Kea Ipela, lemororo ke golofetse
Jaaka e bolelwa ke Lee Doo-yong
E ne e le letsatsi le le tsididi la mariga ka February 1951 fa masole-ka-nna a a boelang morago a ne a ntlogela go swela mo kgatamping ya boitshireletso. Ke ne ke na le dintho tse di botlhoko mo maotong oo-mabedi. Ereka ke ne ke ja kapoko fela, ka letsatsi la boraro ditlhabi tsa tlala di ne di le kgolo go gaisa tsa dintho tsa me. Ka letsatsi la bosupa masole a baba a ne a mpona, le bone ba ntlogela gore ke swe. Ka nako e ke ile ka rapela “Modimo,” go sa kgathalesege gore e kabo e le mang. Faele gore o ne a ka nthusa jaanong, ke ile ka solofetsa gore ke ne ke tla mo direla.
NTWA e e ileng ya tsoga ka June 1950 e ile ya fetola matshelo a rona rotlhe mo seoding sa Korea. Moragonyana mo ngwageng oo ke ile ka kwadisiwa mo masoleng a Korea Borwa, mme pele dikgwedi tse tharo di feta ke ne ke rapame mo kgatamping ya boitshireletso ke dule dintho tse di boitshegang. Seno se nneile nako ya go akanya, ereka e ne e le gona fela mo ke neng ke ka go dira.
Ke godiseditswe mo bodumeding jwa Bobuddha mme ga bo ise bo ke bo tlhotlheletse tsholofelo epe ya boammaaruri mo go nna. Mo koketsong batsadi ba me ba ne ba dumela mo dithutong tse dintsi tsa ga Confucius, kobamelo ya badimo e le selo se segolo mo botshelong jwa rona jwa lelapa. Mme jaanong, fa ke ne ke tlhoka thuso, ke ne ke e batla kwa gongwe go sele, ke rapela “Modimo,” yo o bidiwang Ha-nanim ka Sekorea.
Labofelo, Machina a Bokomanisi a ne a nthopa mme a nkisa kwa ntlung e e tlogetsweng, koo masole-kanna a se makae a neng a tshwerwe teng. Ereka ke ne ke sa batle go tsewa ke masole a Korea Bokone, ke ile ka ngwega, ke ikgoga fa fatshe. Mme ke ile ka thopiwa gape ke Machina a Bokomanisi, bao ka bonako ba ileng ba ntlogela jaaka yo o sa tshelang sentle go tsewa jaaka mogole fwa wa ntwa.
Go fitlha jaanong ekane malatsi a le 50 a setse a fetile fa esale ke tswa dintho. Ke ne ka tshwarwa ke boroko jo bogolo. Nako nngwe moragonyana, ka ntlha ya go sa lekalekane ga ntwa, masole a Korea Borwa a a botsalano a ne a nthwala. Bookelo jwa masole jwa kwa Wonju, mo Korea, koo ke ileng ka isiwa teng, bo ne bo sena didiriswa tsa go ka alafa dintho tsa me tse di kekelang, ka jalo ke ne ka fudusediwa kwa bookelong jwa kwa Pusan. Leoto la me la molema le ne la kgaolwa fa lesufung la kwa godimo, mme leoto la me la moja le ne la kgaolwa fa tlase ga lengole. Ke ne ke hutsafetse le go ngodiega, ke ikutlwa gore ke ne ke sena lebaka la go tshela.
KE SOLOFELE MO BODUMEDING?
Ka nako ya fa ke ntse ke okiwa, moruti wa masole o ne a nketela. Ereka ke ne ke setse ke ka rapela Modimo, ke ne ke ipotsa jaanong gore ekane bodumedi jo jwa “Bokeresete” bo ne bo tla tlisa bokao le boipelo mo botshelong jwa me. Mme tsholofelo epe eo ke neng ke na le yone e ile ya nyelela ka bonako.
Moruti e ne e le motho yo o molemo. O ne a mpolelela gore ke ile ka direla naga ya me sentle, mme ka lebaka leo ke ne ke tla ya legodimong. Lefa go le jalo ga kea ka ka solofela mo go seo. Go nna gone ga me kwa ditirelong tsa bone le ka tsela epe ga di a ka tsa godisa kitso ya me ka Modimo kana go nneela lebaka la go tshela. Tota-tota, ke ile ka tlhomamisega gore tumelo ya “Bokeresete” mo tlhokofatsong ya bosakhutleng e ne e se fela e e sa utlwaleng, mme gore e ne e ka se tswe go Modimo wa boammaaruri.
MAITEKO MO GO ITLHABOLOLENG
Dingwaga tse pedi tsa me mo bookelong di ne di le botlhoko, bogalaka le lolea. Ka lekgetlo la ntlha fa baoki ba ne ba nthusa go tsamaya ka ditokololo tsa me tse dintšha tsa maitirelo, sefofane se ne sa fofa fa godimo mme, jaaka ke ne ke lelala go se leba, ke ile ka wa ka mokokotlo. Seno se ile sa nnyemisa mooko le go tlaletsa maiteko a me. Baoki ba ile ba dira ka thata go nkgothatsa, le eleng go akantsha gore fa nako e ntse e ya ke tla kgona go bina ka maoto a me a masha. Mme ga kea ka ka bona kgomotso mo go seo ba neng ba se bua.
Lobakanyana morago ga foo mooki o ne a ntshwara ke nwa dipilisi tse di okobatsang di le 15 tseo ke neng ke ntse ke di boloka mo sephiring ka maiteko a go ipolaya. O ile a dira gore ke di tlhatse. Ke ile ka falola maiteko a mararo a a jalo a go ipolaya.
Ka dikgakologo tsa 1953, ke le bogolo jwa 23, ke ne ka ntshiwa ke neelwa phenshene e potlana thata. Botshelo jwa me bo ne bo sa lebisa gope. Batsadi ba me boobabedi ba ne ba bolailwe mo ntweng, mme lefelo losi leo ke neng ke tshwanetse go ya go lone e ne e le la ga nkgonne. Kwa Botlhaba, mogoloo e nna tlhogo ya lelapa mo maemong a a jalo, mme ba babotlana botlhe ba nna tlase ga taolo ya gagwe, segolo thata mo dikgannyeng tsa lelapa. Ke ne ke batla kgololesego mo tlwaelong e, le botshelo jwa kemo-nosi. Ke ile ka akanya gore go nna le mosadi go ne go tla nthusa go fitlhelela se.
Mme mo Korea mono motho ga a ye fela go yo mongwe abo a kopa lenyalo. Go tshwanetse go nna le motsereganyi, yo o rulaganyang lenyalo, ekane ke wa losika kana tsala ya go ntshana seinong. Mosadi wa tsala ya me o ne a dira boitlamo jo mme a bona mosetsanyana yo o neng a rata go thusa. Lenyalo le ile la ntlisetsa selekane se se rileng sa kemo-nosi, mme botshelo bo ne bo ntse bo itshupa bo le thata. Mosadi wa me le nna, mmogo, re fetile mo mathateng a mantsi, go akaretsa le a tsa itsholelo.
KE AMIWA KE BODUMEDI GOTLHELELE
E ne e le letsatsi le le mogote thata ka August 1955 fa potso e ne e tlhagisiwa go nna: A O Ka Tshela Ka Bosakhutleng Ka Boitumelo Mo Lefatsheng? Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a nketela kwa ga me mme a nneela bukana e e nang le setlhogo seo. Potso e ne e le e e molemo go nna. Mosupi yoo o ile a nna tlhotlheletso e kgolo mo botshelong jwa me.
Mo go le lengwe la maeto a gagwe a a boelang ke ne ka wela dibete thata fa ke ne ke mo utlwa a tlhalosa go tswa Bibeleng gore ga go na dihele tse di tukang. Fa nako e ntse e ya, ke ile ka simolola go bona gore go na le Modimo wa lorato. Seno, mmogo le tebelelo ya go ipelela botshelo jo bo itumetseng mo lefatsheng ka bosakhutleng, se ile sa mpulela sengwe seo ke neng ke ka solofela mo go sone. (Pes. 37:29) Mme mo popegong ya me, ke sena ditokololo tsa me tsa kwa tlase, o ka akanya fela gore ke ile ka itumela jang fa ke ne ke balelwa dipolelelopele tsa Bibela kaga ba ba ditlhotsa ba tlola jaaka diphologolo. Seno eleruri e ne e le tsholofelo ya boammaaruri le kgothatso!—Isa. 35:6.
Morago ga fa Mosupi a sena go nketela gararo kana gane ke ile ka iphitlhela ke rapela Jehofa le go bontsha kanaanelo bakeng sa seo ke neng ke se ithuta. Ke ne ke itumedisiwa ke seo ke neng ke se ithuta mo eleng gore masigo mangwe ke ne ke latlhegelwa ke boroko ke akanya fela ka dilo tse. Jaanong, ka lekgetlo la ntlha, ke ne ke na le lebaka la boammaaruri la go tshela. E ne e se fela go bona botshelo, mme e ne e le go dirisa botshelo jwa me go direla Mmopi wa rona yo o lorato, Jehofa Modimo.
Ke ne ke itumetse thata ka seo se neng se diragala mo eleng gore tlhagafalo ya me e ne ya pumpunyegela go batswa-ntweng ka nna ba ba golofetseng bao ke neng ke dira le bone. Ba bararo ba bone ba ile ba kopanela mo thutong ya rona ya Bibela ya beke le beke.
BOKOPANO JWA PHUTHEGO
Go nna gone ga me ga pokano ya ntlha kwa Holong ya Bogosi go ne go se motlhofo go nna. Ke ne ke inyatsa thata ka ntlha ya seemo sa me, ka dithobane le gotlhe fela, mme ke ne ke sa rate go bona batho ba ntlhomogela pelo. Ka jalo gantsi ke ne ke ikeha mo dikokoanong. Maipato fela ao ke neng ke a neela a go se ye Holong ya Bogosi e ne e le gore ke ne ke sa kgone go tana ditlhopa tse pedi tsa direpodi, lemororo seo e ne e se bothata jwa me jwa boammaaruri.
Morago, mo nakong ya dibeke di se kae tsa go eta ga gagwe, Mosupi o ile a tla le morongwa wa Moamerika yo ka metlha a neng a etela diphuthego mo Korea. Le ene o ne a nkgothaletsa go tlhakanela dipokano kwa Holong ya Bogosi, a bontsha tlhokafalo le melemo ya gone. Ke amegile thata ka gobo a etetse bonno jwa me jo bo kwa tlase le go utlwa a bua puo ya me, eo ke neng ke itse gore e ne e le thata go ene. Ka jalo go ne go le boima go re Nnya go taletso ya gagwe.
Erile fa letsatsi le goroga, ke ne ke setse ke le kwa Holong ya Bogosi. Abo go nnile le phelelo e e boteng jang mo go nna! Ga ke ise ke ko ke itemogele kokoano ya batho ba ba jalo ba ba tlhagafaletseng go ithuta mo go oketsegileng ka maikaelelo a Modimo le go Mo direla. Eno e ne e farologane go dikokoano tsa bodumedi ekane mo ditempeleng tsa Sebuddha kana kereke epe eo ke kileng ka ya go yone. Go tloga ka nako eo go ya pele go nna gone ka metlha kwa Holong ya Bogosi e nnile karolo ya botshelo jwa me. Nako ya oura le metsotso e le masome a mabedi eo e ntsereng go tsamaya dikhilometara tse 4 go soletse maiteko a me molemo eleruri.
DIPHETOGO TSE DINGWE LE BOINEELO
Morago ga fa ke sena go tswa dintho mo ntweng, go nwa bobe le go goga e nnile karolo e e botlhokwa thata mo botshelong jwa me. Ka nako eo e ne e le tsone fela tseo di neng di okobatsa setlhabi, bobedi sa tlhaloganyo le sa mmele. Mme morago ga dikgwedi di kane di le tharo tsa go ithuta Bibela le go kopanela le Basupi, bao ba sa diriseng motsoko lefa e le go tagiwa, ke ile ka bona tlhokafalo ya go tlogela ditlwaelo tse di maswe tse. Boemo jwa me jwa mmele le jwa tlhaloganyo bo ne bo sa tlhole bo tlhoka didirisiwa tse. Boammaaruri jwa Bibela bo ne bo sa alafe ditshupo tsa mathata a me, mme tseo di a simololang. Ka ntlha ya mo, boleng jwa botshelo jwa me bo ile jwa tokafala thata.
Go ya ka tlwaelo ya Sekorea, tlhogo ya lelapa e etelela pele mo kobamelong ya badimo, mme go lebeletswe gore bomonnawe botlhe le basadi ba bone ba mo sale morago. Dinako tsa kobamelo ya badimo di nna gone ka makgetlo a a mokawana ngwaga mongwe le mongwe. Morago ga go lemoga gore Lefoko la Modimo le bontsha gore baswi ga ba utlwe sepe mme ga ba kgone go re thusa kana go re kgoreletsa, ke ile ka gana go arola mo kobamelong e ya maaka. (Mor. 9:5, 10) Seno se ile sa tshosa nkgonne thata. Ereka ke ne ke se kitla ke arola, kganetso ya gagwe kgatlhanong le mosadi wa me e ile ya gola. Go ne go le thata bogolo bakeng sa gagwe go ema kgatlhanong le kganetso e, le go nna Mosupi.
Ekane dikgwedi tse di bofera bongwe morago ga go rakana le Basupi, kopano ya bosetšhaba e ne ya tshwarelwa kwa Seoul. E ne e le la ntlha leloko la Setlhopa se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa le ne le le gone, eleng N. H. Knorr. Ke ile ka itumedisiwa ke dipuo tsa gagwe tsa Dikwalo tse di kgothatsang. Kopano e kgolo e e ile ya nitamisa tumelo ya me jaaka ke ne ke bona thulaganyo le maatlametlo a batho le kamego bakeng sa mongwe ka mongwe. Mo lobakeng lo, ka April 1956, ke ile ka kolobediwa mo pontshong ya boineelo jwa me go direla Jehofa Modimo, mmogo le batla-kopanong ba bangwe bao ba fetang 300.
GO IKANYA JEHOFA
Badiri-ka-nna mo kgwebong e ne e le batswa-ntweng mmogo, mme yo mongwe wa bone o ile a kolobediwa le nna. Lefa go le jalo, ba bangwe ba bona, ereka ke ne ke dirisa nako ya me e ntsi kwa dipokanong tsa Bokeresete, mo thutong ya Bibela le mo go rereng go ba bangwe, ba ile ba simolola go ntsietsa. Labofelo ba ile ba ntseela bareki ba me mme ba itlhomela dikgwebo tsa bone. Go re ke duele melato ya me, ke ne ke tshwanetse go rekisa ntlwana eo ke neng ke na le yona, mme ka lobakanyana lelapa la rona le ne le tshela mo sesireletsing sa nakwana tlase ga marulelo a seile.—Math. 6:33.
Ereka ke le motswa-ntweng, go ne go le ditiro tse di duelang sentle tseo ke neng ke ka di bona. Lefa go le jalo, go amogela ditiro tse di jalo go ne go tla ntira gore ke se reetse segakolodi sa me sa Bokeresete, gonne ditiro tse di ne di amana le tseo di tlhalositsweng mo Bibeleng jaaka tse di sa dumelesegeng bakeng sa batlhanka ba Modimo.—Isa. 2:4.
Lefa go le jalo, thuso e ile ya tswa motsweding o o neng o sa letelwa fa mokaedi wa bookelo jwa ba ba digole a ne a tla go nna mme a mpotsa faele gore ke ne ke ka dira dilo tse di logilweng go dirisiwa mo bookelong jwa gagwe. Lemororo ke ne ke sena boitemogelo mo go se, ke ile ka ikanya Jehofa mme ka lebelela tiro ya me ya boitshediso jaaka eo a e dirisang go baakanyetsa ditlhokafalo tsa rona. Ka dingwaga tse tlhano tse di fetileng, ka thuso ya morwaake, re ile ra kgona go tshela botshelo jo bo manobonobo ka mo go lekaneng kwantle ga go tshwenyana le maikarabelo le ditshiamelo mo phuthegong ya Bokeresete.
LELAPA LA ME LE TLHAKANELA LE NNA MO KOBAMELONG YA BOAMMAARURI
Ka metlha ke ne ke ya le bana ba me kwa Holong ya Bogosi, mme ke santse ke gakologelwa dinako dingwe tse di raelang fa ba babotlana ba ne ba le letshwenyo fa ke santse ke le mo seraleng. Lemororo mosadi wa me a ne a sa batle go otlhaiwa gope ga mo mmeleng, ke ne ke ikutlwa gore go ne go na le nako le lefelo la gona. Mo tseleng ya go ya gae go tswa dipokanong, ke ne ke dirisa lebala leo le sa agelwang go nna fatshe le go ba tlhalosetsa gore ke ka ntlhayang ba tshwanetse go itshwara sentle. Ka nako dingwe, fa ba ne ba itse gore ba ne ba tla kgwatisiwa, ba ne ba tshaba mme ba siana ka bofefo go gaisa ka moo dithobane tsa me di ne di ka nkukang ka teng mme ba falola karolo eno ya kotlhao ya bone. Jaanong rotlhe re gadima kwa morago mme re swa ka ditshego, mme ka nako eo eleruri ke ne ke swabela batsadi ba ba neng ba na le mmele otlhe.
Morago ga fa mosadi wa me a simolola go ithuta Bibela, mme a nonofa mo moyeng mo go lekaneng go ka emelana le nkgonne mo dikgannyeng tsa kobamelo ya badimo, o ne a kolobediwa ka 1969. Seno se ile sa okeletsa go tokafalo ya botshelo jwa rona jwa lelapa, mme go ruta bana e ne e sa tlhole e le bothata jo bo tshwanang le pele. Re ne re itumetse fa morwadia rona a ne a nyala le motlhanka wa bodihedi mo phuthegong e nngwe.
Re ile ra nna le mokgele mo go ruteng bana ba rona. Ono e nnile go tlhagolela keletso ya go direla Jehofa mo dipelong tsa bone. Re ile ra ba baya tiro ya go rera le go ruta ka nako e e tletseng fa pele jaaka e e rategang bogolo thata. Mme bana botlhe ba rona ba ile ba latswa tirelo e kgolo e. Fa esale ka 1974 morwadia rona wa bobedi, Mee-hee, o nnile mo tirelong e ya nako e e tletseng, moo go thusitseng lelapa la rona mo moyeng.
TIRO YA MO PHUTHEGONG
Ekane dingwaga tse nne morago ga kolobetso ya me phuthego e ile ya thewa gaufi le ntlo ya rona, mme ke ile ka tlhopiwa jaaka motlhanka wa phuthego (molebedi yo o okamelang). Re setse re thaile diphuthego tse dingwe tse tharo go tswa mo go eo fa esale ka nako eo. Ke ile ka kgatlhega segolo mo go tlhokomeleng banna ba bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ba sa dumeleng, go fitlha jaanong ke setse ke thusitse ba le 30 ba bone go nna Basupi. Bano morago ba ile ba ipolela gore, ka ntlha ya popego ya me ya mmele, ba ne ba sa kgone go ka gana go buisana le nna. Ba bangwe, bao ba iseng ba amogele boammaaruri, bobotlana ba nnile ba ba tlhaloganyang bogolo go basadi ba bone ba Bakeresete, bao ba anaanetseng se.
Yo mongwe wa bona o ne a dumela mo dithutong tsa ga Confucius mme a ganetsa mosadi wa gagwe thata, segolo ka ntlha ya gore o ne a nagana gore bonno jwa mosadi ke legae le gore o tshwanetse go nna koo ka dinako tsotlhe. Seno, legale, se ne se kaya gore o ne a se kitla a nna gone dipokanong tsa Bokeresete kana go arola mo go rereleng ba bangwe kwantle ga legae. Ke ile ka mo etela ka makgetlo a se makae, ke nna botsalano le ene. Labofelo, ka tlhotlheletso ya mosadi wa gagwe, o ile a dumela go tla karolong ya e nngwe ya dikopano tsa rona. O ile a amega thata ka thulaganyo ya dipuo le batho ba ba neng ba le gone mo eleng gore fa a ne a boela gae o ile a nketela a ba a kopa thuto ya Bibela. Ga jaanong ke mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.
E setse e ka nna dingwaga tse 25 fa esale ke ithuta dinnete tsa Bibela tseo di nneileng bokao le tsholofelo tse di kalo mo botshelong jwa me. Ga ke ise ke latlhegelwe ke tsholofelo mo ditsholofetsong tse dintle tsa Modimo, mme seno ke sone se se nneileng boipelo jo bogolo jaana mo go tsheleng, lemororo ke golofetse.