Lorato—‘Mokgwa o o Gaisang Segolo Bogolo’
“Ke tla nna ke lo kaela mokgwa moñwe o o gaisañ segolo bogolo.”—1 Bakor. 12:31.
1. Ra-ditiragalo yo o tsofetseng o sobokantse go ithuta ga gagwe ka ditiragalo tsa batho ka kgakololo efe?
“RATANANG.” Ra-ditiragalo wa dingwaga di le 92 o ne a sobokanya thuto ya gagwe e telele ya ditiragalo tsa batho ka go neela kgakololo e khutswanyane eo. “Thuto ya me ya bofelo ya ditiragalo,” Will Durant o umakile, “e tshwana le ya ga Jesu. . . . e lekeng fela. Lorato ke selo se se dirang bogolo mo lefatsheng.”
2. Jesu o ne a reng fa a ne a neela balatedi ba gagwe “taolō e ncha”?
2 Mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe jwa selefatshe, Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, gore le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yoh. 13:34, 35) Ke eng he, eo e neng e tla nna nonofo e kgolo e e kgethololang balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri? Ka phepafalo, ba ne ba tla ratana, ba nna le lorato lo lo tlhomologileng gareng ga bone. Mme ke jang seno e neng e le “taolō e ncha”? Ba ne ba tla ratana jang jaaka Jesu a ba ratile?
JAAKA JESU A RATILE BARUTWA BA GAGWE
3. Taolo ya ga Jesu kaga lorato e ne e le “ncha” ka mokgwa ofe?
3 Pelenyana fela pele ga go neela “taolō e ncha,” Jesu ka boikokobetso o ne a tlhapisa dinao tsa baaposetoloi ba gagwe. Kgato ya gagwe mo lobakeng loo e bontsha Bakeresete gore ba tshwanetse go direla badumedi-ka-bone ka lorato, le eleng ka go dira ditiro tse di kwa tlase mo boemong jwa bone. (Yoh. 13:1-16) Mme moo e ne se gotlhe kaga “taolō e ncha.” Taolo eo kaga lorato e ne e le “ncha” ka gobo e ne akaretsa mo gontsi go na le Molao o o neetsweng Baiseraele ka Moshe, oo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba le tlase ga ona ka nako eo. Molao oo o ne wa bolela: “U ratè oa ga eno [kana moagelani] yaka o ithata.” (Lefi. 19:18; Math. 22:39) O ne o buelela lorato lwa boagelani, mme eseng lorato lo lo intshang setlhabelo lo lo neng lo tla ya tota le ntlheng ya gore mongwe a neelele mogagabo botshelo jwa gagwe.
4. Jesu o bontshitse jang mofuta wa lorato lo lo buelelwang ke “taolō e ncha”?
4 Jesu o rile: “Ga go opè eo o nañ le loratō lo lo hetañ lo, ha motho a ka beèla ditsala tsa gagwè botshelō yoa gagwè.” (Yoh. 15:13) Lefa go ntse jalo, ke seo Jesu Keresete a se dirileng mo go neeleng botshelo jwa gagwe jaaka setlhabelo mo boemong jwa setho se se sa itekanelang, se se leofileng le se se swang. (Math. 20:28; Yoh. 3:16; 10:14-18; Bar. 5:12; 6:23) Tota-tota, botshelo jwa ga Jesu jwa selefatshe le loso lwa gagwe bobedi di bontshitse lorato lo lo buelelwang ke “taolō e ncha” e. Tlase ga kaelo ya ga Keresete, Mokeresete ga a tshwanela go dira molemo fela fa lobaka lo tsoga, mme o tshwanetse go tsaya kgato ya ntlha mo go thuseng ba bangwe semoyeng kana ka tsela nngwe.
5. Nngwe ya dipontsho tse dikgolo bogolo tsa lorato ke efe?
5 Ee, molatedi wa ga Jesu Keresete o tshwanetse go direla moagelani wa gagwe molemo ka botlhaga. Mme nngwe ya dipontsho tse dikgolo bogolo tsa lorato ke efe? Ebu, ke go rerela ba bangwe le go ba ruta “mahoko a a molemō,” ka gobo seno se ka felelela ka go bona ga bone botshelo jo bo sa khutleng! Mabapi le seo Mokeresete o tshwanetse go ‘naya, eseng mafoko a a molemo a Modimo a le osi, mme le eleng moya wa gagwe’ mo go direng le bao ba amogelang molaetsa ono le go ba thusa. (1 Bathes. 2:8) Tota, o tshwanetse go ikitlieleletsa go neela moya wa gagwe, kana botshelo, mo boemong jwa bone.—1 Yoh. 3:16.
6. Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go mo rata go ya bokgakaleng bofe?
6 A dira ka lorato, Jesu gaa ka a latela tsela ya kganetso-potlana. Bogolo, ‘dikgobo tsa ba ba kgobang Modimo di ne tsa wela mo go ene,’ mme ka nitamo o ne a latela tsela ya kganetso e kgolo go gaisa ka Satane le badiredi ba gagwe. (Bar. 15:3) Ka jalo botshelo bo ne bo se kitla bo nna motlhofo ka balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete. Mabapi le seo, Jesu o bontshitse gore ba ne ba tshwanetse go mo rata go gaisa ba-losika ba bone ba ba gaufi-ufi gape le eleng bogolo go meya e e leng ya bone. (Luke 14:25-27) Eleruri, barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go rata bankane ba bone mo tirelong ya ga Jehofa ebile ba ne ba tshwanetse go ntsha maungo a semoya, tota le eleng ba lebane le pogiso e e mahehe.—Mar. 10:29, 30; Yoh. 15:8.
PAULO O SUPA ‘MOKGWA O O GAISANG SEGOLO BOGOLO’
7, 8. ‘Mokgwa o o gaisang segolo bogolo’ o o umakilweng ke moaposetoloi Paulo go 1 Bakorintha 12:31 ke ofe, mme o ne o gaisa eng?
7 Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o gateletse botlhokwa jwa lorato fa a ne a kwalela badumedi-ka-ene mo Korintha. Mo malatsing ao, palo ya dikaelo tsa Dikwalo e ne e le potlana, mme kitso ya tsone e ne e fetisiwa segolo ka go buiwa. Ka jalo dineo tsa moya tsa dikgakgamatso (kitso e e kgethegileng, go bua ka diteme, jalo le jalo) di ne di le botlhokwa mo phuthegong. “Me,” Paulo o kwadile, “Ke tla nna ke lo kaèla mokgwa moñwe o o gaisañ segolo bogolo.” (1 Bakor. 12:4-11, 27-31) ‘Mokgwa o o gaisang segolo bogolo’ oo e ne e le eng?
8 E ne e le mokgwa wa lorato, mme botlhokwa jwa lone o ne o sedifaditswe mo mafokong ano: “Ha ke bua ka dipuō tsa batho le tsa baengele [meya e e nang le puo e e leng ya bone] me ha ke sena loratō, ke be ke etsa kgōtlhō e e gogomañ, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di ōpañwañ hèla. Me ha ke na le nèō ea go ranola, me ke bile ke itse masaitsiweñ aotlhe le kico eotlhe; ha ke na le tumèlō eotlhe, e le e e lekanyeñ go hudusa dithaba [ekane dikgoreletso tse dikgolo kana dithaba tsa sebele, fa seo e ka nna thato ya Modimo], me ha ke sena loratō, ke be ke se sepè hèla. Me ha ke ntsha dilō cotlhe tsa me ke otla bahumanegi ka cōna, me ha ke ntshetsa mmele oa me go hisiwa, me ha ke sena loratō, ga go nthuse sepè.”—1 Bakor. 13:1-3; Mar. 11:23.
9. Fa re sa tshele go ya ka ‘mokgwa o o gaisang segolo bogolo’ wa lorato, ke eng se se leng boammaaruri ka maiteko a rona mo tirelong ya Modimo?
9 Ee, le eleng ditiro tseo di ka nnang molemo e nna “ditihō tse di shuleñ” fa tlhotlheletso ya tsone e se lorato lwa Modimo le moagelani. (Math. 22:37-39; Baheb. 6:1) “Madihishō a loratō” a a tlhokega. (1 Bathes. 1:2, 3) Maiteko le ditlhabelo tsotlhe tsa rona mo tirelong ya Modimo e nna lefela fela fa re sa tshele go ya ka ‘mokgwa o o gaisang segolo bogolo’ wa lorato. Ga se Bakeresete botlhe ba pele bao ba neng ba ka dira ditiro tse di maatla, ba fodisa, ba bua ka dipuo le go ranola tlase ga tlhotlheletso ya moya wa Modimo. (1 Bakor. 12:29, 30) Mme botlhe ba ne ba ka kgona go bontsha lorato, loungo lwa moya o o boitshepo wa ga Jehofa loo Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go lo tlhagolela.—Bagal. 5:22; 1 Yoh. 4:16.
DIKAO TSA LORATO TSE RE KA DI ETSANG
10. Jehofa o re tlhometse sekao jang mo go bontsheng lorato?
10 Bobedi Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe Jesu Keresete ba re tlhometse dikao mo go bontsheng lorato. Akanyetsa se: Popo ya lefatshe ke pontsho ya lorato lwa Modimo, ka gobo e neela bosupi jo bo tletseng jwa tlhokomelo ya botsogo, boitumelo le botswelelo jwa setho. Batho ba ne ba sa bopelwa fela gore ba nne gone. Ka tlwaelo ba kgona go latswa dijo, go dupa lonko lwa disheshe, go tlhokomela mebala e e farologaneng le bontle jwa popo, go ipelela bokopano jwa batho ka bone le go tshega mathaithai a diphologolo tse di tshamekang, re sa umake sepe kaga dilo tse dintsi tse dingwe tseo di itumedisang tsa botshelo. (Pes. 139:14) Pontsho ya go aba ga ga Jehofa mo go seng bohula ka lorato e akaretsa go dira motho mo setshwanong sa gagwe, ka selekano sa lorato le bomoya. (Gen. 1:26, 27) Paakanyetso ya legae la paradaise le tsholofetso e e tlhomameng ya go busediwa ga paradaise ya selefatshe gape di bontsha lorato lwa Modimo, fela jaaka go itshenola ga gagwe go setho ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le moya o o boitshepo go lo bontsha. (Luke 23:43; 1 Bakor. 2:10-13) Mme, legale, lorato lwa ga Jehofa gape le bontshwa ka go baakanyetsa setho kgololo go tswa mo boleong le loso lo lo tlang ka ntlha ya jone.—Bar. 5:7, 8.
11, 12. Morwa wa Modimo o bontshitse go rata setho ka ditsela dife?
11 Morwa wa Modimo o ne a rata setho le eleng ka nako ya bogone jwa gagwe jwa pele ga go nna motho. Tlase ga sebopego sa botlhale jo bo dirilweng motho, o kgethololwa jaaka “tlhōgō ea tihō” ya Modimo yo o diretseng ka boitumelo a bo a re: “Natehèlō ea me le eōna e ne e le mo baneñ ba batho.” (Dia. 8:30, 31; Yoh. 1:1, 14) Ka jalo, a akantse ka tlhokafalo ya kgololo ya setho, Jehofa o ne a tlhopha yo segolo a ratang setho—Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi, yo o neng a “ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho.” (Bafil. 2:5-7) Ee, Morwa wa Modimo o bontshitse lorato lo lo intshang setlhabelo mo go nneng jaaka motho.
12 Lorato mmogo le go akanyetsa ba bangwe mo go bothito gape di ne di bonala mo dithutong tsa ga Jesu Keresete. Fa a ne a bona boidiidi jo bogolo, o ne a “ba tlhomogèla pelo, a hodisa balwetsi ba bōnè.” “Ka ba nntse yaka dinku tse di senañ modisa,” Jesu o ne a ba tlhomogela pelo “me a simolola go ba ruta dilō di le dintsi.” (Math. 14:14; Mar. 6:34) Legale, Jesu o bontshitse lorato lo lo gaisang segolo-bogolo ka go swa mo thupeng go neela “thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Math. 20:28; Bafil. 2:8) Ka mokgwa o le e mengwe e mentsi, bobedi Jehofa le Jesu ba neela Bakeresete dikao go ka di etsa.—Yoh. 13:34; 1 Yoh. 4:10.
“A GO RATANA GA LONA GO TUKE” GO BADUMEDI-MMOGO
13. (a) Petere o tlhotlheleditse badumedi-mmogo go ratana ka mokgwa ofe, mme a go na le bosupi bope jwa gore lorato lo lo jalo lo ne lo le gone gareng ga bone? (b) Lorato lo na le phelelo efe mo Bakereseteng ba motlha wa gompieno?
13 Lorato lo bontshwa mo ikitlieletsong ya go ineela ebile ke motheo wa botshelo jwa poifo-modimo. (Pes. 110:3) Moaposetoloi Petere o ne a tlhotlheletsa baobamedi-mmogo le ene ba ga Jehofa gore “go ratana ga lona go tuke.” (1 Pet. 4:8) Gore lorato lo lo jalo lo ne lo le gone gare ga Bakeresete ba pele go bontshwa ke dipolelo tsa bone, ka gobo ba ne ba itsege ba bitsana ka mafoko a lorato—“bana ba me ba ba ratègañ,” “moratwa, eo ke mo ratañ rure,” jalo le jalo. (1 Bakor. 4:14; 3 Yoh. 1) Lorato lo lo jalo gare ga Bakeresete ba boammaaruri gompieno lo a kgothatsa, lo tlamela motho ka nako ya dithaelo. Lo a “agèlèla.” (1 Bakor. 8:1) Go sa tlhokomelege kganetso le pogiso, ga re tlhoke ditsala mo lefatsheng le le senang lorato. Bakeresete ba itse gore bakaulèngwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya eleruri ba a ba rata, mme “sebōhō sa boitekanèlō” seno se ba thusa go lebana le bokamoso ka ikanyo.—Bakol. 3:14.
14. (a) Paulo o sobokanya lorato jang go 1 Bakorintha 13:4-8? (b) Ke dipotso dife tse di ka thusang Mokeresete go bontsha lorato mo tumalanong le mafoko a ga Paulo?
14 Mme potso ke gore, rona ka borona re bontsha lorato go badumedi-ka-rona go le kana-kang? Tshobokanyo ya ga moaposetoloi Paulo e e tlhotlheleditsweng ka tsela ya bomodimo e re thusa mo go tlhatlhobeng boleng jwa go ratana ga rona. Tswee tswee bala 1 Bakorintha 13:4-8. He tsaya nako go tlhatlhanya ka mafoko ao ka go ipotsa dipotso tse di latelang:
A ke ‘itshoka ka pelotelele le pelonomi,’ ke bontsha boitshoko jo bo pelotelele mo maemong a a sa itumediseng?
A ke ikeha bopelotshetlha, jaaka fa ke tlodisiwa matlho mme mokaulengwe yo mongwe a newa ditshiamelo tse di rileng mo phuthegong?
A ke na le boikokobetso go na le go ikgantsha kaga seo Jehofa a ka neng a ntetleletse go se fitlhelela mo tirelong ya gagwe?
A ke “diha kaha go sa chwanèlañ,” mo maitsholong kana mo mokgweng oo ke tshwarang Bakeresete-ka-nna?
A ke ‘ipatlela dikgatlhego tsa me fela,’ jaaka mo kgannyeng e e potlana ya go ka tsenelela fa pele ga ba bangwe kwa dikopanong tsa Bokeresete?
Jaaka mogolwane, ka sekai, a ke “gakatsèga” fela ka ntlha ya gore ba bangwe ba palelwa ke go arabela ka bonako go kgakololo ya Dikwalo?
A ke ‘bala dikgopiso,’ ditlolo tsa dingwaga tse di fetileng, kana a ke itshwarela bakaulengwe le bokgaitsadi ba me mo tumelong, fela jaaka le nna ke eletsa boitshwarelo?
Ka motlotlo wa me, a ke bontsha gore ke ikeha tshiamololo ya selefatshe, mme bogolo, ke itumelela boammaaruri?
A ke “ichōkèla dilō cotlhe,” ke sa letele go itekanela go tswa go Bakeresete-ka-nna ba ba sa itekanelang?
A ke motho yo o ‘dumelang dilo tsotlhe,’ ke sa akanyetse badumedi-ka-nna mo go sa tshwanelang?
A ke “sholohèla dilō cotlhe,” tota ke solofela mo go sengwe le sengwe mo Lefokong la Modimo mme a ditsholofelo tsa me eleruri di thailwe mo go lone?
A ke na le mofuta wa lorato lwa Modimo lo lo tla nthusang go “iphapaanya le dilō cotlhe,” go akaretsa le pogiso jaaka Mokeresete?
Dipotso tse di jaaka tseno tota di ka thusa Mokeresete mo maitekong a gagwe a go bontsha lorato.
15. Lorato lo tlhotlheleditse batho ba ga Jehofa go direla baobamedi-ka-bone ba ba tlhokang eng?
15 Eleruri ditsela tsa go bontsha lorato go badumedi-ka-rona di dintsi. Ka sekai, lorato lo re tlhotlheletsa go ba thusa ka dilo tse di bonalang fa go na le tlhokafalo e e jalo. (Yak. 2:14-17) Ka ntlha ya moo, batho ba ga Jehofa ba thusitse baobamedi-ka-bone ba ba tlhokang mo mafatsheng a a sentsweng ke ntwa morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Ka nako ya tlhabano ya thuso ya lefatshe ka bophara ya dingwaga di le pedi le sephatlo, lorato lo ne lwa bontshiwa jaaka Basupi ba ga Jehofa mo United States, Canada, Switzerland, Sweden le dinaga tse dingwe ba neng ba neela diaparo le madi go rekela Bakeresete dijo mo Austria, Belgium, Bulgaria, China, Czechoslovakia, Denmark, England, Finland, France, Germany, Greece, Hungary, Italy, Netherlands, Norway, Philippine Republic, Poland le Romania. Go feta moo, go ralala dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ka boitumelo ba abile thuso ya dilo jaaka e ne e tlhokega fa badumedi-ka-bone ba ne ba tlhagetswe ke kotsi-kgolo ya tlholego.
16. Lorato lwa Bokeresete lo tshwanetse go nna le phelelo efe go bagolwane ba ba tlhophilweng mo phuthegong?
16 Lorato lwa Bokeresete gape lo dira gore bagolwane ba ba tlhophilweng mo phuthegong ba nne ba atamelegang, ba ba tlhaloganyang. Seno se tshwanetse go nna jalo fa ba etsa ditsela tsa ga Jehofa, yo go tweng kaga gagwe: “Gonne yaka legodimo le nntse le le kwa godimo, godimo ga lehatshe, boutlwèlō botlhoko yoa gagwè mo go ba ba mmoihañ, bo nntse bogolo yalo.” (Pes. 103:10-14) Boikutlo jo bo boikokobetso, jo bo lorato bo tlhotlheletsa balebedi ba ba Bakeresete go iteka ka natla go thusa badumedi-ka-bone semoyeng.
17. Lorato go Bakeresete ba ba tsofetseng kana ba ba golofetseng lo ka bontshwa ka ditsela dife?
17 Lefa go ntse jalo, lorato lwa Bokeresete lo tlaa tlhotlheletsa batho botlhe ba ba boifang Modimo, eseng fela bagolwane ba ba tlhophilweng, go nna ba ba tirisanommogo le ba ba thusang mo go dirisaneng le baobamedi-ka-bone ba ga Jehofa. Ka sekai, lorato lo ka re tlhotlheletsa go ela batsofe kana digole tsa Bakeresete lebenkeleng. Lo ka re tlhotlheletsa go ba balela Bibela le dikgatiso tsa Bokeresete, fa go tlhokega. Ee, gape go ka nna le dipaka tsa go ba thusa ka tiro ya mo gae, go tsamaya le bone mo tirelong ya Modimo, le go nna le maitiso a a itumedisang le bone ka dinako dingwe. Ka ditsela tse di farologaneng, lorato lo tla re tlhotlheletsa go direla ba bangwe molemo—bannye kana bagolo—kwantle ga go kopiwa go dira jalo.
DIRISA LORATO LWA LELAPA LE BAAGELANI
18. Go bontsha lorato, a re tlhoka melao e e akaretsang karolo nngwe le nngwe ya botshelo?
18 Moaposetoloi Paulo o kwadile: “Lo se ke loa nna molato le opè, ha e se go ratana hèla.” (Bar. 13:8) Eleruri, tota-tota Bakeresete ba kolota ba bangwe lorato. Mme go dirisa nonofo e ga re tlhoke melao e e akaretsang karolo nngwe le nngwe ya botshelo. Mafoko le ditiro tse di lorato re di akantshetswa ke segakolodi sa botho le botlhale jwa bomodimo jo bo thailweng mo Dikwalong. (Bar. 2:14, 15) Ka kakaretso, he, jaaka Bakeresete re itse gore re nnile lorato mo boemong jo bo rileng. Lefa go ntse jalo, re ka itse gore re tshwanetse go lo bontsha mme ke kgang e nngwe e sele go dira jalo.
19. Ke eng se se ka re thusang go bontsha lorato mo lelapeng, mme lo ka bontshwa ka ditsela dife?
19 Mo lelapeng, ka dinako dingwe re ka sekamela mo go nneng ba ba pelo-khutshwane, ba ba seng lorato. Ka ntlhayang? Ka gobo re itse maloko a lelapa sentle mme re ka nna le bopelotelele jo bobotlana go bone go na le go ba bangwe. Lefa go ntse jalo, melao-metheo ya Bibela e e tshwanang e a dira mo lelapeng mo go dirisaneng ga rona le batho ba bangwe, jaaka bao ba mo phuthegong ya Bokeresete. Eleruri, re ka kgona ebile re tshwanetse go senka thuso ya ga Jehofa ka thapelo mo go rateng maloko a lelapa la rona. Re tla thusega mo go se fa re gakologelwa gore Jehofa Modimo o a itumela fa banna ba bontsha basadi ba bone lorato “yaka e ka bo e le mebele ea bōnè,” fa basadi ba rata banna le bana ba bone, le fa bana ba bontsha batsadi ba bone lorato, ba ba utlwa. (Baef. 5:28; 6:1-3; Tito 2:4) Le eleng bana ba ba godileng ba ka bontsha batsadi ba bone ba ba tsofetseng lorato, eseng ka go ba tlhokomologa mme ka go ba tlamela ka dilo tsa semoya le tse di bonalang jaaka go tlhokafala. Boineelo go Modimo bo akaretsa go sikara boikarabelo jo. Mme, legale, ke pontsho ya lorato fa banna ba Bakeresete ba tlhomamisega gore malapa a bone a tlametswe sentle ka ditsela tsa semoya le tsa dilo tse di bonalang.—Bapisa Diane 19:26; 1 Timotheo 5:4, 8.
20. Go rata moagelani go ka bontshwa jang. segolo bogolo ke Bakeresete?
20 Lorato lwa moagelani lo ka bontshwa ka ditiro tsa bopelonomi tsa botho mo maemong a a farologaneng. Baagi ba Melita ba ne ba direla moaposetoloi Paulo le bafalodi ba thubego ya sekepe “ka yo e señ botsalanonyana hèla.” (Dit. 28:1, 2) Digakolodi tsa baaga-setlhakeng bao ba baditšhaba di ba tlhotlheleditse go dira ka tsela eo. Abo digakolodi tsa Bakeresete tse di thapisitsweng ka Dikwalo di tshwanetse go ba tlhotlheletsa go le kana-kang go bontsha lorato lwa boagelani! Ke lorato loo lwa mogaelani loo segolo lo re tlhotlheletsang go abalana “mahoko a a molemō” le bone. Ga go sepe se re ka se dirang se se molemo bogolo kana se se lorato bogolo go na le go ba thusa go bona kemo e e molemo le Jehofa.—1 Tim. 1:8-11.
GODIMO GA TSOTLHE, BONTSHA LORATO LWA MODIMO
21, 22. (a) Tsela e kgolo ya go bontsha lorato lwa rona go Jehofa ke efe? (b) Ka jalo ke dipotso dife tseo re ka di ipotsang mme re tshwanetse go nna le ikitlieletso efe jaaka ba ba “ratañ Yehofa”?
21 Eleruri, nngwe ya dipontsho tse dikgolo bogolo tsa go rata batho-ka-rona e akaretsa go ba ruta “mahoko a a molemō,” ka gone o ba thusa go bona kemo e e molemo le Jehofa Modimo. Mme go Mokeresete, tiro eno ke tsela e kgolo ya go bontsha lorato go yo o lo tshwanetseng bogolo—Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa. Morwa wa gagwe o rile: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka thata eotlhe ea gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago; le moñwe ka wèna yaka u ithata.”—Luke 10:27.
22 A re ‘tlhomile matlho mo go ene yo o sa bonaleng’? (Baheb. 11:27) A re sikara leina la gagwe le le sa bapisiweng, eleng Jehofa, jaaka basupi ba ba boikanyo? A ke boitumelo jwa rona jwa boteng jwa pelo go bua kaga gagwe le maikaelelo a gagwe? Tota-tota, a seo ga se lona lebaka la motheo la go nna gone ga rona jaaka phuthego ya batho ba gagwe? Eleruri, ke lone! Tlase ga tlhotlheletso ya moya wa gagwe o o boitshepo, re ka tswelapele go latela ‘mokgwa o o gaisang segolo bogolo’ wa go rata batho-ka-rona. Mme, godimo ga tsotlhe, a re boleleng dipoko tsa Modimo wa rona ka botlhoka-poifo, re rata seo se leng molemo ebile re mo itumelela jaaka ba ba “ratañ Yehofa” ba ba bolokang bothokgami.—Pes. 97:10-12.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Kgato ya ga Jesu e e boikokobetso e bontsha gore re tshwanetse go direla ba bangwe ka lorato
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Popo ya lefatshe ke pontsho ya lorato lwa Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Batlang thuso ya ga Jehofa mo go bontsheng lorato mo teng ga sediko sa lelapa