LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 3/1 ts. 3-5
  • Boikaelelo jwa Modimo jwa Bogosi Bo a Fenya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boikaelelo jwa Modimo jwa Bogosi Bo a Fenya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGOSI YA MODIMO
  • KATLHOLO YA MODIMO KGATLHANO LE MERAFE
  • TALETSO E E BOUTLWELO-BOTLHOKO
  • “Taelo ya ga Jehofa” E ka Se Palelwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Bogosi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Puso ya Boammaaruri ya “Kgōsana ea Kagishō” Gareng ga Baba
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Bogosi Jwa Modimo Bo A Busa
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 3/1 ts. 3-5

Dipesalema

Boikaelelo jwa Modimo jwa Bogosi Bo a Fenya

MODIMO o na le boikaelelo. Merafe e na le boikaelelo. Maikaelelo a farologana thata ka gonne, mo mafokong a Modimo, “yaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lehatshe, yalo mekgwa ea me e kwa godimo bogolo go mekgwa ea lona, le megopolō ea me bogolo go megopolō ea lona.” Mme le boikaelelo jo bo molemo jwa Modimo go setho bo botoka fela jalo.—Isa. 55:9.

Go dira mo go fapaaneng mo ga maikaelelo go tlhalositswe ke mopesalema, yo o kwadileng: “Ana merahe e shakgaletseñ, le dichaba di tlhatlhanyetsañ selō sa boithamakō?” Boikaelelo jwa bone bo lolea, bo boithamako, bo hutseditswe mo go palelweng, lefa go le jalo ba tswetsepele go bo latela. Ga bo kgone go tlisa kagiso le tumalano mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, ba tsweletsa ditiro tsa bone mo eleng gore ba ganetsa puso ya Modimo, gonne, mopesaleme o re: “Dikgosi tsa lehatshe dia ikemisa, le balaodi ba logisanya maanō, kaga Yehofa, le kaga Motlodiwa oa gagwe.”—Pes. 2:1, 2.

KGOSI YA MODIMO

Motlodiwa yo ke Jesu Keresete, kgosi ya Modimo. Baaposetoloi ba diriseditse Pesalema 2:1, 2 go Jesu. (Dit. 4:24-27) Merafe e ne e ka mo dumela, mme e ikutlwa gore e ne e ka se rate go tla tlase ga ditlhokafalo le dithibelo tseo Jehofa le kgosi ya gagwe e e tlhophilweng ba tla di tlhomang, mme ka jalo ba re: “A re kgaoleñ dithapō tsa bōnè, le megala ea bōnè re e latlhè mo go rona.”—Pes. 2:3.

A maiteko a a merafe go tswelapele ka bolaodi jo eleng jwa bone le mofuta wa bone wa puso a tshwenya Modimo? A re: “Ena eo o dutseñ mo magodimoñ o tla tshèga: Yehofa o tla ba shotla.” O tswelapele ka boikaelelo jwa gagwe jaaka ekete babusi bano e bo e se sepe. Lefa go le jalo, ga a itumelele boikutlo jwa bone, gonne, ka nako eo ba dirang gore maiteko a bone a tlhabane le boikaelelo jwa gagwe, “ke gōna hoñ o tla buañ nabō ka bogale yoa gagwè yo bogolo [jaaka modumo o mogolo wa dikgadima], o tla ba rèma marapō ka bogale yoa gagwè yo bo tukañ [jaaka go ratha ga legadima].” Seo a se bolelang se ba tshwenya bogolo: “Leha go nntse yalo ke tlhomile kgosi ea me mo thabaneñ ea me e e boitshèpō ea Siona.” Setulo sa bogosi godimo ga lefatshe se setse se dutswe ke kgosi ya Modimo e e tlhophilweng, tlhopho ya gagwe. Ga go tlhole go na le bodulo bakeng sa yo mongwe.—Pes. 2:4-6.

He Jesu Keresete Kgosi o a bua ka boene: “Ke tla bolèla ka taolō: Yehofa [Modimo o ne o setse o dirile kgolagano ya Bogosi le Morwa wa ona] o ntheile, a re, U morwaake; ka tsatsi yeno ke gu tsetse.” Kgosi, he, ke Morwa wa Modimo ka sebele, yo o nang le boemo jo bo gaufi-ufi le Ene, Yo o lekilweng le go nna boikanyo. Kgosi jaanong e supela go tlotla ya gagwe go nna kgosi, gonne Modimo o mo reile a re: “Ntōpa, me ke tla gu naea merahe go nna boshwa yoa gago, le dikhutlō tsa lehatshe go nna thuō ea gago.” O na le boswa jaaka yo Modimo o mo dirileng motsalwa-pele; sotlhe seo a tshwanetseng go se dira ke go lopa, moo a go dirang gonne a na le keletso e kgolo go dira thato ya Modimo malebana le lefatshe.—Pes. 2:7, 8.

KATLHOLO YA MODIMO KGATLHANO LE MERAFE

Jalo, he, boemo jwa merafe gompieno ke bofe, mmogo le dibetsa tsotlhe tsa bone tsa ntwa? Katlholo ya Modimo e tla dirafatswa ke kgosi: “U tla ba thubakanya ka tsamma ea tshipi; u tla ba phatlakanya yaka seyana sa mmopi.” Ditsamma tsa dikgosi tsa bogologolo e ne e le tsa logong, lonaka lwa tlou kana tse dingwe. Tse dingwe di ne di dirilwe ka tshipi, jaaka eno. Go dirwa ga yone fano go bontsha bomotlhofo joo Keresete Kgosi a tla fedisang merafe ka jone mo e ka se kang ya tlhola e tsoga.—Pes. 2:9.

A go tlhokega gore babusi ba merafe ba utlwe go senngwa ka go phatlakanngwa? Nnya, gonne mopesalema o ikuela go bona: “Ke gōna yana tlhalehañ, lona dikgosi: lo rutègè, lona baatlhodi ba lehatshe.” Ba bolelelwa go tsaya tsia, go lemoga fa maikaelelo a bona a le lolea, jaaka a bapisiwa le seo bogosi jwa Modimo bo tla se dirang molemong wa batho, mme ba siamise tsela ya bone.—Pes. 2:10.

Dikgosi tsa lefatshe di kaelwa go ‘direla Jehofa ka poifo le go itumela ka tlakaselo.’ Fa ba ka tsaya kgato e, mo boemong jwa go shakala, ba ka itumelela ditebelelo tseo Kgosi e di bayang fa pele ga bone. Mme ba ne ba tla tlhoka go tlogela boikgodiso le boikgantsho botlhe, tseo ba di bontshitseng mo pusong ya bone mo nakong e e fetileng. Le gona ba ne ba tshwanetse go dira jalo jaanong, pele fa go nna thari. Go tla ba tlhoka go dirisa temogo malebana le bogolo jwa bolaodi jwa Modimo le go se thibege ga Jehofa le Mesia wa gagwe.—Pes. 2:11.

TALETSO E E BOUTLWELO-BOTLHOKO

Ka jalo babusi ba a gakololwa gore, mo boemong jwa go logisana maano go nna kgatlhanong, ba tshwanetse go ‘atla morwa, gore e se re gongwe [Modimo] a galefa, me loa nyelela mo tseleng.’ (Pes. 2:12) Jehofa Molaodi yo mogolo o tshwanetse go tsewa tsia fa a dira katlholo. Fa a ne a baya Morwa wa gagwe mo setulong sa bogosi, babusi ba lefatshe ba tshwanetse go tlogela go ‘tlhatlhanya selo sa boithamako.’ Ba ka bo ba dumetse kgosi ka ponyo ya leitlho, ba mo utlwa gotlhelele.

Bao ba ganang go lemoga bolaodi jwa kgosi eo Modimo o e tlhophileng tota-tota ba tlhapaola Mogodimodimo. Ba latola bolaodi jwa gagwe jwa lobopo le kgono ya gagwe le tshwanelo go tlhopha kgosi eo e leng mmusi yo o gaisang bakeng sa setho. Ba ba ntseng jalo ba tla welwa ke bogale jwa ga Jehofa ka tshoganetso, fa ba tatalala mo tseleng ya go tsweletsa maano a bone, “gonne bogale yoa gagwè bo tla akoha,” mme kana, bo bofefo go tuka, ka mo go sa thibelegeng. Eleruri e ke tlhagiso e e siameng le eo ba tshwanetseng go e amogela ka tebogo, gonne go e tsaya tsia go kaya botshelo mo go bona.—Pes. 2:12a.

Nako e sale teng, he, go bao ba ntseng ba setse maikaelelo a merafe morago ka tidimalo—le eleng go bao ba ka neng ba tlhabane le bogosi jwa Motlhophiwa wa Modimo—go bona polokesego. Mo kotsing e e tlhagang, bano ba ka tshabela go Jehofa, gonne ka go rata o baakanyetsa botshabelo tlase ga bogosi jwa Morwa wa gagwe, pele ga fa bogosi jo bo thubaganya merafe e e tlhabanang.

Ke jang lefelo le la botshabelo le ka fitlhelelwang, mme ke eng seo le se kayang go bao ba batlang tshireletso go lona? Mopesalema o a konela: “Go segō bōnè botlhe ba ba mo ikanyañ [Jehofa].” (Pes. 2:12b) Tshireletso e ga e thata go ka bonwa. Mme e ka bonwa jang? Motho o tshwanetse go bona pele tlhokafalo ya sengwe se se botoka go na le seo merafe ya lefatshe e nang le go se naya. Morago, ka tlhoafalo o tshwanetse go lebelela mo Bibeleng go bona ka moo botshelo jwa gagwe bo ka fetolelwang mo tseleng ya Modimo. Seno ga se kaye go tshela botshelo jo bo sa tlwaelegang legale.

Bao ba ithutang Bibela, moo kaelo ya Modimo e bonwang teng, ba ka tshela botshelo jo bo kgotsofatsang bogolo. Go sala kgakololo ya Bibela morago go ba naya dikamano tsa lelapa tse di itumetseng bogolo, kgololesego mo dipoifong le matshwenyegong ao a dikileng setho gompieno, le kitso le tsholofelo gore ba itumedisa Mmopi. Ga go ope go na le Molaodi wa lobopo yo o ka nayang tsholofetso ya “botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ [morago ga fa bogale jwa gagwe bo sena go tlosa bao ba tlhabanang le se se siameng ka go gana puso ya gagwe].” (1 Tim. 4:8) Jaaka Mmopi, yo o itseng seo se leng botoka bakeng sa batho, o tla fitlhelela boikaelelo go ba segofatsa ka kagiso, polokesego ya leruri le thethebalo tlase ga bogosi jwa Morwa wa gagwe. (Math. 6:33) Eleruri ke nako e e re tshwanetseng jaanong go ‘tlhalefa,’ ee, go ‘atla Morwa,’ pele ga fa Jehofa Modimo, mo bogaleng jwa gagwe, a tla lailang babusi ba lefatshe le magosi a bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela