LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 3/1 ts. 10-18
  • Balebedi—Nnang Dikao tse di Molemo tsa “Lecomane”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Balebedi—Nnang Dikao tse di Molemo tsa “Lecomane”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao se se Molemo “mo Puoñ”
  • Lo Boloka ‘Go Tshela mo go Molemo’ ka Metlha
  • Go Tlhoma Sekao “mo Loratoñ”
  • Go Bontsha Tumelo go Nitamisa Badumedi Mmogo
  • “Mo Boitshekoñ”—Lona Dikao tse di Tshwanetseng
  • Phuthego e Kgothalediwa go Bua Lefoko la Modimo ka Bopelokgale
  • Go Amega ka “Lecomane ya Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ikobele Badisa ba ba Lorato ka Boikokobetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Balebedi ba ba Etang—Dimpho Tsa Banna
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Balebedi ba ba Disang Letsomane
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 3/1 ts. 10-18

Balebedi—Nnang Dikao tse di Molemo tsa “Lecomane”

“U nnè sekao sa ba ba dumelañ, mo puoñ, le mo mokgweñ oa go tshela, le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ.”—1 Tim. 4:12.

1. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go lebelela gore balebedi ba Bakeresete ba tlhome sekao se se molemo?

GO akarediwa mo gontsi mo go direleng jaaka molebedi mo phuthegong ya Bokeresete. Ntlha eno e lemogiwa ke dikete tsa banna ba ba ineetseng ba semoya bao ba tlhokomedisitsweng tshiamelo eno gompieno. Ereka batho botlhe mo phuthegong e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete, bagolwane ba ba tlhophilweng ba itse gore boikarabelo jwa bone ga bo ba tokafatse ka gope go gaisa baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa. (Math. 23:8-12) Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya maikarabelo a bone le dipatlafalo tsa Dikwalo tseo ba tshwanetseng go di fitlhelela, go lebeletswe mo gontsi go bone. Go ntse fela jaaka Jesu a umakile: “Le gōna, leha e le mañ eo o neilweñ segolo, go tla lōpiwa segolo mo go èna: le motho eo batho ba mo neetseñ go le gotona, ba tla lōpa mo go hetisañ mo go èna.” (Luke 12:48) “Lecomane” le amiwa thata ke seo badisa bano ba ba tlasana ba se buang le go se dira. Ka jalo go lebeletswe gore banna bano ba tlhomele ba bangwe sekao se se molemo.

2. Paulo o kgathaleditse Timotheo go nna sekao mo ditseleng dife segolo-bogolo?

2 Kgang eno ya go nna sekao se se molemo ga e ne e feteletswa. Ke nngwe ya dintlha tse di tlhamaletseng tsa kgakololo tseo di fitlhetsweng mo lekwalong la ntlha la ga Paulo go Timotheo wa mogolwane. Paulo gaa ka a tlodisa sepe matlho ebile gaa ka a batla gore Timotheo a dire jalo le ene. Ereka Timotheo e ne e santse e le lekau, bangwe ba ne ba ka mo nyatsa. Kwantle ga pelaelo Paulo o ne a gopotse kaga se fa a ne a kwala jaana: “Opè a se ka a nyatsa bokau yoa gago; me u nnè sekaō sa ba ba dumèlañ, mo puoñ, le mo mokgweñ oa go tshela, le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ. U tlhōkōmèlè go bala, le go laea, le go ruta, ke tlè ke tsamaeè ke tlè. U se ka ua tlhokomologa nèō e e mo go wèna, e u e neilweñ ka perofeshō e pataganye le peèō ea diatla tsa bagolwane.” (1 Tim. 4:12-14) Go ne go se kitla go nna le lebaka le le utlwalang la gore ba bangwe ba nyatse Timotheo fa a ne a tswelapele go latela tsela ya Bokeresete e e tlhomang sekao mo botshelong.

3. Balebedi ba tshwanetse go tlhatlhoba eng, mme ka ntlhayang?

3 Fela jaaka Timotheo, balebedi mo bathong ba ga Jehofa gompieno ba tshwanetse go tlhatlhoba tsela ya bone ya go tshela. Lefa lemororo puisano ya rona segolobogolo e amana le balebedi, batlhanka ba bodihedi le banna bao ba fitlhelelang maikarabelo a magolwane a phuthego, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go akanyetsa seo se akarediwang mo go direleng jaaka sekao sa “lecomane” ka kelotlhoko. (2 Bakor. 13:5) Mme jaanong re botsa jaana: “Bagolwane, a tota lo tlhoma sekao se se molemo?” Badumedi mmogo le lona ba lo tlhomile matlho jaaka ba ntse ba gakologelwa mafoko dilweng go Bahebera 13:7: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, ba lo bolèlèla lehoko ya Modimo; me lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè.” Ee, bagolwane, bankane ba lona ba Bakeresete ba batla go itshupa ba ikanyega go Jehofa. Gore ba kgone seno ga ba tlhoke kgakololo le mafoko a kgomotso tse di thailweng mo Dikwalong fela mme ba tlhoka gape le sekao sa lona se se kgothatsang. Ba tla etsa tumelo ya lona jaaka ba tlhokomela boitsholo jwa lona jo bo siameng le matswela ao bo isang go ona.

4. (a) Timotheo wa Ntlha 3:1 le Mathaio 20:26, 27 di gatelela jang seo se akarediwang mo go direleng jaaka balebedi ba Bakeresete? (b) Go tlhokega eng mo mogolwaneng gore a dire maikarabelo a gagwe? (c) Go ya ka 1 Bathesalonia 5:12, 13, bakaulengwe ba tshwanetse go tlotla bomang, mme ba tshwanetse ba e bontsha jang?

4 Mo ga go kaye gore, jaaka mogolwane yo o tlhophilweng, ga go kake ga dirwa sepe kwantle ga gago. Le eseng. Mme o dira “tihō e e molemō” mo go direleng bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya. (1 Tim. 3:1) Boemo jwa lona ga se jwa ‘bothwadi’ jo bo rileng ka ntlha ya maiteko a lona. (Math. 20:26, 27) Ee, lo na le ditshiamelo le maikarabelo a a oketsegileng. Mme fa e le gore lo tla dira tseno ka tshwanelo lo tla tshwanela gore lo nne batlhanka ba ba ikokobeditseng ba ga Jehofa, Jesu Keresete le badumedi-kalona. (Bar. 12:11; Bagal. 5:13; Bakol. 3:23, 24) Eleruri, lo tshwanetse go direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba lona mo tumelong ka natla, lo ba kaela, lo ba laya le go ba direla dilo tse dingwe. Ba lemoga gore lo tlhophilwe; mme ba tlhotlhelediwa gore ba arabele mo go tshegetseng maiteko a lona ke tiro e e bokete e lo e dirang, gammogo le sekao sa lona. Temogo e e ntseng jalo e siame ebile e dumalana le mafoko a ga moaposetoloi Paulo: “Me rea lo rapèla, ba ga echo, gore lo itse ba ba dihañ mo go lona, ba ba lo busañ mo Moreneñ, me ba lo tlhagisa; Le gore lo ba tlotlè thata thata mo loratoñ ka ntlha ea tihō ea bōnè.”—1 Bathes. 5:12, 13.

Sekao se se Molemo “mo Puoñ”

5. Balebedi ba tshwanetse go nna sekao se se molemo “mo puoñ” mo maemong afe a a farologaneng, mme ke ka ntlhayang fa mo go le botlhokwa?

5 Go tshwanela ga bagolwane gore ba nne sekao se se molemo “mo puoñ” ga go gakgamatse. Eleruri, se ke sengwe se se tshwanetseng go nna boammaaruri mo magaeng a bone. Gape go tshwanetse ga bonala fa ba bua le maloko a phuthego motho-ka-mongwe kana go tswa mo seraleng, gammogo lefa ba supa ka ntlo le ntlo mo tshimong. Dikakgelo tsa molebedi di ka tlhotlheletsa ba bangwe thata go na le mo a go lemogang. Ka jalo seo a se buang ka gale se tshwanetse sa theiwa mo, kana sa laolwa ke melao-metheo ya Lefoko la Modimo.

6. Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba tshwanetse go itisa mo dikgopolong tse di phoso mme ba ‘bue dilo tse di molemo’?

6 Gore puo e nne e e agelelang, pelo e tshwanetse go tladiwa ke dilo tse di molemo go tswa mo Lefokong la Modimo. Mme he molomo o tla ‘bua dilo tse di molemo,’ o dira dikakgelo tse di tshwanetseng ebile di agelela semoyeng. (Math. 12:34) Molebedi o tshwanetse go itisa mo go letleleleng gore dikgopolo tse di phoso di nanganele mo mogopolong kana pelong ya gagwe, ka seno labofelo se tla bonala mo puong ya gagwe ebile se tla gobatsa ba bangwe. Fa Bibela e bontsha gore go tshwanetse ga tilwa eng le gore ke mofuta ofe wa dipuo o o tshwanetseng go utlwiwa, e gakolola jaana: “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona, ha e se e e molemō hèla go agèlèla kaha go tlhōkahalañ ka gōna, gore e tlè e neè ba ba utlwañ lesegō.”—Baef. 4:29.

7. Ke ka ntlhayang fa balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go ikeha mo go phatlalatseng dikgopolo tse eleng tsa botho gotlhelele?

7 Gore badisa ba ba tlasana ba Bakeresete ba nne dikao mo go bueng, ga baa tshwanela go “hetèla kwa pele ga dilō tse di kwadilweñ.” (1 Bakor. 4:6) Ekane e le mo dikgannyeng tsa bodumedi, boitsholo kana phuthego ya Bokeresete, molebedi o tshwanetse go “rera lehoko.” (2 Tim. 4:2) Faele gore o ne a tla tsenyeletsa dikgopolo tsa gagwe tse eleng tsa botho gotlhelele kana go phatlalatsa megopolo e e fapaaneng le dithuto tse di amogelwang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” moo go ne go tla dira tlhakatlhakano. Ka jalo, bogolo go go tatalala ka bokaka mo tseleng e e isang kwa tlontlololong, ke ka ntlhayang go sa letelwe Jehofa le phuthego ya gagwe? (Dia. 11:2) Ka gongwe go tla nna le tlhaloso e e oketsegileng mo kgannyeng e moragonyana. Kana, ka thapelo le thuto e e maatlametlo ya Lefoko la Modimo ka thuso ya dikgatiso tsa Watch Tower, mogolwane a ka bona gore o ne a fositse mme ebile a ka itumelela gore gaa ka a phatlalatsa dipono tsa gagwe tse di phoso.

8. (a) Ke ka ntlhayang go tshwanetse ga tilwa go tlhabana ka mafoko le go ganetsana? (2 Tim. 2:14-19) (b) Fa mongwe a botsa potso ebile a tlhoka thuso ya semoya, o tshwanetse go thusiwa jang?

8 Paulo o boleletse Timotheo gore a laye ba bangwe gore “ba se ka ba ganèla kaga mahoko hèla, mo go senañ thushō, e le mo go timetsañ hèla ba ba utlwañ.” Morago moapostoloi o bua kaga go gobatsa ga dipolelo tse di dirilweng ke bao ba tswileng mo boammaaruring. Ga go bapalwe sepe ebile kwantle ga pelaelo go tla latlhega mo gontsi semoyeng ka go tlhabana ka mafoko kana go ganetsana le bao ba ganang dithuto tse di nonofileng. (2 Tim. 2:14-19; Tito 1:7-9) Mo ga go kaye gore motho ga a ne a botsa potso ka bopelo-e-phepa kaga kgang eo a sa e tlhaloganyeng. Lefa go ntse jalo, go tatalala mo ponong e e rileng go ka kgobera batho ka mo go sa tlhokafaleng. Legale, fa bangwe ba tlhoka thuso ya semoya, go na le tsela e e tshwanetseng ya go ruta, mme ke ka “bonōlō hèla.”—2 Tim. 2:23-26.

9. Gore balebedi ba rute sentle, go tlhokegang mo go bone?

9 Balebedi ba tshwanetse ba bo ba le “ba ba dihañ mo lehokuñ le mo go ruteñ,” eseng fela ka go fitlhelela ba ba ka kwa ntle ka boammaaruri, mme le ka go agelela phuthego semoyeng. (1 Tim. 5:17) Go tlhokega nako le boiteko mo go baakanyetseng dipuo tsa Bibela le dikarolo tsa dipokano tseo di lapolosang semoyeng, di rutang ebile di thusang. Dibui le barutisi ba ka godisa dintlha tse dintsi tse di molemo tseo di tla ba kgonisang go ruta thuto e e nonofileng ka go ithuta Dikwalo ka metlha le ka go dirisa dikgatiso tsa Watch Tower Society, dithadiso tsa dipuo le tse dingwe tse di tswang go “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” Ebile balebedi ba bontsha gore ba itirisa ka tsela e e tshwanetseng ka go nna sekao mo go bueng.

Lo Boloka ‘Go Tshela mo go Molemo’ ka Metlha

10, 11. (a) Go na le kamano efe magareng a mokgwa wa go tshela le botlhale jwa selegodimo? (b) Go diragalang fa botlhale jwa godimo bo bontshiwa, jaaka go bapisiwa le maemo ao dipopego tse e seng tsa bomodimo di bonalang mo go one?

10 Balebedi mo phuthegong ba tshwanetse go nna sekao gape le “mo mokgweñ oa go tshela.” Gore ba tle ba atlege mo go bolokeng go tshela mo go molemo, ba tlhoka botlhale le kutlwisiso tsa selegodimo. Morutwa Jakobe o gatelela ntlha e, ka go re: “E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona? a a kè a shupè ditihō tsa gagwè ka bonōlō yoa botlhale, ka go tshela ga gagwè mo go molemō. Me ha lo na le lehuha ye le galakañ, le kgañ mo peduñ tsa lona, lo se ka loa ipelahatsa, lo se ka loa aketsa boamarure. Botlhale yo, ga se yo bo hologañ kwa godimo, ke yoa selehatshe, yoa senama, yoa sebadimo. Gonne kwa go leñ lehuha le kgañ, go bile go na le tobekanō, le tihō ñwe le ñwe e e mashwè gōna.”—Yak. 3:13-16; 1 Pet. 2:12.

11 Dikamano le bagolwane mmogo gammogo le maloko a mangwe a phuthego di nitamisiwa ke go tshela mo go molemo mo go senolang botlhale jwa selegodimo. (Yak. 3:17, 18) Mo letlhakoreng je lengwe, dikgang, lefufa, go ipega gammogo le dipopego le ditiro tse dingwe tsa selefatshe, tsa senama le tsa sedimona di gagolaka dikamano tse di ntseng jalo. Dipopego tse di bosula tseno ga di na bodulo mo bathong ba Modimo. Go dira ka tsela e e ikgogonneng go senola gore ga go na lorato lo lo jaaka lwa ga Keresete. Ka gone, go tshela mo go molemo go biletsa go “sa dihe sepè ka go re lo itiha lekōkō, leha e le ka go ipelahatsa hèla, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō.” (Bafil. 2:3) Mokgwa o o ntseng jalo wa go tshela eleruri o tlhoma sekao ka gobo o senola mogopolo o o tshwanang le o o bontshitsweng ke Keresete Jesu.—Bafil. 2:5-8.

12. (a) Maloko a phuthego a sesadi a tshwanetse go lebiwa le go tshwariwa jang? (b) Go tlhokega gore balebedi ba direng kaga go tlolwa ga maemo a Modimo a boitsholo? (c) Maloka le dikgang tsa boatlhodi, bagolwane ba na le boikarabelo bofe kaga go sa rothise mmutla madi?

12 Gore balebedi le bakaulengwe ba bangwe ba ba ikarabelang ba tlhome sekao se se molemo, ba tshwanetse go itshwara ka kelotlhoko tota go batho ba sesadi. Ba tshwanetse go laya basadi ba ba godileng “yaka ha e ka bo e le bommago; le barweetsana yaka bokgantsadio, ka boitshèkō yotlhe.” (1 Tim. 5:1, 2) Botlhaga jwa ka metlha bo a tlhokega gore go itisiwe mo go ‘repeng’ gope faele kaga go ngaparela maemo a Modimo a a kwa godimo a boitsholo. Fa go na le bosupi jo bo tlhomameng jwa gore bangwe ba leka go senya ba bangwe mo boitsholong, balebedi ba tshwanetse go tsaya kgato e e bofefo mo go bolokeng phuthego e le phepa, ba itse gore Jehofa “ke èna mmusholosi mo diloñ cotlhe.” (1 Bathes. 4:3-8) Ka nako e e tshwanang, badisa ba ba tlasana ba ba tlhophilweng ba tshwanetse go ikeha mo go tlotleng dikgang tsa boatlhodi tse di akaretsang bao ba tlotseng melao-metheo e e siameng ya Modimo mo pepeneneng. Go tshwanetse ga se nne le go rothisa mmutla madi. Phuthego e ka lebelelwa go ikanya bagolwane bao ba lebelang sentle ebile boitsholo jwa bone jwa botho bo sa kgobiwe ka botlalo.

Go Tlhoma Sekao “mo Loratoñ”

13. Go tlhokega moya ofe gore balebedi ba tle ba atlege mo go tlhomeng sekao se se molemo, mme ka ntlhayang?

13 Eleruri balebedi ga ba ne ba atlega mo go nneng “sekaō sa ba ba dumèlañ” fa ba sa bontshe moya wa lorato. Morago ga fa Paulo a sena go gakolola Timotheo gore a “tlhotlheletsè nèō ea Modimo, e e mo go” ene, o ile a re: “Gonne Modimo ga oa ka oa re naea mōea oa bogatlapa, ha e se oa nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla.” (2 Tim. 1:6, 7) Re itse diphelelo tse di siameng mo matshelong a rona ka gobo Modimo o re bontshitse nonofo eno ya lorato. Fa bagolwane e le dikao tse di molemo mo go bontsheng loungo lwa moya lwa lorato, mo, godimo ga tsotlhe, go bontsha ka moo ba ikutlwang ka teng kaga baobamedi mmogo le bone ba ga Jehofa. Lorato lo na le maatla a kgogela, lo re tlhotlheletsa go senka kgakololo le thuso tsa badisa ba ba tlasana ba ba lorato. Re anaanela bothito jwa kgatlhego ya bone le keletso ya bone e e tlhoafetseng ya go re thusa mo go direng botswelelo-pele jwa semoya.

14. Balebedi ba ba nyetseng ba na le dipaka dife tsa go bontsha gore ba ‘rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone,’ mme seno se kgonisa basadi ba bone gore ba direng?

14 Gore balebedi ba tswelepele jaaka banna ba semoya, ba tshwanetse go ‘dira gore gotlhe mo ba go dirang, ba go dire ka lorato.’ (1 Bakor. 16:13, 14) Fa banna bano ba nyetse, ba tshwanetse gobo ba “rata basadi ba bōnè . . . yaka e ka bo e le mebele ea bōnè,” eo ba e otlang le go e tlhokomela. (Baef. 5:28, 29) Balebedi ba lemoga sentle gore mebele ya bone e tlhoka tlhokomelo ya tsatsi le letsatsi e le kanakang. Ka jalo, basadi ba bone le bone ba tlhoka kelotlhoko le tlhokomelo ya ka metlha ya semoya eo e tla ba kgonisang go dira dikarolo tsa bone tsa sesadi tse di tshegetsang ka mokgwa o o ‘tshwanetseng mo Moreneng.’ (Bakol. 3:18, 19) Go tlotla temana ya letsatsi go tswa go Yearbook of Jehovah’s Witnesses, go boeletsa dintlha mo dikgatisong tsa Mokgatlho, go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete le go tlhagafalela dipaka tsa go rapela mmogo—tsotlhe ke dipontsho tsa lorato lo lo ntseng jalo. Gape, jaaka lobaka lo letlelela, bagolwane ba tshwanetse go thusa basadi ba bone ka ditsela tse dingwe. Mo gammogo le go godisiwa sentle ga bana bao banyalani bano ba kaneng ba na le bone go tla neela bosupi jwa gore monna o okamela ba ntlo ya gagwe sentle mme ka gone a fitlhelela nngwe ya dipatlafalo tsa Dikwalo tsa balebedi.—1 Tim. 3:4, 5; 5:8.

15. Molebedi a ka bontsha jang gore a ka ‘babalela phuthego ya Modimo’ le gore o na le lorato?

15 Eleruri, molebedi yo o bolokang thulaganyo e e molemo ya lelapa o bontsha gore a ka ‘babalela phuthego ya Modimo.’ (1 Tim. 3:5) Fa mogolwane a dira maikarabelo a phuthego, o kgatlhegela bao ba amanang le ene mo tumelong ka botlhaga. (Bagal. 6:9, 10) Balebedi ba baakanyetsa le go tsamaisa dipokano tsa phuthego, ba etela ba ba lwalang le ba bangwe ba ba tlhokang, ebile ba arola ka metlha mo go boleleng “mahoko a a molemō” mo pontsheng. Gotlhe mo ke sekao sa go rata Modimo, go rata “dinku” tse di mo tlhokomelong ya bone gammogo le go rata bao bagolwane bano ba ba rerelang molaetsa wa Bogosi.

16. Paulo o tlhotlheleditswe ke eng gore a direle phuthego ya Korintha mo dikgatlhegong tse di molemo go gaisa, mme a boikutlo jo bo ntseng jaana bo fitlhelwa mo balebeding ba Bakeresete gompieno?

16 Go na le metlha eo balebedi ba bonang go tlhokega gore ba gakolole ka tlhamalalo kana ba tseye kgato ya kotlhao. Keletso ya bone ke go thusa batho-ka-bongwe le go sireletsa phuthego. Mo go se, bagolwane ba etsa moaposetoloi Paulo. Ka moaposetoloi a ne a tlhotlheletswa ke lorato, o ne a direla dikgatlhego tse di molemo go gaisa tsa phuthego ya Korintha, lefa lemororo mo go ne go mo ketefalela tota. O kwadile jaana: “Gonne ke lo kwaletse ka dikeledi di le dintsi, ke le mo pitlaganoñ e kgolo, le mo tlaleloñ e e mahèhè ea pelo; e señ gore lo hutsahadiwè, me e le gore lo itse botlalō yoa loratō lo ke lo ratañ ka lōna.” (2 Bakor. 2:4) Lefa batho bangwe mo phuthegong ba ne ba sa anaanele maiteko a ga Paulo a pelo yotlhe le a a seng bohula ka botlalo, o ne a ikitlieleditse go ba itlhagisetsa mo go oketsegileng, ka gobo o rile: “Me ke tla itumèla go ipolaisa letsapa la go ipolaisediwa meōea ea lona. A e re ha ke lo rata bogolo, a ke gōna ke ratwañ bobōtlana?” (2 Bakor. 12:15) Fela jaaka Paulo, balebedi ba bantsi ba iteka ka natla ka pelo yotlhe. Ba dira seno ka ntlha ya go rata bakaulengwe ba bone, ka gone ba tlhoma sekao se se ka bakwang.

17. Dikao tse di molemo tsa balebedi ba bantsi di nnile le phelelo efe mo phuthegong ya batho ba Modimo, eo e thaang motheo wa maikutlo afe mo badiseng ba ba ikanyegang ba ba tlasana?

17 Go a kgonega go supa balebedi ba bantsi bao tota ka dingwaga tse dintsi ba itirisitseng mo go direleng Jehofa le mo go tlhokomeleng ditlhokafalo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya. Sekao se se neetsweng ke banna bano se godisitse moya wa lorato mo phuthegong yotlhe ya batho ba Modimo. Ikanyo ya rona e nitamisitswe ke dikao tse di ntseng jalo mo go diseng “lecomane” mo metlheng eno e e thata. Ka ntlha ya go rata le go amega tota ka “lecomane,” badisa ba ba tlasana bano ba na le lebaka la go bua fela jaaka Paulo a dirile, yo o kwadileng jaana: “A Morèna a dihè mo go lona gore lo golè lo totahalè mo go rataneñ, le mo go rateñ batho botlhe, hèla yaka le rona re nntse kaga lona; Gore a tlè a tlhōmamise dipelo tsa lona mo go senañ molato, mo boitshepoñ ha pele ga Modimo le Rra oa rona, mo go tleñ ga Morèna oa rona Yesu a tla le baitshepi botlhe ba gagwè.”—1 Bathes. 3:12, 13.

Go Bontsha Tumelo go Nitamisa Badumedi Mmogo

18. Balebedi ba tshwanetse go supa ditiro dife jaaka sesupo sa gore ba na le tumelo ya sebele?

18 Go sa tlhokomelesege maiphako a a tlhodiang a bodumedi a ba bantsi gompieno, “batho ga ba na tumèlō.” (2 Bathes. 3:2) Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go nna nayo fa re batla go itumedisa Modimo. (Baheb. 11:6) Fano gape, balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go nna sekao go botlhe—“mo tumeloñ.” Gape, ba tshwanetse go nna le ditiro tse di supang bogone jwa tumelo ya sebele mo go bone. (Yak. 2:14-26) Gare ga dilo tse dingwe, ditiro tseno di akaretsa ditiro tse di etsang go gomotsa badumedi mmogo ba ba lwalang, go abela ba ba tlhokang mo go bone gammogo le go arola ka metlha mo go boleleng “mahoko a a molemō a, a bogosi.”—Math. 24:14: bapisa Mathaio 25:34-40.

19. Ke ka ntlhayang fa tumelo e tlhokega, mme e kgonisa ba bantsi gore ba direng?

19 Ke ga botlhokwa gore Paulo o gateletse ntlha ya gore “basiami ba tla tshela ka tumèlō” kgapetsa. (Bar. 1:17; Bagal. 3:11; Baheb. 10:38) Tumelo ga e re neele fela pono ya se se kwa pele mme gape e re tlhotlheletsa go dira dilo. Ka sekai, go tlhoka tumelo go kwadisa jaaka mmulatsela yo o thusang kana yo o tlwaelegileng mme morago o direla jaaka moreri wa “mahoko a a molemō” ka nako e e tletseng. (Mar. 13:10) Balebedi le batlhanka ba bodihedi ba bantsi ba rulaganyetsa go arola mo tirong eno go sa kgathalesege maikarabelo a lelapa le ditiro tse dingwe. Ba bantsi ba fetola tiro ya bone ya boitshediso le dikgang tse dingwe gore ba kgone go ka neela tlhokomelo e e oketsegileng mo maikarabelong a phuthego. Ebile tumelo ya sebele e a tlhokega mo go aroleng ka tlhamalalo mo go rereng “mahoko a a molemō,” mo go direng dikabelo kwa dikopanong tsa Bokeresete, mo go tlhomeng Diholo tsa Bogosi kana mo go amegeng mo ditirong tsa bolegodimo tse di farologaneng tsa tsatsi le letsatsi. Eleruri, go tlhokega tumelo ka balebedi le batho botlhe ba ga Jehofa gore ba dumele, ba tshele, ba dire ba bo ba obamele go ya ka Lefoko la Modimo.

20. (a) Tumelo e na le karolo efe mo go emelaneng le Diabolo? (b) Balebedi segolo-bogolo ba ka thusa badumedi ka bone go fenya diteko tsa tumelo ya bone jang?

20 Tumelo e a tlhokega gape mo go emelaneng le mathata le mo go fenyeng diteko tsa tumelo. Morago ga fa Petere a sena go kgothaletsa bagolwane go nna dikao “mo lecomaneñ,” o ile a tlhagisa jaana: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ: Lo èmelanè naè lo nitame mo tumeloñ ea lona, lo nntse lo itse ha cōna dipogishō tseuō di dihalèla bakauleñwe ba lona ba ba mo lehatshiñ.” (1 Pet. 5:8, 9) Balebedi ka gale ba tshwanetse go tlhagafalela maano a ga Diabolo le didirisiwa tseo a di dirisang go faposetsa batlhanka ba Modimo kwa thoko, go ba tsenya mo serung kana go ba kometsa. Bakeresete le ka motlha ba seka ba iteseletsa go phophothelwa mo go ineeleng mo boemong jo ba lebaneng le jone, mme ebile badisa ba ba tlasana ba ba tlhophilweng ba “lecomane” ba tshwanetse go nna tiso segolo-bogolo. Mo mafatsheng a mantsi, boitemogelo bo bontsha gore fa mathata le diteko di wela Basupi ba ga Jehofa, balebedi ke bone digatlhamela masisi. Bagolwane bano ba ntse ba thusa badumedi ka bone ka ditsela tse di farologaneng, eleng go ganetsa Moganetsi, go rapela ka go bisa go khutla, gammogo le go dirisa thebe e kgolo ya tumelo le ditlhabano tse dingwe tsa semoya, ba ntse ba ikantse mo Modimong.—Baef. 6:10-18.

21. Balebedi, ka go nna dikao tsa tumelo, ba thusa “lecomane” gore le direng faele kaga tumelo le tsholofelo?

21 Balebedi ba tshwanetse go thusa “lecomane” go tsamaya ka tumelo le go itumela mo tsholofelong e e fa pele. Ga re kgone go bona Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe mo sebakeng sa selegodimo, ka ba sa bonale. Lefa go ntse jalo, ditirisano tsa bone le rona ke tsa sebele. (Baheb. 11:27) Seo se diragalang ka ntlha ya boeteledi-pele jwa bone se dirafatsa seo Bibela e se boleletseng-pele. Balebedi ba tshwanetse go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya ka tlhaga gore ba lemoge ntlha eno tota le gore ba dire bojotlhe gore maloko a “boidiidi yo bogolo yoa batho” a phuthiwe ka bontsi tota. Lesego la ga Jehofa le mo tirong e e dirwang. (Isa. 60:22; Tshen. 7:9) Re itemogelela tshireletso ya semoya eo a e solofeditseng. (Pes. 91:1, 2) Maungo a moya wa ga Jehofa o o boitshepo, go akaretsa le la tumelo, eleruri a a totafala mo bathong ba ga Jehofa gompieno. (Bagal. 5:22, 23; bapisa Baroma 1:8.) Matlho a rona a tumelo a bona go konelwa mo go tlang ga dikatlholo tsa ga Jehofa. (Tshen. 11:16-18; 16:14, 16) Thulaganyo e ntšha e tshwanetse go simolola ka kwa ga “sepitla se segolo,” mme lefatshe le tla tlisiwa mo boemong jwa paradaise. (Math. 24:21; Luke 23:43; 2 Pet. 3:11-13) Go tla nna le tsogo ya baswi. (Yoh. 5:28, 29; Dit. 24:15) Lelapa la batho le tla busediwa mo dikamanong tsa kagiso le Modimo, mme botlhe bao ba itshupang ba utlwa ka teko ya bofelo ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng. (Tshen. 20:7-10) Mme jaaka re lebelela isagweng, re anaanela dikete-kete tsa balebedi bao ba direlang jaaka dikao mo tumelong, eleng badisa ba ba tlasana ba ba ikanyegang ba ba dirang mo gontsi jaana go thusa “lecomane” go itumela mo tsholofelong e e fa pele.—Bar. 12:12.

“Mo Boitshekoñ”—Lona Dikao tse di Tshwanetseng

22. (a) Go akanyetsa Bafilipi 4:8 le Yakobe 3:17 go ka thusa balebedi jang gore ba nne dikao mo boitshekong? (b) Fa balebedi ba hakela bakaulengwe boikarabelo mo phuthegong, ba tshwanetse go leka go nna ba itshekile jang?

22 Labofelo, bagolwane ba laelwa go nna “sekaō sa ba ba dumèlañ . . . mo boitshekoñ.” Mo go kaya mo gontsi go na le go nna phepa mo mogopolong le boitsholong. Kwantle ga potso, ba tshwanetse go tlhokomela gore seo megopolo ya bone e se akanyang se itshekile. (Bafil. 4:8; Yak. 3:17) Mme, gore balebedi ba nne ba itshekile, gape ba tshwanetse go atlhola sentle fa ba akanyetsa go abela mokaulengwe boikarabelo mo phuthegong. Ditshwanelego tsa bone di tshwanetse go seka-sekwa ka kelotlhoko go latelwa dipatlafalo tsa Dikwalo. Ditsala kana ba-losika ba se bontshiwe bomang-mang. Fa go na le dipelaelo kaga boitsholo jwa mongwe, letlelelang gore nako le dintlha di phimole dipelaelo tse di ntseng jalo. Mo go tla bo go le mo tumalanong le kgakololo e e utlwalang e e fitlhelwang go 1 Timotheo 5:22: “U se ka ua beèla motho opè diatla ka potlakō, le gōna u se ka ua tlhakanèla le batho ba bañwe dibe tsa bōnè: u itshegetsè u le mo boitshekoñ.”

23. Balebedi ba ka thusiwa ke eng gore ba ipoloke ba itshekile fa ba dirisana le dikgang tsa boatlhodi?

23 Balebedi gape ba tila go tlhakanela le ba bangwe mo dibeng tsa bone ka go dirisana le dikgang tsa boatlhodi ka tshwanelo. Fa bagolwane ba dirisana le dikgetsi tsa tlolo-molao, ba tshwanetse go nna kutlwelo-botlhoko fa maemo a biletsa kutlwelo-botlhoko, mme ga baa tshwanela go leseletsa kana go leba boleo ga motlhofo. (Dia. 28:13; Yak. 2:13; bapisa le Yude 3-15, 22, 23.) Bagolwane ba ba tlhophilweng ba tshwanetse go tlhokomela gore ba seka ba fenngwa ke go tlhaola batho kana maikutlo fa ba reeditse dipolelo tsa badira-phoso kana bosupi jwa ba bangwe. Fa badisa ba ba tlasana ba ba ikanyegang ba letlelela gore melao-metheo ya Bibela e laole ditshwetso dipe tseo ba di dirang mo dikgetsing tseo, ba tla ipoloka ba itshekile.

24. Ke eng se se tla dirang gore balebedi ba bue jaaka Paulo a dirile go 1 Bakorintha 11:1?

24 Fa balebedi botlhe ba ba ikanyegang ba Bakeresete e nna dikao mo ditseleng tse di tlotlilweng fa godimo, ka segakolodi se se molemo, fela jaaka Paulo, ba ka re: “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.” (1 Bakor. 11:1) Lefa lemororo moaposetoloi a ne a lemoga makoa a gagwe, o ne a ka kgona go bua ka ikanyo gore o ne a latela Keresete. Go ntse fela jalo ka balebedi bao ba lekang gore ba fitlhelele ditlhokafalo tsa Modimo gompieno.

Phuthego e Kgothalediwa go Bua Lefoko la Modimo ka Bopelokgale

25. Go etsa sekao se se molemo se se tlhomiwang ke balebedi ba Bakeresete go ka tlisa matswela afe mo phuthegong ka ntlha ya masego a ga Jehofa?

25 Re ka lebelela go bona matswela afe fa re latela sekao se se neelwang ke badisa ba ba ikanyegang ba ba tlasana ba “lecomane ya Modimo”? Ebu, botlhe mo phuthegong ba tla kgothalediwa go tswelapele ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale ba ntse ba tshela go tshela mo go molemo! (Dit. 4:29-31; 1 Pet. 2:12) Loungo lwa lorato ka go sa gake lo tla kgetholola phuthego e le e e nang le barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete, mme mo go tla gogela ba bangwe mo bokopanong jwa batho ba Modimo. (Seka. 8:23; Yoh. 13:34, 35) Tumelo e e tlhagafetseng e tla bontshiwa mo go direng ditiro tse di molemo tse di etsang go rera “mahoko a a molemō,” go dira barutwa le go sala ditsela tsa poifo-modimo morago. (Math. 24:14; 28:19, 20) Fa matshelo a botlhe ba ba batlang kamogelo ya Modimo a itshekile, phuthego yotlhe e tla bolokiwa e le phepa. A he re direleng Jehofa mmogo ka boikanyegi, re anaanela masego ao rea ipelelang jaaka batho ba Modimo. Gape a Rraarona wa selegodimo yo o lorato a tswelepele go segofatsa maiteko a rona a a kopaneng fa re ntse re dira le bagolwane bao e leng dikao tse di molemo tsa “lecomane.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela