LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wcg kgao. 54 ts. 242-245
  • O ne A Bontsha Bopelokgale mo Dinakong Tse di Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne A Bontsha Bopelokgale mo Dinakong Tse di Thata
  • Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dira Dipatlisiso
  • Akanya Ka se O se Ithutileng
  • Akanyetsa Kwa Teng ka Jehofa le ka Boikaelelo Jwa Gagwe
  • Ithute mo go Oketsegileng
  • ‘Ga go Na Ope yo Mogolo go mo Feta’
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • Re Ithuta Eng mo Mafokong a Bofelo a Banna ba ba Ikanyegang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Batla Dikarabo Tsa Dipotso Tseno
    Thulaganyo ya Kopano ya Potologo ya 2025-2026 ka Molebedi wa Potologo
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
wcg kgao. 54 ts. 242-245

54 MOAPOSETOLOI JOHANE

O ne A Bontsha Bopelokgale mo Dinakong Tse di Thata

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

MOAPOSETOLOI JOHANE o ne a kwala jaana: “Ke nako ya bofelo.” Fa a ne a setse a tsofetse, o ne a itse gore motlha wa baaposetoloi o ne o le gaufi le go fela. Masome a dingwaga pele ga moo, Jesu le moaposetoloi Paulo ba ne ba ile ba bolelela pele gore go ne go tla nna le botlhanogi jo bontsi. Fa seo se simolola go direga, baaposetoloi ba ile ba sireletsa diphuthego gore di se ka tsa kgotlelwa ke tlhotlheletso eo e e bosula, mme fa ba sena go swa, barutisi ba maaka ba ne ba anamisa dikgopolo tsa bone tsa maaka mo diphuthegong. (Math. 7:15; Dit. 20:29, 30; 2 Bathes. 2:6, 7) Go bonala Johane e ne e le ene fela moaposetoloi yo o neng a setse. Akanya fela ka fa a neng a ikutlwa ka gone fa a ne a bona botlhanogi bo anama mo diphuthegong ka go latelana. Le fa go ntse jalo, Johane ga a a ka a felelwa ke tsholofelo kgotsa a kgobega marapo.

Moaposetoloi Johane yo o neng a tsofetse o ne a thusiwa ke eng gore a itshokele go bogisiwa, go isiwa botshwarwa le go bona botlhanogi bo anama mo diphuthegong?

Fa a ne a na le dingwaga di feta 90, o ne a sa ntse a tlhagafetse a “bua ka Modimo e bile [a] naya bosupi ka Jesu.” Ka ntlha ya seo, o ne a isiwa botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamose, mme lefelo leo le ne le kgakgabetse e bile le tletse maje. Ke eng se se neng sa thusa Johane gore a se ka a felelwa ke tsholofelo? Ga go pelaelo gore o ne a nna a gopotse mafoko ano a ga Jesu: “Lo se ka lwa lebala gore ke na le lona malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.”​—Math. 28:20.

Dingwaga di feta 60 Jesu a sena go bua mafoko ao, o ne a bontsha Johane ponatshegelo ya dilo tse di neng di tla direga mo nakong e e tlang. Ponatshegelo eo e e kgatlhang e ne e tswa kwa go Jehofa Modimo. E ne e bontsha gore mo “letsatsing la Morena,” batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba ne ba tla mo obamela gape ka tsela e e siameng. Gape Jesu o ne a mmontsha gore o ne a tla ba thusa gore ba tswelele ba ikanyega le fa ba ne ba tla lebana le dikgwetlho tse dikgolo.

Jesu o ne a bontsha Johane ponatshegelo eo “a dirisa ditshupo.” Johane a ka tswa a ne a sa tlhaloganye bontsi jwa dilo tse a neng a di bona. Mme gone, o ne a tlhaloganya ntlha eno: Jehofa le Jesu ba ne ba tla tlhomamisa gore batho ba ba neng ba anamisa dithuto tsa maaka mo diphuthegong ba ne ba se kitla ba atlega. Mo letsatsing la Morena, batho ba Modimo ba ne ba tla nna bantsi thata e bile ba ne ba tla itumelela masego a a seng kana ka sepe. Satane o ne a tlile go fenngwa mo ntweng e e neng e tla tsoga kwa legodimong a bo a latlhelwa mo lefatsheng. Mme kwa bofelong, o ne a tla nyelediwa. Ponatshegelo eo e tshwanetse ya bo e ile ya nonotsha Johane gore a tswelele a le pelokgale, mme ka boikanyegi, o ne a kwala “dilo tsotlhe tse a di boneng.”

Moaposetoloi Johane o kwala tshenolo e a e newang ke Jesu. Mo ponatshegelong, o bona Jesu yo o galaleditsweng a latlhela noga e kgolo e e bohibidu jwa molelo le madimona mo lefatsheng.

Johane o ne a tswelela a itumetse e bile a tlhagafetse le fa gone botshelo jwa gagwe e le legolegwa kwa Patamose bo ka tswa bo ne bo le thata. Go bonala a ile a gololwa fa Mmusimogolo wa Roma e bong Domitian, yo o neng a tlhoile Bakeresete fela thata a sena go swa. Fa nako e ntse e ya, go bonala Johane a ile a ya kwa Efeso. Fa a ne a na le dingwaga di ka nna 100, o ne a newa kabelo e e boima.

Jehofa o ne a dirisa Johane go kwala Efangele ya bonê e bile e le ya bofelo. Johane a ka tswa a ne a itse gore Efangele eo e ne e tla anamisiwa ka bonako mo diphuthegong ka go latelana, le gore e ne e tla thusa Bakeresete bao gore ba nne le tumelo e bile ba nne pelokgale. Gape Johane o ne a itse gore se a neng a se kwadile se ne se tla dira gore batho ba ba neng ba sa rate Bakeresete ba boammaaruri ba mo tlhoe le go feta. Mme gone, seo ga se a ka sa mo thibela go dira kabelo ya gagwe.

Le fa go ne go fetile dingwaga di ka nna 70 Jesu a sena go swa, Johane o ile a kgona go gakologelwa dilo tse Jesu a neng a di buile le tse a neng a di dirile, ka gonne o ne a thusiwa ke moya o o boitshepo. O ne a kwala pego e e amang pelo tota ya botshelo jwa ga Jesu, mme bontsi jwa dilo tse a ileng a di kwala di ne di sa umakiwa mo Diefangeleng tse tharo tse di neng tsa kwalwa pele ga ya gagwe. Ka sekai, Johane ke ene fela a buang ka kgang ya gore Jesu o ne a tsosa Lasaro mo baswing le gore baeteledipele ba bodumedi ba ba bosula ba ile ba batla go bolaya Lasaro gape. (Joh. 11:1-46; 12:10) Gape Johane o ne a kwala dilo tse dintsi tse di kgatlhang tse Jesu a ileng a di bolelela barutwa ba gagwe mo bosigong jwa pele ga a bolawa e bile o ne a kwala ka thapelo e mo go yone a neng a ba rapelela. Ruri re lebogela go bo Johane a ile a kwala dilo tseno tsotlhe gore di kgothatse Bakeresete botlhe!

Mo go yone nako eo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Johane gore a kwalele bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe makwalo a mararo a a kgothatsang. O ne a ba tlhagisa a le pelokgale gore ba se ka ba itsalanya le barutisi ba maaka ba ba neng ba simolotse go nna le tlhotlheletso e e bosula mo phuthegong, tota e bile o ile a bo a ba tlhagisa gore ba se ka ba ba dumedisa. Makwalo ao a ga Johane a mararo a ne a bua thata ka lorato e bile a naya tsholofelo. Johane o ile a ruta gore “Modimo ke lorato,” e bile moaposetoloi yoo o ne a bontsha lorato loo fa a ne a kgothatsa ba bangwe le go ba gakolola. Gape o ile a kwala gore o ne a itumetse tota fa a ne a bona gore batho ba a neng a ba thusitse go itse boammaaruri, ba ne ba tswelela “ba tsamaya mo boammaaruring.” Bontsi jwa bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhotlheletsega go tswelela ba dira jalo.

Rona gompieno ga re kitla re lebana le boemo jo Johane a ileng a lebana le jone. Le fa gone botlhanogi e sa ntse e le tlhora boroko, ga bo kitla bo tlhola bo kgotlela phuthego ya Bokeresete gape jaaka go ile ga direga fa Johane a sena go swa. (Isa. 54:17; Dit. 3:21) Mme gone, fela jaaka Johane, re ka nna ra lebana le mathata, ra bogisiwa ra bo ra tsenngwa mo dikgolegelong. A re lateleng sekao sa gagwe. Le fa re ka diragalelwa ke eng, a re ikemisetseng go tswelela re tsamaya le Modimo re le pelokgale!

Bala pego eno ya Baebele:

  • Johane 16:1–17:26

  • 1 Johane 2:18; 4:8

  • 2 Johane 9-11

  • 3 Johane 4

  • Tshenolo 1:1, 2, 9-11; 12:9; 20:1-6; 21:1-5

Se lo ka tlotlang ka sone:

Johane o ne a bontsha bopelokgale ka ditsela dife?

Dira Dipatlisiso

  1. 1. Ke eng se se bontshang gore Johane o ne a tlhagafetse e bile a le matlhagatlhaga? (bt 33, lebokoso ¶3-4)

  2. 2. Goreng baganetsi ba ne ba re Johane ‘o ne a sa rutega e bile e le motho fela yo o tlwaelegileng’? (Dit. 4:13; w08 5/15 30 ¶6)

  3. 3. Ke ka tsela efe Johane a ileng a tswelela a tshela go fitlha Jesu a tla? (w05 1/15 13 ¶14-15)

  4. 4. Goreng re ka tlhatswega pelo gore Johane ke ene a ileng a kwala Efangele e e bidiwang ka leina la gagwe? (it “Johane, Dikgang Tse di Molemo Go ya Ka” ¶2-8-wcgr) A

    Fondation Martin Bodmer, Cologny (Genève)

    Setshwantsho A: Mokwalo wa seatla wa mo e ka nnang ka 200 C.E. o o nang le setlhogo se se reng (se se bontshitsweng) “Dikgang Tse di Molemo Go ya Ka Johane”

Akanya Ka se O se Ithutileng

  • Mo dibukeng tse Johane a ileng a di kwala, o bua ka makgetlo a feta 100 ka loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo kgotsa ka dilo tse di molemo tse di neng tsa nna gone ka ntlha ya loso loo. Re ka bontsha jang gore le rona re lebogela go bo Jesu a re swetse?

  • Johane o ne a na le dingwaga di ka nna 100 fa Jehofa a ne a mo dirisa go kwala dibuka tse tlhano tsa Baebele. Seno se re ruta eng ka tsela e Jehofa a lebang bagodi ka yone? B

    Ditshwantsho: Kgaitsadi yo o godileng o sa ntse a tlhagafetse le fa gone a tsofetse. 1. O tshwere thuto ya Baebele a dirisa videoconference. 2. O naya kgaitsadi yo mosha wa mmulatsela mpho, mme kgaitsadi yoo o tshwere buka ya Sekolo sa Tirelo ya Bo bulatsela.

    Setshwantsho B

  • O ka etsa bopelokgale jwa ga Johane ka ditsela dife mo botshelong jwa gago?

Akanyetsa Kwa Teng ka Jehofa le ka Boikaelelo Jwa Gagwe

  • Pego eno e nthuta eng ka Jehofa?

  • Pego eno e dumalana jang le boikaelelo jwa ga Jehofa?

  • O ikutlwa jang ka kgang ya go bo Johane a tlhophilwe gore a ye go busa le Keresete kwa legodimong, mme goreng o ikutlwa jalo?

Ithute mo go Oketsegileng

A bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng gompeno ba ka nna pelokgale jaaka Johane?

Nna Pelokgale . . . Mogodi (2:04)

Johane o ne a kwala thata ka lorato. Bona gore re ka ithuta eng mo dibukeng tsa gagwe le mo sekaong sa gagwe.

“Se re Ka Ithutang Sone mo Morutweng yo Jesu a Neng a mo Rata” (w21.01 8-13)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela