LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 4/1 ts. 3-9
  • Re “mo Metlheñ ea Bohèlō” GoTloga Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re “mo Metlheñ ea Bohèlō” GoTloga Leng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘METLHA YA BOFELO’ YA KGOLAGANO YA MOLAO LE TSAMAISO TSA SEJUDA
  • BOLEELE JWA ‘METLHA EFE YA BOFELO’?
  • Morago ga ‘Metlha Eno ya Bofelo’—Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ke Mang Yo o Tla “Falolang”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Sesupo sa go Nna Gone ga Gago E Tla Nna Eng?’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 4/1 ts. 3-9

Re “mo Metlheñ ea Bohèlō” GoTloga Leng?

“Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ.”—2 Tim. 3:1.

1, 2. (a) Ke ka ntlhayang fa re itumelela go bo re le mo botennyeng jaana jwa ‘motlha wa bokhutlo’? (b) Bibela e reng kaga seno go 2 Petere 3:13, 14?

‘Metlha ya bofelo’ ya eng? Ereka go raya metlha ya bofelo ya tsamaiso ya dilo e e onetseng, e e sa itumediseng, e e sa atlegeng, e e senang mosola, go molemo gore re fitlhile mo “motlheñ oa bokhutlō” wa yone. (Dan. 12:4) Mo go itumedisang, bokhutlo jo bo feletseng jwa thulaganyo ya dilo e kgologolo ga bo ne bo tlogela lefatshe la rona le boifisa, le le lolea, le sena botshelo. Bo tla sutela go simolola ga tsamaiso e ntšha ya dilo e e siameng le e e nang le kagiso eo e solofetsang katlego e kgolo tota. Ka gone, go re siametse thata gore jaanong re mo botennyeng jwa ‘motlha oa bokhutlo.’ Bibela, eleng Buka e e tlhotlheleditsweng eo e boleletseng-pele ‘motlha ono wa bokhutlo,’e tlhalosa jaana ka manontlhotlho:

2 “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna. Ke gōna baratwa, ereka lo lebeletse dilō tse, lo tlhōahaleleñ gore lo tlè lo hitlhèlwè lo le mo kagishoñ lo sena selabe, lo sena molato, mo matlhoñ a ōna.”—2 Pet. 3:13, 14.

3, 4. (a) Moaposetoloi Petere o ne a bua kaga ‘metlha ya bofelo’ kae, leng ebile ka ntlhayang, mme go bomang? (b) Fa Petere a tlhalosa, o tsopotse boperofeti bofe?

3 Ekane dingwaga di le 30 pele ga fa moaposetoloi Petere wa Mokeresete a kwala mafoko ao, o buile kaga ‘metlha ya bofelo.’ E ne e le ka letsatsi la modiro la Pentekoste (Sivane 6) ya ngwaga wa 33 C.E. O ne a bua mo motseng wa Jerusalema, mme eseng mo tempeleng ya ga Herode mo motseng oo. O ile a bua go sale mo mosong, pele ga 9 a.m., mo karolong ya matlo, moo barutwa ba le 120 ba ga Jesu Keresete yo o neng a sa tswa go pegwa ba neng ba kokoane mo kamoreng e e kwa godimo. Ka tshoganetso ditebelelo tsa bone di ne tsa dirafadiwa. Moya o o boitshepo oo Jesu a neng a solofeditse gore o tla o goromeletsa mo go bone morago ga go boela ga gagwe kwa legodimong o ne wa ba wela ka pontsho e e bonalang. Ba ne ba tlhotlhelediwa go bua ka dipuo tsa seeng kaga “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.” (Dit. 2:1-11) Baketeki ba Bajuda ba ba dikete-kete ba ne ba kokoanela go bogela tiragalo eno le go batlisisa gore go ne go diragalang. Moaposetoloi Petere o ne a tlhotlhelediwa go bua le bone, a tlhalosa jaana:

4 “Me selō se, ke shōna se se builweñ ke moperofeti Yoele; a re, Me go tla dihala mo metlheh ea bohèlō, go bua Modimo, oa re, Ke tla gorometsa Mōea oa me mo nameñ eotlhe; me bomorwa lona, le bomorwadia lona ba tla perofesa, le makau a lona a tla bōna dipōnatshègèlō, le banna bagolo ba lona ba tla lōra ditōrō; E, le mo batlhankeñ ba me, le mo malateñ a me, ke tla gorometsa Mōea oa me mo metlheñ euō; me ba tla perofesa. Me ke tla baea dikgakgamaco kwa legodimoñ kwa godimo, le dichupō mo lehatshiñ kwa tlhatse; madi, le molelō, le looto loa mosi: Letsatsi le tla hetolwa lehihi, le kgwedi madi, letsatsi ya Morèna le e se le tle, eboñ yeōna letsatsi ye legolo, ye le itsegeñ, Me go tla dihala, go re, leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna o tla bolokwa.”—Dit. 2:16-21.

5. (a) Go ya ka Petere, ‘metlha eo ya bofelo’ e ne e simolotse leng? (b) Go ka tweng faele kaga gore Petere ka nako eo o ne a kaya ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso e kgologolo ya dilo ya lefatshe?

5 Modimo o buile selo se se ntseng jalo leng? Makgolo-kgolo a dingwaga pele ga foo, go Yoele 2:28-32. Ka Sehebera boperofeti jo bo simolola jaana: “Me go tla dihala moragō ga mo, go re, ke tla thèla mōea oa me mo bathuñ botlhe,” jalo le jalo. Moaposetoloi Petere, ka tlhotlheletso ya moya wa Modimo, o ne a supa gore “moragō ga mo” e ne e le leng mo nakong ka go re “mo metlheñ ea bohèlō.” Ka jalo ekane dingwaga di le 850 morago ga boperofeti jwa ga Joele bo sena go wediwa, ‘metlha eo ya bofelo’ e ne e simolotse, ebile Petere o ne a tshela mo go yone. Mme jaanong rea botsa, a Petere o ne a tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso ya dilo ya lefatshe lotlhe? Nnya, ka gobo ke fa re fano, re ntse re tshela mo go fetang makgolo a dingwaga a le 19 morago go fa Petere a sena go bolawa jaaka mmolaelwa-tumelo wa Mokeresete. (Yoh. 21:18, 19; 2 Pet. 1:14) Go ka bontshwa jang le ka Dikwalo gore ‘metlha ya bofelo’ e kaya nako yotlhe eno go tloga ka malatsi a ga Petere go fitlha go, le go akaretsa metlha ya rona e e tsubutlang, eo e iseng e fele? Ga go ne go nna jalo, lemororo go bonala gore Modimo o goromeditse moya wa gagwe mo badumeding ba nama nngwe le nngwe, ba fetoga barwa le barwadi ba semoya ba ga Jehofa Modimo ka Jesu Keresete mo makgolong a dingwaga a le 19 a a fetileng.

6. ‘Metlha ya bofelo’ eo Petere a neng a tshela mo go yone e simolotse leng?

6 A Dikwalo di bua kaga Petere a tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya sengwe morago koo? Ee! ‘Metlha ya bofelo’ e e kgethegileng eo e ne ya simolola ka go kolobediwa ga ga Jesu ke Johane Mokolobetsi le fa Jesu a ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo morago ga go inoga ga gagwe mo metsing. Ka jalo o nnile Keresete, kana Motlodiwa.—Dit. 10:37, 38.

7. Paulo o supa jang go Bahebera 1:1, 2 gore ‘metlha eo ya bofelo’ e simolotse fa Jesu a ne a le dingwaga di le 30?

7 Ka jalo ‘metlha ya bofelo’ morago koo e simolotse ka letlhabula la 29 C.E., fa Jesu wa Nasaretha e ne e le mogodi wa dingwaga di le 30. (Luke 3:21-23) Fa moaposetoloi Paulo a ne a bontsha boleele jwa one, o kwaletse Bakeresete ba Bahebera (gongwe kwa Jerusalema) a re: “Modimo, o e rileñ ka o buile le borara mo metlheñ ea bogologolo ka baperofeti, ka mañoko mañwe le mañwe, le ka mekgwa meñwe le meñwe, O buile le rona [leng?] mo bokhutloñ yoa metlha eno ka Morwa ōna, eo o mmeileñ morui oa dilō cotlhe, eo o bileñ o no oa diha dipopō ka èna.”—Baheb. 1:1, 2.

8. (a) Johane Mokolobetsi o rileng go bontsha gore ‘metlha ya bofelo’ e ne e le gaufi? (b) Ke ka ntlhayang fa tlhagiso e Petere a e neetseng kwa Pentekoste e ne e tshwanetse Bajuda?

8 Ee, nako eo e ne e itshupa go nna ‘bokhutlo jwa metlha’ ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda, koo mo Botlhaba Gare. Ga go gakgamatse, he, gore Johane Mokolobetsi o boleletse Basadukai le Bafarisai bao ba neng ba tla go re a ba kolobetse a re: “Lotsalō loa dinōga ke lona, lo tlhagisicwe e mañ go tshaba bogale yo bo tlañ? Ke gōna uñwañ louñō lo lo chwanetseñ boikwatlhaō.” (Math. 3:7, 8) Ba ne ba ka solofela go falola molelo wa mathata a a nyeletsang, ao a neng a tla fisa maloko a a bapisiwang le mmoko a morafe wa bone ka 70 C.E., ka go dira jalo fela. Ka jalo, ka letsatsi la Pentekoste ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ile a bolelela Bajuda ba ba ikwatlhayang bao ba neng ba itlhagisetsa kolobetso ya metsi gore: “Ipolokeñ mo losikeñ lo, lo lo shokameñ.”—Dit. 2:37-40.

‘METLHA YA BOFELO’ YA KGOLAGANO YA MOLAO LE TSAMAISO TSA SEJUDA

9. Go kolobediwa le go tlodiwa ka moya o o boitshepo ga ga Jesu go ne go kaya ‘metlha ya bofelo’ ya kgolagano efe, mme ka ntlhayang?

9 Jesu o ne a tsaletswe mo kgolaganong ya Sejuda ya Molao e e tseregantsweng ke moperofeti Moshe. Fa Jesu a ne a kolobediwa le go tlodiwa ka moya o o boitshepo, o fetogile Motsereganyi wa kgolagano e ntšha e e neng e tla dirwa le Bajuda, kana Baiseraele, ba semoya. Mo go ne go kaya ‘metlha ya bofelo’ ya kgolagano ya Molao wa Sejuda gammogo le tsamaiso ya Sejuda e e neng e e ikgarile ka tempele ya ga Heroda kwa Jerusalema. Fa Jesu a ne a tlhatlogela kwa legodimong jaaka Motsereganyi gare ga Modimo le barutwa ba gagwe, kgolagano e ntšha e ne ya kanwa ka tlhwatlhwa ya madi a setlhabelo sa gagwe sa botho se se itekanetseng. Bosupi jwa seno bo neetswe mo letsatsing leo la dikgakgamatso la Pentekoste ka go goromediwa ga moya o o boitshepo, moo go tlhagisitseng Baiseraele ba semoya bao go neng go ka dirwa kgolagano e ntšha le bone. Ka nako e e tshwanang seno se phimotse kgolagano e kgologolo ya Molao e e dirilweng le Iseraele wa senama. (Baef. 2:15, 16; Bakol. 2:13, 14) Mme kamogelo ya Modimo e e kgethegileng e ne ya lelefalediwa Bajuda ka dingwaga di le tharo le sephatlo tse di oketsegileng, go fitlha ka letlhabula la 36 C.E. Ka ntlhayang?

10. (a) Ke ka ntlhayang fa kamogelo ya ga Jehofa go Bajuda e ile ya tswelapele ka nakwana morago ga Pentekoste ya 33 C.E.? (b) Lefa go ntse jalo, tsamaiso ya Sejuda e khutlile leng mo Botlhaba Gare?

10 Ka gobo boperofeti bo tlhalositse sentle gore kamogelo ya Modimo e e kgethegileng e ne e tla tswelapele le batho ba gagwe ba kgolagano ka “dibeke tse di masome a supa tsa dingwaga,” mme lobaka loo lwa dingwaga di le 490 lo khutlile ka 36 C.E., e le gore Jesu Keresete ene o bolaetswe tumelo mo bogareng jwa beke eo ya bo-70. (Dan. 9:24-27, An American Translation) Mme motse wa Jerusalema le tempele ya ona ga dia ka tsa senngwa ka ngwaga oo, lefa e le gore Bajuda ba ne ba ntshitswe mo kgaolong ya Judea ka ngwaga oo. Fa seno se ne se diragala ka 70 C.E., he ka nako eo tsamaiso ya dilo ya Sejuda mo Botlhaba Gare e ne ya khutla. E ne e le ‘bokhutlo’ joo Jesu a neng a bo akantse fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe boperofeti jwa gagwe.

11. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a akantse ka “bokhutlō” jwa Jerusalema wa selefatshe fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe boperofeti jwa gagwe mo Thabeng ya Lotlhware? (b) A Jesu koo o ne a re “metlha ea Badichaba” e ne e tla simolola morago ga tshenyo ya Jerusalema, eo e diragetseng dingwaga di le 37 morago ga puo ya ga Petere kwa Pentekoste?

11 Petere le Anderea, Jakobe le Johane ba ne ba botsa Jesu jaana: “Dilō tse di tla dihala leñ?” Dilo dife? Fa Jesu a ne a keleka tempele, o ile a re: “A ga lo bone dilō cotlhe tse? Amarure kea lo raea, ga go ketla go lesiwa lencwè lepè ha, le tlhatlhaganye le ye leñwe, ye le se ketlañ le digwa.” (Math. 24:1-3; Mar. 13:1, 2; Luke 21:5, 6) Mo boperofeting joo Jesu a bo boletseng morago ga moo mo Thabeng ya Lotlhware, o rile: “Go tla nna pitlaganō e kgolo mo lehatshiñ, le bogale yo bogolo mo seshabeñ se. Me ba tla wa ka bogale yoa chaka, ba tla isiwa e le dichwarwa mo merahiñ eotlhe; me Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.” (Luke 21:23, 24) Jesu koo o ne a sa reye gore “metlha ea Badichaba” e ne e tla simolola ka 70 C.E. ka go senngwa ga Jerusalema le go ntshiwa ga batho botlhe mo Judea. Bokhutlo jo bo masetlapelo joo jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuda mo motseng wa Jerusalema le go o dikologa gammogo le tempele ya one go diragetse dingwaga di le 37 morago ga puo ya ga Petere mo letsatsing la Pentekoste, mo go bontshang gore o ne a bolelela ruri fa a ne a re go goromediwa ga moya wa Modimo go ne go diragala “mo metlheñ ea bohèlō”—ya thulaganyo ya dilo ya Sejuda.

12. Kwantle ga Bo-Keresete ba maaka le baperofeti ba maaka, go ne go tshwanetse ga tsena eng gape mo ‘sesupong’ sa gore barutwa ba Bajuda ba ne ba tshela mo “metlheñ ea bohèlo”?

12 Mo boperofeting jwa ga Jesu go Mathaio 24:4-22, o bontshitse gore go tla fela ga Bo-Keresete ba maaka le baperofeti ba maaka e ne e se gotlhe ga “seshupō” sa gore barutwa ba gagwe ba Bajuda ba ne ba tshela “mo metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda. Jesu o okeditse ka go re: “Me lo tla utlwèla dintwa, le medumō ea dintwa: lo bōnè gore lo se ka loa kgoberèga: gonne dilō tse di na le go dihala; me e be e se e nne bokhutlō. Gonne morahe o tla cogologèla morahè, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. Me dilō cotlhe tse, e be e le tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.

13. Ke ditiro dife tsa batho tse di neng di tla nna karolo ya “seshupō”?

13 Ke gōna ba tla lo tsenyañ mo dipitleñ, me ba lo bolaea: me lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me. Hoñ ba le bantsi ba tla kgopiwa, ba tla ōkana, ba ilana. Me baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba tla cōga, me ba tla timetsa batho ba le bantsi. Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala. Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa. Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō [télos] bo tla tlañ. Me ke gōna e tla reñ lo bōna se se makgapha a a shwahatsañ, se se bolecweñ ke moperofeti Daniele, se eme mo heloñ ga boitshèpō,—a eo o balañ a tlhaloganyè,—Hoñ ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ.”—Math. 24:3-16.

14. Go ya ka Paulo, go fitlha ka nako eo, Bajuda ba ne ba tla dira eng?

14 Go fitlha ka nako eo, go ne go tla diragalang? Fa moaposetoloi Paulo a kwala ekane ka ngwaga wa 50 C.E., o bua kaga Bajuda a re: “Ba re itsa go bua le Badichaba gore ba bolokwè; e le gore ba tlè ba nnè ba tlatsè dibe tsa bōnè: me bogale [jwa Modimo] jo bo heteletseñ bo tsile mo go bōnè.” (1 Bathes. 2:16) Selo se se ntseng jalo se ne se tla lebelelwa “mo metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso ya Sejuda ya dilo koo mo Botlhaba Gare.

15. A maiteko a Bajuda a go thibela “bokhutlō”‏ jwa ‘metlha ya bone ya bofelo’ a ile a atlega kana nnya, mme ka ntlhayang?

15 Bajuda ba eseng Bakeresete ba lekile go thibela bokhutlo jwa ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya bone ya dilo ya kwa Palesetina. Ka 65 C.E. ba ne ba tsogologela barena ba bone ba Baroma. Mo ga felela ka mmuso o o ipusang wa Bajuda ka dingwaga di kane di le tlhano. Tota le dipapetlana tsa madi tsa Bajuda di ne di dirilwe go tshwaya dingwaga tse di swabisang tseo. Mme bokhutlo (télos) bo ne jwa tla mo go setlhogo ka 70 C.E. ka Baroma ba ba intshang ditlhong.

16. (a) Go 2 Timotheo 3:1-5, 12 a Paulo o ne a bua kaga ‘metlha ya bofelo’ ya Bajuda go tloga ka 29 go ya go 70 C.E., kana nnya, mme ka ntlhayang? (b) A go ne go ka diragala ‘metlha ya bofelo’ e mengwe gape e e neng e ka dirafatsa boperofeti jwa ga Paulo?

16 Ekane ka ngwaga wa 65 C.E., ka nako ya go golegwa ga ga moaposetoloi Paulo ga bobedi le ga bofelo pele ga go bolaelwa tumelo ga gagwe, o ne a kwalela monkane wa gagwe wa morongwa yo o ikanyegang Timotheo. Go 2 Timotheo 3:1-5, 12, Paulo o mo kwaletse kaga maemo a boitsholo le a bodumedi ao a neng a tla nna teng ka nako ya seo a se bitsang ‘metlha ya bofelo.’ Kwantle ga pelaelo Timotheo o falotse tshenyo ya Jerusalema ka 70 C.E. Ka tlhamalalo, he, Paulo o ne a sa kwalele Timotheo kaga ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda, eleng nako ya go tloga ka 29 go ya go 70 C.E. Paulo o ne a mo kwalela kaga nako ya metlha ya bofelo e e neng e santse e tla tla morago ga tshenyo ya Jerusalema ebile e akaretsa mo gogolwane go na le batho ba Bajuda fela, ke go re, dikarolo tsotlhe tsa lefatshe. Eleruri bothubaki jwa Bajuda ka 65 go ya go 70 C.E. ga bo a ka jwa dirafatsa polelelo-pele ya ga Paulo go 2 Timotheo 3:1-5. Fa Bakeresete ba ne ba bona “se se makgapha,” eleng mophato wa Baroma o o swafatsang, “se eme mo heloñ ga boitshèpō,” kana mo tikologong ya tempele, ba ne ba tswa mo Jerusalema le Judea yotlhe, ba tshabela kwa Perea.

BOLEELE JWA ‘METLHA EFE YA BOFELO’?

17. Faele gore go umakiwa gore ‘metlha ya bofelo’ e tsamaisana le “Motlha [otlhe] wa Bokeresete” go fitlha jaanong, mo go ne go tla kaya eng kaga boleele jwa nako?

17 Lefa go ntse jalo, diithuti dingwe tsa Bibela di ka ganetsa ka go re ‘metlha ya bofelo’ e akaretsa “Motlha [otlhe] wa Bokeresete,” go tloga ka letsatsi la Pentekoste, fa Petere a ne a tsopola Yoele 2:28-32, go fitlha mo ngwageng wa rona (1981) le go ya mo isagweng e e sa itsegeng. Mme kana, moo go ne go tla kayang? Gore: Seo go tweng ke Motlha wa Bajuda se ne se simolola ka 1513 B.C.E., fa kgolagano ya Molao e ne e tlhomamisiwa kwa Thabeng ya Sinai, go fitlha go 70 C.E. E ne e le lobaka lwa dingwaga di le 1 582. Fa re bapisa, seo go tweng ke Motlha wa Bokeresete, one o tsere lobaka lo lo kana-kang fa go balwa go tloga ka Pentekoste ya 33 C.E. fa moya o o boitshepo o ne o goromediwa ebile phuthego ya ntlha ya Bokeresete e tlhomamisiwa mo Jerusalema wa bogologolo? O setse o feta dingwaga di le 1 947. Mo go ne go tla kaya gore ‘metlha ya bofelo,’ fa e kabo e tsamaisana sentle-ntle le Motlha wa Bokeresete, e feta Motlha wa Bajuda o o fetileng ka makgolo-kgolo a dingwaga. Ga go utlwale, a ga go a nna jalo?

18. Ereka moya o o boitshepo o ne o ntse o goromediwa mo “Motlheng [otlhe] wa Bokeresete” go sa kgathalesege botenegi jo bogolo, go tweng kaga polelwana ‘metlha ya bofelo’?

18 Lefa go ntse jalo, kganetsano e ka tsholediwa ka potso e, A moya o o boitshepo o ne o sa tshwanela go goromediwa “mo metlheñ ea bohèlō,” mme a ga wa goromediwa kwantle ga go kgaotsa, go sa kgathalesege botenegi jo bogolo, go tloga ka Pentekoste ya 33 C.E. go fitlha jaanong? Mo dingwageng tsa bosheng jaana a ga go na bao ba iphakang go nna ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo, mo eleng gore ba ikutlwa ba patelesegile go ja ditshwantshetso tsa Selalelo sa Morena, kana Sejo sa Maitseboa? Mo go utlwalang, he, a mo ga go dire gore ‘metlha ya bofelo’ ya Ditiho 2:16-21 e tsamaisane le Motlha otlhe wa Bokeresete, ka lobaka lo loleele lo, lo lo sa kgaotseng lwa go thelwa ga moya wa go tlotsa?

19. Yoele 2:28-32 e ne e lebisitswe go bomang lantlha, mme a boperofeti joo bo dirafetse pele ga go simologa ga ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya bone ya dilo mo Palesetina kana mo teng ga metlha eo?

19 Lefa go ntse jalo re tshwanetse go lebana le ntlha ya gore lobaka lwa kamogelo ya Modimo ya semoya go Bajuda ba ba rupileng e khutlile ka 36 C.E., fa batho ba ba sa rupang ba eseng Bajuda, eleng Baditšhaba, ba ne ba simolola go amogelwa mo phuthegong ya barutwa ba ga Keresete e e tloditsweng ka moya. Gape, metlha ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda mmogo le tempele ya yone kwa Jerusalema di tswetse-pele di ntse di le teng go fitlha ka 70 C.E. Boperofeti jwa ga Yoele 2:28-32, jo bo tsopotsweng ke moaposetoloi Petere ka letsatsi la Pentekoste, bo ne bo lebisitswe lantlha go Bajuda ba ba rupileng ebile ditiragalo tsa Bibela di bontsha gore go ne go na le go thelwa ga moya wa go tlotsa mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso ya dilo ya Sejuda mo Lefatsheng la bone la Tsholofetso, mme eseng pele ga ‘metlha’ eo. Metlha e e ntseng jalo eleruri e ne e se metlha ya bofelo ya Mmuso wa Baroma, eleng maatla a borataro a lefatshe a ditiragalo tsa Bibela. Maatla ao a borataro a lefatshe gaa ka a tlhatlhangwa ke maatla a bosupa a lefatshe (Mmuso wa Britani gammogo le dikoloni tsa one tsa Amerika) go fitlha ka 1763 C.E., mo tirafatsong ya tlhogo ya bosupa ya sebata sa tshwantshetso sa Tshenolo 13:1-3, seo se neng se na le ditlhogo di le supa le dinaka di le 10.

20. Ga jaanong, ke ditlhopha dife tsa merafe-rafe tsa sepolotiki tseo kwantle ga kganetso di leng “mo metlheñ ea bohèlō”?

20 Gompieno, ga go kganetso epe ya gore Mmuso wa Britani le Selekane sa Merafe sa Britani se se amanang le one gammogo le mothusi wa one, eleng United States of America, di “mo metlheñ ea bohèlō.” Thulaganyo eo ya merafe-rafe eo ditlhopha tseo tsa sepolotiki di e buelelang ka maatla, eleng, lekgotla la Merafe e e Kopaneng ka maloko a merafe e le 153, le lone le “mo metlheñ ea bohèlō.” Abo ga go utlwale jang, he, go ngangisana gore Motlha o moleele wa Bokeresete ke ‘metlha ya bofelo’ e e kaiwang ke boperofeti jwa ga Joele!

21. A go ne go se kitla go nna le lobaka lo lo tshwanang lwa ‘metlha ya bofelo’ maloka le boperofeti jwa ga Joele kaga moya o o boitshepo?

21 Fa Moaposetoloi Petere a ne a dirisa dintlha tse di neng di diragetse, o ne a dirisetsa boperofeti jwa ga Joele kwa mogatleng wa tsamaiso ya dilo ya Sejuda mo Botlhaba Gare. Mme Petere o ne a sa re, tota le Yoele 2:28, 29 ga e re, ga go kitla go nna nako e e tshwanang ya ‘metlha ya bofelo,’ go se setshwani sepe, seo mo go sone moya o o boitshepo o neng o tla thelwa ka mo go tshwanang.

22. (a) A dikarolo tsotlhe tsa boperofeti jwa ga Yoele 2:28-32 di ne di dirafaditswe ka nako ya ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya bogologolo ya Bajuda? (b) A dikarolo tsotlhe tsa potso e e kopaneng eo barutwa ba e boditseng Jesu di ne tsa diragala morago koo, kana go ne go santse go tla supiwa eng gape?

22 Go feta moo, seo Joele a se boleletseng-pele maloka le go goromediwa ga moya o o boitshepo, eleng, dipono tsa selegodimo, ditshupo tsa selefatshe, madi, molelo, mouwane wa mosi, go fifala ga letsatsi, go fetoga ga ngwedi madi, gotlhe mo ga go a ka ga diragala “mo inetlheñ ea bohèlō” eo Petere a neng a tshela mo go yone. Ka jalo, gore Jehofa, eleng Motlhotlheletsi wa boperofeti jo, a supiwe a le boammaaruri mo go tsotlhe tseo a di boleletseng-pele, go ne go tshwanetse ga nna le lobaka lo longwe lo lo bidiwang ‘metlha ya bofelo’ gore dikarolo tsotlhe tsa boperofeti jwa gagwe di diragale. Mabaka a ditiragalo a santse a tla neelwa go araba potso eo baaposetoloi ba bane ba e boditseng Keresete: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla [par·ousiʹa] ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” (Math. 24:3) Bosupi jo bo gone gompieno bo bontsha gore rona ka borona re tshela mo tirafatsong ya motlha wa segompieno ya ‘metlha ya bofelo.’ Mme go tloga leng, le gona ka ntlhayang? Re tshwanetse go neela kelotlhoko ya rona ya pelo e e ikanyegang potsong eno mo setlhogong se se latelang.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]

‘Metlha ya bofelo’ ya dingwaga di le 41 e tshwaile bokhutlo jwa dingwaga di le 1 582 tsa Motlha wa Bajuda

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]

‘Metlha ya bofelo’ go tloga ka 1914 e kwa setlhoeng sa lobaka lwa dingwaga tse di fetang 4 000 tsa tsamaiso yotlhe ya lefatshe

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]

Lobaka lwa bofelo lwa ‘Metlha ya Bofelo’ lo a tlhokega gore lo dirafatse Yoele 2:28, 29 ka botlalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela