Lebaka leo Ditsholofelo tsa Rona tse di Molemo Eleruri di tla Diragalang
“Dilō cotlhe di dihisanya mmōgō go dihèla ba ba ratañ Modimo molemō.”—Bar. 8:28.
1. Mo lekgolong la rona la dingwaga la bo-20 palo e e oketsegang ya maloko a lobopo lo lo fegelwang e ile ya itsisiwe kaga eng, mme boemo jwa tsholofelo ya bone ke bofe morago ga masome a mantsi jaana a dingwaga, mme ka ntlhayang?
MO LEKGOLONG la rona la dingwaga la bo-20 palo e e oketsegang ya maloko a lobopo lwa batho e itsisitswe ka go “senolwa ga bana ba Modimo” mo go atamelang, mme jaanong ba itse seo ba ka se lebelelang mo bogautshwaneng. Go sa kgathalesege go ‘fegelwa le go nna mo botlhokong’ tse ba beilweng mo go tsone go fitlha jaanong, batho ba ba itsisitsweng ba, ba ba lebeletseng ba itumela mo tsholofelong. Go sa tlhokomelege nako ya masome a dingwaga a a fetileng fa e sale “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo simolola go bopega, tsholofelo ya bone le yone ke e e tshedileng. Jaaka “setlhare sa botshelō,” e tshela mo teng ga dipelo tsa bone, gonne e thailwe mo tsholofetsong ya Modimo e e kwadilweng mo ditsebeng tsa Bibela.—Dia. 13:12; Tshen. 7:9; 21:5; Bar. 8:19-22.
2. (a) “Boidiidi yo bogolo yoa batho” bo rapelela go godisiwa ga ga Jehofa Modimo mo boemong bofe jo bo tshwanetseng? (b) Ka go rapela gore, “leina ya gago a le itshepisiwè,” ba rapelela kgato efe, mme eno e tla diragala leng?
2 Go feta tsotlhe, ba solofela go tlhongwa mo go gaufi ga bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa Mmopi. Ba lemoga sentle gore o siame mo go laoleng lobopo lotlhe lwa popo ya gagwe. Ka gone, ka mo go sa fetogeng ba kgatlhanong le “nōga ea bogologolo,” Satane Diabolo, yo o atlholang le go reelela bolaodi jwa ga Jehofa bobe a ba a dira gore bontsi jwa lobopo lwa batho bo nne kgatlhanong le jone. Ba rapela Thapelo ya Morena go Jehofa mme ba re: “Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Math. 6:9, 10) Ka jalo ba rapela Jehofa ka boene go itshepisa leina la gagwe. O tla arabela thapelo e nakong ya “sepitla se se segolo” se se atamelang, seo se tla fitlhelelang tlhoro ya sone mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” ka Hara-Magedona eo e tla latelwang ke go golegwa le go latlhelwa mo moleteng o o senang bolekeletso ga “nōga ea bogologolo” le “losika” lotlhe lwa yone lwa badimona.—Esek. 36:23; 38:16, 23; 39:27; Tshen. 16:14, 16; 20:1, 2.
3. Go ya ka Tshenolo 7:9, 10, “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa bao ba solofelang bo tla tshela go ka bogela ditiragalo dife?
3 “Boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa bao ba solofelang bo tla falola go nna basupi ba go tlhongwa ga bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe le go itshepisiwa ga leina la gagwe. Ka mo go tshwanetseng he, Tshenolo 7:9, 10 ka boperofeti e ba tshwantsha jaaka morago ga dilo tse, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo o o femetsweng le pele ga Morwawe yo o intshitsheng setlhabelo, eleng Jesu Keresete, mme ka tebogo ba re: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.”
4. Ka ntlha ya gore “boidiidi yo bogolo yoa batho” ga bo arole mo dipoifong tsa batho ba lefatshe, ke eng seo ba se dirang ka boikokobetso le ka poifo fa pele ga babusi ba lefatshe?
4 Mo seemong sa metlha ya gompieno ya pele ga fa “sepitla se segolo” se itaya, fa lefatshe le rerega ka ntlha ya poifo, “boidiidi yo bogolo yoa batho” ga bo boife seo batho ba lefatshe ba se boifang. Ka bopelokgale ba utlwa seo moaposetoloi Petere a se kwadileng: “Me lo itshepise Keresete dipeduñ tsa lona e le èna Morèna; lo nntse lo iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola moñwe le moñwe eo o lo botsañ kaga cholohèlō e e mo go lona, go re, e cwa kae? leha go nntse yalo e nnè ka boikokobeco le poihō.”—1 Pet. 3:15.
5. Ba tsaya karolo jang mo tirafatsong ya boperofeti jwa ga Jesu go Mathaio 24:14, mme boikutlo jwa bone ke bofe maloka le taolo ya ga Jesu go Mathaio 28:19, 20?
5 Ka go tlhoka bogagapa ba abalana tsholofelo ya bone ya kgalalelo le mongwe le mongwe yo o fa gaufi. Ka jalo ba tsaya karolo mo tirafatsong ya boperofeti jwa ga Jesu: “Me mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” Go potlakile bogolo go feta pele go reetsa taolo ya ga Jesu: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetse, . . . Lo ba rutè.”—Math. 24:14; 28:19, 20.
6. Ke ka ntlhayang re tla nnang ba ba sego bogolo go Bakeresete ba pelenyana bao ba neng ba na le tsholofelo e e tshwanang mo makgolong a dingwaga a a fetileng?
6 Ga go ope yo o nang le tsholofelo e e thailweng mo Bibeleng jaaka ya rona. Ke selo se sentle bogolo go se abalana le ba bangwe. Tsholofelo ya rona ke khumo eo re ka e itumelelang. “Lo itumèlè mo choloheloñ,” rea bolelelwa. (Bar. 12:12) Ka go ikanya re ka lebelela tiragatso ya yone mo bogautshwaneng. Ga se lefela fa re ntse re emetse tiragatso ya yone ka boitshoko. Bakeresete ba pele ba ne ba lebeletse pele fela go seo re tlogang re se bona se diragadiwa. Re tlabo re le lesego tota fa re itemogelela tiragatso e kgolo ka sebele.
DITIRO TSA MODIMO ELERURI DI TLA DIRELA MOLEMO
7, 8. (a) Ke ka ntlhayang fa re sa lebelele mo gontsi thata go na le mo go ka diragalang? (b) Mo ntlheng e, rona jaaka moaposetoloi Paulo, re itse eng, jaaka se thadisitswe go Baroma 8:28-30?
7 Ga re solofele mo go fetang moo go ka diragalang, faele gore go kwadilwe mo lefokong la Modimo. Ga o kitla o palelwa ke sepe se se kwadilweng! Ga o kitla o tlhaela mo tsholofetsong ya ona e e itumedisang, ka gobo ke Modimo Mothatayotlhe. Faele gore rea mo rata ebile re go bontsha ka kutlo ya rona, ga a kitla a retelelwa ke go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe tse di molemo mo go itumedisang. Rona, mmogo le moaposetoloi Paulo wa lekgolo la dingwaga lantlha C.E. re itse seno. Go Baroma 8:28-30, e e kwadilweng ekane ka 56 C.E., Paulo o ne a dira tlhomamiso e:
8 “Me rea itse [gore Modimo o dira gore ditiro tsotlhe tsa gagwe di dirisane mmogo molemong wa bao ba ratang Modimo,a NW,] eboñ bōnè ba ba bidicweñ kaha boikaeleloñ yoa ōna. Gonne ba o ba itsileñ galè, o bile o ba laoletse galè gore ba bopègè mo chwanoñ ea Morwa ōna, gore a nnè motsalwapele mo baneñ ba le bantsi: me bao o ba laotseñ galè, o bile o ba biditse; le ba o ba biditseñ, o bile o ba siamisitse: me ba o ba siamisitseñ, o bile o ba galaleditse.”
9. Bibela ya rona ya Setswana le palo e e rileng ya diphetolelo tsa segompieno tsa Bibela di fetolela Baroma 8:28 jang, mme diphetolelo tse dingwe tsa segompieno di balega jang jaaka New World Translation?
9 Mo Bibeleng ya rona ya Setswana Baroma 8:28 e balega jaana: “Me rea itse ha dilō cotlhe di dihisanya mmōgō go dihèla ba ba ratañ Modimo molemō, eboñ bōnè ba ba bidicweñ kaha boikaeleloñ yoa ōna.” Palo e ntsinyana ya diphetolelo tsa segompieno tsa temana eno ya Bibela di balega ka tsela e e tshwanang. Lefa go ntse jalo, The Bible in Living English ya ga Byington e balega jaana: “Mme re itse gore go bao ba ratang Modimo, Modimo o neela tirisano-mmogo yotlhe bakeng sa molemo, go bao, jaaka go tshwanetse boikaelelo jwa gagwe, ba biditsweng.” The Emphasised Bible ya ga Rotherham e balega jaana: “Rea itse gape gore go bao ba ratang Modimo Modimo o dirile gore dilo tsotlhe di dire mmogo bakeng sa molemo.” The New Testament ya ga Lattey e balega jaana: “Mme re itse gore go bone bao ba ratang Modimo o dirisantse dilo tsotlhe mmogo bakeng sa molemo.”—Bona gape le The Authentic New Testament ya ga Schonfield, ts. 338, serapa 2.
10, 11. (a) Ke ditiro dife tseo Modimo a di dirang gore di dirisane mmogo molemong wa ba ba biditsweng? (b) Ke mofuta ofe wa ditiro tsa botho oo o sa tshwanelang go akarediwa gare ga “dilō cotlhe” tse di umakilweng go Baroma 8:28?
10 Dilo tsotlhe tseo di thadisitsweng go Baroma 8:28-30 ke ditiro tsa Modimo, eseng tsa motho. Ke ditiro tsa Modimo tseo, go ya ka rekoto eo, o di dirang gore di dirisane mmogo molemong wa ba ba biditsweng bao ba mo ratang, ka gobo o batla gore ba bone Bogosi joo a ba bileditseng go jone. Mme fa mongwe a iphaka go nna Mokeresete yo o kolobeditsweng go ya bogosing jwa selegodimo a dira ka go sa dumalane le pitso ya gagwe ya selegodimo, ga re ne re lebelela Modimo gore a dire gore kgato e e jalo e direle motsayakgato molemo, kana le eleng gore kgato ya gagwe ka boyone fela e tla direla molemong wa gagwe. Ka sekai, fa yo o ipolelang go nna Mokeresete wa pitso ya selegodimo a kopanela ka boatla fela mo motshamekong ka nako ya gagwe ya boitapoloso mme abo a roba leoto la gagwe kana a ithintsha lengole, a Modimo o dira gore kgobalo eo e direle motshameki molemo? Kana fa, ka ntlha ya tlhaelo le ditshekamelo tse di phoso, Mokeresete yo o biditsweng a tlhopha go feta mo lefelong la diaka ka ntlha ya keletso ya go rata go itse kana go bogela fa banna ba bangwe ba hepisediwa mo boitsholong jo bo maswe jwa bonna le bosadi le diaka mme ene ka boene a bo a wela mo maanong a a gogelang a seaka mme a bo a dira kgokahalo, a Modimo o ka lebelelwa go dira gore boitemogelo joo bo direle moleofi molemo? A go baya Modimo mo tekong mo go jalo go direla molemo?
11 Matswela a kgobalo e e jalo ya mmele kana ya boitsholo a ikaegile gotlhelele mo mothong yo o amegileng faele kaga gore o arabela jang go diphelelo tsa tsela ya gagwe ya boeleele. A ka nna a ithuta sengwe go tswa mo boitemogelong jo bo botlhoko jo bo jalo. Mme a go ithuta ga gagwe sengwe go dira gore tiragalo yotlhe e nne ya ditiro tsa Modimo, segolo thata ka ntlha ya gore o ka nna wa dirisa kutlwelo-botlhoko mo kgannyeng e? Eleruri nnya! Ga go a tshwanela go akarediwa gare ga “dilō cotlhe” tse di umakilweng ke Paulo go Baroma 8:28.
12. Ditiro tsotlhe tsa Modimo jaaka di thadisitswe go Baroma 8:29, 30 di ntse jang, mme Paulo o di anela ka thulaganyo efe?
12 Fa re ntse re tswelela go bala ditemana 29, 30 mme re tlhokomela ditiro tsa Modimo jaaka di kailwe moo, re lemoga gore ditiro tsotlhe tsa Modimo, go sa kgethololwe epe, di molemo go Mokeresete yo o laoletsweng gale le yo o biditsweng. Gape, di dirisana mmogo molemong wa moruaboswa wa Bogosi mo kgatong nngwe le nngwe ya fa Modimo o tsamaisa dikgang. A retolola dikgato, Paulo o a kwala: “Gonne ba o ba itsileñ galè, o bile o ba laoletse galè gore ba bopègè mo chwanoñ ea Morwa ōna, gore a nnè motsalwapele mo baneñ ba le bantsi: Me ba o ba laoletseñ galè, o bile o ba biditse; le ba o ba biditseñ, o bile o ba siamisitse: me ba o ba siamisitseñ, o bile o ba galaleditse.”
13. (a) Modimo o galaletsa leng bao ba kaiwang ba siame? (b) Go kaiwa ga batho-ka-bongwe jaaka ba ba siameng go diragala mo motheong ofe?
13 Modimo o galaletsa leng? Fa o neela yo o amogetsweng bogolo jwa kitso ya Morwa wa gagwe wa motsalwapele yoo jaanong a tsholeleditsweng kwa letsogong la Ona le legolo. Ka gone Modimo o ba tsentse mo tseleng eo e isang kgalalelong ya selegodimo. Morago ga tiro e ya ntlha ya Modimo, morago ga moo o ka ba kaya ba siame, mme fela fa ba na le tumelo mo go Keresete yo o galaleditsweng go ya ntlheng ya go ineela mo Modimong gotlhelele.
14. (a) Go diragala jang gore motho a iphitlhele gare ga “ba ba bidicweñ” ke Modimo? (b) Go diragala jang gore mongwe a akaretswe go ‘ba ba laoletsweng gale’?
14 Modimo jaanong o bitsa jang morutwa yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa Morwa wa gagwe yo o galaleditsweng, gore a tle a ‘tlolagantshetswe mo bogosing jwa Morwa lorato lwa ona’? (Bakol. 1:13) Modimo o dira jalo ka go mo tsala ka moya wa Ona go nna morwa yo o tsetsweng ka moya wa Modimo. Jaanong he ke moo Modimo o ka bitsang kana o ka laletsang Morwa yo o jalo wa semoya go nna karolo ya bogosi jwa selegodimo, joo bo ka ipelelwang ke bao labofelo ba tsosediwang botshelong jwa semoya kwa legodimong. (1 Bakor. 15:43-50) Modimo o ne wa laolela gale gore go tshwanetse go nna le setlhopha sa bakaulengwe se se kopanelang le Morwa wa Ona, e le se se nang le sebopego sa bomodimo se se tshwanang ebile se bopegetse mo setshwanong sa Morwa wa ona wa motsalwapele, eleng Jesu Keresete. Ka jalo, morago ga go bidiwa, ngwana yo o tsetsweng ka moya wa Modimo e nna leloko la setlhopha se se laoletsweng gale, seo mo go sone a tshwanetseng go itshupa a le boikanyo go fitlha losong lwa gagwe lwa selefatshe. Modimo o laoletse setlhopha se gale, eseng motho ope yo o tsenang mo setlhopheng seo ka go bidiwa ka leina. Modimo o laoletse gale gore palo ya bakaulengwe ba ga Keresete ba selegodimo e ne e tla nna 144 000, go sa umakiwe batho bape ka maina maloka le yone.—Tshen. 14:1-3.
15. Modimo ‘o itsile gale’ ba ba laoletsweng gale leng ebile jang?
15 Go Baroma 8:29, 30 moaposetoloi Paulo o bontsha gore setlhopha seo sa Bakeresete bao Modimo o tswelang-pele go ba galaletsa le go ba neela tlotlo, go ba kaya ba le tshiamo, go ba bitsa le go ba laolela gale, o ‘ba itsile gale.’ Ke sone seo Modimo o se dirileng morago kwa mo tshimong ya Edena fa a ne a neela boperofeti jwa gagwe malebana le “losika” lwa ”mosadi” yo o leng wa gagwe le kgato e e fenyang ya “losika” loo. (Gen. 3:15) Ka gone, dikete tsa dingwaga pele “losika” lo lo nna gone, Modimo e ne e le wa ntlha go ka lemoga go tlhokega ga lone le kabelo ya lone e e kgethegileng ya tiro. Go tloga foo go ya pele Modimo o ‘itsile gale’ tshwanelo ya ona go tlhagisa “losika” lo lo jalo. Ka jalo seno se ne se tsaya maemo a ntlha mo thulaganyong ya Modimo. Ka gone, seo Modimo o neng o se kaya se tshwanela go ka ‘itselwa gale’ o ne a se boloka mo kakanyong le mo pelong ka dinako tsotlhe go fitlha fa a tlhagisa “losika” loo ka Morwa wa ona Jesu Keresete le barutwa ba ba ikanyegang ba ba tsetsweng ka moya ba Morwa yo. Go ralala nako yotlhe go fitlha ka nako ya go bonala ga “losika” loo Modimo o ile wa go itsela pele mme a go naya tlhokomelo e e ratwang segolo.
16. (a) Nngwe le nngwe ya “ditiro tsotlhe tsa ona, NW” jaaka di umakilwe go Baroma 8:28-30 e dira karolo ya yone jang? (b) Ka jalo ke eng se se tlhomamisegileng ka botlhe bao “ba bidicweñ kaha boikaeleloñ yoa ona”?
16 Ka gone, go tloga tshimologong go ya bokhutlong, ke “ditihō” tsa ga mang tseo re di thadiseditsweng go Baroma 8:28-30? Ke “ditihō” tsa Modimo. Mme ereka e le Modimo yo o tlhomameng, yo o sa ikganetseng mo ditirong tsotlhe tsa gagwe, o “dira gore ditiro tsotlhe tsa gagwe di dirisane mmogo molemong wa bao ba ratang Modimo, NW.” Ga go epe ya “ditiro tsotlhe tsa gagwe” eo e tswileng, e sa dumalane le ditiro tsotlhe tsa gagwe tse dingwe tse di nang le boikaelelo. Ditiro tseno di tswelapele ka thulaganyo, e nngwe e isa go e nngwe ebile e e rulaganyetsa sentle. Boikaelelo jwa Modimo bo bogolo, mme o itse sentle-ntle fela ka moo a ka bo diragatsang ka katlego ka teng. Ka jalo “bōnè ba ba bidicweñ kaha boikaeleloñ yoa ōna” ba ka tlhomamisega gore ga a kitla a palelwa. Faele gore ba nna ba ntse ba ikanyega le go dirisana mmogo le ene ka lorato, ba tlhomamisega gore ba tla nna le karolo mo phitlhelelong ya boikaelelo jwa gagwe ka go nna le karolo e e tlhagafetseng mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo le Jesu Keresete.
SETLHOPHA SE SENGWE SE ITSETSWE-PELE
17. Modimo o nnile le boikaelelo bofe jo bo lorato maloka le ba ba biditsweng le go laolelwa gale, mme go tloga leng?
17 Ka tiriso ya “ba ba bidicweñ” bao Modimo o “ba itsileñ galè,” o na le boikaelelo jo bo lorato go bo dira. Jono bo ne bo itsisitswe ka tlhamalalo dingwaga di le 2 083 morago ga popo ya ga Adame, eleng, ka 1943 B.C.E. Ka nako eo Modimo o rile go tlhogo ya lotso e e ikanyegang Aberahame: “Mo go wèna, ditshika cotlhe tsa lehatshe di tla segohala.” Ka jalo tshegofatso eno e ne e akaretsa lefatshe mme e ne e tla diragatswa ka “losika” lwa ga Aberahame. (Gen. 12:1-3; 22:17, 18) “Losika” lo lo boleletsweng-pele lo lo ne lo tla dirwa ka Jesu Keresete le barutwa ba gagwe “ba ba bidicweñ” ba ba 144 000. (Tshen. 7:1-8; 14:1-3; Bagal. 3:16, 29) Tsholofetso ya Modimo go Aberahame e bontshitse kitsetso-pele ya Ona ya setlhopha sa “losika” kwantle ga go umaka palo e e tlhomameng ya bone. Buka ya bofelo ya Bibela ke yone fela e neelang palo eo.
18. Mo metlheng ya bogologolo pele ga Keresete, Modimo o ne wa dirisa batho-ka-bongwe le ditlhopha go tshwantshetsa-pele eng?
18 Mo metlheng ya bogologolo pele ga Keresete, go ne go le batho-ka-bongwe le ditlhopha tseo di neng tsa itsalanya le ditlogolo tsa tlholego tsa ga Aberahame. Modimo o ne wa dirisa bano jaaka ditshwantshi kana dipontsho tsa boperofeti tsa batho ba metlha e eleng ya rona ya segompieno bao ba itsalanyanang le go kopanela le masalela a mannye a “ba ba bidicweñ” bao ba santseng ba le mo lefatsheng.
19. Tshenolo 7:9-14 e tshwantsha jang bankane ba ba tlhagafetseng bao ba masalela a barutwa “ba ba bidicweñ” ba ga Keresete, mme ba tla nna le tshiamelo efe mo bogautshwaneng?
19 Buka ya bofelo-felo ya Bibela, eo e kwadilweng ke moaposetoloi Johane wa Mokeresete ekane ka ngwaga wa 96 C.E., e ne ya bolelela-pele le go tshwantsha bankane ba ba tlhagafetseng bao ba masalela a “ba ba bidicweñ” jaaka “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo senang palo. Maloko a “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo a tshwanetse go bolokiwa a ntse a tshela go feta “sepitla se segolo” se se tlang, ee, go feta ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona mme ba tla tsena mo Thulaganyong e Ntšha mo lefatsheng le le phepafaditsweng tlase ga puso ya ga Jesu Keresete ya dingwaga tse di sekete le “ba ba bidicweñ” ba gagwe ba ba 144 000. Setshwantsho sa boperofeti sa “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo jaaka se kwadilwe go Tshenolo 7:9-14 se ne sa tlhalosiwa ka dipuo le dibuka ka ngwaga wa 1935.—Tshen. 16:14, 16.
20. Go tloga ka 1935, mo dikgatisong tsa rona go ile ga gatisiwa ditshwantshi le dipolelelo-pele di le kae tseo di neng di supela go boidiidi jo bogolo, mme ke ka ntlhayang tsholofelo ya bone e le ya mofuta wa yone fela mme lefa go ntse jalo e tlhomamisegile go ka diragala?
20 Mo dingwageng di le 45 go tloga foo, bobotlana ditshwantshi kana dipontsho tsa boperofeti di le 42 tsa “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo jwa bafalodi ba Hara-Magedona di ile tsa thadisiwa mo dikgatisong tsa Watch Tower Society. (Bona You May Survive Armageddon into God’s New World, e e gatisitsweng ka 1955, le ditsebe 367, 368.) Ditshwantshi le dipolelelo-pele tsotlhe tse di bontsha gore Modimo o ne o ikaeletse molemo fela go “boidiidi yo bogolo yoa batho” jono jo bo itseditsweng-pele. Ke ka gobo le bone gape baa mo rata. Bontsi jwa bone bo ile jwa ikitlieletsa go bontsha lorato lwa bone lo lo sa kgaogeng go ene le eleng ka go swela tumelo. Eleruri, tsholofelo e e beilweng pele ga “boidiidi yo bogolo yoa batho” ke eo e iseng e neelwe bontsi jo bogolo jwa lobopo lwa batho. Lefa lemororo tsholofelo ya bone e le ya mofuta wa yone fela le e ntle, ka boikanyo ba lebile pele go tiragatso ya yone e e fa gaufi. Tsholofelo e ya bone e e tshelang le ka motlha ga e kitla e swabisiwa, gonne Modimo o o neelang tsholofelo o a ikanyega. Tsholofetso ya ona go bone e a ikanyega ebile e tlhomame: “Eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi o tla tsharolola motlaagana oa gagwè godimo ga bōnè. Ga ba ketla ba tlhōla ba bolawa ke tlala gopè, leha e le lenyōra: le letsatsi ga le ketla le ba babalèla, leha e le mogote opè: Gonne Kwana eo o ha gare ga setulō sa bogosi o tla nna modisa oa bōnè, me o tla ba gōgèla kwa mecwediñ ea metse a botshelō: me Modimo o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.”—Tshen. 7:15-17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mmalo ono o latela Mokwalo wa Vatican No. 1209, Mokwalo wa Alexandrine, le Papyrus No. 46. Bona The Syriac New Testament ka Dr. James Murdock.