53 PAULO
“Jaanong ke lo Kgothaletsa Gore lo Nne Pelokgale”
FA Saulo wa kwa Tareso, yo moragonyana a ileng a itsege e le Paulo a ne a nna Mokeresete, Jesu o ne a mmolelela gore o ne a tlile go boga thata ka gonne a ne a tla bo a rera dikgang tse di molemo. Mme go ne ga nna fela jalo. Dingwaga di ka nna 20 a sena go nna Mokeresete, o ne a kwalela Bakorintha lekwalo la bobedi. Fa a ne a kwala lekwalo leo, o ne a setse a “iteilwe gantsintsi, e bile [a ile a] nna mo kotsing ya go bolawa makgetlo a le mantsi.” Gape o ne a ba bolelela gore sekepe se a neng a tsamaya ka sone se ne se kile sa thubega ka makgetlo a le mararo. Mme nako nngwe, o ne a tshwanelwa ke go fetsa letsatsi lotlhe le bosigo jotlhe mo lewatleng. Le fa go ntse jalo, dingwaga di le mmalwa moragonyana, sekepe se a neng a tla tsamaya ka sone se ne se tlile go thubega gape.
Paulo o ne a ntse a tsentswe mo kgolegelong kwa motseng wa Kaesarea kwa Judea dingwaga di le pedi mme molaodi wa nako eo o ne a sa batle go mo golola ka gonne a ne a batla gore a mo neye pipamolomo. Fa nako e ntse e ya, molaodi yoo o ne a tlhatlhamiwa ke yo mongwe, mme Paulo o ne a ikuela kwa go Kaesara. Labofelo, Paulo o ne a isiwa kwa Roma ka sekepe kwa Kaesara a neng a le gone. Ka jalo, o ne a tsaya loeto lo loleele e bile lo le boima lwa dikilometara di ka nna 3 000 a ya kwa Roma. Ditsala tse pedi tsa ga Paulo e bong Luke, yo e neng e le ngaka, le Arisetareko ba ne ba tsamaya le ene.—Bakol. 4:14.
Fa ba goroga kwa Mira kwa Asia Minor, modiredi wa masole a Roma e bong Juliase o ne a tsaya Paulo le magolegwa a mangwe a bo a ba pega mo sekepeng se sengwe se se neng se tswa Egepeto se ya Itali. Fa ba ntse ba tsweletse ka loeto, go ne ga tsoga diphefo tse di neng tsa dira gore loeto lwa bone lo nne boima. Luke o umaka ka makgetlo a le mabedi gore ba ne ba tsamaisa sekepe ba “sokola.” Ba ne ba dira tshwetso ya go ema kwa lefelong le le neng le bidiwa Magorogelo a Mantle, mme Paulo o ile a lemoga gore fa ba ka se tswelele ba le mo lefelong leo go fitlha mariga a fela, ba ne ba tlile go nna mo kotsing e e seng kana ka sepe.
Paulo o ne a nna le bopelokgale jwa go bolelela Juliase gore ba ne ba tshwanetse go nna mo Magorogelo a Mantle. O ne a mo raya a re fa ba ka tswelela ka loeto, sekepe se ne se tlile go senyega e bile batho ba ba mo go sone ba ne ba ka nna ba swa. Le fa go ntse jalo, Juliase ga a a ka a reetsa Paulo, go na le moo o ne a reetsa kgakololo ya batsamaisasekepe mme ba tswelela ka loeto. O ne a dirile tshwetso e gongwe moragonyana a ileng a e ikwatlhaela. Luke o tlhalosa gore “go ne ga tsoga phefo e e maatla” mme ya simolola go phepheula sekepe. Go ise go ye kae, phefo eo e ne ya gakala mme ya dira gore gonne le makhubu a magolo. Go ne ga feta diura, ga feta malatsi ba ntse ba “kgokgweediwa ke setsuatsue.” Ba ne ba latlhela megala e e boima le dilo tse dingwe mo metsing gore sekepe se se ka sa nwela. Setsuatsue seo se ne sa tswelela dibeke di le pedi e bile go ne go se na ope yo o jang sepe. Luke a re ka nako eo, ‘botlhe ba ne ba feletswe ke tsholofelo ya gore ba tla falola.’
Fa Paulo a ne a tsamaya ka sekepe e le legolegwa, o ne a thusa batho ba ba neng ba na le ene gore ba falole setsuatsue
Ba ne ba gomagomelwa ke masetlapelo. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a ba bolelela a tlhatswegile pelo a re: “Jaanong ke lo kgothaletsa gore lo nne pelokgale.” O ne a bolelela pele jaana: “Ga go na ope mo go lona yo o tla swang, go tla senyega sekepe fela.” Fa bangwe ba batsamaisasekepe ba leka go palama mokoro o monnye gore ba tshabe, Paulo o ne a ba tlhagisa gore fa ba ka se tswelele ba le mo sekepeng, batho ba le bantsi ba ne ba ka nna ba swa. Ka jalo, masole a ne a kgaola megala ya mokoro oo pele ga motho ope a ka o palama.
E rile go sa le phakela thata pele letsatsi le tlhaba, Paulo o ne a bolelela botlhe ba ba mo sekepeng gore jaanong ba ka nna ba ja. O ne a ba bolelela gore ga go na ope yo o tla swang. Pele ga ba ja, o ne a rapela Jehofa a lebogela dijo. Ba ne ba ja, morago ga moo ba bo ba latlhela korong e e setseng mo lewatleng. Bopelokgale jwa ga Paulo bo ne jwa kgothatsa botlhe ba ba neng ba le mo sekepeng. Fa letsatsi le tlhaba, sekepe se ne se le gaufi le lefatshe lengwe mme se ne sa thula maje se bo se simolola go thubega ka gonne makhubu a ne a itaagana mo go sone. Le fa go ntse jalo, go ne ga direga fela jaaka Paulo a ne a buile. “Botlhe ba ne ba goroga kwa lefatsheng ba babalesegile.”
Ba ne ba iphitlhela ba le mo setlhaketlhakeng sa Maleta. Go ise go ye kae, Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba semeletse ba rera. Modimo o ne a dirisa Paulo go fodisa balwetse ba le bantsi koo. Bontsi jwa batho ba kwa Maleta ba ne ba bontsha Paulo le ditsala tsa gagwe bopelonomi jo bogolo.
Paulo o ile a tswelela a bontsha bopelokgale. Kgabagare fa a goroga kwa Roma ka dikgakologo, o ne a tsenngwa mo kgolegelong dingwaga di ka nna pedi, a disitswe. Mme gone, o ne a tswelela a rera e bile a kwalela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe makwalo. Fa a sena go gololwa, o ne a tswelela a rera a gololesegile. Le fa go ntse jalo, dingwaga di le mmalwa moragonyana, o ne a tsenngwa mo kgolegelong gape kwa Roma. Leo e ne e le lekgetlo la bofelo a tsenngwa mo kgolegelong. Nakwana fela morago ga moo, go bonala Baroma ba ile ba bolaya monna yoo yo o neng a ikanyega e bile a le pelokgale. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a sa boife loso. O ne a itse gore letsatsi lengwe Jehofa Modimo o ne a tlile go fedisa loso. (1 Bakor. 15:26) Ka nako e Jehofa a e tlhomileng, Paulo o ne a tla amogela tuelo e a neng a sa bolo go e letela ya go tshelela ruri kwa legodimong e le kgosi e bile e le moperesiti mmogo le Jesu Keresete.
Bala pego eno ya Baebele:
Se lo ka tlotlang ka sone:
Paulo o ne a bontsha bopelokgale ka ditsela dife fa go ne go direga ditiragalo tse di tlhalosiwang mo pegong eno?
Dira Dipatlisiso
1. Goreng Saulo a ka tswa a ile a tlhopha go dirisa leina la gagwe la Seroma e bong Paulo? (w08 3/1 12 ¶4-5)
2. Go ne ga feta dingwaga di le robongwe go tloga ka nako ya fa Paulo a ne a boela kwa Tareso go fitlha ka nako ya fa a ne a fudugela kwa Antioka, mme lobaka loo lo bidiwa ‘dingwaga tsa fa Saulo a ne a didimetse.’ Ke dikgwetlho dife tse a ka tswang a ile a lebana le tsone mo lobakeng loo? (w00 7/15 26-27, lebokoso ¶3-4)
3. A kakantsho ya ga Paulo ya gore ba lete pele ga ba ka tswelela ka loeto lwa go ya Itali e ne e utlwala? (Dit. 27:9, 10; wp17.5 9 ¶3-4) A
Setshwantsho A: Sekepe sa bagwebi sa lekgolo la ntlha la dingwaga, se se tshwanang le se Paulo a neng a se palama kwa Mira
4. Ke eng fa batho ba kwa Maleta ba ne ba bua ka Paulo ba re: “Eleruri monna yono ke mmolai”? (Dit. 28:4; w15 10/1 9 ¶5-6)
Akanya Ka se O se Ithutileng
Paulo o ne a bolelela batho ba ba neng ba le mo sekepeng gore Modimo o ne a tla ba thusa le gore go ne go se na ope wa bone yo o tla swang. (Dit. 27:22, 34) Seno se go ruta gore Jehofa o na le maatla a go dira eng, e bile se dira gore o ikutlwe jang ka tiro ya go rerela ba bangwe?
Fa Paulo a sena go rapela, batho ba a neng a tsamaya le bone ka sekepe “ba ne ba nna pelokgale.” (Dit. 27:35, 36) Ke mo maemong afe mo dithapelo tsa rona di ka thusang ba bangwe? B
Setshwantsho B
O ka etsa jang bopelokgale jwa ga Paulo jo go buiwang ka jone mo pegong eno?
Akanyetsa Kwa Teng ka Jehofa le ka Boikaelelo Jwa Gagwe
Pego eno e nthuta eng ka Jehofa?
Pego eno e dumalana jang le boikaelelo jwa ga Jehofa?
O ithutile eng ka Paulo mo pegong eno se se dirang gore o itumelele go bo a tlhophilwe go ya go busa le Keresete kwa legodimong?
Ithute mo go Oketsegileng
Dikepe di ne di le botlhokwa thata mo motlheng wa ga Paulo. Ithute gore Bakeresete ba ne ba di dirisa jang go rera mo mafelong a le mantsi.
Bagolwane bangwe ba ile ba etsa Paulo jang ka go itshoka le go intsha setlhabelo?
Etsa ba ba Neng ba Amogela se se Solofeditsweng ka Gonne ba le Pelotelele—Paulo (3:22)