LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 3/1 ts. 18-25
  • BATSADI-BANGWEFELA BA KA ATLEGA MO LEFATSHENG LA GOMPIENO

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • BATSADI-BANGWEFELA BA KA ATLEGA MO LEFATSHENG LA GOMPIENO
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOKERESETE BO A IMOLOLA
  • GO DIRISANA LE BODUTU
  • GO DIRISANA LE DIKELETSO TSA BONNA LE BOSADI
  • GO TLHOKOMELA LEGAE LE GO GODISA BANA
  • KARABO E E FELETSENG—THULAGANYO E NTŠHA
  • Malapa a Motsadi a le Mongwe a ka Atlega!
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Bontsha Gore o Akanyetsa Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A LO KA THUSA BATLHOLAGADI LE MASIELA “MO PITLAGANOÑ EA BŌNÈ”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 3/1 ts. 18-25

Batsadi-Bangwefela ba ka Atlega mo Lefatsheng la Gompieno

“Mosadi eo e leñ motlhōlagadi rure, e bile a tlogecwe a le paaeñ hèla, cholohèlō ea gagwè e tlhomilwe mo Modimoñ, mme o tla cwèlèle mo mekokotleloñ le mo merapeloñ bosigo le motshegare”—1 Tim 5:5

1-3. (a) Motlholagadi mongwe o kwadile eng? (b) A palo ya malapa a batsadi-bangwefela e oketsegile, mme a lebane le mathata afe?

“KE motlholagadi wa dingwaga di le 28 ebile ke na le bana ba babedi. Ke hutsafetse thata ka gobo ga ke batle go godisa bana ba me kwantle ga rre. Go bonala ekete ga go ope yo o nkgathalelang. Bana ba me ba mpona ke lela kgapetsa ebile mo go ba utlwisa botlhoko. Kea itse gore nka se tswelepele ke ikutlwa jaana, mme nka dirang?” Lekwalo leno le bontsha topo e e tlwaelegileng go tswa go bao ba lebaneng le mathata a mantsi—eleng batsadi ba ba bangwefela.

2 Dipego tsa lefatshe ka bophara di bontsha go oketsega mo go bofefo ga malapa a motsadi-mongwefela. Mo dingwageng di le 10 palo ya one e setse e batla go menagana sebedi mo United States, mme e setse e menagane sebedi go feta mo Canada. A dira ekane e le nngwe-someng ya malapa otlhe mo Australia le mo Great Britain. Go lekanyeditswe gore bana ba babedi go tswa go ba le batlhano bao ba tshelang jaanong mo United States ba tla tshela karolo ya botshelo jwa bone mo lelapeng la motsadi-mongwefela.

3 Koketsego eno e bakwa ke mabaka a mantsi. Dintwa le dikotsi tsa dikoloi di amogile magae a mantsi bo-rre. Jaaka botshelo jwa lelapa bo senyega, go tlogelwa mo paaneng, ditlhalano le dikgaogano e setse e le dinyana fela. Bangwe ba bo-mmè ba ba sa nyalwang, ba itlhophetse go godisa bana ba bone bogolo go go ntsha mpa kana go ba abela basele. Motsadi yo o mongwefela o tshwanetse go dirisana le mathata a mantsi. Bodutu, go godisa bana, go ikotla, dikeletso tsa bonna le bosadi le go tlhokomela legae ke fela a sekae.

BOKERESETE BO A IMOLOLA

4. Ke maemo afe a lekgolo la ntlha la dingwaga ao a neng a tlhagisa malapa a mantsi a batsadi-bangwefela?

4 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa Bokeresete bo ne bo sa tswa go thaiwa, tshenyo ya ntwa, bolwetsi le boitsholo jo bo maswe ka mo go tshwanang di ne tsa dira batlholagadi le masiela a mantsi. Go tlhala kana go tlogela lelapa go ne go tlwaelegile tota. Gantsi bana ba babotlana ba ne ba tlogelwa le mmè yoo jaanong a neng a tshwanetse go ba godisa a le esi. Lefatshe la Mmuso wa Roma e ne e le mokgatlho o o setlhogo o o neng o nyatsa ba ba bokoa. Ka jalo batlholagadi ba ne ba kgobiwa mo go setlhogo. Bangwe ba bile ba bapatsa mebele ya bone go ikotla.

5. Bokeresete bo thusitse ka ditsela dife tse pedi?

5 Bokeresete bo ne jwa tlisa phetogo ya mannete. Bo ne bo tlhomogela batlhoki pelo. Mme le eleng go feta mo, ka dithuto tsa jone, batsadi-bangwefela ba ne ba tladiwa ka nonofo ya boitsholo go ikgolola mo dithaelong tsa motlha oo. Go na le gore Bokeresete bo tlhagise basadi ba ba boatla, bo ne jwa tlhagisa basadi ba ba boikgapo, ba ba bori, bao ba neng ba rata malapa a bone. Le eleng ba eseng Bakeresete ba ne ba lemoga pharologano, jaaka yo mongwe wa bano a umakile: “Abo Bakeresete ba na le basadi ba ba molemo jang!”

6. Ke melao-metheo efe ya Bokeresete e e ka thusang batsadi-bangwefela, gammogo le Bakeresete botlhe, mo go dirisaneng le dikgatelelo tsa gompieno?

6 Go thusitse melao-metheo efe ya Bokeresete? Fa moaposetoloi Paulo a ne a gakolola kaga batlholagadi, o rile motlholagadi yo o tlhomang sekao “cholohèlō ea gagwè e tlhomilwe mo Modimoñ, me o tla a cwèlèle mo mekokotleloñ le mo merapeloñ bosigo le motshegare.” O bontshitse gore motlholagadi yo o seng kafa tlase ga dingwaga di le 60 a ka tsenngwa mo lenaaneng la ba ba thusiwang, faele gore, gare ga tse dingwe, o “cweleletse pele ka tlhōahalō mo tihoñ ñwe le ñwe e e molemō.” (1 Tim. 5:5, 9, 10) Bobotlana melao-metheo e le meraro e a tlhomologa fano: (1) Ikanye Modimo jaanong mme o akanyetse-pele tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng jo a bo solofeditseng; (2) boloka kamano ya botho e e gaufi le Modimo; (3) tshwarega mo tirong e e molemo. Re tla bona ka moo melao-metheo e meraro eno e thusang eseng fela batsadi-bangwefela mme gammogo le Bakeresete botlhe mo go dirisaneng le dikgatelelo tsa gompieno, fa tota e dirisiwa.

GO DIRISANA LE BODUTU

7. (a) Ke ka ntlhayang fa bodutu bo le thata segolo go bangwe ba batsadi-bangwefela? (b) Molao-motheo o o akantshitsweng go 1 Timotheo 5:10 o thusa jang?

7 Mongwe wa batsadi-bangwefela o kile a bua jaana ka masisapelo: “Fa ke tla gae mme ke bona dipota tsele tse nne, mme segolo-bogolo fa bana ba sena go robala, bodutu bo a mpipa.” Ee, bodutu gantsi ke bothata jo bogolo go gaisa joo motsadi-mongwefela a lebaneng le jone. Lefa lemororo go atamalana le bana go thusa, ba bantsi ba eletsa bokopano jwa motho yo o godileng. Go tshwarega mo “tihoñ ñwe le ñwe e e molemō” ke pheko e e ikanyegang. Batlholagadi ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ‘ba ne ba boloka baeng, ba tlhapisitse baitshepi dinao [ka ditiro tsa botho tsa tirelo] ba bo ba thusa ba ba mo pitlaganong.’ (1 Tim. 5:10) Erile motlholagadi mongwe wa motlha wa segompieno wa Mokeresete yo o dingwaga di le 68 a lemoga se, o ne a simolola go etela baagelani ba batlholagadi gammogo le magae a boikhutso fa a ne a ikutlwa a jewa ke bodutu. O rile: “Ke bona gore ka go eta jaana, go tlhokomela tiro ya me ya legae le go tlhokomela bomoya jwa me ga ke nne le nako ya go jewa ke bodutu.”

8. (a) Ke ka ntlhayang fa go rera ka Bogosi go re thusa go tlhabana le bodutu le khutsafalo? (b) A go a thusa tota?

8 Go rera ka Bogosi ke ‘tiro e e molemo’ eo e laotsweng ke Jesu, eleng tiro e e ka tlosang bodutu le khutsafalo. (Math. 24:14; 28:19, 20) Mongwe wa batsadi-bangwefela yo o neng a le bodutu le go hutsafala yo o neng a setse a ikgogonne o ne a kgothalediwa ke ditsala tsa gagwe gore simolole go rera ka ntlo-le-ntlo. O dirile jalo. Mo mojakong wa ntlha o ile a amogelwa ke mosadi yo o golofetseng tota, mme lefa go ntse jalo a itumetse mo go gakgamatsang. Ao, o ne a ka itumela jang jaana? “Ke ka ntlha ya gore ke na le botshelo jwa me, moratiwa. Kea tshela,” o ne a araba jalo ka boitumelo. Mo ga ama mosupi fela thata, a bo a re: “Ke na le botsogo jwa me, lorato lwa phuthego, bana ba babedi ba ba molemo mme, go feta tsotlhe, ke na le Jehofa. Ke ka ntlhayang ke tshwanetse go hutsafala?” Go thusa ba bangwe semoyeng go ka kganela gore re tlhole re tlhontse ebile re itlhomogela pelo. Go ruta ba bangwe go boloka tsholofelo ya rona e tshela ebile e ntse e ntšhafetse; ka jalo re tswelapele re ‘tlhomile tsholofelo ya rona mo Modimong.’—1 Tim. 5:5.

9. A bodutu ka metlha bo tla tlosiwa ke go dira thata? Go thusa eng gape?

9 Mme lefa go ntse jalo moswagadi mongwe o kile a umaka jaana tota a bua nnete: “Bodutu ga bo tloge fela ka go dira thata. Gantsi o tshwanetse go tshela le jone. Bo tshwanetse jwa itshokelwa fela ka thuso le nonofo tse di tswang go Jehofa.” Nonofo e e ntseng jalo e tla fa mongwe a “tla a cwèlèle mo mekokotleloñ le mo merapeloñ bosigo le motshegare.” (1 Tim. 5:5) Fa re rapela re boeletsa ditiro tsa rona tsa letsatsi leo, le fa re itse gore Jehofa ka gale o a bo a reeditse le gore o kgathalela dintlha tsa botshelo jwa rona, go re kgothatsa tota. Go mo tshololela pelo ya rona “bosigo le motshegare” go a thusa—segolo-bogolo mo bosigong fa bothata jwa bodutu bo ka nna masisi, jaaka ba bantsi ba umaka.

GO DIRISANA LE DIKELETSO TSA BONNA LE BOSADI

10. (a) Dikeletso tsa dikamano tsa bonna le bosadi di ka nna bothata jo bo masisi leng? (b) Mongwe o ‘ineela mo kgatlhegong’ jang, mme seno se tla isa kae?

10 Bontsi jwa batsadi-bangwefela bo eletsa bonkane jo bo bothito jwa lenyalo gammogo le go kopanela dikobo tsa bolao jwa lenyalo. Eleruri maikutlo a a ntseng jalo gaa phoso ka boone. Keletso ya go nyala gape ke ya tlholego. Bothata bo tla fa motho a konela ka go kgotsofatsa ‘dipabalelo [tseno] tsa bonna le bosadi’ go sa kgathalesege bodiphatsa jwa gone. Mo go diragetse mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo. Batlholagadi bangwe ba meroba ba ne ba letlelela gore ‘dipabalelo tsa bone tsa bonna le bosadi di tsene fa gare ga bone le Keresete.’ (1 Tim. 5:11, 12) Mo go ne go le masisi ka gobo tota-tota motho yo o ntseng jalo o ne a re: ‘Ditlhokafalo tsa me tsa bonna le bosadi di dikgolo thata. Ke tshwanetse go dira sengwe se se tla gololang mmele wa me!’ Dikeletso tseno tsa mmele kana tsa boikutlo ka boiketlo di nnile selo se segolo mo botshelong, le eleng se segolo go gaisa dikgatlhego tsa semoya. Dikeletso tseno di ne di ka gola mo eleng gore mongwe o ne a tla ‘ineela mo dikgatlhegong’ mme ka gone a bo a “shule a sa nntse a tshedile.” (1 Tim. 5:6) Kgatlhego ya motho yoo mo dikgannyeng tsa semoya e ne e tla nyelela. Mokeresete mongwe le mongwe (wa monna kana mosadi) a ka diragalelwa ke selo seo gompieno. Mongwe a ka ‘ipolaya semoyeng’ ka go tlhokomologa maemo a Bibela a boitsholo, ka ntlha ya go amega thata mo go kgotsofatseng ‘dipabalelo tsa bonna le bosadi.’

11. Motho a ka ‘bolaya keletso ya gagwe ya dikamano tsa bonna le bosadi’ jang?

11 Ka jalo, Bibela e kgothatsa jaana: ‘Bolayang ditokololo tsa lona kaga keletso ya kamano ya bonna le bosadi.’ (Bakol. 3:5) Mme jang? Ka go disa mogopolo le pelo ya gago. Fa o kabo o leka go fokotsa mafura le go laola keletso ya gago ya dijo, a o ne o tla bala dibuka tse di nang le ditshwantsho tsa dijo tse di monate, kana o ne o tla lebelela dithulaganyo tsa TV tsa go apaya? A o ne o tla kopanela le batho bao ka metlha ba neng ba bua ka dijo? Legoka! Go ntse fela jalo ka ‘keletso ya kamano ya bonna le bosadi.’ Motlholagadi mongwe o kile a bua jaana ka tshosobalo: “Re mo lefatsheng leo tota le sa khutleng go bua kaga thobalano. Ka jalo ke tlhoko thata kaga go tlhopha ga me boitloso-bodutu le bao ke itswakanyang le bone. Motho yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa sukiri eleruri ga a ne a tlhodumela mo fensetereng ya lebenkele la dijo tse di botshe.”

12, 13. (a) Go tlhokega eng gore go tlhagolelwe kamano ya botho le Jehofa? (b) Ke ka ntlhayang fa ‘mekokotlelo’ e le botlhokwa, mme motho a ka dira mo tumalanong le yone jang?

12 Lefa go ntse jalo, gore motho a nne a fenye dikeletso tseno tsatsi le letsatsi, o tshwanetse go godisa kamano ya botho e e gaufi le Modimo. Kwantle ga thuto ya botho le tlhatlhanyo, mo go tlhoka go nnela ruri mo “mekokotleloñ.” (1 Tim. 5:5) Paulo gaa umake dithapelo ka kakaretso fela, mme o re ‘mekokotlelo.’ Tseno ke ditōpō tse di bolelelang Modimo kaga tlhokofalo e e mahehe. Ke ditōpō tse di tlhoafetseng, ee, go kopa-kopela thuso, ka gongwe ka “selelō se se tona le dikeledi.”—Baheb. 5:7.

13 A dithapelo tsa gago tsa boikgapo le nonofo di mahehe fela jalo? A o nnela ruri mo go tsone? A o rapela ka nako ya fa dikeletso tseno tota di setse di nna maatla? A o lolame, ka gongwe o senolela Rraarona dilo tseo o neng o se kitla o di bolelela motho yo mongwe? Gape, a o dira mo tumalanong le dithapelo tsa gago? Mosadi mongwe wa Mokeresete o rile: “O seke wa kopa thuso ya ga Jehofa ya go fenya dikeletso tsa dikamano tsa bonna le bosadi mme wena o bo o ntse o akanya ka thobalano. Ke boammaaruri, mo kgweding ka dinako tse di rileng dikgorobelelo tsa gago tsa bonna le bosadi di ka nna tse dikgolo tota. Tlhotlheletsa mogopolo wa gago ka go dira selo se sele fela. Etela motho mongwe. Iphokise phefo kana o dire sepe fela se se tla tlosang kgang eno. Ipoloke o tshwaregile ka mo o ka kgonang ka nako eno ya kgwedi.” Yo mongwe yo gape a boneng molemo wa go ipoloka a tshwaregile mo “tihoñ ñwe le ñwe e e molemō” o ile a dumela, ka go re: “Tlhatswa difensetere tsa gago. Koropa. Epela matlakala. Ke go dirile. Go thusa tota!” Fa o bona Jehofa a go thusa ka bothata jono—nnya, eseng ka go dira kgakgamatso, mme bobotlana ka go go neela nonofo ya go dirisana le jone tsatsi lengwe le lengwe—o tla gogelwa gaufi le ene.

14. (a) Go ka diragala eng fa motho a palelwa ke go nna le kamano e e gaufi le Jehofa? (b) Batsadi-bangwefela ba ka dirang fa ba santse ba letile monkane wa Mokeresete?

14 Kwantle ga ‘kamano e e gaufi-ufi le Jehofa’ e e botlhokwa eno motho a ka simolola go batla monkane wa lenyalo go sa kgathalesege bodiphatsa jwa gone, ka gongwe ebile a ratana le batho ba lefatshe. (Pes. 25:14) Mongwe yo o dirileng seno o ile a ipolela jaana: “Bothata jwa sebele e ne e se go nna ga me fa gaufi le Jehofa. Fa ke ne ke bona sebaka sa go nyala, go ne go utlwala go le monate tota. Ke ile ka lebala maemo a boitsholo ao ke a rutilweng. Mme he ka tsatsi lengwe ka lemoga gore monna yo o ne a ikgatlhegela fela mme a sa kgatlhegele lenyalo. Ka jalo ke ne ka tshwanela ke go tshela ka segakolodi se se molato.” Ke boammaaruri, go nna o sa nyala go ka nna bokete, mme jaaka mosadi mongwe wa Mokeresete yo o tlhadilweng a tlhagisitse: “Go na le sengwe se se maswe thata go gaisa go nna o sa nyala. Ke go nyalwa ke motho yo o phoso!” Ka metlha go na le kgonego ya go bona molekane gare ga Bakeresete ba ba ineetseng, eleng mongwe “mo Moreneñ.” (1 Bakor. 7:39) Bangwe ba letile dingwaga tse dintsi go bona molekane yo o ntseng jalo. Kgabagareng, ga ba ise ba ke ba tlhonye kana ba phikanngwa ke maemo a bone. Ba dirisitse nako eo ka botlhale go godisa dinonofo tse di tla ba dirang balekane ba ba botoka. Jaaka mongwe wa batsadi-bangwefela a umakile: “Kea ipotsa, ‘A ke mosadi yo o sekametseng semoyeng yoo mongwe a ka mo tlhophang?’ Fa ke tlhakatlhakane fela ke santse ke ise ke nyale, he eleruri ke tla dira mongwe monkane yo o tlhakatlhakaneng.”

GO TLHOKOMELA LEGAE LE GO GODISA BANA

15. (a) Bangwe ba batsadi-bangwefela ba dirileng go tlhokomela legae ka katlego? (b) A lo na le dikakantsho dipe tse di oketsegileng?

15 Lefa lemororo e le tiro e e lapisang, bontsi jwa batsadi-bangwefela ba editse mosadi yo o setswerere yo o tlhalositsweng go Diane 31. Lefa lemororo a ne a nyetswe, o ne a tlhokomela dilo tsa legae ka kakaretso. O ne a boloka madi ka go reka ka kelotlhoko, ka go itirela dilwana ka dilo tse di iseng di dirisiwe ebile a sa senye dijo, ka gobo o ne a apaya “diyō [tse di lekanyeditsweng].” (Ditem. 13-15, 19) O ne a theogela go sale maphakela ebile a lesa tiro bosigo. (Ditem. 15, 18) O ne a dira dilwana a bo a di rekisa. (Tem. 24) O dirisitse “diatla tsa gagwè” go dira ditiro tse di potlana. (Ditem. 17, 19) Gompieno, gore batsadi-bangwefela ba ithute go dirisa “diatla” tsa bone ka botswerere, ba badile dibuka tsa go itirela dilo ba bo ba kopa kgakololo mo go ba ba itseng. (Gantsi, morago ga go tlhalosa boemo jwa bone, bakgoni ba ba rutile mahala.) Bangwe ba boleletse basupi ba ga Jehofa ka bone bao ba kgonang tiro nngwe, mme fa ba kgona, bano ba ne ba thusa ka bopelonomi. Gotlhe mo go boloka ditshenyegelo di le tlase.

16. Ke ka ntlhayang fa go ikanya Modimo go le botlhokwa, mme ke sekao sa ga mang se se tshwantshang tlhokafalo e?

16 Lefa go ntse jalo, go sa tlhokomelesege gotlhe mo motlholagadi a ka go dirang, ebile dinako di ntse di thatafalela pele, o tshwanetse go ikanya mo Modimong go bona dijo tsa tsatsi le letsatsi. Sekao se se molemo sa mongwe yo o ‘tlhomileng tsholofelo ya gagwe mo Modimong’ e ne e le motsadi-mongwefela yo o tshetseng mo motseng wa Sarephatha mo metlheng ya ga Elia moperofeti wa Modimo. Ka taelo ya ga Jehofa, Elia o ne a mo kopa lenathwana la dijo, a mo solofetsa gore Modimo o ne a tla di aba. Wena o ka bo o dirileng? O ne a na le dijo tse di lekanetseng go di ja labofelo-felo. Bobotlana senkgwenyana seo e ne e le seo a neng a ka se ikanya. Mme lefa go ntse jalo, ka ntlha ya tumelo ya gagwe, o ne a tlogela seo se neng se tlhomamisegile go amogela seo se neng se sa tlhomamisega. Lefoko la Modimo ka moperofeti le ne la diragala. Ene le morwa wa gagwe ga ba ise ba ke ba tlhoke dijo. Go ntse fela jalo gompieno, batsadi-bangwefela, gammogo le Bakeresete botlhe, ba tshwanetse go ikanya Modimo ka go batla bogosi jwa ona pele gammogo le ka go itumalanya le maemo a gagwe a a siameng. Mme he ba tla bona gore o tla ba abela dijo.—1 Dikg. 17:8-16; Luke 4:25, 26; Math. 6:31-33.

17. Batsadi-bangwefela ga baa tshwanela go lebala eng le ka motlha fa ba batla go godisa bana ba bone ka katlego, mme ka ntlhayang?

17 Tiro e e bokete ya go nna ka bobedi “mmè” le “rre” go bana le go ba godisa sentle e ka dirwa fela fa motsadi le ka motlha a sa lebale seo se tshwanetseng go nna sa botlhokwa jo bogolo tota mo legaeng. Tlhokomelang karabo ya Bibela:

“Bonnye, ha bo na le poihō ea ga Yehofa, bo molemō bogolo go khumō e kgolo, ha e na le lechwènyō. Go ya diyō tsa merōgō hèla, ha e na le loratō, go molemō bogolo go kgomo e e otlilweñ, ha e na le kilō.” (Dia. 15:16, 17)

Boleng jwa boammaaruri jwa dijo ga se seo se leng mo lomating lwa dijo, mme ke seo se leng mo dipelong tsa bao ba di jang mmogo. Tota go batlega lorato le poifo ya boammaaruri ya Modimo.

18. (a) Bangwe ba batsadi-bangwefela ba dirileng go nna le madi mme lefa go ntse jalo go nna le nako ya go tlhokomela bana ba bone? (b) Lo bona gore go ka dirwa eng gape?

18 Bangwe ba batsadi-bangwefela ba rekisitse dilwana tseo ba di itiretseng kana ba direla batho ditirelo tse di rileng, gantsi ba thusiwa ke bana ba bone, gore ba tle ba nne le nako ya go thusa bana ba bone go godisa poifo ya Modimo mme ebile ba kokoanya madi a a tlhokegang.a Bangwe ba sotse thuso epe ya mmuso molemo eo ba nang le tshiamelo ya yone ya semolao kana ya boitsholo. Palo e e rileng e ngotlile boemo jwa bone jwa go tshela gore ba tle ba itshedise ka tiro ya nakwana, fela jaaka mosadi mongwe wa Mokeresete yo o nang le bana ba le bane. O rile: “Ke ne ke batla go tlhola le bana gantsi ka mo go neng go ka kgonega. Go ne go sa tlhokege gore ba tseelwe mmaabone ntswa go ntse go se monate fa rraabone a se teng.” Legale, ga se botlhe ba ba kgonang go bona tiro e e ba siametseng e e ntseng jalo. Batsadi bano ba ka boloka moya o o bothito wa lorato mo legaeng fa ba ipolela mo baneng ba bone, ba ba tlhalosetsa gore ke ka ntlhayang fa tiro ya boitshediso e tlhokega mme gape le ka go dirisa nako e ntsi ka mo go ka kgonegang mo go nneng le bone.

19. (a) “Go rata bana ba bōnè” go kaya eng go batsadi? (b) Ke ka ntlhayang mo go se motlhofo ka metlha go motsadi-mongwefela?

19 “Go rata bana ba bōnè,” moo go akaretsang go ba neela kotlhao e e tlhokegang, ke ga botlhokwa. (Tito 2:4; Dia. 13:24) Go thusa mo go kganeleng bana, bao ba setseng ba latlhegetswe ke motsadi yo mongwe, gore ba ikutlwe ba sa sireletsega. Ereka basadi ba bangwe ba tseega maikutlo, go ka tlhokega boiteko jwa sebele go otlhaya. Mme gakologelwang, kotlhao, eo e ka akaretsang le go itewa, e bolelela ngwana gore o mo rata mo eleng gore ga o batle gore a tsene mo kotsing.

20. (a) Bangwe ba dirileng go ipoloka ba atamalane le bana ba bone? (b) Ke masego afe a a menaganeng sebedi ao a tlang ka go atamalana le bana ba gago le go ba godisa sentle?

20 Batsadi-bangwefela bao ba nnileng ba atamalane le bana ba bone ba akantsha jaana:

“Beela nako e e kgethegileng ya go nna le bana ba gago kwa thoko mme o se letlelele sepe go tshwenyana le yone. Tiro ya mo gae e tla nna e ntse e le teng; bana bone ga ba kitla. Tlhoma mogopolo mo go ageleleng bana ba gago semoyeng.” “Kotlhao ya me e ne e tshwanetse go tswakanngwa le go utlwisisa ka ntlha ya kutlo-botlhoko ya go latlhegelwa ke mmaabone. Ke bua le bone ka paka nngwe le nngwe go sa kgathalesege gore ke nako efe ya letsatsi kana ya bosigo. Re na le ‘dinako tsa boiketlo’ fa re apaya dijo tsa motshegare. Ke ka nako eo fa ba mpolelela diphiri tsa bone.”

Lorato lo lo ntseng jalo lo a gomotsa. Bana baa lo bona ebile baa lo utlwa. Lefa lemororo boiteko jotlhe jo mo go godiseng bana bo lapisa, motsadi o na le kgotsofalo e e humileng ya go ba bona ba golela go nna babaki ba ga Jehofa ba ba ikarabelang. Gape, tiro e e ntseng jalo ke tshireletso ya boitsholo go motsadi.—1 Tim. 2:15.

KARABO E E FELETSENG—THULAGANYO E NTŠHA

21. (a) A mathata a motsadi-mongwefela a rarabologa ga motlhofo fela? (b) Tsela ya boikanyegi e fitlhelela eng?

21 “Ke arola mo tirong ya go rera ekane tsatsi lengwe le lengwe. Ke ithuta le go rapela ka metlha,” go umakile jalo motlholagadi mongwe, yo o dumetseng gore: “Mme lefa go ntse jalo ke robala ka dikeledi tsatsi lengwe le lengwe.” Ee, mathata ao motsadi-mongwefela a tshwanetseng go dirisana le one a thata go ka rarabololwa. Gantsi ke ntwa ya tsatsi le letsatsi. Lefa go ntse jalo, tsatsi lengwe le lengwe mo Mokeresete a bontshang boitshoko mo go lone ke go tlhabisa Satane ditlhong, yo o rileng batho ba tla kgaotsa go direla Modimo fa maemo a thatafala. (Yobe 1:9-11; Dia. 27:11) Lemogang gore ga go ope yo o nang le boitekanelo mo botshelong jaanong. “Bakauleñwe ba lona” le bone ba boga botlhe. (1 Pet. 5:9) Mathata a mongwe o sele a ka ne a farologana le a gago, mme a mahehe fela jalo go motho yoo. Go sa kgathalesege mathata a gago, maemo a ka ne a le maswe go feta a gago. Ka jalo leka go akanya ka dintlha tse di tlhomameng tsa botshelo jwa gago gantsi ka moo o ka kgonang.

22. (a) Re tshwanetse go tlhoma matlho a rona go eng, ka ntlhayang? (b) Go tla akanyetswa eng mo setlhogong se se latelang?

22 Go feta tsotlhe, re tshwanetse go tlhoma matlho a rona mo tsholofelong e e tshelang ya tsamaiso e e tlang e e tla tlisang kgotsofalo e e itekanetseng. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a umaka: “Ka re sa lebe dilō tse di bōnalañ [dipitlagano tseo di re tlhorontshang di bo di re diga], me e le dilō tse di sa bonaleñ [eleng tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng]: gonne dilō tse di bonalañ ke tsa lobaka lono hèla; mme dilō tse di sa bonaleñ ke tsa bosaeeñkae.” Ee, dikgatelelo tsa tsamaiso ya gompieno e e tseanyang labofelo di tla khutla. Masego a Thulaganyo e Ntšha, eo e leng fela fa, a tla nna a a sa khutleng. Bolokang dilo tse mo mogopolong wa lona mme ga lo ne lo ‘ngodiega.’ (2 Bakor. 4:8, 9, 16-18) Mme ba bangwe ba ka dirang go thusa bao e leng batsadi-bangwefela? Mo go tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona dikakantsho, bona Awake! ya August 22, 1975, ditsebe 9-11, le ya September 22, 1975, ditsebe 9-12.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

KA MOO O KA ATLEGANG

◻ Ikanye Modimo jaanong mme o akanyetse-pele tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng jo a bo solofeditseng

◻ Boloka kamano ya botho e e gaufi le Modimo

◻ Tshwarega mo tirong e e molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Batsadi-bangwefela ba ka thapisetsa bana ba bone go thusa mo go direng ditiro tsa mo gae

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

“Beela nako e e kgethegileng go naa le bana ba gago kwa thoko . . . Bua le bone ka paka nngwe le nngwe”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela