LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 3/1 ts. 5-7
  • Eli, Moperisiti yo O Neng a Retelelwa Jaaka Rre

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Eli, Moperisiti yo O Neng a Retelelwa Jaaka Rre
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO REPISA MO KOTLHAONG GO LERE MAHUMAPELO
  • DIBE TSA BOMORWA ELI
  • KATLHOLO YA MODIMO KGATLHANONG LE NTLO YA GA ELI
  • Samuele O ne A Nna a Dira se se Siameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Samuele O ne A Tswelela a Dira se se Siameng
    Ruta Bana ba Gago
  • Jehofa o Bua le Samuele
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne “A Tswelela a Gola fa Pele ga ga Jehofa”
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 3/1 ts. 5-7

Eli, Moperisiti yo O Neng a Retelelwa Jaaka Rre

GA GONA motho yo o etleng a seke a tlhola a tlhoka kotlhao. Kotlhao e thapisa motho go dira ka tsela e e siameng, e e nang le mosola go gaisa. Jaaka re lebane le botshelo, gangwe le gape re rakana le maemo a a farologaneng, mangwe a one a le masha go rona, mme a mantsi a one a leka tota. Go tsenelela mo maitemogelong a go a re otlhaya.

Ereka se se ntse jalo le eleng ka bagolo, ngwana o tlhoka kotlhao e e oketsegileng. Boitemogelo bongwe le bongwe bo bosha mo go ene. Go feta moo, ka baka la thuo go tswa batsading ba ba sa itekanelang, “boeleele bo bohelecwe mo peduñ ea ñwanyana; me thupa ea koatlhaō e tla bo lèlèkèla kgakala mo go èna.”—Dia. 22:15.

Ka baka le Modimo o bolelela batsadi kaga botlhokwa jo bogolo jwa go ruta bana ba bone go utlwa molao, go nna ba le phepa boitshwarong le go nna le lorato lwa Modimo. Fa ba sa ithute melao-metheo e mo go ruteng ga batsadi ba ka lefoko la molomo, mme ba sa utlwe ebile ba sena molao, mofuta mongwe wa kotlhao o tshwanetse go dirisiwa. Go repisa kana go retelelwa ke go dira se go tla felela ka bana bao, morago, ba tla sekeng ba reetse batsadi gotlhelele, mme se se ka felela ka tatlhego e kgolo go bana le batsadi ka bobedi.

GO REPISA MO KOTLHAONG GO LERE MAHUMAPELO

Eli e ne e le rre mo Iseraele wa bogologolo. Gape e ne e le moperisiti—moperisiti yo mogolo wa morafe. Ka gone, o ne a na le kitso e ntsi mo molaong wa Modimo. Mo botshelong jo eleng jwa gagwe, o ka ne a dirile ditiro tsa gagwe tsa boperisiti ka boikanyego. O ka ne a rutile le eleng bomorwawe molao wa Modimo sentle thata. Mme ka mo go bonalang o ne a le bokoa, a repisitse, a neneketsa thata ka bomorwawe, gape ga ka a tswelela a ba a diragatsa kotlhao e e tlhokegang, ka phelelo ya gore o ne a welwa ke go sa itumele ga Modimo mme a iteretse mahumapelo. Mme Eli o ne a retelelwa gotlhelele le eleng mo ntlheng e kgolo thata—ga ka a itshupa a le tlhaga mo kobamelong ya boammaaruri, e e phepa ya Modimo fa bomorwawe ba babedi ba ne ba tsenelela mo go robeng molao wa Modimo.

DIBE TSA BOMORWA ELI

Fa bomorwa Eli ba godile ba bile ba nyetse, le Eli a tsofetse thata, pego ya boitsholo jwa bomorwawe jo bo tlhabisang ditlhong ya nna ya tla go ene. Pego e a bolela: “Me yana bomorwa Eli ea bo e le banna ba diramatla hèla; ba ne ba sa itse Yehofa. Me tèmalō ea baperisiti mo bathuñ e ne e le, go re, e re ha monna moñwe a isa tlhabèlō, go tle motlhanka oa moperisiti nama e sa nntse e apeilwe e bela, a tle a chotsè sekgogetsa nama se se dikobe di le tharo ka seatla; Me a tlhabèlè ka shōna mo pitsaneñ, kgotsa mo keteleñ, kgotsa mo moetaneñ kgotsa mo pitseñ; me gotlhe mo go tserweñ ke sekgogetsa nama moperisiti a go tseè. Mo Shilō ba ne ba dihèlè yalo Baiseraele botlhe ba ba eañ gōna.”—1 Sam. 2:12-14.

Molao o ne o neelana ka tlamelo ya boperisiti ka mokgwa o: Mo tshupelong ya boipolelo, fa moobamedi a ne a neela setlhabelo sa gagwe sa kgomo kana nku, baperisiti ba ne ba letlelelwa sehuba sa phologolo jaaka seabe sa bone. Moperisiti yo o mo tirong o ne a tsaya leoto la moja jaaka seabe sa gagwe. Mme Hofeni le Finehase, bomorwa Eli, ba ne ba dira gore balebedi ba bone ba tsee sengwe le sengwe se sekgogetsa-nama sa bone se setona se neng se ka tla le sona mo pitseng, ka gone ba tlontlolola Modimo ka go lwantsha thulaganyo ya gagwe gape ba kgerisa Moiseraele yo o lerileng setlhabelo. Se se maswemaswe, ba ne ba thukhutha Modimo ka go tsaya seabe sa bone mo tshupelong pele ga dikarolo tse di mafura di ne di neelwa mo sebesong—tlolo ya molao.—1 Sam. 2:15-17; Lefi. 7:32-34; 3:3-5.

Mo godimo ga dibe tsa bone, banna ba ba bosula ba ba ne ba dira ditiro tsa boitshwaro jo bo maswe le basadi ba ba neng ba direla mo mogopeng, mo eleng gore Iseraele otlhe o ne a itse ka gone. Gape pego ya go itshekolola felo ga Modimo fa go boitshepo ga bone mo go maswemaswe ga tla mo ditsebeng tsa ga Eli.—1 Sam. 2:22.

Mono ke fa thetelelo e kgolo ya ga Eli e neng e le teng. Jaaka rragwe Hofeni le Finehase gape, ka bomasisi jo bogolo, jaaka moperisiti yo mogolo wa Modimo yo o tloditsweng wa Iseraele, Eli o kabo a ne a tsere kgato ya kotlhao ka bofefo ka go tlosa banna ba babedi bao mo maemong a bone a boperisiti le go ba ntshetsa kwantle go se tlhole ba direla mo felong fa go boitshepo. Go feta moo, ba kabo ba ne ba otlhaetswe melato ya bone go ya kafa molaong. Go na le moo, Eli o ne a ba raya fela a re:

“Ana lo dihèlañ dilō tse di nntseñ yalo? Gonne ke utlwa ditihō tsa lona tse di boshula ka chaba e eotlhe hèla. Nya, bomorwaaka; ka gonne polèlō e ke e utlwañ ga se polèlō epè e e molemō: lo leohisa batho ba ga Yehofa. Ha motho a leohèla eo moñwe, Modimo o tla mo atlhlola: me ha motho a leohèla Yehofa, e mañ eo o tla mo rapelèlañ?”—1 Sam. 2:23-25.

KATLHOLO YA MODIMO KGATLHANONG LE NTLO YA GA ELI

Lefa go ntse jalo, Modimo o ne o sa robala kana o sa amege kaga kgang mme o ne o setse a atlhotse banna ba ba bodileng ba. Bibela ya re, ‘Jehofa o ne a laotse go ba bolaya,’ gape tumalanong le katlholo e, o ne a romela “monna oa Modimo” kwa go Eli ka molaetsa o o botlhoko thata. (1 Sam. 2:25) Moperofeti a bolelela Eli:

“Yehofa o bua yana, a re, A rure ke ne ka itshenolèla ba ntlo ea ga rragō, ba le kwa Egepeto ba le mo botlhankeñ mo tluñ ea ga Farwè? Me a ke ne ka mo itshenkèla mo dicoñ tsa Iseraèla, gore a nne moperisiti oa me, go tlhatlogèla kwa sebeshoñ sa me go hisa mashwalō, go apara sekhutlana ha pele ga me? Me a ke ne ka naea ba ntlo ea ga rragō dichupèlō cotlhe tsa bana ba Iseraela, tse di dihwañ ka molelō? Ke gōna, lo ragelañ tlhabèlèlō ea me, le chupèlèlō ea me, tse ke di laoletseñ boagō yoa me; u ba u tlotla bomorwao bogolo go nna, go tla lo inontsha ka tse di tlhophegileñ tsa dichupèlō tsa Iseraela, chaba ea me?

“Ke gōna go buañ Yehofa, Modimo oa Iseraèla, a re, Rure ke ne ke rile, ba ntlo ea gago, le ba ntlo ea ga rrago, ba tla nna ba sepela ha pele ga me ka bosakhutleñ: me yanoñ Yehofa a re, A go nnè kgakala le nna; gonne ba ba ntlotlañ ke tla ba tlotla, me ba ba nnyatsañ ba tla nyadiwa. Bōna, metlha eè tla, e ke tla kgaolañ lecogo ya gago ka eōna, le lecōgō ya ba ntlo ea ga rrago, gore go se ka ga nna monna oa mocohe mo tluñ ea gago. Me u tla bōna mmaba mo boagoñ yoa me, mo khumoñ eotlhe e Modimo o tla e naeañ Iseraèla: me ga go ketla go nna monna oa mocohe mo tluñ ea gago ka bosakhutleñ. Me motho oa gago oa monna, eo ke se ketlañ ke mo kgaola mo sebeshoñ sa me, o tla bo a nnèla matlhō a gago go a ya, le go tlhokohatsa pelo ea gago: le loatō lotlhe loa ntlo ea gago lo tla shwèla mo bonneñ yoa bōnè. Me se, e tla nna seshupō mo go wèna, se se tla tlelañ bomorwao boo babedi, mo go Hofeni le Finehase; ka letsatsi le le leñwe hèla ba tla shwa ka bobedi yoa bōnè. Me ke tla icosetsa moperisiti eo o ikanyegañ, eo o tla dihañ kaha se se mo peduñ ea me, le mo mogopoloñ oa me: me ke tla mo agèla ntlo e e tlhomameñ; me o tla sepela ha pele ga motlodiwa oa me ka bosakhutleñ. Me go tla dihala, go re, moñwe le moñwe eo o tla tlogelwañ mo tluñ ea gago, o tla tla a mo ikōbèla go tla a bōna papetlana ea selefera, le kgolokwè ea senkgwè, me o tla re, kea gu rapèla u tlo u ntsenyè mo tihoñ ñwe ea baperisiti, gore ke tlè ke bōnè diyōnyana.”—1 Sam. 2:27-36.

Karolo e nngwe ya boperofeti jo e ne ya dirafadiwa fa, nako e khutshwane morago, bomorwa Eli ba babedi ba ne ba bolawa mo ntweng kgatlhanong le Bafilisitia, mme letlole, leo ba neng ba ile ka lone kwa ntweng, le ne la gapiwa. Eli fa a utlwalela pego, a wela kwa morago mo setilong sa gagwe fa mojakong mme a robega thamo.—1 Sam. 4:10, 11, 18.

Losika lwa ga Eli lo ne lwa tsaya maemo a moperisiti yo mogolo dingwagangwaga morago ga moo, mme ba ne ba bona dipetso tse dintsi, tse di etsang go bolawa ga baperisiti ka taolo ya ga Saulo. (1 Sam. 22:11, 16-18) Karolo e nngwe ya katlholo e ne ya tla dingwaga morago fa kgosi Solomone “ a kgoromeletsa Abiathare [moperisiti yo mogolo, setlogolwana sa ga Eli] kwa ntlè a se ka a tlhola a le moperisiti oa ga Yehofa; gore a tle a dihatsè lehoko ya ga Yehofa, ye o na a le bua kaga ntlo ea ga Eli kwa Shilo.” Solomone a emisetsa Abiathare ka Sadoke. (1 Dikg. 2:27, 35) Sadoke e ne e le setlogolwana sa losika lwa morwa Arone Eleasare, fa Eli e ne e le wa losika lwa ga Ithamare, morwa yo mongwe wa ga Arone. (1 Ditih. 6:50-53; 24:1; 1 Sam. 14:3; 22:9) Le eleng ka nako e Modimo o ne wa letlelela bangwe ba ditlogolwana tsa ga Eli go direla jaaka baperisiti ba babotlana. Mme ba ne ba itemogelela go wa ga kobamelo kwa tempeleng ka nako ya puso ya dikgosi, fa boperisiti bo ne bo sa emiwe nokeng ke batho ka tshwanelo.—2 Ditih. 29:3, 6; 33:7; 34:8-11.

Polelo kaga Eli e gatelela dintlha tse ka botlalo mo re sa ka keng ra tlhokomologa: Rona, jaaka batlhanka ba Modimo, re tshwanetse go latela kgakololo ya Bibela go ruta bana ba rona Lefoko la Modimo tsatsi le letsatsi gape, fa re ntse re ba bontsha lorato le kamego, re tshwanetse go ‘ba godisetsa mo kotlhaong le mo taong ya Morena.’ (Baef. 6:4; Dute. 6:4-9) Fa batsadi ba mpampetsa go dira phoso mo baneng ba bone, ruri ba tla latlhegelwa ke tlotlo ya bana. Batsadi ba ba ntseng jalo morago ba tla fitlhela gore ba sentse puisano, mme ka maswabi ba tla bona bana ba bone ba ba latlhegela mo ditseleng tsa lefatshe.

Le eleng ga botlhokwatlhokwa, sekao sa bomorwa Eli se re bontsha sentle ntlha ya gore tiriso nngwe le nngwe ya bogagapa ya boemo jwa rona jaaka batlhanka ba Modimo e tla re leretse katlholo ya Modimo e e botlhoko. “Ha motho leha e le mañ a senya tempela ea Modimo, le èna Modimo o tla mo senya”.—1 Bakor. 3:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela