Botshelo jwa Bokamoso ka Tsogo
“Ha lo sa ye nama ya Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona.”—Yoh. 6:53.
1, 2. Ke eng seo Jesu a se boletseng go Yohane 6:53, 54, mme ke ba ba dumelang mo thutong efe ba tla bonang go le thata go ka tlhaloganya mafoko ao?
THUTO ya go sa swe ga moya wa motho eleruri e tletse-tletse. Bao ba dumelang mo go yone ka jalo ba bona go le thata go bona ka moo mafoko a ga Jesu a neng a ka nna boammaaruri, jaaka a kwadilwe mo Bibeleng go Yohane 6:53, 54:
2 “Amarure, amarure, kea lo raea, Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona. Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.”
3. Ke dipotso dife tseo di utlwalang tseo di botswang ke ba ba dumelang mo bosasweng mabapi le “botshelō mo go lona” le tsogo?
3 Fa, jaaka go kaiwa ke bontsi, e le gore moya wa motho o setse o na le bosasweng, o tswelapele go tshela morago ga fa mmele wa jaanong o se na go swa, ke ka ntlhayang re tshwanetse go ja nama ya ga Jesu Keresete, “Morwa Motho,” le go nwa madi a gagwe gore re nne le ‘botshelo mo go rona’? Faele gore moya o a gololesega fa mmele o swa mme o tshabela mo lefatsheng la semoya o ntse o tshela, ke ka ntlhayang motho a tshwanetse go tsosiwa go re a tshele gape? Rotlhe re ka dumela gore seno ke kakanyo e e utlwalang.
4. Ke bomang gare ga bareetsi ba ga Jesu, bao ba go boneng go le thata go tlhaloganya seo Jesu a neng a se bua, mme go tweng ka gompieno?
4 Tota le eleng balatedi ba ga Jesu Keresete ba bone bothata mo go seo a se buileng, gonne re a bala: “Me Yesu, ka a itse ka esi ha barutwa ba gagwè ba ñōñōregetse mo, a ba raea, a re, A go mo goa lo kgopisa?” (Yoh. 6:61) Le eleng gompieno bangwe ba babadi ba rona ba ka fitlhela mafoko a ga Jesu a le thata go ka a tlhaloganya. Mme kana Jesu o ne a itse gore o bua ka eng ka nako eo, gonne ene ka boene o ne a sa dumele mo go sa sweng ga moya wa motho. Mafoko a eleng a gagwe a tlhomamisa ntlha eo.
5. Jesu o ile a bontsha gore ga a dumele mo go sa sweng ga moya wa motho ka dipolelo dife?
5 Jesu o kile a re go barutwa ba gagwe: “Lo boihè èna eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ.” (Math. 10:28) Moragonyana, pele ga go tshwarwa ga gagwe mo tshimong ya Gethesemane, o rile go barutwa ba gagwe: “Mōea oa me o hutsahetse thata, e le mo go isañ loshuñ hèla.” (Math. 26:38; Mar. 14:34) Jesu o ne a tsopola polelelo-pele ya ga Isaia gangwe le gape mme o ile a dumela kaga seo e se buang kaga gagwe: “Me phupu ea gagwè ba e diha ea nna le tsa baikepi, me a nna le bahumi loshuñ loa gagwè; . . . o na a goromeletsa mōea wa gagwè loshuñ.”—Isa. 53:9, 12.
6. Go ya ka Yohane 6:53, 54, bangwe ba ne ba tla dirang kaga setlhabelo sa botho sa ga Jesu pele ga ‘letsatsi la bofelo,’ mme go tla diragalang go bano ka letsatsi leo?
6 Ke ka moo, go Yohane 6:53, 54, Jesu a bontshitseng gore o ne a tla nna setlhabelo sa motho, mme go ne go tla nna bao ba neng ba tla ja kana ba ikotla ka nama ya gagwe ba bo ba nwa madi a gagwe pele ga ‘letsatsi la bofelo.’ Bano ba ne ba tla swa fa nako e ntse e ya, mme Jesu o rile mabapi le mongwe le mongwe wa bano: “Ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.” Go ya ka seo Maratha wa Bethania a se buileng go Yohane 11:24, nako ya tsogo ya baswi e ne e tlhaloganngwa go nna ‘letsatsi la bofelo’ leo. Kwa Maratha a neng a nna teng go ne go le gaufi le Jerusalema. Fano, nako nngwe morago ga Tlolaganyo ya 31 C.E., Jesu o ne a kile a bua ka thomo ya gagwe eo a e neilweng ke Modimo ya go tsosa baswi. O ne a le tlase ga go nyatsiwa ga bodumedi gonne o ne a fodisa monna mongwe mme a mmolelela gore a tseye bolao jwa gagwe mme a ye gae ka letsatsi la Sabata. Fa a arabela go go nyatsiwa mo go jalo, Jesu o rile:
7, 8. (a) Jesu Keresete o tshedisa bomang go tswa mo baswing, mme o tshwanetse go tlotliwa fela jaaka mang, mme ka ntlhayang? (b) Ke bomang bao ga jaanong ba fetelang botshelong go tswa losong? (c) Morwa motho o tla biletsa botlhe ba ba mo diphupung go ya go mefuta efe ya ditsogo?
7 “Gonne yaka Rara a cosa bashwi, a ba rudise, go nntse hèla yalo, Morwa le èna o rudisa ba o ratañ go ba rudisa. Gonne le gōna Rara ga a atlhole motho opè, me katlholō eotlhe o e neetse Morwa; Gore botlhe ba tlotlè Morwa hela yaka ba tlotla Rara. Eo o sa tlotleñ Morwa, ga a tlotle Rara eo o mo romileñ. Amarure, amarure, kea lo raea, Eo o utlwañ lehoko ya me, me a dumela eo o nthomile, o na le botshelō yo bo sa khutleñ, me ga a tle mo tshekishoñ; o dule mo loshuñ, o hetetse mo botsheloñ.
8 “Amarure, amarure, kea lo raea, Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo bashwi ba tla utlwañ lencwe ya Morwa Modimo ka lōna; me ba ba utlwañ ba tla tshela. Gonne yaka Rara a na le botshelō mo go èna ka esi, O neetse Morwa le èna yalo, gore a nne le botshelō mo go èna ka esi: Me o mo neetse thata ea go diha katlholō, ka e le Morwa Motho. Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō. Ga ke na go diha sepè ke le nosi: ke atlhola yaka ke utlwa: me katlholō ea me e siame; ka go bo ke sa batle go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomiIeñ.”—Yoh. 5:21-30.
9. Mo mafokong a ga Jesu a a tsopotsweng fa godimo go gatelelwa segolo mo ntlheng efe?
9 Mo mafokong a a fa godimo re tlhokomela gore kgatelelo e bewa mo ntlheng ya katlholo, ereka mafoko “atlhola,” “ga a atlhole,” “go diha katlholō” le “tshekishoñ” a bonala mmogo ka makgetlho a le supa ka kakaretso. Gape, “cogeloñ ea tshekishō” e letile modiri wa dilo tse di boshula.
10. Ka nako ya puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete go atlhola go neelwa mang, mme ke ka ntlhayang go se kitlang go nna ie go ikuela mo katlholong e e jalo?
10 Ka gone kgang ya tsogo e amagantswe le katlholo. Ka go bo Morwa Modimo go tswa legodimong o nnile “Morwa motho” mo lefatsheng, o neetswe taolo ya go atlhola setho sotlhe. Ka jalo Modimo Rara o dirile Morwa wa gagwe go nna moatlhodi-mmogo le ene. Ka nako ya puso ya ga Jesu Keresete go atlholwa ga setho sotlhe lantlha go neelwa Morwa Modimo jaaka Moatlhodi-Mmogo. Ga go ne go nna boikuelo mo katlholong e e neetsweng ke Morwa Modimo, gonne e tla bo e itekanetse. Katlholo eo Jehofa Modimo a e dirang morago ga Letsatsi la Katlholo la dingwaga tse di sekete ga e ne e nna ka ntlha ya boikuelo jwa batho ba ba buseditsweng, ba ikuela go Jehofa jaaka Moatlhodi-Mogolo, Moatlhodi wa Bofelo.—1 Bakor. 15:24-28.
GO FETELA BOTSHELONG GO TSWA LOSONG JAANONG
11. Go Yohane 5:24, 25, Jesu o tlhalositse lebaka la go ‘fetela botshelong go tswa losong’ ga badumedi ba gagwe jang?
11 Mo lefatsheng Jesu Keresete o ne a dira jaaka mmueledi wa Modimo go motho. Ka jalo go dumela ga moreetsi mongwe le mongwe seo Jesu Morwa Modimo a se buileng go ne go tshwana le go dumela seo Modimo Kara a se buileng. Molemo oo seno se neng se tla o tlisetsa Bajuda bao ba reeditseng Jesu, o ile a o bontsha fa a ne a bolelela Bajuda mafoko a a latelang: “Amarure, amarure kea lo raea, Eo o utlwañ lehoko ya me, me a dumela eo o nthomileñ, o na le botshelō yo bo sa khutleñ, me ga a tle tshekishoñ; o dule mo loshuñ, o hetetse mo botsheloñ.” Seno se diragala jang? Jesu o tlhalosa ka go tswelela a re: “Amarure, amarure kea lo raea, Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo bashwi ba tla utlwañ lencwe ya Morwa Modimo ka lōna; me ba ba utlwañ ba tla tshela.” (Yoh. 5:24, 25) Legale, morago koo bao ba neng ba sule ka sebele ba le mo mabitleng ba ne ba ka se utlwe lefoko le le neng le buiwa ke Jesu mme ba le tseye tsia, ka “lobaka” loo a neng a bua ka lona. Ka jalo, Jesu ka nako eo o ne a bua ka “bashwi” bafe?
12, 13. (a) Jesu o ne a kaya “bashwi” bafe fa a ne a bua kaga go utlwa ga bone lefoko la gagwe mme ba tshela ka ntlha ya mo? (b) Ka ntlha ya paakanyetso e e jalo ya bomodimo, ke eng seo Paulo a neng a ka se kwalela bao ba neng ba “shule” mo ditlolong le dibe, go ya ka Baefesia 2:4-7?
12 Ereka Jesu a rile “lobaka” lwa se go diragala “le gompiyeno lo hitlhile,” o ne a ka kaya fela batho bao ba neng ba kaila godimo ga lefatshe mme ba le tlase ga phutso ya loso ka ntlha ya go sa itekanelang le go nna boleo mo go ruilweng go tswa go Adame. Go tswa ntlheng ya pono ya Modimo setho sotlhe ka kakaretso se “shule”; ga ba na tshiamelo ya go tshela mme “maduō” ao boleo bo ba duelang ka one ke loso. (Bar. 6:23) Mme ka go utlwa “lehoko” la ga Jesu le go le tsaya tsia ba ne ba tla tswa tlase ga phutso ya loso go bone ya Modimo mme ka gona ba ne ba tla, ka tshwantshetso, ‘fetela botshelong go tswa losong.’
13 Ka ntlha ya paakanyetso e e jalo ya bomodimo, moaposetoloi Paulo o ne a ka kwalela badumedi ba “baitshepi” kwa Efeso bao e neng e le “badumedi mo go Keresete Yesu” mafoko a a latelang: “Le lona o lo rudisitse, yale ka lo no lo shule ka ditlolō tsa lona le dibe, . . . Me Modimo, ka o humile boutlwèlō botlhoko, le ka ntlha ea loratō lo logolo loa ōna, lo o re ratileñ ka lona, Le re sa nntse re shule ka ditlolō tsa rona, oa re rudisa mmōgō le Keresete—lo bolokilwe ka tshegōhaco,—Me oa re cosa naè, oa re dudisa naè mo mannong a selegodimo, mo go Keresete Yesu: Gore e tle e re mo metlheñ e e tlañ o bo o shupè dikhumō tse di kgolo tse di heteletseñ tsa tshegōhaco ea ona ka bopelonomi ntlheñ ea rona mo go Keresete Yesu.”—Baef. 1:1; 2:1, 4-7.
14. Ka gona bao ba tshedisiwang ka semoya ba nna kae mme ba dira setlhopha sa mofuta ofe le gona ba tshwanetse ba nnela ruri mo go mang?
14 Bao ba neng ba golotswe mo phutsong ya loso mme ba tshedisiwa ka semoya go nna le Keresete Jesu “mo mannoñ a selegodimo” ba dirilwe ditokololo tsa mmele yo o jaaka phuthego ya ga Keresete. Gape ba dirilwe setlhopa sa “tempela” eo mo go yona Modimo a neng a ka nna ka moya wa gagwe o o boitshepo jaaka ekete go “tempela e e boitshèpō.” (Baef. 1:22, 23; 2:20-22) Ereka e le “mmele” wa ga Keresete, ba “mo go Keresete Yesu” ka tsela e e kgethegileng. Ba tshwanetse go nnela ruri mo go ene.—Yoh. 15:4.
15. Ke dipotso dife tse di tsogang kaga go nna le “botshelō mo go èna” ga ga Rara?
15 Mafoko a ga Jesu a a dira go bano: “Gonne yaka Rara a cosa bashwi, a ba rudise, go nntse hèla yalo, Morwa le èna o rudisa ba o ratañ go ba rudisa.” (Yoh. 5:21) Seno se kaya gore morwa le ene o na le nonofo ya go tsenya botshelo go ba bangwe. Jesu o ile a supa lebaka la se fa a ne a re: “Gonne yaka Rara a na le botshelō mo go èna ka esi, O neetse Morwa le èna yalo, gore a nnè le botshelō mo go èna ka esi.” (Yoh. 5:26) Tota go nna le “botshelō mo go èna” ga ga Rara go kayang? A go kaya fela gore o a tshela jaaka “Modimo o o tshedileñ le o o boamarure” o le osi? (1 Bathes. 1:9) A go kaya gore o na le botshelo jo bo sa ikaegang gope kana botshelo jo bo itlhagelang fela mo go ene. Ka mafoko a mangwe, bosasweng? An American Translation e tlhaloganya kgang ka tsela eo, gonne e fetolela Johane 5:26 ka tsela e: “Gonne fela jaaka Rara a leeo ka boene, o neile Morwa gore a nne le boleeo ka boene.” Ka mokgwa o o tshwanang, The Holy Bible in Modern English ka Farrar Fenton e tlhaloganya leina Jehofa e le le le kayang “Motshelela-Ruri,” mme ka jalo e fetolela Isaia 42:8 jaana: “Ke Motshelela-Ruri;—gonne ke leina la me.” Jehofa o biditswe “Yo o leeo ka boene.”
16. Faele gore go neela Morwa Modimo “botshelō mo go èna” go ne go kaya fela go mo neela botshelo jo bo itekanetseng, ke ka ntlhayang Morwa a ne a ka se tlhomologe mo ntlheng e?
16 Lefa go le jalo, go ya ka moo kgang e tsamayang ka teng mo kgaolong eno polelo “botshelō mo go èna” e na le bokao jo bo maatla go na le go nna le boleeo ka boene ga gagwe. Polelo e e kaya gore Rre wa selegodimo o na le bodutelo jwa botshelo mo go ene, mo eleng gore, jaaka rre, o kgona go tsenya botshelo go ba bangwe. Ka ntlha ya mo, o ne a kgona go ka tsenya botshelo mo go Morwa wa gagwe ka bontsi jo eleng gore le ene o ne a tla kgona go tsenya botshelo go ba bangwe. Faele gore go naya Morwa ga ga Rara kgono ya go nna le “botshelō mo go èna” go ne go kaya fela go mo naya botshelo jo bo itekanetseng, he Morwa o ne a se kitla a tlhomologa. Ka ntlhayang a se kitla? Gonne Modimo gape o neile baengele ba selegodimo botshelo jo bo itekanetseng. Eseng moo fela, mme o neile Adame le Efe botshelo jo bo itekanetseng kwa tshimong ya Edena. Mme ke ka ntlhayang Morwa Modimo a neetsweng “botshelō mo go èna”?
17. Morwa o neetswe “botshelo mo go èna” ka ntlhayang, mme thapelo ya gagwe, go Yohane 17:1, 2, e dumalana jang le se?
17 E ne e le ka go bo Morwa Modimo o neetse botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jaaka setlhabelo sa thekololo bakeng sa setho sotlhe. (Math. 20:28; 1 Tim. 2:5, 6) Ka tsela e o ne a ka rekolola setho mo losong leo ba neng ba futseditswe go lona ka ntlha ya go sa itekanelang moo ba go ruileng. Jesu, a na le kgopolo e mo kakanyong, o ne a ka simolola thapelo ya gagwe mo sigong jwa Tlolaganyo ka mafoko a: “Rara, lobaka lo hitlhile; galaletsa Morwao, gore Morwao a gu galaletsè: Hèla yaka u mo neile taolō mo nameñ eotlhe, e tle e re bōnè ba u ba mo neileñ leha e ka ne e le mañ, a ba neè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yoh. 17:1, 2.
18. Phetolelo ka R. A. Knox ya Johane 5:26 e dira gore bonnete joo bo bonale jang, mme Keresete o ne a laolelwa le go fiwa nonofo leng go ka tsenya botshelo go ba bangwe?
18 The New Testament of Our Lord and Saviour Jesus Christ ka Ronald A. Knox e tlhokomela bonnete jo mme e bo bontsha mo phetolelong ya yone ya Johane 5:26. Foo e balega jaana: “Jaaka Rara a na le neo ya botshelo mo go ene, ka jalo o neetse Morwa gore le ene gape a nne le neo ya botshelo mo go ene.”a Morago ga loso lwa gagwe lwa setlhabelo, tsogo ya gagwe le go tlhagisa tlhwatlhwa ya botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go Rraagwe wa selegodimo, Jesu Keresete o ne a ka laolelwa le go fiwa nonofo ya go tsenya melemo ya jone go bao ba go tlhokang—setho sotlhe se se hutsitsweng le se se swang. Ka jalo, go Baroma 6:23 rea bala: “Gonne maduō a boleo ke losho; me nèō ea mphō hèla ea Modimo ke botshelō yo bo sa khutleñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”
19. Ke ka ntlhayang Jesu Keresete e le yo o tshwanetseng go ka dirisiwa ke Modimo go atlhola setho?
19 Jaaka motho wa nama le madi, Jesu “Morwa motho” o ne a ka neela Modimo seo se neng se lekana sentle le seo Adame a neng a se latlhetse ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe ka go dira boleo ka boomo kwa Edena. (Baheb. 2:9, 14, 15; Yoh. 1:14) Ereka jaaka Jehofa a mo dirisa mo go neeleng botshelo go setho se se hutsitsweng le se se swang, Jesu Keresete jaaka “Morwa motho” ke ene yo o tshwanetseng go ka dirisiwa ke Jehofa mo go atlholeng setho se se rekolotsweng.
20. Go Yohane 5:26, 27, Jesu o rileng kaga taolo ya go atlhola, mme Paulo o tlhomamisitse seno jang mo puong ya gagwe kwa Thabaneng ya Mars?
20 Mo tumalanong le ntlha eo, Jesu o ile a tswelapele ka go re: “O [Rara] neetse Morwa le èna yalo, gore a nnè le botshelō mo go èna ka esi: Me o mo neetse thata ea go diha katlholo, ka e le Morwa Motho.” (Yoh. 5:26, 27) Gonne Jesu Keresete yo ga jaanong a galaleditsweng o kile a nna motho ka boene mo gare ga tsamaiso ya dilo ya selefatshe e e senyegileng, a ka nna moatlhodi yo ka bobedi a leng boutlwelo-botlhoko le tshiamo go bao a ba rekolotseng go tswa losong. Ntlha e e ne e boleletswe setlhopa sa boatlhodi se se kwa godimo go gaisa ka phepafalo kwa Athena wa bogologolo, mo Greece, fa moaposetoloi Paulo a ne a ema mo gare ga baatlhodi mo Thabaneng ya Mars a bo a re: “O [Modimo yo o sa itsiweng go bona] tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna eo o mo laotseñ, me mo, o go tlhōmamiseditse batho botlhe ka o mo cositse mo bashwiñ.”—Dit. 17:23, 31.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mabapi le Johane 5:25, 26, rea bala: “Botshelo jo bo kaiwang ke lefoko le la zésousin [Segerika bakeng sa ba tla tshela], ereka bao ba tshelang ka jone ba ne ba sule, e tshwanetse go nna sengwe se se santseng se tsenngwa mo go bone,—botshelo jo bo tswang go Morwa, moakofisi. Mme O ne a ka se bo tsenye faele gore o ne a sena motswedi wa botshelo wa bomodimo le o o sa ikaegang gope mo go Ene, jaaka Rara, joo Rara, Yo o tshelang mo go itekanetseng (6:57), a bo Mo neileng fa A Mo romela mo lefatsheng go dirafatsa tiro ya Gagwe ya Bomesia; bap. 10:36.”—Tsebe 184, ya Critical and Exegetical Hand-Book to the Gospel of John ka Heinrich August Wilhelm Meyer, e gatisitswe ka Seesimane ka 1884.
Good News Bible e fetolela Johane 5:26 jaana: “Fela jaaka Rara ka boene e le motswedi wa botshelo, ka tsela e e tshwanang o dirile Morwa wa gagwe go nna motswedi wa botshelo.” (E gatisitswe ke American Bible Society ka 1976.)