LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 8/1 ts. 32
  • Dikgaruru di Sutetse Kagiso mo Lapeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgaruru di Sutetse Kagiso mo Lapeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Solegelwa Molemo ke Thuto E e Di Gaisang Tsotlhe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tshiamelo e Basha ba Nang le Yone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • O ka Atlega mo Dilong Tseno Tse di Kgoreletsang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Sebetsa Se Sesha Kgatlhanong le Malaria
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 8/1 ts. 32

Dikgaruru di Sutetse Kagiso mo Lapeng

MANUEL, mosadi wa gagwe le morwa le morwadia bone ba ba botlana ba agile kwa Spain. Gompieno ke lelapa le le itumetseng. Mme go ne go sa nna jalo ka metlha.

Fa Manuel le monyadiwa wa gagwe ba ne ba nyalana, ba ne ba sa itsane sentle. Manuel e ne e le motho yo o lefufa ebile a tagwa bobe. Gantsi o ne a tla gae a tagilwe ebile e le ntwa dumela. Ebu, labofelo dilo di ne tsa senyega mo eleng gore ba ne ba lwa letsatsi lengwe le lengwe la boraro kana la bone! morago ga dingwaganyana, Manuel o ne a simolola go ratana le mosadi yo mongwe. Mosadi wa gagwe o ne a itlhobogile mo eleng gore o ne a akanyetsa go ipolaya kana go mo tshelela botlhole.

Morago legae la bone le ne la aparelwa ke tlhotlheletso e ntsha. Mosadi wa ga Manuel o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, mme monna o ne a sa batle go reetsa le eseng. Lefa go ntse jalo, dikgwedinyana moragonyana o ne a le mo kamoreng e e fa gaufi fa go santse go ithutiwa le mosadi wa gagwe, mme o ne a utlwa mafoko ano: “Eo o ikanyègañ mo go se sennye, o ikanyèga le mo go se segolo; me eo o sa siamañ mo go se sennye, ga aa siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) Moo ga mo ama maikutlo. Kwa tirong o ne a utswitse dijo, ka mo bodumeding jwa gagwe a rutilwe gore batlhoki ba ka utswetsa bahumi. Ka bonako le ene gape o ne a ithuta Bibela.

Mo dikgweding tse tharo, Manuel o ne a kgaotsa go tagwa ga gagwe, go goga gagwe le bonyatsi jwa gagwe. Ka jalo le dintwa tsa ka metlha tsa mo gae tsa khutla le tsone. O amilwe segolo thata ke kgakololo ya Bibela ya gore monna o ne a tshwanetse go ‘rata mosadi wa gagwe jaaka mmele wa gagwe.’ (Baef. 5:25, 28) Manuel o ne a fetoga monna yo o botoka-toka ka iketlo.

Phetogo eno ya go suta ga dikgaruru mme jaanong go tsena kagiso le boitumelo mo lelapeng leo e ne e le kgolo mo eleng gore e bile ya ama le rraagwe Manuel. Le ene gape o ne a tlhotlheletsega go ithuta Bibela le go e dirisa mo botshelong jwa gagwe. Gompieno, Manuel, mosadi wa gagwe le rraagwe ke basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela