A LO KA THUSA BATLHOLAGADI LE MASIELA “MO PITLAGANOÑ EA BŌNÈ”?
1, 2. (a) Go na le pharologano efe magareng a “go bogela” mongwe yo o mo khutsafalong le go mo “lekola”? (b) Go ya ka Yakobe 1:27, kobamelo ya boammaaruri e tlisa boikarabelo bofe?
GO NA le pharologano e kgolo gareng ga go bogela mongwe yo o mo khutsafalong le go mo lekola. Kobamelo ya boammaaruri e tshwanetse go fetola batho go tswa mo go nneng babogedi ba ba sa kgatlhegeng go ya go bathusi ba ba kgathalelang badumedi-ka-bone, ka gobo “tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ ha pele ga Modimo le Rra echo, ke e, go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè, le motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe.”—Yak. 1:27.
2 Go Yakobe 1:27 lefoko la ntlha la Segerika leo le fetoletsweng “go lekola” le tlhalosiwa jaaka ‘go tlhokomela mongwe, go tlamela mongwe.’ Le na le mogopolo wa go etela mongwe go mo tlisetsa thuso e e tlhokegang. Thuso eno e anaanelwa thata.
BANA BA KA NEELA THUSO E E BOTLHOKWA
3, 4. (a) Go ya ka 1 Timotheo 5:4, ke bomang ba ba tshwanetseng go amega ka go thusa batlholagadi? (b) Bana ba batsadi-bangwefela ba ka thusa ka ditsela dife, mme bana bano ba ka neela tshegetso efe e e di gaisang tsotlhe?
3 Moaposetoloi Paulo o bontsha gore ke bomang ba ba tshwanetseng go amega kaga go thusa batlholagadi ka go re: “Ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo.” (1 Tim. 5:4) Lefa lemororo polelo eno e amana le bana ba ba godileng, tota le ba babotlana ba ka ithuta go bontsha boineelo jwa bone go Modimo ka go “ichupa bopelonomi” mo batsading ba bone, bao ba ba diretseng mo gontsi jaana. Mme jang? Bana bangwe ba babotlana ba thusa ka tsa madi, jaaka yo mongwe a dirile ka go neela madi otlhe a a neng a a bolokile a tiro ya gagwe ya nakwana go duelela molato o o neng o sa lebelelwa. “Mofuta o wa bopelo-tshweu go tswa go morwa wa dingwaga di le 14,” mmaagwe o ne a rialo a itumetse, “o nkgothatsa moo ke senang mafoko.”
4 Tota le fa bana ba sa kgone go ka neela madi, ba ka neela dilo tse di botlhokwa go gaisa—kanaanelo le kutlo. (Dia. 23:22; Baef. 6:1-3) Bontsi jwa batsadi-bangwefela bo a ipotsa, “A ke dira tiro e e molemo mo go godiseng ngwanake?” A ko o akanyetse boipelo jwa motsadi-mongwefela fa ngwanyana wa gagwe a ne a dira karata, e e reng: “Ke go rata tota mme kea itse gore o leka thata.” Mme kana, fa o le ngwana wa motsadi-mongwefela, a bosheng jaana o mmoleletse ka moo o anaanelang ditlhabelo tseo a di go direlang? A o bofefo go utlwa? A o itse gore go kaya eng go tlhatswa dijana ka kutlo, go ntsha matlakala, go dira tiro ya gago ya sekolo ya kwa gae, go tla gae ka nako, go phepafatsa mme, go feta tsotlhe, go ithuta dithuto tsa gago tsa Bibela ka metlha? Kutlo e e ntseng jalo ka go rata ke tshegetso e e molemo go gaisa eo o ka e neelang motsadi wa gago.
KA MOO PHUTHEGO E KA THUSANG KA TENG
5. (a) Go nna “pelotlhomogi” go kaya eng, mme ke ka ntlhayang go le botlhokwa jaana? (b) Phuthego ya rona e ka bontsha batsadi-bangwefela “pelotlhomogi’’ e e ntseng jalo ka ditsela dife?
5 “Go nnile thata tota mme ka dinako dingwe kea ketefalelwa tota,” go buile jalo mongwe wa batsadi-bangwefela wa bana ba le barataro, go akaretsa le mafatlha a bogolo jwa dikgwedi di le 17. “Lefa go ntse jalo, gangwe ka lobakanyana mongwe wa bakaulengwe kana bokgaitsadi [mo phuthegong] o tle a nthee a re: ‘Joan, o dira tiro e e molemo. Go tla go solegela molemo.’ Go itse fela gore ba bangwe ba akanya kaga gago le gore baa go kgathalela go a thusa tota.” Mo go bontsha gore botlhe ba ka thusa jang. “Sa bohèlō,” go kgothatsa jalo moaposetoloi Petere, “nnañ maikutlō mañwe hèla lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana yaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobeco.” (1 Pet. 3:8) Ikakanye o le mo boemong jwa motho yo mongwe. Lefoko le le molemo, go nyenya go tswa pelong, di ka kaya mo gontsi tota. Nna yo o boneneketso bogolo go go nyatsa-nyatsa.
6. Ke ka ntlhayang fa motho yo o itshwarang jaaka yo o tlhalositsweng go 1 Yohane 3:17 a tla nna le molato tota fa pele ga Modimo?
6 Lorato lwa sebele lo akaretsa mo gontsi go na le mafoko a bopelonomi. Pele fela ga fa moaposetoloi Johane a kgothaletsa Bakeresete go tsenya lorato lwa bone mo tirong ka ditiro, o ne a kwala jaana: “Me leha e le mañ eo o nañ le dilō tsa lehatshe, me a bōna mogagabō a tlhōka, me a ikitsa go mo tlhomogèla pelo, ana loratō loa Modimo lo ka nna yañ mo go èna?” (1 Yoh. 3:17) Lefoko la ntlha la “bōna” ga lo kae go gadima fela mme le kaya go leba ka boikaelelo. Le dirisetswa molaodi wa masole yo o tlhatlhobang mophato. Eleruri, yo o leba ka kgatlhego go bona dintlha tsotlhe. Ka jalo a ko o akanyetse pono eo Johane a e bontshang, mongwe yo o nang le dilo tsa go thusa, morago ga go seka-seka mokaulengwe wa gagwe ka kelotlhoko a lemoga tlhokafalo e e rileng, mme morago a tswale le go notlela mojako wa pelo ya gagwe. O gana go thusa. Abo o pelo-tlhoi jang nne! Mo go itumedisang, dikarabelo tse di ntseng jalo tse di sa itumediseng ga dia ata gareng ga Basupi ba ga Jehofa. Dipego tse di senang palo di bontsha bopelotshweu jwa bone mo go bao ba ‘tlhokang.’
7. Fa malapa a batsadi-bangwefela a a tlhokang a tlhokomologiwa, gantsi bothata ke bofe, mme jone bo ka rarabololwa jang?
7 Lefa go ntse jalo, go nnile le dipaka tsa go tlhokomologa. Gantsi mo go diragetse ka ntlha ya gore go nnile le go palelwa ke go “bōna” tlhokafalo. Go ne go tlhokega ‘tsheka-tsheko e e kelotlhoko,’ gammogo le go kgatlhegela bao ba tlhokang. Jalo go tweng ka boemo jono mo phuthegong ya ga lona? A tota o tlhagafaletse maemo a batlholagadi le masiela? O kile wa ba direla leng mo go oketsegileng go na le go ba dumedisa fela? A o kile wa laleletsa bangwe dijong kana kokoanong ya boitiso go ba itse botoka? Dipotso tse di ntseng jalo di re thusa go bona faele gore tota re “bōna” boemo jwa malapa a motsadi-mongwefela.
8. Bangwe mo phuthegong ba thusitse malapa a batsadi-bangwefela jang?
8 Ga go tlhokege khumo e kgolo gore o thuse. Ba bantsi, fa ba bona tlhokafalo ya sebele, ba ile ba aba dijo tse di setseng kana ba ba apolela diaparo tseo di sa tlholeng di lekana bana ba bone. Bangwe ebile ba rutile batsadi-bangwefela ditiro tse di rileng, jaaka go roka, gore ba kgone go ka tswelapele botoka. Seane sa bogologolo se re: “Fa o neela motho tlhapi o mo jesa ka letsatsi le le lengwe fela. Fa o mo ruta go thaisa ditlhapi o mo jesa ka nako yotlhe ya botshelo jwa gagwe.” Mongwe wa batsadi-bangwefela o kwadile jaana: “Kgaitsadi mongwe o nneile motšhine o o rokang, dikhai tse pedi a bo a nthuta go roka. Ke bolokile madi a mantsi tota go tloga ka nako eo.”
9. Malapa a batsadi-bangwefela a tshwanetse go nna le pono efe e e lekalekaneng maloka le thuso go tswa go ba bangwe?
9 Lefa go ntse jalo, a batsadi-bangwefela ba tshwanetse go lebelela thuso go elela “jaaka metsi” mme ba bo ba hutsafala fa e sa tle jalo? Motho o tshwanetse go boloka pono e e lekalekaneng. Lefa lemororo motho a lebogela thuso epe e e neetsweng, o tshwanetse go ipotsa gore, “A ke dira gotlhe mo nka go kgonang go laola boemo jo?” Jaaka mongwe wa batsadi-bangwefela a tlhalositse: “Ga go ope yo tota a ka ikimetsang ka lelapa la bobedi. Fa o sa ithuse ka bowena, ga o dire boikarabelo jwa gago jo bo feletseng. O tshwanetse go ithuta go iphata-phatela ka esi.” Go na le dikao tsa Bibela tsa batlholagadi ba ba ikanyegang bao ba neng ba direla, go na le gore ba lebelele tirelo go tswa go babangwe. (Luke 2:36-38; Mar. 12:42-44) Mongwe wa batsadi-bangwefela yo o neng a le motlhoki ka tsa madi, ebile a sokola ka dingwaga tse dintsi go godisa bana ba gagwe o ne a na le papetlana mo lobotaneng lwa gagwe eo e neng e balega jaana: “Bao ba tlhabisetsang matshelo a ba bangwe marang ba tla nna le one ka metlha.” Ka dingwaga di le 12, jaaka moreri wa nako e e tletseng, o dirile fela jalo. O ile a itlhagisetsa go thusa ba bangwe, mme jaanong a na le dingwaga di le 73, o ntse a dira fela jalo. Ka ntlha ya moo, gaa ise a ke a tlhoke sepe.—Dia. 11:25.
10. Go na le bosupi bofe jwa gore bokgaitsadi ba ba godileng ba ne ba na le karolo e kgolo mo go thuseng batlholagadi le masiela mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
10 Kwantle ga pelaelo basadi ba ba godileng ba ne ba tsaya karolo e kgolo mo go thuseng batlholagadi le masiela mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Batlholagadi bangwe ba tlhalosiwa jaaka bao ba ‘thusang ba ba mo pitlaganong,’ ka gongwe go akaretsa le malapa a batsadi-bangwefela. (1 Tim. 5:10) Mo lekwalong la ga moaposetoloi Paulo go Bakeresete ba kwa Roma, nngwe-nneng ya bao a ba dumedisitseng e ne e le basadi bao ba diretseng ka boikanyegi le, kana mo boemong jwa phuthego. Bangwe ba ne ba umakiwa ka tlhamalalo gore ba ne ba dira ka natla kana ba dira ditirelo “mo Moreneñ.” (Bar. 16:3-15) Mosadi Febe, “e leñ modihedi moñwe oa phuthègō” (kwantle ga pelaelo o ne a tlhokomela ditlhokafalo tsa ba bangwe tsa botho a sa tlhophelwa go dira jalo), o tlhalosiwa jaaka “mothusi oa batho ba le bantsi.” Go sa belaesege, o ne a tsaya kgato ya ntlha mo go thuseng “batho ba le bantsi,” moo go nitamisitseng phuthego. Gompieno, fela jaaka Febe, basadi ba ba godileng ba Bakeresete ba neela kgothatso le thuso tse di lorato, go akaretsa le dilo tsa bone tse di bonalang go thusa “ba ba mo pitlaganoñ.”—Bar. 16:1, 2.
11. (a) Bokgaitsadi ba ba godileng ba ka neela batsadi-bangwefela thuso ya mofuta ofe? (b) Lo ka neela sekao sefe, mme a lo gopola ditiragalo dingwe?
11 Basadi ba bantsi ba ba tsofetseng ba Bakeresete ba neela thuso ya semoya le ya boikutlo ka go nna “ba ba rutañ batho se se molemō,” gore ba tle “ba rutè basadi ba meroba” ka go ba gakolola ka kutlwisiso. (Tito 2:3-5) Jaaka sekai, mongwe wa bo-mmè ba ba bangwefela o ile a lela fa a utlwa puo ya Bibela kaga lenyalo. Mosadi yo o godileng wa Mokeresete a mmotsa gore go diragetseng. “Ke akanya gore ke itlhomogela pelo fela,” o ne a araba jalo ka dikeledi. Mosadi yo mogolwane a simolola go bua le ene. O ne a itse gore yo o hutsafetseng o ne a ikutlwa jang, ka gobo ene ka boene o ne a tlogetswe ke monna wa gagwe dingwaga di le 20 pelenyana. Mosadi yo mosha yo o ile a akgela jaana: “O nnile thuso ya me e kgolo. O ile a mpuisa thata mme a ntaleletsa go arola le ene mo tirong ya go rera. O nnile molemo thata mo go nna.” Basadi ba bantsi ba ba godileng ba Bakeresete ba ikatameditse mo go ba ba ntseng jalo mme baa ba gomotsa, le eleng go tlotla mathata a botho tota ao monna wa Mokeresete, ka boene fela, a neng a se kitla a dirisana le one sentle.
BAGOLWANE—‘IPEDISENG PELO YA BATLHOLAGADI’
12. Bagolwane ba ka ‘ipedisa pelo ya motlholagadi’ jang?
12 Jobe wa metlha ya pele ga Bokeresete o kile a re: “Pelo ea mosadi eo o motlhōlagadi ka e ipedisa ka boitumèlō.” (Yobe 29:13) O ne a “utlwa” botlhoko jo bo neng bo utlwiwa ke batlholagadi. Go na le go bo oketsa ka go bua kana go dira sengwe se se tlhokang tlhaloganyo, o ne a batla go ba itumedisa kafa teng—mo pelong. Bagolwane ba diphuthego tsa Bokeresete gompieno ba ka dira fela jalo ka go tlhomamisetsa ba ba ntseng jalo gore phuthego ke lelapa la pelo e e bothito, ka go ba dira gore ba ikutlwe tota e le karolo ya lone. Bagolwane ba ka arola le bone lekwalo lengwe le le kgothatsang leo le bontshang masego a a tlang ka ntlha ya boikanyegi. ‘Bopelotlhomogi’ bo tla ba thusa gore ba leke go tlhaloganya dikgatelelo tse dikgolo tsa boikutlo le tsa tlhaloganyo tseo di tlhorontshang bontsi jwa batsadi-bangwefela. (1 Pet. 3:8) Ka ntlha ya moo, batlhoki ba tla gololesega go tla go kopa thuso mo go bone. Mongwe le mongwe wa banna bano ba semoya eleruri a ka nna jaaka “boitekelecō mo ledimoñ; yaka dinoka tsa metse mo sekakeñ.”—Isa. 32:1, 2.
13. Ke ka ntlhayang fa batsadi-bangwefela ba ka atamela bagolwane go ba kopa thuso mo go direng diphetso tsa botlhokwa, mme go tshwanetse ga neelwa thuso ya mofuta ofe?
13 Bibela e boleletse-pele gore Modimo o ne a tla tlhoma “bagakolodi” ba ba ditswerere mo bathong ba gagwe ba bagologolo. (Isa. 1:26) Ka mo go tshwanang, gompieno batsadi-bangwefela ba ka lebelela go bagolwane go bona kgakololo mo go direng diphetso tse di botlhokwa. Fa bagolwane ba atamelwa, ba tshwanetse go neela “kaelo e e botswerere,” ba thusa mmotsi go lemoga melao-metheo ya Bibela e e akaretswang mo kgannyeng e e tlotliwang. Lefa go ntse jalo, karolo ya mogolwane kana ope fela yo o kopiwang thuso ke ya ‘mogakolodi,’ eseng ya modira-diphetso.—Dia. 11:14; Bagal. 6:5.
14. (a) Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba tshwanetse go leka go ‘sokolola’ mongwe yo o dirang tlolo? (b) Lefoko la Segerika la go “sokolola” le ne le dirisiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme go itse seno go ka ama tsela eo ‘go sokolola’ mo go dirwang ka teng jang?
14 Mogolwane a ka lemoga gore, ka ntlha ya dikgatelelo, motsadi yo o mongwefela o dira ‘tlolo nngwe,’ e e etsang go itisa thata le motho yo o sa dumelang. Motho yoo a ka ne a sa lemoge bomasisi jwa kgato eo tota. “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea wa bonōlō.” (Bagal. 6:1) Ka jalo bagolwane le ba bangwe ba ka thibela ‘tlolo nngwe’ mo go nneng mokgwa wa botswa-tseleng. Lefoko la Segerika la “sokolola” gape le fetolelwa jaaka ‘roka.’ (Mar. 1:19) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le ne le dirisetswa go tlhalosa go siamisiwa ga lerapo le le robegileng. Ngaka, lefa lemororo e tshwanetse go dirisa kgatelelo e e rileng, abo e ne e tla nna boneneketso jang fa e le siamisa! Boitlhomo e ne e le go ‘siamisa’ kgobalo, eseng go e gakatsa. Ka jalo bagolwane ba ba eletsang go fitlhelela dipelo tsa batho ba ba ntseng jalo “ka mōea oa bonōlō” ba bontsha motho yoo mabaka ka bonolo mme ka tolamo, ba mo thusa go bona gore ke ka ntlhayang fa go dirisa kgakololo ya lefoko la Modimo go mo solegela molemo, ka gone ba mo roka ka tsela ya semoya.
15. (a) Bagolwane ba ka rulaganyetsa batlholagadi ba ba tlhokang thuso leng? (b) Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba tlhoka go thusiwa ke ba bangwe mo phuthegong?
15 Ka dinako dingwe bagolwane ba ka tshwanelwa ke go rulaganyetsa batlholagadi ba ba bosi thuso. Mo Trinidad, motlholagadi mongwe wa Mokeresete wa dingwaga di le 79 o ne a lwala tota a le gaufi le loso ka ntlha ya kankere ebile a tlhoka tlhokomelo ya dioura tsotlhe. Lefa lemororo a ne a amogela madi a mmuso a sekae, go ne go se ba-losika bape go mo thusa. Gore tiro e se imele ba se bakae, bagolwane ba ne ba rulaganya ditlhopha tsa basadi ba Bakeresete bao ba neng ba ithaopela go thusa. Mo go fetang dikgwedi di le thataro basadi bano ba ne ba apeela le go phepafaletsa kgaitsadi yo wa bone wa semoya, ba mo totobisa, ba tlhatswa diaparo tsa gagwe ebile ba mo tlhapisa fa a ne a sa tlhole a kgona go tsamaya. Se e ne e le sekao sa lorato loo lo makaditseng baagelani. Ka tlwaelo bagolwane ga ba kgone go dira sengwe le sengwe se se tlhokegang mo mabakeng a a ntseng jalo. Gantsi ba tshwanetse go tlhokomela malapa a bone. Mme ba itumelela go dira seo ba ka se kgonang, ebile ba anaanela thata fa ba bangwe ba ka tsaya kgato ya ntlha mo go thuseng mo maemong a mofuta o.
BAKAULENGWE—‘PHEDISANG MASIELA’
16. (a) Kamego-kgolo ya batsadi-bangwefela ba basadi ke efe tebang le bomorwaabone? (b) Ke bomang ba ba ka thusang, mme jang?
16 Ka tlwaelo mmè yo o mo lelapeng la motsadi-mongwefela o amegile ka tlhaelo ya tlhotlheletso ya ga rre mo gae, segolo thata mo basimaneng. Banna ba mo phuthegong ba tshwanetse go ikutlwa fela jaaka Jobe, yo o rileng: “Ke ne ke phedisa . . . lesièla ye le senañ opè eo o le thusañ.” (Yobe 29:12) Gantsi se se tlhokegang ke kgatlhego ya sebele fela. Basimanyana bano ba ka laleletswa go arola mo tirong ya go supa, mo ditirong tse di rileng kwa Holong ya Bogosi le eleng mo boitapolosong jo bo tshwanetseng. Tlhokomelo e e ka “phedisa” mosimane mo tseleng ya selefatshe le go mo gogela mo phuthegong.
17. (a) Ke mang yo e neng e le sekao se se molemo mo go ‘phediseng lesiela,’ mme ka matswela afe? (b) Fa mokaulengwe yo o nyetseng a thusa bana ba bangwe, o tshwanetse go akanyetsa eng?
17 Moaposetoloi Petere e ne e le yo o ‘phedisitseng masiela.’ O ne a itsalanya le Johane Mareko, tota a ba a mmitsa “Mareko morwaake.” (1 Pet. 5:13) Mmaagwe Mareko, eleng Maria, ekete e ne e le motsadi-mongwefela, ka gobo polelo e umaka gore Petere o ne a ya kwa ntlung ya gagwe, eseng ya monna wa gagwe. (Dit. 12:12) Kwantle ga pelaelo bokopano jo bo molemo jwa semoya joo Mareko a nnileng le jone le Petere gammogo le banna ba bangwe ba Bakeresete bo mo tlhotlheleditse go nna morongwa yo o bileng a kwala buka ya Bibela. Ke sekao se se molemo go basimanyana ba ba tshwanetseng go godisiwa ke mmè a le esi. Ka tlwaelo, mokaulengwe mongwe le mongwe yo o nyetseng o tla lemoga gore go ya ka Dikwalo o na le boikarabelo jo bo tlang pele—jwa go tlhokomela lelapa la gagwe. Lefa lemororo a sa tlhokomologe “ba e leñ ba ntlo ea gagwè,” go ka nna le molemo o montsi fa a kgatlhegela masiela ano go fitlha fela fa a ka ba thusang teng le fa maemo a gagwe a letlelelang teng.—1 Tim. 5:8.
MOTHEO WA THUSO E E NTSENG JALO—LORATO LO LO INTSHANG SETLHABELO
18. (a) Bokeresete jwa sebele bo kgethololwa ke mofuta ofe wa lorato, mme Jesu o ile a go bontsha jang? (b) Re ka bontsha lorato lo lo ntseng jalo jang?
18 Betšhe ya boikgethololo ya Mokeresete wa boammaaruri ga se lorato fela, mme ke lorato lo lo intshang setlhabelo. Jesu o reile barutwa ba gagwe a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yoh. 13:34, 35) Sekao sa gagwe sa go neela e ne e tshwanetse ya nna mokgele. “Gaa ka a ikgatlha.” O ne a “humanèga ka ntlha ea lona.” “Eo o intsheditseñ [ka loso lo lo utlwisang botlhoko] dibe tsa rona.” Barutwa ba gagwe ba ne ba ka bontsha kelotlhoko le tlhokomelo tseo batlholagadi le masiela ba neng ba ka di tlhoka “mo pitlaganoñ ea bōnè,” fa fela ba ne ba ka etsa sekao seno sa lorato.—Bar. 15:3; 2 Bakor. 8:9; Bagal. 1:4; Yak. 1:27.
19, 20. (a) A ka metlha go motlhofo go bontsha lorato lo lo intshang setlhabelo? Ke ka ntlhayang go le jalo kana go sa nna jalo? (b) Re tshwanetse go amega ka go thusa bomang segolo-bogolo?
19 Fa dikgatelelo di befela pele ebile go re ketefalela go tlhokomela mathata a rona, go motlhofo gore re tlhokomologe selelo sa yo mongwe le go tshwarega ka matshelo a rona fela. Tota le bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga bao ba neng ba “rutilwe ke Modimo go ratana” ba ne ba tshwanetse gore ba “totè bogolo bogolo.” (1 Bathes. 4:9, 10) A ga rea tshwanela go akanyetsa boikutlo le ditiro tsa rona go bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ba mo maemong a a bokete ka tshosologo? Lorato lo lo tshwanang le lwa ga Jesu lo ne lo tla re tlhoka gore re ntshetse bakaulengwe ba rona botshelo jwa rona setlhabelo. Lefa go ntse jalo, fa re ikitlieleditse go ntshetsa bakaulengwe ba rona botshelo jwa rona, re tshwanetse go ikutlwa jang kaga go ngathogana “bogobe” jwa rona fa re ‘bona mokaulengwe wa rona a tlhoka’?—1 Yoh. 3:17.
20 Go tlhokomela maikarabelo a rona a Dikwalo go re boloka re tshwaregile tota. Gantsi re eletsa ekete re ka bo re dira mo gontsi go thusa ba bangwe. Lefa go ntse jalo, fa re dira seo re ka se kgonang ka go rata, tlhomamisegang gore Jehofa o itse ditekanyetso tsa rona ebile o anaanela seo re se dirang. “Ha re bōna lobaka, a re kèñ re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.”—Bagal. 6:10.
BOTLHE BA DIRA MMOGO GO ITSHOKELA DIPITLAGANO
21. (a) Batsadi-bangwefela ba ka dira eng go dirisana le dikgatelelo tsa gompieno? (b) Ba bangwe mo phuthegong ba ka ba thusa jang, mme a thuso eno e botlhokwa?
21 Ka jalo, fa re sobokanya, batsadi-bangwefela ba ka itshoka ka go dira tse di latelang: (1) Ikanye Modimo ka metlha jaanong mme o akanyetse-pele tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng fa Modimo o tla kgotsofatsa dikeletso tsa botlhe. (Pes. 37:3, 4) (2) Boloka kamano e gaufi le Modimo ka thuto ya Bibela le dithapelo tse di mahehe. (3) Ipoloke o tshwaregile mo tirong e e molemo, go akaretsa le go supa ka Bogosi, go tlhokomela legae le go godisa bana. Lorato lo lo intshang setlhabelo lo tla tlhotlheletsa botlhe mo phuthegong go nna ba ba tlhagafalelang tlhokafalo ya go thusa batsadi-bangwefela ba ba tlhokang. Jang? Ka go nna “pelotlhomogi,” ka go kgatlhegela bana ba bone le ka go ba thusa semoyeng le senameng, fa re setse re umaka ditiro tseo ba ka di dirang di se kae fela. Thuso e e ntseng jalo e tlhwatlhwa-kgolo go le kana-kang? Mongwe wa batsadi-bangwefela o rile: “Ke fetile mo dilong tse di sa itumediseng tse dintsi thata tseo nka ratang go di lebala. Lefa go ntse jalo, nta ke re: Kwantle ga thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato le ba ba ikanyegang ke ne ke se kitla ke kgona!”
22. Go lekola batlholagadi le masiela ba batlhoki go tla felela ka eng?
22 Ee, bao ba ‘lekolang’ malapa a batsadi-bangwefela a a mo khutsafalong ka bopelo-e-phepa ga ba ne ba bona bano ba itshoka ka boikanyegi fela. (Yak. 1:27) Gape ba tla sedifatsa botho jwa Rraarona wa selegodimo tota, yo o ‘tshegetsang khutsana le mosadi yo o motlholagadi.’—Pes. 146:9.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Basadi ba ba godileng ba Bakeresete ba ka neela kgothatso e e lorato le thuso, go akaretsa le thuso ya dilo tse di bonalang
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Go ithuta ditiro tse di rileng go ka thusa batsadi-bangwefela mo go dirisaneng le ditshenyegelo tsa botshelo
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
A lo kile Iwa laleletsa lelapa la motsadi-mongwefela dijong, gore lo le tlwaele botoka?