itse gore go ka bo go diragetse eng, mme go ne go ka diragala masetlapelo. Mo pelong ya me ke ne ke mo ila thata gore ke bontshe gore ke ne ke emelana le eng. Lefa go ntse jalo, ke ne ka ya kwa New York, mme ke simolotse teng koo go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ikgaoganya gotlhelele le setlhopha sele sa bopolotiki mme ka fetola botshelo jwa me gore ke direle Jehofa.”
Fa nako e ntse e tswelela, monna yono o ne a boela kwa nageng ya gagabo. O tswelapele ka go re:
“Ka tsatsi lengwe ke ne ke theogetse kwa kopanong [ya Basupi ba ga Jehofa] mme, ka ke le moapei, ke ne ke thusa kafa boapeelong. Mongwe o ne a mpotsa, ‘Nxabe, Mokaulengwe B—, o ithutile boammaaruri jang?’ Ke ne ka simolola go tlhalosa ka ba ka umaka gore ke leboga Jehofa thata ka ke sa ka ka rakana le leteketifi leo le neng le ntshala morago gonne go ka bo go diragetse sengwe se se maswe tota. Ka yone nako eo mokaulengwe yo mongwe, yo o neng a ntse a tlhatswa dipitsa le dipane, o ne a tabogela kwa go nna a bo a mpotsa, ‘A o Molaulengwe B—?’ ‘Ee,’ ka rialo, mme a araba ka go re: ‘A o a nkitse? Ke nna yo ke neng ke le leteketifi leo le neng le abetswe go go tshwara.’
“Gare tlang lo boneng! Ra dumedisana ka diatla, ra tlamparelana ra ba ra phophothana mo mekwatleng. Dikeledi tsa boitumelo tsa elela. Boapeelo ya nna lefelo la boipelo le boitumelo go gaisa le ka motlha ope ka tiro e bile ya ema mme botlhe ba kopanela mo nakwaneng e e kgethegileng eo. Mo teng ga boapeelo joo jwa kopano go ne go le bosupi jo bo tshelang jwa ka moo bobaba bo ka fetolelwang loratong ka teng ka maatla a moya wa ga Jehofa le a bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato.”