LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wcg ts. 246-255
  • ‘O se Ka wa Boifa’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘O se Ka wa Boifa’
  • Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhokwa Jwa Thapelo
  • “Nna pelokgale!”
  • “O Nne Pelokgale . . . Mme o Dire”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Nna Pelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • O ka Kgona go Nna Pelokgale!
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • ‘Nna Pelokgale O bo O Nonofe Thata’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
wcg ts. 246-255

KONELO

‘O se Ka wa Boifa’

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

1. Ke eng gape se re ka se ithutang ka bopelokgale go tswa mo Baebeleng?

MO BUKENG eno, re tlotlile ka dikai di le dintsi tsa batho ba ba ileng ba bontsha bopelokgale le ditsela tse re ka ba etsang ka tsone. Mme gone, go sa ntse go na le mo gontsi mo re ka go ithutang ka bopelokgale go tswa mo Baebeleng. Ka sekai, Baebele e umaka batho ba bangwe ba bantsi ba ba ileng ba bontsha bopelokgale ba go sa buiwang ka bone mo bukeng eno. Gape go na le sengwe se re tlhokang go nna le sone gore re nne pelokgale, mme re tla tlotla ka sone mo karolong eno.

2. Bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ba ileng ba bontsha bopelokgale ke bafe?

2 A go na le batho ba bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba ileng ba bontsha bopelokgale ba re sa tlotlang ka bone, ba o ba gopolang? Gongwe o gopola bangwe ba baporofeti ba ba tlhomologileng ba go buiwang ka bone mo Dikwalong Tsa Sehebera ba ba jaaka Isaia, Jeremia, Esekiele, Jona kgotsa Malaki. Moaposetoloi Paulo a ka tswa a ne a akantse ka bone fa a ne a kwala a re “ba bangwe ba ne ba lekwa ka go sotliwa le go kgwathisiwa, mo godimo ga moo, ba ne ba golegiwa ka dikeetane ba bo ba tsenngwa mo dikgolegelong.” Gape o ile a kwala a re ba bangwe ba ne “ba le mo letlhokong, mo pitlaganong, ba tshwerwe makgwakgwa.” Ba bangwe ba ile ba bo ba bolawa. (Baheb. 11:36, 37) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ba direla Jehofa Modimo ba le pelokgale.

3-4. Basadi bangwe ba go sa umakiwang maina a bone ba ne ba thusa jang go sireletsa Kgosi Dafide fa a ne a lebane le maemo a a thata?

3 Go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba le pelokgale ba Baebele e sa umakeng maina a bone. Akanya ka basadi bangwe ba babedi ba motlha wa ga Kgosi Dafide. Basadi bao ba ne ba thusa Dafide fa a ne a patelesega go tshaba mo Jerusalema ka gonne morwawe e bong Abesalome a ne a batla go mmolaya gore a tseye bogosi. Abesalome o ne a le boikgogomoso e bile a le setlhogo. Dafide o ne a kopa Sadoke, yo e neng e le moperesiti, gore a boele kwa Jerusalema e le gore a tle a bone se Abesalome a neng a ikaeletse go se dira. E rile Sadoke a utlwa se Abesalome a neng a tlile go se dira, o ne a roma ‘mosetsana mongwe wa lelata’ gore a ye go bolelela Dafide. Le fa gone re sa itse leina la mosetsana yoo, re itse gore o ne a le pelokgale ka gonne o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go ya go bolelela batlhanka ba ga Dafide ba babedi se Sadoke a neng a se mmoleletse. Banna bao ba babedi ba ne ba isa molaetsa kwa go Dafide, mme gone lekawana lengwe le ne la ba bona. Le ne la ya go bolelela Abesalome ka seo. Banna bao ba ne ba iphitlha mo sedibeng. Mosadi yo mongwe, yo le ene a sa umakiwang ka leina, yo sediba seo e neng e le sa monna wa gagwe, o ne a tsharololela letsela mo godimo ga sediba a bo a anega dijo tsa ditlhaka mo go lone. Fa banna ba ga Abesalome ba tla go batla banna bao, mosadi yoo o ne a ba raya a re ba ile go sele. Ka ntlha ya bopelokgale jwa basadi bao ba babedi ba ba ikanyegang, kgosi e Jehofa a neng a e tlhophile e ne ya sireletsega.​—2 Sam. 15:23-37; 17:8-22.

Ditshwantsho: Basadi ba babedi ba ba sa umakiwang ka maina, ba ba ileng ba thusa go sireletsa Kgosi Dafide. 1. Mosetsana wa lelata o bua le batlhanka ba ga Dafide ba babedi. 2. Mosadi yo o ileng a fitlha batlhanka ba ga Dafide mo sedibeng sa monna wa gagwe, o a akanya fa banna ba babedi ba tsamaya kgakajana ba tswa mo legaeng la gagwe.

Mosetsana wa lelata le mosadi yo monna wa gagwe e neng e le mong wa sediba. Basadi bano ba ne ba le pelokgale

4 Baebele e re bolelela ka banna le basadi ba le bantsi ba ba neng ba le pelokgale. Bangwe ba bone re itse maina a bone mme ba bangwe ga re itse maina a bone; ba bangwe ba ne ba humile mme ba bangwe ba humanegile; ba bangwe ba ne ba na le maikarabelo mme ba bangwe e le batho ba ba tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, botlhe fela ba ne ba le pelokgale e bile ba na le tumelo mo go Jehofa. Dipego tsa bone di ka re thusa gompieno.

Botlhokwa Jwa Thapelo

5-7. Ke eng se se neng sa thusa Paulo gore a nne pelokgale fa a ne a bogisiwa?

5 Re ka etsa jang banna le basadi ba ba neng ba le pelokgale ba go buiwang ka bone mo Baebeleng? Re tlhoka go lemoga gore banna le basadi bano e ne e se batho ba ba pelokgale ka tlholego. A ba ile ba kgona go direla Jehofa ka gonne ba ne ba ikaegile ka maatla a bone? Nnyaa, go ne go na le sengwe gape se ba neng ba se tlhoka gore ba nne pelokgale. Ba ne ba tlhoka eng?

6 Akanya ka moaposetoloi Paulo. Fa ene le Silase ba ne ba rera kwa Filipi, ba ne ba tlhaselwa ke setlhopha sa batho, ba ba apola diaparo, ba ba itaya ka dithupa makgetlo a le mantsi, ba ba tsenya mo kgolegelong e e lefifi ba bo ba bofelela dinao tsa bone mo dikoteng tsa go golega. (Dit. 16:12, 19-24) Fa ba sena go gololwa, a Paulo o ile a tshaba go tswelela a rera? Re ne re ka se makale fa seo se ne se ka direga. Mme gone, Paulo o ne a itse gore Jehofa o ne a batla gore a tswelele a rera. O ne a tlhoka go ya go rerela batho ba kwa motseng wa Thesalonika. Ke eng se se neng sa mo thusa gore a nne le maatla le bopelokgale jwa go ya koo?

7 Moragonyana o ne a kwala jaana: “Lo a itse gore le fa gone re ile ra boga le go nyadiwa kwa Filipi, Modimo o ne a re thusa gore re nne pelokgale go lo rerela dikgang tse di molemo tsa Modimo le fa re ne re ganediwa botlhoko.” (1 Bathes. 2:2) Paulo o ne a itse gore o ne a tlhoka bopelokgale gore a dire se Modimo a neng a mo kopile gore a se dire. Mme gone, o ne a tsaya kae bopelokgale joo? A o ne a na le maatla mangwe a a kgethegileng mo teng ga gagwe? Nnyaa, o ne a itse gore o tlhoka thuso ya ga Jehofa. E re ka Paulo a ne a le boikokobetso, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse gore a nne pelokgale. Mme Jehofa o ne a dira jalo.

8. Fela jaaka Paulo, re ka dira eng fa re tlhoka bopelokgale?

8 Le wena o ka dira se Paulo a ileng a se dira. O se ka wa ikatla tlhogo o ipotsa gore a o ka tswa o na le maatla mangwe a a kgethegileng a a ka go thusang gore o nne pelokgale. Go na le moo, rapela Jehofa Modimo mme o mo kope gore a go thuse gore o nne pelokgale.​—Dit. 4:29.

9. Ke eng fa re tlhoka go kopa Jehofa gore a re neye tumelo e e oketsegileng?

9 Gape o ka kopa Jehofa gore a go neye nonofo e nngwe e e tsamaisanang le bopelokgale, e leng tumelo. Tumelo ke karolo ya maungo a moya o o boitshepo wa ga Jehofa. (Bagal. 5:22, 23) Gape ke karolo ya diaparo tsa ntwa tsa tshwantshetso tse Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le tsone. (Baef. 6:16) Tumelo e maatla thata mo e leng gore Baebele e a re re ka kgona go fenya lefatshe fa re na le yone. (1 Joh. 5:4) Fa o na le tumelo mo go Jehofa, o ka kgona go nna pelokgale. Fa o tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla go thusa ka dinako tsa mathata, o ka kgona go lebana le boemo bongwe le bongwe o le pelokgale. Ka jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o na le lebaka le le utlwalang la go bua mafoko ano a a neng a buiwa ke baaposetoloi ba ga Jesu fa ba ne ba re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.”​—Luke 17:5.

“Nna pelokgale!”

10-11. Goreng Paulo a ne a gatelela botlhokwa jwa go nna pelokgale fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera?

10 Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera ba ba neng ba nna kwa Jerusalema le mo metseng e e mo tikologong, o ne a itse gore go ise go ye kae ba ne ba tlile go lebana le dinako tse di thata. Jesu o ne a boleletse pele gore motse oo o ne o tlile go senngwa, mme nako ya gore seo se direge e ne e atamela ka bofefo. (Luke 19:41-44; 21:20-24) Ke eng se Paulo a ileng a se bua e le go ba thusa gore ba nne pelokgale? A re ikgopotseng mafoko a a ileng a a bua, a a nopotsweng mo Matsenong a buka eno. O ne a umaka tsholofetso eno ya ga Jehofa e e bontshang gore o a re rata, e e reng: “Ga nkitla ke go tlogela, e bile ga nkitla ke go latlha.” Tsholofetso eo e ne e tla ba thusa jang? Paulo o ne a oketsa jaana: “Ka jalo, a re se kang ra boifa mme re re: “Jehofa ke mothusi wa me; ga nkitla ke boifa. Motho a ka ntira eng?’”​—Baheb. 13:5, 6.

11 Le fa gone Baebele e sa re bolelele ka tlhamalalo se se neng sa direga fa Baroma ba ne ba senya Jerusalema ka 70 C.E., re ka tlhomamisega gore Bakeresete ba ba neng ba ikanyega ba ile ba ikobela kgakololo ya ga Paulo. Ba ile ba nna le bopelokgale jwa go ikobela taelo ya ga Jesu ya gore “ba simolole go tshabela kwa dithabeng,” mme ba ile ba dira jalo ka nako e e tshwanetseng.​—Luke 21:20, 21.

12. (a) Ke eng se se ka go thusang gore o nne pelokgale fa o lebane le mathata? (b) Bangwe mo malatsing ano a bofelo ba ile ba bontsha bopelokgale jang, mme o ikemiseditse go dira eng? (Bona lebokoso le le reng “Etsa Bopelokgale Jwa Bone.”)

12 Le wena Jehofa a ka go naya bopelokgale jwa gore o kgone go itshokela maemo a a thata gone jaanong le mo nakong e e tlang. (Esek. 38:1, 2, 10-12; Math. 24:21) Ka metlha, o nne o gopotse gore Jehofa o solofeditse gore o tla re sireletsa. (Esek. 38:19-23; 2 Bathes. 3:3) Le ka motlha ga a kitla a latlha batho ba ba mo ratang le ba ba dumelang mo go ene. Se Jehofa a neng a se bolelela Joshua, le wena se a go ama. O ne a mo raya a re: “O nne pelokgale o bo o nonofe thata”! (Josh. 1:7, 9, 18) Gape o gopole mafoko ano a Jesu a neng a a bolelela balatedi ba gagwe, a a reng: “Nnang pelokgale!” Jesu o ne a go solofetsa gore o tla go naya moya o o boitshepo o o tswang kwa go Rraagwe, mme ga a kitla a palelwa ke go diragatsa tsholofetso eo. Moya oo o o boitshepo o tla go naya bopelokgale jwa gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa. (Joh. 14:26; 15:26, 27; 16:33) Tota ga o tlhoke go boifa!

Ditshwantsho: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba lebane le diteko ba le pelokgale. 1. Kgaitsadi wa mosha o mo tlelaseng o a smaela, o tshwere textbook ya sekolo le boroutšhara jwa “Botshelo​​—A ke Tiro ya Mmopi?” 2. Kwa kampeng ya batshabi, batsadi bangwe ba khubame ba khabarile morwadiabone, botlhe ba a smaela. 3. Mokaulengwe wa mosha o mo seleng o lebile kwa ntle o a smaela.

Le fa re ka lebana le maemo a a ntseng jang, Jehofa o solofetsa gore o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa gore re nne le bopelokgale jwa go itshokela teko epe fela

Etsa Bopelokgale Jwa Bone

Martin le Gertrud Poetzinger

Martin le Gertrud Poetzinger.

Martin le Gertrud ba ne ba nyalane dikgwedi di le tharo le halofo fela e bile ba ne ba itumelela go bula tsela mmogo fa puso ya Bonasi ya ga Adolf Hitler e ne e ba kgaoganya. Martin o ne a tshwarwa ka 1936 a bo a isiwa kwa kampeng ya pogisetso ya Dachau. Moragonyana, Gertrud le ene o ne a tshwarwa. Go ne ga feta dingwaga di le robongwe ba sa bonane. Bontsi jwa dingwaga tseo, Martin o ne a sa itse gore a Gertrud o ne a tshela, ka tsela e e tshwanang Gertrud le ene o ne a sa itse gore a monna wa gagwe o ne a sa ntse a tshela. Le fa go ntse jalo, boobabedi ba ne ba ikemiseditse go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa. Martin o ne a fudusediwa kwa kampeng ya pogisetso ya Mauthausen mme fa a le koo o ne a tshwarwa setlhogo ka tsela e e feteletseng. Gertrud o ne a tsenngwa mo seleng a le nosi dingwaga di le tharo le halofo, mme morago ga moo a bo a ya go fetsa dingwaga di le nnê kwa kampeng ya pogisetso ya Ravensbrück. Fa ntwa e fela, o ile a utlwa gore Martin o ne a sa ntse a tshela. Ka jalo, o ne a bua le molaodi wa masole a mo kopa gore a golole Martin, mme Martin le Basupi ba bangwe ba ka nna 100, ba ba neng ba sa bolo go bogisiwa setlhogo kwa Mauthausen, ba ne ba gololwa. Morago ga dingwaga tseo tsotlhe, Martin le Gertrud ba ne ba bonana gape, mme ba ile ba tswelela ba direla Jehofa ka dingwaga di le dintsi mo tirelong ya nako e e tletseng. Labofelo ba ne ba lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya Brooklyn kwa New York. Fa ba le koo, Martin o ne a nna leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhola a raya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe a re: “Bopelokgale ke selo sa botlhokwa thata se o tshwanetseng go nna le sone!” Boobabedi ba ne ba itumelela go direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha ba tlhokafala.

“Bopelokgale ke selo sa botlhokwa thata se o tshwanetseng go nna le sone!”​—M. Poetzinger

Valentina Garnovskaya

Valentina Garnovskaya.

Valentina o ne a nna kwa Belarus fa a ne a kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa lekgetlo la ntlha ka 1945. O ne a na le dingwaga di ka nna 20. O ile a rata se a neng a se ithuta go tswa mo Baebeleng mme mokaulengwe yo o neng a tlotla le ene o ne a mo etela gape ka makgetlo a mangwe a mabedi. Mme gone, ga a a ka a tlhola a kopana le Mosupi yoo gape. Mo godimo ga moo, e re ka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibetswe, go ne go le thata gore a ikgolaganye le bone. Le fa go ntse jalo, o ile a bolelela ba bangwe se a neng a se ithutile a le pelokgale. Ka ntlha ya seo, o ne a tshwarwa a bo a atlholelwa dingwaga di le robedi mo kgolegelong. Fa a sena go gololwa ka 1953, ga a a ka a se senya nako, mme o ne a simolola go bolelela ba bangwe dikgang tse di tswang mo Baebeleng. Ka jalo, o ne a tshwarwa gape, mme mo lekgetlong leo o ne a atlholelwa dingwaga tse dingwe di le lesome mo dikampeng tse di farologaneng. Mo kampeng nngwe, o ne a kopana le basadi bangwe ba Basupi ba le mmalwa. Ba ne ba na le buka nngwe e ba neng ba sa letlelelwa go nna le yone, e leng Baebele. Mongwe wa bone o ne a bontsha Valentina Baebele eo. Lekgetlo la bofelo fa Valentina a ne a bona Baebele, e ne e le ka nako ya fa mokaulengwe yo re buileng ka ene pelenyana a ne a mo rerela dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Fa Valentina a sena go gololwa ka 1967, o ne a kolobediwa mme a nna Mosupi wa ga Jehofa. O ne a tswelela a tlhagafetse mo bodireding go fitlha a tshwarwa gape ka 1969 a bo a atlholelwa dingwaga tse dingwe tse tharo mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a rera a tlhagafetse. Fa a ne a tlhokafala ka 2001, o ne a setse a thusitse batho ba le 44 gore ba ithute boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Fa a ne a leba kwa morago mo botshelong jwa gagwe, o ne a re: “Ga ke ise ke tsamaye ke nne le ntlo. Dilo tse ke neng ke na le tsone di ne di felela fela mo sutukeiseng, mme gone ke ne ke direla Jehofa ke itumetse e bile ke kgotsofetse.”

“Ga ke ise ke tsamaye ke nne le ntlo. Dilo tse ke neng ke na le tsone di ne di felela fela mo sutukeiseng, mme gone ke ne ke direla Jehofa ke itumetse e bile ke kgotsofetse.”​—V. Garnovskaya

Alfredo Fernández

Alfredo Fernández.

Alfredo o ne a na le dingwaga di ka nna 19 fa a ne a bidiwa gore a ye go direla mo sesoleng sa kwa Argentina. Segakolodi sa gagwe se se katisitsweng ka Baebele ga se a ka sa mo letla go nna le seabe mo dintweng le mo dipolotiking, ka jalo o ne a gana go ya bosoleng kgotsa go apara diaparo tsa sesole. Ka ntlha ya seo, o ne a isiwa kgolegelong mme fa a le koo badisa ba kgolegelo ba ne ba mo tshwara makgwakgwa e bile ka dinako tse dingwe ba ne ba mo tshosetsa ba re ba tla mmolaya. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a bala Baebele e bile a kwala dintlha tsa se a neng a se ithuta. Ka nako ya fa a ne a sekisiwa, moatlhodi o ne a mmolelela gore o tla gololwa fa fela a ka dumela go apara diaparo tsa sesole fa a ya kgotlatshekelong. O ne a gana a le pelokgale. Ka jalo, o ne a busediwa gape kwa kgolegelong. O ile a lwala thata ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa. Ngaka e e neng e bereka kwa kgolegelong eo, e ne ya bolelela Alfredo gore go ise go ye kae o ne a tlile go swa. E re ka Alfredo a ne a lemoga gore o gaufi le go swa, o ne a kwalela ba lelapa la gagwe lekwalo. O ne a simolola lekwalo leo a re: “Ba lelapa la gaetsho ba ba rategang, ga ke ise ke tsamaye ke eletse go lo kwalela lekwalo le le ntseng jaana. Le fa go ntse jalo, ke pateleditswe ke maemo.” O ne a ba lebogela tsela e ba neng ba mo eme nôkeng ka yone fa a ntse a le kwa kgolegelong. O ne a kwala jaana: “Ke leboga Modimo wa rona yo o lorato e bong Jehofa fela thata ka go ntetla gore ke nne karolo ya lelapa le le tshwanang le leno. . . . Ke tlhaloganya botlhoko jo bo ngomolang pelo jo lo tlileng go bo utlwa fa lo bala mafoko ano. Mme gone, ke kopa gore lo se ka lwa letla kutlobotlhoko eo e lo kgoba marapo, go na le moo lo nne pelokgale. Lo letle Jehofa gore a lo gomotse ka mafoko a gagwe a a mo Baebeleng. . . . Ka metlha lo gopoleng gore ke tla bo ke robetse mo losong ka nakwana fela. Ke solofela gore fa lo nkgopola e bile lo gopola kafa ke ileng ka tswelela ke ikanyega ka gone mo go Jehofa, le lona lo tla tlhotlheletsega gore lo nne lo ikanyega.” Fa Alfredo a sena go fetsa dingwaga di le tharo mo kgolegelong, o ne a tlhokafala a ntse a ikanyega ka 1982, a na le dingwaga di le 21.

“Ke kopa gore lo se ka lwa letla kutlobotlhoko eo e lo kgoba marapo, go na le moo lo nne pelokgale.”​—A. Fernández

Karen Oehm

Karen le Rainer Oehm.

Karen o ne a simolola go direla Jehofa a sa ntse a le mosha. E ne e le mosetsana yo o itumetseng e bile a le botsalano. O ne a itumelela go nna mmulatsela, mme morago o ne a nyalwa ke Rainer ba bo ba direla mmogo kwa Bethele ya United States. Mme fa a na le dingwaga di ka nna 55, o ne a tshwarwa ke bolwetse jo bo kotsi jo bo bidiwang Amyotrophic Lateral Sclerosis (ALS). Bolwetse joo bo bolaya disele tsa ditshika go fitlha motho a sa kgone go bua kgotsa go tsamaya, mme labofelo a bo a swa. Fela fa Karen a sena go utlwa gore tshwerwe ke bolwetse joo, o ne a dira tshwetso ya go dirisa nako ya gagwe ka tsela e e molemo le gore a tswelele a leba dilo sentle. O ne a dirisa nako e ntsi a ithuta Baebele e bile a bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo. Gape o ile a dira sotlhe se a neng a ka se kgona gore a fetole tsela e a neng a tshela ka yone gore a kgone go lepalepana le maemo a masha a a neng a bakilwe ke bolwetse joo. E rile a simolola go thatafalelwa ke go bua, o ne a ithuta go dirisa khomputara e e neng e mo letla gore a pelete mafoko mo sekirining a dirisa matlho a gagwe. Le fa gone go kwala ka tsela eno go ne go le boima thata, o ne a kgona go kwala dikakgelo tsa gagwe tsa kwa dipokanong le go kwalela batho makwalo a ba bolelela dikgang tse di molemo. Mongwe wa baoki ba gagwe, yo e leng Mokeresetemmogo le ene, o ne a re: “Ga a ise a ke a ngongorege a re, ‘Goreng seno se diragaletse nna?’ Dibeke di le pedi fela pele ga a tlhokafala, o ne a kwalela mosadi mongwe yo e neng e le poelo ya me, mme o ne a konela lekwalo leo a re, ‘Fa o ikutlwa o kgobegile marapo e bile o utlwile botlhoko, o ka bua le nna nako nngwe le nngwe fela.’” Mooki yo mongwe o ne a re: “Ga a ise a ke a lele ka ntlha ya bolwetse jo bo neng bo mo tshwere. O ne a na le mabaka a mantsi a go ngomoga pelo, mme gone e re ka a ne a na le tumelo e e nonofileng ya gore baswi ba tla tsosiwa, o ne a bona go sa tlhokege gore a ikutlwele botlhoko. O ne a itse gore Jehofa o tlile go mo tsosa a na le botsogo jo bo siameng e bile a se na boleo.” Fa Karen a ne a simolola go lwala, lewelanammogo le ene o ne a mmotsa a re: “Ke eng se se go thusang gore o kgone go itshoka?” Karen o ne a mo araba a re: “Jehofa o kgona go go naya maatla a o a tlhokang.” Jehofa o ne a mo naya maatla go fitlha a tlhokafala. Morago ga loso lwa ga Karen, monna wa gagwe o ne a isetsa ba lelapa le ditsala makwalo a Karen a neng a ba kwaletse one a ba leboga, a ba gomotsa e bile a ba kgothatsa.

“Jehofa o kgona go go naya maatla a o a tlhokang.”​—K. Oehm

13. Ke eng se se go tlhotlheletsang gore o tswelele o le pelokgale?

13 Ako o akanye fela gore go tla bo go ntse jang fa go tla bo go rena kagiso mo lefatsheng lotlhe, e bile re itumelela go amogela batho botlhe ba ba suleng, ba ba mo mogopolong wa ga Jehofa! Leka go ipona o kopana le banna le basadi ba ba neng ba le pelokgale ba re tlotlileng ka bone mo bukeng eno le ba bangwe ba bantsintsi. A o akanya gore go na le mongwe wa bone yo o tla ikwatlhaelang go bo a ne a ile a tlhopha go direla Jehofa mo lefatsheng leno la ga Satane, tota le fa seo se ile sa dira gore ba bolawe? Nnyaa, le e seng! Mme wena o tla ikutlwa jang ka nako eo? Ga go pelaelo gore o tla bo o phophoma ka boitumelo fa o ntse o bereka mmogo le bone lo dira lefatshe leno paradaise e ntle. A o akanya gore o tla ikwatlhaela go bo o ile wa tlhopha go direla Jehofa o le pelokgale mo malatsing ano a bofelo? Le e seng! Ka jalo, ikemisetse go tswelela o le pelokgale go fitlha kwa bokhutlong. Botshelo jotlhe jwa gago, o tla itumelela go bo o ile wa dira jalo.

Bakaulengwe, bokgaitsadi le bana ba itumelela botshelo mo Paradaiseng. Ba bangwe ba fepa dithutlwa fa ba bangwe bone ba lebile thwane, ba dira di-pizza, ba tlotla mmogo mme ba bangwe ba tshameka diletswa tsa mmino tse di farologaneng.
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela