Jehofa Ke “eo u Utlwañ Thapèlō”
MOPESALEMA Dafide o ne a bitsa Jehofa “eo u utlwañ thapèlō,” mme go na le bosupi jo bontsi jwa gore Modimo, tota, o araba ditopo tse eleng tsa boammaaruri. (Pes. 65:2) Se se lemotshegang mo ntlheng e ke boitemogelo jo bo latelang go tswa Portugal:
Mooki yo o kwadisitsweng o ne a tseelwa kwa godimo thata ke ditsala le ba ba mo tlwaetseng. Mme lenyalo la gagwe le ne le retetse, monna wa gagwe labofelo a ba a mo tlogela ka baka la botshelo jwa gagwe [monna] jwa boitsholo jo bo maswe. E le mosadi wa modumedi yo o kwa godimo, letsatsi lengwe mooki a rapela a feletswe ke tsholofelo, a tlhalosa go eletsa ga gagwe botshelo jo bo itumedisang mme a kopa gore Modimo o ka mo itsese fa o na le boikaelelo jo bo nang le mosola.
Thapama yone eo, Basupi ba ga Jehofa ba tla ntlong ya mosadi fa ba ntse ba le mo tirong ya bone ya go rera ka ntlo le ntlo. O ne a sa tswa fela mo metsing mme o ne a santse a apere mosese o motelele. Mme le eleng go tswa dintlheng tsa boikitsiso tse dikhutshwane tsa mongwe wa Basupi, mooki o ne a bona gore thapelo ya gagwe e arabilwe. Jalo a laleletsa banyalani ba Basupi mo ntlong ya gagwe, a botsa dipotso tse dintsi a ba a itumelela go amogela dikarabo tsa Dikwalo. Thuto ya Bibela ya simololwa le mosadi, mme ka bonakonyana a ba a tla dipokanong tsa Bakeresete ka metlha.
Morago ga nako, mooki ka boene a nna mmoledi wa “mahoko a a molemō” mme a tsamaisa thuto ya Bibela. Eseng bogologolo, o ne a baakanyetsa go kolobediwa a supa boineelo jwa gagwe go Jehofa, “eo u utlwañ thapèlō.”